KHAOLO 1. 1 PAULO, motlañka oa ga Yesu Keresete, eo o bilericoeñ go na moapostoloi; a lomololeloa evangelio ea Morimo, 2 (E o e buleletseñ pele ka baperofeti ba ona mo likualoñ tsa boitsepho,) 3 Ga Moroa ona Yesu Keresete Morena oa rona, eo o rihiloeñ oa losika loa ga Davide kaha nameñ; 4 Eo o bontsicoeñ ha e le Moroa Morimo ka thata, kaha moeeñ o o itsephisañ, ka cogo mo bashuiñ: 5 (Eo, re bonyeñ tsegohaco, le tiho ea boapostolo, mo go ena, go lere bahaitene botle mo kutluoñ ea tumelo, ka leina ya gague; 6 Le lona lo bilericoe nabo ki Yesu Keresete:) 7 Botle ba ba mo Roma, baratoi ba Morimo ba lo birioañ baitsephi: Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena. 8 Ga ntla, kia itumelela Morimo oa me, ka Yesu Keresete kaga lona lotle, ka tumelo ea lona e bulecoe mo hatsiñ yeotle. 9 Gone Morimo ki moshupi oa me, o ki o rihelañ ka moea oa me mo evangelioñ ea Moroa ona, ki lo gopoa ka go bisa go khutla; 10 Ki rapela ka gale mo merapeloñ ea me, ha go ka na yalo, ’nka neoa lobaka lo lo molemo ka thato ea Morimo, gore ki ee go lona. 11 Gone ki tlologelecoe go lo bona, gore ki lo abele lineo liñue tsa moea, gore lo tlomamisioe; 12 Ki go re, ’nke ki gomorioe mo go lona, ka tumelo ea tsalano, ea lona, le ea me. 13 Mi yana, bakauleñue, ga ki rate gore lo si itse, ha ki le ki itloma go ea go lona gantsi, (mi ki santse ki thiyoa,) gore ki ne le mauñuo mañue le mo go lona, yaka gontse ma bahaiteniñ ba bañue. 14 Ki molatu go Bagerika, le go Babarabai; le go ba botlale, le go ba ba siñ botlale. 15 Yalo, yaka bokai yo bo mo go ’na, ki iketleritse go lo rerela evangelio, le lona ba lo mo Roma. 16 Gone ga ki tlayoe ki litloñ kaga evangelio ea ga Keresete; gone ki thata ea Morimo mo pulukoñ ea moñue le moñue eo o rumelañ; ga ntla Bayuda, le bona Bagerika. 17 Gone tsiamo ea Morimo e bonaricoe mo tumeloñ go tumeloñ mo go eona; yaka go kuariloe, Mosiami o tla tsela ka tumelo. 18 Gone bogale yoa Morimo bo coa legorimoñ, bo bonalericoe boikepo yotle, le tsiamololo ea bathu, ba ba khoreletsañ boamarure ka tsiamololo; 19 Gone se se ka itsioeñ sa Morimo, se bonaricoe mo go bona, gone Morimo o se ba bonaritse. 20 Gone lilo tse ri sa itsioeñ tsa ona, le mo popoñ ea lehatse le mo nakoñ enu, li bonoa ka ponatsego, mi li tlalogañoa, ka ntla ea lilo tse ri rihiloeñ, eboñ thata ea ona, e e sa khutleñ, le boikemo yoa ona, gore ba si ne go itatoholola; 21 Gone, erile ka ba itse Morimo, ba si ka ba o galaletsa yaka Morimo, le go o itumelela; mi ba le ba na boithamako mo khakologeloñ tsa bona, mi pelu tsa bosilo tsa bona tsa hihiharioa. 22 Ka ba le ba ipaea matlale, ba rihegile masilo, 23 Mi khalalelo ea Morimo o o sa boleñ, ba le ba e hetolela cuano ea secuanco sa mothu eo o bolañ, le sa linunyane, le sa tse ri mautu a for, le sa lilo tse ri gagabañ. 24 Ki gona ka mouo, Morimo le ona, o ba neletseñ go tse ri mashue, ka ntla ea likhatlego tsa pelu tsa bona, go tlotlolola mebele ea bona mo go bona; 25 Ba ba hetotseñ boamarure kaga Morimo leaka, mi ba tlotla, ba rihela se se tserileñ, bogolu go Mopi eo o tsegohalañ ka bo sina bokhutlo. Amen. 26 Ki gona ka mouo Morimo o ba neletseñ kilecoñ tse ri mashue bogolu; gone le basari ba bona ba le ba hetola mokhua oa bona ba riha o esiñ oa tlolego; 27 Gontse yalo banona le bona ba le ba tlogela go riha le mosari yaka mokhua, ba gotetsana mo khatlegoñ tsa bona; banona le banona, ba riha tsa botlabisa litloñ; ba bona tuelo ea timelo ea bona, e e ba cuanetseñ, mo go bona. 28 Mi ereka ba sa ka ba rata go tsegetsa Morimo mo kicoñ ea bona, Morimo oa ba nela mo moeeñ oa cokamo, go riha lilo tse ri sa cuanelañ; 29 Ba tlaricoe ka tsiamololo cotle, khokahalo, boshula, timano, le bogale yoa cubo; ba tletse khutlogo, polao, khañ, tsieco, mekhua e mashue; 30 Babui‐tsebeñ, basebi, bairi ba Morimo, baomani, babopeluumpe, babelahari, bashahatsi ba lilo tse ri boshula, ba ba sa utlueñ bagolu, 31 Ba ba sa tlaloganyeñ, batlori ba likholagano, ba ba sinañ lorato loa bathu, ba ba sa icuareleñ, ba ba sa utlueleñ botluku; 32 Ba, ka ba itse tsekisho ea Morimo, ha ba ba rihañ lilo tse rintseñ yalo, ba cuanetse loshu, ba riha esiñ lilo tse cosi, mi ba na le nateho le bona ba ba li rihañ.
2KHAOLO 2. 1 KI gona, ga u kake ua itatoholola, mothu ki uena, leha u le mañmañ eo o sekisañ eo moñue; gone ka go sekisa eo moñue, ua itsekisa ka uesi; gone uena eo o sekisañ, ua li riha ka cosi. 2 Mi rea itse ha tsekisho ea Morimo e le kaha boamarureñ go bona ba ba rihañ lilo tse rintseñ yalo. 3 Mi a u gopola yalo, mothu ki uena, eo o sekisañ ba ba rihileñ lilo tse rintseñ yalo, ha u tla tsaba tsekisho ea Morimo, ka u riha lilo tse ka cosi? 4 Khotsa a u nyatsa mahumo a molemo a ona, le boiphapanyo, le bopelutelele; u sa itse ha molemo oa Morimo o gu gogela tlabologoñ? 5 Mi a u iphuthela bogale go motsi oa bogale, le ponatsego ea tsekisho ea tsiamo ea Morimo, kaha peluñ e e thata, le e e sa ikuatlaeñ ea gago, 6 O o tla ruelañ moñue le moñue kaha tihoñ tsa gague; 7 Botselo yo bo sa khutleñ go bona ba ba coelelañ pele go riha molemo, ba batla khalalelo, le tlotlo, le bosashueñ: 8 Mi bogale, le bogale yo bogolu, go bona ba ba ratañ khañ, le ba ba sa utlueñ boamarure, mi ba utlua tsiamololo, 9 Pogisho le tlalelo go meoeeñ eotle ea bathu ba ba rihañ boshula, ga ntla oa Moyuda le oa Mogerika; 10 Mi khalalelo, le tlotlo, le kagisho, li ne go moñue le moñue eo o rihañ molemo, ga ntla go Moyuda, le go Mogerika; 11 Gone go si tlaolo epe ea bathu kua Morimoñ. 12 Gone botle ba ba leohileñ ba sina molao, le bona ba tla latlega ba sina molao; mi botle ba ba leohileñ mo molaoñ, ba tla sekisioa ki molao; 13 Gone baretsi ba molao, e si basiami ha pele ga Morimo, mi barihi ba molao ba tla siamisioa. 14 Gone bahaitene, erile ka ba sina molao, bo ba riha lilo tse ri mo molaoñ ka temalo; ba, ka ba sina molao, bo ba le molao go bona ka bosi; 15 Ka ba shupa tiho tsa molao li kuariloe mo peruñ tsa bona; le cona ligakolori tsa bona lia shupa; mi megopolo e e gare ga bona, e ba latuhatsanya khotsa e ba latohololanya; 16 Mo motleñ o, Morimo o tla sekisañ tse ri sa itsioeñ tsa bathu, ka Yesu Keresete, kaha evangelioñ ea me. 17 Bona, u birioa Moyuda, mi u ikhutsa mo molaoñ, mi ua belahala lilo Morimoñ, 18 Mi u itse thata ea ona, le go leka lilo tse ri sa cuaneñ, ka u rutiloe mo molaoñ. 19 Mi u ikanya ha uena ka uesi u le mogogi oa lihohu, le leseri ya bona ba ba mo hihiñ, 20 Le mokaeri oa masilo, le moruti oa eo o sa itseñ, eo o nañ le cuano ea kico, le ea boamarure mo molaoñ. 21 Ki gona, uena eo o rutañ eo moñue, a ga u ithute ka uesi? uena eo o rerañ gore mothu a si ucoe, a ua ucua? 22 Uena eo o reñ, mothu a si gokahale, a ua gokahala? uena eo o ilañ merimo ea liseto, a ua ucua tsa boitsepho? 23 Uena eo o belahalañ mo molaoñ, a ua tlotlolola Morimo ka go tlola molao? 24 Gone leina ya Morimo le khaloa mo bahaiteniñ ka ntla ea lona, yaka go kuariloe. 25 Gone boguera bo molemo rure, ha u buluka molao; mi ha u le motlori oa molao, yalo boguera yoa gago bo rihiloe go bisa boguera. 26 Ki gona, ha eo o sa guerisioañ a buluka tsiamo tsa molao, go bisa boguera ga gague a ga go kitla go baloa boguera? 27 Mi go bisa boguera yo e leñ yoa mokhua oa ntla ha bo rihahatsa molao, a ga bo kitla bo gu sekisa, uena eo o tlolañ molao, leha u na le letera le boguera? 28 Gone eo, ga si Moyuda, eo o Moyuda kua ntle; gape boguera yo bo kua ntle mo nameñ, ga si boguera; 29 Mi eo ki Moyuda, eo e leñ Moyuda kua teñ; mi boguera ki yona yoa pelu, mo moeeñ, mi esiñ mo letereñ; yo pako ea yeona esiñ ea bathu, mi ki ea Morimo.
3KHAOLO 3. 1 MOYUDA o na le tsito eañ? Khotsa molemo oa boguera ki eñ? 2 Bogolu ka mekhua eotle; ga ntla, gone ba le ba neoa mahuku a Morimo. 3 Gone, ki eñ leha bañue ba le ba si ka ba rumela? a go bisa go rumela ga bona, a go tla nyeletsa tumelo ea Morimo? 4 A go si ne yalo; mi a Morimo o ne boamarure, mi a mothu moñue le moñue a ne moaki; yaka go kuariloe, Gore u siamisioe mo mahukuñ a gago, le go henya mogañ u sekisioañ. 5 Mi ha tsiamololo ea rona e tlomamisa tsiamo ea Morimo, re tla reñ? A Morimo ga o tsiamololo ha o lere bogale go rona? (Ki bua yaka mothu.) 6 A go si ne yalo; gone ha gontse yalo, Morimo o tla sekisa lehatse yañ? 7 Gone, ha boamarure yoa Morimo bo totetse khalaleloñ ea ona bogolu, ka kako ea me; ki sa sekiserioañ yaka moleohi? 8 Mi a ga re re bogolu, (yaka re khaloa, le yaka bañue ba re, rea re,) A re riheñ boshula, gore molemo o coe mo go yona? ba, tsenyego ea bona e siameñ. 9 Ana eñ? a re molemo bogolu go Bagerika? Nya, ga goa na yalo; gone ga ntla re le ra latuhatsa Bayuda le Bagerika, ha ba le botle mo boleoñ; 10 Yaka go kuariloe, Ga go ope eo o siameñ, le esiñ moñue hela; 11 Ga go ope eo o tlaloganyañ, ga go ope eo o batlañ Morimo. 12 Ba hapogile botle, mi ba boruhetse mogo; ga go ope eo o rihañ molemo, ga go ope le esiñ moñue hela. 13 Memeco ea bona ki phupu e e buriloeñ; ba tsietsa ka liteme tsa bona; botluku yoa linoga bo mo pounameñ tsa bona; 14 Ba melomo ea bona e tletseñ thogako, le botluku; 15 Nao tsa bona, li harima go culola mari; 16 Tsenyo le bohutsana bo mo tseleñ tsa bona; 17 Mi tsela ea kagisho, ga ba ka ba e itse. 18 Ga go poiho epe ea Morimo ha pele ga maitlo a bona. 19 Mi yana rea itse ha cotle tse molao o li buañ, o li bua le bona ba ba mo molaoñ; gore melomo eotle e cualoe, le lehatse yeotle le ne molatu ha pele ga Morimo. 20 Ki gona go si kitlañ go siamisioa nama epe ha pele ga ona ka litiho tsa molao; gone kico ea boleo, e le ka molao. 21 Mi yana tsiamo ea Morimo e bonaricoe esiñ ka molao, ka e na le cupo ea molao le baperofeti; 22 Eboñ tsiamo ea Morimo ka tumelo mo go Yesu Keresete go botle, le mo go bona botle ba ba rumelañ; gone go si na tlaolo epe. 23 Gone botle ba leohile, mi ba tlaeloa ki khalalelo ea Morimo; 24 Mi ba siamisioa hela ki tsegohaco ea ona, ka thekololo e e mo go Keresete Yesu; 25 Eo Morimo o meetseñ pele, go na thuano ka tumelo mo mariñ a gague, go shupa tsiamo ea gague, mo boicuareloñ yoa libe tse ri hetileñ, ka boiphapanyo ea Morimo; 26 Go shupa tsiamo ea gague mo motleñ onu, gore a ne tsiamo, le mosiamisi oa gague eo o rumelañ mo go Yesu. 27 Mi yalo pelahalo a kae? E cualecoe kua ntle. Ka molao ohe? A ki oa litiho? Nya, ki ka molao oa tumelo. 28 Ki gona re khutlelañ ha mothu a siamisioa ka tumelo, esiñ ka litiho tsa molao. 29 Morimo a ki Morimo oa Bayuda bosi? mi a ga si le oa bahaitene? E, oa bahaitene le bona; 30 A ereka e le Morimo o moñue hela, o o tla siamisañ ba boguera ka tumelo, le ba ba sa guerisioañ ka tumelo. 31 Mi yalo a rea nyeletsa molao ka tumelo? A go si ne yalo; mi rea tlomamisa molao.
4KHAOLO 4. 1 MI yalo re tla re Aberahame rra ecu o bonyeñ kaha nameñ? 2 Gone ha Aberahame a siamisioa ka litiho, yalo o na le pelahalo, mi esiñ ha pele ga Morimo. 3 Gone, Lokualo loa reñ? Aberahame o la a rumela Morimo, mi e le ea baleloa tsiamo go ena. 4 Mi yana tuelo ea gague eo o rihañ, ga e baloe ea tsegohaco, mi e le ea molatu. 5 Mi eo o sa riheñ, mi a rumela mo go ena eo o siamisañ baikepi, tumelo ea gague e baloa tsiamo. 6 Yaka le ena Davide a bulela tsegohalo ea mothu, eo Morimo o mmaletseñ tsiamo esiñ ka litiho,A re, Go tsegcharicoe bona ba ba icuarecoeñ litsiamololo tsa bona, le ba libe tsa bona li bipiloeñ. 8 Go tsegoharicoe monona eo Yehova o sa mmaleleñ boleo. 9 Mi popego e, ea tsegohalo, a e mo go ba boguera bosi, khotsa le mo go ba ba siñ boguera? gone rea re, Tumelo e le ea baleloa tsiamo go Aberahame. 10 Ana e balecoe yañ go ena? a ki ka a le mo boguereñ, khotsa mo go biseñ boguera? Esiñ mo boguereñ, e le le mo go biseñ boguera. 11 Mi a bona seshupo sa boguera, go na locoao loa tsiamo ea tumelo, e o la a na naeo a e si a guerisioe; gore a ne rra botle ba ba rumelañ, leha ba sa guerisioa, gore tsiamo e baleloe le go bona; 12 Le rra boguera oa bona esiñ ba ba guerisicoeñ bosi, mi e le le bona ba ba tsamaeañ mo likhatoñ tsa tumelo ea ga Aberahame rra ecu, e o la a na naeo a esi a guerisioe. 13 Gone pulelelo‐pele e e reñ, O tla na oa boshua oa lehatse e le e sa riheloa Aberahame, khotsa losika loa gague, ka molao; e le le ka tsiamo ea tumelo. 14 Gone ha ba molao e le ba boshua, e tla bo tumelo e rihegile esiñ sepe, le pulelelo‐pele e nyelericoe; 15 Gone molao o riha bogale; gone kua molao o sieoñ gona, le tlolo ga eo gona. 16 Ki gona e leñ ea tumelo, gore e ne ea tsegohaco; gore ka mouo pulelelo‐pele e tlomamiserioe go losika lotle; esiñ lona loa molao losi mi le lona loa tumelo ea ga Aberahame; eo e leñ rra ecu rotle, 17 (Yaka go kuariloe, Ki gu rihile rra merahe mentsi) ha pele ga ona o o rumelañ mo go ona, eboñ Morimo o o tserisañ bashui, le go bitsa lilo tse ri sieoñ, yaka li le gona. 18 Eo o la a rumela mo culuheloñ, ka culuhelo e sieo, gore a ne rra merahe mentsi, kaha se se builoeñ ka gona, Losika loa gago lo tla na yalo. 19 Mi ka a sa ne bokooa mo tumeloñ, a si ka a lepa mele oa gague o o shuleñ gale, ka nyaga tsa gague li kane li le hundereda, le ga go shua ga sebopelo sa ga Sarahe; 20 Mi o la a si ka a belaela pulelelo‐pele ea Morimo, ka ntla ea go bisa go rumela; mi o la a le thata mo tumeloñ, a nela Morimo khalalelo. 21 Mi ka a tlaricoe boikunyo, ha se o se bulelecoeñ pele, ha le ona, o nonohile go se riha. 22 Ki gona e le ea baleloa go ena tsiamo. 23 Yana, e le e sa kualoa ka ntla ea gague esi, ka e baleloa go ena; 24 Mi e le le le ka ntla ea rona, e re tla e baleloañ, ba re rumelañ lañ mo go ona o o cositseñ Yesu Morena oa rona mo bashuiñ; 25 Eo o nelecoeñ libe tsa rona, mi a ba a cosericoe tsiamisho ea rona.
5KHAOLO 5. 1 KI gona ka re siamisicoe ka tumelo, re na le kagisho le Morimo, ka Yesu Keresete Morena oa rona; 2 Eo, le ena re nañ le katamelo ka ena mo tsegohacoñ e ka tumelo, e re emañ mo go eona, mi re belahala mo culuheloñ ea khalalelo ea Morimo. 3 Mi esiñ gona gosi, mi le gona rea belahala mo lipogishoñ; ka re itse ha pogisho e icokisa; 4 Mi boicoko, bo ikitsise; mi boikitsisho, bo shuluherisa: 5 Mi culuhelo ga e tlabise litloñ; gone lorato loa Morimo lo goromericoe mo peruñ tsa rona ka Moea oa Boitsepho, o re o necoeñ. 6 Gone erile re e si re ne le thata, Keresete o la a shuela baikepi mo motleñ oa gague. 7 Gone go pitlaganye go moñue a ka shuela mosiami; mi khampo moñue o ka itsela go icokela go shuela eo o molemo. 8 Mi Morimo o re tlomamiseritse lorato loa ona, ka Keresete a re shuela ka re sa le baleohi. 9 Bogolu yañ yana, ka re siamisicoe ka mari a gague, re tla bulukoa mo bogaleñ ka ena. 10 Gone ha erile re le baba, re ruancoe le Morimo ka loshu loa Moroa ona, bogolu ka re ruancoe, re tla bulukoa ka botselo yoa gague. 11 Mi esiñ yalo gosi, mi le gona re belahala mo Morimoñ ka Yesu Keresete Morena oa rona, eo re bonyeñ thuano yana ka ena. 12 Ki gona, yaka boleo bo tlile mo lehatsiñ ka mothu a le moñue hela, eo botle ba leohileñ mo go ena, le loshu ka boleo; mi yalo loshu loa phololela bathuñ botle: 13 (Gone boleo bo le bo le mo hatsiñ molao oa tsamaea oa neoa; mi boleo ga bo baleloe ha molao a sieo. 14 Leha gontse yalo loshu lo le loa laola ga motla oa ga Adame le go Moshe, eboñ mo go ba ba sa leohañ go cuana yaka tlolo ea ga Adame, eo o leñ secuanco sa eo o la a tla tla. 15 Mi tlolo e le e si kholu go cuantsioa le neo ea tsegohaco. Gone ha bantsi ba le ba shua, ka tlolo ea eo o moñue hela, tsegohaco ea Morimo, le neo ea tsegohaco, li totahalericoe bogolu bontsiñ ka mothu a le moñue hela, Yesu Keresete. 16 Mi molatu oa eo o leohileñ ga o mogolu go cuantsioa le neo; gone molatu o le ka tlolo e le eñue hela go tsenyegoñ; mi neo ea tsegohaco e le go siamisa ma tloloñ tse rintsi. 17 Gone ha loshu lo le loa laola ka tlolo ñue ea mothu a le moñue hela; bogolu ba ba bonañ tsegohaco e kholu, le neo ea tsiamo, ba tla laola mo botseloñ, ka moñue hela, eboñ Yesu Keresete:) 18 Ki gona yaka molatu o lerile bathu botle tsekishoñ ea loshu ka tlolo e le ñue hela, gontse yalo tsegohaco le eona e tlile mo bathuñ botle go tsiamisho ea botselo ka tiho e le ñue hela ea tsiamo 19 Gone yaka bantsi ba rihiloe baleohi ka go bisa go utlua ga mothu a le moñue hela, gontse yalo bantsi ba tla rihoa basiami ka kutluo ea eo o moñue hela. 20 Mi bogolu go tse, mola oo tsenye gore tlolo e ntsiharioe bogolu. Mi kua boleo bo ntsihetseñ gona, tsegohaco e ntsihetse bogolu gona; 21 Gore yaka boleo bo laoletse loshuñ, tsegohaco le eona e laolele yalo botseloñ yo bo sa khutleñ ka tsiamo, ka Yesu Keresete Morena oa rona.
6KHAOLO 6. 1 MI yalo re tla reñ? A re tla coelela mo boleoñ, gore tsegohaco e totahale? 2 A go si ne yalo. Rona ba re setlashu mo boleoñ, re tla na re tselelañ mo go yona? 3 A ga lo itse ha bokai yoa rona ba ba bapetisericoeñ Yesu Keresete, re bapetisericoe loshu loa gague? 4 Ki gona re hitliloeñ nae mo loshuñ ka papetisho; gore, yaka Keresete a cosicoe mo bashuiñ ka khalalelo ea Rra, yalo le rona re cuanetse go tsamaea mo botseloñ yo bosha. 5 Gone, ha re le re tlomiloe le ena mo cuanoñ ea loshu loa gague, le gona re tla na mo cuanoñ ea cogo ea gague; 6 Ka re itse se, mothu oa bogolugolu oa rona a bapocoe le ena, gore mele oa boleo o nyelerioe, gore re si tlole re rihela boleo. 7 Gone eo o shuleñ, o golocoe mo boleoñ. 8 Mi yana ha re shule le Keresete, rea rumela ha le gona re tla tsela nae; 9 Ka re itse Keresete, ka a cosicoe mo loshuñ, a sa tlole a shua; loshu ga lo tlole lo laola mo go ena. 10 Gone ka a la a shua, o la a shua ka ntla ea boleo gañue hela; mi ka a tserile, oa tselela Morimoñ. 11 Gontse yalo, le lona lo ikaee ha lo le setlashu rure boleoñ, mi lo tserile Morimoñ ka Yesu Keresete Morena oa rona. 12 Ki gona a boleo bo si laoleñ mo mebeleñ ea lona e e shuañ, go bo utlua mo khatlegoñ tsa eona. 13 Le gona lo si nele boleo litokololo tse lona, go na lilo tsa tsiamololo; mi lo inele Morimoñ, yaka ba ba tserileñ, ba ba ruleñ mo bashuiñ, le go nela Morimoñ litokololo tsa lona go na lilo tsa tsiamo. 14 Gone boleo ga bo kitla bo lo laola; gone ga lo mo tuoloñ ea molao, lo mo taoloñ ea tsegohaco. 15 Mi eñ? A re tla leoha, gone re si mo taoloñ ea tsegohaco? A go si ne yalo. 16 A ga lo itse ha eo lo mo inelañ go na batlañka go mo utlua, lo batlañka ba gague eo lo mo utluañ; leha e le boleo go ea loshuñ, khotsa kutluo go ea tsiamoñ? 17 Mi a Morimo o itumeleloe, gone leha lo lo le batlañka ba boleo, yana lo utluile ka lipelu sekao sa thuto e lo e necoeñ; 18 Mi yalo ka lo golocoe mo boleoñ, lo rihegile batlañka ba tsiamo. 19 Ki bua yaka mokhua oa bathu ka ntla ea thetelelo ea nama ea lona: gone yaka lo netse litokololo tsa lona go na batlañka ba mashue, le tsiamololo go tsiamololo; yanoñ lo nee litokololo tsa lona go na batlañka ba tsiamo go boitsephishoñ. 20 Gone erile lo batlañka ba boleo lo lo sa laoloe ki tsiamo. 21 Mi yalo, lo le lo na le louñuo loa eñ mo liloñ tse lo tlayoa ki litloñ kaga cone yana? Gone bokhutlo yoa cona e le loshu. 22 Mi yana ka lo golocoe mo boleoñ, mi lontse batlañka ba Morimo, lo na le louñuo loa lona go boitsephishoñ, le botselo yo bo sa khutleñ mo boheloñ. 23 Gone lituelo tsa boleo ki loshu; mi neo ea tsegohaco ea Morimo, ki botselo yo bo sa khutleñ, ka Yesu Keresete Morena oa rona.
7KHAOLO 7. 1 BAKAULEÑUE, a ga lo itse, (gone ki bua le ba ba tlaloganyañ molao,) ha molao o laola mo mothuñ ka a santse a tserile? 2 Gone monona eo o nañ le mosari, o golegecoe ki molao mo mononeñ ka a sa tserile; mi ha monona a shule, yalo o golocoe mo molaoñ oa monona oa gague. 3 Ki gona ha a nyalana le monona o sele, ka monona oa gague a sa tserile, o tla birioa moakahari, mi ha monona a shule, o golocoe mo molaoñ; mi yalo ga a moakahari, leha a nyaloa ki monona eo moñue. 4 Ki gona, bakauleñue ba me, le lona lo setlashu mo molaoñ ka mele oa ga Keresete; gore lo nyaloe ki eo moñue, eboñ, ki ena eo o cosicoeñ mo bashuiñ, gore re uñuele Morimo. 5 Gone, erile ka re le mo nameñ, maikutluo a libe a a nañ ka molao, a la a riha mo litokololoñ tsa rona, go uñuela loshu. 6 Mi yana re golocoe mo molaoñ, ka re le litlashu go ona o o lo re tsegeritse; gore re rihele mo bosheñ yoa moea, esiñ mo kuanaloñ ea letere ea molao. 7 Mi yana re tla reñ? A molao ki boleo? A go si ne yalo. Nya, ’nko ki sa itse boleo, ha e si ka molao; gone ’nko ki sa itse khatlego e e mashue, ha molao o lo o sa re, Ga u kitla u khatlega. 8 Mi ka boleo bo thataharioa ka molao, bo le yoa riha likhatlego cotle mo go ’na. Gone ha molao o sieo boleo bo shule. 9 Gone ki le ka tsela pele, esiñ ka molao; mi erile taolo e sina tla, boleo yoa ba yoa ruloa, mi ka shua. 10 Mi ka bona taolo e e laolecoeñ botseloñ, e le ea loshu mo go ’na. 11 Gone ka boleo bo thataharioa ka taolo, bo le yoa ’ntsietsa, mi yoa ’mpolaea ka eona. 12 Ki gona molao o boitsepho, le taolo e boitsepho, le tsiamo, le molemo. 13 Mi yalo se se molemo, a se ntse loshu go ’na? A go si ne yalo. Mi e le le boleo, gore go bonatsege ha e le boleo, bo riha loshu mo go ’na, ka se se molemo; gore boleo bo ne boleo yo bogolu bogolu ka taolo. 14 Gone rea itse ha molao e le oa moea; mi ’na ki oa nama, ki baparicoe mo boleoñ. 15 Gone se ki se rihañ, ga ki se rate; gone se ki se ratañ, ga ki se rihe; mi se ki se ilañ, se kia se riha. 16 Mi ha ki riha se ki sa se rateñ, yalo kia rumela mo molaoñ ha o le molemo. 17 Mi yana, ga e tlole e le ’na eo o se rihañ, mi ki boleo yo bo agileñ mo go ’na. 18 Gone kia itse ha go si sepe se se molemo se se agileñ mo go ’na, (eboñ mo nameñ ea me;) gone thato e mo go ’na; mi, go riha molemo, ga ki go bone. 19 Gone molemo o ki o ratañ, ga ki o rihe; mi boleo yo ki sa bo rateñ, kia bo riha. 20 Mi yana ha ki riha se ki sa se rateñ, yalo ga e tlole e le ’na eo se rihañ, mi ki boleo yo bo agileñ mo go ’na. 21 Mi yalo ki bona molao o mo go ’na, ha eare ha ki rata go riha molemo, boleo bo ha go ’na. 22 Gone ki na le boitumelo mo molaoñ oa Morimo, kaha mothuñ oa teñ. 23 Mi ki bona molao o moñue mo litokololoñ tsa me, o o ganelañ le molao oa boitlomo yoa me, oa ’nkholega mo molaoñ oa boleo o o mo litokololoñ tsa me. 24 ’Na mothu oa mahutsana! mañ eo o tla ’nkhololañ mo meleñ oa loshu lo? 25 Ki itumelela Morimo ka Yesu Keresete Morena oa rona. Ki gona yalo ’na ka ’nosi ki rihela molao oa Morimo ka boitlomo, mi ki rihela molao oa boleo ka nama.
8KHAOLO 8. 1 KI gona go sinañ tsekisho epe go bon aba ba mo go Keresete Yesu, ba ba sa tsamaeeñ kaha nameñ, ki ba ba tsamaeañ kaha Moeeñ. 2 Gone molao oa Moea oa botselo o o mo go Keresete Yesu, o ’nkholotse mo molaoñ oa boleo le loshu. 3 Gone se se le se reteletseñ molao, ka o lo sina thata ka ntla ea nama, Morimo oa roma Moroa ona mo cuanoñ oa nama ea boleo ka ntla ea boleo, a sekisetsa boleo mo nameñ: 4 Gore tsiamo ea molao e rihahale mo go rona, ba re sa tsamaeeñ kaha nameñ, ki ba re tsamaeañ kaha moeeñ. 5 Gone ba ba leñ kaha nameñ, ba rata lilo tsa nama; mi bona ba ba leñ kaha Moeeñ ba rata lilo tsa Moea. 6 Gone thato ea nama, ki loshu; mi thato ea moea, ki botselo le kagisho. 7 Ki gona thato ea nama ki go ila Morimo; gone e sa utlue molao oa Morimo; gone e sa kake ea o utlua. 8 Mi yalo bona ba ba mo nameñ, ga ba kake ba khatla Morimo. 9 Mi lona ga lo mo nameñ, mi lo mo Moeeñ, ha gontse yalo Moea oa Morimo a agile mo go lona. Mi leha e le mañmañ eo o sinañ Moea oa ga Keresete, ga si oa gague. 10 Mi ha Keresete a le mo go lona, mele o shule ka ntla ea boleo; mi moea o tserile ka ntla ea tsiamo. 11 Mi ha Moea oa ona o o cositseñ Yesu mo bashuiñ o agile mo go lona, o o cositseñ Keresete mo bashuiñ, le ona o tla rurisa mebele ea lona ea loshu, ka Moea oa ona o o agileñ mo go lona. 12 Ki gona, bakauleñue, re molatu, esiñ go nama, go tsela kaha nameñ: 13 Gone ha lo tsela kaha nameñ, lo tla shua; mi ha lo bolaea litiho tsa mele ka Moea, lo tla tsela. 14 Gone botle ba ba gogeloañ ki Moea oa Morimo, ki bona bana ba Morimo. 15 Gone ga loa cula moea oa kholego go ba lo boiha; mi lo cutse Moea oa bana, o re bitsañ, Aba, Rra, ka ona. 16 Moea le ona ka osi oa shupa le meoea ea rona, ha re le bana ba Morimo: 17 Mi ha re le bana, re tla bo re le ba boshua; ba boshua ba Morimo, le ba boshua le Keresete mogo; mi ha gontse yalo re bogisioa le ena, ki gore le gona re galalerioe nae. 18 Gone ki kaea ha lipogisho tsa motla onu, li sa cuanela go cuantsioa le khalalelo e re tla e bontsioañ. 19 Gone tse ri bopiloeñ lia lebelela ponatsego ea bana ba Morimo, ka tlologelelo e e thata. 20 Gone tse ri bopiloeñ li le tsa tseñoa mo taoloñ ea boithamako, esiñ ka thato ea cona, mi ki ka ntla ea ona o o li laoletseñ yalo, 21 Ka culuhelo, ha tse ri bopiloeñ le cona li tla gololoa mo kholegoñ ea tsenyego, go lerioa mo tlomamoñ ea khalalelo ea bana ba Morimo. 22 Gone rea itse ha tse ri bopiloeñ cotle li hegeloa, li tlaleloa yaka li mo pelegoñ mogo, le mo nakoñ enu. 23 Mi esiñ tse cosi, mi le rona ba re nañ le mauñuo a ntla a Moea, E, le rona ka rosi, rea hegeloa mo go rona, re lebelela culo ea bana, eboñ thekololo ea mebele ea rona. 24 Gone re bulukoa mo culuheloñ; mi culuhelo e e bonoañ ga si culuhelo; gone se moñue o se bonañ, o sa se shuluhelelañ? 25 Mi ha re shuluhela se re sa se boneñ, yalo re se lebelela ka bopelutelele. 26 Mi gontse yalo le ona Moea, o thusa tse ri siñ thata tsa rona, ka re sa itse kaha re cuanetseñ go rapela ka gona, mi Moea ka osi oa re rapelela ka liphegelo tse ri sa kakeñ tsa buleloa. 27 Mi eo o botsisañ lipelu, oa itse boitlomo yoa Moea; ka o rapelela baitsephi kaha thatoñ ea Morimo. 28 Mi rea itse ha lilo cotle li rihantsa molemo go bona ba ba ratañ Morimo; eboñ go bona ba ba biricoeñ kaha boikaeleloñ yoa ona. 29 Gone ba o ba itsileñ pele, o ba laoletse pele go na go cuana le cuano ea Moroa ona, gore a ne motsaloi oa ntla mo go bakauleñue bantsi. 30 Mi bona ba o ba laoletseñ pele, o bile o ba biritse; mi ba o ba biritseñ, o bile o ba siamisitse; mi ba o ba siamisitseñ, o bile o ba galaleritse. 31 Ana re tla reñ mo liloñ tse? Ha Morimo o le mo ntleñ ea rona, mañ eo o tla re emalanañ? 32 O o sa rekegeleñ Moroa ona rure, mi o mo re neletse rotle, a ga o kitla o re abela le lilo cotle le ena? 33 Mañ eo o tla latuhatsañ baitseñkeroi ba Morimo? Morimo ko ona o o siamisañ; 34 Mañ eo o sekisañ? Keresete ki ena eo o la a shule, E, bogolu, o bile a coga, eo le ena o mo atleñ sa Morimo se se siameñ, eo le ena o re rapelelañ. 35 Mañ eo o tla re lomologanyañ le lorato loa ga Keresete? A ki patikego, khotsa tlalelo, khotsa pogisho, khotsa tlala, khotsa go bisa go ikatega, khotsa poitsego, khotsa caka? 36 Yaka go kuariloe, Re bolaoa ka tsatsi yeotle ka ntla ea gago; re kaioa yaka liñku tse ri tlayoañ. 37 Mi re bogolu go bahenyi mo liloñ tse cotle ka ena eo o re ratileñ. 38 Gone ki itsisicoe rure, ha loshu khotsa botselo, khotsa baengele, khotsa balaori ba bagolu, khotsa bathati, khotsa tse ri yana, khotsa tse ri tla tlañ, 39 Khotsa bogorimo, khotsa boteñ, khotsa tse ri bopiloeñ li sele, li si kitla li nonoha go re lomologanya le lorato loa Morimo, lo lo mo go Keresete Yesu, Morena oa rona.
9KHAOLO 9. 1 KI bua boamarure mo go Keresete, ga ki ake, segakolori sa me se ’ncupela ka Moea oa Boitsepho, 2 Ha ki na le pelu e e botluku bogolu, le bohutsana ka gale mo peruñ ea me. 3 Gone le ’na ka ’nosi ki le ka rata go rihoa go na anatema ki Keresete, ka ntla ea bakauleñue ba me, ba e leñ tsala tsa me kaha nameñ; 4 Ba e leñ Bayeserela; ba culo e leñ ea bona, le khalalelo, le likholagano, le nelo ea molao, le tihelo ea Morimo, le lipulelelo‐pele; 5 Ba, bo‐rra ba ruleñ go bona, le mo go ba Keresete o ruleñ go bona kaha nameñ, eo e leñ Morimo o o bakoañ bogolu go botle, ka bo sina bokhutlo. Amena. 6 Esiñ go re, huku ya Morimo le ya nyelela. Gone ga si Bayeserela botle, ba ba leñ ba Yeserela; 7 Le gona, ga ba bana botle, ba e leñ ba losika loa ga Aberahame; mi Losika loa gago lo tla birioa mo go Yitsake. 8 Ki go re, Ba e leñ bana ba nama, ga si bana ba Morimo; mi bana ba pulelelo‐pele, ba baloa losika. 9 Gone ye, ki huku ya pulelelo‐pele, Ki tla tla e kane e le ka motla onu, mi Sarahe o tla na le mosimane. 10 Mi esiñ ye yeosi; mi le ena Rebeke erile a ithuarisicoe ki moñue, ebon ki Yitsake rra ecu; 11 Gone eare bana ba e si ba tsaloe, ba bo ba e si ba rihe molemo, khotsa boshula, o la a reiloe, Eo mogolu o tla rihela eo motlana, 12 Gore boitlomo yoa Morimo, yo bo kaha boitseñkeloñ bo eme, esiñ ka litiho, mi bo ne yoa gague eo o bitsañ; 13 Yaka go kuariloe, Ki ratile Yakobe, mi ki irile Esaue. 14 Mi yana, re tla reñ? A go na le tsiamololo mo Morimoñ? A go si ne yalo. 15 Gone o raea Moshe, Ki tla icuarela eo ki ratañ go mo icuarela, mi ki tla utluela botluku eo, ki ratañ go mo utluela botluku. 16 Ki gona, ga si ga gague eo o ratañ, khotsa ga eo o sianañ, mi ki ga boicuarelo yoa Morimo. 17 Gone lokualo lo raea Faroe, Ki gu coseritse mo ka gosi, gore ki bonatse thata ea me mo go uena, le gore leina ya me le buleloe mo hatsiñ yeotle. 18 Ki gona, o icuarelañ eo, o ratañ go mo icuarela; mi o thatahatsa eo, o ratañ go mo thatahatsa. 19 Mi yalo, u tla ’nthaea. O sa latuhaletsañ? Gone mañ eo o ganeritseñ thato ea ona? 20 Mi mothu ki uena, u mañ eo u ganelañ le Morimo? A se se bopiloeñ se tla raea eo o se bopileñ, O lu u ’ntihelañ yalo? 21 A mopi ga a na thata mo lecopeñ, go bopela seyana señue tlotlo, mi se señue esiñ sa tlotlo, ka lecopa ye leñue hela? 22 Mi khotsa ha Morimo o rata go shupa bogale yoa ona, le go itsise thata ea ona, o iphapanya ka bopelutelele bogolu le liyana tsa bogale tse ri etlelericoeñ tsenyego; 23 Le gona, gore o itsise mahumo a khalalelo ea ona mo liyaneñ tsa boicuarelo, tse o ri etleleritseñ pele khalalelo, 24 Eboñ rona, ba o re biritseñ, esiñ mo Bayudiñ bosi, mi le mo bahaiteniñ? 25 Yaka o bua le ka Hoshee, Bathu ba e le e si ba me, ki tla ba bitsa bathu ba me; mi eo o la sa a ratoe, moratoi oa me. 26 Mi go tla rihala, helo ha ba le ba reoa gona, Lona ga lo bathu ba me; hoñ ba tla birioa bana ba Morimo o o tserileñ. 27 Mi Yesaye oa bitsa kaga Yeserela, Leha palo ea bana ba Yeserela e le kana ka meshaua ea leoatle, makunantsane a tla bulukoa; 28 Gone o tla uetsa tiho, a e akohisa ka tsiamo; gone Yehova o tla riha tiho e e khutsane mo hatsiñ. 29 Mi yaka Yesaye a kile a bua, Ekare ha Yehova oa Sabaota a la a sa re tlogelele peu, re kabo re le ra cuana le Sodoma, re kabo re rihiloe yaka Gomora. 30 Yana re tla reñ? Bahaitene ba ba si keñ ba batla tsiamo, ba hitlile tsiamoñ, eboñ, tsiamo ea tumelo. 31 Mi Bayeserela ba ba batlañ tsiamo ea molao, ga ba ka ba hitla tsiamoñ ea molao. 32 Ka loañ? Gone ba le ba sa e batle ka tumelo, mi e le le yaka ka tiho tsa molao: gone ba ikhopile ka leincue ye le khopañ; 33 Yaka go kuariloe, Bonañ, ki baea leincue ya khopo mo Tsiona, le lehika ya khakhaco; mi leha e le mañmañ eo o rumelañ mo go yeona, ga a kitla a na le litloñ.
10KHAOLO 10. 1 BAKAULEÑUE, keleco ea pelu ea me, le thapelo e ki rapelelañ Bayeserela mo Morimoñ, ki gore, ba bulukoe. 2 Gone kia shupa ga bona, ha ba tloahalela Morimoñ, mi esiñ kaha tlaloganyoñ. 3 Gone ka ba sa itse tsiamo ea Morimo, ba batla go tlomamisa tsiamo ea bona, mi yalo ga ba inele tsiamoñ ea Morimo. 4 Gone Keresete ki bohelelo yoa molao go tsiamoñ go moñue le moñue eo o rumelañ. 5 Gone, Moshe oa phutholola tsiamo e e leñ ea molao, a re. Mothu eo o rihañ lilo tse, o tla tsela ka cona. 6 Mi tsiamo e e leñ ea tumelo, e bua yalo. U si re mo peruñ ea gago. Mañ eo o tla tlatlolgelañ kua legorimoñ? (ki go holosa Keresete:) 7 Khotsa mañ eo o tla hologelañ mo boteñeñ? (ki go tlatlosa Keresete mo bashuiñ:) 8 Mi ya reñ? Lehuku le gauhe nau, le mo molomoñ oa gago, le mo peluñ ea gago; ki yeona lehuku ya tumelo ye re le rerañ:Eboñ, Ekare ha u ipobola Yesu Morena ka molomo oa gago, mi u rumela ka pelu ea gago ha Morimo o mo cositse mo bashuiñ, u tla bulukoa. 10 Gone bathu ba rumelela tsiamoñ ka lipelu; mi ba ipobolela pulukoñ ka molomo. 11 Gone lokualo loa re, Leha e le mañmañ eo o rumelañ mo go ena, ga a kitla a tlayoa ki litloñ. 12 Gone ga gona go bisa go cuana gare ga Moyuda le Mogerika: gone eo moñue ki Morena oa botle, o humetse bona botle ba ba mitsañ. 13 Gone leha e le mañmañ eo o tla bitsañ leina ya Morena o tla bulukoa. 14 Ana ba tla mitsa yañ, eo ba sa rumeleñ mo go ena? mi ba tla rumela yañ mo go ena, eo ba esiñ ba utlue ga gague? mi ba tla utlua yañ, ha moreri a sieo? 15 Mi ba tla rera yañ, ha ba sa roñoe; yaka go kuariloe, Linao li lintle yañ tsa bona ba ba rerañ kagisho, ba ba lereñ mahuku a boitumelo a lilo tsa molemo! 16 Mi ga ba ka ba utluela evangelio botle, Gone Yesaye a re, Yehova, mañ eo o rumetseñ thero ea rona? 17 Ki gona yalo, tumelo e tlañ ka kutluo, mi kutluo ka huku ya Morimo. 18 Mi ka re, a ga ba ka ba utlua? E rure, tumo ea bona e halaletse mo hatsiñ yeotle, le mahuku a bona kua khutloñ tsa lehatse. 19 Mi ka re, Bayeserela a ga ba ka ba itse? Moshe a re pele, Ki tla lo tlotleletsa khuhano ka ba esiñ bathu, mi ki tla lo galehisa ka morahe o o si nañ tlaloganyo. 20 Mi Yesaye o pelukhale, mi a re, Ki bonyoe ki ba ba sa ’mpatleñ; ki bonatsegetse go bona ba ba sa botseñ ga me. 21 Mi a raea Bayeserela, Ki tlotse tsatsi yeotle ki otlololetse atla tsa me bathuñ ba ba sa utlueñ, ba ba ganetsañ mahuku.
11KHAOLO 11. 1 KI gona ki reñ? A Morimo o latlile bathu ba ona? A go si ne yalo. Gone le ’na ki Moyeserela, oa sika loa ga Aberahame, oa loco loa ga Benyamina. 2 Morimo ga oa ka oa latla bathu ba ona ba o ba itsileñ pele. Khotsa, a ga lo itse se lokualo lo se buañ ga Eliyahu? kaha a rapelañ Morimo kaga Bayeserela, a re, 3 Yehova, ba bolaile baperofeti ba gago, mi ba ribegile lialetara tsa gago; mi ki setse ki le ’nosi, mi ba batla botselo yoa me. 4 Mi karabo ea Morimo e mo raeañ? Ki itseetse banona ba seven thousanda ba ba esiñ ba khubamele Baale. 5 Gontse yalo le mo motleñ onu, go na le makunantsane kaha boitseñkeloñ yoa tsegohaco. 6 Mi ha e le ka tsegohaco, mi yalo e tlabo e sa tlole e le ea litiho; ha e le ka cona, tsegohaco e tlabo e sa tlole e le tsegohaco. Mi ha e le ea litiho, yalo e tla bo e sa tlole e le ea tsegohaco; ha e le ea eona, tiho e tlabo e sa tlole e le tiho. 7 Ana eñ? Bayeserela ga ba ka ba hitlela se ba se batlileñ; mi baitseñkeroi ba se hitletse, mi ba bañue ba hohuharioa. 8 Yaka go kuariloe, Morimo o ba neile moea oa thobalo e kholu, maitlo gore ba si bone, le litsebe gore ba si utlue, le go motleñ onu. 9 Mi Davide a re, Lomati loa boyelo loa bona a lo ne seru, le lemena, le sekhopisho, le go na tuelo go bona; 10 A maitlo a bona a hihiharioe gore ba si bone, mi u ba konamise mekotla ka gale. 11 Ki gona ki reñ, A ba le ba khopioa gore ba oe? A go si ne yalo; Mi puluko e tlile go bahaitene ka ntla ea koo ea bona, go ba tlotleletsa lehuheñ. 12 Mi yana, ha koo ea bona e le khumo ea lehatse, le ñotlego ea bona e le khumo ea bahaitene; bogolu yañ botlalo yoa bona? 13 Gone, ki bua le lona bahaitene, ka e le ’na moapostoloi oa bahaitene, ki galaletsa tihelo ea me; 14 Gore, ha go kana yalo, ki tlotleletse ba nama ea me lehuheñ, gore bañue ba bona ba bulukoe. 15 Gone ha tatlo ea bona e le go ruanya lehatse, culo ea bona e tla na yañ, ha e si botselo bo coa bashuiñ? 16 Gone, ha sa ntla se le boitsepho, le eona kholokue ea señkhue e itsephile; mi ha mocoe o le boitsepho, likala le cona li itsephile. 17 Mi ha likala tse riñue li phalocoe, mi uena, ka u le setlare sa olefa sa nageñ, mi u lomancoe mo go cona, mi ua abeloa maceceno a setlare sa olefa naco; 18 U si belahalele likala. Mi ha u li belahalela, ga u belege mocoe, mi u belegoe ki mocoe. 19 Mi yalo u tla re, Likala li phalocoe, gore ki lomañoe mo go cona. 20 Go siame; li phalocoe ka ntla ea go bisa go rumela, mi uena u eme ka tumelo. U si belahale, mi u boihe; 21 Gone ha Morimo o si ka oa rekegela likala tsa shona ka shosi, u itise gore e se re khotsa le uena o si gu rekegele. 22 Ki gona, bona molemo le pusho e e thata ea Morimo; pusho e e thata go bona ba ba oleñ; mi molemo go uena, ha u sala mo molemoñ, gone ha go sa ne yalo le uena u tla khaoloa. 23 Le bona, ha ba sa sale mo go biseñ go rumela, ba tla lomagañoa; gone Morimo o nonohile go ba o ba lomanya. 24 Gone ha u khaocoe mo tlareñ sa olefa sa mokhua oa naga; mi u lomagancoe mo tlareñ sa olefa se se molemo esiñ ka tlolego; mi bogolu yañ likala tse tsa shona ka shosi, li tla lomagañoa mo tlareñ sa olefa sa cona. 25 Gone, bakauleñue, ga ki rate gore lo si itse bosaitsioeñ yo, (gore lo si itlome lo le botlale,) ha bohohu bo tletse Bayeserela ntleñ ñue, go tlo go tsamaee tlalo ea bahaitene e tsene. 26 Mi yalo Bayeserela ba tla bulukoa botle; yaka go kuariloe, Go tla coa Mogolori mo Tsiona, mi o tla thiba boikepo go Yakoba. 27 Gone e, ki kholagano ea me le bona, mogañ ki tlosañ libe tsa bona. 28 Mi yalo ba baba ka ntla ea lona kaga evangelio; mi ba baratoi ka ntla ea bo‐rra, kaga boitseñkelo. 29 Gone lineo le pico tsa Morimo ga li na phetogo. 30 Go cuana yaka lo lo sa rumele Morimo mo metleñ e e hetileñ, mi yana lo hitletse boicuarelo ka ntla ea go bisa go rumela ga bona; 31 Le yana ba, ga ba ka ba rumela, gore le bona ba hitlele boicuarelo ka boicuarelo yoa lona. 32 Gone Morimo o ba cualetse botle mo go biseñ go rumela, gore o ne boicuarelo go bona botle. 33 Boteñ yoa lohumo le botlale le kico ea Morimo bontse yañ! litsekisho tsa ona, ga li na potsisho yañ, mi tsela tsa ona ga li na tlotlomisho! 34 Gone mañ eo o itsileñ boitlomo yoa Morena, khotsa mogakolori oa gague e le le mañ? 35 Khotsa mañ eo o mo neileñ pele, mi o tla ba a rueloa? 36 Gone, lilo cotle li coa go ena, mi li ka ena, mi li go ena. A khalalelo e ne go ena ka bosina bokhutlo. Amena.
12KHAOLO 12. 1 KI gona, ki lo rapelañ, bakauleñue, ka mautluelo botluku a Morimo, gore lo nele mebele ea lona go na cupelo e e tserileñ, ea boitsepho, e e natehelañ Morimo, e e leñ tihelo ea Morimo ea lona e e cuanetseñ. 2 Si cuaneñ yaka lehatse yenu; mi hetoloañ ki bosha yoa boitlomo yoa lona, gore lo leke thato ea Morimo, e e leñ molemo, le thatego, le botlalo. 3 Gone kia raea moñue le moñue eo o mo go lona, ka tsegohaco e ki e neiloeñ, gore a si gopole ha a le botlale bogolu go cuanelo ea gague go gopola; mi a a gopole ka tekano, kaha Morimo o lekanyeritseñ moñue le moñue tekanyo ea tumelo. 4 Gone yaka re na le litokololo lintsi mo meleñ o moñue hela, mi litokololo cotle ga li rihe tiho ñue hela; 5 Ki gona ka re le bantsi, re mele o moñue hela mo go Keresete, mi moñue le moñue ki tokololo ea eo moñue. 6 Ka re na le lineo li sele tse ri sa cuaneñ, kaha tsegahacoñ e re e neiloeñ, leha e le thero, a re rereñ kaha tekanyoñ ea tumelo; 7 Khotsa tihelo, a re leteñ tihelo; khotsa eo o rutañ, a a rute; 8 Khotsa eo o kaelañ, a a kaele; eo o abañ, a a abe ka boñuehela yoa pelu; eo o laolañ, a a laole ka tloahalo; eo o icuarelañ, a a icuarele ka boitumelo. 9 A lorato lo ne esiñ ka itimokanyo. Ilañ se se boleo; ñaparelañ se se molemo. 10 Ratanañ mo tsalanoñ e kholu, ka lorato loa bakauleñue, go gorisanya ka tlotlo. 11 Lo si ne boboru mo tihoñ; tloahalañ mo moeeñ; ka go rihela Morimo; 12 Itumeleñ mo culuheloñ; icokeñ mo pogishoñ; coelelañ mo thapeloñ; 13 Abelañ botloko yoa baitsephi; tloaelañ go cula baeñ. 14 Tsegohatsañ ba ba lo bogisañ: tsegohatsañ, mi lo si rogake. 15 Itumeleñ le ba ba itumelañ, mi lelañ le ba ba lelañ.Lo itlomeñ ka boitlomo yo boñue hela. Si reñ lilo tse ri kholu sepe; mi inolahaletseñ go ba ba bonolo. Si neñ botlale ka losi. 17 Si rueleñ boshula yoa moñue ka boshula. Tlamelañ lilo tsa tsiamo ha pele ga bathu botle. 18 Ha go ka na yalo, yaka go le mo thateñ ea lona, agisanyañ le bathu botle. 19 Baratoi, lo si ipusholosetse, mi shutelañ bogale; gone go kuariloe, Pushulosho ki ea me: ki tla ruela, go bua Yehova. 20 Ki gona ha maba oa gago a utlua tlala, mo yese; ha a nyoriloe, mo nose; gone u tla tlatlaganya magala a molelo mo tlogoñ ea gague ka go riha yalo. 21 Si heñoeñ ki boshula, mi henyañ boshula ka molemo.
13KHAOLO 13. 1 AMEOEA eotle e utlue bathati ba ba laolañ. Gone ga go na thata ha e si ea Morimo; mi bathati ba ba leeoñ, ba laorisioa ki Morimo. 2 Yalo eo o ganelañ le thata, o ganetsa taolo ea Morimo; mi ba ba ganetsañ ba tla iteretsa tsekisho. 3 Gone balaori ga ba poico go tihoñ tsa molemo, mi e le go tsa boshula. Mi yana a ga u kitla u boiha thata? Riha se se molemo, mi u tla bakoa ki bona; 4 Gone molaori ki ena kala ea Morimo, go na molemo go uena. Mi ha u riha se se boshula, u boihe, gone caka ga a e tsele lehela; gone ki ena kala ea Morimo le moshulosi go betsa ena eo o rihañ boshula. 5 Ki gona lo cuanetseñ go utlua, esiñ ka ntla ea peco eosi, mi le gona lo utlue ka ntla ea segakolori. 6 Mi le gona lo leheñ lekheto ka ntla ea mouo; gone ki cona likala tsa Morimo, tse ri tloahalañ mo seoñ se ka shosi ka gale. 7 Ki gona, naeañ botle tse ba li cuanetseñ; lekhetho go ba lekgetho; le temalo go ba temalo; le poiho go ba ba boihoañ; le tlotlo go ba ba tlotloañ. 8 Lo si ne molatu le ope mo seoñ sepe, ha e si go ratana; gone eo o ratañ eo moñue o rihaharitse molao. 9 Gone se, Ga u kitla u gokahala, Ga u kitla u bolaea, Ga u kitla u ucua, Ga u kitla u shupa ka cupo ea kako, Ga u kitla u khatlega; mi ha go le molao o moñue, o eme mo hukuñ ye, go re, U tla rata moñ ka uena yaka u ithata. 10 Lorato ga lo rihele moñ ka moñue boshula; ki gona lorato ki tihahaco ea molao. 11 Mi bogolu, ka re itse lobaka loa motla, e le oura o re cuanetseñ go coga mo thobaloñ ka ona; gone yana puluko ea rona e atametse bogolu go motla o re leñ ra rumela ka ona. 12 Bogolu yoa bosigo bo hetile, mi letsatsi le atametse; ki gona a re belegololeñ tiho tsa lehihi, mi a re apareñ tsa tlabano tsa leseri. 13 A re tsameeñ ka tsiamo yaka mo tsatsiñ; esiñ mo merihoñ ea tlapelo, le tago, esiñ mo marobaleloñ a boaka le mo mashueñ, esiñ mo khañyeñ le mo peluñtsetla. 14 Mi ikapeseñ ka Yesu Keresete Morena, mi lo si tlamele nama, go rihahatsa khatlego tsa eona.
14KHAOLO 14. 1 ENA eo o siñ thata mo tumeloñ, mo culeñ, mi esiñ go tsena mo puoñ ea khañ. 2 Gone moñue oa rumela ha lilo cotle li ka yeoa; mi eo o siñ thata o ya merogo. 3 Eo o yañ a a si nyatse eo o sa yeñ; mi eo o sa yeñ a a si sekise eo o yañ; gone Morimo o mo cutse. 4 U mañ eo o sekisañ motlañka oa eo moñue? ha a eme, khotsa go oa, ki go muñoague. E, o tla kokotlerioa: gone Morimo o thata go mo tlomamisa. 5 Moñue o kaea letsatsi leñue legolu mo go ye leñue; eo moñue o kaea malatsi aotle ha a cuana. A moñue le moñue a tlomamisioe mo boitlomoñ yoa gague ka botlalo. 6 Eo o bulukañ letsatsi, o le bulukela Morena, mi eo o sa bulukeñ letsatsi, ga a le bulukele Morena. Eo o yañ, o yela Morena, gone o itumelela Morimo; mi eo sa yeñ, ga a yele Morena, mi o itumelela Morimo. 7 Gone ga go ope oa rona, eo o itselelañ, mi ga go ope eo o icuelañ. 8 Gone leha re tsela, re tselela Morena, mi leha re shua re shuela Morena; ki gona leha re tsela, khotsa re shua, re ba Morena. 9 Gone Keresete o la a shua, mi a coga, mi a ba a tsela ka ntla ea mouo, gore a ne Morena oa bashui le oa batseri. 10 Mi, nena, u sekisetsañ mokauleñue oa gago? khotsa u nyaletsañ mokauleñue oa gago? gone re tla ema rotle ha pele ga serulo sa tsekisho sa ga Keresete. 11 Gone go kuariloe, yaka ki tserile, go bua Yehova, mañole aotle a tla ’nkhubamela, mi liteme cotle li tla ipobola Morimo. 12 Mi yalo, moñue le moñue oa rona o tla ikarabela Morimo. 13 Ki gona a re si tloleñ re sekisanya; mi bogolu akanyañ yalo, gore go si rihe ope eo o khopisañ, khotsa se se osañ mokauleñue oa gague. 14 Kia itse, mi ki itsisicoe rure ki Yesu Morena, ha go si sepe se se sa itsephañ ka shosi; ha e si go eo o se kaeañ se sa itsepha, ga sea itsepha go ena. 15 Mi ha mokauleñue oa gago a hutsahala ka ntla ea liyo, yalo ga u tlole u tsamaea ka lorato. U si mo senye ka liyo tsa gago ena eo Keresete o mo shuetseñ. 16 Yalo a molemo oa gago o si khaloe. 17 Gone pusho ea Morimo ga si liyo, le noo; mi ki tsiamo, le kagisho, le boitumelo ka Moea oa Boitsepho. 18 Gone eo o rihelañ Keresete mo liloñ tse, o khatla Morimo, mi o nateho mo bathuñ. 19 Ki gona, a re sianeleñ lilo tse ri agisañ le tse ri agelelanyañ. 20 U si rutle tiho ea Morimo ka ntla ea liyo. Lilo cotle rure li itsephile; mi go boshula mo mothuñ ha a ya ka khopisho. 21 Go molemo esiñ go ya nama, khotsa go noa boyaloa, khotsa señue se mokauleñue oa gago o khopioañ, khotsa a gakarioa, khotsa a koaharioa ka shona. 22 A u na le tumelo? na naeo ha pele ga Morimo. Go tsegoharicoe eo o sa itsekiseñ mo go se o se kaeañ se le molemo. 23 Gone eo o belaelañ, ha a ya, o sekisicoe, gone a sa ye mo tumeloñ; mi cotle tse ri siñ tsa tumelo, ki boleo.
15KHAOLO 15. 1 MI rona ba re thata re cuanetse go iphapanya le lithetelelo tsa ba ba bokoa, esiñ go ikhatla ka rosi. 2 A moñue le moñue oa rona a ikhatlele moñ ka ena molemo mo kageleloñ. 3 Gone Keresete le ena a si ka a ikhatla; mi yaka go kuariloe, Likhobo tsa bona ba ba gu khobileñ li oetse mo go ’na. 4 Gone cotle tse ri tsa kualoa pele, li kualecoe thuto ea rona; gore re ne le culuhelo ka bopelutelele le khomoco ea likualo. 5 Mi yana, Morimo oa bopelutelele le khomoco, a o lo nee boitlomo yo boñue hela mo go lona kaha Kereseteñ Yesu: 6 Gore lo galaletse Morimo, Rra Yesu Keresete Morena oa rona, ka boitlomo yo boñue hela, le ka molomo o moñue hela. 7 Ki gona, culanañ, yaka Keresete le ena a re culetse khalaleloñ ea Morimo. 8 Gone ka re, Yesu Keresete o la a na moriheri oa ba boguera ka boamarure yoa Morimo, gore a tlomamise lipulelelo‐pele tse ri rihecoeñ bo‐rra; 9 Mi gore bahaitene ba galaleletse Morimo boicuarelo yoa ona; yaka go kuariloe, Ki tla gu ipobola mo bahaiteniñ ka ntla ea mouo, mi ki tla opelela leina ya gago. 10 Mi a ba a re, Itumeleñ, lona bahaitene le bathu ba gague. 11 Mi gape, Lona bahaitene botle, bakañ Yehova, le lona bathu botle, mo tlotleñ. 12 Mi Yesaye a ba a re, Go tla na mocoe oa ga Yeshae, le eo o tla cogañ go laola bahaitene; bahaitene ba tla shuluhela mo go ena. 13 Mi yana, Morimo oa culuhelo, a o lo tlatse ka boitumelo yotle, le kagisho mo tumeloñ, gore lo tote bogolu mo culuheloñ, ka thata ea Moea oa Boitsepho. 14 Mi, bakauleñue ba me, le ’na ki itsisicoe rure ga lona, ha le lona lo tletse molemo, lo tlaricoe ka kico eotle, mi le gona lo nonohile go kaelana. 15 Leha gontse yalo, bakauleñue, ki lo kualetse ka thanolo go lo goporisa ka ntla ñue, ka tsegohaco e ki e neiloeñ ki Morimo, 16 Gore ki ne moriheri oa ga Yesu Keresete mo bahaiteniñ, go ba rihela evangelio ea Morimo, gore cupelo ea bahaitene e natehe, ka e itsephisicoe ki Moea oa Boitsepho. 17 Ki gona ki nañ le pelahalo mo liloñ tse tsa Morimo ka Keresete Yesu. 18 Gone ki sa kake ka leka go bua sepe sa lilo tse Keresete o si kañ a li riha ka ’na, go utluisetsa bahaitene evangelio, ka mahuku le litiho, 19 Ka licupo tse ri thata, le likhakamaco, le ka thata ea Moea oa Morimo; ka tsamaea ka rera ka botlalo evangelio ea ga Keresete, ka simolola ka Yerusalema, le go ntleñ cotle tsa ona, le kua Iliriko. 20 E, ki le ka itlaganela yalo go rera evangelio, esiñ kua leina ya ga Keresete le utluetseñ gona, gore ki si age mo motheoñ oa eo moñue; 21 Mi yaka go kuariloe, Ba o sa ba buleleloeñ, ba tla bona; mi ba ba sa utlueñ, ba tla tlaloganya. 22 Le gona ki le ka khorelerioa go ea go lona ka gantsi ka ntla ea mouo. 23 Mi yana ka ki sa tlole ki na le bonno mo maheloñ a, mi ka ki tlologelecoe nyaga li lintsi tse go ea go lona; 24 Ki tla ea go lona mogañ ki etelañ kua Sepania; gone kia shuluhela go lo bona ka loeto loa me, le go isioa ki lona gona, ki sina go khorisioa ki lona gole gonye. 25 Mi yana kia etela kua Yerusalema, go rihela baitsephi. 26 Gone go le go khatlile bona ba Makedonia le Akaia go phuthela señue bahumanegi ba ba mo baitsephiñ kua Yerusalema. 27 Gone go le go ba khatlile; mi rure ba molatu go bona. Gone ha bahaitene ba le ba rihiloe baaberoi ba lilo tsa moea tsa bona, ki gona ki cuanelo ea bona go ba rihela ka lilo tsa mele tsa bona. 28 Ki gona etlareñ ki sina uetsa tse, le go ba kanela louñuo lo, ki tla tla ka lona, ki ea kua Sepania. 29 Mi kia itse ha ki tlare ki hitla go lona, ki tla tla mo botlaloñ yoa tsegohaco ea evangelio ea ga Keresete. 30 Mi kia lo rapela, bakauleñue, ka Yesu Keresete Morena oa rona, le ka lorato loa Moea, gore lo ganele mogo le ’na mo merapeloñ e lo ’nthapelelañ Morimoñ; 31 Gore ki gololoe mo go bona ba ba sa rumeleñ mo Yudea; mi gore tihelo e ea me, e ki e rihelañ Yerusalema, e natehele baitsephi; 32 Gore ki ee go lona ka boitumelo, ka thato ea Morimo, le go tsitsibosioa le lona. 33 Mi yana Morimo oa kagisho, a o ne le lona lotle. Amena.
16KHAOLO 16. 1 FEBE, khantsaria rona, kia mo lo kaelela, eo e leñ mohula oa ekelesia e e kua Kenkerea; 2 Gore lo mo cule mo Moreneñ, yaka go cuanela baitsephi; le go mo thusa mo tihoñ leha e le ehe, e o tlokañ thusho ea lona go eona; gone o la a le mothusi oa bantsi, le oa me ka ’nosi. 3 Rumerisañ Peresile le Akuile, bathusi ba me mo go Keresete Yesu; 4 Ba ba beetseñ thamo tsa bona botselo yoa me; ba ki sa ba itumeleleñ ’nosi, mi le cona liekelesia cotle tsa bahaitene. 5 Le gona rumerisañ ekelesia e e mo tluñ ea bona. Rumerisañ Epaineto, eo o leñ louñuo loa ntla loa Akaia mo go Keresete. 6 Rumerisañ Marie, eo o re rihetseñ bogolu. 7 Rumerisañ Anderoniko, le Yunie, tsala tsa me, le bagolegoi le ’na, ba ba kaeioañ segolu mo baapostoloiñ, ba le bona ba le ba le mo go Keresete pele ga me. 8 Rumerisañ Ampilie, moratoi oa me mo Moreneñ. 9 Rumerisañ Urobane, mothusi oa rona mo go Keresete, le Setaku, moratoi oa me. 10 Rumerisañ Apile, eo o lekiloeñ mo go Keresete. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Arisetobulu. 11 Rumerisañ Herodion, tsala ea me. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Narekisu; ba ba mo Moreneñ. 12 Rumerisañ Terafaine le Terafose, basari ba ba rihañ mo Moreneñ. Rumerisañ Peresi, moratoi, eo o la a riha segolu mo Moreneñ. 13 Rumerisañ Rufo, moitseñkeroi mo Moreneñ, le mague le mme. 14 Rumerisañ Asenkirito, le Felegone, le Heremane, le Peterobe, le Hereme, le bakauleñue ba ba nañ nabo. 15 Rumerisañ Filologo, le Yulie, le Neree, le khantsarie, le Olumpe, le baitsephi botle ba ba ba nañ nabo. 16 Rumerisanañ ka katlo ea boitsepho. Liekelesia tsa ga Keresete lia lo rumerisa. 17 Bakauleñue, yana kia lo rapela, elañ tloko ba ba rihañ likhaoganyo, le likhopisho tse ri ganetsañ le thuto e lo e rutiloeñ; mi ba thibogeleñ. 18 Gone ba bantseñ yalo ga ba rihela Yesu Keresete Morena oa rona, mi ba rihela mpa tsa bona; mi ba timetsa pelu tsa ba ba pelunomi ka puo tse liñtle, le lipakisho. 19 Gone kutluo ea lona e tlile go botle. Ki gona ki itumelañ ka ntla ea lona; mi ki rata gore lo tlalehe mo molemoñ, le tsisimogo kaga boshula. 20 Mi Morimo oa kagisho, o tla akoha o gatela Satane tlatse ga nao tsa lona. Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona. Amena. 21 Timoteo, moriheri le ’na, le Lukio, le Yasone, le Sosipatere, litsala tsa me, ba lo rumerisa. 22 ’Na Teritio, eo o kuarileñ episetole e, kia lo rumerisa mo Moreneñ. 23 Gaiu, motlameri oa me, le oa ekelesia eotle, oa lo rumerisa. Eraseto, motlameri‐motse, oa lo rumerisa, le Kuareto, mokauleñue. 24 Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona lotle. Amena. 25 Mi yana ena eo o nonohileñ go lo tlomamisa kaha evangelioñ ea me, le thero ea ga Yesu Keresete, kaha ponatsegoñ ea bosaitsioeñ yo e saleñ bo shuyoa tsimologoñ ea lehatse, 26 Mi yana bo bonatsicoeñ, le ka likualo tsa baperofeti, kaha taoloñ ea Morimo o o sa khutleñ, yo bo itsisicoeñ bahaitene botle go kutloñ ea tumelo; 27 A khalalelo e ne Morimoñ o o botlale osi, ka bosina bokhutlo, ka Yesu Keresete. Amena.