1

KHAOLO 1. 1 LITIHALO tsa Nehemie moroa Hakalie. Mi ga rihala ka khueri ea Kiseleu, le mo ñuageñ ea bo‐tuente, ka ki le mo Shushana mo palisoñ, 2 Ka Hanane, moñue oa bana ba ga rre, a tla, ena le banona bañue ba Yuda: ka ba botsa kaga Bayuda ba ba le ba phela, ba ba setseñ ba bocuaro, le kaga Yerusalema. 3 Mi ba ’nthaea, Masalela a bocuaro a a setseñ gona mo khaoloñ ea bogosi ba mo boshuleñ yo bogolu le khobo: le lorako loa Yerusalema lo rutliloe, le likhoro tsa ona li hisicoe ka molelo. 4 ¶ Mi ga rihala, ka ki utlua mahuku a, ka lula, mi ka lela ka hutsahala ka malatsi mañue, ka riha pisho go ya, ka rapela ha pele ga Morimo oa legorimo, 5 Mi ka re, Kia gu rapela, Yehova Morimo oa legorimo, Morimo o mogolu le o o boitsegañ, o o tsegeletsañ bona ba ba o ratañ ba tlokomela taolo tsa ona, kholagano le bopelunomi: 6 A yana tsebe ea gago e tlokomele, le maitlo a gago a buruloge, gore u utlue morapelo oa motlañka oa gago, o ki o rapelañ yana ha pele ga gago ka tsatsi le bosigo kaga bana ba Yeserele batlañka benu: mi ki ipobola maleo a bana ba Yeserele, a re a gu leohetseñ: ’na le ba eintlu ea rre re leohile. 7 Re b@riseritse rure kaga gago, mi re si ka ra tsegetsa litaolo, le litaeo, le litsiamisho, tse u li re laoletseñ ka Moshe motlañka oa gago. 8 Kia gu rapela, gakologeloa lehuku ye u lu ua le laolela Moshe motlañka oa gago, ua re, Ha lo tlola, ki tla lo halatsa mo baeteneñ: 9 Mi ha lo boela go ’na, lo tsegetsa litaolo tsa me, lo li riha; leha bañue ba lona ba lelekeloa kua khutloñ sa legorimo, ki tla ba phutha gona, ki ba tlisa go heloñ ha ki go itseñketseñ, go nnisa leina ya me gona. 10 Yana ba ki batlañka benu le bathu ba gago, ba u ba rekolotseñ ka nonoho e kholu ea gago, le ka atla sa gago se se thata. 11 Morena, kia gu rapela a yana tsebe ea gago e tlokomele morapelo oa motlañka oa gago, le merapelo ea batlañka benu, ba ba eletsañ go boiha leina ya gago: mi kia gu rapela, tsegahatsa motlañka oa gago ka yenu, mi u mo nee mautluelo botluku ha pele ga monona eo. Gone ki le ki le mo-tseleri oa khosi.

2

KHAOLO 2. 1 MI ga rihala ka khueri ea Nisana, le ka ñuaga oa bo‐tuente oa Aretaheshasete khosi, ka boyaloa bo le ha pele ga gague: mi ka culetsa boyaloa, ka bo naea khosi. Mi ga kia ka ka tlonya pele ha pele ga eona. 2 Mi khosi ea ’nthaea, U tlonyeritseñ, ecua u sa bobole? seo se e si sepe ha e si boshula yoa pelu. Ereha gona ki boihañ segolu bogolu, 3 Mi ka raea khosi, A khosi e tsele ka bosakhutleñ: ana ki sa tlonyetseñ, ka motse, helo ga liphupu tsa bo‐rre, o le khakhabalo, mi likhoro tsa ona li nyelericoe ka molelo. 4 Mi khosi ea ’nthaea, Eñ se u se batlañ? Mi ka rapela Morimo oa legorimo. 5 Mi ka raea khosi, Ha e le molemo go khosi, mi ha motlañka oa gago a le nateho ha pele ga gago, a ko u ’nthomele kua Yudeñ, kua motseñ oa liphupu tsa bo‐rre, gore ki o age. 6 Mi khosi ea ’nthaea, (ka khosi ea sesari e rutse naeo,) Loeto loa gago lo tla na lo lele go le kai? mi u tla boea leñ? Mi ga natehela khosi go ’nnaea tsela, ki sina e kaela motla. 7 Le gona ka raea khosi, Ha go le molemo go khosi, a ki neleloe liepisetole go balaori kua bosiyeñ yoa noka, gore ba ’nkhabagantse e tsamaee ki hitle go Yuda; 8 Le episetole go Asafe muluki oa sekhua sa khosi, gore a ’nnee likhoñ go rihela likhoro tsa paliso e e loñ ea eintlu mesepuri, le ea lorako loa motse, le ea eintlu e ki tla tsenañ go eona. Mi khosi ea li ’nnaea, kaha atleñ sa molemo sa Morimo oa me se se leñ go ’na. 9 Ereha gona ki hitlañ go balaori kua bosiyeñ yoa noka, ka ba naea liepisetole tsa khosi. Mi khosi e le ea roma khosana tsa entua le bapalami le ’na. 10 Erile Sanbalate oa Mohorona, le Tobie oa Moamona, motlañka, ba utlua, ba shulahaleloa segolu, ka monona a tsile go batla molemo oa bana ba Yeserele. 11 ¶ Mi ka tla Yerusalema, mi ka na gona ka malatsi a teri. 12 Mi ka coga ka bosigo, ’na le banona banye ba na le ’na; mi ga kia ka ka bulelela mothu ope se Morimo o se tsentseñ mo peluñ ea me go se rihela Yerusalema: mi ga bo go sina pelesa epe le ’na, ha e si pelesa e ki e palamañ. 13 Mi ka coa ka bosigo ka khoro ea mogorogoro, ha pele ga mocoeri oa derako, le kua khoroñ ea lecutelo, mi ka señka lithako tsa Yerusalema tse ri rutliloeñ, le likhoro tsa ona tse li nyelericoeñ ka molelo. 14 Mi ka coelela pele kua khoroñ ea mocoeri, le kua lekaribeñ ya khosi: mi gole go sina helo ha pelesa e e le le tlatse ga me e ka hetañ ka gona. 15 Ereha gona ki tlatlogañ bosigo ka molacoana, ka señka lorako, mi ka boea ka tsena ka khoro ea mogorogoro, ka boea yalo. 16 Mi balaori ba si ba itse kua ki le ka ea gona, le se ki le ki se riha; gone le yana ki si ka ka se bulelela Bayuda, le baperiseti, le bagoluane, le balaori, le ba bañue ba ba rihañ tiho. 17 ¶ Mi ka ba raea, Loa bona boshula yo re go yona, le Yerusalema o khakhabetse, le likhoro tsa ona li hisicoe ka molelo: a re eeñ, re age lorako loa Yerusalema, gore re si tlole re na khobo. 18 Mi ka ba bulelela ga atla sa Morimo oa me ha se le se le molemo go ’na; le aona mahuku a khosi a e le ea a bua le ’na. Mi ba re, A re nanogeñ re age. Mi ba thatahaletsa molemo liatla tsa bona. 19 Mi erile Sanbalate oa Mohorona, le Tobie oa Moamona motlañka, le Gesheme oa Moarabia, ba utlua, ba re shotla, ba re nyatsa, ba re, Eñ se lo se rihañ? a lo tla cuulolela khosi? 20 Ereha gona ki ba arabañ, ka ba raea, Morimo oa legorimo, ona o tla re tsegahatsa; ki gona rona batlañka ba ona re tla nanogañ re aga: mi lona ga lo na kabelo, le tsiamo, le segopoco, mo Yerusalema.

3

KHAOLO 3. 1 MI Eliashibe moperiseti eo mogolu a nanoga le baperiseti bana ba ga rague, mi ba aga khoro ea liñku; ba e tsepha, mi ba emisa licualo tsa eona; E, ba e tsepha, go ea kua turioñ ea Mea, le go ea kua turioñ ea Hananela. 2 Mi banona ba Yeriko ba aga ba bapa le ena. Mi Sakure moroa Imere a aga a bapa le bona. 3 Mi bomoroa Hasenae ba aga khoro ea litlapi, ba baea mesepuri ea eona, ba emisa licualo tsa eona, le likopelo tsa eona, le mephakalego ea eona. 4 Mi Meremote moroa Uriye, moroa Kotse a mamatlelela a bapa le bona. Mi Meshulame moroa Berekie, moroa Meshesabele a mamatlelela a bapa le bona. Mi Tsadoke moroa Bane a mamatlelela a bapa le bona. 5 Mi Batekoa ba mamatlelela ba bapa le bona; mi bagoluane ba bona ba si ka ba tsenya thamo tsa bona mo tihoñ ea Morena oa bona. 6 Mi Yehoyade moroa Pasehe, le Meshulame moroa Besodeye, ba mamatlelela khoro e e kholugolu; ba baea mesepuri ea eona, ba emisa licualo tsa eona, le likopelo tsa eona, le mephakalego ea eona. 7 Mi Melatie oa Mogibeona, le Ya-done oa Momeronota, banona ba Gibeona le ba Mitsepa, ba mamatlelela go ea kua seruloñ sa tsekisho sa molaori oa bosiya yonu yoa noka ba bapa le bona. 8 Mi Usiele moroa Harehaye, oa bathuri, a mamatlelela a bapa le ena. Mi Hananie moroa moñue oa bariha-mere, a mamatlelela a bapa le ena; mi ba thatahatsa Yerusalema go ea kua lorakoñ lo lo atlameñ. 9 Mi Refaye moroa Hure, molaori oa eintla eñue ea Yerusalema, a mamatlelela a bapa le bona. 10 Mi Yedaye moroa Harumafe, a mamatlelela a bapa le bona le go lebagana le eintlu ea gague. Mi Hatushe moroa Hashabenie, a mamatlelela a bapa le ena. 11 Malekiye moroa Harime, le Hashube moroa Pahata‐moabe, ba mamatlelela selekano se señue, le turio ea matlu a peseco. 12 Mi Shalume moroa Haloheshe, molaori oa eintlu e eñue ea Yerusalema, ena le bomoroaue, ba mamatlelela ba bapa le ena. 13 Hanune, le banni ba Sanoa, ba mamatlelela khoro ea mogorogoro; ba e aga, ba emisa licualo tsa eona, le likopelo tsa eona, le mephakalego ea eona, le likubeta li uan thousanda ha lorakoñ, go ea kua khoroñ ea lecutelo. 14 Mi Malekiye moroa Rekabe, molaori oa khaolo ea Beta‐hakerema, a mamatlelela khoro ea lecutelo; a e aga, a emisa licualo tsa eona, le likopelo tsa eona, le mephakalego ea eona. 15 Mi Shalune moroa Kola‐hose, molaori oa khaolo ea Mitsepa, a mamatlelela khoro ea mocoeri; a e aga, a e khurumetsa, a emisa licualo tsa eona, le likopelo tsa eona, le mephakalego ea eona, le lorako loa lekariba ya Siloa ha tsimoñ ea khosi, le go ea kua likhatoñ tse ri hologañ mo motseñ oa Davide. 16 Nehemie moroa Asebuke, molaori oa eintla eñue ea khaolo ea Beta‐tsura, a mamatlelela morago ga gague, go ea go lebagana le liphupu tsa Davide, le go ea kua lekaribeñ ye le rihiloeñ, le go ea kua tluñ ea li-ganka. 17 Mi Rehume moroa Bane oa Baleva, a mamatlelela morago ga gague. Hashabie, molaori oa eintla eñue ea khaolo ea Keila, a mamatlelela a bapa le ena, mo khaoloñ ea gague. 18 Mi Bave ñoana rague, moroa Henadade, moloari oa eintla e eñue ea Keila, a mamatlelela morago ga gague. 19 Mi Esere moroa Yeshue, molaori oa Mitsepa, a mamatlelela le selekano se señue, a bapa le ena, go lebagana le tlatlogo ea eintlu ea libolao, ha khokhocoñ. 20 Mi Baruke moroa Sabe, a mamatlelela selekano se señue ka bonako morago ga gague, go simolola ka khokhoco go ea kua moyakoñ oa eintlu ea Eliashibe moperiseti eo mogolu. 21 Mi Meremote moroa Uriye moroa Kotse, a mamatlelela selekano se señue morago ga gague, go simolola ka moyako oa eintlu ea Eliashibe, le go ea kua khutloñ sa eintlu ea Eliashibe. 22 Mi baperiseti, banona ba motlaba, ba mamatlelela morago ga gague. 23 Benyamine le Hashube, ba mamatlelela go lebagana le eintlu ea bona morago ga bona. Mi Asarie moroa Maseye moroa Ananie, a mamatlelela ha tluñ ea gague morago ga gague. 24 Binue moroa Henadade, a mamatlelela selekano se señue morago ga gague, go simolola ka eintlu ea Asarie go ea khokhocoñ, le kua khokhocoñ. 25 Palale moroa Use, go lebagana le khokhoco, le turio e e leñ phola ea eintlu e e gorimo ea khosi, e e le le ha loapeñ loa eintlu ea kholegelo. Pedaye moroa Paroshe morago ga gague. 26 Mi Banetina ba ba nntseñ Ofela, ba mamatlelela go lebagana le khoro ea metse ha eintleñ ea Iseta, le turio e kholu e e leñ phola. 27 Batekoa ba mamatlelela selekano se señue morago ga bona, go lebagana le turio e e leñ phola, le go ea kua lorakoñ loa Ofela. 28 Baperiseti ba mamatlelela go simolola ha gorimo ga khoro ea lipitse, moñue le moñue go lebagana le eintlu ea gague. 29 Tsadoke moroa Imere, a mamatlelela go lebagana le eintlu ea gague morago ga bona. Mi Shemaye moroa Shekanie, morisi oa khoro ea Iseta, a mamatlelela morago ga gague. 30 Hananie moroa Shelemie, le Hanune moroa Tsalafe oa bosekes, a mamatlelela selekano se señue morago ga gague. Meshulame moroa Berekie, a mamatlelela go lebagana le eintluana ea gague morago ga gague. 31 Malekiye moroa mothuri, a mamatlelela morago ga gague, go ea kua heloñ ga Banetina, le ga babapatsi, go lebagana le khoro ea Mipekada, le kua tlunyaneñ ea gorimo ea khokhoco. 32 Mi bathuri le babapatsi ba mamatlelela gare ga eintluana ea gorimo ea khokhoco go ea kua khoroñ ea liñku.

4

KHAOLO 4. 1 MI ga rihala, eare Sanbalate a utlua ha re aga lorako, a tuka, mi a gakarioa segolu, a shotla Bayuda. 2 Mi a bua ha pele ga bana ba ga rague le entua ea Samaria, a re, Bayuda ba ba motlohu ba, ba rihañ? a ba tla ithatahatsa? a ba tla tlabela? a ba tla uetsa ka tsatsi le leñue? a ba tla tserisa maye mo mekoeñ ea lirobego a a hisicoeñ? 3 Mi Tobie oa Moamona o la a le ha go ena, mi a re, Leha ba aga, ha phukuye e tlatloga, e tla rutla lorako loa bona loa maye. 4 Utlua, Morimo oa rona, gone re nyaricoe thata: mi bosetsa khobo ea bona mo tlogoñ tsa bona, mi u ba nele thopoñ mo hatsiñ ya bocuaro. 5 Mi u si khurumetse tsiamologo ea bona, mi a boleo yoa bona bo si phimoloe ha pele ga gago: gone ba gu gakaritse ha pele ga baagi. 6 Mi ra aga lorako; mi lorako lotle loa kitlañoa go ea ha eintleñ eñue ea lona: gone bathu ba rata go riha. 7 ¶ Mi ga rihala, eare Sanbalate, le Tobie, le Baarabia, le Baamona, le Baashedoda, ba utlua ha mamatlelelo a lithako tsa Yerusalema a coelela pele, le likhagogo li simolola go tsiyoa, ereha gona ba tukañ segolu, 8 Mi ba golagana mogo botle go tla go tlabana le Yerusalema, go re khoreletsa. 9 Leha gontse yalo ra rapela Morimo oa rona, mi ra ba bela tebelelo tsatsi le bosigo, kaga bona. 10 Mi Yude a re, Nonoho ea babelegi ea ñotlega, mi lirobego li lintsi; yalo ga rea nonoha go aga lorako. 11 Mi baganetsi ba rona ba re, Ga ba kitla ba itse, le go bona, e tsamaea re tsena gare ga bona, re ba bolaea, re khutlisa tiho. 12 ¶ Mi ga rihala ka Bayuda ba ba nnañ nabo ba tla ba re bulelela ga ten, ga tua, Ba tla tla go rona ba coa mo maheloñ aotle. 13 Ki gona ki le ka baea mo maheloñ a a kua tlatse morago ga lorako mo maheloñ a bogorimo, E, ka baea bathu kaha tsikeñ tsa bona, ba na le licaka tsa bona, le marumo a bona, le mara a bona. 14 Mi ka leba, mi ka nanoga, ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Si ba boiheñ: gakologeloañ Morena eo mogolu, le eo o boitsegañ, mi lo tlabanele bana ba rra‐enu, le bomoroa lona, le bomoroaria lona, le basari ba lona, le matlu a lona. 15 Mi ga rihala eare baba ba rona ba utlua ha re go itse, mi ha Morimo o cupueritse khakololo ea bona, ra boela kua lorakoñ rotle, moñue le moñue go tiho ea gague. 16 Mi ga rihala le ka tsatsi yeuo, eintla eñue ea batlañka ba me ea riha mo tihoñ, mi eintla e eñue ea bona ea tsegetsa marumo, le lithebe, le mara, le liaparo tsa phemelo; mi balaori ba bo ba le morago ga ba eintlu ea Yude botle. 17 Ba ba agañ lorako, le ba ba belegañ mebelego, le bona ba ba belesañ, moñue le moñue a riha tiho ka atla se le señue, mi a tsegeritse sebolao ka se señue. 18 Mi moñue le moñue oa baagi a bo a na le caka ea gague e cueloe ha nokeñ ea gague ka a aga. Mi ena eo o letsañ terompeta o la a le ha go ’na. 19 Mi ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Tiho e kholu, e atlame, mi re khaogancoe mo lorakoñ, moñue o khakala le eo moñue. 20 Helo hoñ kua lo utluañ tumo ea terompeta gona, phuthegelañ go rona gona; Morimo oa rona o tla re tlabanela. 21 Mi ra riha mo tihoñ: mi eintla eñue ea bona ea tsegetsa marumo go simolola ka tlatlogo ea mosho go ea go boco yoa linaleri. 22 Le gona ka raea bathu ka motla ouo, A moñue le moñue a tlole bosigo le motlañka ca gague mo teñ ga Yerusalema, gore ba ne tebelo ea rona bosigo, le go riha ka motsegare. 23 Mi ’na, le bana ba ga rre, le batlañka ba me, le banona ba tebelo ba ba ’ntsalañ morago, re si ka ra apola aparo tsa rona, ha e si go li isa go tlacoioa.

5

KHAOLO 5. 1 MI ga na khayayego e kholu ea bathu le ea basari ba bona kaga Bayuda bana ba ga rabo. 2 Gone ba le ba leeo, ba ba reñ, Rona, le bomoroa rona, le bomoroaria rona, re bantsi: ki gona re rekeleñ mabele, gore re ye, re tsele. 3 Le gona ba le ba leeo ba ba reñ, Re netse maota a rona, le masimo a mevina a rona, le matlu a rona pelo, gore re rekele loshekeri mabele. 4 Le gona ba le ba leeo ba ba reñ, Re arimile mari mo lekhethoñ ya khosi, ka maota a rona le masimo a mevina a rona. 5 Mi yana, nama ea rona e cuana le nama ea bana ba ga rra‐ecu, le bana ba rona yaka bana ba bona: mi bonañ, re katisetsa batlañka le malata bomoroa rona le bomoroaria rona, mi bañue ba bomoroaria rona, ba katise-ricoe malata: mi ga ba mo nonohoñ ea atla tsa rona go ba rekoloa; gone ba bañue ba na le maota a rona, le masimo a mevina a rona. 6 ¶ Mi erile ki utlua khayayego ea bona le mahuku a ka tuka segolu. 7 Mi pelu ea me ea gakolola mo go ’na, mi ka ganela le bagoluane, le balaori, ka ba raea, Lo tsaea intsihaco, moñue le moñue mo go ñoana rague. Mi ka ba bela phuthego e kholu. 8 Mi ka ba raea, Re rekolotse Bayuda bana ba ga rra‐ecu, ba ba le ba baparicoe mo baeteneñ kaha nonohoñ ea rona; mi a lo ko lo bapatsa bana ba ga rra‐enu? khotsa a ba ko ba baparioa go rona? Ereha gona ba ririmalañ, mi ba sina se ba ka se arabañ. 9 Le gona ka re, Se lo se rihañ ga se molemo: a ga loa cuanela go sepela mo poihoñ ea Morimo oa rona ka eintla ea khobo ea baetena baba ba rona? 10 Le ’na, le bana ba ga rre, le batlañka ba me, a re tsaea mari le mabele go bona? a re ke re tlogele intsihaco e. 11 A ko lo ba rebolele maota a bona, le masimo a mevina a bona, le masimo a metluare a bona, le matlu a bona ka yenu, le eona kabo ea bohundereda ea mari, le ea mabele, le ea boyaloa, le ea loukuane, tse lo li tseileñ go bona. 12 Ereha gona ba reñ, Re tla rebola, mi ga re kitla re batla sepe go bona; re tla riha yalo yaka u buile. Mi ka bitsa baperiseti ka ba ikanisa, gore ba rihe kaha hukuñ ye. 13 Mi ka urubatsa sehuba sa me, ka re, A Morimo o urubatse moñue le moñue mo tluñ ea gague, le mo tiheloñ ea gague, eo o sa tlomamiseñ lehuku ye, a a urubarioe yalo, a a lee-harioe. Mi phuthego eotle ea re, Amena, mi ea baka Yehova. Mi bathu ba riha kaha lehukuñ ye. 14 ¶ Le gona le ’na le bana ba ga rre re si ka ra ya liyo tsa molaori, le ka motla o ki le ka laoleloa molaori oa bona mo hatsiñ ya Yuda, go simolola ka ñuaga oa bo‐tuente go ea ñuageñ oa bo‐terte tu oa Aretahashasete khosi, eboñ nyaga li le tueleve. 15 Mi balaori ba eintla, ba ba le ba le pele ga me, ba imahatsa bathu, mi ba tsaea liyo le boyaloa go bona, bogolu go lishekela li forte tsa selevera; E, le batlañka ba bona ba busa bathu: mi ’na ga kia ka ka riha yalo, ka eintla ea poiho ea Morimo. 16 E, le gona ka coerisetsa tiho ea lorako lo pele, mi re si ka ra reka leota lepe: mi batlañka ba me ba le ba phuthegela mo tihoñ botle gona. 17 Le gona ga bo gole Bayuda le balaori ba uan hundereda le faevte ha loyeloñ loa me, bogolu go bona ba ba tlañ go rona ba coa mo baeteneñ tikologoñ ea rona. 18 Mi tse ri bakañoañ ka tsatsi le tsatsi e le le khomu e le eñue, le liñku tse ri lebalebiloeñ li sekes: le cona linunyane ki li banyerioa, le mayaloa a mantsi gañue hela ka malatsi a ten: mi ki si ka ka batla liyo tsa molaori naco, gone tihelo e le le boima mo bathuñ ba. 19 Morimo oa me ’nkhakologeleloa molemo, kaha cotleñ tse ki li rihetseñ bathu ba.

6

KHAOLO 6. 1 MI ga rihala eare Sanbalate, le Tobie, le Gesheme oa Moarabia, le baba ba rona ba bañue, ba utlua ki agile lorako, le khagogo e sieo e e setseñ go lona; (leha ki le ki si ka ka emisetsa likhoro licualo mo motleñ ouo;) 2 Sanbalate, le Gesheme ba ’nthomela, ba re, Eintlo, a re khatlaneñ mogo go moñue oa metsana mo mogorogoroñ oa Ono. Mi ba gopola go ’nculatsa. 3 Mi ka ba romela baroñoi ka re, Ki riha tiho e kholu, mi ga kia nonoha go ea, ana tiho e ko e khutlelañ, ka ’nka e tlogela, go ea go lona? 4 Mi ba ’nthomela mo gontseñ yalo ga for; mi ka ba araba mo gontseñ yalo. 5 Ereha gona Sanbalate o ’nthomelañ motlañka oa gague mo gontseñ yalo ka loa bo‐faeve, ka episetole e e sa kanoañ mo atleñ sa gague; 6 Go kuariloe yalo go eona, Go utluoa mo lica beñ, le Gesheme a bua yalo, ha uena le Bayuda lo gopola go cuülola: ki gona u agelañ seo se lorako, kaha mahukuñ ua, gore u ne khosi ea bona. 7 Le baperofeti u ba laoletse, go utluatsa ga gago mo Yerusalema, go tua, Go khosi mo Yudeñ: mi yana go tla buleleloa khosi kaha mahukuñ ua. Ki gona eintlo yana, a re gakololane. 8 Ereha gona ki romañ go ena, ka re, Ga goa rihoa lilo tse lintseñ yalo yaka u bua, mi u li loga mo peluñ ea gago. 9 Gone ba re boitsa botle, ba re, Atla tsa bona li tla repela tiho, gore e si rihoe. Mi yana, Morimo, thatahatsa atla tsa me. 10 Mi erile ki tsena mo tluñ ea Shemaye moroa Delaye moroa Mehetabele, eo o cualecoeñ, a re, A re khatlane mo tluñ ea Morimo, gare ga tempela, mi a re kopele licualo tsa tempela: gone ba tla tla go gu bolaea: E, ba tla tla go gu bolaea ka bosigo. 11 Mi ka re, A monona yaka ’na o ka tsaba? mi e mañ eo e leñ yaka ’na, eo o ka tsenañ mo tempeleñ gore a tsele? Ga ’nkitla ki tsena. 12 Mi bonañ, ka lemoga ha Morimo ga oa ka oa mo roma; mi a bua perofesho kemanoñ le ’na: gone Tobie le Sanbalate ba mo laleritse. 13 Ki gona o lalerioañ, gore ki boihe, le go riha yalo, le go leoha, gore ba ne le leina ya boshula, gore ba ’nkhobe ka yeona. 14 Morimo oa me, gopola Tobie, le Sanbalate, kaha tihoñ tse tsa bona, le Noadie moperofeti oa sesari, le baperofeti ba bañue, ba ba le ba batla go ’mpoitsa. 15 ¶ Mi lorako loa uerioa ka tsatsi ya bo‐tuente faeve ya khueri ea Elule, ka malatsi a faevte tu. 16 Mi ga rihala eare baba ba rona botle ba utlua, le baetena botle ba ba le ba le tikologoñ ea rona ba bona, ba ñotlahala segolu mo maitloñ a bona, gone ba lemoga ha tiho e, e le ea rihoa ki Morimo oa rona. 17 ¶ Le gona bagoluane ba Yuda ba roma liepisetole lintsi go Tobie mo malatsiñ auo, mi tsa Tobie tsa ea go bona. 18 Gone bantsi ba ba mo Yudeñ ba le ba mo ikanela, ecua a le mogoe oa Shekanie moroa Are: mi Yohanane moroaue a tseile moroaria Meshulame moroa Berekie. 19 Le gona ba bulela tiho tsa molemo tsa gague ha pele ga me, mi ba mo isetsa mahuku a me. Mi Tobie a roma liepisetole go ’mpoitsa.

7

KHAOLO 7. 1 MI ga rihala lorako lo sina agioa, ka emisa licualo, mi barisi ba khoro le baoperi le Baleva ba laoleloa, 2 Ka nela Hanane ñoana oa ga rre, le Hananie molaori oa paliso, tebelo ea Yerusalema: gone a la a le monona oa boikaño, mi a boiha Morimo bogolu go bantsi. 3 Mi ka ba raea, A khoro tsa Yerusalema li si buloe e tsamaee letsatsi le gotele; mi ere ba sa eme hoñ, a ba cuale licualo, ba li kopele: mi laolelañ litebelo tsa banni ba Yerusalema, moñue le moñue mo tebeloñ ea gague, le moñue le moñue go lebagana le eintlu ea gague. 4 Mi motse e le le o o atlameñ le o mogolu; mi bathu ba ba go ona ba le banye, mi matlu a bo a e si agioe. 5 ¶ Mi Morimo oa me oa go tsenya mo peluñ ea me go phutha bagoluane, le balaori, le bathu, gore ba baloe ka palo ea losika. Mi ka bona kualo loa palo ea losika loa bona ba ba le ba tla pele, mi ka bona ha go kuariloeñ yalo go lona. 6 Ba ki bana ba khaolo ea bogosi, ba ba coañ mo bocuaroñ, ba bona ba ba le ba isicoe, ba Nebukadenetsare khosi ea Babelona o la a ba isa, ba ba boetseñ kua Yerusalemeñ le kua Yudeñ, moñue le moñue go ea kua motseñ oa gague; 7 Ba ba le ba tla le Serubabele, le Yeshue, le Nehemie, le Seraye, le Ra-mie, le Nahamane, le Moredeke, le Bileshane, le Misepare, le Bigevae, le Rehume, le Bane. Palo e ki ea banona ba bathu ba Bayeserela. 8 Bana ba Paroshe, ba tu thousanda le uan hundereda le sevente tu. 9 Bana ba Shefatie, ba teri hundereda le sevente tu. 10 Bana ba Are, ba sekes hundereda le faevte tu. 11 Bana ba Pahata‐moabe, ba bana ba Yeshue le Yoabe, ba tu thousanda le eit hundereda le eiten. 12 Bana ba Elame, ba uan thousanda le tu hundereda le faevte for. 13 Bana ba Satue, ba eit hundereda le forte faeve. 14 Bana ba Sake, ba seven hundereda le sekeste. 15 Bana ba Bane, ba sekes hundereda le forte eit. 16 Bana ba Bebae, ba sekes hundereda le tuente eit. 17 Bana ba Asegade, ba tu thousanda le teri hundereda le tuente tu. 18 Bana ba Adonikame, ba sekes hundereda le sekeste seven. 19 Bana ba Bigevae, ba tu thousanda le sekeste seven. 20 Bana ba Adine, ba sekes hundereda le faevte faeve. 21 Bana ba Atere oa Hisikie, ba naente eit. 22 Bana ba Hashume, ba teri hundereda le tuente eit. 23 Bana ba Batse, ba teri hundereda le tuente for. 24 Bana ba Yore, ba uan hundereda le tueleve. 25 Bana ba Gibeone, ba naente faeve. 26 Banona ba Beta‐lehema le Netofa, ba uan hundereda le eite eit. 27 Banona ba Anatota, ba uan hundereda le tuente eit. 28 Banona ba Beta‐asemaveta, ba forte tu. 29 Banona ba Kireyata‐yearima, le Kifera, le Berota, ba seven hundereda le forte teri. 30 Banona ba Rama le Gaba, ba sekes hundereda le tuente uan. 31 Banona ba Mikemasa, ba uan hundereda le tuente tu. 32 Banona ba Beta‐ela le Ai, ba uan hundereda le tuente teri. 33 Banona ba Nebo o moñue, ba faevte tu. 34 Bana ba Elama o moñue, ba uan thousanda le tu hundereda le faevte for. 35 Bana ba Harima, ba teri hundereda le tuente. 36 Bana ba Yeriko ba teri hundereda le forte faeve. 37 Bana ba Loda, le Hadida, le Ono, ba seven hundereda le tuente uan. 38 Bana ba Sena, ba teri thousanda le naen hundereda le terete. 39 ¶ Baperiseti, bana ba Yedaye, oa ba eintlu ea Yeshue, ba naen hundereda le sevente teri. 40 Bana ba Imere, ba uan thousanda le faevte tu. 41 Bana ba Pashure, ba uan thousanda le tu hundereda le forte seven. 42 Bana ba Harima, ba uan thousanda le seventen. 43 ¶ Baleva, bana ba Yeshue, oa Kademiela, le oa bana ba Hodavie, ba sevente for. 44 ¶ Baoperi, bana ba Asafe, ba uan hundereda le forte eit. 45 ¶ Barisi ba khoro, bana ba Shalume, le bana ba Atere, le bana ba Talemone, le bana ba Akube, le bana ba Hatite, le bana ba Shobe, ba uan hundereda le terte eit. 46 ¶ Banetina, bana ba Tsihe, le bana ba Hashufe, le bana ba Tabaote. 47 Bana ba Kerose, le bana ba Sie, le bana ba Padone, 48 Bana ba Lebane, le bana ba Ha gabe, le bana ba Shaleme, 49 Bana ba Hanane, le bana ba Gidele, le bana ba Gahare, 50 Bana ba Reaye, le bana ba Retsine, le bana ba Nekode, 51 Bana ba Gasame, le bana ba Use, le bana ba Pasehe. 52 Bana ba Bese, le bana ba Meunime, le bana ba Nefushesime, 53 Bana ba Bakebuke, le bana ba Hakufe, le bana ba Harehure, 54 Bana ba Batselute, le bana ba Mehide, le bana ba Hareshe, 55 Bana ba Barekose, le bana ba Sisere, le bana ba Tame, 56 Bana ba Netsehe, le bana ba Hatipe. 57 ¶ Bana ba batlañka ba Solomone, le bana ba Sote, le bana ba Sope-rete, le bana ba Perude, 58 Bana ba Yale, le bana ba Darekone, le bana ba Gidele, 59 Bana ba Shepatie, le bana ba Hatile, le bana ba Pokerete oa Tsebaima, le bana ba Ame. 60 Banetina botle, le bana ba batlañka ba Solomone, e le le ba teri hundereda le naente tu. 61 Mi bauo ba coa Tela‐mela, le Tela‐haresha, le Keruba, le Adana, le Imera: mi ba si kake ba kaela ba eintlu ea bo‐rabo, le losika loa bona ha e le le ba Bayeserela. 62 Bana ba Delaye, le bana ba Tobie, le bana ba Nekode, ba sekes hundereda le forte tu. 63 ¶ Le ba baperiseti, bana ba Habiye, le bana ba Kotse, le bana ba Baresile eo o la tsaea mosari oa bomoroaria Baresile oa Mogileada, mi a birioa ka leina ya bona. 64 Bauo ba batla kualo loa bona mo go bona ba ba bariloeñ mo paloñ ea losika, mi lo si ka loa bonoa: ki gona ba bo ba le ba itsekologo mo boperisetoñ. 65 Mi molaori a ba raea, gore ba si ye ga lilo tsa itsepho ea maitsepho, e tsamaee moperiseti a eme, a na le Urima le Tumima. 66 ¶ Phuthego eotle mogo e le le forte tu thousanda le teri hundereda le sekeste, 67 Bogolu go batlañka ba bona le malata a bona, ba e leñ ba seven thousanda le teri hundereda le terte seven: mi ba na le baoperi le baoperi ba sesari ba tu hundereda le forte faeve. 68 Lipitse tsa bona, e le le li seven hundereda le terte sekes: le limule tsa bona, li tu hundereda le forte faeve: 69 Likamela li for hundereda le terte faeve: le liesela li sekes thousanda le seven hundereda le tuente. 70 ¶ Mi bañue ba tlogotlogo tsa bo‐rra ba nela tiho. Molaorisioi a nela lohumo liderama li uan thousanda tsa gouda, le likhatseco li faevte, le litunika tsa baperiseti li faeve hundereda le terte. 71 Mi bañue ba tlogotlogo tsa bo‐rra ba nela lohumo loa tiho liderama li tuente thousanda tsa gouda, le liponda li tu thousanda le tu hundereda tsa selevera. 72 Mi tse bathu ba ba setseñ ba li naeañ, e le le liderama li tuente thousanda tsa gouda, le liponda li tu thousanda tsa selevera, le litunika tsa baperiseti li sekeste seven. 73 Mi baperiseti, le Baleva, le barisi ba khoro, le baoperi, le bañue ba bathu, le Banetina, le Bayeserela botle, ba nna mo metseñ ea bona; mi erile khueri ea bo‐seven e sina tla, bana ba Yeserele ba le mo metseñ ea bona.

8

KHAOLO 8. 1 MI bathu botle ba iphutha yaka mothu a le moñue mo mileñ o o ha pele ga khoro ea metse: mi ba bua le Esere mokuari gore a lere buka ea molao oa Moshe, o Yehova o la a o laolela Bayeserela. 2 Mi Esere moperiseti a lere molao ha pele ga phuthego ea banona le basari, le botle ba ba ka ba utluañ ka tlaloganyo, ka tsatsi ya eintla ya khueri ea bo‐seven. 3 Mi a buisa go ona ha pele ga mila o o ha pele ga khoro ea metse, go simolola ka phepahalo go ea motsegareñ ha pele ga banona le basari, le ba ba tlaloganyañ, mi tsebe tsa bathu botle li li go bukeñ ea molao. 4 Mi Esere mokuari a ema ha seruloñ sa logoñ se se gorimo, se ba se rihetseñ tiho e, mi Matitie, le Sheme, le Anaye, le Uriye, le Hilikie, le Maseye, ba ema nae ha atleñ sa gague se se siameñ; mi Pedaye le Mishaele, le Malekiye, le Hashume, le Hashebadane, le Sekarie, le Meshulame, ba ema ha atleñ sa gague sa molema. 5 Mi Esere a petleka buka ha pele ga maitlo a bathu botle; (gone a le gorimo ga bathu botle;) mi eare a e petleka, bathu ba ema botle: 6 Mi Esere a baka Yehova, Morimo o mogolu. Mi bathu botle ba araba, ba re Amena, Amena, ka go culeletsa atla tsa bona: mi ba inama ba obamela Yehova ka hatlogo ha hatsi. 7 Mi Yeshue, le Bane, le Sherebie, le Yamine, le Akube, le Shabete, le Hodiye, le Maseye, le Kelite, le Asarie, le Yosabade, le Hanane, le Pelaye, le Baleva, ba tlaloganyetsa bathu molao: mi bathu ba ema mo heloñ ga bona. 8 Mi ba buisa mo bukeñ, mo molaoñ oa Morimo ka thanolo, mi ba phutholola, go ba tlaloganyetsa puisho. 9 ¶ Mi Nehemie, molaorisioi, le Esere moperiseti le mokuari, le Baleva ba ba rutañ bathu, ba raea bathu botle, Tsatsi yenu le itsepho go Yehova Morimo oa lona; si hutsahaleñ le esiñ go lela. Gone bathu ka ba utlua mahuku a molao ba lela botle. 10 Mi a ba raea, Eañ, lo ye nonno, mi lo noe botse, mi isetsañ bona ba ba sa bakanyerioañ sepe likabelo: gone tsatsi yenu le itsepho go Morena oa rona, mi si hutsahaleñ, gone boitumelo yoa Yehova ki thata ea lona. 11 Mi Baleva ba ririmatsa bathu botle, ba re, Ririmalañ, gone tsatsi ye, le itsephile; mi si hutsahaleñ. 12 Mi bathu ba ea botle go ya le go noa, le go isa likabelo, le go tlapeloa segolu, gone ba tlaloganya mahuku a ba a itsisicoeñ. 13 ¶ Mi Esere mokuari a phuthegeloa ki tlogotlogo tsa bo‐rra ba bathu botle, le baperiseti, le Baleva ka tsatsi ya bo‐tu go tlaloganyerioa mahuku a molao. 14 Mi ba bona ha go kuariloe mo molaoñ o Yehova o la a o laola ka Moshe, gore bana ba Yeserele ba nne mo lioboñ ka moletlo oa khueri ea bo‐seven: 15 Mi gore ba utluse le go küa mo metseñ ea bona eotle le mo Yerusalema, go tua, Coelañ kua lithabeñ, mi lereñ likala tsa metluare, le likala tsa litlare tsa loukuane, le likala tsa me-retele, le likala tsa mekolane, le likala tsa litlare tse ri kima, go riha liobo, yaka go kuariloe. 16 Mi bathu ba ea ba li lere, ba itihela liobo, moñue le moñue gorimo ga tlomisho ea eintlu ea gague, le mo maloapeñ a bona, le mo maloapeñ a eintlu ea Morimo, le mo mileñ oa khoro ea metse, le mo mileñ oa khoro ea Eferaime. 17 Mi phuthego eotle ea ba ba boileñ mo bocuaroñ ea riha liobo, ea nna mo lioboñ: gone bana ba Yeserele ba si ka ba riha yalo le ka malatsi a Yehoshue moroa Nune. Mi ga na boitlapelo yo bogolu segolu. 18 Mi buka ea molao oa Morimo, ea buisioa ka tsatsi le tsatsi, go simolola ka tsatsi ya eintla go ea go ya bohelo. Mi ba riha moletlo ka malatsi a seven; mi tsatsi ya bo‐eit e le le tsatsi ya ithibo kaha mokhueñ.

9

KHAOLO 9. 1 MI bana ba Yeserele ba phuthega ka pisho go ya, le ka matsela a likhetse, le ombu go bona, ka tsatsi ya bo‐tuente for ya khueri e. 2 Mi losika loa Yeserele, loa itomolola mo baeñeñ botle, mi ba ema ba ipobola maleo a bona, le litsiamololo tsa bo‐rabo. 3 Mi ba nanoga mo heloñ ga bona, ba buisa mo bukeñ ea molao oa Yehova Morimo oa bona ka baka sa bo‐for sa tsatsi; mi ba ipobola ka baka se señue sa bo‐for, ba obamela Yehova Morimo oa bona. 4 ¶ Mi Yeshue, le Bane, le Kademiele, le Shebanie, le Bune, le Sherebie, le Bane, le Kenane, ba ema mo seruloñ se se gorimo sa Baleva, mi ba khayayegela Yehova Morimo oa bona ka koru e kholu. 5 Ereha gona Baleva, eboñ Yeshue, le Kademiele, le Bane, le Hashabenie, le Sherebie, le Hodiye, le Shebanie, le Petahie, ba reñ, Nanogañ lo bake Yehova Morimo oa lona ka bosakhutleñ le ka bosakhutleñ: mi a go bakoe leina ya gago ya khalalelo ye le gorisericoeñ gorimo ga tsegahaco le pako cotle. 6 U Yehova uesi; u rihile legorimo, le legorimo ya magorimo, le entua ea aona eotle, le lehatsi le cotle tse ri go yeona, le maoatle le cotle tse ri go aona, mi ua li tserisa cotle, mi entua ea legorimo ea gu obamela. 7 U Yehova le Morimo eo o la a itseñkela Aberame, ua mo entsa mo Ureñ oa Bakaledia, mi ua mo naea leina ya Aberahame; 8 Mi ua bona pelu ea gague e boikanyo ha pele ga gago, mi ua riha kholagano nae, go mo naea lehatsi ya Bakanana, le ya Baheta, le ya Baamora, le ya Baperesa, le ya Bayebusa, le ya Bageregasha, go le naea losika loa gague, mi u tlomamisitse mahuku a gago; gone u siame: 9 Mi u lu ua bona pogisho ea bo‐rra ecu mo Egepetoñ, mi ua utlua khayayego ea bona ha Leoatleñ ye le Hubiru. 10 Mi ua rihela Faroe licupo le likhakhamaco, le mo batlañkeñ ba gague botle, le mo bathuñ botle ba hatsi ya gague: gone ua itse ha ba ba ka-kahaletsa. Mi ua itihela leina, yaka ka yenu. 11 Mi ua tsetseraganya leoatle ha pele ga bona, mi ba khabaganya mo komeleloñ ha gare ga leoatle; mi bakhonateri ba bona ua ba latlela mo mateñeñ, yaka leincue mo metseñ a a bonatla. 12 Mi ua ba goga ka pilara ea leru ka motsegare; le ka pilara ea molelo bosigo, go ba bonesa mo tseleñ e ba ka eañ ka eona. 13 Mi ua hologela mo thabeñ ea Sinai, ua bua le bona u le mo legorimoñ, ua ba naea litsiamisho tse ri siameñ, le melao ea boamarure, le litaeo, le litaolo tsa molemo: 14 Mi ua ba itsise sabata sa gago sa boitsepho, mi ua ba laolela litaolo, le litaeo, le molao ka Moshe motlañka oa gago: 15 Mi ua ba nela tlala ea bona liyo tse ri coañ mo legorimoñ, ua ba entsetsa lenyora ya bona metse lehikeñ, mi ua ba raea ha ba tla ea go rua lehatsi ye u lu u ikana ha u tla le be naea. 16 Mi bona le bo‐rra ecu, ba kaka-hatsa, ba thatahatsa thamo tsa bona, mi ba sa retse taolo tsa gago, 17 Mi ba gana go utlua, le go gakologeloa likhakhamaco tsa gago, tse u lu ua li riha mo go bona; mi ba thatahatsa thamo tsa bona, mi ba itaolela tlogo ka cuulolo ea bona go boela mo tiheloñ ea bona ea kholelo: mi u Morimo oa maicuarelo, le tsalano, le boutluelo botluku, u bonya go galeha, le oa pelunomi e kholu, mi ga ua ka ua ba tlogela. 18 E, erile ba itihela namane e e thecoeñ, ba re, E ki Morimo oa lona o o lo entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, ba entsa likhalo tse ri kholu; 19 Leha gontse yalo ga ua ka ua ba tlogela mo bogareñganaga ka eintla ea mautluelo botluku a magolu a gago; pilara ea leru e si ka ea ba tlogela ka motsegare, go ba goga mo tseleñ; le esiñ pilara ea molelo ka bosigo, go ba bonesa, le tsela e ba ka eañ ka eona. 20 Mi u lu ua ba naea moea oa gago o o molemo go ba ruta, mi u si ka ua thiba manna a gago mo melomoñ ea bona, mi ua nela lenyora ya bona metse. 21 E, u lu ua ba otla mo bogareñganaga ka nyaga li forte, mi ba si ka ba tloka sepe; liaparo tsa bona li si ka tsa onala, le linao tsa bona li sa ruruge. 22 Le gona u lu ua ba naea magosi le merahe, ua ba khaoganyetsa likhokhocoñ: ba rua lehatsi ya Sihone khosi ea Heshebona, le lehatsi ya Oge khosi ea Bashana. 23 Le bana ba bona u lu ua ba intsihatsa yaka linaleri tsa legorimo, mi ua ba tlisa mo lehatsiñ ye u lu ua bua le bo‐rabo ga yeona, ha ba tla ea go le rua. 24 Mi bana ba bona ba le ba ea ba rua lehatsi, mi ua katisa Bakanana, banni ba lehatsi ha pele ga bona, mi ua tsenya khosi tsa bona, le bathu ba lehatsi mo atleñ tsa bona, gore ba ba rihele kaha natehoñ ea bona. 25 Mi ba thopa metse e e hemecoeñ, le lehatsi ye le nonneñ, ba rua matlu a a tletseñ lithoto cotle, le liriba tse ri epiloeñ, le masimo a mevina, le masimo a metluare, le litlare tsa liyo li lintsi: mi ba ya, ba khora, ba nonna-hala, ba inatehatsa mo molemoñ o mogolu oa gago. 26 Leha gontse yalo ba cuulola, mi ba gu cuulolela, ba latlela molao oa gago morago ga metlana ea bona, ba bolaea baperofeti ba gago ba ba shu-pileñ kaga bona, go ba boseta go uena, mi ba riha likhalo tse ri kholu. 27 Mi u lu ua ba tsenya mo atleñ tsa baganetsi ba bona, ba ba pitlaganya; mi ba gu biletsa ka motla oa tlalelo ea bona, mi ua ba utlua mo legorimoñ: mi ua ba naea bagolori kaha bogoluñ yoa mautluelo botluku a gago, ba ba ba gololañ mo atleñ tsa baganetsi ba bona. 28 Mi eare ba sina na le boikhuco, ba ba ba leoha ha pele ga gago: ki gona u ba tlogetseñ mo atleñ tsa baba ba bona, mi ba ba busa: mi eare ba shukuloga, ba gu khayayegela, ua ba utlua mo legorimoñ; mi ua ba golola ka metla e le mentsi kaha mautlueloñ botluku a gago; 29 Mi ua shupa kaga bona, go ba bosetsa mo molaoñ oa gago: mi ba kakahala, ba sa retse litaolo tsa gago, mi ba leohela tsiamisho tsa gago, (tse ha mothu a li riha o tla tsela ka cona;) mi ba khotha maruli a bona, ba thatahatsa thamo tsa bona, le go bisa go utlua. 30 Mi u lu ua leletsa kaga bona ka nyaga li lintsi, ua shupa kaga bona ka moea oa gago, ka tihelo ea baperofeti ba gago: mi ba si ka ba sekega tsebe: ki gona u ba tsentseñ mo atleñ tsa bathu ba mahatsi. 31 Leha gontse yalo ga ua ka ua ba nyeletsa, le esiñ go ba tlogela ka mautluelo botluku a magolu a gago; gone u Morimo oa tsalano le boutluelo botluku. 32 Ki gona yana, Morimo oa rona, Morimo o mogolu le oa bagañka, le o o boitsegañ, o o tsegetsañ kholagano le pelunomi, a tapisho eotle e si ne bobotlana ha pele ga gago, e e re hitletseñ, le khosi tsa rona, le likhosana tsa rona, le baperiseti ba rona, le baperofeti ba rona, le bo‐rra ecu, le bathu ba gago botle, le ka malatsi a likhosi tsa Asiria le ka yenu. 33 Leha gontse yalo u siame mo cotleñ tse ri re tletseñ; gone u rure-haritse, mi rona re ikepile. 34 Mi likhosi tsa rona, le likhosana tsa rona, le baperiseti ba rona, le bo‐rra ecu, ba si ka ba tsegetsa molao oa gago, mi ba sa retse litaolo tsa gago, le licupo tsa gago, tse u lu ua li shupa kaga bona. 35 Gone ga ba ka ba gu rihela mo bogosiñ yoa gago, yo u bo ba neileñ ka molemo o mogolu oa gago, le mo hatsiñ ye le atlameñ ye le nonneñ, ye u le neileñ ha pele ga bona, mi ga ba ka ba shukuloga mo tihoñ tsa bona tsa boshula. 36 Bona, re batlañka ka yenu, E, bona, re batlañka mo hatsiñ ye u lu ua le naea bo‐rra ecu go ya louñuo loa yeona le molemo oa yeona: 37 Mi le intsihaletsa likhosi totahalo e kholu tse u li re laoletseñ ka maleo a rona; mi li na le pusho mo mebeleñ ea rona, le mo khomuñ tsa rona, kaha natehoñ ea cona, mi re mo tlaleloñ e kholu. 38 ¶ Mi rea riha kholagano e e tlomameñ kaga cotle tseuo, mi rea e kuala; mi likhosana tsa rona, le Baleva, le baperiseti ba tla e kana.

10

KHAOLO 10. 1 MI bakani e le le Nehemie, molaorisioi, moroa Hakalie, le Tsedekie, 2 Seraye, le Asarie, le Yeremie, 3 Pashure, le Amarie, le Malekiye, 4 Hatushe, le Shebanie, le Maluke, 5 Harime, le Meremote, le Obabie, 6 Daniele, le Ginetone, le Baruke, 7 Meshulame, le Abiye, le Miyamine, 8 Masie, le Bilegae, le Shemaye; bauo e le le baperiseti. 9 Le Baleva, eboñ Yeshue, moroa Asanie, le Binue, oa bomoroa Henadade, le Kademiele, 10 Le bana ba ga rabo, eboñ Shebenie, le Hodiye, le Kelite, le Pelaye, le Hanane, 11 Mike, le Rehabe, le Hashabie, 12 Sakure, le Sherebie, le Shebanie, 13 Hodiye, le Bane, le Beninue. 14 Tlogotlogo tsa bathu, eboñ Paroshe, Pahata‐moabe, le Elame, le Satue, le Bane, 15 Bune, le Asegade, le Bebe, 16 Adoniye, le Bigevae, le Adine, 17 Atere, le Hisikie, le Asure, 18 Hodiye, le Hashume, le Betse, 19 Harife, le Anatote, le Nebe, 20 Magepiashe, le Meshulame, le Hesire, 21 Meshesabele, le Tsadoke, le Yadue, 22 Pelatie, le Hanane, le Anaye, 23 Hoshee, le Hananie, le Hashube, 24 Haloheshe, le Pilehe, le Sho-beke, 25 Rehume, le Hashabene, le Maseye, 26 Le Ahiye, le Hanane, le Anane, 27 Maluke, le Harime, le Bane. 28 ¶ Mi ba ba setseñ ba bathu, eboñ baperiseti le Baleva, le barisi ba khoro, le baoperi, le Banetina, le botle ba ba itomolotseñ mo bathuñ ba mahatsi go tsegetsa molao oa Morimo, le basari ba bona, le bomoroa bona, le bomoroaria bona, botle ba ba nañ le kico le tlaloganyo; 29 Mi ba ñaparela bana ba ga rabo, bagoluane ba bona, mi ba tsena mo thogoñ, le mo ikanoñ, go sepela mo molaoñ oa Morimo, o o lo oa neoa ka Moshe motlañka oa Morimo, le go tlokomela go riha litaolo cotle tsa Yehova Morena oa rona, le litsekisho tsa gague le litaeo tsa gague; 30 Mi ha re si kitla re naea bathu ba lehatsi bomoroaria rona, le esiñ go tsela bomoroa rona bomoroaria bona: 31 Mi ha bathu ba lehatsi ba tlisa lipapaco, khotsa mabele ape go bapatsa ka tsatsi ya sabata, ha re si kitla re li reka go bona ka sabata, khotsa ka tsatsi ya boitsepho: mi ha re tla lesa ñuaga oa bo‐seven, le melego oa melatu eotle. 32 Le gona ra itihela litaolo, gore re nele tihelo ea eintlu ea Morimo oa rona, kabo ea bo‐teri ea shekela ka ñuaga ñuaga; 33 Ea señkhue sa cupo, le ea cupelo ea liyo ea ka gale, le ea cupelo ea phisho ea ka gale, ea lisabata, le ea likhueri linca, le ea meletlo, le ea tse ri itsephileñ, le ea cupelo tsa boleo go ruanyetsa Bayeserela, le ea tiho cotle tsa eintlu ea Morimo oa rona. 34 Mi ra thelela cupelo ea likhoñ likelero mo baperisetiñ, le Baleva, le bathu, go e isa kua tluñ ea Morimo oa rona, kaha matluñ a bo‐rra ecu, ka metla e e laocoeñ ka ñuaga ñuaga, go besa mo aletareñ ea Yehova Morimo oa rona, yaka go kuariloe mo molaoñ: 35 Le go isa kua tluñ ea Yehova mauñuo a eintla a ombu oa rona, le mauñuo a eintla a litlare tsa louñuo cotle, ka ñuaga ñuaga: 36 Le ba burure ba bomoroa rona, le maitibolo a likhomu tsa rona, yaka go kuariloe mo molaoñ, le maitibolo a matlape a rona le a macomane a ro@ go a isa kua tluñ ea Morimo oa rona, kua baperisetiñ ba ba rihelañ mo tluñ ea Morimo oa rona:Mi ha re tla isa maruyo a eintla, le licupelo tsa rona, le mauñuo a litlare cotle, le boyaloa, le loukuane, kua baperisetiñ, kua matluaneñ a eintlu ea Morimo oa rona; le maten a ombu oa rona go Baleva, gore Baleva bauo ba ne le maten a metse eotle ea rona ea temo. 38 Mi a moperiseti moroa Arone a ne le Baleva, ha Baleva ba tsaea maten: mi a Baleva ba ise boten yoa maten kua tluñ ea Morimo oa rona, kua matluaneñ mo tluñ ea lohumo. 39 Mi a bana ba Yeserele le bana ba Leve ba ise cupelo ea mabele, le boyaloa, le loukuane, kua matluaneñ, ha lilo tsa helo ga boitsepho, le baperiseti ba ba rihelañ, le barisi ba khoro, le baoperi ba gona: mi re si kitla re tlogela eintlu ea Morimo oa rona.

11

KHAOLO 11. 1 MI balaori ba bathu ba nna mo Yerusalema: mi bathu ba ba setseñ ba thela likelero go tlisa kabo e le eñue ea liten go nna mo Yerusalema motse oa boitsepho, le likabo li naen mo metseñ e meñue. 2 Mi bathu ba tsegahatsa banona botle ba ba inelañ ka peleego go nna mo Yerusalema. 3 ¶ Mi tse ki tlogotlogo tsa khaolo tsa bogosi tse ri nnañ mo Yerusalema; mi moñue le moñue a nna mo boshueñ yoa gague mo metseñ ea Yuda, le mo metseñ ea Bayeserela, eboñ baperiseti le Baleva, le Banetina, le bana ba batlañka ba Solomone. 4 Mi bañue ba bana ba Yude, le ba bana ba Benyamine ba nna mo Yerusalema. Ba bana ba Yude, eboñ Ata-ye moroa Usie, moroa Sekarie, moroa Amarie, moroa Shefatie, moroa Mahalalele, oa bana ba Paretse; 5 Le Maseye moroa Baruke, moroa Kola‐hose, moroa Hasaye, moroa Adaye, moroa Yoyaribe, moroa Sekarie, moroa Shilone. 6 Bomoroa Paretse botle ba ba nnañ mo Yerusalema, e le le banona ba bonatla ba for hundereda le sekeste eit. 7 Mi ba ki bomoroa Benyamine, eboñ Salue, moroa Meshulame, moroa Yoede, moroa Pedaye, moroa Kolaye, moroa Maseye, moroa Yitiele, moroa Yesaye. 8 Mi morago ga gague, e le le Gabe, le Sale, ba naen hundereda le tuente eite. 9 Mi Yoele moroa Sikere, e le le molebalebi oa bona: mi Yude moroa Senue, e le le oa bo‐tu mo taoloñ ea motse. 10 Ba baperiseti, e le le Yedaye moroa Yoyaribe, le Yakine. 11 Seraye moroa Hilekie, moroa Meshulame, moroa Tsadoke, moroa Marayote, moroa Ahitube, e le le molaori oa eintlu ea Morimo. 12 Le bana ba ga rabo ba ba rihañ tiho ea eintlu, e le le ba eit hundereda le tuente tu: le Adaye moroa Yehorame, moroa Pelalie, moroa Ametse, moroa Sekarie, moroa Pashure, moroa Malekiye, 13 Le bana ba ga rague, tlogotlogo tsa bo‐rra, ba tu hundereda le forte tu: mi Amashe moroa Aserele, moroa Ahase, moroa Meshilemote, moroa Imere, 14 Le bana ba ga rabo, ligañka tsa bonatla, ba uan hundereda le tuente eit: mi molebalebi oa bona e le le Sabediele moroa Hagedolime. 15 Mi ba Baleva, e le le Shemaye moroa Hashube, moroa Aserikame, moroa Hashabie, moroa Bune: 16 Mi Shabete, le Yosabade, ba tlogotlogo tsa Baleva, ba na le taolo mo tihoñ tsa kua eintle tsa eintlu ea Morimo. 17 Mi Matanie moroa Mike, moroa Sabede, moroa Asafe, e le le tlogo eo o simololañ tebogo mo thapeloñ: le Bakebukie oa bo‐tu mo go bana ba ga rague, le Abede moroa Shamue, moroa Galale, moroa Yedutune. 18 Baleva ba ba mo motseñ oa boitsepho botle, e le le ba tu hundereda le eite for. 19 Mi barisi ba khoro, e le le Akube, le Talemone, le bana ba ga rabo ba ba risañ likhoro, e le le ba uan hundereda le sevente tu. 20 ¶ Mi ba ba setseñ ba Bayeserela, ba baperiseti, le ba Baleva, ba bo ba le mo metseñ ea Yuda eotle, moñue le moñue mo boshueñ yoa gague. 21 Mi Banetina ba nna mo Ofela: mi Tsihe le Gisepe ba na le taolo mo Banetineñ. 22 Mi molebalebi oa Baleva kua Yerusalema e le le Use moroa Bane, moroa Hashabie, moroa Matanie, moroa Mike. Baoperi, ba bomoroa Asafe, ba na le taolo ea tiho ea eintlu ea Morimo. 23 Gone gole gole taolo ea khosi kaga bona, gore baoperi ba ne le kabelo e e tlomameñ ka tsatsi le tsatsi. 24 Mi Petahie moroa Meshesabele, oa bana ba Sere moroa Yude, e le le ha atleñ sa khosi kaga lilo cotle tsa bathu. 25 Mi bañue ba bana ba Yude ba nna mo metsaneñ mo maoteñ a bona, kua Kereyata‐areba, le mo metsaneñ eo ona, le kua Dibona, le mo metsaneñ ea ona, le kua Yokabetsela, le mo metsaneñ ea ona, 26 Le kua Yeshua, le kua Molada, le kua Beta‐peleta, 27 Le kua Hatsara‐shuala, le kua Bera‐sheba, le mo metsaneñ ea eona. 28 Le kua Tsikelaga, le kua Mekona, le mo metsaneñ ea eona, 29 Le kua Ena‐rimona, le Tsarea, le kua Yaremuta, 30 Le kua Sanoa, le Adulama, le mo metsaneñ ea eona, le kua Lakisha, le mo maoteñ a ona, le kua Aseka, le mo metsaneñ ea ona. Mi ba tlaolela go simolola ka Berasheba le kua mogorogoroñ oa Hinome. 31 Mi bana ba Benyamine ba nna go simolola ka Geba le kua Mikemasha, le Aiya, le Beta‐ela, le mo metsaneñ ea eona, 32 Le kua Anatota, le Noba, le Anania, 33 Hatsara, le Rama, le Gitaima, 34 Hadida, le Tsiboima, le Nebalata, 35 Loda, le Ono, mo mogorogoroñ oa barihi. 36 Mi liphapano tsa Baleva, li li le mo Yudeñ le mo Benyamineñ.

12

KHAOLO 12. 1 MI ba ki baperiseti le Baleva ba ba le ba ea le Serubabele, moroa Shealetiele, le Yeshue, eboñ Seraye, le Yeremie, le Esere, 2 Amariye, le Maluke, le Hatushe, 3 Shekanie, le Rehume, le Meremote, 4 Idoe, le Ginetoe, le Abiye, 5 Miyamine, le Madie, le Bilege. 6 Shemaye, le Yoyaribe, le Yedaye, 7 Salue, le Amoke, le Hilekie, le Yedaye. Bauo e le le tlogotlogo tsa baperiseti le tsa bana ba ga rabo ka malatsi a Yeshue. 8 Mi Baleva e le le Yeshue, le Binue, le Kademiele, le Sherebie, le Yude, le Matanie, ena le bana ba ga rague ba na le taolo mo litebogoñ. 9 Mi Bakebukie, le Une, bana ba ga rabo ba bo ba le go laola litebelo. 10 ¶ Mi Yeshue a tsala Yoyakime, mi Yoyakime a tsala Eliashibe, mi Eliashibe a tsala Yoyade, 11 Mi Yoyade a tsala Yonatane, mi Yonatane a tsala Yadue. 12 Mi gole gole baperiseti, tlogotlogo tsa bo‐rra, ka malatsi a Yoyakime, eboñ Meraye oa Seraye, le Hananie oa Yeremie; 13 Meshulame oa Esere, le Yehohanane oa Amarie; 14 Yonatane oa Melikue, le Yosefe oa Shebanie; 15 Adene oa Harime, le Heleke oa Merayote; 16 Sekarie oa Yidoe, le Meshulame oa Ginetone; 17 Sikere oa Abiye, le oa Minyamine, le Pilete oa Moadie; 18 Shamue oa Bilege, le Yehonatane oa Shemaye: 19 Matene oa Yoyaribe, le Use oa Yedaye; 20 Kale oa Sale, le Ebere oa Amoke: 21 Hashabie oa Hilekie, le Netanele oa Yedaye. 22 ¶ Mi Baleva ba tlogotlogo tsa bo‐rra ba kualoa mo malatsiñ a Eliashibe, le Yoyade, le Yohanane, le Yadue: le bona baperiseti, go ea kua pushoñ ea Dariue oa Moperesia. 23 Bomoroa Leve, tlogotlogo tsa bo‐rra, ba kualoa mo bukeñ ea litihalo go ea kua malatsiñ a Yohanane moroa Eliashibe. 24 Mi tlogotlogo tsa Baleva, e le le Hashabie, le Sherebie, le Yeshue moroa Kademiele, le bana ba ga rabo ba ba laoleloañ go baka le go leboga, kaha taoloñ oa Davide monona oa Morimo, tebelo tebaganoñ le tebelo. 25 Matanie, le Bakebukie, le Obadie, le Meshulame, le Talemone, le Akube, e le le barisi ba khoro go lebela ha liripuriñ tsa likhoro. 26 Bauo e le le ba malatsi a Yoyakime moroa Yeshue, moroa Yotsadake, le ka malatsi a Nehemie molaori, le a Esere moperiseti le mokuari. 27 ¶ Mi ba batla Baleva mo maheloñ a bona aotle ka nelo ea lorako loa Yerusalema, go ba isa go Yerusalema, go tsegetsa nelo ka boitumelo, le ka litebogo, le ka kopelo, ka lisembala, le lisaletara, le liharepe. 28 Mi bomoroa baoperi ba iphuthela, ba coa mo motlabeñ tikologoñ ea Yerusalema, le mo metsaneñ ea Netofata; 29 Le mo khaoloñ ea Gilegala, le mo maoteñ a Geba le Asemaveta: gone baoperi ba le ba ikagela metsana tikologoñ ea Yerusalema. 30 Mi baperiseti le Baleva ba iitse-kisa, le bathu ba ba itsekisa, le likhoro, le lorako. 31 Ereha gona ki tlatlosetsañ khosana tsa Yuda mo lorakoñ, mi ka laolela mashomo a magolu a tu go leboga, leñue ya ea go atleñ se se siameñ sa lorako lo lo eañ kua khoroñ ea lecutelo: 32 Mi Hoshaye a ea morago ga bona, le eintla eñue ea khosana tsa Yuda, 33 Le Asarie, le Esere, le Meshulame, 34 Yude, le Benyamine, le Shemaye, le Yeremie, 35 Le bañue ba bomoroa baperiseti ka literompeta, eboñ Sekarie moroa Yonatane, moroa Shemaye, moroa Matanie, moroa Mikaye, moroa Sakure, moroa Asafe: 36 Le bana ba ga rague, eboñ Shemaye le Asaraele, le Milale, le Gilale, le Mae, le Natanele, le Yude, le Hanane, ba na le lilo tsa kopelo tsa Davide monona oa Morimo; mi Esere mokuari a ea ha pele ga bona. 37 Mi ba tlatloga ka khoroñ ea mocoeri tebaganoñ le bona, ka likhato tsa motse oa Davide, ha tlatlogoñ ea lorako, ha gorimo ga eintlu ea Davide, le kua khoroñ ea metse ha eintleñ ea Iseta. 38 Mi shomo ye leñue ya tebogo ya ea tebaganoñ, le ’na morago ga yeona, le eintla eñue ea bathu mo lorakoñ, go simolola kua pele ga turio ea matlu a peseco go ea kua lorakoñ lo lo atlameñ: 39 Le go simolola ha khoroñ ea Eferaime, le ha khoroñ e kholugolu, le ha khoroñ ea litlapi, le ha turioñ ea Hananele, le turio ea Meahe, go ea khoroñ ea liñku: mi ba ema mo khoroñ ea eintlu ea kholegelo. 40 Ereha gona mashomo a tebogo a tu a emañ mo tluñ ea Morimo, le ’na, le eintla eñue ea balaori le ’na: 41 Le baperiseti ka literompeta, eboñ Eliakime, le Maseye, le Minyamine, le Mikaye, le Elioenae, le Sekarie, le Hananie; 42 Le Maseye, le Shemaye, le Eleasare, le Use, le Yehohanane, le Malekiye, le Elame, le Esere. Mi baoperi ba utlusa, le Yeserahie, molebalebi. 43 Mi ba tlabela litlabelo tse ri kholu ba itumela ka tsatsi yeuo: gone Morimo oa ba itumerisa ka boitumelo yo bogolu: le basari le bana ba itumela: mi boitumelo yoa Yerusalema yoa utluoa khakala. 44 ¶ Mi bañue ba laolela ka tsatsi yeuo, go na le taolo mo matluaneñ a mahumo, le a licupelo tsa culeco, le a mauñuo a eintla, le a maten, go phuthela go aona likabelo tsa baperiseti le Baleva tse ri coañ mo maoteñ a metse kaha molaoñ: gone Bayuda ba itumelela baperiseti le Baleva ba ba emeñ gona. 45 Mi baoperi le barisi ba khoro ba tsegetsa tebelo ea Morimo oa bona, le tebelo ea itsekisho, kaha taoloñ ea Davide, le ea Solomone moroaue. 46 Gone gole gole tlogotlogo tsa baoperi, le lihela tsa pako, le litebogo go Morimo ka malatsi a Davide le Asafe oa bogolugolu. 47 Mi Bayeserela botle ba naea baoperi le barisi ba khoro likabelo, eboñ kabelo ka tsatsi le tsatsi, ka malatsi a Serubabele, le ka malatsi a Nehemie: mi ba li tsephela Baleva; mi Baleva ba li tsephela bana ba Arone.

13

KHAOLO 13. 1 MI ba buisa mo bukeñ ea Moshe mo kutluoñ ea bathu ka tsatsi yeuo; mi ga bonoa ha go kuariloeñ gona, ha Moamona le Momoaba ba si kake ba tsena mo phuthegoñ ea Morimo ka bosakhutleñ; 2 Gone ba si ka ba khatlantsa bana ba Yeserele ka liyo le metse, mi ba ba laleritse Balame, gore a ba roge: leha gontse yalo Morimo oa rona oa hetolela thogo tsegahaco. 3 Mi ga rihala ka ba utlua molao, ba lomolola bontsi yo bo tlakanyeñ mo Bayesereleñ botle. 4 ¶ Mi Eliashibe moperiseti, eo o laoleloañ eintluana ea eintlu ea Morimo oa rona, a le tsala ea mari ea Tobie pele ga mouo. 5 Mi a makanyetsa eintluana e kholu, e erileñ pele ba baea licupelo tsa liyo go eona, le libano, le lilo, le maten a mabele, le boyaloa, le loukuane, tse ri laolecoeñ Baleva, le baoperi, le barisi ba khoro, le cona cupelo tsa culeco tsa baperiseti. 6 Mi ki le ki sieo mo Yerusalema ka baka sa tseuo cotle: gone ki le ka ea kua khosiñ ka ñuaga oa bo‐terte tu oa Aretaheshasete khosi ea Babelona, mi malatsi mañue a sina heta, ka lopa tsela go khosiñ: 7 Mi ka tla go Yerusalema, mi ka tlaloganya boshula yo Eliashibe o la a bo riha kaga Tobie, ka go makanyetsa eintluana mo maloapeñ a eintlu ea Morimo. 8 Mi se ’nculatsitse thata, mi ka latlela lilo tsa eintlu tsa Tobie kua eintle ga eintluana. 9 Le gona ka laola, mi ba itsekisa matluana: mi ka bosetsa gona lilo tsa eintlu ea Morimo, le cupelo ea liyo, le libano. 10 ¶ Mi ka lemoga ha likabelo tsa Baleva ba si ka ba li neoa: gone Baleva le baoperi ba ba rihañ tiho ba le ba tsabela, moñue le moñue kua leoteñ ya gague. 11 Ereha gona ki ganelañ le balaori, ka re, Eintlu ea Morimo e tloge-lecoeñ? Mi ka ba phutha, ka ba emisa mo heloñ ga bona. 12 Ereha gona Bayuda botle ba isañ maten a mabele le boyaloa le loukuane mo mahumoñ. 13 Mi ka laolela mahumo babuluki lohumo, eboñ Shelemie moperiseti, le Tsadoke mokuari, le Pedaye oa Baleva: le Hanane moroa Sakure, moroa Matanie ha atleñ tsa bona: gone ba kaioa boikaño, mi e le le ga bona go abela bana ba ga rabo. 14 Morimo oa me, ’nkhakologeloa kaga seo se, mi u si phimole mapelunomi a ki a rihetseñ eintlu ea Morimo oa me, le litebelo tsa eona. 15 ¶ Ka bona ka malatsi auo, ba ba gatañ khatisho tsa boyaloa mo Yudeñ, le ba ba isañ mekoa, le ba ba belesañ liesela ka sabata; le yona boyaloa, le louñuo loa movina, le lifeige, le mebelego eotle e ba e isañ Yerusalema ka tsatsi ya sabata: mi ka shupa kaga bona ka tsatsi ye ba bapatsañ liyo ka yeona. 16 Le Batsura ba nna go ona, ba ba isañ litlapi, le papaco cotle, tse ba li baparitseñ mo baneñ ba Yude, le mo Yerusalema ka tsatsi ya sabata. 17 Mi ka ganela le bagoluane ba Yuda, ka ba raea, Boshula yo lo bo rihañ ki yoañ, ka lo tsepholola tsatsi ya sabata? 18 A bo‐rra enu ga ba riha yalo, mi a Morimo oa rona a ga oa re tlisetsa boshula yotle yo, le mo motseñ o? mi lo totisetsa Bayeserela bogale yo bo hisañ ka go tsepholola tsatsi ya sabata. 19 Mi ga rihala ka khoro tsa Yerusalema li simolola go oa moroti pele ga sabata, ka laola gore likhoro li ko-peloe, mi ka laola gore li si kopololoe e tsamaee sabata se hete: mi ka emisa ba batlañka ba me ha likhoroñ, gore go si ne melego ope o o tsenañ ka tsatsi ya sabata. 20 Yalo bareki le babapatsi ba lipapaco cotle ba tlola gañue khotsa ga tu kua eintle ga Yerusalema. 21 Ereha gona ki shupañ kaga bona, ka ba raea, Lo tlolelañ ha pele ga lorako? ha lo ba lo riha yalo, ki tla lo bela liatla. Mi ba si ka ba tlola ba tla ka tsatsi ya sabata le ka baka seuo. 22 Mi ka laola Baleva, gore ba itsekise, ba ee, ba rise likhoro, go tsephisa tsatsi ya sabata. Morimo oa me, ’nkhakologeleloa le shona se, mi ’ntlo-mogela pelu kaha bogoluñ yoa pelunomi ea gago. 23 ¶ Mi ka bona Bayuda ka malatsi auo ba ba le ba tsaea basari ba Ashedoda, le ba Amona, le ba Moaba: 24 Mi bana ba bona ba bua eintla eñue Seashedoda, mi ba sa kake ba bua Seyuda, mi e le le kaha puoñ tsa ba, le ba. 25 Mi ka ganela le bona, ka ba khala, ka daea bañue ba bona, ka khumola meriri ea bona, ka ba ikanisa ka Morimo, ka re, Lo si nele bomoroa bona bomoroaria lona, leha e le go tsela bomoroa lona bomoroaria bona, khotsa go itsela. 26 A Solomone khosi ea Bayeserela a ga a leoha ka tseuo? leha gontse yalo gole go si khosi epe yaka ena mo meraheñ e le mentsi, eo o la a ratoa ki Morimo oa gague, mi Morimo oa mo riha khosi ea Bayeserela botle: leha a la antse yalo basari ba boeñ ba mo leohisa. 27 Mi a re tla lo utlua go riha boshula yo bogolu yotle yo, go tlolela Morimo oa rona, ka go tsaea basari ba boeñ? 28 Mi moñue oa bomoroa Yoyade, moroa Eliashibe moperiseti eo mogolu, a le mogue oa Sanbalate oa Mohorona: ki gona ki mo lelekañ go ’na. 29 Morimo oa me, ba gakologeloe, gone ba itsekolotse boperiseto, le kholagano ea boperiseto, le ea Baleva. 30 Mi ka ba itsekisa mogo baeñ botle, mi ka laolela tebelo tsa baperiseti le Baleva, moñue le moñue mo tihoñ ea gague; 31 Le ea cupelo ea likhoñ, ka metla e e laocoeñ, le ea mauñuo a eintla. Morimo oa me, ’nkhakologeleloa molemo.