KHAOLO 1. 1 MORIMO o o loa bua mo metleñ ea bogolugolu le bo‐rra ka baperofeti mo mekhueñ e mentsi, le ka gantsi,O buile le rona mo metsiñ enu ea morago, ka Moroa ona, eo o mo laotseñ go na Morena oa lilo cotle, eo le ena, o lo oa riha mahatsi ka ena; 3 Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu. 4 Ka a gorisicoe bogolu go baengele, ka a bonye ka boshua leina ye le bonatla bogolu go bona. 5 Gone o loa raea moeñgele ohe oa baengele leñ, U Moroake, ki gu tsetse gompienu? Mi gape, Ki tla na rague, mi o tla na Moroake? 6 Mi gape o rile o bo o lere motsaloi oa ntla oa ona mo lehatsiñ, oa re, A baengele botle ba Morimo ba mo obamele. 7 Mi kaga baengele o re, O o rihañ baengele ba ona lipheho, le bariheri ba ona khabo ea molelo. 8 Mi go Moroa, o re, Serulo sa bogosi sa gago, Morimo, se ka bosina bokhutlo yotle; tsama ea bogosi yoa gago ki tsama ea tsiamo. 9 U lu ua rata tsiamo, mi u lu ua ila tsiamololo; ki gona Morimo, Morimo oa gago, o gu tloritseñ ka loukuane loa boitumelo bogolu go lilekane tsa gago. 10 Mi, Uena, Yehova, u lu ua thaea methao ea lehatse mo tsimologoñ, mi magorimo ki tiho ea atla tsa gago. 11 A tla nyelela, mi u tla sala; a tla cohala aotle yaka seaparo, 12 Mi u tla a mena yaka kobo, mi a tla onala; mi uena u sa le ena, mi nyaga tsa gago ga li kitla li khutla. 13 Le gona o kile o raea moñue oa baengele leñ, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago? 14 Botle a ga ba meoea e e rihelañ, e e romecoeñ go thusa bona ba ba tla nañ ba boshua yoa puluko.
2KHAOLO 2. 1 KI gona re cuanetseñ go tsatsia bogolu lilo tse re li utluileñ, gore e si re khotsa ra li lebala ka motla ope. 2 Gone ha lehuku ye le builoeñ ki baengele le le tlomame, mi setlolo señue le señue le go bisa go utlua, li tsa bona tuelo ea tsiamo; 3 Re tla tsaba yañ, ha re lebala puluko e kholu e? e e simolocoeñ go reroa ki Morena, mi re e tlomamisericoe ki bona ba ba mo utluileñ; 4 Morimo le ona oa shupa ga bona, ka licupo le likhakhamaco, lo litiho tse ri thata li sele, le lineo tsa Moea oa Boitsepho, kaha thatoñ ea ona. 5 Mi lehatse ye le tlañ ye re buañ ga yeona, ga oa le nela mo taoloñ ea baengele. 6 Mi moñue o itsise mo heloñ goñue, a re, Mothu ki eñ, eo u mo gopolañ; khotsa moroa mothu eo u mo lekolañ? 7 U mo ñotlile bo botlana bogolu go baengele; u mo roesitse ka khalalelo le tlotlo, mi u mo emisitse go laola tiho tsa atla tsa gago. 8 Lilo cotle, u li beile tlatse ga nao tsa gague. Mi yana ka o beile lilo cotle mo taoloñ ea gague, ga oa tlogela sepe se se siñ mo taoloñ ea gague. Mi yana ga re e si re bone lilo cotle li le mo taoloñ ea gague; 9 Mi rea bona Yesu eo o ñotliloeñ bo botlana bogolu go baengele, a roesioa ka khalalelo le tlotlo ka go utlua loshu, ka a sina utluela botle loshu ka tsegohaco ea Morimo. 10 Gone go cuanetse ona, o lilo cotle li nelañ ona, le o lilo cotle li leeoñ ka ona, ka o gogela bana bantsi khalaleloñ, go gorisetsa khalaleloñ ena Mogogi eo o mogolu oa puluko ea bona, ka lipogisho. 11 Gone, eo o itephisañ, le ba ba itsephisicoeñ, ki ba moñue hela botle; mi ga a tlayoe ki litloñ go ba bitsa bakauleñue ka ntla ea mouo, 12 A re, Ki tla bulelela bakauleñue ba me leina ya gago, mi ki tla gu opelela pako gare ga ekelesia. 13 Mi gape, Ki tla mo ikanya. Mi gape, Bona, ’na, le bana ba Morimo o ba ’nneileñ. 14 Mi ereka bana e le baaberoi ba nama le mari, le ena ka esi o itseetse ga aona, gore a mo nyeletse ka loshu, ena eo o la a na le thata ea loshu, eboñ diabolo; 15 Le go golola bona ba ba le ba le mo popegoñ ea kholego ka ntla ea poiho ea loshu, mo tseloñ yotle yoa bona. 16 Gone amarure ga a thuse baengele ka gope, mi o thusa losika loa ga Aberahame. 17 Ki gona e le le cuanelo gore a ne yaka bakauleñue ba gague mo liloñ cotle, gore a ne moperiseti eo mogolu oa boicuarelo le boikanyo, mo liloñ tse e leñ tsa Morimo, go ruanyetsa libe tsa bathu. 18 Gone ka a la a bogisioa a raeloa, o nonohile go thusa ba ba raecoeñ.
3KHAOLO 3. 1 KI gona, bakauleñue ba boitsepho, ba e leñ baaberoi ba pico ea legorimo, tsañtsia Yesu Keresete, eo e leñ moapostoloi, le moperiseti eo mogolu, eo re mo ipobotseñ; 2 Eo o la a le boikanyo go ona o o mo laoletseñ, yaka Moshe a la a le mo tluñ ea gague eotle. 3 Gone ena o cuanecoe ki khalalelo e kholu bogolu go Moshe, yaka moagi oa ntlu a cuanecoe ki tlotlo bogolu go eona ntlu. 4 (Gone, ntlu ñue le ñue e agiloe ki moñue, mi eo o agileñ lilo cotle ki Morimo.) 5 Mi Moshe o la a ikancoe rure mo tluñ ea gague eotle yaka moriheri, go shupa ga lilo tse li ne li tla nama li buioa; 6 Mi Keresete, yaka Moroa, o laola mo tluñ ea gague; eo ntlu ea gague e leñ rona, ha re tsegeletsa bokhutloñ boikanyo yoa rona, le culuhelo ea boitumelo. 7 Ki gona yaka Moea oa Boitsepho o re, Gompienu, ka lo sa utlua koru ea ona, 8 Si thatahatseñ pelu tsa lona, yaka mo tlukuhacoñ, mo motleñ oa thaelo kua gareganaga; 9 Ka bo‐rra enu ba le ba ’nthaela, ba ’nteka, mi ba bona tiho tsa me ka linyaga li forte. 10 Ki gona, ki le ki le bogale le losika lo, mi ka re, Ba timela ka gale mo peluñ tsa bona, mi ga ba ka ba ipobola tsela tsa me. 11 Mi yalo ka ikana ka bogale yoa me, Ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me. 12 Itiseñ, bakauleñue, gore e si re khotsa pelu ea boshula, le ea go bisa go rumela, ea na mo go moñue oa lona, go tenega go Morimo o o tserileñ. 13 Mi kaelanañ ka metla eotle, ka go santse go tua, Gompienu; gore go si ne ope oa lona eo o thataharioañ ki tsieco ea boleo; 14 Gone re tla rihoa baaberoi ba matsego a ga Keresete, ha re tsegeletsa bokhutloñ boikanyo yoa rona yoa ntla. 15 Le mororo go tua, Gompienu, ka lo sa utlua koru ea ona, si thatahatseñ pelu tsa lona, yaka go rihetse mo tlukuhacoñ; 16 Mi e le le bo mañ, ba ba rileñ ba sina utlua, ba tlukuhatsa? a e le e si botle ba ba coañ le Moshe kua Egepeto? 17 Mi o lo le bogale le mañ ka linyaga li forte? A e le e si le ba ba leohileñ, ba litoto tsa bona li oetseñ gareganaga? 18 Ba o ba ikanetseñ, oa re, ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea gague, e bo mañ, ha e si ba ba le ba sa rumele? 19 Mi yana rea bona ha ba le ba sa kake ba tsena ka ntla ea go bisa go rumela.
4KHAOLO 4. 1 KI gona, a re itiseñ, ka pulelelo‐pele e sa leeo go tsena mo khucoñ ea gague, gore e si re khotsa moñue oa lona a e tlaela. 2 Gone evangelio e la ea rereloa rona, yaka bona; mi lehuku ye ba le rerecoeñ ga lea ka ya ba riha molemo, ka le sa tlakañoe le tumelo mo go ba ba le ba le utlua. 3 Gone rona ba re rumelañ rea tsena mo khucoñ; yaka a buile, Ki ikane yalo ka bogale yoa me, ba ba sa rumeleñ ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me; eboñ ea litiho tse ri uericoeñ motheo oa lehatse o sina beoa. 4 Gone o bua yalo mo heloñ goñue, ga tsatsi ya bo‐seven, Mi Morimo o loa ikhutsa mo tihoñ cotle tsa ona ka tsatsi ya bo‐seven. 5 Gape mo mokhueñ o, Ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me. 6 A ereka go na le bañue ba ba tla tsenañ mo khucoñ e, mi ba evangelio ba e rerecoeñ pele, ga ba ka ba tsena ka ntla ea go bisa go rumela ga bona, 7 Ki gona o bileñ oa laolela tsatsi leñue, ka o lo oa bua ka Davide, Gompienu, morago ga motla o molele; yaka go tua, Gompienu, ka lo sa utlua koru ea ona, si thatahatseñ pelu tsa lona. 8 Mi yana ha Yehoshue a la a ba neile khuco, o kabo o si ka oa bua ga tsatsi ye leñue. 9 Ki gona khuco e salelañ bathu ba Morimo. 10 Gone eo o tsenyeñ mo khucoñ ea ona, le ena o khutlile mo tihoñ tsa gague, yaka Morimo mo go tsa ona; 11 Ki gona a re ganeleñ go tsena mo khucoñ e, gore go si ne ope eo o latlegañ yaka sekao seuo, ka ntla ea go bisa go rumela. 12 Gone lehuku ya Morimo le tserile, le thata, mi le bogale bogolu go caka e magale ma tu, le tlaba le go khaoganya botselo le moea, le litokololo le moko; mi lea sekisa likhopolo le maikaelelo a pelu; 13 Mi ga go sepe se se shubiloeñ ha pele ga ona, mi lilo cotle ga lia ikatega, mi li senogile ha pele ga maitlo a ona o re tla o ikarabelañ. 14 Ere ka re na le moperiseti eo mogolu bogolu eo o phololetseñ magorimoñ, eboñ Yesu Moroa Morimo, a re tsegetseñ boipobolo yoa rona. 15 Gone ga re na moperiseti eo mogolu eo o sa kakeñ a utluela makoa a rona botluku; mi re na le moñue eo o la a raeloa ki cotle yaka rona, leha gontse yalo a sina boleo. 16 Ki gona a re atameleñ serulo sa tsegohaco ka pelukhale, gore re bone boicuarelo, le go bona tsegohaco e e tla re thusañ mo motleñ oa botloko.
5KHAOLO 5. 1 GONE moperiseti eo mogolu moñue le moñue, ka a tseoa mo bathuñ, oa laoleloa bathu mo liloñ tse e leñ tsa Morimo, gore a shupele libe licupelo, le licupelo tsa tlabo; 2 Eo o nonohileñ go utluela ba ba sa itseñ le batimeri botluku, le mororo ena ka esi a hocoe ki bokoa. 3 Mi o cuanetse go icupela le go shupela bathu cupelo tsa boleo ka ntla ea mouo. 4 Mi ga go ope eo o itseelañ tlotlo e, ha e si eo o birioañ ki Morimo, yaka Arone. 5 Gontse yalo, Keresete le ena o la a sa itseele tlotlo go na moperiseti eo mogolu; mi eo o mo reileñ, U moroake, ki gu tsetse gompienu. 6 Yaka a bua mo heloñ goñue, U moperiseti ka bosina bokhutlo, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke. 7 Eo mo metleñ ka a sa le mo nameñ, a culeletsa merapelo le merapelo e e thata, ka lipico tse ri thata le likeleri, go ona o o nonohileñ go muluka mo loshuñ, mi a gololoa mo go se o la a se boiha; 8 Leha e le le Moroa, o la a ithuta kutlo ka pogisho tse o la a le mo go cona; 9 Mi erile a sina goriserioa khalaleloñ, a na mocoeri oa puluko e e sa khutleñ go bona botle ba ba mo utluañ: 10 Ka a biricoe ki Morimo moperiseti eo mogolu, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke. 11 Eo re nañ le lilo li lintsi go li bua ga gague, tse ri thata go phuthololoa, ka lo kabetse litsebe. 12 Gone ere ha lo kabo lo cuanetse go nonoha go ruta, ka lobaka lo le lo lele yana, lo sa tloka go ba lo rutoa mo tsimologoñ tsa mahuku a Morimo, mi lontse ba ba tlokañ mashi bogolu go liyo tse ri loileñ. 13 Gone moñue le moñue eo o noañ mashi, ga a botlale mo hukuñ ya tsiamo; gone a le serathana. 14 Mi liyo tse ri loileñ ki tsa ba ba gorileñ, ba lithata tsa bona ba li tloaeritseñ ka bocoelelo go harologanya molemo le boshula.
6KHAOLO 6. 1 KI gona ka go tlogela tsimologo tsa thuto ea ga Keresete, a re coeleleñ pele botlaloñ; esiñ go ba go thaea motheo kaga tiho tse ri shuleñ, le ga tumelo mo Morimoñ, 2 Le ga thuto ea papetisho, le ga peo ea liatla, le ga cogo ea bashui, le ga tsekisho e e sa khutleñ. 3 Mi se re tla se riha, ha Morimo o leseletsa. 4 Gone go retetse go bona ba ba kileñ ba bonesioa, le go leka neo ea legorimo, le go rihoa baaberoi ba Moea oa Boitsepho, 5 Le go leka huku ye le molemo ya Morimo, le lithata tse lehatse ye le tlañ, 6 Ha ba tenega, go retetse go ba shahaletsa tlabologoñ, ka ba bile ba ipapolela Moroa Morimo, ba mo riha litloñ mo ponatsegoñ. 7 Gone lehatse ye le noañ pula e e le nelañ ka gantsi, le ba uñuela mauñuo a molemo bona ba ba le lemeloañ, lea bona matsego mo go Morimo; 8 Mi ye le uñuañ mitlua le meñana, le latlegesega, mi le gauhe le thogako; ye khutlo sa yeona e leñ go hisioa. 9 Mi, baratoi, leha re bua yalo, rea shuluhela rure lilo tse ri molemo bogolu go tse kaga lona, eboñ tse ri kopancoeñ le puluko: 10 Gone Morimo ga o tsiamololo, go lebala tihelo ea lona, le lorato lo lo lo shuperitseñ leina ya ona, ka lo rihetse baitsephi, mi lo sa ba rihela. 11 Mi re eletsa gore moñue le moñue oa lona a shupe boitlaganelo yo kua bokhutloñ, ka culuhelo e e tlomameñ. 12 Gore lo si boruhale; mi lo ne baetsi ba bona ba ba bonyeñ boshua yoa lipulelelo‐pele ka tumelo, le tebelelo ea bopelutelele. 13 Gone e le eare Morimo o bulelela Aberahame pulelelo‐pele, ka o lo o sa kake oa ikana ka ope eo mogolu bogolu, mi yalo o lo oa ikikana, 14 Oa re, Amarure go tsegohatsa ki tla gu tsegohatsa, mi go ntsihatsa ki tla gu ntsihatsa. 15 Mi yalo ka a lebelela ka bopelutelele a hitlela pulelelo‐pele. 16 Gone rure, bathu ba ikana ka moñue eo e leñ mogolu, mi ikano e e tlomamisañ ea khutlisa khañ eotle mo go bona. 17 Gontse yalo, Morimo ka o lo oa eletsa segolu go shupetsa bogolu ba boshua ba pulelelo‐pele, ga bosahetogeñ yoa boikaelelo yoa ona, o lo oa go tlomamisa ka ikano; 18 Gore ka lilo li tu tse ri sa hetogeñ, tse ri retetseñ go Morimo go aka ka cona, rona ba re batlileñ botsabelo, re ke re itsisioe thata go tsegetsa culuhelo e re e beecoeñ pele; 19 E re nañ naeo yaka añkora ea moea e e tlomameñ mo tlomamoñ, mi e ea teñ ga sebipo; 20 Kua Yesu moeteleri‐pele oa rona o ileñ gona, eo o rihiloeñ moperiseti eo mogolu ka bosina bokhutlo kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke.
7KHAOLO 7. 1 GONE Melekisadeke eo, e le le khosi ea Salema, le moperiseti oa Morimo oa bogorimo bogolu, eo o khatlantsitseñ Aberahame, ka a ba a boea mo polaoñ ea likhosi, mi a mo tsegohatsa; 2 Eo, Aberahame le ena o la a mo naea boten yoa cotle; eo leina ya gague le birioañ mo phetoleloñ, Khosi ea tsiamo; mi morago ga mo, le gona, ea bo e le Khosi ea Salema, e e leñ Khosi ea kagisho; 3 A sina rague, a sina mague, a sina palo ea losika; a sina tsimologo ea malatsi, le bokhutlo yoa botselo; mi ka a la antse yaka Moroa Morimo, o ntse moperiseti ka bosina bokhutlo. 4 Mi yana gakologeloañ bogolu yoa eo, kaha bontseñ ka gona, eo Aberahame oa mopateriareki o la a mo naea boten yoa lithopo! 5 Le bona bomoroa Levi, ba ba culañ tiho ea boperiseto, ba na le taolo rure ka molao go tsaea bo‐ten yoa lilo tsa bathu, ki go re, tsa bakauleñue ba bona, leha ba coa mo mañkopeñ a ga Aberahame; 6 Mi eo palo ea losika ea gague e sa baloeñ go bona, o la a tsaea bo‐ten mo go Aberahame, mi a mo tsegohatsa, ena eo lipulelelo‐pele o li rihecoeñ. 7 Mi yana go sa kake ga ganeloa, eo motlana o tsegaharioa ki eo mogolu bogolu. 8 Le monu, ba ba shuañ ba cula bo‐ten; mi hoñ, a bo a cula eo, go shupioañ ga gague ha a tserile. 9 E, ha ’nka bua yalo, le ena Levi, eo o culañ bo‐ten, o la a naea bo‐ten mo go Aberahame; 10 Gone a la a santse a le mo mañkopeñ a ga rague, ka Melekisadeke a mo khatlantsa. 11 Ki gona ha go le go le tihahalo ea botlalo mo, ka boperiseto yoa Levi, (gone molao o lo oa neoa bathu mo go eona,) ana e le le cuanelo ea eñ ha moperiseti eo moñue a ka coga, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke, mi esiñ go birioa kaha phapanoñ ea ga Arone? 12 Mi ha boperiseto bo hetoloa, molao le ona o cuanetse go hetoloa. 13 Gone eo, lilo tse li buioañ ga gague, e le oa loco lo sele, lo go siñ ope oa lona eo o rihetseñ ha aletareñ; 14 Gona goa bonatsega ha Morena oa rona a coetse go Yuda, loco lo Moshe o la a sa ka a bua sepe kaga lona kaha boperisetoñ. 15 Mi go bonatsega bogolu ha moperiseti o sele a cogile, eo o cuanañ yaka Melekisadeke, 16 Eo o la a sa rihoe kaha molaoñ o taolo ea ona e e leñ ea nama, mi ki kaha thateñ ea botselo yo bo sa khutleñ. 17 Gone oa itsise, U moperiseti ka bosina bokhutlo, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke. 18 Mi nyeleco ea taolo ea ntla le eona e gona, gone e le le bokoa, le go sina thusho 19 (Gone molao o lo o sa rihatse sepe botlalo), mi e le le tsimologo ea culuhelo e e molemo o mogolu, e re atamelañ Morimo ka eona. 20 Mi ere ka a la a rihoa moperiseti, esiñ ka go bisa go ikana; 21 Gone bona ba rihiloe baperiseti esiñ ka ikano, mi ena ka ikano, ka eo o mo reileñ, Yehova o la a ikana, mi ga a kitla a hetoga, U moperiseti ka oosina bokhutlo, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke. 22 Yalo Yesu o la a na boemelo yoa khoagano e e molemo o mogolu bogolu. 23 Mi bona ba le ba le baperiseti bantsi rure, gone ba sa leselerioe go nna ka ntla ea loshu; 24 Mi eo, ka a nna ka bosina bokhutlo, o na le boperiseto yo bo sa nyeleleñ. 25 Mi o nonohile ka ntla ea mouo go buluka ka gale ba ba tlañ Morimoñ ka ena, ka le mororo a tsela ka gale go ba rapelela. 26 Gone re cuanecoe ki moperiseti eo mogolu yalo, eo o leñ boitsepho, le tsisimogo, le go sina sebata, a khaogancoe le baleohi, a gorisioa bogolu go magorimo; 27 Eo o sa cuaneleñ go shupa licupelo ka malatsi aotle yaka baperiseti ba bagolu, ga ntla, kaga libe tsa gague, mi morago ga mouo, kaga libe tsa bathu; gone o la a riha yalo gañue hela, ka a icupa ka esi. 28 Gone molao o riha bathu baperiseti ba bagolu, ba ba nañ le bokoa; mi lehuku ya ikano, ye le ruleñ morago ga molao, le riha Moroa, moperiseti eo mogolu, eo o gorisericoeñ khalaleloñ ka bosina bokhutlo.
8KHAOLO 8. 1 MI yana, se segolu bogolu sa tse re li buañ, ki se, Re na le moperiseti eo mogolu yalo, eo o rutsen mo atleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa bonatla yo boiñtle mo magorimoñ, 2 Moriheri oa helo ga boitsepho, le oa taberenakela ea amarure, e Morena o e emisitseñ, mi esiñ mothu. 3 Gone moperiseti moñue le moñue o beecoe, gore a shupe lineo le cupelo tsa tlabo; ki gona ki cuanelo go eo le ena, go na le señue go se shupa. 4 Gone ha a le mo lehatsiñ, o tla bo a si moperiseti, ka le mororo baperiseti ba leeo ba ba shupañ cupelo tsa lineo kaha molaoñ; 5 Ba ba rihelañ sekao le cuano ea lilo tsa legorimo; yaka Moshe o la a kaecoe ki Morimo, ka a tla aga taberenakela, Gone bona, go bua ona, gore u rihe lilo cotle kaha sekaoñ se u se bontsicoeñ mo thabeñ. 6 Mi yana, o bonye tihelo e e bonatla bogolu, yaka kholagano e, o leñ motseriganyi oa eona, e le molemo mogolu bogolu, e e tlomamisicoeñ mo lipuleleloñ‐pele tse ri molemo mogolu. 7 Gone ha kholagano ea ntla e le e sina molatu, yalo ea bo‐tu e ko e sa batleloe bonno. 8 Mi ka go buela ea eintla, a ba raea, Bonañ metla e e tla, go bua Yehova, mogañ ki tla rihañ kholagano e nca le ntlu ea Yeserela, le le ntlu ea Yuda; 9 Esiñ kaha kholaganoñ e ki le ka e riha le bo‐rabo mo motleñ o ki leñ ka ba cula ka seatla, go ba ntsa mo hatsiñ ya Egepeto; gone ba si ka ba ema mo kholaganoñ ea me, mi ki le ka ba gana, go bua Yehova. 10 Gone e, ki kholagano e ki tla e rihañ le ntlu ea Yeserela morago ga metla eouo, go bua Yehova; ki tla tsenya melao ea me mo tlaloganyoñ tsa bona, le go e kuala mo peluñ tsa bona; mi ki tla na Morimo oa bona, mi ba tla na bathu ba me. 11 Mi moñue le moñue ga a kitla a ruta moñ ka ena, le moñue le moñue mokauleñue oa gague, a re, Itse Yehova; gone botle ba tla ’nkitse, go coa eo motlana, le go eo mogolu bogolu. 12 Gone ki tla na boicuarelo kaga litsiamololo tsa bona, mi libe tsa bona le litlolo tsa bona, ga ’nkitla ki tlola ki li gopola. 13 Mi ka a re, Kholagano e nca, o bonatsa ha ea ntla e onetse; mi yana se se onetsen, se se eañ bocoheñ, se gauhe le go nyelela.
9KHAOLO 9. 1 KI gona yalo kholagano ea ntla e le ea na le mekhua ea tihelo, le helo ga boitsepho ga lehatse. 2 Gone go le go rihiloe taberenakela ea ntla, e e birioañ Helo ga boitsepho, e tlomo sa lobone, le lomati loa boyelo, le liñkhue tsa cupo li le li le mo go eona. 3 Mi kua morago ga setsiro sa bo‐tu, go le taberenakela, e e birioañ Boitsepho yoa maitsepho; 4 Yo bo nañ le leisho ya molelo ya gouda, le areke ea kholagano, e manegiloe ntla cotle ka gouda, e seyana sa gouda se se nañ le mana se leñ mo go eona, le tsama ea ga Arone e e le ea tloga, le limati tsa kholagano. 5 Mi gabo gole likeruba tsa khalalelo gorimo ga eona, li rutihalela sekhurumelo sa boicuarelo. Tse gasi cuanelo go bua yana ga señue le señue sa cona. 6 Mi yana ka lilo tse li le li etlericoe yalo, baperiseti bo ba tsena ka gale go rihatsa litihelo tsa taberenakela ea ntla. 7 Mi moperiseti eo mogolu a bo a tsena a le esi mo go ea teñ gañue hela ka ñuaga moñue le moñue, esiñ ka go sina mari, a o a icupelañ le libe tsa bathu: 8 Moea oa Boitsepho o shupa ka mouo, ha tsela e e eañ mo heloñ ga boitsepho bogolu e le e si e bonatsege, ka taberenakela ea ntla e sa eme; 9 E, e le le secuanco le mo nakoñ enu, e lineo le licupelo tsa tlabo li shupioañ mo go eona, tse ri sa kakeñ tsa itsephisa gotle mo seoñ se se tlokahalañ, kaha segakoloriñ sa gague eo o rihileñ litihelo;Tse li li na gosi mo liyoñ, le mo linooñ, le mo tlapoñ li sele, le mekhua e e leñ kaho nameñ e e le ea laoleloa go tlo go tsamaee motla oa tlabologo o tle. 11 Mi Keresete ka a tlile, moperiseti oa matsego a a tlañ, ka taberenakela e kholu bogolu ea botlalo, e e sa rihoeñ ka liatla, ki go re, esiñ ea popo e ea lehatse, 12 A tsena gañue hela mo heloñ ga boitsepho, a riha khololo e e sa khutleñ, esiñ ka mari a lipuri le linamane; mi e le le ka mari a gague. 13 Mi yana ekare ha mari a lipoo le a lipuri, le melora ea moroba, e khatsa ba ba sa itsephañ, go itsephisa kaha boitsephishoñ yoa nama; 14 Bogolu yañ mari a ga Keresete, eo o icupeletseñ Morimo a sina sebata ka Moea o o sa khutleñ, a tla itsephisa ligakolori tsa lona mo litihoñ tse ri shuleñ, gore lo rihele Morimo o o tserileñ! 15 Mi ki ena moruanyi oa kholagano e nca ka mouo, ka loshu loa gague, e le thekololo ea libe tse ri tsa rihoa mo motleñ oa kholagano ea ntla, gore ba ba biricoeñ, ba bone pulelelo‐pele ea boshua yo bo sa khutleñ. 16 Gone kua kholagano e gona, loshu loa cupelo e e tlomamisañ lo cuanetse go rihala; 17 Gone kholagano e tlomamisicoe ki cupelo tse ri shuleñ; ka le mororo e sina thata epe ka cupelo e e e tlomamisañ e sa tserile. 18 Ki gona yalo, le eona kholagano ea ntla e le e sa tlomamisioe ha e si ka mari. 19 Gone erile Moshe a sina buisetsa bathu botle taolo cotle kaha molaoñ, a tsaea mari a linamane le a lipuri, ka metse, le boboea yo bohibiru, le hisopa, mi a khatsa buka le bathu botle, 20 A re, A, ki mari a kholagano e Morimo o e lo laoletseñ. 21 Le gona taberenakela le liyana cotle tsa tihelo, a li khatsa yalo ka mari. 22 E, goa lopioa ki molao gore go kane lilo cotle li itsephisioa ka mari; mi ga gona boicuarelo bope ha e si ka culolo ea mari. 23 A ereka licuanco tsa lilo tsa legorimo li cuanecoe go itsephisioa ka mokhua o, le cona lilo tsa legorimo, li cuanetse go itsephisioa ka licupelo tse ri molemo bogolu go tse. 24 Gone Keresete o la a sa ka a tsena mo maheloñ a boitsepho ha go rihiloeñ ka liatla, a e leñ cuano ea a amarure, mi a tsena mo legorimoñ ka yeosi, gore a re bonalele yana ha pele ga Morimo. 25 Le esiñ gore a itihe cupelo ka gantsi, yaka moperiseti eo mogolu a tsena mo heloñ ga boitsepho ka ñuaga moñue le moñue ka mari a sele; 26 Gone ha gontse yalo o ko a bapocoe gantsi le ka tsimologo ea lehatse; mi yana o bonatsegile gañue hela mo bokhutloñ yoa lehatse gore a tlose peco e e cuanetseñ boleo ka cupelo e o icupeleñ ka esi. 27 Gone yaka go laolecoe bathu go shua gañue hela, mi go tle tsekisho morago ga mouo; 28 Yalo Keresete le ena erile ka a sina shupioa gañue hela go tlosa libe tsa bantsi, o tla bonatsegela puluko ea bona ba ba mo lebelelañ, esiñ ka cupelo tsa boleo, mo go tleñ ga gague ga bo‐tu.
10KHAOLO 10. 1 GONE ka molao o na le moruti oa lilo tse ri tlañ, tse ri molemo, mi esiñ cuano ea lilo tse ka cosi, ga o kake oa itsephisa ba ba eañ aletareñ, ka licupelo tsa nyaga eotle, tse ba ri shupañ ka gale. 2 Gone ha gontse yalo, a li ko li sa ka tsa khutla go shupioa, gone ka baobameri ba ntlaharicoe gañue hela, ba kabo ba sa tlole ba utlua boleo mo ligakoloriñ? 3 Mi ka cupelo tse go bile go na le khoporisho tsa libe ka nyaga cotle. 4 Gone go retetse ha mari a lipoo le a lipuri a ka tlosa libe. 5 Ki gona erileñ Keresete a tla mo lehatsiñ, a re, Cupelo ea tlabo, le lineo, ga ua ka ua li eletsa, mi u ’nketleleritse mele. 6 U lu u sa itumele mo cupeloñ tsa phisho, le cupelo e e shupelañ libe, ga lia ka tsa gu khatla. 7 Eriha gona ki le ka re, Bona, kie tla (mo momenoñ oa buka go kuariloe ga me;) go riha thato ea gago, Morimo. 8 Erile o bua pele, U lu u sa itumele mo cupeloñ ea tlabo, le cupelo, le cupelo tsa phisho, le cupelo e e shupelañ boleo, le gona ga lia ka tsa gu khatla, tse ri shupeloeñ kaha molaoñ; 9 Eriha gona o reñ, Bona, kie tla go riha thato ea gago, Morimo. Oa nyeletsa sa ntla, gore a tlomamise sa bo‐tu.Mi re itsephisicoe mo thatoñ e, ka cupelo ea mele oa ga Yesu Keresete e e rihahetseñ gañue hela. 11 Mi moperiseti moñue le moñue a ema, a riha tihelo ea malatsi aotle, le go shupa cupelo tsa tlabo ka gale ka cosi, tse ri sa kakeñ tsa tlosa boleo ka gope; 12 Mi eo, erile a sina shupela boleo cupelo ea tlabo e ñue hela, e e sa khutleñ, a lula ha atleñ se se siameñ sa Morimo, 13 Go na a lebelelela go tlo go tsamaee baba ba gague ba rihoe serulo sa nao tsa gague. 14 Gone o rihile ba ba itsephisicoeñ botlalo, ka bosina bokhutlo, ka cupelo e ñue hela. 15 Mi Moea oa Boitsepho le ona o re shupetsa mouo: gone o la are a sina bua pele, 16 E ki kholagano e ki tla e rihañ le bona morago ga metla euo, go bua Yehova, ki tla tsenya melao ea me mo peluñ tsa bona, mi ki tla e kuala mo tlaloganyoñ tsa bona; 17 Mi libe tsa bona, le litsiamololo tsa bona, ga ’nkitla ki tlola ki li gopola. 18 Mi yana kua boicuarelo yoa cona bo gona, ga go tlole go na le cupelo ea boleo. 19 Ki gona, bakauleñue, ka re na le taolo go tsena mo heloñ ga boitsepho ka mari a ga Yesu, 20 Mo tseleñ e nca le e e tserileñ, e o e re tlomamiseritseñ, ka go phololela setsiro, eboñ nama ea gague; 21 Mi ka re na le moperiseti eo mogolu eo o laolañ ntlu ea Morimo, 22 A re atameleñ ka pelu ea amarure le boikanyo yotle yoa tumelo, ka go na le lipelu tse ri itsephisicoeñ mo segakoloriñ sa boshula, le mebele e tlapisicoe ka metse a a itsekileñ. 23 Mi a re tsegetseñ culuhelo e re e ipobotseñ esiñ ka pelaelo; gone o boikanyo eo o buleletseñ pele. 24 Mi a re elaneñ tloko, go cosetsanya loratoñ, le tihoñ tse ri molemo; 25 Mi a re si lebale go iphuthela mogo, yaka e le temalo ea bañue; mi kaelanañ, bogolu ka lo bona motla o atamela. 26 Gone ha re leoha ka bomu, re sina go cula kico ea boamarure, yalo ga go tlole go na le cupelo ea tlabo e e salelañ boleo; 27 Mi go sala tebelelo e e boitsegañ ea peco bogolu, ea phisho e e tla ’mmetsañ baganetsi. 28 Ha moñue eo la a tlorile molao oa ga Moshe, a bolaoa esiñ ka boicuarelo ka cupo ea ba tu khotsa ba teri, 29 Lo itloma o tla cuaneloa ki peco e kholu bogolu ehe, eo o gateletseñ Moroa Morimo ka linao, eo o kaeileñ mari a kholagano ha a sa itsepha, a o itsephisicoeñ ka aona, eo o rihetseñ Moea oa tsegohaco lonyaco? 30 Gone rea mo itse eo o buileñ, Pushulosho ki ea me, ki tla ba ki ruela, go bua Yehova; mi gape, Yehova o tla sekisa bathu ba gague. 31 Ki se se boitsegañ go oela mo atleñ tsa Morimo o o tserileñ. 32 Mi gopolañ metla e e hetileñ, e lo rileñ lo sina bonesioa mo go eona, lo le loa icokela khañ e kholu ea lipogisho; 33 Ka ntla ñue, gone lo loa rihoa se se beecoeñ go bonoa, ka likhobo, le lipogisho, le ka ntla e ñue, gone lo loa utluela botluku ba ba le ba rihoa yalo. 34 Gone lo le loa ’nkutluela botluku mo kholegoñ tsa me, mi loa itumelela thopo ea lilo tsa lona, ka lo itse ka losi ha lo na le lilo tse ri molemo, le tse ri sa heteñ, mo magorimoñ. 35 Ki gona si latleñ boikanyo yoa lona, yo ba nañ le tuelo e kholu. 36 Gone lo cuanetse go na le bopelutelele, gore ere lo sina riha thato ea Morimo, lo ko lo bone pulelelo‐pele. 37 Gone go sale motla o mokhutsanyane, mi eo o tlañ o tla tla, mi ga a kitla a riega. 38 Mi mosiami o tla tsela ka tumelo; mi ha moñue a tenega, moea oa me ga o na khatlego mo go ena. 39 Mi rona ga re ba bona ba ba boetseñ tsenyegoñ, mi re ba bona ba ba rumelañ go pulukoñ ea moea.
11KHAOLO 11. 1 MI yana tumelo ki boikanyo kaha liloñ tse ri shuluheloañ, le cupo e e itsiseñ ea lilo tse ri sa bonoeñ. 2 Gone bagolugolu ba le ba bona pako ka eona. 3 Re tlaloganya ka tumelo ha mahatse a la a bopioa ki lehuku ya Morimo, yalo lilo tse ri bonoañ, ga lia ka tsa rihoa ka lilo tse ri bonalañ. 4 Abele o la a shupela Morimo cupelo e e molemo bogolu go ea ga Kaene ka tumelo, mi a bakoa ha a la a siame ka mouo, ka Morimo o nela lineo tsa gague pako, mi leha a shule o santse a bua ka mouo. 5 Henoke o la a tlosioa ka tumelo, gore a si bone loshu, mi a si ka a bonoa, ka gone Morimo o mo tlositse. Gone a la a bakoa ha a khatla Morimo pele a e si a tlosioe; 6 Mi ha tumelo e sieo, go retetse go o khatla; gone eo o tlañ Morimoñ, o cuanetse go rumela ha o leeo, e bile e le morueri oa ba ba o batlañ. 7 Noe ka a la a kaeloa ki Morimo kaga lilo tse ri e siñ li bonoe, a etleletsa areke ka poiho, ka tumelo, go buluka ba ntlu ea gague, e o la a sekisa lehatse ka eona, mi a na oa boshua yoa tsiamo e e leñ ka tumelo. 8 Aberahame o la a utlua ka tumelo, ka a birioa go coela kua heloñ ha o la a tla go bona go na boshua; mi a coa a sa itse kua o eañ gona. 9 O la a na moagi mo hatsiñ ya pulelelo‐pele, ka tumelo, ye e leñ ya baeñ, a aga le Yitsake le Yakobe mo litenteñ, ba e le le ba boshua ba pulelelo‐pele e ka eosi; 10 Gone a lebelela motse o o nañ le metheo, o moagi le morihi oa ona e leñ Morimo. 11 Sarahe le ena o la a bona thata go ithuala, mi a belega a sina heta nyaga tsa go belega, ka tumelo, ka a kaea ha eo o buleletseñ pele a le boikanyo. 12 Ki gona go ruleñ mo go moñue eo setlashu mo liloñ tse, bontsi yoa peu yo bo cuanañ le linaleri tsa legorimo, le yaka meshaua e e ’mo lintseñ tsa leoatle, e e sa baloeñ. 13 Botle ba, ba shuetse mo tumeloñ, ba sa bone matsego a a bulelecoeñ pele; mi ba a bonetse khakala, ba a cula ka boitumelo, mi ba ipobola ha ba le baeñ le ba ba tlolañ hela mo hatsiñ. 14 Gone ba ba buañ yalo, ba shupa ka ponatsego ha e le ba ba batlañ lehatse. 15 Mi ha ba gakologecoe ye ba le ba coa go yeona, ba kabo ba le ba na le lobaka loa go boea. 16 Mi yana ba tlologelecoe lehatse ye le molemo bogolu, ki go re, ya legorimo. Ki gona Morimo o sa ba tlabeloeñ ki litloñ go birioa Morimo oa bona, gone o ba etleleritse motse. 17 Aberahame erile a lekoa, o la a shupa Yitsake ka tumelo; E, eo o la a bona lipulelelo‐pele, a riha cupelo ka moroaue eo o tsecoeñ a le esi; 18 Eo o la a reiloe, Losika loa gago lo tla birioa mo go Yitsake; 19 A kaea ha Morimo o nonobile go mo cosa le mo loshuñ, lo le gona o mo cutseñ mo go lona ka secuanco. 20 Yitsake o la a tsegohatsa Yakobe le Esaue, kaga lilo tse ri tla tlañ, ka tumelo. 21 Yakobe erile a iketleritse go shua, a tsegohatsa bomoroa Yosefe, ka tumelo, ka a itlaberitse ka tlogo ea tsamma ea gague. 22 Mi Yosefe erile a shua a bulela ka tumelo, ga go coa ga bana ba Yeserela, mi a laola kaga marapo a gague. 23 Moshe o rile a sina belegoa a shuyoa ki bagolu ba gague ka khueri li teri, ka tumelo; gone ba le ba mona a le ñuana eo moiñtle, mi ba sa boihe taolo ea khosi. 24 Moshe o rile a sina a na mogolu, a gana go birioa moroa moroaria Faroe, ka tumelo; 25 A itseñkela go bogisioa le bona bathu ba Morimo, bogolu go na le litlapelo tsa boleo ka lobaka. 26 A kaea khobo ea ga Keresete ha e le mahumo bogolu go mahumo aotle a a mo Egepetoñ, gone o la a leba popego ea tuelo. 27 O la a tlogela Egepeto, ka tumelo, a sa boihe bogale yoa khosi; gone a na tlomamo yaka eo o bonañ eo o sa bonoeñ. 28 O la a buluka Tlolaganyo, le khaco ea mari ka tumelo, gore mosenyi oa batsaloi ba ntla a si ba ame. 29 Ba le ba khabaganya Leoatle ye le Hubiru, yaka mo komeleloñ, ka tumelo; mo erileñ Baegepeto ba batla go riha yalo, ba noela. 30 Lithako tsa Yeriko li tsa oa ka tumelo, li sina holoa ka malatsi a seven. 31 Rahabe moakahari, ka a la a cula batlori ka tsalano, ka tumelo, a sa señoe le ba ba le ba sa rumele. 32 Ana ki tla hela ki buañ? gone motla o tla ’ntlaela go bulela kaga Gidione, le Barake, le Samsone, le Yefete, le ena Davide, le Samuele, le baperofeti; 33 Ba ba hentseñ magosi ka tumelo, ba riha tsiamisho, ba bona matsego a a bulelecoeñ pele, ba cuala melomo ea litan. 34 Ba tima thata ea molelo, ba tsaba bogale yoa caka, ba bona thata mo bokoeñ, ba natlabala mo tlabanoñ, ba tsabisa lintua tsa baeñ. 35 Basari ba ba ba bona bashui ba bona ka cogo ea loshu; bañue ba le ba tlukuharioa, ba sa cule khololo, gore ba bone cogo mo loshuñ e e molemo mogolu; 36 Mi bañue ba lekoa ka licotlo, le lipeco, le cona likholego le likholegelo. 37 Ba khobotlerioa, ba setlagañoa ka gare, ba raeloa, ba bolaoa ka caka; ba kharakatsega ba apere matlalo a liñku, le matlalo a lipuri; ba tlogeloa, ba bogisioa, ba riheloa mashue; 38 (Ba lehatse le le sa ba cuanela,) ba timela mo magareganaga, le mo lithabeñ, le mo likhageñ, le mo meñoboñ ea lehatse. 39 Mi botle ba, ka ba bakoa ka ntla ea tumelo ea bona, ba si ka ba bona letsego ye le bulelecoeñ pele; 40 Ka Morimo o re tlameletse lilo riñue tse ri molemo bogolu, yalo ba si ka ba bona tihahalo ea tse ri tlokahalañ ha e si ka rona.
12KHAOLO 12. 1 KI gona ereka re hocoe ki bontsi yo bogolu yoa bashupi, yalo a re latleñ tse ri bokete cotle, le sebe se se re emelelañ bogolu, mi a re sianeñ ka bocoelelo tsianoñ e re e beecoeñ pele, 2 Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo. 3 Mi yana mo gako’ogeloeñ ena eo o la a icokela khanelo e entseñ yalo ea baleohi, gore lo si ñoriege, le go lapa mo meoeeñ ea lona. 4 Mi le yana ga lo e si lo ko lo hemele go mariñ, ka lo ganela le libe. 5 Mi lo lebetse kaelo e e buañ le lona yaka bana, go re, Moroaka, u si nyatse likoatlao tsa ga Yehova, le go ñoriega ha a gu buela; 6 Gone Yehova o oatlaea eo o mo ratañ, mi o betse moroa moñue le moñue eo a mo culañ. 7 Mi ha lo icokela koatlao, Morimo o riha le lona yaka bomoroa; gone moroa ki ohe eo rague o sa mo oatlaeñ? 8 Mi ha lo sina koatlao, e e abeloañ botle, yalo lo bana ba likhora, esiñ bomoroa. 9 Gape re le ra na le bo‐rra ba nama tsa rona, ba ba le ba re oatlaea, mi re le ra ba ipobola; a ga re kitla re utlua Rra meoea ea rona bogolu, gore re tsele? 10 Gone rure ba re oatlaile ka motla o mokhutsane, kaha thatoñ ea bona; mi eo, o re oatlaela molemoñ oa rona, gore re ne baaberoi ba boitsepho yoa gague. 11 Mi yana koatlao eotle e cuana yaka ga e itumerise mo motleñ onu, mi e bohutsana; leha gontse yalo e uñua mauñuo a kagisho a tsiamo morago, mo go ba ba e tloaerioañ. 12 Ki gona, thatahatsañ liatla tse ri bokoa, le mañole a a khuetlañ, 13 Mi siamisetsañ litsela nao tsa lona, gore se se tlotsañ se si khuiige, mi gore se hole bogolu; 14 Latelañ kagisho le bathu botle, le boitsephisho yo, go siñ ope eo o tla bonañ Morena, ha bo sieo: 15 Ka go leba ka tloahalo, gore go si ne ope eo o tlaeloañ ki tsegohaco ea Morimo; gore mocoe oa botluku o si tloge go lo cuenya, mi bantsi ba leshueharioa ka ona; 16 A go si ne mogokahari, le eo o sa itsephañ, yaka Esaue, eo o la a bapatsa cuanelo ea gague ea botsalo yoa ntla ka moyo o le moñue hela. 17 Gone loa itse, kaha erileñ a eletsa go bona letsego morago ga mouo, a ganoa; gone a sa bone bonno yoa phetogo mo go rague, leha a e batla ka likeleri. 18 Gone ga loa tla go thaba e e ka añoañ, le molelo o o tukañ, le boncu, le lehihi, le moroalela oa maru, 19 Le go tumo ea terompeta, le koru ea mahuku, a ba ba a utluileñ ba rapetseñ gore lehuku le si tlole le buioa go bona; 20 (Gone ba sa kake ba icokela se se laocoeñ, go re, Le gona ha se se tserileñ se ama thaba se tla khobotlerioa, leha e le go phololerioa ka lerumo. 21 Mi se se bonoañ sa bo se boitsega, ga tsamaea Moshe le ena a re, Kia boiha, kia roroma:) 22 Mi lona lo tlile go thaba ea Tsiona; le go motse oa Morimo o o tserileñ, le go Yerusalema oa bogorimo; le go leshomo ya baengele ye le sa baloeñ, 23 Le go phuthego le ekelesia ea batsaloi ba ntla ba ba kuariloeñ mo magorimoñ; le go Morimo Moatlori oa botle; le go meoea ea basiami ba ba rihiloeñ botlalo; 24 Le go Yesu motseriganyi oa kholagano e nca; le go mari a khaco a a buañ lilo tse ri molemo bogolu go a ga Abele. 25 Itiseñ gore lo si gane eo o buañ le lona; gone ha ba le ba si ka ba halola, ba ba ganañ ena eo o ba tlagisitseñ mo lehatsiñ, re tla reteleloa bogolu ki go halola, ha re ithibosa go ena eo o re tlagisañ a le mo legorimoñ; 26 Eo, koru ea gague e le ea reketlisa lehatse mo motleñ o; mi yana o buleletse pele, oa re, Ki tla roromisa gañue hela, esiñ lehatse yeosi, mi le yeona legorimo. 27 Mi yana huku ye ya Gañue hela, le kaea tlosho ea lilo tse ri reketlisioañ, yaka ea tsa tse ri rihiloeñ, gore go sale lilo tse ri sa reketlisioeñ. 28 Ki gona, ka re bonye bogosi yo bo sa reketlisioeñ, a re tsegetseñ tsegohaco, e re ka rihelañ Morimo ka nateho ka eona, ka bonolo yoa pelu, le poiho ea Morimo; 29 Gone Morimo oa rona ki molelo o o nyeletsañ.
13KHAOLO 13. 1 ALORATO loa bokauleñue lo ne. 2 Si lebaleñ go cula baeñ; gone bañue ba le ba cula baengele ka go bisa go itse, ka mouo. 3 Gopolañ ba ba mo likholegoñ, yaka lo golegiloe nabo, le ba ba rihecoeñ mashue, yaka le lona lo rihecoe mashue mo meleñ. 4 A nyalo e ne tlotlo mo go botle, le bolao yo bo sa leshueharioeñ: mi bagokahari le ba boaka, Morimo o tla ba sekisa.A tsamao ea lona e si ne le timano; mi itumeleñ le tse lo nañ naco; gone o reile, Ga ’nkitla ki lo lesa, khotsa go lo tlogela. 6 Yalo, re ka re, ka pelukhale, Yehova ki mothusi oa me; mi ga ’nkitla ki boiha se mothu o tla se ’ntihañ. 7 Gopolañ bagogi ba lona, ba ba lo reretseñ lehuku ya Morimo; mi lo tsatsie khutlo yoa tsamao ea bona, mi lo etse tumelo ea bona. 8 Yesu Keresete e sa le ena mabane, le gompionu, le ka bosina bokhutlo. 9 Lo si khuelerioeñ kuanu le kua ki thuto tse ri sa cuaneñ le li sele; gone ki molemo ha pelu e tlomamisioa ki tsegohaco, mi esiñ ka liyo tse ri sinañ molemo go bona ba ba li rihetseñ. 10 Re na le aletara, e ba ba rihelañ taberenakela ba sa cuaneleñ go ya gaeona. 11 Gone litoto tsa tse ri tserileñ, tse mari a cona a isicoeñ ki moperiseti eo mogolu mo heloñ ga boitsepho go na cupelo ea boleo, li tsa hiserioa kua ntle ga botlaolelo. 12 Ki gona, Yesu le ena o la a bogiserioa loshuñ kua ntle ga khoro, gore a itsephise bathu ka mari a gague. 13 Ki gona, a re coeleñ kua go ena kua ntle ga botlaolelo, re belege likhobo, yaka tsa gague. 14 Gone hanu ga re na motse oa tlomamo, mi re batla o o tlañ. 15 Ki gona a re shupeleñ Morimo ka gale cupelo ea pako ka ena, eboñ louñuo loa lipounama tsa rona, go nela leina ya gague maitumelelo. 16 Mi si lebaleñ go riha molemo le go acuana; gone Morimo o itumelela cupelo tse rintseñ yalo. 17 Utluañ bagogi ba lona; mi lo ne mo taoloñ ea bona, gone ba risa meoea ea lona, yaka ba ba tla ikarabelañ; gore ba rihe yalo ka boitumelo, esiñ ka bohutsana, gone bo ko bo si molemo go lona. 18 Re rapeleleñ; gone re ikanya ha re na le ligakolori tse ri molemo, ka re rata go tsamaea ka tsiamo mo liloñ cotle. 19 Mi kia lo rapela ka tloahalo go riha yalo, gore ki be ki lo neoe ka bonako. 20 Mi yana, Morimo oa kagisho o o bileñ oa cosa Yesu Morena oa rona mo bashuiñ, eo e leñ Morisa eo mogolu oa liñku, ka kholagano e e sa khutleñ, 21 A o lo etleleletse tihoñ cotle tse ri molemo, gore lo ko lo rihe thato ea ona; go riha mo go lona se se khatlegañ ha pele ga ona, ka Yesu Keresete, eo khalalelo e ne nae ka bosina bokhutlo yotle. Amena. 22 Gape, kia lo rapela, bakauleñue, iphapanyeñ le lehuku ye ya kaelo; gone ki lo kualetse sekhutsane. 23 Itseñ, mokauleñue oa rona Timoteo o romiloe, etlare ha a tla ka bonako, ki ee nae go lo bona.24-25Rumerisañ bagogi ba lona botle, le baitsephi botle. Ba Itale ba lo rumerisa. Tsegohaco e ne le lona lotle. Amena.