1

KHAOLO 1. 1 LEHUKU le le le mo tsimologoñ, mi Lehuku le le na le Morimo, mi Lehuku e le le Morimo. 2 Ye, le le na le Morimo mo tsimologoñ. 3 Lilo cotle li tsa rihoa ka yeona, mi ga goa rihoa sepe sa tse li rihiloeñ, ha e si ka yeona. 4 Botselo bo le bo le mo go yeona; mi botselo e le le leseri ya bathu. 5 Mi leseri ya phatsima mo hihiñ; mi lehihi le si ka ya le cula. 6 ¶ Gabo gole monona eo o birioañ Yohane, a romiloe ki Morimo. 7 Monona eo, o la a tla go na moshupi, go shupa ga leseri, gore botle ba rumele ka ena. 8 Ena o la a si leseri ye, mi o la a roñoa go shupa ga leseri. 9 Leseri ya amarure, e le le ye, ye le tlañ mo lehatsiñ, le bonesa mothu moñue le moñue. 10 O la a le mo lehatsiñ, mi lehatse le le rihiloe ki ena, mi lehatse ga lea ka ya mo itse. 11 O la a tla go ba gague, mi ba gague ba si ka ba mo cula. 12 Mi botle ba ba le ba mo cula, a ba naea thata go na bana ba Morimo, eboñ go ba ba rumelañ mo ineñ ya gague; 13 Ba ba le ba sa tsaloe ka mari, le esiñ ka thato ea nama, le esiñ ka thato ea mothu, mi e le le ka thato ea Morimo. 14 Mi Lehuku ya rihoa nama, mi ya aga mo go rona, (mi re le ra bona khalalelo ea gague; khalalelo e e cuanañ yaka ea eo o tsecoeñ esi oa Rra,) a tletse tsegohaco le boamarure. 15 ¶ Yohane oa shupa ga gague, mi a bitsa, a re, Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Eo o tlañ morago ga me, o rihegile mogolu go ’na, gone o la a leo ki e si ki ne; 16 Mi rotle re bonye tsegohaco le tsegohaco mo botlaloñ yoa gague. 17 Gone molao o lo oa neoa ka Moshe, mi tsegohaco le boamarure yoa tla ka Yesu Keresete. 18 Ga go ope eo o kileñ a bona Morimo ka motla ope; Moroa eo o tsecoeñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa Rra, ki ena eo o o buletseñ. 19 ¶ Mi e ki eona cupo ea ga Yohane. Erile ka Bayuda ba roma baperiseti le Baleva, ba coa Yerusalema, gore ba motse, U mañ? 20 Mi a ipobola, mi a si ka a itatola, mi a ipobola, a re, Ga ki Keresete. 21 Mi ba motsa ba re, Ana u mañ? A u Eliyahue? Mi a re, Ga ki ena. A ki uena moperofeti eo? Mi a araba, Nya. 22 Eriha gona ba mo raeañ, U mañ? gore re arabe bona ba ba re romileñ. Ua reñ ga gago? 23 A re, Ki na koru ea moñue, e e bitsañ mo gareñganaga, Siamisañ tsela ea ga Yehova, yaka Yesaye moperofeti a kile a bua. 24 Mi ba ba le ba romiloe e le le ba Bafarisai. 25 Mi ba motsa, ba mo raea, U bapetiseletsañ ha u si Keresete, le esiñ Eliyahue, le esiñ moperofeti eo? 26 Yohane a ba araba, a re, Kia bapetisa ka metse; mi moñue o eme ha gare ga lona eo lo sa mo itseñ; 27 Eouo, ki ena eo o tlañ morago ga me, eo o rihegileñ mogolu go ’na, eo, ki sa cuanelañ khole ea tlaku sa gague go e hunulola. 28 Lilo tse tsa rihala mo Betania kua moseya ga Yoridane, kua Yohane o la a bapetisa gona. 29 ¶ Motla o moñue, Yohane a bona Yesu a tla go ena, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo, e e tlosañ boleo yoa lehatse! 30 Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Monona oe tla morago ga me eo o rihegileñ mogolu go ’na, gone a la a leo ki e si ki ne. 31 Mi ga kia ka ka mo itse; ki gona ki tlileñ go bapetisa ka metse, gore a bonarioe go Yeserela. 32 Mi Yohane a shupa, a re, Ki le ka bona Moea o hologa mo legorimoñ yaka lephui, mi oa na go ena. 33 Mi ga kia ka ka mo itse; mi ena eo o ’nthomileñ go bapetisa ka metse, eo o la a ’nthaea, Ena eo, u tla bonañ Moea o hologela go ena, o na go ena, eouo ki ena eo o bapetisañ ka Moea oa Boitsepho. 34 Mi ki le ka bona, mi ka shupa ha eo, e le Moroa Morimo. 35 ¶ Mi ka motla o moñue, Yohane a ba a ema le barutoa ba tu ba gague. 36 Mi a bona Yesu ka a tsamaea, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo! 37 Mi barutoa ba tu ba mo utlua a bua mouo, mi ba sala Yesu morago. 38 Mi ka Yesu a retologa, a ba bona ba sala morago, a ba raea, Lo batlañ? Mi ba mo raea, Rabi, (ki go re mo phetoleloñ, Moruti) u agile kae? 39 A ba raea, Tlañ lo bone. Ba tla ba bona ha o agileñ gona; mi ba tlola nae tsatsi yeuo. Mi e kane e le le oura oa bo‐ten. 40 Anderea monna Simone Petero e le le moñue oa ba tu, ba ba le ba utluile go Yohane, a mo sala morago. 41 Eo, a bona Simone monnaue pele, mi a mo raea, Re bonye Mesia (ki go re, Keresete, mo phetoleloñ). 42 Mi a mo isa go Yesu. Mi ka Yesu a mo leba, a re, U Simone moroa Yone, u tla birioa Kefe, (ki go re, Petero, mo phetoleloñ). 43 ¶ Mi ka tsatsi ye leñue Yesu a rata go ea kua Galilea, mi a bona Filipo, mi a mo raea, ’Ntsala morago. 44 Mi yana Filipo a ba a le oa Betesaida, oa motse oa ga Anderea le Petero. 45 Filipo a bona Natanaele, mi a mo raea. Re bonye eo Moshe o la a kuala ga gague mo molaoñ, le bona baperofeti, eboñ Yesu, moroa Yosefe, oa Nasareta. 46 Mi Natanaele a mo raea, A señue se se molemo, se ka coa mo Nasareta? Filipo a mo raea, Tla u bone. 47 Yesu a bona Natanaele a tla go ena, mi a bua ga gague, Bonañ Moyeserela oa amarure, eo o sinañ tsieco epe! 48 Natanaele a mo raea, U ’nkitse ka eñ? Yesu a araba, a mo raea, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige, pele Filipo a e si a gu bitse. 49 Natanaele a araba a mo raea, Rabi, U Moroa Morimo; u khosi ea Yeserela. 50 Yesu a araba a mo raea, A ua rumela gone ki gu buleletse, ka re, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige? u tla bona lilo tse ri kholu bogolu go tse. 51 Mi a mo raea, Amarure, amarure, kia loa raea, Ga yana lo tla bona legorimo le bulega, le baengele ba Morimo ba tlatloga ba hologela go Moroa mothu.

2

KHAOLO 2. 1 MI gabo gole nyalo mo Kana oa Galilea ka tsatsi ya bo‐teri, mi ma Yesu a bo a le gona. 2 Mi Yesu le ena a bilerioa nyaloñ le barutoa ba gague. 3 Mi eare boyaloa bo tlokahala, ma Yesu a mo raea, Ga ba na boyaloa. 4 Yesu a mo raea, Mosari, u ’ntihañ? oura oa me ga o si o tle. 5 Mague a raea batlañka, Se o tla se lo raeañ, lo se rihe. 6 Mi gabo gole liñkho tsa metse tsa maye li sekes, tse ri beiloeñ kaha boitsephishoñ yoa Bayuda; ñue le ñue e cula meterete me tu, khotsa me teri. 7 Yesu a ba raea. Tlatsañ liñkho tsa metse ka metse. Mi ba li tlaletsa gorimo. 8 Mi a ba raea, Gañ yana, mi lo bo ise go molaori oa moriho. Mi ba bo isa. 9 Mi eare molaori oa moriho a leka metse a a rihegileñ boyaloa, mi a si ka a itse kua bo coañ gona (mi batlañka ba ba le ba ga metse ba itse), molaori oa moriho a bitsa monyari, 10 Mi a mo raea, Monona moñue le moñue o baea boyaloa yo bo molemo ka tsimologo, mi bathu ba sina go noa segolu, eriha gona go leroeñ yo esiñ molemo, mi u buluketse boyaloa yo bo molemo go yana. 11 Yesu o la a riha tsimologo e, ea likhakhamaco, mo Kana oa Galilea, mi a bonatsa khalalelo ea gague, mi barutoa ba gague ba mo rumela. 12 ¶ Morago ga mouo a ea kua Kaperenama, ena le mague, le bomonnaue, le barutoa ba gague; mi ba nna gona ka malatsi esiñ mantsi. 13 ¶ Mi Tlolaganyo ea Bayuda ea bo e le gauhe; mi Yesu a ea kua Yerusalema. 14 Mi a bona ba ba bapatsañ likhomu, le liñku, le maphui mo tempeleñ, le baananyi ba lireko ba rutse gona. 15 Mi o rile a sina riha sebeco sa linti, a ba khueletsa kua ntle ga tempela botle, le cona liñku, le likhomu; mi lireko tsa baananyi a li culolela kua ntle, le limati a li pitikolola. 16 Mi a raea bona ba ba bapatsañ maphui, Tlosañ lilo tse ha; mi si riheñ ntlu ea ga Rre ntlu ea thekelo. 17 Mi barutoa ba gague ba gakologeloa ha go kuariloe, Tloahalo ea ntlu ea gago e ’mmeritse. 18 ¶ Eriha gona Bayuda ba arabañ, ba mo raea, U re shupetsa cupo eañ, ka u riha lilo tse? 19 Yesu a araba a ba raea, Rutlañ tempela e, mi ki tla e aga ka malatsi a teri. 20 Eriha gona Bayuda ba reñ, Tempela e, e le ea agoa ka nyaga li forte sekes, mi uena a u tla e aga ka malatsi a teri? 21 Mi a bua ga tempela ea mele oa gague. 22 Ki gona o rileñ a sina coga mo loshuñ, barutoa ba gague ba gakologeloa ha a la a bua yeuo le bona; mi ba rumela lokualo, le lehuku ye Yesu o le buileñ. 23 ¶ Mi ka a le mo Yerusalema, ka go le moriho oa Tlolaganyo, bontsi yoa rumela mo ineñ ya gague, ka bo bona licupo tsa gague tse o li rihañ. 24 Mi Yesu ka esi a sa bo ikanye, gone a itse botle; 25 Mi a sa tloke go shuperioa ki ope ga bona, gone a la a itse se se mo mothuñ.

3

KHAOLO 3. 1 GABO gole mothu oa Bafarisai, eo o birioañ Nikodemo, molaori moñue oa Bayuda. 2 Eouo, o la a tla go Yesu bosigo, mi a mo raea, Rabi, rea itse u moruti eo o coañ kua Morimoñ; gone go si ope eo o ka rihañ licupo tse u li rihañ, ha Morimo o si na nae. 3 Yesu a araba a mo raea, Amarure, amarure, kia gu raea, Ha moñue a sa tsaloe gape, ga a kake a tsena mo pushoñ ea Morimo. 4 Nikodemo a mo raea, Mothu eo o gorileñ o ka tsaloa yañ? A o ka ba a tsena loa bo‐tu mo sebopeloñ sa ga mague, a tsaloa? 5 Yesu a araba, Amarure, amarure, ki gu raea, Ha mothu a si ka a tsaloa ka metse le Moea, ga a kake a tsena mo pushoñ ea Morimo. 6 Se se tsecoeñ ki nama ki nama; mi se se tsecoeñ ki Moea ki moea. 7 Mi u si gakhamale gone ki gu buleletse, Lo bo lo tsaloe. 8 Pheho e hoka kua e ratañ ea hokela gona, mi ua utlua morumo oa eona, mi ga u itse kua e coañ le kua e eañ gona; gontse yalo le le moñue le moñue eo o tsecoeñ ki Moea. 9 Nikodemo a araba, a mo raea Lilo tse li ka na yañ? 10 Yesu a araba, a mo raea, A u moruti oa Yeserela, mi a ga u itse lilo tse? 11 Amarure, amarure, kia gu raea, Re bua se re se itseñ, mi re shupa se re se bonyeñ; mi lona ga lo cule cupo ea rona. 12 Ha ki lo buleletse lilo tsa lehatse, mi lo si ka loa rumela, lo tla rumela yañ, ha ki lo bulelela lilo tsa legorimo? 13 Mi ga go ope eo o tlatlogetseñ kua legorimoñ, ha e si ena eo o hologileñ kua legorimoñ, eboñ Moroa mothu eo o kua legorimoñ. 14 ¶ Mi yaka Moshe a kile a tlatlosa noga kua gareganaga, Moroa mothu le ena o tla tlatlosioa yalo; 15 Gore moñue le moñue eo o rumelañ mo go ena, a ne le botselo yo bo sa khutleñ. 16 ¶ Gone Morimo o lo oa rata lehatse yalo, ka o lo oa naea Moroa ona, eo o tsecoeñ a le esi, gore moñue le moñue eo o rumelañ mo go ena, a si ka a hela, mi a ne le botselo yo bo sa khutleñ. 17 Gone Morimo ga oa roma Moroa ona mo lehatsiñ gore a sekise lehatse, mi gore lehatse le bulukoe ka ena. 18 ¶ Eo o rumelañ mo go ena, ga a sekisioe; mi eo a sa rumeleñ, o sekisicoe le yana, gone a si ka a rumela mo ineñ ya Moroa Morimo eo o tsecoeñ a le esi. 19 Mi e ki eona tsekisho, ka leseri le tlile mo lehatsiñ, mi bathu ba ratile lehihi bogolu go leseri, gone tiho tsa bona li li le boshula. 20 Gone moñue le moñue eo a leohañ, oa ila leseri, le gona a sa tle mo leseriñ, gore tiho tsa gague li si itsege. 21 Mi eo o rihañ boamarure, o tla leseriñ, gore tiho tsa gague li bonatsege, ha li rihiloe mo Morimoñ. 22 ¶ Morago ga lilo tse, Yesu a ea le barutoa ba gague mo hatsiñ ya Yuda; mi a tlola gona nabo, mi ba bapetisa. 23 ¶ Mi Yohane a bo a bapetisa mo Ainona, go gauhe le Salema, gone metse a la a le mantsi gona, mi ba ea, mi ba bapetisioa. 24 Gone Yohane a la e si a tseñoe mo tluñ ea kholegelo. 25 ¶ Ga rihala poco ha gare ga barutoa bañue ba ga Yohane le Bayuda, kaga boitsephisho. 26 Mi ba ea go Yohane, mi ba mo raea, Rabi, eo o la a na nau moseya ga Yoridane, eo u lua shupa ga gague; bona, eouo oa bapetisa, mi botle ba tla go ena. 27 Yohane a araba, a re, Mothu ga a kake a cula sepe, ha a sa se neoe kua legorimoñ. 28 Lona ka losi loa shupa ga me, ga se ki le ka se bua, ka re, Ga ki Keresete, mi ki romecoe pele ga gague. 29 Ena eo o nañ le monyaroi, ki ena monyari, mi tsala ea monyari, e e emeñ, e mo utlua, ea itumela segolu ka ntla ea koru ea monyari; ki gona boitumelo yo yoa me bo rihahetseñ. 30 O cuaneloa ki go gola, mi ’na ki ñotlahala. 31 Eo o coañ kua gorimo, o gorimo ga botle. Eo o coañ mo lehatsiñ e le oa lehatse, mi oa bua ga lehatse. Eo o coañ kua legorimoñ, o gorimo ga botle; 32 Mi tse o li bonyeñ, a li utlua, oa li shupa, mi cupo ea gague ga e culoe ki ope. 33 Eo o cutseñ cupo ea gague, o kanne ka sekano sa gague ha Morimo e le oa amarure. 34 Gone eo, Morimo o mo romileñ oa bua mahuku a Morimo, gone Morimo o sa mo nee Moea ka tekanyo. 35 Rra oa rata Moroa, mi lilo cotle a li mo tsentse seatleñ. 36 Eo o rumelañ Moroa Morimo, o na le botselo yo bo sa khutleñ, mi eo o sa rumeleñ Moroa Morimo, ga a kitla a bona botselo, mi bogale yoa Morimo bo na mo go ena.

4

KHAOLO 4. 1 KI gona erileñ Morena a sina itse, ha Bafarisai ba utluile ha Yesu a riha a bapetisa barutoa bantsi bogolu go Yohane, 2 (Leha Yesu ka esi a sa bapetise, mi e le barutoa ba gague), 3 A tlogela Yuda, mi a ba a boela kua Galilea. 4 Mi a cuanetse go ralala Samaria. 5 Eriha gona o eañ kua motseñ oa Samaria, o o birioañ Sikara, gaucuanyana le lehatsinyana, ye Yakobe o la a le naea moroaue Yosefe. 6 Mi hoñ gabo gole seriba sa ga Yakobe. Ki gona erileñ ka Yesu a lapisicoe ki loeto, yalo a lula ha seribeñ; e kane e le le oura oa bo‐sekes. 7 Ga tla mosari oa Samaria go ga metse; Yesu a mo raea, ’Nnaea ki noe. 8 Gone barutoa ba gague ba le ba ile kua motseñ, go reka liyo. 9 Eriha gona mosari oa Samaria o mo raeañ, Gontse yañ ka u rata go noa metse go ’na, le mororo u le Moyuda, mi ’na ki le mosari oa Samaria? Gone Bayuda ba sa tsalane le Basamaria. 10 Yesu a araba a mo raea, U kabo u itsile neo ea Morimo, le ena eo o gu raeañ, ’Nnaea ki noe; u kabo u lopile mo go ena, mi o kabo a gu neile metse a a tserileñ. 11 Mi mosari a mo raea, Morena seriba se boteñ, mi ga u na segelelo se u gañ ka shona; mi metse a a tserileñ a u nañ nao, a coa kae? 12 A u mogolu go rra ecu Yakobe, eo o re neileñ seriba se, mi le ena ka esi o la a noa ga shona, le bana ba gague, le likhomu tsa gague? 13 Yesu a araba a mo raea, Moñue le moñue eo o tla noañ ga metse a, o tla ba a nyoroa; 14 Mi leha e le mañmañ eo o tla noañ ga metse a ki tla a mo naeañ, eo ga a kitla a nyoroa ka bosina bokhutlo; mi metse a ki tla a mo naeañ, a tla na mocoeri oa metse mo go ena, o o belelañ botseloñ yo bo sa khutleñ. 15 Mosari a mo raea, Morena, ’nnaea metse a, gore ki si ka ka nyoroa, le esiñ go tla kuanu go ga. 16 Yesu a mo raea, Ea u bitse monona oa gago, mi u tle kuanu. 17 Mosari a araba, a re, Ga ki na monona. Yesu a mo raea, U buile seiñtle, u re, Ga ki na monona; 18 Gone u lu u na le banona ba faeve, mi eo u nañ nae yana, ga si monona oa gago; mo, u buile ka amarure. 19 Mosari a mo raea, Morena, kia lemoga u moperofeti. 20 Bo‐rra ecu ba le ba rapela mo thabeñ e, mi lona loa re, Yerusalema ki helo kua bathu ba cuanetseñ go rapelela gona. 21 Yesu a mo raea, Mosari, ’ntumela, oura oe tla o, lo si kitlañ lo rapela Rra ka ona mo thabeñ e, leha e le mo Yerusalema. 22 Loa rapela se lo sa se itseñ; rea itse se re se rapelañ; gone puluko e le ea Bayuda. 23 Mi oura oe tla, le yana o hitlile, mogañ baraperi ba amarure ba tla rapela Rra mo moeñ le mo boamarureñ; gone Rra o batla ba bantseñ yalo go mo rapela. 24 Morimo ki Moea; mi ba ba o rapelañ ba cuanetse go o rapela mo moeñ le mo boamarureñ. 25 Mosari a mo raea, Kia itse ha Mesia oe tla, eo o birioañ Keresete; etlare a sina tla, o tla re bulelela lilo cotle. 26 Yesu a mo raea, Ki ’na eo, ki buañ nau. 27 ¶ Mi hoñ yana ga tla barutoa ba gague, mi ba gakhamala ka a bua le mosari; leha gontse yalo, go si ope eo o reileñ, U batlañ? khotsa, U buelañ nae? 28 Eriha gona mosari o tlogelañ ñkho ea metse ea gague, mi a ea kua motseñ, mi a raea ba ona, 29 Tlañ lo bone monona eo o ’mpuleletseñ cotle tse ki ri rihileñ: eo, a ga si Keresete? 30 Eriha gona ba coañ mo motseñ, mi ba tla go ena. 31 ¶ Gare ga mouo barutoa ba gague ba mo rapela, ba re, Rabi, ya. 32 Mi a ba raea, Ki na le seyo go se ya, se lo sa se itseñ. 33 Eriha gona barutoa ba ranañ, A moñue o mo lereritse go ya? 34 Yesu a ba raea, Seyo sa me ki go riha thato ea eo o ’nthomileñ, le go uetsa tiho ea gague. 35 A ga lo re, E sa le khueri li for, mi thobo e tle? Bonañ, kia lo raea, Culetsañ maitlo a lona, lo bone masimo; ka yana a le mashueu go royoa. 36 Eo o robañ oa bona tuelo, mi a phuthela botselo yo bo sa khutleñ louñuo; gore eo o yalañ le eo o robañ, ba itumele mogo. 37 Gone lehuku le ya rureharicoe mo go ye, Moñue oa yala, mi eo moñue oa roba. 38 Ki lo romile go roba se lo sa se naeañ tiho; bathu ba sele ba le ba riha, mi lo tsenye mo tihoñ tsa bona. 39 ¶ Mi bontsi yoa Basamaria yoa motse o, yoa rumela mo go ena ka ntla ea lehuku oa mosari ye le shupañ, le re, O ’mpuleletse cotle tse ki li rihileñ. 40 Mi ka Basamaria ba sina ea go ena, ba mo rapela gore a tlole nabo. Mi a tlola gona malatsi a tu. 41 Mi ga rumela bontsi bogolu ka ntla ea lehuku ya gague; 42 Mi ba raea mosari, Yana ga re tlole re rumela ka ntla ea pulelelo ea gago; gone ka rosi re mo ikutluetse; mi re itse ha eo e le Keresete oa amarure, Moluki oa lehatse. 43 ¶ Mi malatsi a tu a sina heta, a coa gona, mi a ea kua Galilea. 44 Gone Yesu ka esi a la a shupa ha moperofeti a sina tlotlo epe mo hatsiñ ya gague. 45 Mi ka a hitla kua Galilea, Bagalilea ba mo cula, ka ba bonye cotle tse o la a ri riha mo Yerusalema mo morihoñ; gone le bona ba le ba ea kua morihoñ. 46 Mi yalo Yesu a ba a tla kua Kana oa Galilea, kua o la a hetola metse boyaloa gona. Mi gabo gole molaori moñue, eo moroaue o la a bobola mo Kaperenama. 47 Eo, ka a utlua ha Yesu a coa mo Yuda, a ea Galilea, a ea go ena, mi a mo rapela gore a tle go horisa moroaue; gone a la a letse loa go shua. 48 Eriha gona Yesu o mo raeañ, Etlare ha lo sa bone licupo le likhakhamaco ga lo kitla lo rumela. 49 Molaori a mo raea, Morena, hologa ñuanake a e si a shue. 50 Yesu a mo raea, Ea, moroau o tserile. Mi monona a rumela lehuku ye Yesu o le mo raeañ; mi a ea. 51 Mi eare ka a boea, batlañka ba gague ba mo khatlantsa, ba mulelela, ba re, Moroau o tserile. 52 Eriha gona o ba botsañ oura o, o horileñ ka ona; mi ba mo raea, Pobolo ea mogote e mo tlogetse mabane ka oura oa bo‐seven. 53 Mi yalo rague a itse ha e le le oura ouo o Yesu o mo reileñ ka ona, Moroau o tserile; mi a rumela, ena le ba ntlu ea gague botle. 54 Cupo e, e bile e le ea bo‐tu, e Yesu o e rihileñ ka a coa Yuda a ea kua Galilea.

5

KHAOLO 5. 1 GA rihala moriho oa Bayuda morago ga mouo; mi Yesu a ea kua Yerusalema. 2 Mi yana, gole mogobe mo Yerusalema ha khoroñ ea liñku, o o birioañ Betesaida mo puoñ ea Seheberu, o o nañ le likhoro li faev; 3 O gabo go lala bontsi yo bogolu yoa babobori, le lihohu, le batlotsi, le baomeleri, ba lebelela khobero ea metse. 4 Gone moengele a hologela mo mogobeñ ka motla moñue, a khobera metse; mi eo o tsenañ pele morago ga khobero ea metse, a hola mo poboloñ, leha e ka na ehe. 5 Mi gabo gole monona moñue eo o la a loala ka nyaga li terte eit. 6 Yesu ka a bona eo, a letse, mi ka a itse a sibolo go loala, a mo raea, A u rata go hola? 7 Eo o bobolañ, a mo araba, Morena, ga ki na ope go ’ntsenya mo mogobeñ ka metse a sa khobeioa; mi eare ki sa tla, moñue a hologele pele ga me. 8 Yesu a mo raea, Tloga u eme, cule bolao yoa gago, u tsamaee. 9 Mi monona a akoha a hola, mi a cula bolao yoa gague, mi a tsamaea; mi tsatsi ye, ea bo e le ya sabata. 10 ¶ Eriha gona Bayuda ba raeañ eo o la a horisicoe, Go sabata, ga si taolo go uena go belega bolao yoa gago. 11 A ba araba, Eo o ’mphorisitseñ, ki ena eo o ’ntheileñ, Cula bolao yoa gago, u tsamaee. 12 Eriha gona ba motsañ, Monona eo emañ, eo o gu reileñ, Cula bolao yoa gago, u tsamaee? 13 Mi eo o horisicoeñ, a sa mo itse, gone Yesu a la a ñoñoaela, ka bontsi bo le bo le mo heloñ ha. 14 Morago ga mouo, Yesu a mona mo tempeleñ, mi a mo raea, Bona, u horile; u si tlole u leoha, gore se se boshula bogolu se si gu rihahalele. 15 Mi monona a ea, a bulelela Bayuda ha e le le Yesu eo o mo horisitseñ. 16 Ki gona Bayuda ba le ba bogisa Yesu ka mouo, mi ba batla go molaea, gone a la a riha lilo tse ka sabata. 17 Mi Yesu a ba araba, Rre oa riha le go yana, le ’na kia riha. 18 Mi Bayuda ba batla bogolu go molaea ka ntla ea mouo, gone a si ka a tlola sabata gosi, mi le gona a re, Morimo ki rague, a itekanya le Morimo. 19 ¶ Eriha gona Yesu o arabañ, e ba raea, Amarure, amarure, kia lo raea, Moroa, ga a kake a riha sepe ka esi, ha a si ka a bona se Rra a se riha; gone tse o li rihañ, le cona Moroa le ena oa li riha. 20 Gone Rra oa rata Moroa, mi a mo shupetsa cotle tse o li rihañ; mi o tla mo shupetsa tiho tse li kholu bogolu go tse, gore lo gakhamale. 21 Gone yaka Rra a cosa bashui, a ba tserisa, gontse yalo le Moroa oa tserisa ba o ratañ go ba tserisa. 22 Gone Rra ga a sekise ope, mi tsekisho cotle, o li netse Moroa. 23 Gore botle ba tlotle Moroa, yaka ba tlotla Rra. Ena eo o sa tlotleñ Moroa, ga a tlotle Rra eo o mo romileñ. 24 Amarure, amarure, kia lo raea, Eo o utluañ huku ya me, a rumela ena eo o ’nthomileñ, o na le botselo yo bo sa khutleñ, mi ga a kitla a tla mo tsekishoñ; mi o khabagantse loshu o ile mo botseloñ. 25 Amarure, amarure, kia lo raea, Oura oe tla, le yana o hitlile, mogañ bashui ba tla utluañ koru ea Moroa Morimo, mi ba ba utluañ ba tla tsela. 26 Gone yaka Rra a na le botselo mo go ena, gontse yalo o la a naea Moroa le ena go na le botselo mo go ena. 27 Mi o mo neile thata le go riha tsekisho, ka e le ena Moroa mothu. 28 Mi lo si gakhamarioe ki mouo, gone oura oe tla, o botle ba ba mo liphupuñ ba tla utluañ koru ea gague ka ona; 29 Mi ba ba rihileñ molemo ba tla coga mo cogeloñ ea botselo; mi ba ba rihileñ boshula ba tla coga mo cogeloñ ea tsekisho. 30 Ga ’nkake ka riha sepe ka ’nosi. Kia sekisa yaka ki utlua; mi tsekisho ea me ki ea tsiamo, gone ki sa batle thato ea me; mi e le thato ea Rra eo o ’nthomileñ. 31 Ekare ha ki shupa ga me, cupo ea me ga e amarure. 32 ¶ Moñue o gona eo a shupañ ga me, mi kia itse ha cupo e o e shupañ ga me, e le amarure. 33 Lo loa roma go Yohane, mi o la a nela amarure cupo. 34 Mi ’na ga ki cule cupo ea mothu; mi lilo tse, kia li bua gore lo bulukoe. 35 O la a le lobone lo lo tukañ, lo lo phatsimañ, mi lo loa rata go itumela ka bokhutsanyane mo seriñ ya gague. 36 ¶ Mi ki na le cupo bogolu go e ea ga Yohane; gone tiho tse Rra o li ’nneileñ go li uetsa; tiho tse ki li rihañ, li shupa ga me, ha Rra a ’nthomile. 37 Mi Rra eo o ’nthomileñ le ena o shupile ga me. Ga lo e si lo ko lo utlue koru ea gague ka motla ope, le go bona cuano ea gague. 38 Mi ga lo na lehuku ya gague ye le agañ mo go lona; gone ga lo rumele eo, o mo romileñ. 39 ¶ Loa botsisa likualo gone lo itloma lo tla bona botselo yo bo sa khutleñ mo go cona; mi tse ki cona tse ri shupañ ga me. 40 Mi loa gana go tla go ’na, gore lo ne le botselo. 41 Ga ki cule tlotlo mo bathuñ. 42 Mi kia lo itse, ha lo si na lorato loa Morimo mo go lona. 43 Ki tlile mo ineñ ya ga Rre, mi ga lo ’ncule; etlare ha moñue a tla mo ineñ ya gague, ena lo tla mo cula. 44 Lo ka rumela yañ, ka lo culana tlotlo moñue le moñue, mi ga lo batle tlotlo e e coañ mo Morimoñ osi? 45 Lo si itlome ki tla lo latuhatsa go Rra. Moñue o gona eo o lo latuhatsañ, eboñ Moshe eo lo shuluhetseñ mo go ena. 46 Gone ekare ha lo rumetse Moshe, lo ko lo ’ntumetse; gone a la a kuala ga me. 47 Mi ha lo sa rumele likualo tsa gague, mahuku a me lo tla a rumela yañ?

6

KHAOLO 6. 1 MORAGO ga lilo tse, Yesu a khabaganya leoatle ya Galilea, ye le leñ leoatle ya Tiberia. 2 Mi bontsi yo bogolu yoa mo latela, gone bo bonye cupo tsa gague tse o ri rihileñ mo baboboriñ. 3 Mi Yesu a tlatlogela mo thabeñ; mi a lula gona le barutoa ba gague. 4 Mi Tlolaganyo, moriho oa Bayuda, oa bo e le gauhe. 5 ¶ Mi ka Yesu a culetsa maitlo a gague, a bona bontsi yo bogolu bo tla go ena, a raea Filipo, Re tla reka liñkhue kae gore bo ye yo? 6 Mi a bua yalo go mo leka; gone a itse ka esi se o tla se rihañ. 7 Filipo a mo araba, Ga boa lekanoa ki liñkhue tsa lidenari li tu hundereda, gore moñue le moñue oa yona a cule sebotlana. 8 Moñue oa barutoa ba gague, eboñ Anderea, monna Simone Petero, a mo raea, 9 Mosimane ki eo, eo o nañ le liñkhue li faev tsa barele, le litlacuana li tu; mi tse e be e le eñ mo bontsiñ yo? 10 Mi Yesu a re, Lurisañ bathu. Yana gole go tletse boyañ mo heloñ ha. Mi eriha gona banona ba lulañ, palo ea bona e kane e le le ba faev thousanda. 11 Mi Yesu a cula liñkhue, mi ka a sina itumelela, a li abela barutoa, mi barutoa ba naea ba ba le ba rutse; le litlacuana le cona, kaha ba ratañ ka gona. 12 Mi erile ba sina khora, a raea barutoa ba gague, Phuthañ matlotlora a a setseñ, gore go si senyege sepe. 13 Eriha gona ba a phuthañ, mi ba tlatsa lirotu li tuelev, ka matlotlora a liñkhue tsa barele, a a setseñ ka ba sina ya. 14 Mi ka bathu ba sina bona cupo e Yesu o e rihileñ, ba re, Amarure eo ki ena moperofeti eo o tlañ mo lehatsiñ. 15 ¶ Ki gona erileñ Yesu a lemoga ba tla tla go mo cula ka thata go mo riha khosi, a coa mi a boela kua thabeñ a le esi. 16 Mi eare ka go na lotlatlana, barutoa ba gague ba hologela kua leoatleñ. 17 Mi ka ba tsena mo shepeñ, ba khabaganya leoatle go ea kua Kaperenama. Mi yana ga na lehihi, mi Yesu a e si a tle go bona. 18 Mi leoatle le iculetsa, ka gone pheho e kholu e hoka. 19 Mi eare ba coelela e kane e le setadia li tuente, khotsa terte, ba bona Yesu a tsamaea mo leoatleñ, mi a atamela shepa: mi ba boiha. 20 Mi a ba raea, Ki ’na, si boiheñ. 21 Mi yalo ba mo culela mo shepeñ ka boitumelo, mi shepa sa akoha sa hitla mo hatsiñ kua ba eañ gona. 22 ¶ Mi ka tsatsi ya ka mosho, ka bontsi yo bo emeñ moseya ga leoatle, bo bona ha shepana señue se sieo gona, ha e si se barutoa ba gague ba le ba tsena go shona; mi Yesu a si ka a tsena mo shepaneñ le barutoa ba gague, mi ka barutoa ba gague ba le ba ea ba le bosi; 23 (Leha gontse yalo lishepana li sele tsa coa Tiberia, go gauhe le helo ha ba yetseñ liñkhue gona, ka Morena a sina itumelela.) 24 Ki gona erileñ ka bontsi bo bona Yesu a la a sieo gona, le esiñ barutoa ba gague, le yona yoa tsena mo lishepeñ, mi yoa hitla Kaperenama, bo batla Yesu. 25 Mi ka bo sina mona moseya ga leoatle, yoa mo raea, Rabi u tlile leñ monu? 26 Yesu a ba araba, mi a re, Amarure, amarure, kia lo raea, Lo ’mpatla, esiñ ka ntla ea licupo tse lo li bonyeñ, e le gone lo loa ya ga liñkhue, mi loa khora. 27 Lo si rihele liyo tse ri nyelelañ, mi rihelañ liyo tse ri nañ le mo botseloñ yo bo sa khutleñ, tse Moroa mothu o tla li lo naeañ; gone ena eo, a kanoe ki Rra, eboñ Morimo. 28 Eriha gona ba mo raeañ, Re tla rihañ, gore re rihe tiho tsa Morimo? 29 Yesu a araba, a ba raea, Tiho ea Morimo ki e, gore lo rumele ena eo, o mo romileñ. 30 Eriha gona ba mo raeañ, U shupa cupo ehe, gore re bone, le go gu rumela? U rihañ? 31 Bo rra ecu ba le ba ya mana kua gareganaga; yaka go kuariloe, O loa ba naea señkhue se se coañ mo legorimoñ go ya. 32 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Amarure, amarure, kia lo raea, Moshe ga a ka a lo naea señkhue se se coañ mo legorimoñ; mi Rre oa lo naea señkhue sa amarure, se se coañ mo legorimoñ. 33 Gone señkhue sa Morimo e le shona se se hologileñ mo legorimoñ, se se nelañ lehatse botselo. 34 Eriha gona, ba mo raeañ, Morena, re nee señkhue se ka metla eotle. 35 Mi Yesu a ba raea, Ki ’na señkhue sa botselo; eo o tlañ go ’na, ga a kitla a utlua tlala; mi eo o rumelañ mo go ’na, ga a kitla a tlola a nyoroa. 36 Mi ki lo buleletse, Le ’na lo ’mponye, mi ga lo rumele. 37 Botle ba Rra o ba ’nnaeañ, ba tla tla go ’na; mi ena eo o tlañ go ’na, ga ’nkitla ki mo khoromeletsa ntle ka gope. 38 Gone ki hologile mo legorimoñ, esiñ go riha thato ea me, ki go riha thato ea gague eo o ’nthomileñ. 39 Mi e, ki thato ea eo o ’nthomileñ, ki gore, botle ba o ba ’nneileñ, ki si ka ka latlegeloa ki ope oa bona, mi gore ki be ki ba cose mo tsatsiñ ya bohelo. 40 Mi e, ki thato ea gague eo o ’nthomileñ, gore moñue le moñue eo o bonañ Moroa Morimo, a mo rumela, a ne le botselo yo bo sa khutleñ; mi ki tla mo cosa mo tsatsiñ ya bohelo. 41 Mi yalo Bayuda ba mo ñoñoregela, gone a re, Ki ’na señkhue se se hologileñ kua legorimoñ. 42 Mi ba re, Eo a ga si Yesu moroa Yosefe, eo rague le mague re ba itseñ? Mi gontse yañ ka a re, Ki hologile kua legorimoñ. 43 Yesu a araba, a ba raea, Si ñoñoregeñ mo go lona. 44 Ga go ope eo o ka tlañ go ’na, ha Rra eo o ’nthomileñ a sa mo goge; mi ki tla mo cosa mo tsatsiñ ya bohelo. 45 Go kuariloe mo baperofetiñ, Ba tla rutoa ki Morimo botle. Moñue le moñue eo o utluañ, le eo o rutiloeñ ki Rra, o tla go ’na. 46 Esiñ ki go re, moñue leha e le mañmañ o bonye Rra, ha e si eo e leñ oa Morimo; eo, o bonye Rra. 47 Amarure, amarure, kia lo raea, Ena eo o rumelañ mo go ’na, o na le botselo yo bo sa khutleñ. 48 Ki na señkhue sa botselo. 49 Bo‐rra enu ba le ba ya mana kua gareganaga, mi ba shule. 50 Señkhue se, ki shona se se hologileñ kua legorimoñ, gore mothu a ye ga shona, a si shue. 51 Ki ’na señkhue se se tserileñ, se se hologileñ kua legorimoñ; leha e le mañmañ eo o yañ ga señkhue se, o tla tsela ka bo si na bokhutlo; mi señkhue se ki tla se naeañ, ki nama ea me, e ki tla e nelañ botselo yoa lehatse. 52 Eriha gona Bayuda ba ganelañ mogo, ba re, Monona eo, o tla re naea nama ea gague yañ go e ya? 53 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Amarure, amarure, kia lo raea, Ha lo sa ye nama ea Moroa mothu, le go noa mari a gague, ga lo na botselo bope mo go lona. 54 Ena eo o yañ nama ea me, le go noa mari a me, o na le botselo yo bo sa khutleñ; mi ki tla mo cosa mo tsatsiñ ya bohelo. 55 Gone nama ea me e le liyo tsa amarure, mi mari a me e le noo ea amarure. 56 Eo o yañ nama ea me, le go noa mari a me, o agile mo go ’na, le na mo go ena. 57 Yaka Rra eo o tserileñ, a ’nthomile, mi ki tsela ka Rra; eo o ’nyañ, le ena o tla tsela ka ’na. 58 Se ki shona señkhue se se hologileñ kua legorimoñ; esiñ yaka bo‐rra enu ba le ba ya mana, mi ba shule; eo o yañ ga señkhue se, o tla tsela ka bosina bokhutlo. 59 Lilo tse o la a li bua mo senagogeñ, ka a ruta mo Kaperenama. 60 Mi yana ka bontsi yoa barutoa ba gague bo utlua yalo, yoa re, Huku ye le thata; le ka utluioa emañ? 61 Mi yana ka Yesu a itse ka esi ha barutoa ba gague ba ñoñoregela tse, a ba raea, Tse a lia lo khopisa? 62 Ana lo tla reñ ha lo bona Moroa mothu a tlatlogela kua o la a le gona pele? 63 Moea ko ona o o tserisañ; nama ga e na molemo ope; mahuku a ki a buañ le lona, e le a moea le botselo. 64 Mi bañue ba lona baeo ba ba sa rumeleñ; gone Yesu a ba itsile ka tsimologo ba ba sa rumeleñ, le ena eo o tla mo okañ. 65 Mi a re, Ki gona ki le ka lo raea, Ga go ope eo o ka tlañ go ’na ha a sa go neoe ki Rre. 66 ¶ Mi morago ga mouo bontsi yoa barutoa ba gague ba ea ba tenega, mi ba si ka ba tlola ba tsamaea nae. 67 Eriha gona Yesu o raeañ ba tuelev, Le lona, a lo rata go ea? 68 Mi Simone Petero a mo araba, Morena, re tla ea go mañ? U na le mahuku a botselo yo bo sa khutleñ; 69 Mi re rumetse, ra itse, ha e le uena Keresete Moroa Morimo o o tserileñ. 70 Yesu a ba araba, A ga kia lo itseñkela ba tuelev, mi moñue oa lona ki mopateletsi? 71 Mi a bua yalo ga Yude Isekariota moroa Simone; gone e le ena eo o tla mo okañ, eo o leñ moñue oa batuelev.

7

KHAOLO 7. 1 MORAGO ga lilo tse Yesu a tsamaea mo Galilea; gone a gana go tsamaea mo Yuda, gone Bayuda ba batla go molaea. 2 Mi yana moriho oa metlagana oa Bayuda oa bo o le gauhe. 3 Eriha gona bomonnaue ba mo raeañ, Coa monu, mi u ee kua Yuda, gore barutoa ba gago le bona ba bone tiho tse u li rihañ. 4 Gone ga go ope eo o rihañ señue mo bosaitsioeñ, mi ena ka esi a batla go itsioe mo ponatsegoñ. Ha u riha lilo tse, iponatse lehatsiñ. 5 Gone bomonnaue le bona ba sa rumele mo go ena. 6 Ki gona, Yesu a ba raeañ, Motla oa me ga o si o tle; mi motla oa lona oa bo ontse o etlericoe. 7 Lehatse ga le kake ya lo ila; mi ’na, lea ’nkila, gone ki shupa ga yeona ha tiho tsa yeona e le boshula. 8 Eañ kua morihoñ, ga ki ee kua morihoñ, gone motla oa me, ga o e si o rihege. 9 Mi ka a sina bua lilo tse nabo, a tlola mo Galilea. 10 ¶ Mi ka bomonnaue ba sina ea, eriha gona le ena o eañ kua morihoñ, esiñ ka ponatsego, mi ekete ka go sa itsioeñ. 11 Eriha gona Bayuda ba matlañ mo morihoñ, mi ba re, O ha kae? 12 Mi gabo gole ñoñorego e kholu mo bathuñ kaga gague; gone bañue ba re, O molemo; mi ba bañue, ba re, ’Nya; o tsietsa bontsi. 13 Leha gontse yalo, gabo go si ope eo o buañ kaga gague mo bathuñ ka ntla ea poiho ea Bayuda. 14 ¶ Mi yana ka e le ha gare ga moriho Yesu a tsena mo tempeleñ, mi a ruta. 15 Mi Bayuda ba gakhamala, ba re, Monona eo, o itse likualo yañ, ka a sa li rutoe? 16 Yesu a ba araba, mi a re, Thuto ea me, ga si ea me, mi e le ea eo o ’nthomileñ. 17 Leha e le mañmañ eo o ratañ go riha thato ea gague, o tla itse ga thuto, ha e le ea Morimo, leha ki bua ga me. 18 Eo o buañ ga gague ka esi, oa batla go itlotla; mi eo o batlañ tlotlo ea gague eo o mo romileñ, eo ki ena oa amarure, mi ga go tsiamololo epe mo go ena. 19 Moshe a ga a lo naea molao, mi ga go ope oa lona eo o bulukañ molao? Lo batlelañ go ’mpolaea? 20 Mi bontsi yoa araba yoa re, U na le modemona, u batloa emañ go gu bolaea? 21 Yesu a araba, a ba raea, Ki rihile tiho ñue mi lotle lo gakhamarioa ki eona. 22 Ki gona Moshe o la a lo naea boguera, esiñ gone e le yoa ga Moshe, (mi bo coa mo go bo‐rra;) mi loa isa mothu boguera ka tsatsi ya sabata. 23 Ha mothu a isioa boguera ka tsatsi ya sabata, gore molao oa ga Moshe o si tloloe; a lo bogale le ’na, gone ki horisitse mothu gotle mo tsatsiñ ya sabata? 24 Si sekiseñ kaha ponaloñ, mi sekisañ ka tsekisho ea tsiamo. 25 Eriha gona bañue ba Yerusalema ba reñ, Eo a ga si ena eo ba batlañ go molaea? 26 Mi, bonañ, oa bua ka thanolo, mi ga ba mo ree sepe. Balaori a ba itse rure, ha eo e le Keresete rure? 27 Leha gontse yalo, raea itse monona eo kua o coañ gona; mi mogañ Keresete o tlañ, ga go ope eo o tla itseñ kua o coañ gona. 28 Eriha gona Yesu o bitsañ mo tempeleñ ka a ruta, a re, A loa ’nkitse, mi a loa itse kua ki coañ gona? Mi ga kia itlela ka ’nosi, mi eo o ’nthomileñ o amarure, eo lo sa mo itseñ. 29 Mi kia mo itse; gone ki coa go ena, mi o ’nthomile. 30 Eriha gona ba batlañ go mo cuara, mi go si ope eo o melañ liatla; gone oura oa gague o e si o tle. 31 Mi bantsi mo bontsiñ ba rumela mo go ena, mi ba re, Etlare ha Keresete a tla, a o tla riha licupo lintsi bogolu mo go tse, monona eo o li rihileñ? 32 ¶ Mi ka Bafarisai ba utlua ha bontsi bo ñoñorega kaga gague yalo, Bafarisai le baperiseti ba bagolu ba roma batlañka go mo cuara. 33 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Ki sa na le lona ka bokhutsanyane, mi kia ea go ena eo o ’nthomileñ. 34 Lo tla ’mpatla, mi ga lo kitla lo ’mpona: mi kua ki gona, ga lo kake loa tla gona. 35 Eriha gona Bayuda ba ranañ, Eo, o tla ea kae kua re si kitlañ re mo hitlela? A o tla ea go ba ba halaricoeñ mo Bagerikiñ, a ea go ruta Bageriki? 36 Lehuku ye o le buañ, ya reñ, Lo tla ’mpatla, mi ga lo kitla lo ’mpona, mi kua ki gona, ga lo kake loa tla gona? 37 Mo tsatsiñ ya bohelo, ea bo e le tsatsi ye legolu ya moriho, Yesu a ema, mi a bitsa, a re, Ha moñue a nyoriloe a a tle go ’na, a noe. 38 Eo o rumelañ mo go ’na, linoka tsa metse a a tserileñ li tla elela li coa mo mpeñ ea gague, yaka likualo li buile. 39 (Mi a bua yalo ga Moea, o ba ba rumelañ mo go ena ba tla o bonañ; gone Moea oa Boitsepho o lo o e si o neloe, gone Yesu a e si a galalerioe.) 40 ¶ Ki gona erileñ bontsi yoa bathu bo sina utlua lehuku ye, yoa re, Amarure eo ki moperofeti eo. 41 Bañue ba re, Eo, ki Keresete. Mi bañue ba re, A Keresete o tla coa Galilea? 42 Likualo a ga lia re, Keresete o tla coa mo losikeñ loa ga Davide, le mo motsaneñ oa Betalehema, ha Davide o la a le gona. 43 Mi yalo ga na khaogano mo bontsiñ kaga gague. 44 Mi bañue ba yona ba rata go mo cuara; mi go si ope eo o mo latsañ liatla. 45 ¶ Eriha gona batlañka ba tlañ go baperiseti ba bagolu le go Bafarisai, mi ba ba raea, Lo lo sa mo leretseñ? 46 Batlañka ba araba, Ga go e si go ko go ne monona ope eo o buañ yaka monona eo. 47 Eriha gona Bafarisai ba ba arabañ, Le lona a lo tsiericoe? 48 A bañue ba balaori, khotsa ba Bafarisai, ba rumetse mo go ena? 49 Mi bontsi yo, yo bo sa itseñ molao, bo rogiloe. 50 Nikodemo (moñue oa bona, eo o la a tla go Yesu bosigo,) a ba raea, 51 Molao oa rona a o sekisa mothu o e si o mo utlue pele, le go itse se o se rihañ? 52 Ba araba, ba mo raea, A le uena u oa Galilea? Botsisa, u bone, gone ga go coge moperofeti ope mo Galilea. 53 Mi moñue le moñue a ea kua tluñ ea gague:

8

KHAOLO 8. 1 MI Yesu a ea kua thabeñ ea Olefa. 2 Mi a ba a tla ka go sale mosho mo tempeleñ, mi bathu botle ba tla go ena, mi a lula, a ba ruta. 3 Mi bakuari le Bafarisai ba lere mosari go ena, eo o cueroeñ mo khokahaloñ. 4 Mi ka ba sina mo emisa ha gare, ba mo raea, Moruti, mosari eo, o cueroe a sale hela mo khokahaloñ. 5 Mi Moshe o re laotse mo molaoñ ha ba bantseñ yalo ba khobotlerioe ka maye. Mi uena ua reñ? 6 Mi yana ba bua yalo ba mo raela, gore ba ne le se ba mo pateletsañ ka shona. Mi Yesu a inama, mi a kuala ka monuana mo mbuñ. 7 Mi ka bantse ba motsa a ikinamolola, mi a ba raea, Eo o sinañ boleo mo go lona, a a mo konope ka leincue ya ntla. 8 Mi a ba a inama, mi a kuala mo mbuñ. 9 Mi yana ka ba utlua ye, mi ka ba itsisicoe rure mo ligakoloriñ tsa bona, ba coa, moñue le moñue, ba simolola ka eo mogolu, le go oa bohelo; mi Yesu a tlogeloa a le esi, le mosari a eme ha gare. 10 Mi Yesu ka a ikinamolola, mi a si ka a bona ope ha e si mosari; a mo raea, Mosari, basekisi ba gago ba kae? A ga go ope eo o gu sekisitseñ? 11 Mi a re, Ga go ope, Morena. Mi Yesu a mo raea, Le ’na, ga ki gu sekise. Ea, mi u si tlole u leoha. 12 ¶ Mi Yesu a ba a bua nabo, a re, Ki ’na leseri ya lehatse; eo o ’ntsalañ morago ga a kitla a tsamaea mo hihiñ, mi o tla na le leseri ya botselo. 13 Eriha gona Bafarisai ba mo raeañ, Ua shupa ga gago; cupo ea gago ga e amarure. 14 Yesu a araba, a ba raea, Leha ki shupa ga me, cupo ea me ki amarure; gone kia itse kua ki coañ gona, le kua ki eañ gona; mi lona ga lo itse kua ki coañ gona, le kua ki eañ gona. 15 Loa sekisa kaha nameñ; ga ki sekise ope. 16 Mi leha ’nko ki sekisa, tsekisho ea me ki amarure; gone ga ki ’nosi, mi ’na le Rra eo o ’nthomileñ. 17 Mi le gona go kuariloe mo molaoñ oa lona, Cupo ea bathu ba tu e le amarure. 18 Ki ’na eo ki shupañ ga me, mi Rra eo o ’nthomileñ oa shupa ga me. 19 Eriha gona ba mo raeañ, Rago o kae? Yesu a araba, Ga lo ’nkitse, le Rra ga lo mo itse; Ha lo lo ’nkitse, le ena Rra lo ko lo mo itsile. 20 Yesu a bua mahuku a ha letluleñ ya lohumo, ka a ruta mo tempeleñ; mi go si ope eo o mo cuarañ, gone oura oa gague o e si o tle. 21 Eriha gona Yesu o bañ a ba raea, Kia ea, mi lo tla ’mpatla, mi lo tla shuela mo libeñ tsa lona, mi kua ki eañ gona, ga lo kake loa tla gona. 22 Eriha gona Bayuda ba reñ, A o tla ipolaea, gone a re, Kua ki eañ gona, ga lo kake loa tla gona. 23 Mi a ba raea, Lona, lo ba tlatse, ’na, ki oa gorimo; lona, lo ba lehatse ye, ’na, ga ki oa lehatse ye. 24 Ki gona ki lo reileñ, lo tla shuela mo libeñ tsa lona. Gone ha lo sa rumele ha ki le ena, lo tla shuela mo libeñ tsa lona. 25 Eriha gona ba mo raeañ, U mañ? Mi Yesu a ba raea, E sale eo ki mo lo buleletseñ mo tsimologoñ. 26 Ki na le lilo lintsi go bua, le go sekisa ga lona; mi eo o ’nthomileñ, e le oa amarure, mi lilo tse ki li utluileñ go ena, ki cona tse ki li buañ mo lehatsiñ. 27 Ba si ka ba tlaloganya ha a bua nabo ga Rra. 28 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Etlare lo sina tlatlosa Moroa mothu, eriha gona lo tla itseñ ha ki le ena, mi le gona ga ki rihe sepe ka ’nosi, mi ki bua lilo tse yaka Rre a ’nthutile. 29 Mi eo o ’nthomileñ o na le ’na. Rra ga a ’ntlogele ’nosi, gone kia riha ka gale se se mo khatlañ. 30 Mi ka a bua yalo, bantsi ba rumela mo go ena. 31 Eriha gona Yesu o raeañ Bayuda ba ba rumelañ mo go ena, Ha lo nna mo hukuñ ya me, lo tla bo lo le barutoa ba me ba amarure. 32 Mi boamarure, lo tla bo itse, mi boamarure bo tla lo golola. 33 ¶ Ba mo araba, Re losika loa ga Aberahame, mi ga re e si re ke re ne batlañka ba ga ope; Mi ua reñ, Lo tla gololoa? 34 Yesu a ba araba, Amarure, amarure, kia lo raea, Moñue le moñue eo o leohañ, ki motlañka oa boleo. 35 Mi motlañka ga a ne mo tluñ ka bosina bokhutlo, mi Moroa o na ka bosina bokhutlo. 36 Ki gona ha Moroa a tla lo golola, amarure lo tla gololoa. 37 Kia itse ha lo losika loa ga Aberahame; mi lo batla go ’mpolaea, gone huku ya me le sina bonno mo go lona. 38 Ki bua se ki se bonyeñ mo go Rre, mi le lona, loa riha se lo se bonyeñ mo go rra enu. 39 Ba araba, mi ba mo raea, Aberahame ki rra ecu. Yesu a ba raea, Ha lo le bana ba ga Aberahame, lo ko lo riha litiho tsa ga Aberahame. 40 Mi yana lo batla go ’mpolaea, mothu eo o lo buleletseñ boamarure yo ki bo utluileñ mo Morimoñ: Aberahame o la a sa ka a riha yalo. 41 Lo riha tiho tsa rra enu. Eriha gona ba mo raeañ, Ga rea tsaleloa mo khokahaloñ. Re na le rra o moñue hela eboñ Morimo. 42 Mi Yesu a ba raea, Ha Morimo e le Rra enu, lo ko lo ’nthata, gone ki rule mo Morimoñ, mi ki tlile; gone le ’na ki sa itlela, mi ena o ’nthomile. 43 Ana lo sa tlaloganyetseñ puo ea me? era gone lo sa kake loa utlua lehuku ya me. 44 Lo ba diabolo rra enu, mi lo rata go riha likeleco tsa rra enu. O la a le molai oa bathu le mo tsimologoñ, mi a si ka a ema mo boamarureñ, gone go sina boamarure bope go ena. Ha a bua kako, o bua ga gague, gone e le ena kako, le rra eona. 45 Mi ’na, gone ki lo bulelela boamarure, ga lo ’ntumele. 46 Ki ohe oa lona eo o ka shupañ ga me ga boleo? Mi ha ki bua boamarure, ga lo ’ntumeleleñ? 47 Eo e leñ oa Morimo, oa utlua mahuku a Morimo, ki gona lo sa utlueñ, gone ga lo ba Morimo. 48 Mi Bayuda ba araba, ba mo raea, A ga re bue ka go siameñ, U Mosamaria, mi u na le modemona? 49 Yesu a araba, Ga ki na modemona, mi ki tlotla Rre, mi lona lo ’ntlosa tlotlo. 50 Mi ga ki batle khalalelo ea me; moñue o gona eo o batlañ, le eo o sekisañ. 51 Amarure, amarure, kia lo raea, Leha e le mañmañ eo o tla bulukañ huku ya me, ga a kitla a bona loshu ka bosina bokhutlo. 52 Eriha gona Bayuda ba mo raeañ, Yana rea itse ha u na le modemona. Aberahame o shule, le baperofeti, mi a ua re, Leha e le mañmañ eo o bulukañ huku ya me, ga a kitla a utlua loshu ka bosina bokhutlo? 53 A u mogolu go Aberahame rra ecu eo o shuleñ? le baperofeti ba shule; u itiha mañ? 54 Yesu a araba, Ha ki ikhalaletsa, khalalelo ea me ga si sepe; Rre, ki ena eo o ’nkhalaletsañ, eo lo reñ, ki Morimo oa lona. 55 Mi ga lo mo itse; mi kia mo itse; mi ekare ha ki re, Ga ki mo itse, ’nkabo ki cuana le lona, ki le moaki; mi kia mo itse, mi ki buluka huku ya gague. 56 Aberahame rra enu o la a tlologeleloa ka boitumelo gore a bone tsatsi ya me, mi o la a le bona, mi a itumela. 57 Eriha gona Bayuda ba mo raeañ, ga u na linyaga li faevte, mi a u bonye Aberahame? 58 Yesu a ba raea, Amarure, amarure, kia lo raea, Pele Aberahame a e si a tsaloe, Ki leo. 59 Eriha gona ba culetsañ maye go mo khobotletsa ka aona; mi Yesu a icuba, mi a coa mo tempeleñ, a ralala gare ga bona, mi a heta yalo.

9

KHAOLO 9. 1 KA a heta a bona monona eo o hohuhetseñ mo tsaloñ yoa gague. 2 Mi barutoa ba gague ba motsa, ba re, Rabi, go leohile mañ? monona eo, leha e le bagolu ba gague, ka a tsecoe ka bohohu? 3 Yesu a araba, Eo, ga a leoha, le esiñ bagolu ba gague. Gontse yalo, gore tiho tsa Morimo li bonale mo go ena. 4 Ki cuanetse go riha tiho tsa eo o ’nthomileñ, ka letsatsi le sa eme; bosigo boe tla, yo ga go ope eo o ka rihañ ka yona. 5 Ka ki sa le mo hatsiñ, ki ’na leseri ya lehatse. 6 Ka a sina bua yalo, a khuela ha hatsi, a ruba seretse ka mathe, mi a tsasa maitlo a monona oa sehohu ka seretse. 7 Mi a mo raea, Ea, u tlape mo leribeñ ya Siloame (ki gore mo phetoleloñ, Romiloe). Eriha gona o eañ, a tlapa, a tla a bona. 8 ¶ Eriha gona bañ ka ena le bona ba ba monyeñ pele a hohuhetse, ba re, Eo a ga si ena eo o la a luletse go kopa? 9 Bañue ba re, Ki ena. Ba bañue ba re, O cuana nae. Mi ena a re, Ki ’na. 10 Ki gona ba mo raeañ, Maitlo a gago a buriloe yañ? 11 A araba, a re, Monona eo o birioañ Yesu, o la a riha seretse, a se ’ntsasa maitlo, mi a ’nthaea, Ea kua leribeñ ya Siloame, u itlape. Mi ka ea, ka tlapa, mi ka bona. 12 Eriha gona ba mo raeañ, Eouo, o kae? Mi a re, Ga ki itse. 13 ¶ Ba mo isa go Bafarisai, eo erileñ pele a bo a hohuhetse. 14 Mi e le le sabata ka Yesu a riha seretse, a bula maitlo a gague. 15 Eriha gona Bafarisai le bona ba bañ ba motsa kaha o bonyeñ pono ea gague ka gona. Mi a ba raea, O la a ’mpaea seretse mo maitloñ, mi ka itlapa, mi kia bona. 16 Eriha gona, bañue ba Bafarisai ba reñ, Monona eo, ga si oa Morimo, gone ga a buluke sabata. Ba bañue ba re, Monona eo e leñ moleohi, o ka riha yañ cupo tse lintseñ yalo? Mi ga na khaogano gare ga bona. 17 Mi ba ba ba raea monona eo o la a hohuhetse, Uena u reñ ga gague, ka e le ha a burile maitlo a gago? Mi a re, Ki ena moperofeti. 18 Mi Bayuda ba si ka ba mo rumela ha a la a hohuhetse, le go bona pono ea gague, ga tsamaea ba bitsa bagolu ba eo o bonyeñ pono ea gague pele. 19 Mi ba ba botsa, ba re, A eo ki ena moroa lona, eo lo reñ, o tsecoe a hohuhetse? Mi yana o bona yañ? 20 Bagolu ba gague ba ba araba, mi ba re, Rea itse ha eo e le moroa rona, le ha a tsecoe a hohuhetse. 21 Mi yana ga re itse kaha o bonañ ka gona; khotsa eo o burileñ maitlo a gague, ga re mo itse; o na le bogolu yoa gague, motseñ ka esi; o tla bua ga gague ka esi. 22 Bagolu ba gague ba bua yalo, gone ba boiha Bayuda. Gone Bayuda ba le ba etse goñue ha leha e le mañmañ eo o ipobolañ ha e le ena Keresete, o tla khoromelerioa kua ntle ga senagoge. 23 Ki gona bagolu ba gague ba reñ, O na le bogolu yoa gague, motseñ ka esi. 24 Mi ba ba ba bitsa eo o la a hohuhetse, mi ba mo raea, Naea Morimo tlotlo; rea itse ha monona eo, e le moleohi. 25 Eriha gona o arabañ, a re, Ha e le moleohi, leha e si moleohi, ga ki itse; kia itse seo señue, Ki le ki hohuhetse, mi yana kia bona. 26 Eriha gona ba bañ ba mo raea, O gu rihetseñ? O burile maitlo a gago yañ? 27 A ba araba, Ki le ka lo bulelela, mi ga loa ka loa utlua? lo ratelañ go ba lo utlua? A le lona lo rata go na barutoa ba gague? 28 Eriha gona ba mo khobañ, ba re, Uena, u morutoa oa gague; mi rona, re barutoa ba ga Moshe. 29 Rea itse ha Morimo o loa bua le Moshe; mi eo, ga re itse kua o coañ gona. 30 Monona a araba, mi a ba raea, Se se gakhamatsañ ki se, ka lo sa itse kua o coañ gona, mi leha gontse yalo o burile maitlo a me. 31 Mi yana rea itse ha Morimo o sa utlue baleohi; mi leha e le mañmañ eo e leñ moihi Morimo, le go riha thato ea ona, eo, oa mo utlua. 32 E sa le ka tsimologo ea lehatse, ga go e si go ko go utluale ha moñue a burile maitlo a eo o tsecoeñ a hohuhetse. 33 Ha eo, e si oa Morimo, o ko a sa rihe sepe. 34 Ba araba, mi ba mo raea, U tsalecoe hela gotle mo libeñ, mi a ua re ruta? Mi ba mo khoromeletsa ntle. 35 Yesu a utlua ha ba mo khoromeleritse ntle, mi eare a sina mona, a mo raea, A ua rumela mo go Moroa Morimo? 36 A araba, a re, Morena, ena emañ gore ki rumele mo go ena? 37 Mi Yesu a mo raea, U monye, mi ki ena eo o buañ nau. 38 Mi a re, Morena, kia rumela; mi a mo obamela. 39 ¶ Mi Yesu a re, Ki tlile go na tsekisho mo lehatsiñ, gore ba ba sa boneñ, ba bone; mi ba ba bonañ ba hohuhale. 40 Mi bañue ba Bafarisai ba ba leñ ha go ena, ba utlua lilo tse; mi ba mo raea, A le rona re hohuhetse? 41 Yesu a ba raea, Ha lo lo hohuhetse lo kabo lo sina boleo; mi yana loa re, Rea bona, ki gona boleo yoa lona bo sa leoñ.

10

KHAOLO 10. 1 AMARURE, amarure, kia lo raea, Ena eo o sa tseneñ ka khoro ea lesaka ya linku, mi a palama ka go sele, eo ki ena legoru le senokuane. 2 Mi eo o tsenañ ka khoro, ki morisa oa liñku. 3 Morisa oa khoro oa mulela; mi liñku li utlua koru ea gague; mi o bitsa liñku tsa gague ka maina, a li gogela ntle. 4 Mi a sina go bolotsa liñku tsa gague, oa li etelela pele; mi liñku li mo sale morago; gone li itse koru ea gague. 5 Mi lia gana go sala moeñ morago, mi li tla mo tsaba; gone li sa itse koru tsa baeñ. 6 Yesu a bua secuanco se le bona; mi ba si ka ba tlaloganya se o se buañ nabo. 7 Mi Yesu a ba a ba raea, Amarure, amarure, kia lo raea, Ki ’na khoro ea liñku. 8 Botle ba ba tlileñ pele ga me, ki magoru le linokuane; mi liñku ga lia ka tsa ba utlua. 9 Ki ’na khoro; ha moñue a tsena ka ’na, o tla bulukoa; o tla tsena, mi a coa, mi o tla bona bohulo. 10 Legoru ga le tle ha e si go ucua, le go tlaba, le go senya; ki tlile gore li bone botselo, le bogolu yoa yona. 11 Ki ’na morisa oa liñku eo molemo; morisa oa liñku eo molemo oa nela liñku botselo yoa gague. 12 Mi eo o lalericoeñ, esiñ morisa, eo liñku esiñ tsa gague, ha a bona phiri e tla, a tlogela liñku, mi a tsabe, mi phiri e li cuare, mi e halatse liñku. 13 Eo o lalericoeñ oa tsaba, gone e le molalerioi, mi ga a tlamele liñku. 14 Ki ’na morisa oa liñku eo molemo; mi kia itse tsa me, mi ki itsioe ki tsa me. 15 Yaka Rra a ’nkitse, gontse yalo kia itse Rra; mi botselo yoa me, kia bo bela liñku. 16 Ki na le liñku li sele, tse esiñ tsa saka ye. Tse le cona ki cuanetse go li lere; mi li tla utlua koru ea me; mi go tla na lecomane ye leñue hela, le morisa eo moñue hela. 17 Ki gona Rre o ’nthatañ, gone ki baea botselo yoa me, gore ki be ki bo cule. 18 Ga go ope eo o bo ’ntseelañ, mi kia bo baea ka ’nosi; ki na le thata go bo baea, mi ki na le thata go ba ki bo cula. Taolo e, ki e bonye go Rre. 19 ¶ Eriha gona go bañ go na khaogano mo Bayudeñ ka ntla ea mahuku a. 20 Mi bontsi yoa bona, yoa re, O na le modemona, mi oa tsenoa; lo mo utluelañ? 21 Ba bañue ba re, Mahuku a ga si a eo o cueroeñ ki modemona. A modemona o ka bula maitlo a sehohu? 22 ¶ Mi e le le moriho oa boshahaco yoa tempela mo Yerusalema; mi e le le mariga. 23 Mi Yesu a tsamaea mo tempeleñ, mo khoroñ e kholu ea ga Solomone. 24 Eriha gona Bayuda ba mo holañ, ba mo raea, U tla ria meoea ea rona go kai mo pelaeloñ? Ha u le Keresete re bulelele ka thanolo. 25 Yesu a ba araba, Ki lo buleletse, mo ga lo rumele. Tiho tse ki li rihañ, mi ineñ ya ga Rre, li shupa ga me. 26 Mi ga lo rumele, gone lo si ba liñku tsa me, yaka ki lo buleletse. 27 Liñku tsa me, li utlua koru ea me, mi kia li itse, mi lia ’ntsala morago. 28 Mi kia li naea botselo yo bo sa khutleñ; mi ga li kitla li latlega ka bosina bokhutlo, mi le gona ga go ope eo o tla li cubulañ mo atleñ sa me. 29 Rre eo o li ’neileñ, ki ena mogolu go botle, mi ga go ope eo o ka li cubulañ mo atleñ sa ga Rre. 30 ’Na le Rre, re moñue hela. 31 Ka mouo Bayuda ba ba ba cula maye go mo khobotletsa. 32 Yesu a ba araba, Ki lo shuperitse tiho tse ri molemo li lintsi tsa ga Rre; lo ’nkhobotleletsa tiho ehe ea cona? 33 Bayuda ba mo araba, ba re, Ga re gu khobotleletse tiho e e molemo; mi e le ka khalo; mi gone ere u le mothu, u itiha Morimo. 34 Yesu a ba araba, A ga goa kualoa mo molaoñ oa lona, Ki reile lo merimo? 35 Mi ha a ba bitsa merimo ba huku ya Morimo le tlileñ go bona (mi lokualo ga lo kake loa tloloa), 36 A loa re ga eo, eo o itsephisicoeñ ki Rra, a mo romela mo lehatsiñ, U khala Morimo, gone, ki reile, Ki Moroa Morimo? 37 Ha ki sa rihe tiho tsa ga Rre, lo si ’ntumele. 38 Mi ha ki li riha, leha lo sa ’ntumele, rumelañ litiho; gore lo itse, lo rumele, ha Rra a le mo go ’na, mi ’na mo go ena. 39 Mi ba hela ba batla go mo cuara, mi a coa mo atleñ tsa bona; 40 Mi a ba a boela kua moseya ga Yoridane, go ea helo kua Yohane o la a bapetisa gona pele, mi a nna gona. 41 Mi bontsi yoa ea go ena, yoa re, Yohane, ga a ka a riha seshupo; mi cotle tse Yohane o li buileñ ga eo, e le le tsa amarure. 42 Mi bontsi yoa rumela mo go ena gona.

11

KHAOLO 11. 1 MI yana gabo gole monona moñue eo o bobolañ, a birioa Lasaro, oa Betania, motsana oa Marie le mogolue Marate, 2 (Mi yana Marie eo, ki ena eo o la a tlotsa Morena ka setlolo, a phimola nao tsa gague ka moriri oa gague, eo Lasaro khantsarie o bobolañ.) 3 Ki gona bokhantsarie ba romelañ go ena, ba re, Morena, bona, eo u mo ratañ oa bobola. 4 Mi ka Yesu a utlua yalo, a re, Pobolo e, ga si ea loshu, mi ki ea khalalelo ea Morimo; gore Moroa Morimo a galalerioe ka eona. 5 Mi yana, Yesu a rata Marate, le monnaue, le Lasaro. 6 Ki gona erileñ ka a utlua a bobola, a tlola ka malatsi a tu mo heloñ kua o la a le gona. 7 Morago ga mouo, a raea barutoa ba gague, A re be re ee kua Yudea. 8 Barutoa ba mo raea, Rabi, Bayuda ga ba bolo batla go gu khobotletsa, mi a u ba gape u ea gona? 9 Yesu a araba, A ga li lioura li tuelev mo tsatsiñ? Ha moñue leha e le mañmañ a tsamaea mo tsatsiñ, ga a kake a khocoa, gone a bona leseri ya lehatse yenu. 10 Mi leha e le mañmañ eo o tsamaeañ mo bosigoñ oa khocoa, gone leseri le sieo mo go ena. 11 A bua yalo, mi morago ga mouo, a ba raea, Lasaro, tsala ea rona, o robetse; mi kia ea, gore ki mo cose mo thobaloñ. 12 Eriha gona barutoa ba gague ba reñ, Morena, ha a robetse, o tla hola. 13 Mi Yesu o la a bua ga loshu loa gague; mi ba itloma a bua ga thobalo ea tapologo. 14 Eriha gona Yesu o ba raeañ ka thanolo, Lasaro o shule. 15 Mi kia itumela ka ntla ea lona ka ki le ki si gona, gore lo rumele; mi a re eeñ go ena. 16 Eriha gona Tome, eo o birioañ Didimo, o raeañ barutoa balekane ba gague, A le rona re ee, gore re shue nae. 17 Eriha gona Yesu ka a tla, a bona ha yana a la a tlotse malatsi a for mo phupuñ. 18 Mi yana Betania o lo le gauhe le Yerusalema, e kane e le setadia li faevten. 19 Mi bantsi ba Bayuda ba bo ba tlile go Marate le Marie, gore ba ba gomotse mo loshuñ loa khantsari ea bona. 20 Eriha gona Marate ka a sa utlua ha Yesu a tla, a ea go mo khatlantsa; Mi Marie a sala, a rutse mo tluñ. 21 Eriha gona Marate o raeañ Yesu, Morena, u kabo u lu le ha, khantsariake o ko a si ka a shua. 22 Mi le yano kia itse ha cotle tse u tla li lopañ Morimo, Morimo o tla li gu naea. 23 Yesu a mo raea, khantsariu o tla ba a coga. 24 Marate a mo raea, Kia itse ha a tla coga mo cogoñ ea tsatsi ya bohelo. 25 Yesu a mo raea, Ki ’na cogo le botselo; eo o rumelañ mo go ’na, leha a la a shule, o tla tsela. 26 Leha e le mañmañ, eo o tserileñ, a rumela mo go ’na, ga a kitla a shua ka bosina bokhutlo. A ua rumela ye? 27 A mo raea, E Morena; ki rumetse, ha u le Keresete, Moroa Morimo, eo o tla tlañ mo lehatsiñ. 28 Mi ka a sina bua yalo, a ea, a bitsa mogolue Marie ka go sa itsioeñ, a re, Moruti o hale, mi oa gu bitsa. 29 Ka a sa utlua yalo, a tloga a ema ka bonako, mi a ea go ena. 30 Mi yana Yesu o la a e si a tle mo motsaneñ, mi a sale mo heloñ ha Marate o mo katlantsitseñ gona. 31 Eriha gona Bayuda ba ba le ba na nae mo tluñ, ba mo gomotsa, ka ba bona Marie a tloga a ema ka bonako, a coa, ba mo sala morago ba re, O ea kua phupuñ, gore a lele gona. 32 Mi Marie ka a sina hitla kua Yesu o la a le gona, a mona, a oela ha naoñ tsa gague, a mo raea, Morena, u kabo u lu le ha khantsariake o ko a si ka a shua. 33 Mi Yesu ka a mona a lela, le Bayuda le bona ba ba tlileñ nae ba lela, a hegeloa thata mo moeeñ, mi a huruega, 34 Mi a re, Lo mo laritse kae? Ba mo raea, Morena, tla u bone. 35 Yesu a lela. 36 Eriha gona Bayuda ba reñ, Bonañ, o mo rata yañ! 37 Mi bañue ba bona ba re, Monona eo o la a bula maitlo a lihohu, a ga a kabo a rihile, gore le monona eo a si shue? 38 Ki gona Yesu a ba a hegeloañ bogolu, mi a tla ha phupuñ; mi e le le moñobo, mi leincue le aegiloe go ona. 39 Yesu a re, Tlosañ leincue. Marate, khantsaria eo o shuleñ, a mo raea, Morena, yano oa ñkha, gone o shule ka malatsi a for. 40 Yesu a mo raea, A ga kia gu bulelela, ha u rumela, u tla bona khalalelo ea Morimo? 41 Eriha gona ba aegololañ leincue ha moshui o letseñ gona. Mi Yesu a culetsa maitlo a gague gorimo, mi a re, Rra, kia gu itumelela, gone u ’nkutluile; 42 Mi kia itse, u ’nkutlua ka gale; mi ki buile yalo ka ntla ea bontsi yo bo emeñ ha, gore bo rumele ha u ’nthomile. 43 Mi ka a sina bua yalo, a bitsa ka koru e kholu, Lasaro, coa. 44 Mi eo o la a shule, a coa, a hapakiloe liatla le linao, ka liaparo tsa phupu, mi sehatlogo sa gague se hapiloe ka letsela. Yesu a ba raea, Mo gololeñ, mi a a ee. 45 Eriha gona bantsi ba Bayuda ba ba le ba tlile go Marie, ba sina bona se Yesu o se rihileñ, ba rumela mo go ena. 46 Mi bañue ba bona ba ea go Bafarisai, mi ba ba bulelela se Yesu o se rihileñ. 47 ¶ Eriha gona baperiseti ba bagolu, le Bafarisai ba phuthañ tseko, mi ba re, Re tla rihañ? gone mothu eo, o riha licupo li lintsi. 48 Etlare ha re mo leseletsa yalo, ba tla rumela botle mo go ena, mi Baroma ba tla tla ba tlosa helo ha, le morahe oa rona. 49 Mi moñue oa bona, eboñ, Kaiafe, eo a la a le moperiseti eo mogolu mo ñuageñ ouo, a ba raea, Ga lo itse sepe; 50 Le gona ga lo gakologeloe ha e le molemo go rona, gore monona moñue a shuele morahe, gore morahe otle o si latlege. 51 Mi a bua yalo esiñ ena ka esi; mi ka o la a le moperiseti eo mogolu ka ñuaga ouo, a bulelela pele ha Yesu a tla shuela morahe o; 52 Mi esiñ morahe o osi, mi le gona gore a phuthe bana ba Morimo ba ba halaricoeñ. 53 Ki gona ka tsatsi yeuo, ba gokololana, gore ba molaee. 54 Mi ka mouo Yesu a si ka a tlola a tsamaea mo Bayudiñ mo pepeneneñ; mi a coa gona, a ea kua hatsiñ ye le gauhe le gareganaga, kua motseñ o o birioañ Eferaima; mi a na gona le barutoa ba gague. 55 ¶ Mi Tlolaganyo ea Bayuda ea bo e le gauhe; mi bontsi bo coa mo hatsiñ yeuo, go ea kua Yerusalema pele ga Tlolaganyo, gore ba iitsephise. 56 Ki gona ba batlañ Yesu, mi ba rana ka ba eme mo tempeleñ, Lo gopolañ? A lo gopola ha a si kitla a tla mo morihoñ? 57 Mi yana baperiseti ba bagolu le Bafarisai ba bo ba neile taolo, gore, ere ha moñue a itse kua o gona, a go utluatse, gore ba mo cuare.

12

KHAOLO 12. 1 ERIHA gona Yesu o tlañ ka malatsi a sekes pele ga Tlolaganyo go Betania, kua Lasaro o la a le gona, eo o la a shule, eo, o mo cositseñ mo bashuiñ. 2 Hoñ ba mo etleletsa selalelo gona, mi Marate a rihela; mi Lasaro o la a le moñue oa bona ba ba rutseñ nae ha liyoñ. 3 Eriha gona Marie o culañ setlolo sa narido se se thata go rekoa, e le ponda ñue hela, mi a tlotsa linao tsa ga Yesu, mi a phimola linao tsa gague ka moriri oa gague; mi ntlu ea tlala monkho oa setlolo. 4 Eriha gona moñue oa barutoa ba gague, Yuda Isekariota, moroa Simone, eo o la a tla mo oka, o reñ, 5 Ana setlolo se, se le se sa bapalerioeñ ka denari li teri hundereda, mi tsa neoa bahumanegi? 6 Mi yana a bua yalo, esiñ ka gone a bapalela bahumanegi, mi gone e le le legoru, a na le khetse ea lireko, mi a belega tse ri tsencoeñ mo go eona. 7 Eriha gona Yesu o reñ, Mo lese; o buluketse tsatsi ya phitlo ea me seo se. 8 Gone lo na le bahumanegi le lona ka gale; mi ’na ga lo na le ’na ka gale. 9 Eriha gona bontsi yo bogolu yoa Bayuda ba itseñ ha a le gona; mi ba tla esiñ ka ntla ea ga Yesu esi, mi gore ba bone le ena Lasaro, eo o mo cositseñ mo bashuiñ. 10 ¶ Mi baperiseti ba bagolu ba seka gore Lasaro le ena ba molaee; 11 Gone bontsi yoa Bayuda bo le yoa bo ea, ka ntla ea gague, mi yoa rumela mo go Yesu. 12 ¶ Ka mosho, bontsi yoa bathu yo bo le yoa tla mo morihoñ, ka bo utlua ha Yesu a tla Yerusalema, 13 Yoa tsaea likala tsa litlare tsa mokolane, mi yoa coela go mo khatlantsa, mi yoa bitsa, Hosana; Go tsegoharicoe eo o tlañ mo ineñ ya Morena, eo e leñ khosi ea Yeserela. 14 Mi ka Yesu a bona eselana, a lula go eona; yaka go kuariloe, 15 Moroaria Tsiona, U si boihe; bona, Khosi ea gago ee tla, e rutse mo eselaneñ ea esela. 16 Mi lilo tseuo li sa ka tsa tlalogañoa ki barutoa ba gague pele; mi Yesu ka a sina galalerioa, eriha gona ba gakologeloañ ha lilo tseuo li le li kuariloe ga gague, mi le gona ha lilo tse ba li mo rihetse. 17 Ki gona bontsi yo bo le bo na nae, yoa shupa ha a la a bitsa Lasaro mo phupuñ, mi a mo cosa mo bashuiñ. 18 Le gona bontsi yoa mo khatlantsa ka mouo, gone bo utluile ha e le ena eo o rihileñ cupo e. 19 Eriha gona Bafarisai ba ranañ, A ga lo bone ha lo sa kake loa coela pele ka gope? Bonañ, lehatse yeotle le mo setse morago. 20 ¶ Mi yana gabo gole Bagerika bañue mo go bona, ba ba le ba tla go obamela mo morihoñ. 21 Bauo ba tla go Filipo, eo e leñ oa Betesaida oa Galilea, mi ba motsa ba re, Morena, re rata ra bona Yesu. 22 Filipo a tla a bulelela Anderea; mi gape Anderea le Filipo ba bulelela Yesu. 23 ¶ Mi Yesu a ba araba, a re, Oura o tlile, o Moroa mothu o tla galalerioañ ka ona. 24 Amarure, amarure, kia lo raea, Ha tlaka ea mabele e sa oele mo mbuñ ea shua, e na eosi; mi ha e shua, e uñua louñuo lo logolu. 25 Eo o ratañ botselo yoa gague, o tla latlegeloa ki yona; mi eo o ilañ botselo yoa gague mo hatsiñ yenu, o tla bo bulukela botseloñ yo bosinañ bokhutlo. 26 Leha e le mañmañ eo o ratañ go ’ntihela, a a ntsale morago; mi kua ki gona, motlañka oa me le ena o tla na gona; leha e le mañmañ eo o ’ntihelañ, Rra o tla mo tlotla. 27 Mi yana moea oa me oa huruega, mi ki tla reñ? A ki tla re, Rra, ’mpuluka mo oureñ o? mi ki tlile ka ntla ea mouo mo oureñ o. 28 Rra, galaletsa leina ya gago. Eriha gona go tlañ koru e coa mo legorimoñ, ea re, Ki le galaleritse, mi ki tla ba ki le galaletsa. 29 Eriha gona bontsi yo bo emeñ gona, yo bo utluileñ, yoa re, Ki tumo ea maru; ba bañue ba re, Moeñgele o buile nae. 30 Yesu a araba, a re, Koru e, e rihahetse esiñ ka ntla ea me, mi ki ka ntla ea lona. 31 Mi yana go tsekisho ea lehatse yenu; mi yana molaori oa lehatse yenu o tla khoromelerioa kua ntle. 32 Mi ’na, ha ki tla tlatlosioa mo lehatsiñ, ki tla gogela botle go ’na. 33 Mi yana a bua yalo go shupetsa loshu lo o tla lo shuañ. 34 Bontsi yoa mo araba, Re utluile mo molaoñ, ha Kereste a nna ka bosina bokhutlo; mi ua reñ, ka u re, Moroa mothu o cuanetse go tlatlosioa? Moroa mothu eo emañ? 35 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Leseri le sa na le lona ka motla o mokhutsanyane. Tsamaeañ, ka lo sa na le leseri, gore lehihi le si lo cuare; gone eo o tsamaeañ mo hihiñ, ga a itse kua o eañ gona. 36 Ka lo sa na le leseri, rumelañ mo leseriñ, gore lo ne bana ba leseri. Yesu a bua lilo tse, mi a ea a ba icubela. 37 ¶ Mi leha a rihile licupo lintsi ha pele ga bona, leha gontse yalo ba si ka ba rumela mo go ena; 38 Gore lehuku ya ga Yesaye moperofeti le rihahale ye o le buileñ, Yehova, go rumetse mañ thero ea rona? mi cogo ya ga Yehova le bontsicoe mañ? 39 Ki gona ba sa kakeñ ba rumela, ka Yesaye a bile a buile, 40 A hohuharitse maitlo a bona, mi a thatahatsa pelu tsa bona; gore ba si bone ka maitlo, le go tlaloganya ka pelu, le go tlabologa, gore ki ba horise. 41 Yesaye a bua lilo tse ka a bona khalalelo ea gague, mi a bua ga gague. 42 ¶ Leha gontse yalo, bantsi ba balaori le bona ba rumela mo go ena; mi ba si ka ba mo ipobola ka ntla ea Bafarisai, gore e se re khotsa ba khoromelerioa kua ntle ga senagoge; 43 Gone ba rata khalalelo ea bathu, bogolu go khalalelo ea Morimo. 44 ¶ Yesu a bitsa, a re, Ena eo o rumelañ mo go ’na, ga a rumele mo go ’na, e le mo go eo o ’nthomileñ. 45 Mi eo o ’mponañ, o bona eo o ’nthomileñ. 46 Ki tlile leseri mo hatsiñ; gore leha e le mañmañ eo o rumelañ mo go ’na, a si ka a na mo hihiñ. 47 Mi leha e le mañmañ eo o utluañ mahuku a me, mi a sa a rumele, ga ki mo sekise; gone ki sa tle go sekisa lehatse, mi gore ki buluke lehatse. 48 Eo o ’nnyatsañ, le eo o sa tseeñ mahuku a me, o na le moñue eo o mo sekisañ; huku ye ki le buileñ, ki yeona ye le tla mo sekisañ mo tsatsiñ ya bohelo. 49 Gone ga kia ka ka bua ga me; mi Rra eo o ’nthomileñ o la a ’nnaea taolo ea se ki tla se reñ, le ea se ki tla se buañ. 50 Mi kia itse ha taolo ea gague e le botselo yo bo sa khutleñ; mi ki gona se ki se buañ, kia se bua yaka Rra a ’ntheile.

13

KHAOLO 13. 1 MI yana pele ga moriho oa Tlolaganyo, ka Yesu a itse oura oa gague o tlile, ha a tla coa mo hatsiñ ye, a ea go Rara ka ona, ka a la a rata ba gague ba ba mo hatsiñ, a ba rata le kua boheloñ. 2 Mi ka e sa le selalelo (ka diabolo a tsenya mo peruñ ea ga Yuda Isekariota moroa Simone, go mo oka), 3 Yesu ka a itse Rra a mo neile lilo cotle mo atleñ tsa gague, le gona, ka a la a coa Morimoñ, mi a ea Morimoñ; 4 A nanoga mo selaleloñ, mi a baea aparo tsa gague, mi a cula sephimolo, a ikokoaela. 5 Morago ga mouo a tsela metse mo mogocaneñ, mi a simolola go tlapisa linao tsa barutoa, le go li phimola ka sephimolo se o la a ikokoaetse ka shona. 6 Eriha gona o tlañ go Simone Petero, mi eo, a mo raea, Morena a u tlapisa nao tsa me? 7 Yesu a araba, a mo raea, Se ki se rihañ, ga u se itse yana; mi u tla nama u se itse, 8 Petero a mo raea, Ga u kitla u tlapisa nao tsa me ka bosina bokhutlo. Yesu a mo araba, Etlare ha ki sa gu tlapise, ga u na kabelo le ’na. 9 Simone Petero a mo raea, Morena, esiñ nao tsa me cosi, tlapisa le cona atla tsa me, le tlogo ea me. 10 Yesu a mo raea, Eo o tlapisicoeñ, ga a tloke go tlapisioa, ha e si go tlapisa linao tsa gague, gone a itsekile gotle; mi lona lo itsekile, mi esiñ lotle; 11 Gone a itse eo o tla mo okañ; ki gona o reñ, Ga loa itseka lotle. 12 Mi yana ka a sina tlapisa nao tsa bona, a tsaea liaparo tsa gague, a ba a lula ha liyoñ, mi a ba raea, A lo itse se ki se lo rihetseñ? 13 Loa ’mpitsa Moruti le Morena; mi loa bua ka go siameñ; gone kintse yalo. 14 Ki gona, ha ’na eo ki leñ Morena le Moruti, ki tlapisitse nao tsa lona, le lona lo cuanetse go tlapisanya linao. 15 Gone ki lo neile sekao, gore lo rihe yaka ki lo rihetse. 16 Amarure, amarure, kia lo raea, Motlanka ga a mogolu bogolu go morena oa gague, le ena moroñoi ga a mogolu bogolu mo go eo o mo romileñ. 17 Ha lo itse lilo tse, lo tsegoharicoe ha lo li riha. 18 ¶ Gone ga ki bue ga lona lotle: kia itse ba ki ba itseñketseñ; mi gore lokualo lo rihahale, Eo o yañ señkhue le ’na, o ’nculeleritse serethe sa gague. 19 Yana kia lo bulelela pele go e si go rihahale, gore mogañ go rihahalañ lo rumele ha ki le ena. 20 Amarure, amarure, kia lo raea, Leha e le mañmañ eo o mo culañ, eo ki mo romileñ, oa ’ncula; mi eo o ’nculañ, oa cula ena eo o ’nthomileñ. 21 Ka Yesu a sina bua lilo tse, a huruega mo moeeñ, mi a itsise, a re, Amarure, amarure, kia lo raea, Moñue oa lona o tla ’nkoka. 22 Eriha gona barutoa ba lebanañ, ba akanya gore o bua ga mañ? 23 Ga bo go le ha lomatiñ moñue oa barutoa ba gague eo o letseñ ha sehubeñ sa ga Yesu, eo Yesu o mo ratañ. 24 Ki gona Simone Petero o mo goetlañ, gore a motse o bua ga mañ? 25 Mi eo a oela ha hubeñ sa ga Yesu, a mo raea, Morena, ana emañ? 26 Yesu a araba, Ki ena eo, ki tla mo naeañ thathana, ki sina go e ina. Mi ka a ina thathana, a e naea Yuda Isekariota, moroa Simone. 27 Mi ka a sina cula thathana, Satane a tsena go ena. Eriha gona Yesu o mo raeañ, Se u se rihañ, u se rihe ka bonako. 28 Mi go si ka ga na ope oa bona ba ba rutseñ ha liyoñ, eo o la a tlaloganya gore o buelañ nae yalo. 29 Ka Yuda a na le khetse ea sereko, bañue ba itlomile Yesu a muleletse go rekela moriho tse ri tlokahalañ; khotsa go naea bahumanegi señue. 30 Mi ka a sina cula thathana, a akoha a coa; mi e le le bosigo. 31 ¶ Mi erile a sina go coa, Yesu a re, Yana Moroa mothu o galalericoe, mi Morimo o galalericoe mo go ena. 32 Ha Morimo o galalericoe mo go ena, Morimo le ona o tla mo galaletsa ka esi, mi o tla akoha o mo galaletsa. 33 Banyana, ki sa na le lona ka lobakanyana. Lo tla ’mpatla; mi yaka ki reile Bayuda, Kua ki eañ gona, ga lo kake lo ea gona: ki bua yalo yana le lona. 34 Kia lo naea taolo e nca, gore lo ratane, yaka ki lo ratile, le lona, gore lo ratane. 35 Ha lo ratana, bathu botle ba tla itse lo barutoa ba me ka mo. 36 Simone Petero a mo raea, Morena, u ea kae? Yesu a mo araba, Kua ki eañ gona, ga u kake ua ’ntatela yana, mi u tla nama u ’ntatela. 37 Petero a mo araba, Morena, ana ki sa gu lateleleñ yana? Ki tla gu bela botselo yoa me. 38 Yesu a mo araba, A u tla ’mpela botselo yoa gago? Amarure, amarure, kia gu raea, Koku e tona ga e kitla e lela go tlo go tsamaee u ’ntatole ga teri pele.

14

KHAOLO 14. 1 A PELU tsa lona li si huruege; lo rumela mo Morimoñ, le ’na, rumelañ mo go ’na. 2 Maago mantsi a mo tluñ ea ga Rre; ha gole go sa na yalo, ’nkabo ki lo buleletse. Kia ea go lo bakanyetsa helo. 3 Mi ki tlare ki sina ea go lo bakanyetsa helo, ki tla ba ki boea ki lo iculela, gore kua ki gona, le lona lo ne gona. 4 Mi kua ki eañ loa go itse, le tsela, loa e itse. 5 Tome a mo raea, Morena, ga re itse kua u eañ, mi re ka itse tsela yañ? 6 Yesu a mo raea, Ki ’na tsela, le boamarure, le botselo; ga go ope eo o tlañ go Rra, ha e si ka ’na. 7 Ha lo lo ’nkitse, lo kabo lo itsile le ena Rre; mi yano loa mo itse, mi lo monye. 8 Filipo a mo raea, Morena, re shupetse Rra, mi go re lekanye. 9 Yesu a mo raea, A ki le ka ’na le lona lobaka lo lo lele, mi a ga u e si u ’nkitse Filipo? Eo o ’mponyeñ o bonye Rra; mi ua reñ, Re shupetsa Rra? 10 A ga u rumele ha ki le mo go Rra, le Rra mo go ’na. Mahuku a ki a buañ le lona, ga ki a bue ka ’nosi; mi Rra eo o agileñ mo go ’na, ki ena eo o rihañ litiho. 11 ’Ntumelañ ki le mo go Rra, mi Rra mo go ’na; mi ha go sa na yalo, lo rumele ka ntla ea litiho ka cosi. 12 Amarure, amarure, kia lo raea, Eo o rumelañ mo go ’na, litiho tse ki li rihañ, le ena o tla li riha; mi o tla riha tse ri kholu bogolu go tse, gone kia ea go Rra. 13 Mi ki tla riha cotle tse lo li lopañ mo ineñ ya me, gore Rra a galalerioe mo go Moroaue. 14 Leha e le eñ se lo tla se lopañ mo ineñ ya me, ki tla se riha. 15 ¶ Ha lo ’nthata, tsegetsañ litaolo tsa me; 16 Mi ki tla rapela Rra, mi o tla lo naea Mogomotsi eo moñue gore a nne le lona ka bosina bokhutlo.Eboñ Moea oa amarure, o lehatse le sa kakeñ ya o cula, gone le sa o bone, le gona le sa o itse; mi lona loa o itse; gone o agile le lona, mi o tla na mo go lona. 18 Ga ’nkitla ki lo tlogela likhutsana; ki tla tla go lona. 19 E sa le bokhutsanyane, mi lehatse ga le kitla le tlola le ’mpona; mi lona lo tla ’mpona; gone ki tserile, le lona lo tla tsela. 20 Lo tla itse mo motleñ ouo ha ki le mo go Rra, le lona mo go ’na, le ’na mo go lona. 21 Ena eo o nañ le taolo tsa me, a li tsegetsa, ki ena eo o ’nthatañ; mi eo o ’nthatañ, o tla ratoa ki Rre, le ’na ki tla mo rata, mi ki tla iponatsa go ena. 22 Yuda (esiñ Isekariota,) a mo raea, Morena, gontse yañ ka u tla iponatsa go rona, mi esiñ go lehatse? 23 Yesu a araba, a mo raea, Ha moñue a ’nthata, o tla buluka mahuku a me; mi Rre o tla mo rata; mi re tla tla go ena, mi re tla riha bonno yoa rona mo go ena. 24 Eo o sa ’nthateñ, ga a buluke mahuku a me; mi huku ye lo le utluañ, ga si ya me; ki ya Rra eo o ’nthomileñ. 25 Ki lo buleletse lilo tse, ka ki sa na le lona. 26 Mi Mogomotsi, Moea oa Boitsepho, o Rra tla o romañ mo ineñ ya me, o tla lo ruta lilo cotle, mi o lere lilo cotle mo khakologeloñ tsa lona, tse ki li lo buleletseñ. 27 Kagisho kia e lo tlogelela, kagisho ea me kia e lo naea; ga ki lo nee yaka lehatse le naea. A pelu tsa lona li si huruege, le gona a li si boihe. 28 Lo utluile yaka ki lo reile, Kia ea, mi ki tla ba ki tla go lona. Ha lo ’nthata lo ko lo itumela, gone ki re, Kia ea go Rra; gone Rra a le mogolu go ’na. 29 Mi yana ki lo buleletse go e si go rihahale, gore mogañ go rihahalañ lo rumele. 30 Ga ’nkitla ki tlola ki bua segolu le lona, gone mogolu oa lehatse yenu oe tla, mi ga a na sepe mo go ’na; 31 Mi gore lehatse le itse ha ki rata Rra, mi ki riha kaha Rra o ’ntaoletseñ ka gona. Tlogañ lo eme, a re coeñ monu.

15

KHAOLO 15. 1 KI ’na setlare sa movine sa amarure, mi Rre ki moriheri oa movine. 2 Likala cotle tse ri mo go ’na, tse ri sa uñueñ louñuo, oa li tlosa; mi cotle tse ri uñuañ, oa li ntlahatsa, gore li uñue bogolu. 3 Yana, lo ntlaharicoe ka lehuku ye ki le buileñ le lona. 4 Nnañ mo go ’na, mi ’na mo go lona; yaka kala e sa kake ea uñua ka eosi, ha e sa nne mo movineñ; le lona ga lo kake lo uñua, ha lo sa nne mo go ’na. 5 Ki ’na movine; lona lo likala. Eo o nnañ mo go ’na, le ’na mo go ena, eouo oa uñua louñuo lo logolu; gone ha lo sina le ’na, ga lo kake lo riha sepe. 6 Leha e le mañmañ eo o sa nneñ go ’na, o latleloa kua ntle, yaka kala, mi e omeletse; mi ba li roalela, mi li latleloa mo moleloñ, mi li hisioa. 7 Ha lo nna mo go ’na, mi mahuku a ’me a nna mo go lona, lo tla lopa kaha lo ratañ ka gona, mi go tla lo riheloa. 8 Rre o galalericoe ka mouo, gore lo uñue louñuo lo logolu; mi lo tla na barutoa ba me. 9 Yaka Rra a ’nthatile, ki lo ratile yalo; nnañ mo ratoñ lo loa me. 10 Ha lo tsegetsa litaolo tsa me, lo tla nna mo ratoñ loa me; yaka ki tsegeritse litaolo tsa Rra, mi ki nntse mo ratoñ loa gague. 11 Lilo tse ki li buile le lona, gore boitumelo yoa me bo nne mo go lona, mi gore boitumelo yoa lona bo tlale. 12 Taolo ea me ki e, gore lo ratane, yaka ki lo ratile. 13 Ga go ope eo o nañ le lorato lo logolu mo go lo, ha monona a ka bela litsala tsa gague botselo yoa gague. 14 Lona lo litsala tsa me, ha lo riha cotle tse ki li lo laoletseñ. 15 Yano ga ki tlole ki lo bitsa batlañka; gone motlañka ga a itse se morena oa gague o se rihañ; mi ki lo biritse litsala; gone cotle tse ki li utluileñ mo go Rre, ki li lo itsisitse. 16 Lona ga loa ’ntseñkela, mi ki ’na eo ki lo itseñketseñ, mi ki lo laorisitse, gore lo ee lo uñue louñuo, gore louñuo loa lona lo nne; gore Rra a lo nee cotle tse lo li lopañ mo ineñ ya me. 17 Lilo tse kia li lo laolela, gore lo ratane. 18 Ha lehatse le lo ila, loa itse ha le ’nkirile pele, le e si le lo ile. 19 Ha lo le lo le ba lehatse, lehatse le ko le rata ba yeona. Mi ka lo si ba lehatse, mi ka ki lo itseñketse mo hatsiñ, ki gona lo iloañ ki lehatse. 20 Gopolañ lehuku ye ki le lo reileñ, Motlañka ga a mogolu bogolu go morena oa gague. Ha ba ’mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba lepile huku ya me, le ya lona ba tla le lepa. 21 Mi lilo cotle tse ba tla li lo rihela, ka ntla ea leina ya me, gone ba sa itse eo o ’nthomileñ. 22 Ha ki le ki sa ka ka tla, ka bua le bona, ba ko ba sina boleo; mi yana ga ba na seipato sa boleo yoa bona. 23 Eo o ’nkilañ, oa ila le ena Rre. 24 Ha ki le ki sa rihe tiho tse ri sa rihoeñ ki ope mo go bona, ba ko ba sina boleo; mi yana ba li bonye, mi ba ’nkirile le Rre. 25 Mi tse li rihahetse, gore lehuku ye le kuariloeñ mo molaoñ oa bona le rihahale, Ba ’nkirile ka boomu. 26 Mi etlare Mogomotsi a sina tla, eo ki tla mo lo romelañ, a coa go Rra, eboñ Moea oa boamarure, o o coañ go Rra, ouo o tla shupa ga me: 27 Mi le lona, lo tla shupa, gone lo lo na le ’na mo tsimologoñ.

16

KHAOLO 16. 1 LILO tse ki li buile le lona, gore lo si khopisioe. 2 Ba tla lo khoromeletsa kua ntle ga masenagoge; E, oura oe tla, leha e le mañmañ eo o tla lo bolaeañ, o tla itloma a rihela Morimo. 3 Mi lilo tse ba tla li lo rihela, gone ba sa itse Rra, leha e le ’na. 4 Mi lilo tse ki li lo buleletse, gore mogañ oura o tlañ lo gopole ha ki li lo buleletse. Mi lilo tse ga kia ka ka li lo bulelela mo tsimologoñ, gone ki le ki na le lona. 5 Mi yana kia ea go ena eo o ’nthomileñ, mi ga go ope oa lona eo o ’mpotsañ, U ea kae? 6 Mi bohutsana bo tletse mo peruñ tsa lona, gone ki lo buleletse lilo tseuo. 7 Leha gontse yalo kia lo bulelela boamarure; go molemo go lona ka ki ea; gone ha ki sa ee, Mogomotsi ga a kitla a tla go lona; mi ha ki ea, ki tla mo romela go lona. 8 Mi o tlare a sina tla, o tla itsise lehatse ga boleo, le ga tsiamo, le ga tsekisho; 9 Ga boleo, gone ba sa rumele mo go ’na; 10 Ga tsiamo, gone kia ea go Rra, mi ga lo kitla lo tlola lo ’mpona; 11 Ga tsekisho, gone Mogolu oa lehatse yenu a sekisicoe. 12 Ki sa na le lilo li lintsi go li lo bulelela, mi ga lo kake loa li iphapanya yana. 13 Mi Moea oa boamarure o tlare o sina tla, o tla lo gogela mo boamarureñ yotle; gone ga o kitla o bua ka osi, mi cotle tse o tla li utluañ, o tla li bua; mi o tla lo bulelela lilo tse ri tla tlañ. 14 O tla ’nkhalaletsa; gone o tla cula ga me, mi o tla go lo bulelela. 15 Cotle tsa Rra e le tsa me; ki gona ki reileñ o tla cula ga me, mi o tla go lo bulelela. 16 Ka bokhutsanyane, mi ga lo kitla lo ’mpona, mi gape ka bokhutsanyane lo tla ’mpona, gone kia ea go Rra. 17 Eriha gona bañue ba barutoa ba gague ba ranañ, Eñ se o se buañ le rona, Ka bokhutsanyane, mi ga lo kitla lo ’mpona; mi gape ka bokhutsanyane lo tla ’mpona, gone kia ea go Rra? 18 Ki gona ba reñ, Eñ se o se buañ, ba bokhutsanyane? Ga re itse se o se buañ. 19 Yesu ka a itse ba rata go motsa, a ba raea, A lo botsanya ga ye ki le buileñ, Ka bokhutsanyane, mi ga lo kitla lo ’mpona, mi gape ka bokhutsanyane lo tla ’mpona? 20 Amarure, amarure, kia lo raea, Lo tla lela lo lelela, mi lehatse le tla itumela; lo tla hutsahala, mi khutsahalo ea lona e tla hetoloa boitumelo. 21 Mosari o na le khutsahalo mo pelegoñ, gone oura oa gague o tlile. Mi eare a sina belega ñuana, a sa tlole a gopola tlalelo ka ntla ea boitumelo, gone mothu a tsalecoe mo lehatsiñ. 22 Mi yana le lona, lo na le bohutsana rure; mi ki tla ba ki lo bona, mi pelu tsa lona li tla itumela, mi ga go ope eo o lo tlosetsañ boitumelo yoa lona. 23 Mi mo motleñ ouo, ga lo kitla lo ’mpotsa sepe. Amarure, amarure, kia lo raea, Cotle tse lo tla li lopañ Rra mo ineñ ya me, o tla li lo naea. 24 Le mo nakoñ enu ga lo e si lo lope sepe mo ineñ ya me; lopañ, mi lo tla cula, gore boitumelo yoa lona bo tlale. 25 Lilo tse, ki li buile le lona ka licuanco; oura oe tla mogañ ki si ki tla ki tlola ki bua le lona ka licuanco, mi ki tla lo bulelela ga Rra ka thanolo. 26 Mo motleñ ouo, lo tla lopa mo ineñ ya me, mi ga ki lo ree, Ki tla lo rapelela Rra; 27 Gone Rra ka esi oa lo rata, gone lo ’nthatile, mi lo rumetse ha ki coa Morimoñ. 28 Ki coa go Rra mi ki tlile mo lehatsiñ. Mi gape, ki tlogela lehatse, mi kia ea go Rra. 29 Barutoa ba gague ba mo raea, Bona, yana ua bua ka thanolo, mi ga u bue secuanco sepe. 30 Yana rea itse ha u itse lilo cotle, mi ga u cuaneloe go borioa ki ope. Re rumela ha u coa Morimoñ, ka ntla ea mouo. 31 Yesu a ba araba, Yana a loa rumela? 32 Bonañ, oura oe tla, mi yana o tlile, o lo tla halarioañ moñue le moñue go ba gague ka ona, mi lo tla ’ntlogela ’nosi; mi leha gontse yalo ga ki ’nosi, gone Rra a na le ’na. 33 Lilo tse, ki li buile le lona, gore lo ne le kagisho mo go ’na. Lo tla na le patikego mo lehatsiñ; mi namatsegañ, ki hentse lehatse.

17

KHAOLO 17. 1 MI Yesu a bua lilo tse, a culetsa maitlo a gague legorimo, mi a re, Rra, oura o tlile, galaletsa Moroau, gore Moroau le ena a gu galaletse. 2 Go cuana yaka u mo laorisitse nama cotle, gore botle ba u ba mo neileñ a ba nee botselo yo bo sa khutleñ. 3 Mi yo ki yona botselo yo bo sa khutleñ, gore ba gu itse, Morimo osi oa amarure, le Yesu Keresete eo u mo romileñ. 4 Ki gu galaleritse mo lehatsiñ; ki ueritse tiho e u e ’nneileñ go e riha. 5 Mi yana, Rra, ’nkhalaletsa ha pele ga gago, ka khalalelo e ki le ki na naeo nau, pele ga lehatse le e si le ne. 6 Leina ya gago, ki le bonatseritse mo bathuñ ba u ba ’nneileñ mo hatsiñ. Ba e le le ba gago; mi u ba ’nneile; mi ba bulukile huku ya gago. 7 Mi yana ba itse ha cotle tse u li ’nneileñ, li coa go uena; 8 Gone ki ba neile mahuku a u a ’nneileñ, mi ba a cutse; mi ba itse rure ha ki coa go uena, mi ba rumetse ha u ’nthomile. 9 Kia ba rapelela, ga ki rapelele lehatse, mi kia rapelela ba u ba ’nneileñ, gone ki ba gago. 10 Mi botle ba me, ki ba gago; mi ba gago, ki ba me; mi ki galalericoe mo go bona. 11 Mi yana ga ki tlole ki le mo lehatsiñ, mi ba, ba mo hatsiñ; mi ki tla go uena. Rra oa Boitsepho, buluka mo ineñ ya gago ba u ba ’nneileñ, gore ba ne bañue hela yaka rona. 12 Erile ki sa na nabo mo lehatsiñ, ka ba buluka mo ineñ ya gago; ba u ba ’nneileñ ki ba bulukile; mi ga go ope oa bona eo o latlegileñ, ha e si moroa tsenyego, gore lokualo lo rihahale. 13 Mi yana ki tla go uena; mi ki bua lilo tse mo lehatsiñ, gore ba ne le boitumelo yoa me bo tletse mo go bona. 14 Ki ba neile lehuku ya gago, mi lehatse le ba irile, gone ba si ba lehatse, yaka le ’na ki si oa lehatse. 15 Ga ki rapelele gore u ba ntse mo lehatsiñ, mi gore u ba buluke mo go eo o boshula. 16 Ga si ba lehatse, yaka ki si oa lehatse. 17 Ba itsephise mo boamarureñ yoa gago; lehuku ya gago ki boamarure. 18 Yaka u ’nthomile mo lehatsiñ, le ’na ki ba romile mo hatsiñ yalo. 19 Mi kia iitsephisa ka ntla ea bona, gore le bona ba itsephisioe mo boamarureñ. 20 Mi le ba, ga ki ba rapelele bosi, mi ki rapelela le bona ba ba tla rumelañ mo go ’na, ka lehuku ya bona; 21 Gore ba ne bañue hela botle, yaka uena, Rra, u le mo go ’na, le ’na mo go uena; le bona a ba ne bañue hela mo go rona, gore lehatse le rumele ha u ’nthomile. 22 Mi ki ba neile khalalelo e u e ’nneileñ, gore ba ne bañue hela, yaka le rona re le moñue hela. 23 ’Na mo go bona, mi uena mo go ’na, gore boñue hela yoa bona bo tlale, mi gore lehatse le itse ha u ’nthomile, mi u ba ratile, yaka u ’nthatile. 24 Rra, ki rata, gore ba u ba ’nneileñ le bona ba ne le ’na kua ki gona, gore ba bone khalalelo ea me, e u e ’nneileñ; gone u lua ’nthata pele ga motheo oa lehatse. 25 Rra oa tsiamo, lehatse ga lea ka ya gu itse, mi ’na ki gu itsile; le ba, ba itse ha u ’nthomile. 26 Mi ki ba itsisitse leina ya gago; mi ki tla le itsise, gore lorato lo u lua ’nthata ka lona, lo ne mo go bona, le ’na mo go bona.

18

KHAOLO 18. 1 YESU o rile a sina bua lilo tse, a coa, a khabaganya molacana oa Kiderona, ha tsimo e le le gona, e o tsenañ go eona le barutoa ba gague. 2 Mi Yuda eo o mo okañ, le ena a itse helo ha; gone Yesu a ea gona ka gantsi le barutoa ba gague. 3 Eriha gona Yuda ka a cutse shomo ya batlabani, le batlañka bañue ba baperiseti ba bagolu, le Bafarisai, ba tla gona ka maisho a lobone, le litime, le lilo tsa tlabano. 4 Mi ka Yesu a itse cotle tse ri tlañ go ena, a coa, mi a ba raea, Lo batla mañ? 5 Ba mo araba, Yesu oa Nasareta. Yesu a ba raea, Ki ’na. Mi Yuda le ena eo o mo okañ, a eme nabo. 6 Mi ka a sina ba raea, Ki ’na, ba kata ka morago, ba oela ha hatse. 7 Eriha gona o bañ a ba botsa, Lo batla mañ? Mi ba re, Yesu oa Nasareta. 8 Yesu u araba, Ki lo reile, ha ki le ena. Mi ki gona ha lo ’mpatla, a ba ee ba: 9 Gore huku ye o le buileñ, le rihahale, Ga ki latlegeloe ki ope oa ba o ba ’nneileñ. 10 Eriha gona Simone Petero eo o la a na le caka, a e shomola, mi a rema motlañka oa moperiseti eo mogolu, mi a mo khaola tsebe e e siameñ. Mi leina ya motlañka e le le Maleko. 11 Eriha gona Yesu o raeañ Petero, Shomela caka ea gago mo khatleñ ea eona. A ga ’nkitla ki noa senoelo se Rra o se ’nneileñ? 12 Eriha gona shomo ya batlabani, le khosi ea yeona, le batlañka ba Bayuda ba cuarañ Yesu, mi ba mo golega, 13 Mi ba mo gogela go Ane pele, gone e le le mogoagadia Kaiafe, eo e le le moperiseti eo mogolu ka ñuaga ouo. 14 Mi yana Kaiafe ki ena eo o la a gakolotse Bayuda, ha e le go cuanelo gore mothu moñue a shuele bathu. 15 ¶ Mi yana Simone Petero le morutoa eo moñue ba sala Yesu morago. Mi yana morutoa eo a itsioe ki moperiseti eo mogolu, mi a tsena le Yesu mo loapeñ loa moperiseti eo mogolu. 16 Mi Petero a eme kua ntle ha khoroñ. Eriha gona morutoa eo moñue eo o itsioeñ ki moperiseti eo mogolu o coañ, mi a bua le mohula eo o risañ khoro, mi a isa Petero mo teñ. 17 Eriha gona mohula eo e le le morisa oa khoro o raeañ Petero, A le uena, ga u moñue oa barutoa ba monona eo? A re, Ga si ’na. 18 Mi batlañka le bariheri ba ema ha moleloñ oa magala, o ba o gotsitseñ, gone gole gole tsiriri, mi ba ikomosa; mi Petero a ema nabo, a ikomosa. 19 ¶ Eriha gona moperiseti eo mogolu o botsañ Yesu kaga barutoa ba gague, le thuto ea gague. 20 Yesu a mo araba, Ki le ka bua ka thanolo le ba lehatse, mi ki le ka ruta ka gale mo senagogeñ, le mo tempeleñ, kua Bayuda ba phuthegelañ gona; mi ga kia ka ka bua sepe mo go sa itsioeñ. 21 U ’mpotsisetsañ? Botsisa ba ba utluileñ se ki se buileñ nabo; bona, ba itse se ki se reileñ. 22 Mi ka a sa bua tseuo, motlañka moñue eo o emeñ gona, a tlanya Yesu, a re, A u araba moperiseti eo mogolu yalo? 23 Yesu a mo araba, Ha ki buile cokamo, shupa ga eona cokamo, mi ha ki buile ka tsiamo, u ’ntlanyetsañ? 24 Mi Ane a mo romela a golegiloe go Kaiafe moperiseti eo mogolu. 25 Mi Simone Petero, a eme a ikomosa. Eriha gona ba mo raeañ, A le uena, ga u moñue oa barutoa ba gague? A latola, mi a re, Ga si ’na. 26 Motlañka moñue oa moperiseti eo mogulu, ea bo e le tsala ea eo Petero o mo khaotseñ tsebe, a re, A ga kia ka ka gu bona mo tsimoñ le ena? 27 Eriha gona Petero o bañ a latola; mi koku e tona ea akoha ea lela. 28 Eriha gona ba ntsañ Yesu mo tluñ ea ga Kaiafe, ba mo gogela mo tluñ ea tsekisho; mi yana yoa bo bosa; mi bona ba si ka ba tsena mo tluñ ea tsekisho, gore e si re khotsa ba leshueharioa, mi gore ba ko ba ye Tlolaganyo. 29 Eriha gona Pilato o coelañ go bona, mi a re, Molatu o, lo o lereñ, oa mothu eo, ki ohe? 30 Ba araba, ba mo raea, Monona eo ha e le e si morihalibe, re kabo re sa ka ra mo gu nela. 31 Eriha gona Pilato o ba raeañ, Mo culeñ, mi lo mo sekise kaha molaoñ oa lona. Eriha gona Bayuda ba mo raeañ, Ga rea leselerioa go bolaea ope; 32 Gore lehuku ya ga Yesu le rihahale, ye o la a le bua kaga loshu lo o tla lo shuañ. 33 Eriha gona Pilato a bañ a tsena mo tluñ ea tsekisho, mi a bitsa Yesu, a mo raea, A ki uena khosi ea Bayuda? 34 Yesu a mo araba, A u bua seuo ka uesi; khotsa a ba bañue ba gu buleletse ga me? 35 Pilato a araba, A ki Moyuda? Morahe oa gago, le baperiseti ba bagolu ba gu ’nneetse. U rihileñ? 36 Yesu a araba, Bogosi yoa me, ga si yoa lehatse yenu. Ha bogosi yoa me e le le yoa lehatse yenu, bariheri ba me ba kabo ba tlabana, gore ki si neloe Bayuda; mi yana bogosi yoa me ga si yoa monu. 37 Eriha gona Pilato o mo raeañ, Mi a u khosi? Yesu a araba, Ua re, ki khosi. Ki tsalecoe go na yalo; mi ki tlile mo hatsiñ ka mouo, gore ki shupe kaga boamarure. Moñue le moñue oa boamarure oa utlua koru ea me. 38 Pilato a mo raea, Boamarure ki eñ? Mi ka a sina bua yalo, a ba a coela go Bayuda, mi a ba raea, Ga ki bone molatu ope mo go ena. 39 Mi lo na le temalo, gore ki lo gololele moñue ka motla oa Tlolaganyo; ki gona a lo rata ka lo gololela Khosi ea Bayuda? 40 Eriha gona ba bañ ba bitsa botle, ba re, Esiñ monona eo, e le Barabe. Mi yana Barabe e le le senokuane.

19

KHAOLO 19. 1 ERIHA gona Pilato o tsaeañ Yesu, mi a metsa. 2 Mi batlabani ba loga seroalo sa mitlua, mi ba se mo roesa mo tlogoñ ea gague; mi ba mo apesa aparo sa porepura; 3 Mi ba re Rumela, Khosi ea Bayuda! mi ba mo tlanyaka. 4 Eriha gona Pilato o bañ a coa, mi a ba raea, Bonañ, ki mo lo leretse, gore lo itse ha ki sa bone molatu ope mo go ena. 5 Eriha gona Yesu a coelañ kua ntle, a roele seroalo sa mitlua, le aparo sa porepura; mi Pilato a ba raea, Bonañ monona! 6 Eriha gona ka baperiseti ba bagolu, le batlañka ereñ ba mona, ba bitsa, ba re, Mapola, mapola. Pilato a ba raea, Mo tseeñ, mi lo mapole, gone ga ki bone molatu ope mo go ena. 7 Bayuda ba mo araba, Re na le molao, mi o cuanetse go shua ka molao oa rona, gone a itihile Moroa Morimo. 8 ¶ Ki gona Pilato ka a utlua lehuku yeuo a boiha bogolu. 9 Mi a ba a ea mo tluñ ea tsekisho, mi a raea Yesu, U coa kae? Mi Yesu a si ka a mo araba sepe. 10 Eriha gona Pilato o mo raeañ, A ga u bue le ’na? A ga u itse ha ki na le thata go gu bapola, le thata go gu golola? 11 Yesu a araba, U kabo u sina thata epe mo go ’na, ha e si e u e neiloeñ ki legorimo; ki gona ena eo o gu ’nneletseñ, o na le sebe se segolu bogolu. 12 Hoñ Pilato a batla go mo golola; mi Bayuda ba bitsa, ba re, Ha u golola monona eo, u tla bo u si tsala ea ga Kaisare. Leha e le mañmañ eo o itihañ khosi, o ganela le Kaisare. 13 Mi ga na ka Pilato a sina utlua huku yeuo a ntsetse Yesu kua ntle, mi a lula mo seruloñ sa tsekisho, mo heloñ go birioa Matlapa, mi go birioa Gabata mo puoñ ea Seheberu. 14 (Mi e le le iketleco ea Tlolaganyo, mi e kane e le oura oa bo‐sekes.) Mi a raea Bayuda, Bonañ khosi ea lona! 15 Mi ba bitsa, Mo tlose, mo tlose, mapole. Pilato a ba raea, A ki tla bapola khosi ea lona? Baperiseti ba bagolu ba araba, Ga re na khosi, ha e si Kaisare. 16 Eriha gona o mo ba nelañ, gore a bapoloe. Mi ba tsaea Yesu, mi ba mo gogela koñ. 17 Mi ka a kaba mokhoro oa gague, a coela kua heloñ go birioa, Helo ga logata, mi go birioa Golegota mo puoñ ea Seheberu: 18 Ha ba mapolañ gona, le bañue ba tu ba na nae, moñue mo ntleñ ñue le eo moñue mo ntleñ ñue, mi Yesu ha gare. 19 ¶ Mi Pilato a kuala sekualo sa pulelo, mi a se manega mo mokhoroñ. Mi hoñ go kuariloe, YESU OA NASARETA, KHOSI EA BAYUDA. 20 Mi bantsi ba Bayuda ba buisa sekualo se (gone helo ha Yesu o la a bapocoe gona, go le gauhe le motse); mi sa bo se kuariloe mo puoñ ea Seheberu, le ea Segerika, le ea Seroma. 21 Eriha gona baperiseti ba bagolu ba Bayuda ba raeañ Pilato, Si kuale, Khosi ea Bayuda, mi ha a la a re, Ki khosi ea Bayuda. 22 Pilato a araba, Se ki se kuarileñ, ki se kuarile. 23 ¶ Eriha gona ereñ ka batlabani ba sina bapola Yesu mo mokhoroñ, ba tsaea liaparo tsa gague, mi ba li khaoganya ga for, moñue le moñue oa batlabani kabetlanyana ñue ea cona; le eona koyana ea gague; mi yana koyana e sina moroko; e logiloe go coa gorimo go ea gotle. 24 Ki gona ba ranañ, A re si e gagoleñ, mi a re itseñ gore e tla na ea ga mañ, ka go tsela likelero; gore kualo lo rihahale, lo lo reñ, Ba khaogantse aparo tsa me mo go bona, mi ba tselela koyana ea me likelero. Ki gona batlabani ba riha lilo tse. 25 ¶ Mi gabo go eme gauhe le mokhoro oa ga Yesu, mague, le monna mague, Marie, mosari oa ga Keleope, le Marie Magadalina. 26 Eriha gona ereñ Yesu a bona mague, le morutoa eo o mo ratañ a eme gauhe, a raea mague, Mosari, bona moroau! 27 Eriha gona a raeañ morutoa, Bona mago! Mi e sale ka oura ouo, morutoa eo, a mo tsela mo legaeñ ya gague. 28 ¶ Morago ga mouo, ka Yesu a itse ha cotle li uericoe, gore lokualo lo rihahale, a re, Ki nyoriloe. 29 Mi yana gole gole nkho e e tletseñ boyaloa yo bo berileñ, mi ba tlatsa ñami ka boyaloa yo bo berileñ, mi ba e tlomela ka hisopa, mi ba e isa kua molomoñ oa gague. 30 Mi eare Yesu a sina cula boyaloa yo bo berileñ, a re, Go uericoe; mi a oba tlogo ea gague, mi a nela moea. 31 Eriha gona Bayuda ba rapelañ Pilato, gore memo ea bona e royoe, gore mebele ea bona e si ne mo mokhoroñ ka tsatsi ya sabata; gone e le le iketleco, mi sabata seuo e le le tsatsi ye legolu. 32 Eriha gona batlabani ba tlañ, ba roba memo ea oa ntla, le ea eo moñue, eo o la a bapocoe nae. 33 Mi ka ba tla go Yesu, ba bona ha a shule, ba si ka ba roba memo ea gague: 34 Mi moñue oa batlabani, a tlaba tlakure loa gague ka lerumo; mi mari le metse a akoha a coa gona. 35 Mi ena eo o bonyeñ o shupile, mi cupo ea gague ki amarure; mi oa itse ha a bua lilo tsa boamarure, gore lo rumele. 36 Gone lilo tse li tsa rihahala, gore lokualo lo rihahale, Sapo lepe ya gague ga le kitla le royoa. 37 Mi gape go bua kualo lo loñue, Ba tla leba ena eo ba mo tlabileñ. 38 ¶ Mi yana morago ga lilo tse, Yosefe oa Arematea, eo e leñ morutoa oa ga Yesu, mi a shubegile ka ntla ea go boiha Bayuda, a rapela Pilato gore a tlose mele oa ga Yesu; mi Pilato a mo leseletsa. Mi a ea a tlosa mele oa ga Yesu. 39 Nikodemo le ena, eo o la a tla go Yesu bosigo, a tla, mi a lere tlakanyo ea mera le aloe, e kane e le le liponda le hundereda. 40 Eriha gona ba tsaeañ mele oa ga Yesu, mi ba o boha le tse ri ñkhañ monate ka matsela a lene, yaka mokhua oa phitlo ea Bayuda. 41 Mi gabo gole tsimo ha o la a bapoleloa gona; mi phupu e nca e le le mo tsimoñ, e go e si go ko go larioa ope go eona. 42 Ki gona ba latsañ Yesu gona, ka ntla ea iketleco ea Bayuda, ka phupu e le le gauhe.

20

KHAOLO 20. 1 MO tsatsiñ ya ntla ya ueke, ga tla Marie Magadalina gale ka go sale lehihi mo phupuñ, mi a bona ha leincue le tlosicoe mo phupuñ. 2 Eriha gona o tabogañ, mi a tla go Simone Petero, le go morutoa eo moñue, eo Yesu o mo ratañ, mi a ba raea, Ba tlositse Morena mo phupuñ, mi ga re itse kua ba meileñ gona. 3 Eriha gona Petero le morutoa eo moñue, ba coañ, ba ea kua phupuñ. 4 Mi ba taboga mogo ka bo tu yoa bona; mi morutoa eo moñue a sia Petero, mi a hitla pele ha phupuñ. 5 Mi ka a inama, a bona matsela a lene a letse, mi leha gontse yalo a si ka a tsena. 6 Eriha gona Simone Petero o tlañ, a mo latela, mi a tsena mo phupuñ, mi a bona yaka matsela a lene a letse, 7 Le letsela ye le le mo tlogoñ ea gague, le sa larioe le matsela a lene, mi le phuthiloe yeosi mo heloñ goñue. 8 Eriha gona morutoa eo moñue le ena o tsenañ, eo o tlileñ pele mo phupuñ, mi a bona, mi a rumela. 9 Gone yana ba e si ba itse likualo, ha a cuanetse go ba a coga mo bashuiñ. 10 Eriha gone barutoa ba bañ ba boela kua legaeñ. 11 ¶ Mi Marie a eme kua ntle ga phupu, a lela; ka a lela a inamela mo phupuñ. 12 Mi a bona baengele ba tu ba ba apereñ boshueu, ba rutse, moñue ha tlogoñ, mi moñue ha linaoñ, ha mele oa ga Yesu o lo oa letse gona. 13 Mi ba mo raea, Mosari, u lelelañ? A ba raea, Gone ba tlositse Morena oa me, mi ga ki itse kua ba mo laritseñ gona. 14 Mi ka a sina bua yalo, a retologela morago, mi a bona Yesu a eme, mi a sa itse ha e le le Yesu. 15 Yesu a mo raea, Mosari, u lelelañ? U batla mañ? Mi a itloma e le morihi oa tsimo, a mo raea, Morena, ekare ha u mo tlositse, ’mpulelela kua u mo laritseñ gona, mi ki tla mo tlosa. 16 Yesu a mo raea, Maria; mi a retologa, mi a mo raea, Raboni; ki go re, Moruti. 17 Yesu a mo raea, Si ’nkame; gone ga ki e si ki tlatlogele go Rre; mi ea kua go bonnake, mi u ba ree, Ki tlatlogela kua go Rra ecu le Rra enu; le go Morimo oa me, le Morimo oa lona. 18 Mi Marie Magadalina a ea a bulelela barutoa ha a bonye Morena, mi a buile lilo tse nae. 19 ¶ Ka mabanyane a tsatsi yeuo, e le le tsatsi ya ntla ya ueke, ka meyako e cuariloe kua barutoa ba phuthegetseñ gona, ka ntla ea go boiha Bayuda, Yesu a tla, a ema ha gare, a ba raea, Kagisho e ne le lona. 20 Mi ka a sina bua yalo, a ba shupetsa liatla tsa gague, le tlakure loa gague. Eriha gona barutoa ba itumelañ, ka ba bona Morena. 21 Eriha gona Yesu o bañ a ba raea, Kagisho e ne le lona; yaka Rre a ’nthomile, gontse yalo kia lo roma. 22 Mi ka a sina bua yalo, a ba burulela, mi a ba raea, Culañ Moea oa Boitsepho. 23 Leha e le bo mañ ba lo icuarelañ libe tsa bona, li icuarecoe go bona; mi leha e le bo mañ ba, libe tsa bona lo li tsegetsañ, li tsegericoe. 24 ¶ Mi Tome moñue oa ba tuelev, eo o birioañ Didemo, o la a si na nabo ka Yesu a tla. 25 Eriha gona, barutoa ba bañue ba mo raeañ, Re bonye Morena. Mi a ba raea, Ekare ha ki sa bone lipari tsa limapo tsa tsipi mo atleñ tsa gague, le go tsenya monuana oa me mo lipariñ tsa limapo, le go tsenya atla sa me mo tlakuriñ loa gague, ga ’nkitla ki rumela. 26 ¶ Mi morago ga malatsi a eit, barutoa ba gague ba bile ba le mo teñ, le Tome a na nabo; mi Yesu a tla ka meyako e cuecoe, mi a ema ha gare, mi a re, Kagisho e ne le lona. 27 Eriha gona o raeañ Tome, Ntsetsa monuana oa gago kuanu, mi bona atla tsa me; mi ntsetsa atla sa gago kuanu, mi u se tsenye mo tlakureñ loa me; mi u si ne go bisa go rumela, mi rumela. 28 Mi Tome a araba, a mo raea, Morena oa me, le Morimo oa me. 29 Yesu a mo raea, Toma, u rumetse, gone u ’mponye; go tsegoharioa bona ba ba sa boneñ, mi ba rumetse. 30 ¶ Mi licupo liñue lintsi Yesu o la a li riha ha pele ga barutoa ba gague, tse ri sa kualoeñ mo bukeñ e. 31 Mi tse, li kuariloe, gore lo rumele ha Yesu e le Keresete, Moroa Morimo; mi ka go rumela, lo bone botselo ka leina ya gague.

21

KHAOLO 21. 1 MORAGO ga lilo tse, Yesu a ba a iponatsa go barutoa ba gague ha leoatleñ ya Tiberia; mi a iponatsa yalo. 2 Gabo gole mogo Simone Petero, le Tome eo o birioañ Didimo, le Natanaele oa Kana oa Galilea, le bomoroa Sebedaio, le ba tu ba bañue ba barutoa ba gague. 3 Simone Petero, a ba raea, Ki ea go cuara litlapi. Ba mo raea, Le rona, re ea nau. Ba coa, ba ea ba tsena mo shepeñ; mi ba si ka ba cuara sepe mo sigoñ youo. 4 Mi ka go na mosho, Yesu a ema mo lintsiñ tsa leoatle; mi barutoa ba sa itse ha e le le Yesu. 5 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Bana, a lo na le se se yeoañ? Mi ba araba, Nya. 6 Mi a ba raea, Rigelañ lotloa ha ntleñ e e siameñ ea shepa, mi lo tla bona. Ba riha yalo, mi yana ba reteleloa ki go lo goga ka ntla ea bontsi yoa litlapi. 7 Eriha gona morutoa eo o ratoañ ki Yesu, o raeañ Petero, Ki Morena. Mi ka Simone Petero a utlua ha e le Morena, a apara kobo e kholu ea gague, (gone a la a sina naeo,) mi a itatlela mo leoatleñ. 8 Mi barutoa ba bañue ba tla ka shepana, (gone ba le ba si khakala le lehatse, e ka ne e le le likubeta li tu hundereda,) ba goga lotloa le litlapi. 9 Mi erile ba sina hitla ha lehatsiñ, ba bona molelo oa magala gona, le litlapi li beiloe mo go ona, le señkhue. 10 Yesu a ba raea, Lereñ tsa litlapi tse lo li cuereñ yana. 11 Simone Petero a ea, mi a gogela lotloa mo lehatsiñ, lo tletsi litlapi tse ri kholu, li hundereda le faevte teri; mi leha li le lintsi yalo, lotloa lo si ka loa khaoga. 12 ¶ Yesu a ba raea, Tlañ lo ye. Mi go si ope oa barutoa, eo o la a ka motsa, U mañ? ka ba itse ha e le Morena. 13 Eriha gona Yesu o atamelañ, a tsaea señkhue, le cona litlapi, a li ba naea. 14 Mi yana lo ki loa bo‐teri, Yesu o la a iponatsa go barutoa ba gague ka lona, ka a sina coga mo bashuiñ. 15 ¶ Mi erile ba sina ya, Yesu a raea Simone Petero, Simona, moroa Yona, A ua ’nthata bogolu mo go ba? A mo raea, E, Morena; ua itse ha ki gu rata. A mo raea, Hurisa likuana tsa me. 16 Mi a ba a mo raea ka loa bo‐tu, Simona, moroa Yona, A ua ’nthata? A mo raea, E, Morena, ua itse ha ki gu rata. A mo raea, Risa liñku tsa me. 17 A mo raea ka loa bo‐teri, Simona, moroa Yona, A ua ’nthata? Petero a hutsahala, gone a mo raea ka loa bo‐teri, A ua ’nthata? A mo raea, Morena, ua itse lilo cotle; ua itse ha ki gu rata. Yesu a mo raea, Hurisa liñku tsa me 18 Amarure, amarure, kia gu raea, U lu ua ikokoaela mo bokauñ yoa gago, mi u lu ua tsamaea kua u ratañ go tsamaela gona; mi u tlare u sina cohala, u tla otlolola atla tsa gago, mi eo moñue o tla gu kokoaela, a gu belegela kua u sa go rateñ. 19 A bua yalo go mo shupetsa loshu lo o tla galaletsañ. Morimo ka lona. Mi ka a sina bua yalo, a mo raea, ’Ntsala morago. 20 Mi ka Petero o retologa, a bona morutoa eo o ratoañ ki Yesu a sala morago; eo ki ena eo o la a ikaegile ha sehubeñ sa gague mo selaleloñ, a re, Morena, emañ eo o tla gu okañ? 21 Ka Petero a mona, a raea Yesu Morena, go tla na yañ le eo? 22 Yesu a mo raea, Ha ki rata a sala ka tla ka tsamaea ka tla, eñ go uena? u ’ntsale morago. 23 Eriha gona lehuku ye le coelañ mo bakauleñueñ ha morutoa eo a sa kitla a shua. Mi Yesu o la a sa mo ree ha a si kitla a shua; mi Ha ki rata a sala ka tla ka tsamaea ka tla, eñ go uena? 24 ¶ Morutoa eo ki ena eo o shupañ kaga lilo tse; mi a kuala lilo tse; mi rea itse ha cupo ea gague ki amarure. 25 Mi le gona go sa na le lilo lintsi li sele, tse Yesu o la a li riha; tse ekareñ ha li li kuariloe cotle, ki itloma lehatse le yeona ka yeosi le sa kake ya cuara libuka tsi ri kabo li kuariloe.