1

KHAOLO 1. 1 MI yana, maina ua ki aona a bomoroa Yeserele, ba ba le ba tla mo Egepeto le Yakobe, moñue le moñue o la a tla le ba eintlu ba gague; eboñ: 2 Rubene, le Simeone, le Leve, le Yude; 3 Le Yisakare, le Sebulone, le Benyamine; 4 Le Dane, le Nafetale, le Gade, le Ashere. 5 Mi bathu botle ba ba coañ mañkopeñ a ga Yakobe e le le bathu ba sevente: mi Yosefe o la le mo Egepeto. 6 Mi Yosefe a shua, le bomoroa rague botle, le ba mophato otle ouo. 7 Mi bana ba Yeserele ba ata, mi ba totahala segolu, mi ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu bogolu, ea tsamaea ba tlala lehatsi. 8 Mi ga coga khosi e enca mo Egepeto, e e le e sa itse Yosefe. 9 Mi e le ea raea bathu ba eona, ea re, Bonañ, bathu ba bana ba Yeserele bantsi, mi ba nonohile bogolu go rona: 10 Tlañ; re ba tlaleheñ, gore ba si intsihale, mi etlare khotsa tlabano e rihala, ba re ela mosheyane le baba ba rona, ba tlabana le rona, ba coa mo hatsiñ ye. 11 Mi ba ba laorisetsa balebeleri ba tiho go ba bogisa ka mebelego ea bona, mi ba agela Faroe metse eo pulukelo, eboñ Pitoma le Ramesesa. 12 Mi yaka ba le ba ba bogisa bogolu, ba intsihala bogolu, ba anama; mi ba boiha bana ba Yeserele. 13 Mi Baegepeto ba le ba rihisa bana ba Yeserele ka thata: 14 Mi ba galakisa tselo yoa bona ka tihelo ea khoeleo, mo takeñ le makote, le tihelo cotle tsa naga: mi tihelo eotle e ba le ba e ba rihisa e le le ka thata; 15 ¶ Mi khosi ea Egepeto ea bua le baelegisi ba Bahebera; moñue leina ya gague e le le Siferahe, mi leina ya eo moñue e le le Puahe: 16 Ga tua, Ere lo thusa basari ba Bahebera pelegoñ tsa bona, mi lo bona bana lipakoñ tsa maye; ha e le mosimane, mi yalo lo molaee: mi ha e le mosetsana o ka tsela. 17 Mi baelegisi ba le ba boiha Morimo, mi ba si ka ba riha yaka khosi ea Egepeto e ba laoletse, mi ba bulukela basimane go tsela. 18 Mi khosi ea Egepeto ea bitsa baelegisi, mi ea ba raea, Lo lo rihañ ka seuo, ka lo buluketse basimane go tsela? 19 Mi baelegisi ba raea Faroe, Ka gone basari ba Bahebera ga ba cuane le basari ba Egepeto; gone ba thata, mi ba belega baelegisi ba e si ba tle go bona. 20 Ki gona ka mouo, Morimo oa rihela baelegisi seiñtle: mi bathu ba, ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu. 21 Mi ga rihala ka baelegisi ba boiha Morimo, oa ba rihela matlu. 22 Mi Faroe a laolela bathu ba gague botle, a re, Losimane lotle lo lo bonoañ lo lo rigele mo nokeñ, mi lose-tsana lotle lo lo bulukele go tsela.

2

KHAOLO 2. 1 MI monona oa eintlu ea ga Leve, a ea a nyala moroaria Leve. 2 Mi mosari a ithuala, a bona mosimane; mi eare a mona a le moiñtle, a mo shuba ka khueri li teri. 3 Mi eare a reteleloa ki go tlola a mo shuba, a mo tsela serotu sa papira, mi a se kana ka bitumena, le ka boka, mi a baea ñuana mo go shona, mi a se baea mo mekhasiñ ha intsiñ ea noka. 4 Mi khantsarie a ikemisa khakala go itse se se tla mo rihalelañ. 5 ¶ Mi moroaria Faroe a hologa go tlacua mo nokeñ; mi baroetsana ba gague ba sepela ha intsiñ ea noka; mi eare a bona serotu mo mokhasiñ, a roma lelata ya yague go se lere. 6 Eare a se khurumolola a bona ñuana: mi bonañ, ñuanyana a lela. Mi a mo utluela botluku, mi a re, Eo ki oa bana ba Bahebera. 7 Ereha gona khantsarie o raeañ moroaria Faroe, A ga ’nkake ka ea go gu biletsa moamusi oa basari ba Bahebera, gore a gu amusetse ñuana eo? 8 Mi moroaria Faroe, a mo raea, Ea, mi moroetsana a ea, a bitsa ma ñuana. 9 Mi moroaria Faroe a mo raea, Tsaea ñuana eo, mi u mo ’nkamusetse, mi ki tla gu naea tuelo ea gago. Mi mosari a cula ñuana a mo amusa. 10 Mi eare ñuana a sina gola a mo lere go moroaria Faroe, mi a na yaka moroaue. Mi a mo sha leina ya Moshe: mi a re, gone ki mo shuabotse mo metseñ. 11 ¶ Mi ga rihala mo metleñ euo ka Moshe a sina gola, a coela go bana ba ga rague, mi a leba mebelego ea bona: mi a bona Moegepeto a tlanya Mohebera, oa bana ba ga rague. 12 Mi a koba kua le kua, mi eare a bona go sina ope, a bolaea Moegepeto, a mo shuba mo moshaueñ. 13 Mi motla o moñue ka a ba a coela go bona, mi bonañ, Bahebera ba tu ba loa: mi a raea eo o rumolañ, U tlanyetsañ moñ ka uena? 14 Mi a re, U laolecoe e mañ molaori le mosiamisi oa rona? A u rata go ’mpolaea yaka u bolaile Moegepeto? Moshe a boiha, mi a re, Amarure seo se, se itsegile. 15 Mi yana eare Faroe a utlua seuo, a batla go bolaea Moshe. Mi Moshe a tsaba hatlogo sa ga Faroe, mi a nna mo hatsiñ ya Midiana: mi a lula ha seribeñ. 16 ¶ Mi moperiseti oa Midiana a bo a na le bomoroarie ba seven: mi ba tla go ga metse, mi ba tlatsa likati go nosa lecomane ya ga rabo. 17 Mi barisi ba tla, ba ba leleka: mi Moshe a nanoga, a ba thusa, a nosa lecomane ya bona. 18 Mi erile ba hitla go Reuele rabo, a re, Ana lo akohile yañ ka yenu? 19 Mi ba re, Moegepeto o re golotse mo barisiñ; le gona a re gela segolu, mi a nosa lecomane. 20 Mi a raea bomoroarie, Ana o ha kae? lo leseleritseñ monona a ea? mitseñ gore a ye liyo. 21 Mi Moshe a itumela go nna le monona eo: mi a naea Moshe Tsiporahe moroarie. 22 Mi a tsala nae mosimane, mi a mo sha leina ya Gereshome: gone a re, Ki moeñ mo hatsiñ ya boeñ. 23 ¶ Mi ga rihala ka lobaka lo sina heta, khosi ea Egepeto ea shua: mi bana ba Yeserele ba hegerisioa ki tihelo; mi ba goela, mi go goa ga tihelo ga tlatlogela Morimoñ. 24 Mi Morimo oa utlua conelo ea bona, mi Morimo oa gakologeloa kholagano ea ona le Aberahame, le Yitsake, le Yakobe. 25 Mi Morimo oa leba bana ba Yeserele, mi Morimo oa ba ñoka.

3

KHAOLO 3. 1 MI Moshe a bo a hurisa lecomane ya ga Yeteroe mogoagariague, moperiseti oa Midiana: mi a gogela lecomane kua pele ga bogareganaga, mi a hitla thabeñ ea Morimo, eboñ Horeba. 2 Mi moengeli oa ga Yehova a iponatsa go ena a le mo khabuñ ea molelo, gareñ ga setlare: mi a bona, mi bonañ setlare sa bo se tuka molelo, mi setlare sa bo se sa she. 3 Mi Moshe a re, Yana ki tla hapogela go bona pono e kholu e, kaha setlare se se sa sheñ ka gona. 4 Mi eare Yehova a bona a hapogela go bona, Morimo oa mitsa o le gare ga setlare, mi oa re, Moshe! Moshe! Mi a re, Ki hanu. 5 Mi oa re; Si atamele kuanu: rola tlaku tsa gago mo naoñ tsa gago; gone helo hoñ u emeñ gona, ki ombu o o boitsepho. 6 Mi oa hela o re, Kina Morimo oa bo‐rra eno, Morimo oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe. Mi Moshe a shuba hatlogo sa gague; gone a boiha go leba Morimo. 7 ¶ Mi Yehova a re, Ki bonetse rure pogisho ea bathu ba me ba ba mo Egepeto, mi ki utluile khoo ea bona e e leñ ka eintla ea bagobagobetsi ba bona; gone ki itse mahutsana a bona; 8 Mi ki hologetse go ba golola mo atleñ tsa Baegepeto, le go ba entsa mo hatsiñ yenu, go ba isa mo hatsiñ ye le molemo le boatlamo; kua hatsiñ ye le elañ mashi le linotse; kua heloñ ga Bakanana, le ga Baheta, le ga Baamora, le ga Baperesa, le ga Baheva, le ga Bayebusa. 9 Mi yana, bona, khoo ea bana ba Yeserele e tlile go na: mi le gona, ki bonye patiko e Baegepeto ba ba patikañ ka eona. 10 Mi yana, eintlo, mi ki tla gu romela go Faroe, gore u entse bana ba Yeserele, bathu ba me mo Egepeto. 11 ¶ Mi Moshe a raea Morimo, Ana ki mañ eo nka eañ go Faroe, le go entsa bana ba Yeserele mo Egepeto? 12 Mi oa re, Ki tla na nau rure; mi se se tla na seshupo go uena, ha e le ’na eo ki gu romileñ. Etlare mogañ u sina entsa bathu mo Egepeto, lo tla rihela Morimo ha thabeñ e. 13 ¶ Mi Moshe a raea Morimo. Bona, etlare ki hitla mo baneñ ba Yeserele, ki ba raea, Morimo oa bo‐rra eno o ’nthometse go lona; mi ha ba ’nthaea, Leina ya gague e mañ? ki tla ba raea ki reñ? 14 Mi Morimo oa raea Moshe,#3:14 Ver. 14 — leha e le, KE ’NA KE LEÑ ’NA. KINA EO, EO O TLA NAÑ, mi oa re, U ree bana ba Yeserele yalo, KINA o ’nthometse go lona. 15 ¶ Mi Morimo oa hela o raea Moshe, Raea bana ba Yeserele yalo, u re, Yehova Morimo oa bo‐rra eno, Morimo oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe, o ’nthometse go lona: ye ki leina ya me ka bosakhutleñ, mi ye ki segoporisho sa me mo kokomaneñ cotle. 16 U ee, u phuthe bagolu ba Boyeserela mogo, mi u ba ree, Yehova Morimo oa bo‐rra eno o impontsitse, eboñ Morimo oa ga Aberahame, le oa ga Yitsake, le oa ga Yakobe, oa re, Ki lo lekoletse rure, mi Ki bonye tse li lo rihalelañ mo Egepeto: 17 Ki gona ki rileñ, Ki tla lo entsa mo pogishoñ ea Egepeto, ki lo isa kua hatsiñ ya Bakanana, le ya Baheta, le ya Baamora, le ya Baperesa, le ya Baheva, le ya Bayebusa; lehatsi ye le elañ mashi le linotse. 18 Mi ba tla utlua koru ea gago: mi u ee, uena le bagolu ba Boyeserela kua khosiñ ea Egepeto, mi lo e ree, Yehova Morimo oa Bahebera o la a tla go rona: mi rea gu rapela, u re lese go ea loetoñ loa malatsi a teri kua bogareñganaga, gore re shupele Yehova Morimo oa rona. 19 ¶ Mi kia itse khosi ea Egepeto ga e kitla e lo lesa go ea, ha e si ka atla se se thata. 20 Mi ki tla otlolola atla sa me, ki daea Egepeto ka likhakhamaco, tse ki tla li rihañ mo gare ga gona: mi morago ga mouo e tla lo lesa go tsamaea. 21 Mi ki tla nela bathu ba tsalano mo maitloñ a Baegepeto: mi go tla rihala mogañ lo coañ, ga lo kitla lo coa lo iphotlere. 22 Mosari moñue le moñue o tla arima lilo tsa selevera, le lilo tsa gouda, le liaparo go moñ ka ena, le go ena eo o tlolatlolañ mo tluñ ea gague: mi lo tla li baea mo go bomoroa lona le bomoroaria lona; mi lo tla amoga Baegepeto.

4

KHAOLO 4. 1 MI Moshe a araba, a re, Mi bona, ga ba kitla ba ’ntumela, le esiñ go retsa koru ea me: gone ba tla re, Yehova ga a e si a gu ipontse. 2 Mi Yehova a mo raea, Eñ se se mo atleñ sa gago? Mi a re, Tsama. 3 Mi a re, E latlele ha hatsi. Mi a e latlela ha hatsi, mi ea hetoga noga; mi Moshe a e tsaba. 4 Mi Yehova a raea Moshe, Entsa atla sa gago, u e cuare ka mogatla. Mi a entsa atla sa gague, a e cuara, mi ea hetoga tsama mo atleñ sa gague: 5 Gore ba rumele ha u ipontsicoe ki Yehova Morimo oa bo‐rabo, oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe. 6 ¶ Mi Yehova a hela a mo raea, Tsenya yana atla sa gago mo hubeñ sa gago. Mi a tsenya atla sa gague mo hubeñ sa gague: mi eare a se entsa, bonañ, atla sa gague se le lepero yaka celañ. 7 Mi a re, Ba u tsenye atla sa gago mo hubeñ sa gago. Mi a tsenya atla sa gague mo hubeñ sa gague: mi eare a se entsa mo hubeñ sa gague, bonañ, sa bo sentse yaka nama ea gague. 8 Mi go tla rihala, ha ba gana go gu rumela, le esiñ go retsa koru ea cupo ea eintla, ba tla rumela koru ea cupo ea morago. 9 Mi go tla rihala ha ba gana go rumela le cona licupo li tu tse, le esiñ go retsa koru ea gago, u tsee ga metse a noka, u a thele mo ombuñ oa komelelo: mi metse ua u a tsaeañ mo nokeñ a tla na mari ha ombuñ oa ko-melelelo. 10 ¶ Mi Moshe a raea Yehova, Au, Morena oa me! ga ki monona eo o puo eiñtle, le ka motla o o hetileñ, le go motla o u buileñ le motlañka oa gago ka ona: mi ki molomo o o bonya, le loleme lo lo bonya. 11 Mi Yehova a mo raea E mañ eo o rihileñ mothu molomo? khotsa e mañ eo o rihileñ ba simumu, le ba boshushu le baboni, le ba bohohu? A ga si ’na Yehova? 12 Mi yana ea, mi ki tla na le molomo oa gago, ki gu ruta se u tla se buañ. 13 Mi a re, Au, Morena oa me! kia gu rapela, roma ka eo u tla mo romañ. 14 Mi bogale yoa ga Yehova yoa tukela Moshe, mi a re, Arone Molevi a ga si mogoluü? Kia itse o ka bua seiñtle. Mi bona, le ena o etla go gu khatlantsa: mi etlare a gu bona o tla itumela mo peluñ ea gague. 15 Mi u bue nae, u tsenye mahuku mo molomoñ oa gague: mi ki tla na le molomo oa gago, le molomo oa gague; mi ki tla lo ruta se lo tla se rihañ. 16 Mi o tla gu buelela mo bathuñ: mi go tla rihala o tla na yaka molomo oa gago, mi u tla na yaka Morimo go ena. 17 Mi tsaea tsama e e mo atlañ sa gago, e u tla rihañ licupo ka eona. 18 ¶ Mi Moshe a ea a boela go Yeteroe mogoagariague, mi a mo raea, A ko u’mme ki be ki ee, ki boele go bana ba ga rre ba ba mo Egepeto, ki bone ha ba sa tserile. Mi Yeteroe a raea Moshe, Ea ka kagisho. 19 Le gona Yehova a raea Moshe kua Midiana, Ea, u boele Egepeto: gone banona botle ba ba le ba batla tselo yoa gago ba shule. 20 Mi yalo Moshe a tsaea mosari oa gague le bomoroaue, mi a ba palamisa mo eseleñ, mi a boela hatsiñ ya Egepeto. Mi Moshe a tsaea tsama ea Morimo mo atleñ sa gague. 21 Mi Yehova a raea Moshe, Ere mogañ u bañ u boela hatsiñ ya Egepeto, itse gore u rihe likhakhamaco cotle ha pele ga Faroe, tse ki li tsentseñ mo atleñ sa gago: mi ki tla thatahatsa pelu ea gague, mi ga a kitla a lesa bathu ba ea. 22 Mi u ree Faroe, Go bua yalo Yehova, Yeserele ki moroake, ki oa burure oa me: 23 Mi ki le ka gu raea, A moroake a ee, gore a ’ntihele; mi ha u gana go mo lesa go ea, bona ki tla bolaea moroau, oa burure oa gago. 24 Mi ga rihala ha tseleñ, mo tluñ ea baeti, Yehova a mo khatlantsa a batla go molaea. 25 Ereha gona Tsiporahe o tsaeañ lekhethu, mi a khaola molomo ca ga moroaue, mi a o latlela ha naoñ tsa gague, mi a re, U mogatsake oa mari rure. 26 Mi a mo lesa a ea. Ereha gona o reñ, Mogatsake oa mari ka eintla ea boguera. 27 ¶ Yehova o la a raea le ena Arone, Ea kua bogareñganaga u khatlantse Moshe. Mi a ea a khatlana nae ha thabeñ ea Morimo, mi a mo atla. 28 Mi Moshe a bulelela Arone mahuku aotle a ga Yehova eo o mo rometseñ, le licupo tse o li mo laoletseñ cotle. 29 Mi Moshe le Arone ba ea ba phutha bagolu ba bana ba Yeserele botle: 30 Mi Arone a bua mahuku aotle ua Yehova o la a bua le Moshe; mi a riha licupo ha pele ga maitlo a bathu. 31 Mi bathu ba rumela: mi erile ba utlua ha Yehova a lekotse bana ba Yeserele, a leba pogisho ea bona, ba oba tlogo tsa bona, mi ba obamela.

5

KHAOLO 5. 1 MI morago ga mouo Moshe le Arone ba ea, ba raea Faroe, Go bua yalo Yehova Morimo oa Yeserele, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele moletlo kua bogareñganaga. 2 Mi Faroe a re, Yehova e mañ eo ’nka akelañ koru ea gague go lesa Boyeserela go ea? Ga ki itse Yehova, mi le gona ga ’nkitla ki lesa Boyeserela go ea. 3 Mi ba re, Morimo oa Bahebera o re tletse: ki gona re gu rapelañ, u re lese go ea bogareñganaga ka eto loa malatsi a teri, go shupela Yehova Morimo oa rona; gore a si re oele ka pesetelense leha e le ka caka. 4 Mi khosi ea Egepeto ea ba raea, Uena Moshe le Arone, lo tlosetsañ bathu tihoñ tsa bona? eañ mebelegoñ ea lona. 5 Faroe a hela a bua, Bonañ bathu ba lehatsi, le yana ba le bantsi; mi ba rata go ba ikhutsisa mebelegoñ ea bona. 6 Mi Faroe a laola ka tsatsi yeuo bagobagobetsi ba bathu, le likala tsa bona, 7 A re, Lo si tlole lo nela bathu motlaka go riha makote yaka gale: a ba ee ba ikokoanyetse motlaka. 8 Mi palo ea makote e ba e rihañ ka gale, lo e lope go bona; lo si e okocolole: gone ba boruhetse, ki gona ba bitsañ ba re, Re lese re ee re shupele Morimo oa rona. 9 A tiho e, e imahalerioe banona, gore ba rihe mo go eona; mi a ba si retse mahuku a maka. 10 ¶ Mi bagobagobetsi ba bathu ba coela, le likala tsa bona, mi ba bua le bathu, ba re, Go bua yalo Faroe, Ga ’nkitla ki lo naea motlaka. 11 Eañ, lo tsee motlaka kua lo ka o bonañ gona: leha gontse yalo ga go sepe sa tiho ea lona se se tla okocololoañ. 12 Ereha gona bathu ba iphatlala-tsañ le lehatsi yeotle ya Egepeto, go ikokoanyetsa lirine bonnoñ yoa motlaka. 13 Mi bagobagobetsi ba ba akohisa, ba re, Lo uetse tiho tsa lona tsa tiho ea tsatsi leñue le leñue yaka ka motlaka o lo leëo. 14 Mi likala tsa bana ba Yeserele tse bagobagobetsi ba bo‐ra Faroe ba li ba laorisañ tsa berioa, mi tsa borioa, Ana lo lo sa ueletseñ tiho e e laocoeñ, ka go riha makote mabane le ka yenu yaka gale? 15 ¶ Ereha gona likala tsa bana ba Yeserele, li eañ li biletsa go Faroe, tsa re, U rihelañ batlañka ba gago yalo? 16 Ga go motlaka ope o o neoañ batlañka ba gago, mi ba re raea, Rihañ makote: mi bona, batlañka ba gago ba berioa, mi leha gontse yalo, molatu o mo bathuñ ba gago. 17 Mi a re, Lo boruhetse, lo boruhetse; ki gona lo reñ, Re lese re ee, re shupele Yehova. 18 Ki gona eañ lo rihe; gone ga lo kitla lo neoa motlaka: leha gontse yalo lo nele palo ea makote. 19 ¶ Mi likala tsa bana ba Yeserele, tsa bona ha ba le mo boshuleñ, ka go reoa, Lo si okocolole sepe sa makote sa tiho ea lona ea tsatsi leñue le leñue. 20 Mi tsa oela Moshe le Arone ba eme tseleñ, ka li coa go Faroe: 21 Mi tsa ba raea, A Yehova a lo lebe, a siamise; gone lo enkhisitse loñko loa rona seboru ha pele ga Faroe le ha pele ga batlañka ba gague, ka go tsenya caka mo atleñ tsa bona go re bolaea. 22 ¶ Mi Moshe a ba a boela go Yehova, a re, Morena, u ’rihetseñ bathu ba boshula? u lu u ’nthomelañ? 23 Gone e sa le motleñ o ki tlañ go Faroe go bua mo ineñ ya gago, a rihela bathu ba boshula; mi ga ua golola bathu ba gago ka gope.

6

KHAOLO 6. 1 EAREHA gona Yehova o raeañ Moshe, Yana u tla bona se ki tla se rihelañ Faroe: gone o tla ba lesa go ea ka atla se se thata, mi o tla ba leleka mo hatsiñ ya gague ka atla se se thata. 2 Mi Morimo oa bua le Moshe, mi oa mo raea, Ki Yehova; 3 Ki le ka iponatsa go Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka leina ya Morimo Mothatietle, mi ki le ki sa itsege go bona ka leina ya me ya Yehova. 4 Le gona ki ba tlomamiseritse kholagano ea me, go ba naea hatsi ya Kanana, lehatsi ya boeñ yoa bona, ye ba le ba le baeñ mo go yeona. 5 Le gona ki utluile conelo ea bana ba Yeserele, ba Baegepeto ba ba rihi-sañ; mi ki gakologecoe kholagano ea me. 6 Ki gona, raea bana ba Yeserele, Ki Yehova, mi ki tla lo entsa tlatse ga mebelego ea Baegepeto, mi ki tla lo golola tiheloñ ea bona, mi ki tla lo rekolola ka cogo ye le otlologileñ, le ka tsekisho tse ri kholu: 7 Mi ki tla lo itsela go na bathu ba me, mi ki tla na Morimo oa lona: mi lo tla itse ha e le ’na Yehova Morimo oa lona, eo o lo entsañ tlatse ga mebelego ea Baegepeto. 8 Mi ki tla lo isa kua hatsiñ ye ki le ka ikana kaga yeona, go le naea Aberahame, le Yitsake, le Yakobe; mi ki tla le lo naea go na boshua: Ki Yehova. 9 Mi Moshe a bua le bana ba Yeserele yalo: mi ba si ka ba retsa ka eintla ea monoñonoño oa moea, le ka tihelo ea khoeleo. 10 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re, 11 Ea, u bue le Faroe khosi ea Egepeto, gore a lese bana ba Yeserele ba coe mo hatsiñ ya gague. 12 Mi Moshe a bua ha pele ga Yehova, a re, Bona, bana ba Yeserele ga ba ka ba ’nthetsa, ana Faroe o tla ’nthetsa yañ; ’na eo e leñ monona eo o sa nonohelañ puo? 13 Mi Yehova a bua le Moshe le Arone, mi a ba laorisa bana ba Yeserele, le Faroe khosi ea Egepeto, go entsa bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto. 14 ¶ Tse ki tlogotlogo tsa matlu a bo‐rabo: Bomoroa Rubene oa burure oa ga Yeserele; e le le Hanoke, le Palue, le Hetserone, le Kareme; tseuo ki litsika tsa ga Rubene. 15 ¶ Mi bomoroa Simeone; e le le Yemuele, le Yamine, le Ohade, le Yakine, le Tsohare, le Shaule, moroa mosari oa Kanana: tseuo ki litsika tsa ga Simeone. 16 ¶ Mi ua ki maina a bomoroa Leve kaha kokomaneñ tsa bona; Gereshone, le Kohate, le Merare: mi nyaga tsa botselo yoa ga Leve, e le le nyaga li hundereda le terete‐seven. 17 Bomoroa Gereshone; e le le Libene, le Sheme, kaha tsikeñ tsa bona. 18 Mi bomoroa Kohate; e le le Amerame, le Yitsehare, le Heberone, le Usiele: mi nyaga tsa botselo yoa ga Kohate e le le nyaga li hundereda le terete‐teri. 19 Mi bomoroa Merare; e le le Mahale, le Mushe: tseuo ki tsika tsa ga Leve kaha kokomaneñ tsa bona. 20 Mi Amerame a itsela mosari Yokebede rakhariague; mi a tsala nae Arone le Moshe: mi nyaga tsa botselo yoa ga Amerame, e le le nyaga li hundereda le terete‐seven. 21 ¶ Mi bomoroa Yitsehare; e le le Korahe, le Nefege, le Sitere. 22 Mi bomoroa Usiele; e le le Mishaele, le Eletsafane, le Sitere. 23 Mi Arone a itsela mosari Elishebe, moroaria Aminadabe, khantsaria Nashone; mi a tsala nae Nadabe, le Abihue, le Eleasare, le Itamare. 24 Mi bomoroa Korahe; e le le Asire, le Elekanahe, le Abiasafe: tseuo ki tsika tsa Bakoraha. 25 Mi Eleasare, moroa Arone, a itsela mosari oa bomoroaria Putiele; mi a tsala nae Finehase: tseuo ki litlogotlogo tsa Balevi kaha tsikeñ tsa bona. 26 Ba, ki bona Arone le Moshe, ba Yehova o la ba raea, Entsañ bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto kaha lintueñ tsa bona. 27 Ba ki bona ba ba le ba bua le Faroe khosi ea Egepeto, gore ba entse bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto: bauo ki Moshe le Arone. 28 ¶ Mi ga rihala tsatsiñ ye Yehova a bua le Moshe mo hatsiñ ya Egepeto, 29 Mi Yehova a bua le Moshe, a re, Ki Yehova: u bue le Faroe khosi ea Egepeto cotle tse ki tla li gu bulelelañ. 30 Mi Moshe a re, ha pele ga Yehova, Bona, ki eo o sa nonohelañ puo, mi Faroe o tla ’nthetsa yañ?

7

KHAOLO 7. 1 MI Yehova a raea Moshe, Bona, ki gu rihile Morimo go Faroe: mi Arone mogoluü o tla na moperofeti oa gago. 2 U bue cotle tse ki li gu loalelañ: mi Arone mogoluü o tla bua le Faroe, gore a lese bana ba Yeserele ba coe mo hatsiñ ya gague. 3 Mi ki tla thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi ki tla intsihatsa cupo tsa me, le khakhamaco tsa me mo hatsiñ ya Egepeto. 4 Mi Faroe ga a kitla a lo retsa, mi ki tla latsa atla sa me mo go Egepeto ka go entsa lintua tsa me, eboñ bathu ba me mo hatsiñ ya Egepeto, ka tsekisho tse ri kholu. 5 Mi Baegepeto ba tla itse ha e le ’na Yehova, mogañ ki otlolelañ Egepeto atla sa me, ki entsa bana ba Yeserele mo go bona. 6 Mi Moshe le Arone ba le ba riha yaka Yehova a ba laoletse, ba riha yalo. 7 Mi Moshe o la a le nyaga li eite, mi Arone o la a le nyaga li eite‐teri, ka ba bua le Faroe. 8 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe le Arone, a re, 9 Ere mogañ Faroe o buañ le lona, a re, Lo itihele cupo ea khakhamaco: ereha gona u ka raeañ Arone, Tsaea tsama ea gago, u e latlele ha pele ga Faroe, mi e tla hetoga noga. 10 ¶ Mi Moshe le Arone ba ea go Faroe, mi ba riha yalo yaka Yehova a ba laoletse: mi Arone a latlela tsama ea gague ha pele ga Faroe, le ha pele ga batlañka ba gague, mi ea hetoga noga. 11 Ereha gone Faroe le ena o bitsañ matlale, le baloi: mi liñaka tsa Seegepeto le cona tsa riha hela yalo ka mereo ea cona. 12 Gone eñue le eñue ea latlela tsama ea eona, mi tsa hetoga linoga: mi tsama ea ga Arone ea metsa tsama tsa cona. 13 Mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, ea tsamaea a se ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua. 14 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Pelu ea ga Faroe e imahetse, o gana go lesa bathu go ea. 15 Ea go Faroe go sa le mosho; bona, o tla ea kua metseñ; mi u eme ha lintsiñ tsa noka a tsamaea a tle; mi tsama e e lea hetoga noga u e tsee mo atleñ sa gago. 16 Mi u mo ree, Yehova Morimo oa Bahebera o ’nthometse go uena, a re, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele bogareñganaga: mi bona, le go yana ga ua ka ua utlua. 17 Go bua yalo Yehova, U tla itse ka seo se ha e le ’na Yehova: bona, ki tla daea metse a a mo nokeñ ka tsama e e mo atleñ sa me, mi a tla hetoga mari. 18 Mi litlapi tse ri mo nokeñ li tla shua, mi noka e tla eñkha seboru: mi Baegepeto ba tla itapisa go noa metse a noka. 19 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Raea Arone, Tsaea tsama ea gago, mi otlololela atla sa gago gorimo ga linoka tsa Baegepeto, le gorimo ga kelelo tsa bona, le gorimo ga melapo ea bona, le gorimo ga matsa a bona, le gorimo ga mariba a bona, gore a ne mari; gore mari a ne mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mo lipakoñ tsa likhoñ, le mo lipakoñ tsa maye. 20 Mi Moshe le Arone, ba riha yaka Yehova a la a laola; mi a culetsa tsama, mi a daea metse a a mo nokeñ, ha pele ga maitlo a ga Faroe, le ha pele ga maitlo a batlañka ba gague; mi metse aotle a a mo nokeñ a hetoga mari. 21 Mi litlapi tsa noka tsa shua; mi noka ea eñkha seboru; mi Baegepeto ba sa kake ba noa metse a noka; mi ga na mari mo hatsiñ yeotle ya Egepeto. 22 Mi liñaka tsa Seegepeto tsa riha yalo ka mereo ea cona; mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, le gona a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua. 23 Mi Faroe a menoga, a ea kua tluñ ea gague; le gona a si ka a baea tseuo mo peluñ ea gague. 24 Mi Baegepeto botle ba epa metse ha thoko ga noka go noa; gone ba sa kake ba noa metse a noka. 25 Mi malatsi a seven a heta ka Yehova a sina daea noka.

8

KHAOLO 8. 1 MI Yehova a raea Moshe, Ea go Faroe, mi u mo ree, Go bua yalo Yehova, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 2 Mi ha u gana go ba lesa go ea, bona, ki tla daea meleloane eotle ea gago ka liguagua: 3 Mi noka e tla nyeula liguagua, tse ri tla coañ, li tsena mo tluñ ea gago, le mo tluñ ea gago ea borobalo, le mo bolaoñ yoa gago, le mo matluñ a batlañka benu, le ea bathu ba gago, le mo matluñ a gago a peseco, le mo megopuñ ea gago ea borubelo: 4 Mi liguagua li tla tla go uena, le bathu ba gago, le batlañka ba gago botle. 5 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, Raea Arone, Otlololela atla sa gago le tsama gorimo ga likelelo, le gorimo ga melapo, le gorimo ga matsa, mi u tlatlose mo hatsiñ ya Egepeto liguagua. 6 Mi Arone a otlololela atla sa gague gorimo ga linoka tsa Egepeto; mi ga coa liguagua, mi tsa harahara lehatsi ya Egepeto: 7 Mi liñaka tsa riha yalo ka mereo ea cona, tsa entsetsa hatsi ya Egepeto liguagua. 8 ¶ Mi Faroe a bitsa Moshe le Arone, mi a re, Rapelañ Yehova go tlosa liguagua go ’na le mo bathuñ ba me, mi ki tla lesa bathu ba ea, gore ba shupele Yehova. 9 Mi Moshe a raea Faroe, ’Ntaolela lobaka lo ki tla gu rapelelañ le batlañka ba gago, le bathu ba gago ka lona, go senya liguagua go uena, le mo matluñ a gago, gore li ne mo nokeñ gosi. 10 Mi a re, Ka mosho. Mi a re, A go ne kaha hukuñ ya gago: gore u itse, ha go si ope eo o cuanañ le Yehova Morimo oa rona. 11 Mi liguagua li tla gu tlogela, le matlu a gago, le batlañka ba gago, le bathu ha gago; li tla na mo nokeñ gosi. 12 Mi Moshe le Arone ba coa go Faroe: mi Moshe a biletsa Yehova kaga liguagua, tse o la li tliseritse Faroe. 13 Mi Yehova a riha kaha hukuñ ya ga Moshe; mi liguagua tsa shua, mo matluñ, le mo masimoñ le mo nageñ. 14 Mi ba li kokoanya mekoä: mi lehatsi ya eñkha seboru. 15 Mi erile Faroe a bona ha go le tsehumolo a ikimahatsa pelu, mi a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua. 16 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Raea Arone, Otlolola tsama ea gago, mi daea lorole loa lehatsi, gore lo ne linta mo hatsiñ yeotle ya Egepeto. 17 Mi ba riha yalo; gone Arone a otlolola atla sa gague le tsama ea gague, a daea lorole loa lehatsi, mi loa na linta mo bathuñ, le mo likhomuñ; lorole lotle loa lehatsi loa na linta, mo hatsiñ yeotle ya Egepeto. 18 Mi liñaka le cona tsa riha yalo ka mereo ea cona go entsa linta, mi tsa paleloa: mi yalo ga na linta mo bathuñ le mo likhomuñ. 19 Ereha gona liñaka li raeañ Faroe, Mo, ki monuana oa Morimo: mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, mi a si ka a retsa; yaka Yehova a la a bua. 20 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U phakele go sa le mosho, mi u ikemise ha pele ga Faroe; bona, o tla coela kua nokeñ; mi u mo ree, Go bua yalo Yehova, a re, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 21 Gone ha u sa lese bathu ba me go ea, bona, ki tla gu tlisetsa metsitsi e e tlakanyeñ, le mo batlañkeñ ba gago, le mo bathuñ ba gago le mo matluñ a gago: mi matlu a Baegepeto a tla tlala metsitsi e e tlakanyeñ; le ona ombu o e mo go ona. 22 Mi ki tla lomolola hatsi ya Goshena, motleñ ouo, ye bathu ba me ba nntseñ go yeona, gore go si kitla go na metsitsi e e tlakanyeñ gona: gore u itse ha e le ’na Yehova gare ga lehatsi. 23 Mi ki tla baea khololo gare ga bathu ba me le bathu ba gago: cupo e, e tla rihala ka mosho. 24 Mi Yehova a riha yalo; mi ga tla metsitsi e e tlakanyeñ e megolu, mo tluñ ea ga Faroe, le mo matluñ a batlañka babo, le mo hatsiñ yeotle ya Egepeto: lehatsi ya borisioa ki metsitsi e e tlakanyeñ. 25 ¶ Mi Faroe a bitsa Moshe le Arone, mi a re, Eañ, lo shupele Morimo oa lona mo hatsiñ yenu. 26 Mi Moshe a re, Ga goa siama go riha yalo; gone re tlabo re shupela Yehova Morimo oa rona maila a Baegepeto: bona, re kabo re shupela maila a Baegepeto ha pele ga maitlo a bona, a ga ba kitla ba re khobotletsa? 27 Re lese go ea etoñ loa malatsi a le teri kua bogareñganaga, gore re shupele Yehova Morimo oa rona, yaka o tla re laolela. 28 Mi Faroe a re, Ki tla lo lesa go ea, gore lo shupele Yehova Morimo oa lona kua bogareñganaga; ere ha lo ea lo si ee khakala; ki gona gosi: ’Ntha-pelela. 29 Mi Moshe a re, Bona, ki coa go uena, mi ki tla rapela Yehova gore metsitsi e e tlakanyeñ e tlogele Faroe, le batlañka ba gague, le bathu ba gague ka mosho: a Faroe a si tlole a riha ka tsieco, ka go bisa go lesa bathu go ea, go shupela Yehova; ki gona gosi. 30 Mi Moshe a coa go Faroe, mi a rapela Yehova. 31 Mi Yehova a riha yaka lehuku ya ga Moshe; mi a tlosa metsitsi e e tlakanyeñ go Faroe, le mo batlañkeñ ba gague, le mo bathuñ ba gague; go si ka ga sala epe. 32 Mi Faroe a ikimahatsa pelu le ka baka senu, le gona a si ka a lesa bathu go ea.

9

KHAOLO 9. 1 MI Yehova a raea Moshe, Ea go Faroe, mi u bue le ena, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, a re, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 2 Gone ha u gana go ba lesa go ea, mi ha u santse u ba thiba, 3 Bona, atla sa ga Yehova se tla na mo likhomuñ tsa gago tse ri kua nageñ, le mo lipitseñ le mo lieseleñ, le mo likameleñ, le mo matlapeñ, le mo lihutsaneñ, ka pesetelense e kholu. 4 Mi Yehova o tla lomologanya gare ga khomu tsa Boyeserela, le khomu tsa Egepeto: mi ga go kitla go shua epe ea cotle tsa bana ba Yeserele. 5 Mi Yehova a laolela lobaka loñue, a re, Yehova o tla riha seo se mo hatsiñ ka mosho. 6 Mi Yehova a riha seo se ka mosho, mi khomu cotle tsa Egepeto tsa shua: mi ga khomu tsa bana ba Yeserele go si ka ga shua epe. 7 Mi Faroe a roma, mi bonañ, gabo go si epe ea khomu tsa Boyeserele e e shuleñ. Mi pelu ea ga Faroe ea ima-harioa, mi a si ka a lesa bathu ba ea. 8 ¶ Mi Yehova a raea Moshe le Arone, Tabolañ molora ka liatla tse ri tletseñ, mi a Moshe a o kuruele legorimoñ ha pele ga maitlo a ga Faroe. 9 Mi o tla na lorole lo lo sesane mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mi lo tla na lisho, tse ri kukunyetsañ marophi mo bathuñ le mo likhomuñ. 10 Mi ba tsaea molora ha moubeñ, mi ba ema ha pele ga Faroe; mi a o kuruela kua gorimo; mi ga na lisho tse ri kukunyetsañ marophi mo bathuñ le mo likhomuñ. 11 Mi liñaka li sa kake tsa ema ha pele ga Moshe ka eintla ea lisho; gone lisho li li le mo liñakeñ, le Baegepeto botle. 12 Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua le Moshe. 13 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U phakele go sa le mosho, u ikemise ha pele ga Faroe, mi u mo ree, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 14 Gone ki tla tlisa ka baka senu licupo cotle tsa me mo peluñ ea gago, le mo batlañkeñ ba gago, le mo bathuñ ba gago; gore u itse ha go sina ope eo o cuanañ le ’na mo hatsiñ yeotle. 15 Gone yana ’nkabo ki otlolotse atla sa me, ki gu betsa, le bathu ba gago ka pesetelense; u kabo u khaocoe mo lehatsiñ. 16 Mi rure ki gu buluketse mouo, gore ki gu bontse thata ea me; mi gore leina ya me le buleloe mo hatsiñ yeotle. 17 A u santse u ikhorisitse ha bathuñ ba me, ka u sa ba lese ba ea? 18 Bona, ki tla nisa sehako se segolu bogolu ka mosho yaka gontse yana, se se e siñ se ke se rihale mo Egepeto, ga motheoñ oa yeona le yana. 19 Mi yana, roma, phutha khomu tsa gago, le cotle tse u nañ naco kua nageñ; gone bathu botle le tse ri tserileñ cotle tse ri tla bonoañ mo nageñ, li sa lerioe gae, sehako se tla li oela, mi li tla shua. 20 Eo o la boiha lehuku ya ga Yehova, oa batlañka ba ga Faroe, a tsa-bisetsa gae batlañka ba gague le khomu tsa gague: 21 Mi eo o la sa ka a ñoka huku ya ga Yehova, a lesa batlañka ba gague le khomu tsa gague mo nageñ. 22 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, otlololela atla sa gago legorimo, mi sehako se tla na mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mo bathuñ, le mo likhomuñ, le mo merogoñ eotle mo hatsiñ ya Egepeto. 23 Mi Moshe a otlololela tsama ea gague legorimo; mi Yehova a tlisa tumo ea maru le sehako, mi molelo oa tsamaea ha ombuñ; mi Yehova a osetsa mo hatsiñ ya Egepeto sehako. 24 Mi ga na sehako, le molelo o o tlakancoeñ le sahako; e le le thata bogolu, yaka go e si go ke go ne mo hatsiñ yeotle ya Egepeto ga motla o ba na loshaba ka ona. 25 Mi sehako sa daea cotle tse li li le kua nageñ, bathu le likhomu mo hatsiñ yeotle ya Egepeto; mi sehako sa daea merogo eotle ea naga, sa roba tlare cotle tsa naga. 26 Mo hatsiñ ya Goshena yeosi, gabo go sina sehako go yeona kua bana ba Yeserele ba gona. 27 ¶ Mi Faroe a roma, mi a bitsa Moshe le Arone, a ba raea, Ki leohile mo bakeñ senu: Yehova o Mosiami, mi ’na, le bathu ba me re baikepi. 28 Rapelañ Yehova, (gone go lekanye,) gore tumo ea maru e kholu le sehako se khutle; mi ki tla lo lesa go ea, mi ga lo kitla lo tlola lo riega. 29 Mi Moshe a mo raea, Ki sina go coa mo motseñ, ki tla otlololela Yehova atla tsa me; mi tumo ea maru e tla khutla, mi sehako ga se kitla se na; gore u itse ha lehatsi e le ya ga Yehova. 30 Mi kaga gago le batlañka ba gago, kia itse loa bo lo si kitla lo boiha ha pele ga Yehova Morimo. 31 Mi felase le barele a deoa: gone barele a tsetse, mi felase a golokile. 32 Mi mabele le sepeleta a sa deoa: gone a la a e si a mele. 33 Mi Moshe a coa mo motseñ le go Faroe, mi a otlololela Yehova atla tsa gague: mi tumo ea maru le sehako sa khutla, mi pula e si ka ea tlola e theloa mo hatsiñ. 34 Mi erile Faroe a bona ha pula le sehako, le tumo ea maru li khutlile, a hela a leoha, a ikimahatsa pelu, ena le batlañka ba gague. 35 Mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, mi a gana go lesa bana ba Yeserele go ea; yaka Yehova a la a bua ka Moshe.

10

KHAOLO 10. 1 MI Yehova a raea Moshe, Ea go Faroe: gone ki thataharitse pelu ea gague, le pelu tsa batlañka ba gague, gore ki bonatse cupo tsa me tse mo go bona. 2 Mi gore u bulele mo tsebeñ tsa ga moroau, le tsa ga moroa moroau lilo tse ki li rihileñ mo Egepeto, le cupo tsa me tse ki li rihileñ mo go bona, gore lo itse ha e le ’na Yehova. 3 Mi Moshe le Arone ba ea go Faroe, ba mo raea, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, U tla gana ka bolele bo le kai go ikatisa ha pele ga me? lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 4 Mi ere ha u gana go lesa bathu ba me go ea, bona, ki tla lere tsie mo moleloaneñ oa gago ka mosho: 5 Mi e tla harahara lehatsi, e tsamaea moñue a reteleloa ki go bona lehatsi: mi e tla ya tse ri setseñ tsa tse ri ri halotse, tse ri lo saletseñ mo sehakoñ, mi e tla ya tlare cotle tse ri lo melelañ mo nageñ: 6 Mi e tla tlala matlu a gago, le matlu a batlañka ba gago botle, le matlu a Baegepeto botle; yaka go e si go ke go bonoe ki bo‐rago, le bo‐rabo bo‐rago, ka motla o ba le ba le mo hatsiñ ka ona le nakoñ enu. Mi a menoga mi a coa go Faroe. 7 ¶ Mi batlañka ba ga Faroe ba mo raea, Eouo, o tla na seru go rona bolele bo le kai? lesa banona ba ee, gore ba rihele Yehova Morimo oa bona: a u santse u e si u itse ha Egepeto a senyegile? 8 Mi Moshe le Arone ba bo ba leroe go Faroe: mi a ba raea, Eañ, lo rihele Yehova Morimo oa lona: mi e bo mañ le bo mañ ba ba tla eañ? 9 Mi Moshe a re, Re tla ea le makau le bacohe, le bomoroa rona le bomoroaria rona, le macomane a rona, le matlape a rona, gone re na le moletlo oa ga Yehova. 10 Mi a ba raea, A le Yehova a ne le lona, ha ’nka lo lesa go ea le banyana ba lona: itiseñ; gone boshula bo ha pele ga lona. 11 Esiñ yalo: yana lo ee, lona banona, lo rihele Yehova; gone lo eleritse yalo. Mi ba lelekoa ha pele ga Faroe. 12 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Otlololela atla sa gago gorimo ga hatsi ya Egepeto, gore tsie e tle, gore e tle mo hatsiñ ya Egepeto, go ya merogo ea lehatsi eotle, eotle e sehako se e siileñ. 13 Mi Moshe a otlololela gorimo ga hatsi ya Egepeto tsama ea gague, mi Yehova a lere pheho ea Iseta mo hatsiñ ka tsatsi yeuo yeotle, le sigo yotle youo; mi ga rihala pheho ea Iseta ea lere tsie go sa le mosho. 14 Mi tsie ea tla mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, ea lala mo meleloaneñ eotle ea Egepeto ka leshogori ye legolu: gabo go e si go ke go ne tsie yaka eona, mi ga go kitla go tlola go na yaka eona. 15 Gone le e ea harahara lehatsi yeotle, ea tsamaea lehatsi ya hihala; mi ea ya merogo eotle ea lehatsi, le mauñuo aotle a litlare a a la sala mo sehakoñ; mi gabo go sa sale sepe se se talana mo litlareñ, le mo merogoñ mo hatsiñ yeotle ya Egepeto. 16 ¶ Eareha gona Faroe a akoha a bitsa Moshe le Arone, mi a re, Ki leohetse Yehova Morimo oa lona, le lona. 17 Mi yana kia lo rapela, incuare-leñ seleo sa me mo bakeñ senu shosi, mi rapelañ Yehova Morimo oa lona, go ’ntlosetsa loshu lo losi. 18 Mi a coa go Faroe, mi a rapela Yehova. 19 Mi Yehova a bosa pheho e e thata bogolu ea Ueseta, mi ea kharametsa tsie, ea e rigela mo Leoatleñ ye le Hubiru: ga bo go sa sale tsie epe mo meleloaneñ eotle ea Egepeto. 20 Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi a gana go lesa bana ba Yeserele go ea. 21 Mi Yehova a raea Moshe, Otlololela atla sa gago legorimo, gore lehihi le ne mo hatsiñ ya Egepeto: eboñ lehihi ye le ka apa‐apioañ. 22 Mi Moshe a otlololela atla sa gague legorimo; mi ga na lehihi ye legolu ya khuru mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, ka malatsi a teri: 23 Ba bo ba sa bonane, le gona go si ope eo o nanogañ heloñ ga gague ka malatsi a teri: mi bana ba Yeserele ba le ba na le leseri mo maagoñ a bona. 24 ¶ Mi Faroe a bitsa Moshe, mi a re, Eañ lo rihele Yehova; kaga gona gosi a macomane a lona le matlape a lona a sale: le bona banyana ba lona a ba ee le lona. 25 Mi Moshe a re, Le gona u re nee cupelo tsa tlabo le cupelo tsa phisho, gore re shupele Yehova Morimo oa rona; 26 Le cona khomu tsa rona re ea naco; ga go tlaku epe e e tla salañ kua morago; gone re tla tsaea ga cona go rihela Yehova Morimo oa rona; gone ga re itse se re tla rihelañ Yehova ka shona re tla re tsamaea re hitla gona. 27 ¶ Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi a gana go ba lesa go ea. 28 Mi Faroe a mo raea, Tloga go ’na, u itise gore u si tlole u bona hatlogo sa me; gone motleñ o u bonañ hatlogo sa me u tla shua ka ona. 29 Mi Moshe a re, U buile ka go siame, Ga ’nkitla ki tlola ki bona hatlogo sa gago.

11

KHAOLO 11. 1 MI Yehova a bo a buile le Moshe, Ki tla hela ki lere peco eñue go Faroe le mo Egepeto; mi o tla lo lesa go ea morago ga mouo: etlare mogañ o lo lesa go ea, o tla lo lelekela rure go coa mono. 2 Bua mo tsebeñ tsa bathu, gore monona moñue le moñue a arime moñ ka ena, le mosari moñue le moñue a arime moñ ka ena, lilo tsa selevera, le lilo tsa gouda. 3 Mi Yehova a nela bathu tsalano mo maitloñ a Baegepeto: Le gona monona Moshe o la le mogolu bogolu mo hatsiñ ya Egepeto ha pele ga maitlo a batlañka ba ga Faroe, le ha pele ga maitlo a bathu. 4 ¶ Mi Moshe a re, Go buile yalo Yehova, Ki tla coela gare ga Egepeto e kane e le gare ga bosigo: 5 Mi ba burure botle ba hatsi ya Egepeto ba tla shua, go simolola ka oa burure oa ga Faroe eo o rutseñ mo teroneñ ea gague, le kua go oa burure oa lelata ye le kua morago ga loloala; le tsa maitibolo cotle tsa likhomu. 6 Mi go tla na khoo e kholu mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, e e siñ e ke e rihahale, le e e si kitlañ e tlola e na. 7 Mi ga go kitla go na enca epe e e tla lelenyañ leme loa eona mo baneñ botle ba Yeserele, go simolola ka bathu go ea likhomuñ: gore lo itse ha Yehova a lomologanya gare ga Baegepeto le Boyeserela. 8 Mi batlañka ba gago botle ba, ba tla hologela go ’na, ba ikobela go ’na, ba re, Coañ, uena le bathu botle ba ba gu salañ morago: mi ki tla coa morago ga mouo. Mi a coa go Faroe ka bogale yo bo tukañ. 9 ¶ Mi Yehova o la a bua le Moshe, Faroe ga a kitla a lo retsa; gore khakhamaco tsa me li intsiharioe mo hatsiñ ya Egepeto. 10 Mi Moshe le Arone ba le ba riha likhakhamaco tse cotle ha pele ga Faroe: mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe; gore a si lese bana ba Yeserele go coa mo hatsiñ ya gague.

12

KHAOLO 12. 1 MI Yehova o la a bua le Moshe le Arone mo hatsiñ ya Egepeto, a re, 2 Khueri enu e tla na tsimologo ea likhueri go lona: e tla na khueri ea eintla ea ñuaga go lona. 3 ¶ Lo bue le phuthego eotle ea Boyeserala, lo re, A moñue le moñue a tsee kuana kaha matluñ a bo‐rague, kuana eñue go eintlu eñue, ka tsatsi ya bo‐ten ya khueri enu: 4 Mi ha ba eintlu eñue ba tlaela kuana, mi ena le moñ ka ena eo o bapisitseñ eintlu ea gague, a ba e tsee kaha paloñ ea bathu ba bona, moñue le moñue kaha go yeñ ga gague; lo bale kaha kuaneñ. 5 A kuana ea lona e ne e e itekanetseñ, e tona ea ñuaga o le moñue: lo tsee ea liñku, khotsa ea lipori: 6 Mi lo e tlatlele e tle e tsamaee e ne tsatsi ya bo‐forten ya khueri enu: mi kokoano eotle ea phuthego ea Boyeserela e e tlabe ka matsiboea. 7 Mi a ba tsee ga mari ba a mathe mo mepakuaneñ ea meyako le searamo sa matlu a ba tla e yelañ me go aona. 8 Mi a ba ye nama mo sigoñ youo, e besicoe ka molelo, le señkhue se se sa berisioañ; a ba e yele le merogo e e galakañ. 9 Si e yeñ e le tala, le gona a e si apeoe ka metse ka gope, a e besioe ka molelo; le tlogo ea eona, le memo ea eona, le liteñ tsa eona. 10 Mi lo si sarisetse ka mosho sepe; mi se se setseñ ka mosho, lo se hise ka molelo. 11 ¶ Mi yana lo e ye yalo; lo e ye lo ikhatlile litheka, le litlaku mo naoñ tsa lona, le tsama mo atleñ tsa lona; mi lo e ye ka potlako: ki Tlolaganyo ea ga Yehova. 12 Gone ki tla ralala lehatsi ya Egepeto sigoñ yonu, mi ki tla daea ba burure botle mo hatsiñ ya Egepeto, ba bathu le maitibolo aotle a likhomu; mi ki tla sekisa merimo eotle ea Egepeto: ki Yehova. 13 Mi mari ua a tla na cupo go lona mo matluñ ua lo mo go aona: mi etlere ki bona mari ki tla lo tlolaganya, mi sebeco se si kitla se na mo go lona go lo senya, motlañ ki betsañ lehatsi ya Egepeto. 14 Mi tsatsi yenu le tla na segoporisho go lona; mi lo le beele Yehova moletlo, mo kokomaneñ tsa lona; lo le bee taeo e e sa khutleñ. 15 ¶ Lo ye señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven; lo tlose seberisho mo matluñ a lona le mo tsatsiñ ya eintla: gona leha e le mañmañ eo o tla yañ se se berisicoeñ go simolola ka tsatsi ya eintla go ea tsatsiñ ya bo‐seven, mothu eouo o tla khaoloa mo go Boyeserela. 16 Mi a phuthego ea itsepho e ne ka tsatsi ya eintla; le gona lo ne le phuthego ea itsepho ka tsatsi ya bo‐seven; mi a go si ne tiho epe e e rihoañ mo go yeona ha e si se moñue le moñue o se yañ, seuo shosi lo ka se riha. 17 Lo tlokomele moletlo oa señkhue se se sa berisioañ; ka gone ki entsitse lintua tsa lona mo hatsiñ ya Egepeto, ka tsatsi yenu; ki gona tlokomelañ tsatsi yenu mo kokomaneñ tsa lona ka taeo e e sa khutleñ. 18 Lo ye señkhue se se sa berisioañ ka tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea eintla ka matsiboea, go ea tsatsiñ ya bo‐tuente uan ya khueri ka matsiboea. 19 A seberisho se si bonoe mo matluñ a lona ka malatsi a seven; gone leha e le mañmañ eo o yañ se se berisicoeñ, mothu eo, o tla khaoloa mo phuthegoñ ea Boyeserela, leha e ka ne e le moeñ, khotsa eo o tsecoeñ mo hatsiñ ye. 20 Lo si ye sepe se se berisicoeñ; lo ye señkhue se se sa berisioañ mo maagoñ a lona aotle. 21 ¶ Mi Moshe a bitsa bagolu ba Boyeserela botle, a ba raea, Itebalebe-leñ, mi itseleñ likuana, kaha tsikeñ tsa lona, mi lo tlabele Tlolaganyo. 22 Mi lo tsee ñatana ea hisopa, lo e ine mo mariñ a a mo seyaneñ, mi lo mathe searamo, le mepakuana e tu ea moyako, ka mari a a mo seyaneñ, mi a go si ne ope eo o coañ ka moyako oa eintlu ea gague e tsamaea e ne mosho. 23 Gone Yehova o tla ralala go daea Baegepeto, mi ere a bona mari ha searamoñ, le mepakuana e tu ea moyako, Yehova o tla tlolaganya moyako o, a sa lesa mosenyi go tsena mo matluñ a lona go lo daea. 24 Mi tlokomelañ mo, go na molao go lona, le bana ba lona ka bosakhutleñ. 25 Mi ere mogañ lo sina hitla mo hatsiñ ye Yehova o tla le lo naeañ, yaka o buile, lo tlokemele tihelo e. 26 Mi ha bana ba lona ba lo raea, Lo kaeañ ka tihelo e? 27 Ereha gona lo reñ, Ki cupelo ea Tlolaganyo ea ga Yehova, eo o la a tlolaganya matlu a bana ba Yeserele kua Egepeto, ka a daea Baegepeto, a golola matlu a rona. Mi bathu ba oba litlogo ba obamela. 28 Mi bana ba Yeserele ba tsamaea, mi ba riha yaka Yehova a la a laola Moshe le Arone, ba riha yalo. 29 ¶ Mi ga rihala Yehova, a daea ba burure botle mo hatsiñ ya Egepeto gare ga bosigo, go simolola ka oa burure oa ga Faroe eo o rutseñ mo teroneñ ea gague, le kua go oa burure oa mogolegoi eo o mo moleteñ; le maitibolo aotle a likhomu. 30 Mi Faroe a coga mo sigoñ, ena le batlañka ba gague botle, le Baegepeto botle; mi gabo gole khoo e kholu mo Egepeto, gone gole go sina eintlu epe ha moshui o sieoñ go eona. 31 Mi Faroe a bitsa Moshe le Arone bosigo; mi a re, Nanogañ, coañ mo bathuñ ba me, lona le bana ba Yeserele; mi eañ, lo rihele Yehova, yaka lo buile; 32 Le macomane a lona le matlape a lona, yaka lo buile, mi eañ koñ; mi le ’na lo ’nsegahatse. 33 Mi Baegepeto ba potlakisa bathu, go ba entsa mo hatsiñ ka kakoho; gone ba re, Re shule rotle. 34 Mi bathu ba tsaea maruyo a e si a berisioa, le likholokue tsa maruyo a bohiloe mo aparoñ tsa bona, mo maruriñ a bona. 35 Mi bana ba Yeserele ba riha yaka huku ya ga Moshe; mi ba arima lilo tsa selevera le lilo tsa gouda, le liaparo mo go Baegepeto; 36 Mi Yehova o la a naea bathu tsalano mo maitloñ a Baegepeto, mi ba ba arima kaha kelecoñ ea bona. Mi ba thopa Baegepeto. 37 ¶ Mi bana ba Yeserele ba tloga mo Ramesesa ba ea Sukota, ba ka ne ba le sekes hundereda thousanda ba linao, banona bosi, banyana ba sa baloe. 38 Mi bontsi yo bo tlakanyeñ, le yona yoa ea nabo; le macomane, le matlape, le likhomu li lintsi bogolu. 39 Mi ba besa liñkhue tse ri sa berisioañ tsa maruyo a ba le ba coa nao mo Egepeto; gone a la sa berisioa, ka gone ba le ba lelekoa mo hatsiñ ya Egepeto, ba si kake ba riega, le esiñ go itleletsa mohago. 40 Mi yana go nna ga bana ba Yeserele le bo‐rabo, mo ba go nntseñ mo hatsiñ ya Egepeto, e le le linyaga li for hundereda le terete. 41 Mi ga rihala nyaga li for hundereda le terete li sina heta, lintua cotle tsa ga Yehova tsa coa mo hatsiñ ya Egepeto ka tsatsi yeuo. 42 Sigo yo, bo cuanecoe go tloko-meleloa Yehova segolu, ka gone a ba entsitse mo hatsiñ ya Egepeto: sigo youo ki yoa ga Yehova go tlokomeloa ki bana ba Yeserele botle mo kokomaneñ tsa bona. 43 ¶ Mi Yehova a raea Moshe le Arone, O ki molao oa Tlolaganyo. A go si ne moeñ eo o yañ ga eona: 44 Mi motlañka oa moñue le moñue eo o rekiloeñ ka mari, u sina mo guerisa, eareha gona o ka yañ ga eona. 45 A go si ne oa morahe o sele, le eo o thapecoeñ tuelo eo o yañ ga eona. 46 A e yeoe mo tluñ eñue hela; u si entsetse sepe sa nama kua eintle ga eintlu, mi lo si robe sapo lepe ya eona. 47 A phuthego eotle ea Boyeserela e e rihe. 48 Mi ha moeñ a tlola le lona, mi a rata go rihela Yehova Tlolaganyo, a lonona loa gague lotle lo guerisioe, ereha gona o ka atamelañ go e riha; mi o tla na yaka moñue eo o tsecoeñ mo hatsiñ ye: gone go si ope eo o sa guerisioañ eo o ka yañ ga eona. 49 A e ne molao o moñue hela go eo o tsalecoeñ mo gae, le go moeñ eo o tlolañ mo go lona. 50 Mi bana ba Yeserele ba riha yalo botle, yaka Yehova a la a laola Moshe le Arone, ba riha yalo. 51 Mi ga rihala Yehova a entsa bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto mo tsatsiñ yeuo kaha lintueñ tsa bona.

13

KHAOLO 13. 1 MI Yehova a bua le Moshe, a re, 2 Intsephele ba burure botle; mi botle ba ba mo baneñ ba Yeserele ba maitibolo, a ba ne ba me, ga mothu, le khomu. 3 ¶ Mi Moshe a raea bathu, Gakologeloañ tsatsi yenu, ye lo loa coa Egepeto, le mo tluñ ea botlañka ka yeona; gone Yehova o la a lo entsa monu ka atla se se thata; ki gona a se se berisicoeñ se si yeoe. 4 Lo loa coa ka tsatsi yenu, le ka khueri ea Abiba. 5 Mi ere mogañ Yehova a sina lo isa hatsiñ ya Bakanana, le ya Baheta, le ya Baamora, le ya Baheva, le ya Bayebusa, ye o la a le ikanela bo‐rra enu go le lo naea, lehatsi ye le elañ mashi le linotse, lo rihe tihelo e mo khueriñ enu. 6 Lo ye señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven, mi moletlo oa ga Yehova e ne ka tsatsi ya bo‐seven.Señkhue se se sa berisioañ a se yeoe ka malatsi a seven; mi se se berisicoeñ a se si bonoe mo go lona, le seberisho a se si bonoe mo likhoreñ tsa lona cotle. 8 Mi lo ree bana ba lona mo tsatsiñ yeuo, lo re, Se se rihoa ka eintla ea se Yehova o la a se re rihela mogañ o re coañ Egepeto ka ona. 9 Mi se a se ne yaka seshupo mo atleñ tsa lona, le yaka segopoco gare ga maitlo a lona, gore molao oa ga Yehova o ne melomoñ ea lona: gone Yehova o la a lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto ka atla se se thata. 10 Ki gona tlokomelañ molao o mo motleñ oa ona ka ñuaga ñuaga. 11 ¶ Mi go tla rihala mogañ o Yehova a sina lo isa hatsiñ ya Bakanana yaka a la a lo ikanela le bo‐rra enu, a le lo naea, 12 Mi lo lomololele Yehova oa burure moñue le moñue oa mosari, le maitibolo aotle a tse ri tserileñ tse lo nañ naco; tse ri tona ki tsa ga Yehova. 13 Leitibolo leñue le leñue ya esela lo le rekolole ka kuana; mi ha lo sa e rekolole lo khaole thamo ea yeona: mi ba burure botle ba bathu, mo baneñ ba lona lo ba rekolole. 14 Mi ha go tla rihala bana ba lona ba lo botsa motla o o tlañ, ba re, Eñ se? Lo ba ree, Yehova o la a re entsa mo Egepeto mo tluñ ea botlañka ka atla se se thata; 15 Gone gole ga rihala erile Faroe a thatahala, a gana go re lesa go ea, Yehova a bolaea ba burure botle mo hatsiñ ya Egepeto, go simolola ka ba burure ba bathu go ea maitiboloñ a likhomu: ki gona re shupelañ Yehova maitibolo aotle a litona; mi ba burure botle ba bana ba rona rea ba rekolola. 16 Mi se a se ne seshupo mo atleñ tsa lona, le mekare gare ga maitlo a lona: gone Yehova o la a lo entsa mo Egepeto ka atla se se thata. 17 ¶ Mi yana erile Faroe a sina lesa bathu go ea, Morimo o lo o si ka oa ba goga mo tseleñ ea Bafiliseta, leha e le le gauhe, gone Morimo oa re; Gore e si re khotsa eare bathu ba bona tlabano ba ikuatlaea, ba boela Egepeto: 18 Mi Morimo oa goga bathu ka cokeco mo tseleñ ea gareganaga yoa Leöatle ye le Hubiru, mi bana ba Yeserele ba coa mo hatsiñ ya Egepeto ka thulaganyo. 19 Mi Moshe a tsaea marapo a ga Yosefe le aona; gone o la a ikanisa bana ba Yeserele ka ikano e e thata, a re, Morimo o tla lo lekolela rure, mi lo belege marapo a me le aona a coe monu. 20 ¶ Mi ba tloga mo Sukota, mi ba tlaolela kua Etama ha khutloñ sa bogareganaga. 21 Mi Yehova a ba etelela pele ka pilara ea leru ka motsegare, go ba goga mo tseleñ; le mo pilareñ ea molelo bosigo, go ba bonesa, go coelela motsegare le bosigo: 22 A si ka a tlosa pilara ea leru motsegare, le esiñ pilara ea molelo mo bosigoñ ha pele ga bathu.

14

KHAOLO 14. 1 MI Yehova a bua le Moshe, a re, 2 Bua le bana ba Yeserele, gore ba boee ba tlaolele ha pele ga Pi‐hahirota, gare ga Migedola le leoatle, ha pele ga Bale‐tsefona; lo tlaolele ha go lebagana le ona ha leoatleñ. 3 Gone Faroe o tla bua ga bana ba Yeserele, a re, Ba kaila mo hatsiñ; ba kalecoe ki bogareganaga; 4 Mi ki tla thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi o tla ba khonatelela; mi ki tla galalerioa ki Faroe, le entua eotle ea gague; mi Baegepeto ba tla itse ha e le ’na Yehova. Mi ba riha yalo. 5 ¶ Mi ga buleleloa khosi ea Egepeto, ha bathu ba tsabile; mi pelu ea ga Faroe le tsa batlañka ba gague tsa hetoga kaga bathu, mi ba re, Ana re le re rihelañ yalo, ka re lesitse Boyeserela ba ea go coa tiheloñ ea rona? 6 Mi a bakanya cariota ea gague, mi a tsaea bathu ba gague nae. 7 Mi a tsaea licariota tse ri tseki-loeñ li sekes hundereda, le licariota cotle tsa Egepeto, le balaori ba cona cotle. 8 Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe khosi ea Egepeto, mi a khonatelela bana ba Yeserele: mi bana ba Yeserele ba le ba coa ka atla se se gorimo. 9 Mi Baegepeto ba ba khonatelela ka lipitse cotle le cariota tsa ga Faroe, le bapalami ba gague, le entua ea gague, mi ba ba hitlela kua ba tlaoletseñ gona ha leoatleñ ha go Pi‐hahirota, ha pele ga Bale‐tsefona. 10 ¶ Mi eare Faroe a sina atamela, bana ba Yeserele ba culetsa maitlo a bona, mi bonañ, Baegepeto bo ba khuetegela, mi ba boiha segolu; mi bana ba Yeserele ba biletsa go Yehova. 11 Mi ba raea Moshe; A e le e le gona go sina liphupu mo Egepeto, ka u re tlositse go shuela bogareñganaga yo? Ana u lu u re rihelañ yalo go re entsa mo Egepeto? 12 Ye a ga si lehuku ye re le ra le bua le uena kua Egepeto, ra re, Re lese, gore re rihele Baegepeto? gone gole gole molemo go rona go rihela Baegepeto, bogolu go go shuela mo bogareñganaga. 13 ¶ Mi Moshe a raea bathu, Si boiheñ, ikemisañ, mi lo bone puluko ea ga Yehova, e o tla e lo rihelañ ka yenu: gone Baegepeto ba lo ba bonyeñ ka yenu, ga lo kitla lo tlola lo ba bona ka bosakhutleñ. 14 Yehova o tla lo tlamela, mi lona lo tla ririmala. 15 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U ’mpiletsañ? raea bana ba Yeserele, ba coelele: 16 Mi uena, culetsa tsama ea gago, mi otlololela atla sa gago gorimo ga leoatle, mi u le tsetseraganye; mi bana ba Yeserele ba tla khabaganya ha gare ga leoatle mo komeleloñ. 17 Mi ’na, bona, ki tla thatahatsa pelu tsa Baegepeto, mi ba tla ba sala morago: mi ki tla galalerioa ki Faroe, le entua eotle ea gague, le cariota tsa gague, le bapalami ba gague. 18 Mi Baegepeto ba tla itse ha e le ’na Yehova, mogañ ki galalerioañ ki Faroe, le cariota tsa gague, le bapalami ba gague. 19 ¶ Mi moengeli oa Morimo, eo o la a ea ha pele ga entua ea Boyeserela, a tloga, mi a ea kua morago ga bona, mi pilara le eona ea leru ea tloga pele ga bona, ea ema kua morago ga bona: 20 Mi ea tla gare ga entua ea Baegepeto le entua ea Boyeserela; e le le leru ya lehihi go bale, mi ya bonesa bosigo go ba: mi bañue ba si ka ba atamela ba bañue ka sigo yeotle. 21 ¶ Mi Moshe a otlololela atla sa gague gorimo ga leoatle; mi Yehova a bosa leoatle ka morago ka pheho e e thata ea Iseta ka sigo yotle; mi ea omeletsa leoatle; mi metse a tsetsera-gañoa. 22 Mi bana ba Yeserele ba tsena gare ga leoatle mo komeleloñ: metse a ba nela lomota mo atleñ sa bona se se siameñ, le go sa molema. 23 ¶ Mi Baegepeto ba ba khonatelela, mi ba ba sala morago gare ga leoatle, eboñ lipitse tsa ga Faroe cotle, le cariota tsa gague, le bapalami ba gague. 24 Mi ga rihala ka makuku, Yehova a leba entua ea Baegepeto a le mo pilareñ ea molelo le ea leru; mi a tseanya entua ea Baegepeto. 25 Mi a tlosa mautu a cariota tsa bona, mi ba li khuetsa ka bothata: eareha gona Baegepeto ba reñ, A re tsabeñ hatlogo tsa Boyeserela, gone Yehova oa ba tlabanela go henya Baegepeto. 26 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Otlololela atla sa gago gorimo ga leoatle, gore metse a leoatle a boele Baegepeto, le cariota tsa bona, le bapalami ba bona. 27 Mi Moshe a otlololela atla sa gague gorimo ga leoatle, mi leoatle ya boela thateñ ea yeona ka mosho o phepahala; mi Baegepeto ba tsaba ba rakanana nayeo. Mi Yehova a gorometsa Baegepeto gareñ ga leoatle. 28 Mi metse a boea, a khurumetsa licariota le bapalami, le entua eotle ea ga Faroe, e e le ea ba sala morago mo leoatleñ; go si ka ga sala ope oa eona. 29 Mi bana ba Yeserele bo ba sepela mo komeleloñ ha gare ga leoatle; mi metse a ba netse lomota, mo atleñ se se siameñ sa bona, le go sa molema. 30 Yehova a buluka yalo Boyeserela mo atleñ sa Baegepeto mo tsatsiñ yeuo; mi Boyeserela ba bona Baegepeto ba shuetse ha intsiñ ea leoatle. 31 Mi Boyeserela ba bona thata e kholu e Yehova o la a e rihela Baegepeto: mi bathu ba boiha Yehova, mi ba rumela Yehova, le Moshe motlañka oa gague.

15

KHAOLO 15. 1 EREHA gona Moshe le bana ba Yeserele ba opelelañ Yehova sehela se, mi ba bua ba re, Ki tla opelela Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ: 2 Yehova ki thata ea me le sehela, mi o rihegile puluko ea me: ko ona Morimo oa me, ki gona ki tla o galaletsañ; ko ona Morimo oa ga rre, mi ki tla o gorisa. 3 Yehova ki monona oa tlabano: Yehova ki leina ya gague. 4 O rigetse cariota tsa ga Faroe, le entua ea gague mo leoatleñ: mi balaori ba gague ba ba tlaocoeñ ba noetse mo Leoatleñ ye le Hubiru. 5 Mateñ a ba khurumetsa: ba noetse mo mateñeñ yaka leincue. 6 Atla se se siameñ sa gago Yehova, se galalericoe mo thateñ: mi atla se se siameñ sa gago, Yehova, se rabantse maba. 7 Mi u ribegeritse baganetsi ba gago ka bogolu yoa bonatla yoa gago: u entsitse bogale yo bo hisañ yoa gago, yo bo ba nyeleritseñ yaka lirine. 8 Mi metse a la a phuthoa meköa ki purulo ea maroha a eñko ea gago; meroalela ea ema ea tsepalala yaka moköa; mateñ a gatsela mo peluñ ea leoatle. 9 Maba a re, Ki tla khonatela, ki tla hitlela, ki tla aba thopo, keleco ea me e tla khorisioa ke bona; ki tla shomola caka ea me, atla sa me se tla ba senya. 10 U lu ua burula ka pheho ea gago, leoatle ya ba khurumetsa: ba thabuetse yaka loda mo metseñ a a bonatla. 11 Yehova, mañ eo o cuanañ nau mo merimoñ? mañ eo o cuanañ nau? u khalalelo mo itsephoñ, le poitsego mo lipakoñ, u riha likhakhamaco. 12 U lu ua otlolola atla sa gago se se siameñ, lehatsi ya ba metsa. 13 U lu ua goga bathu ba u ba rekolotseñ ka bopelunomi yoa gago: ua ba isa boagoñ yoa gago yoa boitsepho ka thata ea gago. 14 Bathu ba tla utlua ba huruioa: tlakaselo e tla tsegetsa banni ba Palesetina. 15 Ereha gona khosana tsa Edoma li tla reregañ; thoromo e tla tsegetsa linatla tsa Moaba; banni botle ba Kanana ba tla tlapologa. 16 Therego le poiho li tla oela go bona; ba tla ririmala yaka leincue ka bogolu yoa cogo ya gago Yehova, e tsamaea bathu ba gago ba khabaganye, e tsamaea bathu ba khabaganye ba u ba rekileñ. 17 U tla ba lere teñ, u ba tloma mo thabeñ ea boshua yoa gago, heloñ ha u go itihetseñ go na boago yoa gago, Yehova; helo ga boitsepho, ha atla tsa gago, Morena, li go tlomileñ. 18 Yehova o tla busa ka bosakhutleñ le bosina bokhutlo. 19 Gone pitse tsa ga Faroe le licariota tsa gague, le bapalami ba gague, ba tsenye mo leoatleñ, mi Yehova a ba a lere metse a leoatle gorimo ga bona, mi bana ba Yeserele ba sepela mo komeleloñ gareñ ga leoatle. 20 ¶ Mi Miriame moperofeti oa sesari, khantsaria Arone, a tsaea timberela mo atleñ sa gague; mi basari botle ba coa ba mo sala morago ka litimberela le ka lipino. 21 Mi Miriame a ba araba, Opelelañ Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ. 22 ¶ Mi Moshe a tlatlosa Boyeserela kua Leoatleñ ye le Hubiru, mi ba ea bogareñganaga yoa Shura; mi ba ea ka malatsi a teri mo bogareñganaga, mi ba sa bone metse. 23 ¶ Mi erile ba hitla mo Mara, ba sa kake ba noa metse a Mara, gone a le bogalaka: ki gona leina ya gona le birioañ Mara. 24 Mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, Re tla noañ? 25 Mi a biletsa go Yehova, mi Yehova a montsa setlare, mi a se latlela mo metsiñ, mi metse a na botse. Hoñ a ba laolela taeo le tsiamisho, mi a ba leka gona, 26 Mi a re, Ere ha lo retsa koru ea ga Yehova Morimo oa lona ka tloahalo, le go riha se se thokhameñ mo maitloñ a gague, le go sekegela tsebe tsa lona taolo tsa gague, le go tsegetsa taeo tsa gague cotle, ga ’nkitla ki lo bela epe ea lipobolo tse ki li beileñ mo go Baegepeto: gone ki Yehova mohorisi oa lona. 27 ¶ Mi ba hitla mo Elima, ha mecoeri e tueleve ea metse e gona, le tlare tsa mekolane li sevente: mi ba tlaolela gona ha metseñ.

16

KHAOLO 16. 1 MI ba tloga mo Elima, mi phuthego eotle ea bana ba Yeserele ea ea bogareganaga yoa Sina, yo bo ha gare ga Elima le Sina, ka tsatsi ya bo‐faeveten ya khueri ea bo‐tu, morago ga go coa ga bona mo hatsiñ ya Egepeto. 2 Mi phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ea ñoñoregela Moshe le Arone mo bogareñganaga: 3 Mi bana ba Yeserele ba ba raea, Au! intla re kabo re shuetse mo hatsiñ ya Egepeto ka atla sa ga Yehova, re rutse ha pitseñ tsa nama, re yela liyo tsa go khoroa; gone lo re entseritse bogareñganaga yo, go bolaea phuthego eotle e ka loshekere. 4 ¶ Ereha gona Yehova o raeañ Moshe, Bona, ki tla lo holosetsa liyo tse ri coañ legorimoñ, mi bathu ba tla coela eintle ba ipapalela tekano ea tsatsi leñue le leñue gore ki ba leke ha ba tla sepela kaha molaoñ oa me, khotsa nya. 5 Mi a ba bakanye se ba se lereñ ka tsatsi ya bo‐sekes; mi a se ne kana ka se ba tleñ ba se bapale ka malatsi a tu. 6 Mi Moshe le Arone ba raea bana ba Yeserele botle, Lo tla itse ka matsiboea ha Yehova a lo entsitse mo hatsiñ ya Egepeto: 7 Mi lo tla bona go sale mosho khalalelo ea ga Yehova; ka a utluile ñoñorego tsa lona kaga Yehova: mi re bo mañ ba lo ka re ñoñoregelañ? 8 Mi Moshe a re, Ere Yehova a lo naea nama go e ya ka matsiboea, le liyo tsa go khoroa go sa le mosho, ki gone Yehova a utlua ñoñorego tsa lona tse lo mo ñoñoregelañ ka cona: gone re bo mañ? Ga lo re ñoñoregele, lo ñoñoregela Yehova. 9 Mi Moshe a bua le Arone, Raea phuthego eotle ea bana ba Yeserele, Atamelañ ha pele ga Yehova: gone o utluile ñoñorego tsa lona. 10 Mi ka Arone a sa bua le phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ba leba kua bogareñganaga, mi bonañ, khalalelo ea ga Yehova e bonarioa mo leruñ. 11 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re, 12 Ki utluile ñoñorego tsa bana ba Yeserele: u bue le bona, u re, Lo tla ya nama matsiboea, mi lo tla khora liyo go sa le mosho; mi lo tla itse ha e le ’na Yehova Morimo oa lona. 13 ¶ Mi ga rihala matsiboea bokabakayeoe yoa tla yoa harahara botlaolelo; mi monyo o letse eintleñ cotle tsa botlaolelo go sa le mosho. 14 Mi erile monyo o sina tlatloga, bonañ, gole gole bogareñganaga sekho-lokhuana se se sesane yaka khogocoane ha hatsi. 15 Mi erile bana ba Yeserele ba se bona, ba rana, Eñ se? gone ba si ka ba se itse. Mi Moshe a ba raea, Se ki liyo tse Yehova o li lo neileñ go li ya. 16 ¶ Se ki shona se Yehova o se laotseñ, A moñue le moñue a bapale kaha o ka yañ ka gona, moñue le moñue ka omera, kaha paloñ ea bathu ba lona, a moñue le moñue a tsele bona ba ba mo tenteñ ea gague. 17 Mi bana ba Yeserele ba riha yalo, mi ba bapala, moñue bogolu, mi eo moñue bobotlana. 18 Mi erile ba sina se lekanya ka omera, eo o la bapala segolu, go si ka ga sala sepe, mi eo o la bapala bobotlana a si ka a tloka: moñue le moñue a bapala kaha o yañ ka gona. 19 Mi Moshe a ba raea, A go si ne ope eo o belañ ka mosho ga shona. 20 Mi ba si ka ba retsa Moshe, mi bañue ba bela ka mosho ga shona, mi liboku tsa na mo go shona, mi sa eñkha seboru: mi Moshe a ba yayaregela. 21 Mi ba se bapala ka mesho mesho, moñue le moñue kaha o yañ ka gona: mi e le eare letsatsi le gotela sa tlapologa. 22 ¶ Mi ga rihala ka tsatsi ya bo‐sekes ba bapala liyo li tu, eboñ liomera li lu tsa moñue le moñue: mi khosana cotle tsa phuthego tsa tla tsa bulelela Moshe. 23 Mi a li raea, Se ki shona se Yehova o se buileñ, Ka mosho ki boikhuco, eboñ Sabata sa itsepho sa ga Yehova: se lo tla se besañ, lo se bese, mi se lo tla se apaeañ lo se apee; mi se se setseñ lo se bele thoko go bulukeloa ka mosho. 24 Mi ba se bela ka mosho yaka Moshe a laola: mi se si ka sa eñkha seboru, le gona seboku se le se siëo mo go shona. 25 Mi Moshe a re, Lo ye seuo ka yenu; gone ka yenu ki Sabata sa ga Yehova: ga lo kitla lo se bona kua nageñ ka yenu. 26 Lo bapale ka malatsi a sekes, mi tsatsi ya bo‐seven ki Sabata, ga se kitla se bonoa mo go yeona. 27 Mi ga rihala tsatsiñ ya bo‐seven, bathu bañue ba ea eintle go bapala, mi ba si ka ba bona sepe. 28 Mi Yehova a raea Moshe, Lo tla gana bolele bo le kai go tsegetsa taolo tsa me le melao ea me? 29 Bonañ, gone Yehova o lo neile Sabata, ki gona o lo naeañ liyo tsa malatsi a tu ka tsatsi ya bo‐sekes: a moñue le moñue a ne heloñ ga gague; a go si ne ope eo o coañ heloñ ga gague ka tsatsi ya bo‐seven. 30 Mi yalo bathu ba ikhutsa ka tsatsi ya bo‐seven. 31 Mi eintlu ea Yeserele ea bitsa leina ya shona Manna, mi se le se le seshuëu yaka tlaka tsa koriandera, mi moutlualo oa shona o lo oa utluala yaka liñkhuana li na le linotse. 32 Mi Moshe a re, Se ki shona se Yehova o se laotseñ, Tlatsañ omera ka shona go bulukeloa kokomana tsa lona; gore ba bone liyo tse ki lo yesitseñ bogareñganaga ka cona, ka ki lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto. 33 Mi Moshe a raea Arone, Tsaea kuruana eñue, mi u tsenye omera e e tletseñ manna mo go eona, mi u e bee ha pele ga Yehova, go bulukeloa kokomana tsa lona. 34 Mi Arone a e baea ha pele ga Seshupo go bulukoa, yaka Yehova a laotse Moshe. 35 Mi bana ba Yeserele ba ya manna ka nyaga li forte, ea tsamaea ba hitla mo hatsiñ ye le nncoeñ; ba ya manna ea tsamaea ba hitla mo moleloaneñ oa hatsi ya Kanana. 36 Mi omera ki kabo ea ten ea efa.

17

KHAOLO 17. 1 MI phuthego eotle ea bana ba Yeserele ea huruga bogareñganaga yoa Sina, kaha khurugoñ tsa eona, kaha taoloñ ea ga Yehova, mi ba tlaolela kua Refidima: mi gabo go sina metse gore bathu ba noe. 2 Ki gona bathu ba ganelañ le Moshe, mi ba re, Re nee metse gore re noe. Mi Moshe a ba raea, Lo ganelelañ le ’na? lo raelelañ Yehova? 3 Mi bathu ba nyoreloa metse gona; mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, U re huruseritseñ Egepeto, go re bolaea, le bana ba rona, le likhomu tsa rona ka lenyora? 4 Mi Moshe a biletsa go Yehova, a re, Ki tla rihelañ bathu ba? ekete ba batla go ’nkhobotletsa. 5 Mi Yehova a raea Moshe, Ea kua pele ga bathu, mi u itsele bañue ba bagolu ba Boyeserela, le tsama ea gago, e u lu ua daea noka ka eona, u e tsee ka atla sa gago, mi u ee. 6 Bona, ki tla ema gona ha pele ga gago mo hikeñ kua Horeba; mi u dee lehika, mi go tla coa metse mo go yeona, gore bathu ba noe. Mi Moshe a riha yalo ha pele ga maitlo a bagolo ba Boyeserela. 7 Mi a bitsa leina ya helo ha, Masa, le Meriba, ka eintla ea khanelo ea bana ba Yeserele, gone ka ba le ba raela Yehova, ba re, A Yehova o mo go rona, khotsa nya? 8 ¶ Ereha gona go tlañ Amaleke, mi a tlabana le Boyeserela kua Refidima. 9 Mi Moshe a raea Yehoshue, U re señkele banona, mi bolola, u tlabane le Amaleke: ki tla ema mo tloreñ ea thabana ka mosho ka tsama ea Morimo mo atleñ sa me. 10 Mi Yehoshue a riha yaka Moshe a mo reile, a tlabana le Amaleke: mi Moshe, le Arone, le Hure ba tlatlogela tloreñ ea thabana. 11 Mi ga rihala, eare Moshe a culetsa atla sa gague, Boyeserela ba henya; mi eare atla sa gague se loshologa, Amaleke a henya. 12 Mi atla tsa ga Moshe tsa kete-hala; mi ba tsaea leincue ba le baea tlatse ga gague, mi a lula go yeona; mi Arone le Hure ba gotletsa atla tsa gague, moñue eintleñ enu, mi eo moñue eintleñ ele; mi atla tsa gague tsa sisibala ea tsamaea letsatsi ya phirima. 13 Mi Yehoshue a koahatsa Amaleke le bathu ba gague ka boyetla yoa caka. 14 Mi Yehova a raea Moshe, Kuala segopoco seuo mo bukeñ, mi u se bee mo tsebeñ tsa ga Yehoshue; gone ki tla phimolela rure segopoco sa ga Amaleke tlatse ga legorimo. 15 Mi Moshe a aga aletara, mi a e sha leina ya Yehova‐nisi. 16 A ere ha atla se se ha teroneñ ea ga Yehova, Yehova o tla tlabana le Amaleke mo kokomaneñ cotle.

18

KHAOLO 18. 1 MI erile Yeteroe, moperiseti oa Midiana, mogoagari oa ga Moshe a sina utlua cotle tse Morimo o lo oa li rihela Moshe, le Boyeserela bathu ba ona, mi ka Yehova o la a entsa Boyeserela mo Egepeto: 2 Ereha gona Yeteroe mogoagari oa ga Moshe o tsaeañ Tsipore, mosari oa ga Moshe, ka a la a mosetsa morago, 3 Le bomoroaue ba tu, eo moñue leina ya gague e le le Gereshome; gone a la a re, Ki moeñ mo hatsiñ ya boeñ: 4 Mi leina ya eo moñue, e le le Eliesere; gone a la a re, Morimo oa ga rre o lo le thusho ea me, mi o ’nkholotse mo cakeñ ea ga Faroe: 5 Mi Yeteroe mogoagari oa ga Moshe a tla le bomoroa Moshe, le mosari oa gague go Moshe bogareñganaga, ha o la a tlaolela gona ha thabeñ ea Morimo: 6 Mi a raea Moshe, a re, ’Na Yeteroe, mogoagariago, ki tlile go uena, le mosari oa gago le bomoroaue ba tu nae. 7 ¶ Mi Moshe a coela eintle go khatlantsa mogoagariague, mi a obama, a mo atla; mi ba botsanya kaha bantseñ ka gona; mi ba ea mo tenteñ. 8 Mi Moshe a kakanyetse mogoagariague cotle tse Yehova o la a li rihela Faroe le Baegepeto, ka eintla ea Boyeserela, le tapisho eotle e e le ea tla go bona mo tseleñ, le kaha Yehova o ba golotseñ ka gona. 9 Mi Yeteroe a itumelela molemo otle o Yehova o la a rihela Boyeserela ka ona; ba o la a ba golola mo atleñ tsa Baegepeto. 10 Mi Yeteroe a re, Go tsegahala Yehova eo o lo golotseñ mo atleñ tsa Baegepeto, le mo atleñ sa ga Faroe, eo o golotseñ bathu ba, tlatse ga atla tsa Baegepeto. 11 Yana kia itse Yehova o mogolu go merimo eotle: gone o la le gorimo ga bona mo seoñ se ba le ba kakahala ka shona. 12 Mi Yeteroe mogoagari oa ga Moshe, a tsela Morimo cupelo ea phisho, le cupelo tsa tlabo: mi ga tla Arone, le bagolu botle ba Boyeserela, go ya señkhue le mogoagari oa ga Moshe ha pele ga Morimo. 13 ¶ Mi Moshe a lula go siamisa bathu ka mosho: mi bathu ba ema ha pele ga Moshe, go simolola go sale mosho go ea matsiboeeñ. 14 Mi mogoagari oa ga Moshe a sina bona cotle tse o la a rihela bathu ka cona, a re, U rihelelañ bathu yalo? Untse yañ ka u lutse u le uesi, ka bathu botle ba eme ha pele ga gago, go simolola go sa le mosho go ea matsibo-een? 15 Mi Moshe a raea mogoagariague Ka gone bathu ba tla go ’na go lopa khakololo Morimoñ: 16 Eare ha ba na le señue, ba tla go ’na; mi ki siamisa gare ga monona le moñ ka ena; mi ki ba itsise litaeo tsa Morimo, le melao ea ona. 17 Mi mogoagari oa ga Moshe a mo raea, Se u se rihañ ga se molemo. 18 U tla tlotloregela rure, uena, le bathu bauo ba u nañ nabo: gone seo se, se thata go uena, ga ua nonoha go se riha ka uesi. 19 Retsa yana koru ea me, ki tla gu gakolola, mi Morimo o tla na nau: U ne gare ga bathu le Morimo, mi u ise lilo tsa bona ha pele ga Morimo: 20 Mi u ba rute litaeo, le melao, le go ba itsise tsela e ba tla sepelañ mo go eona, le tiho e ba tla e rihañ. 21 Mi u itebalebele mo bathuñ botle banona ba bocuiriri, ba ba boihañ Morimo, banona ba boamarure, ba ba ilañ timano; u ba ba laorise, go na balaori ba bothousanda, le balaori ba bohundereda, le balaori ba bofaevete, le balaori ba boten; 22 Mi a ba siamise bathu ka metla eotle; mi señue le señue se segolu a ba se lere go uena, señue le señue se se botlana a ba se siamise: mi go tla gu hehohalela, mi ba tla belega melego nau. 23 Ere ha u riha seo se, mi Morimo o gu laola yalo, ereha gona u tla icokañ, mi bathu botle ba, ba tla ea heloñ ga bona ka kagisho. 24 Mi Moshe a retsa koru ea ga mogoagariague, mi a riha cotle tse o la a li bua. 25 Mi Moshe a itseñkela banona ba bocuiriri mo go Boyeserela botle, mi a ba riha litlogotlogo mo bathuñ ba, eboñ balaori ba bothousanda; le balaori ba bohundereda, le balaori ba bofaevete, le balaori ba boten. 26 Mi ba siamisa bathu ka metla eotle; lilo tse ri thata ba li lere go Moshe, señue le señue se se botlana ba se siamisa. 27 Mi Moshe a lesa mogoagariague go ea; mi a ea hatsiñ ya gague.

19

KHAOLO 19. 1 BANA ba Yeserele ba tla bogareñganaga yoa Sinai ka khueri ea bo‐teri morago ga go coa ga bona mo Egepeto, ka tsatsi yeuo hela. 2 Gone erile ba tloga mo Refidima ba hitla mo bogareganaga yoa Sinai; mi Boyeserela ba tlaolela gona go lebagana le thaba. 3 Mi Moshe a tlatlogela go Morimo, mi Yehova a biletsa go ena a le mo thabeñ, a re, U ree eintlu ea ga Yakobe yalo, mi bulelela bana ba Yeserele; 4 Lo bonye se ki le ka se rihela Baegepeto, mi ka lo belega mo phukeñ tsa manoñ, ka lo lere go ’na. 5 Ki gona yana ha lo akelela koru ea me rure, le go tsegetsa kholagano ea me, ereha gona lo tla nañ boshua yoa me bogolu go bathu botle: gone lehatsi yeotle ki ya me: 6 Mi lo tla na bogosi yoa baperiseti go ’na, le morahe o o itsephañ. U bue mahuku ua le bana ba Yeserele. 7 ¶ Mi Moshe a ea, mi a bitsa bagolu ba bathu, mi a baea mahuku aotle ua Yehova o a mo laoletseñ ha pele ga bona. 8 Mi bathu botle ba arabela goñue, mi ba re, Cotle tse Yehova o li buileñ re tla li riha. Mi Moshe a isetsa Yehova mahuku a bathu. 9 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Bona, ki tla tla go uena mo leruñ ye le kueneñ, gore bathu ba utlue motlañ ki buañ nau, le go gu rumela ka bosakhutleñ. Mi Moshe a bulelela Yehova mahuku a bathu. 10 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ea mo bathuñ, mi u ba tsephe ka yenu le ka mosho, mi a ba tlacue aparo tsa bona, 11 Mi ba itletsegele tsatsi ya bo‐teri: gone Yehova o tla hologela mo thabeñ ea Sinai ka tsatsi ya bo‐teri, ha pele ga maitlo a bathu botle. 12 Mi u bele bathu moleloane tikologoñ, u re, Lo ikehe go tlatlogela thaba, leha e le go ama khutlo sa eona: eo o amañ thaba o tla bolaeloa rure. 13 A go si ne atla sepe se se e amañ, mi a a khobotlerioe rure, khotsa go phololerioa rure, leha e le khomu khotsa monona, a a si tsele: motlañ tumo ea terompeta e leleharioa ba ka tlatloga thaba. 14 ¶ Mi Moshe a hologa thaba, a ea mo bathuñ, mi a tsepha bathu, mi ba tlacua aparo tsa bona. 15 Mi a raea bathu, Ikitleletseñ tsatsi ya bo‐teri: si atameleñ basari ba lona. 16 ¶ Mi ga rihala go sa le mosho oa tsatsi ya bo‐teri, gole gole tumo tsa maru, le likharima, le leru ye le ima mo thabeñ, le koru ea terompeta e e thata bogolu; mi bathu botle ba ba leñ mo botlaoleloñ ba roroma. 17 Mi Moshe a entsa bathu mo botlaoleloñ go khatlantsa Morimo; mi ba ikemisa kua tlatse ga thaba. 18 Mi thaba eotle ea Sinai ea kuba mosi, gone Yehova a hologela go eona a le mo moleloñ: mi mosi oa eona oa tlatloga yaka mosi oa bokepisho, mi thaba eotle ea roroma segolu. 19 Mi erile koru ea terompeta e gelebetega segolu, Moshe a bua, mi Morimo oa araba ka koru. 20 Mi Yehova a hologela thabeñ ea Sinai, ha tloreñ ea thaba yalo: mi Yehova a biletsa Moshe kua tloreñ ea thaba; mi Moshe a tlatloga. 21 Mi Yehova a raea Moshe, Hologa, tlagisa bathu, gore ba si thobele go Yehova, go leba, mi bantsi ba bona ba hela. 22 Le gona, a baperiseti ba ba atamelañ Yehova ba itsephe, gore Yehova a si phomegele go bona. 23 Mi Moshe a raea Yehova, Bathu ga ba kake ba tlatloga thaba ea Sinai; gone u re laotse, u re, Tlomelañ thaba moleloane, lo e tsephe. 24 Mi Yehova a mo raea, Ea koñ, u hologe, mi u be u tlatloge, uena le Arone nau; mi u si lese baperiseti, le bathu go thobela go tlatlogela go Yehova, gore a si phomegele go bona. 25 Mi yalo Moshe a hologela mo bathuñ, mi a bua le bona.

20

KHAOLO 20. 1 MI Morimo oa bua mahuku aotle ua, oa re, 2 Ki Yehova Morimo oa lona, eo o lo entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, le mo tluñ ea botlañka. 3 ¶ Lo si ne le merimo e sele ha pele ge me. 4 Lo si itihele secuanco se se setiloeñ, leha e le secuanco sepe, sa señue se se kua gorimo mo legorimoñ, leha e le sa se se kua tlatse mo lehatsiñ, leha e le sa se se mo metseñ a a kua tlatse ga lehatsi; 5 Lo si li ikobele, le esiñ go li rihela; gone ’na Yehova Morimo oa lona, ki Morimo o o lehuha, o tsiamololo ea bo‐ra bana o e beletsañ mo baneñ, sikeñ loa bo‐teri le loa bo‐for mo go bona ba ba ’nkilañ; 6 O rihahaletsa bothousanda bopelunomi, ba ba ’nthatañ, ba ba tsegetsañ taolo tsa me. 7 Lo si biletse leina ya ga Yehova Morimo oa lona lehela; gone Yehova ga a kitla a mo rebola eo o biletsañ leina ya gague lehela. 8 Gakologeloañ tsatsi ya Sabata go le tsepha. 9 Lo rihe lo uetse tiho ea lona eotle, ka malatsi a sekes: 10 Mi tsatsi ya bo‐seven ki Sabata sa ga Yehova Morimo oa lona; lo si rihe sepe mo go yeona, lona, le esiñ bomoroa lona, le esiñ bomoroaria lona, le esiñ batlañka ba lona, le esiñ malata a lona, le esiñ pelesa tsa lona, le esiñ baeñ ba lona, ba ba mo khoroñ tsa lona: 11 Gone Yehova o la a riha legorimo, le lehatsi, le leoatle, le cotle tse ri go aona ka malatsi a sekes: mi a ikhutsa ka tsatsi ya bo‐seven; ki gona Yehova o la a tsegahatsa tsatsi ya Sabata, mi a le tsepha. 12 ¶ Tlotlañ bo‐ra lona, le bo‐ma lona; gore malatsi a lona a leleharioe mo hatsiñ ye Yehova Morimo oa lona o le lo naeañ. 13 Lo si bolaee. 14 Lo si gokahale. 15 Lo si ucue. 16 Lo si pateletse bañ ka lona. 17 Lo si eletse matlu a bañ ka lona; lo si eletse basari ba bañ ka lona, le esiñ batlañka ba bona, le esiñ malata a bona, le esiñ khomu tsa bona, le esiñ esela tsa bona, le esiñ sepe se e leñ sa bañ ka lona. 18 Mi bathu botle ba bona tumo tsa maru, le likharima, le tumo ea terompeta, le thaba e e kubañ mosi; mi erile bathu ba bona yalo, ba kata ka morago, ba emela khakala: 19 Mi ba raea Moshe, A go bue uena le rona, mi re tla utlua: mi a Morimo o si bue le rona, gore re si shue. 20 Mi Moshe a raea bathu, Si boiheñ, gone Morimo o tlile go lo leka, le gore poiho ea ona e ne ha pele ga hatlogo tsa lona, gore lo si leohe. 21 Mi bathu ba emela khakala, mi Moshe a atamela ha boncuñ ha Morimo o gona. 22 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U bue yalo le bana ba Yeserele, Lo bonye ki buile le lona ki le mo legorimoñ. 23 Lo si rihe ha go ’na merimo ea selevera, le gona lo si itihele merimo ea gouda. 24 ¶ Lo ’ntihele aletara ea ombu, mi lo shupele mo go eona cupelo tsa lona tsa phisho, le cupelo tsa lona tsa tebogo, liñku tsa lona le khomu tsa lona: mo maheloñ aotle ua ki goporisañ leina ya me gona, ki tla tla go lona, mi ki tla lo tsegahatsa. 25 Mi ha lo ’ntihela aletara ea maye, lo si e age ka maye a a betliloeñ; gone ha lo e betla, loa e itsepholola. 26 Le gona lo si palame aletara ea me ka sepalamo, gore bosaikatega yoa lona bo si bonale mo go eona.

21

KHAOLO 21. 1 MI tse ki cona tsiamisho tse u tla li baeañ ha pele ga bona. 2 Ere ha lo reka motlañka oa Sehebera, a a rihele ka nyaga li sekes; mi a a coe a itsamaele ka ñuaga oa bo‐seven, esiñ ka sepe. 3 Ere ha a tsile a le esi, a a tsamaee a le esi: mi ha a la a nyetse, a mosari oa gague a coe nae. 4 Ere ha muñoague a mo neile mosari, mi a tsetse nae basimane khotsa basetsana, mosari le bana ba tla na ba ga muñoague, mi ena, a a coe a le esi. 5 Mi ha motlañka a re, ka phatla-kanyo, Ki rata muñoake le mosari oa me, le bana ba me; ga ’nkitla ki coa ki itsamaela: 6 Earehe gona muñoague o mo isañ basiamisiñ; le gona, a mo isa moyakoñ, leha e le kua mopakuaneñ oa moyako; mi muñoague a a mo phunye tsebe ka thoko, mi o tla na motlañka oa gague ka bosakhutleñ. 7 ¶ Mi ere ha monona a bapatsa moroarie go na lelata, a a si coe yaka batlañka ba coa. 8 Ha a le boshula mo maitloñ a ga muñoague, eo o la a ’meelela, erehe gona o mo lesañ go rekololoa; a a si ne le taolo go mapatsa mo shabeñ lo sele, ka gone o mo tsieritse. 9 Mi ha a meeleletse moroaue, a a mo rihele kaha mokhueñ oa bomoroarie. 10 Mi ha a itsela mosari eo moñue, a a si okocolole liyo tsa gague, le aparo tsa gague, le cuanelo ea nyalo ea gague. 11 Mi ha a sa mo rihele tse teri tse, ereha gona o tla coañ a itsamaela, le go sina mari. 12 ¶ Eo o daeañ monona a shua, a a bolaeloe rure. 13 Mi ha a sa mo lalele, mi Morimo oa mo lesa go oela mo atleñ sa gague; ereha gona ki tla lo laolelañ helo goñue kua o ka tsabelañ gona. 14 Mi ha monona a tlela moñ ka ena ka bomu go molaea ka tsieco; lo mo tsee le ha aletareñ ea me, gore a shue. 15 ¶ Eo o daeañ rague khotsa mague, a a bolaeloe rure. 16 ¶ Le ena eo o ucuañ monona, a mapatsa, khotsa ha a bonoa mo atleñ sa gague, a a bolaeloe rure. 17 ¶ Mi eo o rogañ rague khotsa mague, a a bolaeloe rure. 18 ¶ Mi ha banona ba loa, mi moñue a gatla eo moñue ka leincue, khotsa a mo tlanya ka lecuele, mi a sa shue, a na mo bolaoñ hela: 19 Ha a ba a coga, a sepela kua eintle ka tsama ea gague, ereha gona eo o mo gatlileñ a si ne le molatu; a a lehele ikoko ea gague gosi, le go mo horisetsa rure. 20 ¶ Mi ha monona a daea motlañka oa gague, khotsa lelata ya gague ka tsama, mi a shuela mo atleñ sa gague; a a bushulosioe rure. 21 Leha gontse yalo ha a tsela tsatsi le le leñue, khotsa ka malatsi a le tu a a si bushulosioe; gone ki mari a gague. 22 ¶ Mi ha banona ba shukashu-kana ba daea mosari eo o ithueleñ, mi a senyegeloa, mi go sina tatlego e e mo rihaletseñ: a a lehisioe rure, kaha monona oa mosari eouo o mo le-hisañ ka gona; mi a a lehe kaha taoloñ ea basekisi. 23 Mi ha go rihala tatlego, erehe gona lo nelañ botselo botselo. 24 Leitlo le coeloe ki leitlo, leino le coeloe ki leino, seatla se coeloe ki seatla, lonao lo coeloe ki lonao, 25 Phisho e coeloe ki phisho, kuenisho e coeloe ki kuenisho, titeelo e coeloe ki titeelo. 26 ¶ Mi ha monona a daea leitlo ya motlañka oa gague, khotsa leitlo ya lelata ya gague, mi le hela; a a mo golole ka eintla ea leitlo ya gague. 27 Mi ha a roba leino ya motlañka oa gague, khotsa leino ya lelata ya gague, a a mo golole ka eintla ea leino ya gague. 28 ¶ Mi ha khomu e tlaba monona khotsa mosari, mi a shua: erehe gona khomu e khobotlerioañ, mi nama ea eona a e si yeoe; mi muñ oa khomu a a si ne le molatu. 29 Mi ha khomu e le e tloaela go tlaba, mi go itsege go muñ oa eona, mi a si ka a e risa, mi e bolaile monona khotsa mosari; a khomu e, e khobotlerioe, le ena muñ oa eona a a bolaoe. 30 Ha mari a khololo a lopioa go ena, erehe gona o naeañ khololo ea botselo yoa gague kaha o lopioañ ka gona. 31 Leha e tlaba mosimane khotsa e tlaba mosetsana, a a riheloe kaha tsiamishoñ e. 32 Ha khomu e tlaba motlañka khotsa lelata, a muñ oa eona a nele muñoague lishekela tsa selevera li terete, mi a khomu e khobotlerioe. 33 ¶ Mi ha monona a khurumolola lemena, khotsa ha monona a epa lemena, mi a sa le khurumetse, mi khomu khotsa esela e oela go yeona; 34 A muñ oa lemena a lehele, a nele muñ oa eona mari; mi e e shuleñ e ne ea gague. 35 ¶ Mi ha khomu ea monona moñue e thenya ea eo moñue, mi e shua; erehe gona ba bapatsañ khomu e e tserileñ, ba khaogane mari a eona, le eona e e shuleñ ba e khaogane. 36 Khotsa ha gole go itsege ha khomu e le e tlaba mo motleñ o o hetileñ, mi moñ oa eona a sa e rise; a a lehele khomu rure ka khomu; mi e e shuleñ e ne ea gague.

22

KHAOLO 22. 1 HA monona a ucua khomu, khotsa sehutsane, a e tlaba, khotsa a e bapatsa; a a lehe khomu e ka khomu li faeve, le sehutsane se ka lihutsane li for. 2 Ha legoru le bonoa ka le phunya, mi le deoa ki moñue, mi le shua, ga a na molatu oa mari. 3 Ha letsatsi le le tlabetse, e tla bo e le molatu oa mari go ena, gone le le tla lehela rure; mi ha le sina sepe, a le bapalerioe bogoru yoa yeona. 4 Ha se se ucuiloeñ se bonyoe rure mo atleñ sa yeona, leha e le khomu, khotsa esela, khotsa sehutsane; a le lehe ka li tu. 5 ¶ Ha monona a hurisa mo leoteñ, khotsa mo tsimoñ ea movine, mi a tsenya khomu ea gague go eona, a e hurisa mo leoteñ ya eo moñue; eo, a a lehe ka molemo oa leota ya gague, le ka molemo oa tsimo ea movine ea gague. 6 ¶ Ha molelo o kekela, mi o cua ra maoka, mi o hisa mekoa ea mabele, khotsa mabele a a emeñ, khotsa leota; ena eo o la a cuba molelo a a lehele rure. 7 ¶ Ha monona a nela muñ ka ena mari, khotsa liloana go li baluka, mi ha li ucuioa mo tluñ ea monona eo; ha legoru le bonyoe a le lehe ka li tu. 8 Ha legoru le sa bonoa, a muñ oa eintlu a isioe ha pele ga basiamisi, go tlotlomisioa ha a sa entsetsa lithoto tsa moñ ka ena atla sa gague. 9 Mi kaga señue le señue sa tsiamololo, sa khomu, le sa esela, le sa sehutsane, le sa seaparo, le sa señue le señue se se latlegileñ se moñue o reñ, sa gague; se se ganeloañ sa bo tu yoa bona a se isioe ha pele ga basiamisi; mi eo basiamisi ba ba tla mo naeañ molatu, a a lehe moñ ka ena ka li tu. 10 Ha monona a nela moñ ka ena esela, khotsa pelesa, khotsa sehutsane, khotsa khomu eñue, go e risa; mi e shua, khotsa e robega, khotsa e gapioa, mi e sa bonoe ki ope: 11 Erehe gona ikano ea ga Yehova e tla nañ gare ga bo tu yoa bona, go bona ha a sa entsetsa lithoto tsa moñ ka ena seatla ga gague; mi a muñ oa eona a e cule, mi a a si lehe. 12 Ha e le ea ucuoa rure go ena, a a lehele muñ oa eona. 13 Ha e gagogancoe rure, a a e ise go na seshupo, a a si lehe se se gagocoeñ. 14 ¶ Mi ha monona a arima señue mo go moñ ka ena, mi se robega khotsa se shua, ka muñ oa shona a si na nasho, a a se lehele rure.Mi ha muñ oa shona a na nasho, a a si se lehe: ha se thapecoe tuelo, e le ea tlela tuelo ea shona. 16 ¶ Mi ha monona a hepa lekharebe ye le sa beeleloañ, mi a lala nayeo, a a le nele bogari rure, gore le ne mosari oa gague. 17 Ha rayeo a ganela rure go le mo naea, a a lehe ka mari, kaha bogariñ yoa makharebe. 18 ¶ Lo si lese moloi oa sesari go tsela. 19 ¶ Leha e le mañmañ eo o lalañ le se se tserileñ, a a bolaeloe rure. 20 ¶ Eo o shupelañ merimo, ha e si Yehova esi, a a senyerioe rure. 21 Lo se gobetse moeñ, leha e le go mo patika: gone lo lo le baeñ mo hatsiñ ya Egepeto. 22 Lo si bogise motlolagari ope, le esiñ khutsana. 23 Ha lo ba bogisa ka goñue, mi ba biletsa go ’na ka goñue, ki tla utluela pico ea bona rure; 24 Mi bogale yoa me bo tla tuka; mi ki tla lo bolaea ka caka; mi basari ba lona ba tla na batlolagari, le bana ba lona likhutsana. 25 ¶ Ha lo arima bathu ba me mari, eo o leñ mohumanegi mo go lona, lo si ne go ena yaka eo o batlañ intsihaco, lo si lope intsihaco go ena. 26 ¶ Ha lo beloa aparo sa moñ ka lona ka goñue, lo se mo rebolele letsatsi le e si le phirima: 27 Gone se ka shosi ki seipipo sa gague, ki aparo sa letlalo ya gague; o ka tla a lala go eñ? mi go tla rihala ha a biletsa go ’na ki tla utlua; gone ki kutluelo botluku. 28 Lo si khale basiamisi, le esiñ go roga khosana tsa bathu ba lona. 29 Lo si riege go shupela louñuo loa eintla loa lona lo lo buruleñ, le loa boyaloa yoa lona: ba burure ba bomoroa lona lo ba ’nnee. 30 Le khomu tsa lona, le liñku tsa lona lo rihe yalo ka cona: a li ne le bo‐maco ka malatsi a seven; mi lo li ’nnee ka tsatsi ya bo‐eit. 31 ¶ Mi lo ne banona ba lo intsephetseñ: le gona lo si ye nama e e gagocoeñ kua nageñ; lo e latlele linca.

23

KHAOLO 23. 1 LO si cule tumo ea tsieco; lo si kopane le moikepi, go na bashupi ba tsenyo. 2 Lo si tsene mo motlaleñ oa bontsi go shulatsa; le gona lo si bue mo go se se ganeloañ go patagana le bontsi go haposa tsiamisho. 3 Le gona lo si tlotle eo motlana mo go se se ganeloañ sa gague. 4 ¶ Ha lo khatlana le khomu ea maba oa lona, khotsa esela ea gague e timetse, lo e boseletse rure go ena. 5 Ha lo bona esela ea gague eo o lo ilañ, e robetse ka mokhoeleo oa eona, lo si gane go mo thusa, lo thusanye nae rure. 6 ¶ Lo si hapose tsiamisho ea motloki oa lona mo go se se ganeloañ sa gague. 7 Nañ khakala le selo sa kako; si bolaeeñ eo o sinañ molatu le mosiami: gone ga ’nkitla ki atlolela moikepi. 8 ¶ Mi si culeñ theleseco: gone theleseco e hohuhatsa ba ba bonañ; mi e shokamisa mahuku a basiami. 9 ¶ Le gona si patikeñ moeñ: gone lo itse pelu ea moeñ; ecoa lo lo le baeñ mo hatsiñ ya Egepeto. 10 ¶ Mi lo yale matlagare a lona ka nyaga li sekes, lo kokoanye totahalo ea aona: 11 Mi lo a lesetse boikhuco, le go na hela ka oa bo‐seven; gore batloki ba bathu ba lona ba ye: mi se se setseñ, pholoholo tsa naga li ka se ya. Lo rihe hela yalo masimo a movine a lona, le tlare tsa motluare tsa lona. 12 ¶ Lo rihe tiho tsa lona ka malatsi a sekes, mi lo ikhutse ka tsatsi ya bo‐seven; gore khomu tsa lona le esela tsa lona li lapologe, le gore moroa lelata ya lona, le moeñ ba humole. 13 ¶ Tsegetsañ cotle tse ki li buileñ: mi lo si gopole maina a merimo e sele, mi a a si utluale mo melomoñ ea lona. 14 ¶ ’Ntihelañ moletlo ga teri ka ñuaga o le moñue. 15 Lo rihe moletlo oa se se sa berisioañ; lo ye se se sa berisioañ ka malatsi a seven, yaka ki lo laotse, mo motleñ o o laocoeñ oa khueri ea Abiba; gone lo loa coa mo Egepeto ka eona: mi a go si ne ope eo o bonalañ a iphotlere ha pele ga me: 16 Le moletlo oa thobo, oa mauñuo a tiho tsa lona, a lo a yarileñ mo mao-ten a lona: le moletlo oa kokoanyo, mo khutloñ sa ñuaga, mogañ lo sina kokoanya tiho tsa lona mo maoteñ. 17 A lonona lotle loa lona lo bonale ga teri ka ñuaga ñuaga ha pele ga Yehova Morimo. 18 ¶ Lo si shupele mari a cupelo ea me le se se berisicoeñ naeo; le gona, a mahura a moletlo oa me a si salele ka mosho. 19 Isañ a eintla a mauñuo a eintla a lehatsi ya lona mo tluñ ea ga Yehova Morimo oa lona. Si apeeñ potsane le mashi a maeo. 20 ¶ Bonañ, ki roma Moengeli ha pele ga lona, go lo buluka mo tseleñ e, le go lo isa heloñ ha ki go bakantseñ. 21 Itiseñ ha pele ga gague, mi akelañ koru ea gague; lo si mo gakatse; gone ga a kitla a icuarela litlolo tsa lona: gone leina ya me le mo go ena. 22 Mi ha lo akelela koru ea gague rure, le go riha cotle tse ki tla li buañ; ereha gona ki tla nañ maba oa baba ba lona, le moganetsi oa baganetsi ba lona. 23 Gone Moengeli oa me o tla ea ha pele ga lona, a lo isa go Baämora, le Baheta, le Baperisa, le Bakanana, le Baheva, le Bayebusa: mi ki tla ba khaola. 24 Lo si ikobele merimo ea bona le esiñ go e rihela, le gona lo si rihe kaha tihoñ tsa bona: mi lo e rigele rure, le licuanco tsa bona tse ri thokhameñ lo li thubele rure. 25 Mi rihelañ Yehova Morimo oa lona, mi o tla tsegahatsa liyo tsa lona le metse a lona; mi ki tla tlosa lipobolo mo go lona. 26 Ga go kitla go na epe e e tla holotsañ, le esiñ moöpa mo hatsiñ ya lona. Ki tla lo tlaleletsa palo ea malatsi. 27 Thero ea me ki tla e lo etelerisa pele, ki tseanya bathu botle ba lo tla eañ go bona; mi ki tla tsabisa baba ba lona botle. 28 Mi ki tla cosa merothuane ha pele ga lona, e e tla lelekañ Baheva, le Bakanana, le Baheta ha pele ga lona. 29 Ga ’nkitla ki ba leleka ha pele ga lona ka ñuaga o le moñue, gore lehatsi le si senyege, le libatana li si lo intsihalele. 30 Ki tla ba leleka ha pele ga lona ka thaholo, e tsamaea lo totahala lo rue lehatsi. 31 Mi ki tla tloma meleloane ea lona go simolola ka Leoatle ye le Hubiru, le kua leoatleñ ya Bafiliseta, le go coa gareñganaga go ea kua nokeñ: gone ki tla nela atleñ tsa lona banni ba lehatsi; mi lo tla ba leleka ha pele ga lona. 32 Si riheñ kholagano le bona, le esiñ le merimo ea bona. 33 A ba si nne mo hatsiñ ya lona, gore ba si lo ’nteohisetse: gone ha lo rihela merimo ea bona, go tla na seru go lona rure.

24

KHAOLO 24. 1 MI a raea Moshe, Tlatlogela go Yehova, uena, le Arone, le Nadabe, le Abihue, le bagolu ba sevente ba Boyeserela; mi lo ikobe lo le khakala. 2 Mi a Moshe a atamele Yehova a le esi: mi ba, a ba si atamele; le gona a bathu ba si tlatloge nae. 3 ¶ Mi Moshe a tla a kakanyetsa bathu mahuku aotle a ga Yehova, le tsiamisho cotle: mi bathu botle ba arabela goñue, ba re, Mahuku aotle ua Yehova o a buileñ re tla a riha. 4 Mi Moshe a kuala mahuku a ga Yehova aotle, mi a phakela, a aga aletara kua tlatse ga thaba, le lipilara li tueleve, kaha licoñ li tueleve tsa Boyeserela. 5 Mi a roma makau a bana ba Yeserele, mi ba shupela cupelo tsa phisho, mi ba shupela Yehova cupelo tsa tebogo tsa lipoana. 6 Mi Moshe a tsaea eintla eñue ea mari, a a tsenya mo linoeloñ; mi a khatsa aletara ka eintla eñue ea mari. 7 Mi a tsaea buka ea kholagano, mi a e buisa mo tsebeñ tsa bathu: mi ba re, Cotle tse Yehova o li buileñ re tla li riha, re li akela. 8 Mi Moshe a tsaea mari, mi a khatsa bathu ka aona, mi a re, Bonañ, mari a kholagano e Yehova o e rihañ le lona, kaga mahuku aotle ua. 9 ¶ Ereha gona go tlatlogañ Moshe, le Arone, le Nadabe, le Abihue, le bagolu ba Boyeserela ba le sevente: 10 Mi ba bona Morimo oa Boyeserela; mi gabo gole tlatse ga nao tsa ona, ekete yaka kamaganyo ea leincue ya safira, le go cuana le legorimo ka yeosi ka boitseko. 11 Mi ga oa latsa bagoluane ba bana ba Yeserele atla sa ona: le bona ba bona Morimo, mi ba ya ba noa. 12 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Tlatlogela go ’na mo thabeñ, u ne gona: mi ki tla gu naea matlapa, le molao, le litaolo tse ki li kuarileñ; gore u li ba rute. 13 Mi Moshe a nanoga, le Yehoshue moriheri oa gague: mi Moshe a tlatloga thaba ea Morimo. 14 Mi a raea bagolu, Lo re lete hanu e tle e tsamaee re be re tle go lona: mi bonañ, Arone le Hure ba ha go lona: ha moñue a na le señue se se ganeloañ a a tle go bona. 15 ¶ Mi Moshe a tlatloga thaba, mi leru ya khurumetsa thaba. 16 Mi khalalelo ea ga Yehova ea nna mo thabeñ ea Sinai, mi leru ya e khurumetsa ka malatsi a sekes: mi a biletsa go Moshe ka tsatsi ya bo‐seven a le gare ga leru. 17 Mi ponalo ea khalalelo ea ga Yehova e le entse yaka molelo o o nyeletsañ mo tloreñ ea thaba, ha pele ga maitlo a bana ba Yeserele. 18 Mi Moshe a tsena gare ga leru, mi a tlatloga thaba: mi Moshe o la le mo thabeñ malatsi a forte le masigo a forte.

25

KHAOLO 25. 1 MI Yehova a bua le Moshe, a re, 2 Bua le bana ba Yeserele, gore ba ’ntsele cupelo ea culeco; lo tsee cupelo ea me ea culeco go mononeñ moñue le moñue eo pelu ea gague e meleegisañ. 3 Mi cupelo ea culeco e ki eona e, lo e tseeñ go bona; gouda, le selevera le khotlo, 4 Le bobururu, le porepura, le sekarelata, le leñe ye le lokhehe le boboea yoa lipori; 5 Le matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le matlalo a mañyiri, le logoñ loa moshitima,Le loukuane loa leseri, le lilo tsa loñko tsa loukuane loa tlolo, le ensense ea tse ri natehañ;Le mayana a shohama, le mayana go tseñoa mo efodeñ, le mo mokhaboñ oa sehuba. 8 Mi a ba ’ntihele helo ga boitsepho; gore ki nne mo go bona. 9 Le go riha kaha cotleñ tse ki li gu bontsañ, le kaha sekaeloñ sa taberenakela, le kaha sekaeloñ sa lilo tsa eona. 10 ¶ Mi a ba rihe areke ea logoñ loa moshitima; bolele yoa eona bo ne likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, boatlamo yoa eona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta, bogorimo yoa eona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta. 11 Mi u e manege gouda e e sa pekoañ; e manege ka kua teñ le ka kua eintle; mi e rikolose ka segomo sa gouda. 12 Mi u e thelele mehitsana e le for, mi u e tsenye mo khokhocoñ li for tsa eona; mi a mehitsana e le tu e ne eintleñ e le eñue ea eona, le mehitsana e le tu e ne mo eintleñ e le eñue ea eona. 13 Mi riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, mi li manege gouda. 14 Mi tsenya litsikaro mo mehitsaneñ e e ha eintleñ tsa areke, gore areke e sikaroe ka cona. 15 Litsikaro a li ne mo mehitsaneñ ea areke, a li si shomoloe go eona. 16 Mi seshupo se ki tla se gu naeañ, u se tsenye mo arekeñ. 17 ¶ Mi u rihe sekhurumelo sa thuanyo sa gouda e e sa pekoañ; bolele yoa shona bo ne likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, le boatlamo yoa shona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta. 18 Mi riha likeruba tsa gouda li tu; li rihe tsa gouda e e kuentsicoeñ, ha eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo. 19 Mi u rihe keruba e le eñue, ha eintleñ eñue, le keruba e le eñue ha eintleñ e eñue: mi u rihe likeruba ha eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo. 20 Mi likeruba a li tsarololele gorimo phuka tsa cona, li khurumetse sekhurumelo sa thuanyo ka phuka tsa cona, mi a hatlogo tsa cona li lebane; lihatlogo tsa likeruba a li lebe kua sekhurumeloñ sa thuanyo. 21 Mi u bee sekhurumelo sa thuanyo ha gorimo ga areke; mi seshupo se ki tla se gu naeañ, u se tsenye mo arekeñ. 22 Mi ki tla khatlanela nau gona, mi ki tla bua le uena ga cotle tse ki tla li gu laolelañ bana ba Yeserele ki le gorimo ga sekhurumelo sa thuanyo, gare ga likeruba li tu, tse ri ha arekeñ ea seshupo. 23 ¶ Le gona, u rihe loyelo loa logoñ loa moshitima; bolele yoa lona bo ne likubeta li tu, mi boatlamo yoa lona bo ne kubeta e le eñue, mi bogorimo yoa lona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta. 24 Mi u lo manege gouda e e sa pekoañ, mi u lo rikolose ka segomo sa gouda. 25 Mi u lo rikolose ka masinamelo, a le kana ka katlamo ea seatla, mi u rihele masinamelo segomo sa gouda tikologoñ. 26 Mi u lo rihele mehitsana e le for ea gouda, mi tsenya mehitsana mo khokhocoñ li for, tse ri mo mautuñ a for a lona. 27 A mehitsana e ne ha tlatse ga masinamelo, go tsenya litsikaro go eona go sikara loyelo. 28 Mi u rihe litsikaro tsa logoñ loa moshitima, mi u li manege gouda, gore loyelo lo sikaroe ka cona. 29 Mi u rihe meritsana ea lona, le lisensera tsa lona, le mehayana ea lona, le lithelo go thela ka cona: u li rihe tsa gouda e e sa pekoañ. 30 Mi u bee liñkhue tsa cupo ha pele ga me ka gale ha loyeloñ lo. 31 ¶ Mi u rihe tlomo sa lobone sa gouda e e sa pekoañ: a tlomo sa lobone se rihoe ka tiho e e kuentsicoeñ: thito ea shona, le kala tsa shona, le meritsanyana ea shona, le kholokuane tsa shona, le liceshe tsa shona, a li ne yalo; 32 Mi a likala li sekes li coe mo eintleñ tsa shona; likala li teri tsa tlomo sa lobone li coe mo eintleñ e le eñue, le likala li teri tsa tlomo sa lobone li coe mo eintleñ e eñue: 33 A meritsanyana e teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li ne mo kaleñ e le eñue, le meritsanyana e teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li ne mo kaleñ e le eñue: mi a go ne yalo mo kaleñ li sekes tse ri coañ mo tlomoñ sa lobone. 34 Mi a meritsanyana e le for yaka liamandela le kholokuane tsa eona, le liceshe tsa eona li ne mo tlomoñ sa lobone. 35 Mi a go ne kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, kaha kaleñ li sekes, tse ri coañ mo tlomoñ sa lobone. 36 Kholokuane tsa cona, le kala tsa cona, a li ne yaka shona: Cotle tsa shona a li ne tsa gouda e e sa pekoañ, ea tiho e le eñue e e kuentsicoeñ. 37 Mi u rihe lilampa li seven tsa shona: mi lilampa tsa shona li cuyoe, gore li bonese go lebagana le shona. 38 Mi lipomo tsa shona, le lipomelo tsa shona, a li ne tsa gouda e e sa pekoañ. 39 A se rihoe, le lilo cotle tseuo, ka talenta ea gouda e e sa pekoañ: 40 Mi u itise, gore u li rihe kaha sekaeloñ sa cona se u se bontsicoeñ mo thabeñ.

26

KHAOLO 26. 1 MI u rihe taberenakela ea lilepelelo li ten tsa lene ye le otliloeñ sesesane, le bobururu, le porepura, le sekarelata: u li rihele likeruba tsa tiho e e tsetsenoeñ: 2 A bolele yoa selepelelo se le señue bo ne likubeta li tuente‐eit, mi a boatlamo yoa selepelelo señue bo ne likubeta li for; mi a selepelelo señue le señue se ne le tekano e le eñue. 3 A lilepelelo li faeve li patagañoe, señue go se señue; le lilepelelo li faeve li patagañoe, señue go se señue. 4 Mi u rihe ligoe tsa bobururu ha losiñ loa selepelelo se le señue, mo losiñ ha pataganyoñ, le gona u rihe yalo ha losiñ loa selepelelo señue ha pataganyoñ ea sa bo tu. 5 U rihe ligoe li faevete mo selepeleloñ se le señue, mi u rihe ligoe li faevete ha losiñ loa selepelelo ha pataganyoñ ea sa bo tu; gore ligoe li cuaraganye. 6 Mi u rihe liñuakhe li faevete tsa gouda, mi ñuakhetsanya lilepelelo ka liñuakhe tse: gore e ne taberenakela e le eñue. 7 ¶ U rihe lilepelelo ka boboea yoa lipori, go na tenta ea taberenakela: u rihe lilepelelo li eleven. 8 A bolele yoa selepelelo se le señue bo ne likubeta li terete, mi boatlamo yoa selepelelo se le señue bo ne likubeta li for: mi a lilepelelo li eleven li ne tekano e le eñue. 9 Mi u pataganye lilepelelo li faeve ka cosi, le lilepelelo li sekes ka cosi, mi u tlatlaganye selepelelo sa bo sekes ha pele ga tenta. 10 Mi u rihe ligoe li faevete ha losiñ loa selepelelo se le señue mo losiñ ha pataganyoñ, le ligoe li faevete ha losiñ loa selepelelo lo lo pataganyeñ le sa bo tu. 11 Mi u rihe liñuakhe li faevete tsa khotlo, mi u tsenye liñuakhe mo li-goeñ, mi u pataganye tenta, gore e ne e le eñue. 12 Mi se se setseñ sa lilepelelo tsa tenta, eintla eñue ea selepelelo e e setseñ, a e lepelele kua morago ga taberenakela. 13 Mi kubeta e le eñue mo eintleñ eñue, le kubeta e le eñue mo eintleñ e eñue ea e e setseñ ea bolele yoa lilepelelo tsa tenta, a e lepelele ha tlakoreñ tsa taberenakela, ha tlakoreñ lo, le lole, go e khurumetsa. 14 ¶ Mi u rihele tenta sekhurumelo ka matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le sekhurumelo sa kua gorimo sa matlalo a mañyiri. 15 ¶ Mi u rihele taberenakela limati tsa logoñ loa moshitima, go ema ka thokhamo. 16 A bolele yoa lomati bo ne likubeta li ten, mi a boatlamo yoa lomati lo le loñue bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta. 17 A litenon li tu tse li cuanañ li ne mo matiñ lo le loñue; u rihele limati cotle tsa taberenakela yalo. 18 Mi u rihele taberenakela limati yalo, limati li tuente li ne mo tlakoreñ loa Souta. 19 Mi u rihe litlomo li forte tsa selevera tlatse ga limati li tuente; litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue, go tloma litenon li tu tsa lona, le litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue go tloma litenon li tu tsa lona. 20 Mi a limati li tuente li ne mo tlakoreñ lo loñue loa taberenakela kua tlakoreñ loa Noreta: 21 Le litlomo tsa selevera tsa cona li forte; litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue, le litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue. 22 Mi u rihele tlakore loa taberenakela loa Ueseta limati li sekes. 23 Mi u rihele likhokhoco tsa taberenakela ha eintleñ li tu limati li tu. 24 Mi a li kitlañoe kua tlatse, mi a li kitlañoe kua gorimo ga eona mo mo-hitsaneñ: a go ne yalo ka co tu tsa cona; mi a li ne tsa khokhoco li tu. 25 Mi li tla na limati li eit le litlomo tsa cona tsa selevera, litlomo li sekesten; litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue, le litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue. 26 Mi u rihe mephakalego ea logoñ loa moshitima; e faeve ea limati tsa tlakore lo le loñue loa taberenakela, 27 Le mephakalego e faeve ea limati tsa tlakore lo loñue loa taberenakela, tsa eintla li tu tsa Ueseta. 28 Mi mophakalego o o ha gare ga limati, a o coe eintleñ eñue go ea go eintleñ e eñue. 29 Mi u manege limati gouda, mi u rihe mehitsana ea cona ea gouda, go tsenya mephakalego go eona: mi u manege mephakalego gouda. 30 Mi u tlome taberenakela kaha sekaeloñ sa eona, se u se bonaricoeñ mo thabeñ. 31 ¶ Mi u rihe setsiro sa bobururu, le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane: a se rihoe sa tiho e e tsetsenoeñ, le likeruba mo go shona: 32 Mi u se pege mo lipilareñ li for tsa logoñ loa moshitima, tse ri manegiloeñ gouda: a likobe tsa cona li ne tsa gouda ha litlomoñ tsa selevera li for. 33 Mi u pege setsiro tlatse ga liñuakhe, mi u ise areke ea seshupo gona kua teñ ga setsiro: setsiro se tla lo lomololela gare ga helo ga boitsepho, le ga itsepho ea maitsepho. 34 Mi u bee sekhurumelo sa thuanyo ha gorimo ga areke ea seshupo, mo heloñ ga itsepho ea maitsepho. 35 Mi u bee loyelo kua eintle ga setsiro, le setlomo sa lobone go lebagana le loyelo ha tlakoreñ loa taberenakela loa Souta: mi u bee loyelo ha tlakoreñ loa Noreta. 36 ¶ Mi u rihele moyako oa tenta sebipo sa bobururu, le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane, sa tiho ea marorori. 37 Mi u rihele sebipo lipilara li faeve tsa logoñ loa moshitima, u li manege gouda, le likobe tsa cona li ne tsa gouda: mi u li thelele litlomo tsa khotlo li faeve.

27

KHAOLO 27. 1 MI u rihe aletara ea logoñ loa moshitima, bolele yoa eona bo ne likubeta li faeve, mi boatlamo yoa eona bo ne likubeta li faeve; aletara e ne manya; mi bogorimo yoa eona bo ne likubeta li teri. 2 Mi u rihe linaka tsa eona mo khokhocoñ li for tsa eona: linaka tsa eona a li ne yaka eona; mi u e manege khotlo. 3 Mi u rihe lipitsa tsa eona go cula melora ea eona, le lishovela tsa eona, le meritsana ea khatseco ea eona, le litlabo tsa eona tsa nama, le maisho a eona; u rihe lilo cotle tsa eona tsa khotlo. 4 U e rihele sebeseco se se cuanañ le lotloa sa khotlo; mi u rihe mehitsana e for ea khotlo ha lotloeñ lo, ha likhokhocoñ li for tsa lona. 5 Mi u lo bee tlatse ga tikologo ea aletara kua tlatse, gore lotloa lo ne ha gare ga aletara. 6 Mi u rihele aletara litsikaro, litsikaro tsa logoñ loa moshitima, mi u li manege khotlo. 7 Mi litsikaro a li tseñoe mo mehitsaneñ, mi litsikaro li tla na mo litla-koreñ co tu tsa aletara, go e sikara. 8 Mi u e rihe khuti ka limati: yaka u lu ua bontsioa mo thabeñ, a ba e rihe yalo. 9 ¶ Mi u rihe loloapa loa taberenakela; mo tlakoreñ lo lo eintleñ ea Souta, go tla na lilepelelo tsa loloapa, tsa lene ye le otliloeñ sesesane, li le bolele yoa likubeta li uan hundereda, tsa lotlakore lo le loñue: 10 Mi lipilara li tuente tsa lona, le litlomo li tuente tsa cona a li ne tsa khotlo; likobe tsa lipilara, le lipalelo tsa cona a li ne tsa selevera. 11 Le gona a go ne lilepelelo tsa bolele yoa likubeta li uan hundereda tlakoreñ loa Noreta mo boleleñ, le lipilara li tuente tsa lona, le linao li tuente tsa cona a li ne tsa khotlo; mi likobe tsa lipilara, le lipalelo tsa cona a li ne tsa selevera. 12 Mi a lilepelelo tsa likubeta li faevete li ne kana ka boatlamo yoa loloapa mo tlakoreñ loa Ueseta; le lipilara tsa cona li ne li ten, le litlomo tsa cona li ten. 13 Mi a boatlamo yoa loloapa mo tlakoreñ loa Iseta bo ne likubeta li faevete. 14 Mi lilepelelo tsa tlakore loñue a li ne likubeta li faeveten; lipilara tsa cona li teri, le linao tsa cona li teri. 15 Mi lilepelelo tsa tlakore lo loñue a li ne likubeta li faeveten; lipilara tsa cona li teri, le litlomo tsa cona li teri. 16 Mi a khoro ea loloapa e ne le sebipo sa likubeta li tuente, sa bobururu, le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane, sa tiho ea marorori; le lipilara li for, le litlomo tsa cona li for. 17 Lipilara cotle tsa loloapa a li baleloe selevera; likobe tsa cona a li ne tsa selevera, le litlomo tsa cona tsa khotlo. 18 ¶ Bolele yoa loloapa a bo ne likubeta li uan hundereda, le boatlamo bo ne li faevete gotle, le bogorimo bo ne likubeta li faeve, tsa lene ye le otliloeñ sesesane; mi a litlomo tsa lipilara li ne tsa khotlo. 19 Lilo cotle tsa taberenakela le tsa tihelo ea eona eotle, le limapo tsa eona cotle, le limapo tsa loloapa cotle a li ne tsa khotlo. 20 ¶ Mi laola bana ba Yeserele, gore ba gu leretse loukuane loa leseri loa motluare lo lo itsekileñ, lo lo thuge-coeñ, gore lilampa li tuke ka gale. 21 A Arone le bomoroaue ba rulaganye mo tenteñ ea kokoanelo kua eintle ga setsiro, se se ha pele ga seshupo; go simolola ka matsiboea go ea moshoñ, ha pele ga Yehova: seo se, a se ne taeo e e sa khutleñ go bana ba Yeserele mo kokomaneñ tsa bona.

28

KHAOLO 28. 1 MI uena, u itsele Arone mogoluü, le bomoroaue nae, go baneñ ba Yeserele, gore a ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto, ba eboñ Arone le Nadabe, le Abihue, le Eleasare, le Itamare, bomoroa Arone. 2 ¶ Mi u rihele Arone mogoluü aparo tse ri itsephileñ, tse ri galalelañ, le tse lieiñtle. 3 Mi bua le botle ba ba pelu e e tlalehileñ ba ki ba tlaritseñ ka moea oa botlale, gore ba rihe aparo tsa ga Arone go mo tsepha, gore a ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto. 4 Mi liaparo tse ki cona tse ba ka li rihañ; mokhabo oa sehuba, le efoda, le robe, le tunika e e marose, le tlatlana, le moitlamo: mi a ba rihele Arone mogoluü, le bomoroaue aparo tse ri itsephileñ, gore ba ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto. 5 Mi a ba tsee gouda, le bobururu, le porepura, le sekarelata, le lene ye le lokhehe; 6 ¶ Mi a ba rihe efoda ea gouda, le ea bobururu, le ea porepura, le ea sekarelata, le ea lene ye le otliloeñ sesesane, ka tiho e e tsetsenoeñ. 7 Mi libata tsa maruri li tu tsa eona a li patagañoe eintleñ co tu tsa cona, mi a e patagañoe yalo. 8 Mi tiho e e tsetsenoeñ ea efoda e e mo go eona, a e ne yalo, le kaha tihoñ ea eona; eboñ ea gouda, le ea bobururu, le ea porepura, le ea sekarelata, le ea lene ye le otliloeñ sesesane. 9 Mi tsaea mayana a shohama a le tu, mi kuala maina a bana ba Yeserele go aona: 10 Maina a le sekes a ne mo incueñ le le leñue, le maina a a setseñ a sekes a ne mo incueñ ye leñue, kaha kokomaneñ ea bona. 11 U kuale mayana a le tu maina a bana ba Yeserele, ka tiho ea moseti leincue, yaka tseto ea sekanelo: mi u li rihe go tseñoa mo khutiñ tsa gouda. 12 Mi u bee mayana a le tu mo maruriñ a efoda, gore a ne mayana a khopoco mo baneñ ba Yeserele: mi a Arone a belege maina a bona ha pele ga Yehova, mo maruriñ a gague, go na segopoco. 13 ¶ Mi u rihe khuti tsa gouda, 14 Le liketen li tu tsa gouda e e sa pekoañ, tse ri lekanañ; u li rihe ka tiho ea copho, mi u gokele liketen tse ri cophiloeñ mo likhutiñ. 15 Mi u rihe mokhabo oa sehuba oa tsiamisho ka tiho e e tsetsenoeñ; u o rihe kaha tihoñ ea efoda, oa gouda, le oa bobururu, le oa porepura, le oa sekarelata, mi u o rihe ka lene ye le otliloeñ sesesane. 16 A o ne manya, le tlatlaganyo; bolele yoa ona bo ne selekanyo sa menuana, mi boatlamo yoa ona bo ne selekanyo sa menuana. 17 Mi u tsenye mayana mo khupareloñ tsa ona, tsela li for tsa mayana: mi tsela ea eintla e ne le leincue ya saradio, le ya topasi, le ya karebuñkela: o ki tsela ea eintla. 18 Mi tsela ea bo‐tu e ne le ya emeraleda, le ya safira, le ya diamenta. 19 Mi tsela ea bo‐teri e ne le ya hiasanta, le ya agata, le ya ametusito. 20 Mi tsela ea bo‐for e ne le ya berulo, le ya shohama, le ya yasepera; a mayana ua a tseñoe mo goudeñ mo khupareloñ tsa aona. 21 Mi a mayana a ne le maina a bana ba Yeserele; a tueleve, kaha maineñ a bona; yaka kualo tsa tseto tsa sekanelo, leñue le leñue le leina ya yeona; a a ne kaha licoñ li tueleve. 22 Mi u rihele mokhabo oa sehuba liketen tse ri lekanañ tsa tiho ea copho tsa gouda e e sa pekoañ. 23 Mi u rihe mehitsana e le tu ea gouda mo mokhaboñ oa sehuba, mi u tsenye mehitsana e le tu eintleñ li tu tsa mokhabo oa sehuba. 24 Mi u tsenye liketen li tu tsa gouda tse ri cophiloeñ mo mehitsaneñ e tu, e e mo eintleñ tsa mokhabo oa sehuba. 25 Mi lintla li tu tsa liketen li tu tse ri cophiloeñ u li gokele mo khutiñ li tu, mi u li bee mo libateñ tsa maruri tsa efoda, ha pele ga ona. 26 Mi u rihe mehitsana e le tu ea gouda, mi u e tsenye mo eintleñ li tu tsa mokhabo oa sehuba, mo morokoñ oa ona o o eintleñ ea efoda e e kua teñ. 27 Mi gape, u rihe mehitsana e le tu ea gouda, mi u e tsenye mo libateñ li tu tsa maruri tsa efoda, kua tlatse, mo eintleñ e e kua pele, go lebagana le pataganyo ea eona, ha gorimo ga tiho e e tsetsenoeñ ea efoda. 28 Mi a ba gokele mokhabo oa sehuba ka mehitsana ea ona, mo mehitsaneñ ea efoda ka lori loa bobururu, gore e ne gorimo ga tiho e e tsetsenoeñ ea efoda; mi gore mokhabo oa sehuba o si hunololoe mo efodeñ. 29 Mi a Arone a belege maina a bana ba Yeserele mo mokhaboñ oa sehuba oa tsiamisho, ha peluñ ea gague, ha a tsena helon ga boitsepho, go na segopoco ha pele ga Yehova ka gale. 30 ¶ Mi u tsenye Urima le Tumima mo mokhaboñ oa sehuba oa tsiamisho: mi a li ne ha peluñ ea ga Arone ha a tsena ha pele ga Yehova; mi Arone a belege tsiamisho ea bana ba Yeserele ha peluñ ea gague ha pele ga Yehova ka gale. 31 ¶ Mi u rihe robe ea efoda e bobururu eotle. 32 Mi a go ne lecoha gareñ ga eona kua gorimo: a e ne le peleri ea tiho e e logiloeñ, e e rikolosicoeñ lecoha ya eona, yaka lecoha ya kota ea tlabano, gore e si gagoge. 33 Mi u rikolose peleri ea eona ka ligeranata, tsa bobururu, le tsa porepura, le tsa sekarelata ha peleriñ ea eona, le libelana tsa gouda gare ga cona mo tikologoñ. 34 Belana ea gouda le geranata, belana ea gouda le geranata, mo tikologoñ ea peleri ea robe. 35 Mi a e ne go Arone go rihela; mi tumo ea gague e tla utluoa mogañ o tsenañ heloñ ga boitsepho ha pele ga Yehova, le gona ha a coa, gore a si shue. 36 ¶ Mi u rihe papetla ea gouda e e sa pekoañ, mi u kuale ka tseto BOITSEPHELO GO YEHOVA go eona, yaka kualo tsa tseto tsa sekanelo. 37 Mi u le gokele ka lori loa bobururu, gore le ne mo tlatlaneñ; a le ne kua pele ha tlatlaneñ. 38 Mi a le ne mo phatleñ ea ga Arone, gore Arone a belege tsiamololo ea lilo tse ri itsephileñ, tse bana ba Yeserele ba tla li tsephañ mo neoñ tse ri itsephañ tsa bona cotle; mi a le ne ka gale mo phatleñ ea gague, gore ba natehe ha pele ga Yehova. 39 ¶ Mi u rihe tunika e e marose ea lene ye le lokhehe, mi u rihe tlatlana ea lene ye le lokhehe, mi u rihe moitlamo oa tiho ea marorori. 40 ¶ Mi u rihele bomoroa Arone litunika, mi u ba rihele meitlamo, mi u ba rihele litloro tse ri galalelañ le tse lieñtle. 41 Mi u li apese Arone mogoluü, le bomoroaue nae; mi u ba tlotse, u ba nele, mi u ba tsephe, gore ba ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto. 42 Mi u ba rihele marukue a lene go cuala bosaikatega yoa bona, a a simolole ha mañkopeñ go ea liropeñ: 43 Mi a a ne go Arone, le go bomoroaue, ha ba tsena mo tenteñ ea kokoanelo, khotsa ha ba atamela aletara go rihela heloñ ga boitsepho; gore ba si belege tsiamololo, ba shua: seuo a se ne taeo go ena, le losika loa gague hularoñ sa gague ka bosakhutleñ.

29

KHAOLO 29. 1 MI seo se, ki shona se u ka se ba rihelañ, go ba tsepha, go ’ntihela mo tihoñ ea boperiseto: tsaea poana e le eñue, le lipheleu li tu tse ri itekanetseñ, 2 Le señkhue se se sa berisioañ, le liñkhue tse ri papetla tse ri sa berisioañ, tse ri tlakancoeñ le loukuane, liñkhuana tse ri tsesane tse ri sa berisioañ tse ri tloricoeñ loukuane: u li rihe tsa setou sa mabele. 3 Mi u li tsenye mo serotuñ se le señue, u li lere ka serotu, le poana, le lipheleu li tu naco. 4 Mi u atametse Arone le bomoroaue ha khoroñ ea tenta ea kokoanelo, mi u ba tlapise ka metse. 5 Mi u tsee liaparo; mi u apese Arone tunika, le robe ea efoda, le efoda, le mokhabo oa sehuba; mi u mo tlame ka moitlamo oa tiho e e tsetsenoeñ oa efoda: 6 Mi u roese tlogo ea gague tlatlana, mi u bee kerone e e itsephileñ mo tlatlaneñ. 7 Mi tsaea loukuane loa tlolo, u lo thele mo tlogoñ ea gague, u mo tlotse. 8 Mi atametsa bomoroaue, u ba apese litunika. 9 Mi u ba tlame, eboñ Arone le bomoroaue ka meitlamo, mi u ba roese litloro: mi tiho ea boperiseto e tla na ea bona ka taeo e e sa khutleñ: mi u nele Arone le bomoroaue. 10 Mi u atametse poana ha pele ga tenta ea kokoanelo: mi a Arone le bomoroaue ba bee atla tsa bona mo tlogoñ ea poana. 11 Mi u tlabele poana ha pele ga Yehova, ha moyakoñ oa tenta ea kokoanelo. 12 Mi tsaea ga mari a poana, mi u a bee mo linakeñ tsa aletara ka monuana oa gago, mi u thele mari aotle ha tlatse ga aletara. 13 Mi tsaea lomipi lotle, le locualo lo lo ha gorimo ga sebete, le liphio li tu, le matlanama, u li hisetse ha aletareñ. 14 Mi nama ea poana, le letlalo ya eona, le moshuañ oa eona, u li hisetse kua eintle ga botlaolelo: ki cupelo ea boleo. 15 Mi le gona tsaea pheleu e le eñue; mi a Arone le bomoroaue ba bee atla tsa bona mo tlogoñ ea pheleu. 16 Mi u tlabe pheleu, mi u tsee mari a eona, mi u a khatse, u a rikolose aletara. 17 Mi u khabetlele pheleu, mi u tlapise liteñ tsa eona, le memo ea eona, mi u e bee ha makhabetleloñ a cona, le ha tlogoñ ea eona. 18 Mi u hisetse pheleu eotle ha aletareñ: ki cupelo ea phisho go Yehova: ki loñko lo lo natehañ, ki cupelo ea molelo go Yehova. 19 Mi u tsee pheleu e eñue; mi a Arone le bomoroaue ba bee atla tsa bona mo tlogoñ ea pheleu: 20 Mi u tlabe pheleu, u tsee ga mari a eona, u a bee ha eintleñ ea tsebe e e siameñ ea ga Arone, le ha eintleñ tsa litsebe tse ri siameñ tsa bomoroaue, le ha menuaneñ ea khonocoe ea atla tsa bona tse ri siamen, le ha menuaneñ ea khonocoe ea nao tse ri siameñ tsa bona, mi u khatse mari, u a rikolose aletara. 21 Mi u tsee ga mari a a ha aletareñ, le ga loukuane loa tlolo, u khatse Arone, le aparo tsa gague, le bomoroaue, le aparo tsa bomoroaue ba ba nañ nae: mi o tla tsecoa, le aparo tsa gague, le bomoroaue, le aparo tsa bomoroaue ba ba nañ nae. 22 Mi u tsee ga pheleu, mahura le mogatla, le lomipi, le locualo, le sebete, le liphio li tu, le matlanama, le lecogo ye le siameñ; gone ki pheleu ea cupelo ea nelo. 23 Le señkhue se le señue, le señkhue se le señue sa papetla sa loukuane, le señkhuana se le señue se se sesane, u li tsee mo serotuñ sa liñkhue tse ri sa berisioañ, se se ha pele ga Yehova: 24 Mi u li tsenye cotle mo atleñ tsa ga Arone, le mo atleñ tsa bomoroaue, mi a ba li kelelerise cupelo ea kelero ha pele ga Yehova. 25 Mi u be u li tsee mo atleñ tsa bona, mi u li hisetse ha aletareñ, go na cupelo ea phisho, le loñko lo lo natehañ ha pele ga Yehova: ki cupelo ea molelo go Yehova. 26 Mi u tsee sehuba sa pheleu ea cupelo ea nelo ea ga Arone, mi u se kelelerise cupelo ea kelero ha pele ga Yehova: mi se tla na kabelo ea gago. 27 Mi u tsephe sehuba sa cupelo ea kelero le lecogo ya cupelo ea culeco ye le kelericoeñ, ye le culericoeñ, ya pheleu ea cupelo ea nelo, eboñ ga se e leñ sa ga Arone, le ga se e leñ sa bomoroaue. 28 Mi li tla na tsa ga Arone le tsa bomoroaue, ka taeo e e sa khutleñ, kaga bana ba Yeserele: gone e le cupelo ea culeco; mi a e ne cupelo ea culeco ea bana ba Yeserele, ea cupelo tsa tebogo ea bona, eboñ cupelo ea bona ea culeco go Yehova. 29 Mi aparo tse ri itsephileñ tsa ga Arone, li tla na tsa bomoroaue hularoñ sa gague, go tlorioa mo go cona, le go neloa mo go cona. 30 Eo oa bomoroaue eo o tla nañ moperiseti bonnoñ yoa gague, a a li apare ka malatsi a seven mogañ o tsenañ mo tenteñ ea kokoanelo go rihela heloñ ga boitsepho. 31 Mi u tsee pheleu ea cupelo ea nelo, u apee nama ea eona heloñ ga boitsepho. 32 Mi Arone le bomoroaue a ba ye nama ea pheleu, le señkhue se se mo serotuñ ha moyakoñ oa tenta ea kokoanelo. 33 Mi a ba ye lilo tse thuanyo e rihiloeñ ka cona, go ba nela, le go ba tsepha: mi a moeñ a si li ye, gone li itsephile. 34 Mi ha go salela ka mosho ga nama ea cupelo ea nelo, khotsa ga señkhue, erehe gona u hisañ tse ri setseñ ka molelo: a li si yeoe, gone li itsephile. 35 Mi u rihele Arone le bomoroaue kaha cotleñ tse ki li gu laoletseñ: u ba nele ka malatsi a seven. 36 Mi u tlabele cupelo ea boleo poana ka malatsi aotle, go na thuanyo: mi u intlahatse aletara, u sina go e rihela thuano, mi u e tlotse, u e tsephe. 37 U rihele aletara thuano ka malatsi a seven, u e tsephe, mi hoñ e tla na aletara ea itsepho ea maitsepho: mi cotle tse ri amañ aletara a li tsecoe. 38 ¶ Mi yana se ki shona se u se shupañ ha aletareñ; eboñ kuana li tu tsa ñuaga o le moñue, ka tsatsi leñue le leñue ka gale. 39 Kuana e le eñue u e shupele go sa le mosho, mi kuana e eñue, u e shupele ka matsiboea; 40 Mi a kabelo ea bo‐ten ea setou, se se tlakancoeñ ka kabelo ea bo‐for ea hina ea loukuane loa thugo; le kabelo ea bo‐for ea hina ea boyaloa yoa movine, go na cupelo ea noo, li ne le kuana e eñue. 41 Mi kuana e eñue u e shupele ka matsiboea, mi u e rihe kaha cupeloñ ea liyo ea mosho, le kaha cupeloñ ea noo ea eona, go na loñko lo lo natehañ: ki cupelo ea molelo go Yehova. 42 A e ne cupelo ea phisho ka gale mo kokomaneñ tsa lona ha moyakoñ oa tenta ea kokoanelo, ha pele ga Yehova, ha ki tla lo khatlantsañ, ki bua nau gona. 43 ¶ Mi ki tla khatlana le bana ba Yeserele gona; gore tenta e tsecoe ki khalalelo ea me. 44 Mi ki tla tsepha tenta ea kokoanelo, le aletara: le Arone, le bomoroaue, ki tla ba tsepha, go ’ntihela mo tihoñ ea boperiseto. 45 Mi ki tla nna mo baneñ ba Yeserele, mi ki tla na Morimo oa bona. 46 Mi ba tla itse ha e le ’na Yehova Morimo oa bona; eo ki ba entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, gore ki nne mo go bona: ki Yehova Morimo oa bona.

30

KHAOLO 30. 1 MI u rihe aletara go hisetsa ensense go eona; u e rihe ka logoñ loa moshitima. 2 Bolele yoa eona a bo ne kubeta e le eñue; mi boatlamo yoa eona bo ne kubeta e le eñue; a e ne manya: mi bogorimo yoa eona bo ne likubeta li tu: naka tsa eona li ne yaka eona. 3 Mi u e manege gouda e e sa pekoañ, eboñ sekhurumelo sa eona, le limota tsa eona tikologoñ, le naka tsa eona; mi u e rikolose ka segomo sa gouda. 4 Mi u e rihele mehitsana ea gouda e le tu, ha tlatse ga segomo sa eona, mo tlakoreñ li tu tsa eona; u e rihele tlakore tsa eona co tu; mi e tla na go tsenya litsikaro go eona, go e sikara ka cona. 5 Mi u rihe litsikaro tsa logoñ loa moshitima, u li manege gouda. 6 Mi u e bee ha pele ga setsiro, se se ha arekeñ ea seshupo ha pele ga sekhurumelo sa thuanyo, se se gorimo ga seshupo, ha ki tla khatlanañ nau gona. 7 Mi a Arone a hisetse ensense ea tse ri natehañ go eona: a a hisetse ensense go eona ha a bakanya lilampa ka mesho mesho. 8 Mi ha Arone a cuba lilampa ka matsiboea, a a hisetse ensense go eona, ensense ea ka gale ha pele ga Yehova mo kokomaneñ tsa lona. 9 Lo si hisetse ensense e sele go eona, le esiñ cupelo ea phisho, le esiñ cupelo ea liyo; le gona, lo si thele go eona cupelo ea noo. 10 Mi a Arone a ruanye gañue hela ka ñuaga o le moñue ha nakeñ tsa eona, ka mari a cupelo ea boleo ea lithuanyo; a a ruanye gañue hela ka ñuaga o le moñue go eona mo kokomaneñ tsa lona: ki itsepho ea maitsepho go Yehova. 11 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re, 12 Motlañ u balañ bana ba Yeserele, kaha ba ba baloañ ba bona, erehe gona moñue le moñue o nelañ Yehova thuanyo ea tselo yoa gague, mogañ u ba balañ; gore go si ne sebeco mo go bona, mogañ u ba balañ. 13 Moñue le moñue oa bona eo o tlolaganyetsañ go ba ba bariloeñ, a a nee eintla eñue ea shekela kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho: (shekela ki ligera li tuente:) eintla eñue ea shekela ki cupelo ea culeco ea Yehova. 14 Botle ba ba tlolaganyetsañ go ba ba bariloeñ, go simolola ka ba ba linyaga li tuente le ba ba kua pele ga bona, a ba nele Yehova cupelo ea culeco. 15 Mohumi a a si intsihatse, mi a molala a si okocolole mo go eintla eñue ea shekela, mogañ ba nelañ Yehova cupelo ea culeco, go ruanya meoea ea lona. 16 Mi u tsee mari a lithuanyo mo baneñ ba Yeserele, mi u a laolele tihelo ea tenta ea kokoanelo; gore a ne segopoco mo baneñ ba Yeserele ha pele ga Yehova go ruanya meoea ea lona. 17 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re, 18 Le gona u rihe mogopu oa khotlo, le sekhurumelo sa ona sa khotlo, go tlapela go ona: mi u o bee ha gare ga tenta ea kokoanelo le aletara, mi u thele metse go ona; 19 Gore Arone le bomoroaue ba tlapise atla tsa bona, le linao tsa bona mo go ona: 20 Ere mogañ ba tsenañ tenteñ ea kokoanelo, a ba itlapise ka metse, gore ba si shue; khotsa ha ba atamela aletara go rihela, le go hisetsa Yehova cupelo ea molelo: 21 A ba tlapise atla tsa bona le linao tsa bona, gore ba si shue: mi e tla na taeo e e sa khutleñ go bona, go Arone, le go losika loa gague mo kokomaneñ tsa bona. 22 ¶ Gape Yehova a bua le Moshe, a re, 23 U tsee lilo tsa loñko tse ri molemo o mogolu, eboñ shekela tsa mera e e sa pekoañ li faeve hundereda, le eintla eñue ea mouo ea kinomona e e natehañ, eboñ lishekela li tu hundereda le faevete, le lishekela li tu hundereda le faevete tsa kalamusa e e natehañ. 24 Le lishekela li faeve hundereda tsa kasia, kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho, le hina e le eñue ea loukuane loa motluare: 25 Mi u rihe loukuane loa tlolo e e itsephileñ ka cona, setlolo se se rihiloeñ kaha tihoñ ea morihamere: lo tla na loukuane loa tlolo e e itsephileñ. 26 Mi u tlotse tenta ea kokoanelo, le areke ea seshupo ka lona, 27 Le loyelo le cotle tsa lona, le tlomo sa lobone le lilo tsa shona, le aletara ea ensense, 28 Le aletara ea cupelo ea phisho, le lilo tsa eona cotle, le mogopu oa tlapelo, le khurumelo sa ona. 29 Mi u li tsephe, gore li ne itsepho ea maitsepho: cotle tse li li amañ a li tsecoe. 30 Mi u tlotse Arone le bomoroaue, u ba tsephe, gore ba ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto. 31 Mi u bue le bana ba Yeserele, u re, Lo, a lo ne loukuane loa tlolo lo lo intsephetseñ mo kokomaneñ tsa lona. 32 A lo si theloe mo meleñ oa mothu ope, le gona lo si rihe lope lo lo cuanañ nalo, kaha lo rihiloeñ ka gona: lo itsephile, mi a lo lo itsephele. 33 Mi leha e le mañmañ eo o tla rihañ lo loñue a lo cuantsa, khotsa eo o lo thelañ go se sele, eo a a khaoloe mo bathuñ ba gague. 34 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Tsaea tse ri natehañ, eboñ boroku yoa mera, le onika, le galebana, tse ri natehañ tse, le libano tse ri sa pekoañ: a li lekane. 35 Mi u rihe ensense, eboñ bolau ka cona, kaha tihoñ ea morihamere; e e lokiloeñ, e e itsekileñ, le e e itsephileñ. 36 Mi u note note ga eona, mi u e bee ha pele ga seshupo mo tenteñ ea kokoanelo, ha ki tla khatlanañ nau gona: a e ne itsepho ea maitsepho go lona. 37 Mi kaga ensense e u tla e rihañ, lo si itihele sepe se se cuanañ naeo: lo e tsephisetse go Yehova. 38 Leha e le mañmañ eo o tla e rihañ yaka eona, go e rupa, eo, a a khaoloe mo bathuñ ba gague.

31

KHAOLO 31. 1 MI Yehova a bua le Moshe, a re, 2 Bona, ki biritse Betsaleale ka leina, moroa Uri, moroa Hure oa loco loa Yude: 3 Mi ki mo tlaritse moea o o gaisañ, le oa botlale, le oa tlaloganyo, le oa kico, eboñ tiho cotle, 4 Go tsetseneka ka tiho tse ri tsetsenoeñ, le go riha ka gouda, le ka selevera, la ka khotlo, 5 Le go seta mayana, go a tsenya, le go seta logoñ, le go riha tiho cotle. 6 Mi ’na, bona, ki mo okeritse ka Aholiabe, moroa Ahisamake, oa loco loa Dane, mi ki tsentse botlale mo peluñ tsa botle ba ba pelu e e tlalehileñ, gore ba rihe cotle tse ki li gu laoletseñ;Eboñ tenta ea kokoanelo, le areke ea seshupo, le sekhurumelo sa thuanyo se se gorimo ga shona, le lilo cotle tsa tenta, 8 Le loyelo le lilo tsa lona, le tlomo sa lobone se se sa pekoañ, le lilo cotle tsa shona, le aletara ea ensense; 9 Le aletara ea cupelo ea phisho, le lilo cotle tsa eona, le mogopu oa tlapelo le sekhurumelo sa ona, 10 Le aparo tsa tihelo, le liaparo tse ri itsephileñ tsa ga Arone moperiseti, le liaparo tsa bomoroaue, go riha mo tihoñ ea boperiseto; 11 Le loukuane loa tlolo, le ensense ea tse ri natehañ ea helo ga boitsepho: a ba rihe kaha cotleñ tse ki li gu laoletseñ. 12 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re, 13 Le uena, u bue le bana ba Yeserele, u re, Le gona yalo, lo tsegetse lisabata tsa me, gone ki cupo gare ga me le lona mo kokomaneñ tsa lona; gore go itsege ha e le ’na Yehova eo ki lo tsephañ. 14 Mi tsegetsañ sabata; gone se lo itsephetse; eo o se tsephololañ a a bolaeloe rure: gone moñue le moñue eo o rihañ tiho ka shona, mothu eo, a a khaoloe mo bathuñ ba gague. 15 Tiho e ka rihoa ka malatsi a sekes; mi tsatsi ya bo‐seven ki sabata sa boikhuco, se se itsephetseñ Yehova: leha e le mañmañ eo o rihañ tiho mo tsatsiñ ya sabata a a bolaeloe rure. 16 Ki gona a bana ba Yeserele ba tsegetse sabata, le go tlokomela sabata mo kokomaneñ tsa bona, go na kholagano e e sa khutleñ. 17 Ki cupo e e sa khutleñ gare ga me le bana ba Yeserele: gone Yehova a rihile legorimo le lehatsi ka malatsi a sekes, mi a ikhutsa ka tsatsi ya bo‐seven, mi a rurisioa. 18 ¶ Mi erile a sina uetsa go bua le Moshe mo thabeñ ea Sinai, a mo naea matlapa a tu a seshupo, matlapa a a kuariloeñ ka monuana oa Morimo.

32

KHAOLO 32. 1 MI erile bathu ba bona ha Moshe a riegile go hologa mo thabeñ, bathu ba ikokoanyetsa go Arone, ba mo raea, Tloga, u re rihele morimo, o o tla eañ ha pele ga rona; gone Moshe eo, monona eo o re entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ga re itse se se mo rihahaletseñ. 2 Mi Arone a ba raea, Rolañ manyena a gouda a a mo tsebeñ tsa basari ba lona, le tsa bomoroa lona, le tsa bomoroaria lona, mi a lereñ go ’na. 3 Mi bathu botle ba rola manyena a gouda a a la le mo tsebeñ tsa bona, ba a lere go Arone. 4 Mi a a cula mo atleñ tsa bona, mi a seta secuanco ka moseto, mi a se riha namane e e manegiloeñ ka aona; mi ba re, O, ki morimo oa lona, lona Boyeserela, o o lo entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto. 5 Mi erile Arone a bona yalo, a aga aletara ha pele ga eona; mi Arone a utluatsa, mi a re, Ka mosho e tla na moletlo oa ga Yehova. 6 Mi ba phakela ka mosho, mi ba shupela cupelo tsa phisho, mi ba lere cupelo tsa tebogo, mi bathu ba lulela go ya le go noa, mi ba nanoga go tsameka. 7 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ea, n hologe, gone bathu ba gago ba u ba entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ba iporisitse. 8 Ba akohile ba hapoga tsela e ki e ba laoletseñ: ba itihetse namane e e thecoeñ, mi ba e ikobetse, mi ba e shupetse cupelo, mi ba re, O, ki morimo oa lona, lona Boyeserela, o o lo entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto. 9 Mi Yehova a raea Moshe, Ki bonye bathu ba, mi bona, ki bathu ba thamo e e thata. 10 Mi yana ’ma gore bogale yoa me bo ba tukele, ki ba nyeletse, mi ki tla gu riha morahe o mogolu. 11 ¶ Mi Moshe a rapela Yehova Morimo oa gague, mi a re, Yehova, bogale yoa gago bo tukelelañ bathu ba gago, ba u ba entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ka nonoho e kholu le ka atla se se thata? 12 Baegepeto ba ko ba reelañ ba re, O ba entseritse boshula, go ba bolaela mo lithabeñ, le go ba nyeletsa mo hatsiñ? U ipose mo bogaleñ yoa gago yo bo tukañ, mi u ikuatlaele boshula yo kaga bathu ba gago. 13 Gakologeloa Aberahame, le Yitsake, le Yeserele batlañka benu, ba u ba ikanetseñ ka uena ka uesi, mi u ba reile, Ki tla intsihatsa losika loa lona yaka naleri tsa legorimo, mi hatsi yeotle ye ki buileñ ga yeona, ki tla le naea losika loa lona, mi ba tla le rua ka bosakhutleñ. 14 Mi Yehova a ikuatlaela boshula yo o rileñ o tla bo rihela bathu ba gague. 15 ¶ Mi Moshe a menoga, mi a hologa mo thabeñ, mi matlapa a tu a licupo a la le mo atleñ sa gague: matlapa a la kuariloe mo eintleñ co tu tsa aona; a kualoa mo eintleñ eñue le mo eintleñ e eñue. 16 Mi matlapa e le le tiho ea Morimo, mi lokualo loa tseto mo matlapeñ e le le lokualo loa Morimo. 17 Mi erile Yehoshue a utlua koru ea bathu ka ba ruruetsa, a raea Moshe, Go koru ea tlabano mo botlaoleloñ. 18 Mi a re, Ga si koru ea turueco ea phenyo, le esiñ koru ea khoo ea khemetho: ki utlua koru ea kopelo. 19 ¶ Mi erile a sina atamela botlaolelo, a bona namane le pino, mi bogale yoa ga Moshe yoa tuka, mi a latla matlapa mo atleñ tsa gague, a a rabanya kua tlatse ga thaba. 20 Mi a tsaea namane e ba e rihileñ, a e hisa ka molelo, mi a e sila a e nota, a e kubuela mo metseñ, mi a nosa bana ba Yeserele ka aona. 21 ¶ Mi Moshe a raea Arone, Ana bathu ba, ba gu rihileñ, ka u ba lereritse seleo se segolu yalo? 22 Mi Arone a re, A bogale yoa morena oa me bo si tuke: ua itse ha bathu ba, ba boshula hela. 23 Gone ba le ba ’nthaea, U re rihele morimo, o o tla eañ ha pele ga rona: gone Moshe eo, monona eo o re entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ga ri itse se se mo rihahaletseñ. 24 Mi ka ba raea, Leha e le mañmañ eo o nañ le gouda a a e role; mi ba e ’nnaea, mi ka e latlela moleloñ, mi ga coa namane e. 25 Mi erile Moshe a bona ha bathu ba senogecoe; (gone Arone o la a ba senola gore ba heñoe ki ba ba ka ba cogelañ); 26 Mi Moshe a ema mo khoroñ ea botlaolelo, mi a re, A eo o eintleñ ea ga Yehova, a tle go ’na. Mi bomoroa Leve botle ba phuthegela go ena. 27 Mi a ba raea, Go bua yalo Yehova Morimo oa Boyeserela, A moñue le moñue a itsemelele caka ea gague ha ropeñ sa gague, mi ralalañ, lo simolole ka khoro eñue go ea go e eñue mo botlaoleloñ, mi a moñue le moñue a bolaee ñoana‐rague, le moñue le moñue molekane oa gague, le moñue le moñue moñ ka ena. 28 Mi bana ba ga Leve ba riha kaha hukuñ ya ga Moshe; mi ga oa bathu mo tsatsiñ yeuo e kane e le banona ba teri thousanda. 29 Gone Moshe o la a re, Ineleñ Yehova ka yenu, eboñ monona moñue le moñue go moroaue, le ñoana‐rague; gore a lo nee letsego ka yenu. 30 ¶ Mi Moshe a bua le bathu ka mosho, a re, Lo leohile ka seleo se segolu; mi yana ki tla tlatlogela go Yehova; etlare khotsa ki be ki ruanyetse seleo sa lona. 31 Mi Moshe a ba a boela go Yehova, mi a re, Au bathu ba! ba leohile ka seleo se segolu, ka ba itihetse morimo oa gouda. 32 Mi yana, ha u tla icuarela seleo sa bona; mi ha go sa na yalo, kia gu rapela, ’mphimola mo bukeñ ea gago e u e kuarileñ. 33 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Eo o ’nteohetseñ, eo, ki tla mo phimola mo bukeñ ea me. 34 Ki gona, u ee yana, u gogele bathu kua ki buileñ nau ga gona: bona, Moengeli oa me o tla ea ha pele ga gago: leha gontse yalo ki tla ba beletsa seleo sa bona, tsatsiñ ye ki betsañ ka yeona. 35 Mi Yehova a betsa bathu, ka gone ba rihisitse Arone namane.

33

KHAOLO 33. 1 MI Yehova a raea Moshe, tloga u coe monu, uena le bathu ba u ba entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, go ea kua hatsiñ ye ki le ka le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka re, Ki tla le naea losika loa lona: 2 Mi ki tla roma moengeli ha pelo ga gago, mi ki tla leleka Bakanana, le Baamora, le Baheta, le Baperesa, le Baheva, le Bayebusa: 3 Kua hatsiñ ye le elañ mashi le linotse: gone ga ’nkitla ki ea mo go lona, gone lo bathu ba thamo e e thata, mi ekare khotsa ka lo nyeletsa mo tseleñ. 4 Mi erile bathu ba utlua huku ye ya boshula, ba hutsahala; mi go si ope eo o ikhabisañ ka mekhabo ea gague. 5 Gone Yehova o la a raea Moshe, Raea bana ba Yeserele, Lo bathu ba thamo e e thata: ’nkabo ki ea mo go lona, ’nko ki lo nyeletsa ka ponyo e le eñue ea leitlo; ki gona yana lo apole mekhabo ea lona, mi ki tla itse se ki tla se lo rihelañ. 6 Mi bana ba Yeserele ba ikapola mekhabo ea bona, ha thabeñ ea Horeba. 7 Mi Moshe a tsaea tenta, mi a e tsarololela kua eintle ga botlaolelo, e le khakayana le botlaolelo, mi a e bitsa, Tenta ea kokoanelo; mi ga rihala moñue le moñue eo o batlañ Yehova a coela kua tenteñ ea kokoanelo, e e leñ kua eintle ga botlaolelo. 8 Mi erile Moshe a coela kua tenteñ, bathu botle ba nanoga, mi moñue le moñue a ema ha moyakoñ oa tenta ea gague, ba leba Moshe a tsamaea a tsena mo tenteñ. 9 Mi erile Moshe a tsena mo tenteñ, pilara ea leru e hologela ea ema ha moyakoñ oa tenta; mi Yehova a bua le Moshe. 10 Mi erile bathu botle ba bona pilara ea leru e eme ha moyakoñ oa tenta, bathu botle ba nanoga ba obamela, moñue le moñue a le ha moyakoñ oa tenta ea gague. 11 Mi Yehova a bua le Moshe, ba lebanye lihatlogo, yaka monona a bua le tsala ea‐bo. Mi a ba a boela botlaoleloñ; mi Yehoshue, motlañka oa gague, moroa Nune, a bo a le lekau, ga a ka a tloga mo tenteñ. 12 ¶ Mi Moshe a raea Yehova, Bona, ua ’nthaea, Hurutsa bathu ba: mi ga ua ka ua ’nkitsise eo u tla mo romañ le ’na. Leha gontse yalo u rile, Ki gu itse ka leina, mi u bonye tsalano maitloñ a me. 13 Ki gona ki gu rapelañ yana, a ereka ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, a ki itsisioe tsela ea gago, gore ki gu itse, le go bona tsalano mo maitloñ a gago: mi bona morahe o, e le bathu ba gago. 14 Mi a re, A ki tla ea, ki gu ikhutsisa? 15 Mi a mo raea, Ha u sa ee le rona ka uesi, u si re hurutse monu. 16 Gone yana go tla itsioe ka eñ ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, ’na le bathu ba gago? a ga si ka mo, ka u ea le rona? ki gona, ’na le bathu ba gago, re tla lomololoa mo bathuñ botle ba ba nntseñ mo hatsiñ? 17 Mi Yehova a raea Moshe, Le se u se buileñ ki tla se riha: gone u bonye tsalano mo maitloñ a me, mi ki gu itse ka leina. 18 ¶ Mi a re, Kia gu rapela, ’mpontsa khalalelo ea gago. 19 Mi a re, Ki tla hetisa molemo oa me otle ha pele ga gago, mi ki tla utluatsa leina ya ga Yehova ha pele ga gago, mi ki tla tsalana le eo ki tla tsalanañ nae, mi ki tla mo utluela botluku eo ki tla mo utluelañ botluku. 20 Mi a re, Ga ua nonoha go bona hatlogo sa me: gone ga go mothu ope eo o ka ’mponañ a tsela. 21 Mi Yehova a re, Bona, gole helo ha go ’na, ha u ka emañ gona mo hikeñ; 22 Mi go tla rihala, ha khalalelo ea me e heta, ki tla gu tsenya mo haroñ loa lehika, mi ki tla gu bipa ka atla sa me, ka ki sa heta; 23 Mi ki tla tlosa atla sa me, mi u tla bona motlana oa me, mi hatlogo sa me ga se kitla se bonoa.

34

KHAOLO 34. 1 MI Yehova a raea Moshe, Ipetlele matlapa a le tu yaka a eintla; mi ki tla kuala mo matlapeñ mahuku a a la le mo matlapeñ a eintla, ua u lu ua a rabanya. 2 Mi iketletsa ka go sa le gale ka mosho, mi u tlatlogele mo thabeñ ea Sinai ka go sa le mosho, mi u ’ntete gona ha tloreñ ea thaba. 3 Mi a go si ne ope eo o tlatlogañ nau, le gona a go si ne ope eo o bonoañ mo thabeñ eotle; le gona a go si ne lihutsane, le esiñ matlape a a hulañ ha thabeñ e. 4 ¶ Mi a betla matlapa a le tu yaka a eintla: mi Moshe a phakela, a tlatlogela thabeñ ea Sinai, yaka Yehova a mo laotse, mi a tsaea matlapa a le tu mo atleñ sa gague. 5 Mi Yehova a hologa ka leru, mi a ikemisa nae gona, mi a utluatsa leina ya ga Yehova. 6 Mi Yehova a heta ha pele ga gague, mi a utluatsa, a re, Yehova, Yehova, Morimo oa boutluelo botluku, le oa botsalano, le oa pelutelele, le oa bogolu yoa bopelunomi le boamarure; 7 Eo o bulukelañ bothousanda bopelunomi, le go icuarela tsiamololo, le tlolo, le boleo, mi ga a kitla a golola oa molatu ka gope; a beletsa tsiamololo ea bo‐ra‐bathu mo baneñ, le mo baneñ ba bana, le kua kokomaneñ ea bo‐teri le ea bo‐for. 8 Mi Moshe a akoha a obela tlogo ea gague hatsi, mi a obamela. 9 Mi a re, Yehova, ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, kia rapela, a Morena a ee mo go rona; gone bathu ba, ki ba thamo e e thata; mi icuarela tsiamololo ea rona, le boleo yoa rona, mi u re tsee go na boshua. 10 ¶ Mi a re, Bona, ki riha kholagano, ha ki tla riha likhakhamaco ha pele ga bathu ba gago botle, yaka go e si go ke go rihoe mo hatsiñ yeotle, le esiñ mo meraheñ eotle; mi bathu botle ba u mo go bona, ba tla bona tiho ea ga Yehova: gone ki se se boitsegañ se ki tla se rihañ ka uena. 11 Tsegetsañ se ki se lo laolelañ ka yenu: bonañ, ki tla leleka ha pele ga lona Baamora, le Bakanana, le Baheta, le Baperesa, le Baheva, le Bayebusa. 12 Lo itise, gore lo si golagane le banni ba lehatsi ye lo eañ go yeona, gore e si re khotsa ea na seru go lona: 13 Mi lo rutle lialetara tsa bona, lo thube licuanco tsa bona tsa thokhamo, lo reme likhuana tsa bona; 14 Mi lo si obamele morimo ope o sele: ka gone leina ya ga Yehova ki Lehuha, ki ona Morimo o o lehuha: 15 Ki gona si riheñ kholagano le banni ba lehatsi, gore e si re khotsa, ha ba gokahalela merimoñ ea bona, le go shupela merimo ea bona, ba lo bitsa, mi loa ya ga cupelo ea bona; 16 Mi lo tsela bomoroa lona ba bomoroaria bona, mi bomoroaria bona ba akahalela merimoñ ea bona, mi ba gokaharisetsa bomoroa lona merimo ea bona. 17 Lo si itihele merimo e e thecoeñ. 18 Lo rihe moletlo oa se se sa berisioañ; lo ye se se sa berisioañ ka malatsi a seven mo motleñ o o laocoeñ oa khueri ea Abiba, yaka ki lo laotse: gone lo loa coa Egepeto ka khueri ea Abiba. 19 Oa burure moñue le moñue ki oa me, le maitibolo aotle a botona, a khomu tsa lona, ha e le khomu, khotsa sehutsane. 20 Mi leitibolo ya esela lo ka e rekolola ka sehutsane; ha lo sa le rekolole, lo khaole thamo ea yeona. Lo rekolole ba burure botle ba bomoroa lona; mi a go si ne ope eo o bonalañ a iphotlere ha pele ga me. 21 ¶ Mi lo rihe ka malatsi a sekes, mi ikhutseñ ka tsatsi ya bo‐seven. Lo ikhutse ka motla oa temo le oa thobo. 22 ¶ Mi lo rihe moletlo oa liueke, o o leñ oa mauñuo a eintla a thobo ea mabele, le moletlo oa kokoanyo, khutloñ sa ñuaga. 23 ¶ A lonona lotle loa lona, lo bonale ha pele ga Yehova Morena, Morimo oa Boyeserela, ga teri ka ñuaga o le moñue. 24 Gone ki tla leleka licaba ha pele ga lona, ki atlamolosa meleloane ea lona: le gona ga go ope eo o tla eletsañ hatsi ya lona, ka lo sa ile go bonala ha pele ga Yehova Morimo oa lona ga teri ñuaga o le moñue. 25 ¶ Lo si shupele mari a cupelo ea tlabo ea me a na le seberisho; le gona a cupelo ea tlabo ea Tlolaganyo e si salele ka mosho. 26 Tsa eintla tsa mauñuo a eintla a lehatsi ya lona, lo li ise mo tluñ ea ga Yehova Morimo oa lona. Lo si apee potsane ka mashi a maeo. 27 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U kuale mahuku ua; gone ki rihile kholagano le uena le Boyeserela kaha mahukuñ ua. 28 Mi o la le gona le Yehova ka malatsi a forte le masigo a forte; a sa ye liyo, a sa noe metse. Mi a kuala mahuku a kholagano mo matlapeñ, eboñ mahuku a ten. 29 ¶ Mi yana erile Moshe a hologa mo thabeñ ea Sinai, mi matlapa a le tu a cupo a le mo atleñ sa ga Moshe, ka a hologa mo thabeñ, Moshe a si ka itse ha letlalo ya hatlogo sa gague le phatsima, ka a bua le Morimo. 30 Mi erile Arone le bana ba Yeserele botle ba bona Moshe, bonañ, letlalo ya hatlogo sa gague le phatsima; mi ba boiha go mo atamela. 31 Mi Moshe a ba bitsa; mi Arone le likhosana tsa phuthego cotle tsa ba tsa tla go ena: mi Moshe a bua le bona. 32 Mi morago ga mouo bana ba Yeserele botle ba atamela: mi a laola kaha cotleñ tse Yehova o la a li bua nae mo thabeñ ea Sinai. 33 Mi erile Moshe a sa bua nabo, a baea setsiro mo hatlogoñ sa gague. 34 Mi erile Moshe a tsena ha pele ga Yehova go bua nae, a tlosa setsiro ea tsamaea a coa; mi a sina coa a bua le bana ba Yeserele se o la se laoleloa. 35 Mi bana ba Yeserele ba bona hatlogo sa ga Moshe, ka letlalo ya hatlogo sa ga Moshe le phatsima: mi Moshe a ba a baea setsiro mo hatlogoñ sa gague, ea tsamaea a tsena go bua le Yehova.

35

KHAOLO 35. 1 MI Moshe a kokoanya phuthego eotle ea bana ba Yeserele, mi a ba raea, Tse ki cona lilo tse Yehova o li laotseñ, gore lo li rihe. 2 ¶ Tiho e ka rihoa ka malatsi a sekes, mi tsatsi ya bo‐seven a le lo itsephele, eboñ sabata sa boikhuco go Yehova: botle ba ba rihañ tiho mo go yeona a ba bolaoe. 3 Lo si gotse molelo mo maagoñ ape a lona ka tsatsi ya sabata. 4 ¶ Mi Moshe a bua le phuthego eotle ea bana ba Yeserele, a re, Se ki shona se, Yehova o se laotseñ, a re, 5 Tselañ Yehova cupelo ea culeco ea tse lo nañ naco: moñue le moñue eo o pelu ea peleego a a e leretse Yehova cupelo ea culeco; gouda, le selevera, le khotlo, 6 Le bobururu, le porepura, le sekarelata, le lene ye le lokhehe; le boboea yoa lipori, 7 Le matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le matlalo a mañyiri, le logoñ loa moshitima, 8 Le loukuane loa leseri, le lilo tsa loñko tsa loukuane loa tlolo, le tsa ensense ea tse ri natehañ, 9 Le mayana a shohama, le mayana go tseñoa mo efodeñ, le mo mokhaboñ oa sehuba. 10 Mi botle ba ba pelu e e tlalehileñ mo go lona a ba tle, ba rihe cotle tse Yehova o li laotseñ; 11 Taberenakela le tenta ea eona, le sebipo sa eona, le liñuakhe tsa eona, le limati tsa eona, le mephakalego ea eona, le lipilara tsa eona, le litlomo tsa eona; 12 Le areke, le litsikaro tsa eona, le sekhurumelo sa thuanyo, le setsiro sa sebipo; 13 Le loyelo, le litsikaro tsa lona, le lilo cotle tsa lona, le liñkhue tsa cupo, 14 Le tlomo sa lobone sa leseri, le lilo tsa shona, le lilampa tsa shona, le loukuane loa leseri; 15 Le aletara ea ensense, le litsikaro tsa eona, le loukuane loa tlolo, le ensense ea tse ri natehañ, le sebipo sa moyako ha moyakoñ oa taberenakela; 16 Le aletara ea cupelo ea phisho, le sebeseco sa khotlo sa eona, le litsikaro tsa eona, le lilo cotle tsa eona, le mogopu oa tlapelo, le sekhurumelo sa ona; 17 Lilepelelo tsa loloapa, le lipilara tsa lona, le litlomo tsa cona, le sebipo sa khoro ea loloapa; 18 Limapo tsa taberenakela, le limapo tsa loloapa, le linti tsa cona; 19 Liaparo tsa tihelo, go rihela mo heloñ ga boitsepho, liaparo tse ri itsephileñ tsa ga Arone moperiseti, le liaparo tsa bomoroaue, go riha mo tihoñ ea boperiseto. 20 ¶ Mi phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ea tloga ha pele ga Moshe. 21 Mi ea tla, E, moñue le moñue eo pelu ea gague e mo tlotleletsañ, le le moñue le moñue eo moea oa gague o meleegisañ; mi ba lere cupelo tsa ga Yehova tsa culeco mo tihoñ ea tenta ea kokoanelo, le tihelo eotle ea eona, le aparo tse ri itsephileñ. 22 Mi ba tla, banona le basari, botle ba ba beleegañ mo peluñ, mi ba lere mehitsana ea kopelo, le manyena a tsebe, le mehitsana ea menuana, le mehiri ea thamo, le mekhabo eotle e e leñ ea gouda: mi monona moñue le moñue a shupela Yehova cupelo ea kelero ea gouda. 23 Mi monona moñue le moñue eo o la na le bobururu, le porepura, le sekarelata, le lene ye le lokhehe, le boboea yoa lipori, le matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le matlalo a mañyiri, a li lere. 24 Botle ba ba shupelañ cupelo ea culeco ea selevera le ea khotlo, ba lere cupelo ea culeco ea ga Yehova: mi botle ba ba nañ le logoñ loa moshitima ba lo lere mo tihoñ cotle tsa tihelo. 25 Mi basari botle ba ba pelu e e tlalehileñ ba otla ka atla tsa bona, mi ba lere tse ba le ba li otla, tsa bobururu, le tsa porepura, le tsa sekarelata, le tsa lene ye le lokhehe. 26 Mi basari botle ba pelu tsa bona li ba tlotleleritseñ mo botlaleñ, ba otla boboea yoa lipori. 27 Mi likhosana tsa lere mayana a shohama, le mayana go tseñoa mo efodeñ le mo mokhaboñ oa sehuba; 28 Le loukuane loa leseri, le lilo tsa loñko tsa loukuane loa tlolo, le tsa ensense ea tse ri natehañ. 29 Bana ba Yeserele ba lere cupelo ea peleego go Yehova, monona le mosari moñue le moñue, eo pelu ea gague e meleegisañ go leretse tiho eotle e Yehova o e laotseñ go rihoa ka Moshe. 30 ¶ Mi Moshe a raea bana ba Yeserele, Bonañ, Yehova o biritse Betsaleale ka leina, moroa Ure, moroa Hure, oa loco loa ga Yude; 31 Mi o mo tlaritse ka moea o o gaisañ le oa botlale, le oa tlaloganyo, le oa kico, eboñ oa tiho cotle; 32 Le go tsetseneka ka tiho tse ri tsetsenoeñ, le go riha ka gouda, le ka selevera, le ka khotlo, 33 Le go seta mayana go a tsenya, le go seta logoñ, le go riha tiho tse ri tsetsenoeñ. 34 Mi o tsentse mo peluñ ea gague go ruta ba bañue, ena le Aholiabe moroa Ahisamake, oa loco loa ga Dane: 35 O ba tlaritse ka botlale yoa pelu, go riha tiho cotle tsa barihi, le tsa batsetseneki, le tsa batsantsabetsi, ka bobururu, le ka porepura, le ka sekarelata, le ka lene ye le lokhehe, le tsa balogi, gore ba rihe tiho cotle, le go tsetseneka ka tiho tse ri tsetsenoeñ.

36

KHAOLO 36. 1 MI Betsaleale le Aholiabe ba riha, le monona moñue le moñue eo o pelu e e tlalehileñ, eo Yehova o tsentseñ botlale le tlaloganyo mo go ena, go itse go riha tiho cotle tsa tihelo ea helo ga boitsepho, kaha cotleñ tse Yehova o la a li laola. 2 Mi Moshe a bitsa Betsaleale le Aholiabe, le monona moñue le moñue eo o pelu e e tlalehileñ, eo Yehova o tsentseñ botlale mo peluñ ea gague, eboñ moñue le moñue eo pelu ea gague e mo tlotleleritseñ go tla mo tihoñ go e riha: 3 Mi ba tsaea ha pele ga Moshe cupelo ea culeco eotle e bana ba Yeserele ba le ba e leretse tiho ea tihelo ea helo ga boitsepho, go e riha. Mi bo ba santse ba mo leretse cupelo tsa peleego ka mesho mesho. 4 ¶ Mi ga tla matlale aotle a a rihañ tiho ea helo ga boitsepho, eboñ monona moñue le moñue a coa mo tihoñ e ba e rihañ; 5 Mi ba bua le Moshe, ba re, Bathu ba lere bogolu go tekanyo ea tihelo ea tiho, e Yehova o e laotseñ go rihoa. 6 Mi Moshe a laola, mi ba utlualetsa koru mo botlaoleloñ, e re, A go si ne monona ope khotsa mosari eo o tlolañ a rihela cupelo ea culeco ea helo ga boitsepho tiho. Mi bathu ba khorelerioa go lere. 7 Gone liago tse ba le ba na naco li li lekanye tiho eotle go e riha, E, li hetile bolekanyo. 8 ¶ Mi banona botle ba ba pelu e e tlalehileñ ba ba rihañ tiho ea taberenakela, ba riha lilepelelo li ten tsa lene ye le otliloeñ sesesane, le tsa bobururu, le tsa porepura, le tsa sekarelata; mi ba li riha likeruba ka tiho e e tsetsenoeñ. 9 Bolele yoa selepelelo se le señue, e le le likubeta li tuente‐eit mi boatlamo yoa selepelelo se le señue, e le le likubeta li for: mi lilepelelo li le tekano e le eñue cotle. 10 Mi ba pataganya lilepelelo li faeve señue mo go se señue: le lilepelelo tse liñue li faeve, señue mo go se señue. 11 Mi ba riha ligoe tsa bobururu ha losiñ loa selepelelo se le señue mo losiñ ha pataganyoñ, le gona ba riha yalo ha losiñ loa selepelelo ha pataganyoñ ea bo‐tu. 12 Ba riha ligoe li faevete mo selepeleloñ se le señue, mi ba riha ligoe li faevete ha losiñ loa selepelelo ha pataganyoñ ea bo‐tu: mi ligoe tsa cuaragana señue le se señue. 13 Mi ba riha liñuakhe li faevete tsa gouda, mi ba ñuakhetsana lilepelelo, señue le se señue ka liñuakhe: mi ea na taberenakela e le eñue. 14 ¶ Mi ba rihela tenta e e leñ gorimo ga taberenakela lilepelelo tsa boboea yoa lipori: ba riha lilepelelo li eleven. 15 Bolele yoa selepelelo se le señue e le le likubeta li terete, mi boatlamo yoa selepelelo se le señue e le le likubeta li for; lilepelelo li eleven li li tekano e le eñue. 16 Mi ba pataganya lilepelelo li faeve cosi, le lilepelelo li sekes cosi. 17 Mi ba riha ligoe li faevete ha losiñ loa selepelelo, ha pataganyoñ, mi ba riha ligoe li faevete mo losiñ loa selepelelo se se pataganañ le sa bo‐tu. 18 Mi ba riha liñuakhe li faevete tsa khotlo go ñuakhetsana tenta, gore e ne e le eñue. 19 ¶ Mi ba rihela tenta sekhurumelo sa matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le sekhurumelo sa matlalo a mañyiri kua gorimo ga seuo. 20 ¶ Mi ba rihela taberenakela limati tsa logoñ loa moshitima, go ema ka thokhamo. 21 Bolele yoa lomati e le le likubeta li ten, le boatlamo yoa lomati lo le loñue bo le kubeta e le eñue, le eintla eñue ea kubeta. 22 Lomati lo le loñue lo na le litenon li tu tse ri cuanañ: ba riha mati cotle tsa taberenakela yalo. 23 Mi ba rihela taberenakela limati; limati li tuente tsa tlakore loa Souta: 24 Mi ba riha litlomo tsa selevera li forete tlatse ga limati li tuente; litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue, le litenon li tu tsa lona, le litlomo li tu tlatse ga lomati lo le loñue le litenon li tu tsa lona. 25 Mi ba rihela tlakore lo loñue loa taberenakela ha khokhocoñ ea Noreta limati li tuente; 26 Le litlomo tsa selevera li forete tsa cona; litlomo li tu tlatse ga mati lo le loñue, le litlomo li tu tlatse ga mati lo le loñue. 27 Mi ba rihela tlakore tsa taberenakela tsa Ueseta, limati li sekes. 28 Mi ba rihela khokhoco tsa taberenakela ha eintleñ li tu limati li tu. 29 Mi ba li kitlanya kua tlatse, mi tsa kitlañoa kua gorimo ga eona ka mohitsana o le moñue; ba riha yalo ka cona, co tu mo khokhocoñ li tu. 30 Mi gabo gole limati li eit, le litlomo tsa selevera tsa cona, eboñ litlomo tsa sekesten; litlomo li tu tlatse ga mati lo le loñue. 31 ¶ Mi ba riha mephakalego ea logoñ loa moshitima; e faeve ea limati tsa tlakore lo le loñue loa taberenakela; 32 Le mephakalego e faeve ea limati tsa tlakore lo loñue loa taberenakela, le mephakalego e faeve ea limati tsa taberenakela tsa tlakore tsa Ueseta. 33 Mi ba riha mophakalego o o ha gare, go hololela limati go simolola ka eintla eñue go ea go e eñue. 34 Mi ba manega limati gouda, ba riha mehitsana ea gouda, go tsenya mephakalego mo go eona, mi ba manega mephakalego gouda. 35 ¶ Mi ba riha setsiro sa bobururu, le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane: ba se riha ka tiho e e tsetsenoeñ, le likeruba mo go shona. 36 Mi ba se rihela lipilara li for, tsa logoñ loa moshitima, ba li manega gouda: likobe tsa cona e le le tsa gouda; mi ba li thelela litlomo tsa selevera. 37 ¶ Mi ba rihela moyako oa tenta sebipo, sa bobururu le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane, sa tiho ea marorori; 38 Le lipilara li faeve tsa eona le likobe tsa cona: mi ba manega tlogo tsa cona le lipalelo tsa cona gouda: mi litlomo li faeve tsa cona e le le tsa khotlo.

37

KHAOLO 37. 1 MI Betsaleale a riha areke ea logoñ loa moshitima; bolele yoa eona e le le likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, boatlamo yoa eona e le le kubeta e le eñue, le eintla eñue ea kubeta, mi bogorimo yoa eona e le le kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta: 2 Mi a e manega gouda e e sa pekoañ, kua teñ le kua eintle, mi a e rikolosa ka segomo sa gouda. 3 Mi a e thelela mehitsana e le for ea gouda, go tseñoa khokhocoñ li for tsa eona, eboñ mehitsana e le tu mo eintleñ e le eñue ea eona, le mehitsana e le tu mo eintleñ e le eñue ea eona. 4 Mi a riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, a li manega gouda. 5 Mi a tsenya litsikaro mo mehitsaneñ e e mo tlakoreñ tsa areke, go sikara areke. 6 ¶ Mi a riha sekhurumelo sa thuanyo sa gouda e e sa pekoañ: bolele yoa shona e le le likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, mi boatlamo yoa shona e le le kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta. 7 Mi a riha likeruba li tu tsa gouda, a li riha ka tiho e e kuentsicoeñ, mo eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo. 8 Keruba e le eñue ha eintleñ eñue, le keruba e le eñue ha eintleñ e eñue: a riha likeruba ha eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo. 9 Mi likeruba tsa tsarololela gorimo liphuka tsa cona, li khurumetsa sekhurumelo sa thuanyo ka phuka tsa cona, mi hatlogo tsa cona tsa lebana; lihatlogo tsa likeruba tsa leba sekhurumelo sa thuanyo. 10 ¶ Mi a riha loyelo loa logoñ loa moshitima; bolele yoa lona e le le likubeta li tu, mi boatlamo yoa lona e le le kubeta e le eñue, mi bogorimo yoa lona e le le kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta: 11 Mi a lo manega gouda e e sa pekoañ, mi a lo rikolosa ka segomo sa gouda. 12 Mi a lo rikolosa ka masinamelo a le kana ka katlamo ea seatla; mi a rikolosa masinamelo ka segomo sa gouda. 13 Mi a lo thelela mehitsana e le for ea gouda, mi a tsenya mehitsana mo khokhocoñ li for tse li mo mautuñ a for a lona. 14 Mehitsana e le le ha tlatse ga masinamelo, go tsenya litsikaro mo go eona go sikara loyelo. 15 Mi a riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, a li manega gouda, go sikara loyelo. 16 Mi a riha lilo tsa loyelo, meritsana ea lona, le lisensera tsa lona, le mehayana ea lona, le lithelo tsa lona, go thela ka cona, tsa gouda e e sa pekoañ. 17 ¶ Mi a riha tlomo sa lobone sa gouda e e sa pekoañ, a riha tlomo sa lobone ka tiho e e kuentsicoeñ, thito ea shona, le kala tsa shona, le meritsanyana ea shona, le kholokuane tsa shona, le lisheshe tsa shona, e le le tsa shona: 18 Likala li sekes tsa coa eintleñ tsa shona; likala li teri tsa tlomo sa lobone tsa coa eintleñ e le eñue ea shona, le likala li teri tsa tlomo sa lobone tsa coa eintleñ e eñue ea shona: 19 Meritsanyana e le teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li le mo kaleñ e le eñue, le meritsanyana e le teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li le mo kaleñ e le eñue, mi ga na yalo mo kaleñ li sekes tse ri coan mo tlomoñ sa lobone. 20 Mi gabo gole meritsanyana e le for yaka liamandela, le kholokuane tsa shona, le lisheshe tsa shona mo thitoñ ea tlomo sa lobone. 21 Le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, kaha kaleñ li sekes tse ri coañ go shona. 22 Likholokuane tsa cona, le likala tsa cona li li le tsa shona; cotle tsa shona e le le tsa gouda e e sa pekoañ, ea tiho e le eñue e e kuentsicoeñ. 23 Mi a riha lilampa li seven tsa shona, le lipomo tsa shona, le lipomelo tsa shona, tsa gouda e e sa pekoañ. 24 Mi a se riha le lilo cotle tsa shona tsa talenta e le eñue ea gouda e e sa pekoañ. 25 ¶ Mi a riha aletara ea ensense ea logoñ loa moshitima: bolele yoa eona e le le kubeta e le eñue, mi boatlamo yoa eona e le le kubeta e le eñue, e le le manya; mi bogorimo yoa eona e le le likubeta li tu; linaka tsa eona e le le tsa eona. 26 Mi a e manega gouda e e sa pekoañ, eboñ sekhurumelo sa eona, le limota tsa eona tikologoñ, le naka tsa eona: mi a e rikolosa ka segomo sa gouda. 27 Mi a e rihela mehitsana e le tu ea gouda, ha tlatse ga segomo sa eona, mo tlakoreñ li tu tsa eona, ha tlakoreñ co tu tsa eona, go tsenya litsikaro go eona, go e sikara ka cona. 28 Mi a riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, a li manega gouda. 29 ¶ Mi a riha loukuane loa tlolo lo lo itsephileñ, le ensense e e sa pekoañ ea tse ri natehañ kaha tihoñ ea morihamere.

38

KHAOLO 38. 1 MI a riha aletara ea cupelo ea phisho, ea logoñ loa moshitima: bolele yoa eona e le le likubeta li faeve, mi boatlamo yoa eona e le le likubeta li faeve; e le le manya: mi bogorimo yoa eona bo le kubeta li teri. 2 Mi a riha naka tsa eona mo khokhocoñ li for tsa eona, linaka tsa eona e le le tsa eona ka eosi: mi a e manega khotlo. 3 Mi a riha lilo cotle tsa aletara, lipitsa, le lishovela, le liyana, le litlabo tsa nama, le maisho a molelo: a riha lilo cotle tsa eona tsa khotlo. 4 Mi a rihela aletara sebeseco se se cuanañ le lotloa loa khotlo, a se baea tlatse ga tikologo ea eona kua tlatse, ha gare ga eona. 5 Mi a thelela likhokhoco li for tsa sebeseco sa khotlo mehitsana e le for, go tsenya litsikaro mo go eona. 6 Mi a riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, a li manega khotlo. 7 Mi a tsenya litsikaro mo mehitsaneñ e e mo tlakoreñ tsa aletara, go e sikara ka cona; a riha aletara khuti ka limati. 8 ¶ Mi a riha mogopu oa tlapelo oa khotlo, le sekhurumelo sa ona sa khotlo ea liipone tsa basari ba ba le ba tla ka mashomo ha moyakoñ oa tenta ea kokoanelo. 9 ¶ Mi a riha loloapa: lilepelelo tsa loloapa ha tlakoreñ loa Souta, e le le tsa lene ye le otliloeñ sesesane, tsa likubeta li hundereda: 10 Lipilara tsa cona li le tuente, le litlomo tsa cona tsa khotlo li le tuente; likobe tsa lipilara, le lipalelo tsa cona e le le tsa selevera. 11 Mi lilepelelo tsa tlakore loa Noreta e le le likubeta li hundereda, lipilara tsa cona e le le li tuente, le litlomo tsa cona tsa khotlo li tuente; likobe tsa lipilara le lipalelo tsa cona e le le tsa selevera. 12 Mi lilepelelo tsa tlakore loa Ueseta e le le likubeta li faevete, lipilara tsa cona e le le li ten, le litlomo tsa cona li ten; likobe tsa lipilara le lipalelo tsa cona e le le tsa selevera. 13 Mi lilepelelo tsa tlakore loa Iseta e le le likubeta li faevete. 14 Lilepelelo tsa tlakore loñue loa khoro e le le likubeta li faeveten; lipilara tsa cona li teri, le litlomo tsa cona li teri. 15 Mi lilepelelo tsa tlakore lo loñue loa khoro ea loloapa e le le likubeta li faeveten, mo tlakoreñ loñue le lo loñue, lipilara tsa cona li teri, le litlomo tsa cona li teri. 16 Lilepelelo cotle tsa tikologo ea loloapa, e le le tsa lene ye le otliloeñ sesesane. 17 Mi litlomo tsa lipilara e le le tsa khotlo; likobe tsa lipilara le lipalelo tsa selevera; le semanego sa litlogo tsa cona sa selevera; mi lipilara cotle tsa loloapa tsa baleloa ka selevera. 18 Mi sebipo sa khoro ea loloapa e le le sa tiho ea marorori sa bobururu, le sa porepura, le sa sekarelata, le sa lene ye le otliloeñ sesesane: bolele yoa shona e le le likubeta li tuente, mi bogorimo yoa shona mo boatlamoñ yoa shona e le le likubeta li faeve, go cuana le lilepelelo tsa loloapa. 19 Mi lipilara tsa cona, li li le for, le litlomo tsa khotlo tsa cona li for; likobe tsa cona tsa selevera, le semanego sa litlogo tsa cona, le lipalelo tsa cona e le le tsa selevera. 20 Mi limapo tsa taberenakela, le tsa tikologo ea loloapa, e le le tsa khotlo cotle. 21 ¶ E, ki palo ea lilo tsa taberenakela, taberenakela ea seshupo, tse ri tsa baleloa tihelo ea Balevi, ki Itamare, moroa Arone moperiseti, kaha taoloñ ea ga Moshe. 22 Mi Betsaleale moroa Ure, moroa Hure, oa loco loa ga Yude, a riha cotle tse Yehova o la a li laolela Moshe. 23 Mi ga na le ena Aholiabe, moroa Ahisamake, oa loco loa ga Dane, moseti, le motsetseneki, le motsantsa-betsi ka bobururu, le ka porepura, le ka sekarelata, le ka lene ye le lokhehe. 24 Gouda eotle e e le ea riheloa tiho, ka tiho eotle ea helo ga boitsepho, eboñ gouda ea cupelo ea kelero, e le le litalenta li tuente‐naene, le lishekela li seven hundereda le terete, kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho. 25 Mi selevera sa ba phuthego ba ba le ba baloa e le le litalenta li hundereda, le lishekela li uan thousanda seven hundereda le sevente‐faeve, kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho: 26 Gole go lopeloa moñue le moñue beka, eboñ eintla eñue ea shekela kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho, ea moñue le moñue eo o tlolaganyetsañ go ba ba bariloeñ, go simolola ka ba linyaga li tuente, le ba ba ha pele ga bona, ba e leñ banona ba sekes hundereda le teri thousanda, faeve hundereda le faevte. 27 Mi litlomo tsa helo ga boitsepho, le litlomo tsa setsiro tsa theloa tsa litalenta li hundereda tsa selevera; litlomo li uan hundereda tsa litalenta li uan hundereda, talenta e le eñue mo tlomoñ se le señue. 28 Mi ga lishekela li uan thousanda seven hundereda le sevente‐faeve, a rihela lipilara likobe, mi a manega litlogo tsa cona, mi a li balela. 29 Mi khotlo ea cupelo ea kelero, e le le litalenta li sevente, le lishekela li tu thousanda le for hundereda. 30 Mi a riha litlomo tsa moyako oa teñta ea kokoanelo ka cona, le aletara ea khotlo, le sebeseco sa khotlo sa eona, le lilo cotle tsa aletara, 31 Le litlomo tsa tikologo ea loloapa, le litlomo tsa khoro ea loloapa, le limapo tsa taberenakela cotle, le limapo tsa tikologo ea loloapa cotle.

39

KHAOLO 39. 1 MI ga bobururu, le porepura, le sekarelata, ba riha aparo tsa tihelo ka cona, go rihela mo heloñ ga boitsepho, mi ba rihela Arone aparo tse ri itsephileñ: yaka Yehova a la a laola Moshe. 2 ¶ Mi a riha efoda ea gouda, le ea bobururu, le ea porepura, le ea sekarelata, le ea lene ye le otliloeñ sesesane. 3 Mi ba thula gouda ba e kheheha-tsa, ba e sega litlale, go e riha le bobururu, le porepura, le sekarelata, le lene ye le lokhehe ya tiho e e tsetsenoeñ. 4 Ba e rihela libata tsa maruri go e pataganya: e le ea patagañoa ha lintsiñ li tu. 5 Mi tiho e e tsetsenoeñ, ea efoda e le le ha go eona, e le le ea eona kaha tihoñ ea eona, ea gouda le ea bobururu, le ea porepura, le ea sekarelata, le ea lene ye le otliloeñ sesesane; yaka Yehova a la a laola Moshe. 6 Mi ba bakanya mayana a shohama, ba a tsenya mo khutiñ tsa gouda, a kuariloe ka tseto, yaka likanelo li kuariloe, kaha maineñ a bana ba Yeserele. 7 Mi a a baea ha bateñ tsa maruri tsa efoda go na mayana a khopoco go bana ba Yeserele; yaka Yehova a la a laola Moshe. 8 ¶ Mi a riha mokhabo oa sehuba ka tiho e e tsetsenoeñ, yaka tiho ea efoda, oa gouda, le oa bobururu, le oa porepura, le oa sekarelata, le oa lene ye le otiloeñ sesesane. 9 O lo le manya; ba riha mokhabo oa sehuba tlatlaganyo: bolele yoa ona, e le le selekanyo sa menuana, mi boatlamo yoa ona, selekanyo sa menuana, o le tlatlaganyo. 10 Mi ba tsenya litsela li for tsa mayana mo go ona: tsela e le eñue e le le leincue ya saradio, le ya topasi, le ya karebuñkela; e ki tsela ea eintla. 11 Mi tsela ea bo‐tu, e le le ya emeraleda, le ya safira, le ya diamenta. 12 Mi tsela ea bo‐teri e le le ya hiasente, le ya agata, le ya ametusito. 13 Mi tsela ea bo‐for, e le le ya berulo, le ya shohama, le ya yasepera: a la tseñoa mo khutiñ tsa gouda, mo khupareloñ tsa aona. 14 Mi mayana a na le maina a bana ba Yeserele; e le le a tueleve kaha maineñ a bona; yaka kualo loa tseto tsa sekanelo, leñue le leñue le leina ya yeona, kaha licoñ li tueleve. 15 Mi ba rihela mokhabo oa sehuba liketen tse ri lekancoeñ tsa tiho ea copho, tsa gouda e e sa pekoañ. 16 Mi ba riha khuti tsa gouda li tu, le mehitsana ea gouda e le tu, mi ba tsenya mehitsana e tu ha eintleñ li tu tsa mokhabo oa sehuba. 17 Mi ba tsenya liketen li tu tse ri cophiloeñ tsa gouda, mo mehitsaneñ e tu e e mo eintleñ tsa mokhabo oa sehuba. 18 Mi likhutlo li tu tsa liketen tsa gouda li tu tse ri cophiloeñ, tsa goke-loa mo khutiñ li tu, ba li baea ha bateñ tsa maruri tsa efoda, ha pele ga eona. 19 Mi ba riha mehitsana e le tu ea gouda, mi ba e tsenya eintleñ li tu tsa mokhabo oa sehuba, mo morokoñ oa ona o o ha eintleñ ea efoda e e kua teñ. 20 Mi ba riha mehitsana e le tu ea gouda, ba e tsenya mo libateñ li tu tsa maruri tsa efoda, kua tlatse, ha eintleñ e e kua pele, go lebagana le pataganyo ea eona, ha gorimo ga tiho e e tsetsenoeñ ea efoda. 21 Mi ba gokela mokhabo oa sehuba ka mehitsana ea ona, mo mehitsaneñ ea efoda, ka lori loa bobururu, gore e ne gorimo ga tiho e e tsetsenoeñ ea efoda, gore mokhabo oa sehuba o si hunololoe mo efodeñ, yaka Yehova a la a laola Moshe. 22 ¶ Mi ba riha robe ea efoda ea tiho ea nyedo ea bobururu eotle. 23 Mi ga na lecoha gareñ ga robe, yaka lecoha ya kota ea tlabano; le peleri e e rikolosicoeñ lecoha gore e si gagoge. 24 Mi ba riha ligeranata ha peleriñ ea robe tsa bobururu, le tsa porepura, le tsa sekarelata, le tsa lene ye le otliloeñ sesesane. 25 Mi ba riha libelana tsa gouda e e sa pekoañ, mi ba tsenya libelana gare ga ligeranata mo peleriñ ea robe, gare ga ligeranata tikologoñ. 26 Belana le geranata, belana le geranata, tikologoñ ea peleri ea robe, go rihela go eona; yaka Yehova a la a laola Moshe. 27 ¶ Mi ba rihela Arone le bomoroaue litunika tsa lene ye le lokhehe tsa tiho ea nyedo, 28 Le tlatlana ea lene ye le lokhehe, le litloro tse lieiñtle tsa lene ye le lokhehe, le marukoe a lene, a lene ye le otliloeñ sesesane, 29 Le moitlamo oa lene ye le otliloeñ sesesane, le oa bobururu, le oa porepura, le oa sekarelata, oa tiho ea marorori; yaka Yehova a la a laola Moshe. 30 ¶ Mi ba riha letlatla ya kerone e e itsephileñ ya gouda e e sa pekoañ, ba kuala lokualo mo go yeona, BOITSEPHELO GO YEHOVA, yaka kualo tsa tseto tsa sekanelo. 31 Mi ba gokela lori loa bobururu mo go yeona, go le gokela gorimo mo tlatlaneñ; yaka Yehova a la a laola Moshe. 32 ¶ Yalo tihelo eotle ea taberenakela ea tenta ea kokoanelo ea uerioa; mi bana ba Yeserele ba riha kaha cotleñ tse Yehova o li laoletseñ Moshe, ba riha yalo. 33 ¶ Mi ba lere taberenakela go Moshe, le tenta, le lilo cotle tsa eona, le liñuakhe tsa eona, le limati tsa eona, le mephakalego ea eona, le lipilara tsa eona, le litlomo tsa eona, 34 Le sekhurumelo sa matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le sekhurumelo sa matlalo a mañyiri, le setsiro sa sebipo, 35 Le areke ea seshupo, le litsikaro tsa eona, le sekhurumelo sa thuanyo, 36 Le loyelo, le lilo cotle tsa lona, le liñkhue tsa cupo, 37 Le tlomo sa lobone se se sa pekoañ, le lilampa tsa shona, eboñ lilampa go rulagañoa, le lilo cotle tsa shona, le loukuane loa leseri, 38 Le aletara ea gouda, le loukuane loa tlolo, le ensense ea tse ri natehañ, le sebipo sa moyako oa tenta, 39 Le aletara ea khotlo, le sebeseco sa khotlo sa eona, le litsikaro tsa eona, le lilo cotle tsa eona, mogopu oa tlapelo, le khurumelo sa ona, 40 Le lilepelelo tsa loloapa, le pilara tsa lona, le litlomo tsa lona, le sebipo sa khoro ea loloapa, linti tsa lona, le limapo tsa lona, le lilo cotle tsa tihelo ea taberenakela le tsa tenta ea kokoanelo, 41 Le aparo tsa tihelo go rihela mo heloñ ga boitsepho; eboñ aparo tse ri itsephileñ tsa ga Arone moperiseti, le aparo tsa bomoroaue, go riha mo tihoñ ea boperiseto. 42 Mi bana ba Yeserele ba riha tiho eotle, kaha cotleñ tse Yehova o la a li laolela Moshe. 43 Mi Moshe a leba tiho eotle, mi bonañ, ba le ba e riha yaka Yehova a la a laola, ba le ba e riha hela yalo; mi Moshe a ba tsegahatsa.

40

KHAOLO 40. 1 MI Yehova a bua le Moshe, a re, 2 U tlome taberenakela ea tenta ea kokoanelo, ka tsatsi ya eintla ya khueri ea eintla. 3 Mi u bee areke ea seshupo mo go eona, mi u khurumetse areke ka setsiro. 4 Mi u ise loyelo mo go eona, u rulaganye lilo tsa lona; mi u ise setlomo sa lobone mo go eona, mi u cube lilampa tsa shona. 5 Mi aletara ea gouda ea ensense, u e bee ha pele ga areke ea seshupo, mi pega sebipo sa moyako oa taberenakela. 6 Mi u bee aletara ea cupelo ea phisho ha pele ga moyako oa taberenakela ea tenta ea kokoanelo. 7 Mi u bee mogopu oa tlapelo ha gare ga tenta ea kokoanelo le aletara, u thele metse mo go ona. 8 Mi u thokhamise loloapa tikologoñ, mi pega sebipo sa khoro ea loloapa. 9 Mi u tsee loukuane loa tlolo, mi u tlotse taberenakela le cotle tse ri go eona, u e tsephe, le lilo cotle tsa eona; mi e tla na itsepho. 10 Mi u tlotse aletara ea cupelo ea phisho, le lilo cotle tsa eona, mi u tsephe aletara: mi e tla na aletara ea itsepho ea maitsepho. 11 U tlotse mogopu oa tlapelo, le khurumelo sa ona, mi u o tsephe. 12 ¶ Mi u atametse Arone le bomoroaue ha moyakoñ oa tenta ea kokoanelo, mi u ba tlapise ka metse. 13 Mi u apese Arone aparo tse ri itsephileñ, mi u mo tlotse, mi u mo tsephe; gore a ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto. 14 Mi atametsa bomoroaue, mi u ba apese litunika: 15 Mi u ba tlotse, yaka u tloritse rabo, gore ba ’ntihele mo tihoñ ea boperiseto; mi tloco ea bona e tla na ea boperiseto yo bo sa khutleñ mo kokomaneñ tsa bona. 16 Mi yana Moshe a riha kaha cotleñ tse Yehova o la a li laolela, a riha yalo. 17 ¶ Mi ga rihala taberenakela ea tloñoa ka khueri ea eintla, ka ñuaga oa bo‐tu, le ka tsatsi ya eintla ya khueri. 18 Mi Moshe a tloma taberenakela, a setlela litlomo tsa eona, a tsenya limati tsa eona, a tsenya mephakalego ea eona, a tloma pilara tsa eona. 19 Mi a ñamola tenta ha gorimo ga taberenakela, mi sekhurumelo sa tenta a se baea ha gorimo ga eona; yaka Yehova a la a laola Moshe. 20 ¶ A tsaea seshupo a se baea mo arekeñ, mi a tsenya litsikaro mo mehitsaneñ ea areke, a baea sekhurumelo sa thuanyo gorimo ga areke: 21 Mi a isa areke mo taberenakeleñ, mi a pega setsiro sa sebipo, a bipa areke ea seshupo; yaka Yehova a la a laola Moshe. 22 ¶ Mi a tsenya loyelo mo tenteñ ea kokoanelo, ha tlakoreñ loa taberenakela loa Noreta, kua eintle ga setsiro. 23 Mi a baea mo go lona liñkhue ka thulaganyo ha pele ga Yehova; yaka Yehova a la a laola Moshe. 24 ¶ Mi a tsenya tlomo sa lobone mo tenteñ ea kokoanelo, go lebagana le loyelo, ha tlakoreñ loa taberenakela loa Souta. 25 Mi a cuba lilampa ha pele ga Yehova; yaka Yehova a la a laola Moshe. 26 ¶ Mi a tsenya aletara ea gouda mo tenteñ ea kokoanelo ha pele ga setsiro: 27 Mi a hisetsa ensense ea tse ri natehañ go eona; yaka Yehova a la a laola Moshe. 28 ¶ Mi a pega sebipo ha moyakoñ oa taberenakela. 29 Mi a baea aletara ea cupelo ea phisho ha moyakoñ oa taberenakela ea tenta ea kokoanelo, mi a shupa mo go eona cupelo ea phisho, le cupelo ea liyo; yaka Yehova a la a laola Moshe. 30 ¶ Mi a baea mogopu oa tlapelo, gare ga tenta ea kokoanelo le aletara, a thela metse mo go ona, go tlapisa. 31 Mi Moshe, le Arone le bomoroaue, ba tlapisa atla tsa bona le nao tsa bona ha go ona: 32 Eare ba tsena mo tenteñ ea kokoanelo, mi eare ba atamela aletara, ba itlapisa; yaka Yehova a la a laola Moshe. 33 ¶ Mi a thokhamisa loloapa tikologoñ ea taberenakela le aletara, mi a pega sebipo sa khoro ea loloapa. Mi Moshe a uetsa tiho yalo. 34 ¶ Ereha gone leru ya khurumetsa tenta ea kokoanelo, mi taberenakela ea tlala khalalelo ea ga Yehova. 35 Mi Moshe a paleloa ki go tsena mo tenteñ ea kokoanelo, gone leru ya nna mo go eona; mi taberenakela ea tlala khalalelo ea ga Yehova. 36 Mi eare ha leru le sina culerioa ha gorimo ga taberenakela, bana ba Yeserele ba hurugela pele mo khurugoñ cotle tsa bona: 37 Mi eare ha leru le sa culerioe, ba sa tloge ga tsamaea tsatsi ye le culerioañ ka yeona. 38 Mi leru ya ga Yehova e le le gorimo ga taberenakela ka motsegare, mi molelo o lo le go eona ka bosigo, ha pele ga maitlo a ba eintlu ea Yeserele botle, mo khurugoñ tsa bona cotle.