KHAOLO 1. 1 PAULO moapostoloi oa ga Yesu Keresete ka thato ea Morimo, go baitsephi ba ba kua Efesia, le go barumeri ba ba mo go Keresete Yesu; 2 Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena. 3 Go tsegohala Morimo le Rra Yesu Keresete Morena oa rona, o o re tsegoharitseñ ka matsego aotle a moea mo legorimoñ mo go Keresete; 4 Yaka o re itseñketse mo go ena pele ga motheo oa lehatse, gore re ne boitsepho, le go sina molatu mo loratoñ ha pele ga ona; 5 O o re laoletseñ culoñ ea bana go ona, ka Yesu Keresete, kaha natehoñ ea thata ea ona, 6 Go pakoñ ea khalalelo ea tsegohaco ea ona, e o re tsegoharitseñ ka eona mo Moratoiñ; 7 Eo re nañ le thekololo ka mari a gague, eboñ boicuarelo yoa libe, kaha lohumoñ loa tsegohaco ea ona; 8 E o lo oa re tlotlahalela ka botlale yotle, le tlaloganyo ka eona. 9 Ka o re itsisitse bosaitsioeñ yoa thato ea ona, go cuana yaka nateho ea ona, e o e ikaeletseñ go e riha; 10 Gore o bo o phuthele cotle mogo mo go Keresete, tse ri mo magorimoñ, le tse ri mo lehatsiñ, mo go ena; mo tlameleloñ ea botlalo yoa metla; 11 Eo, le rona re bonyeñ boshua mo go ena, ka re le re laolecoe pele kaha boikaeleloñ yoa ona, o o rihañ lilo cotle kaha taoloñ ea thata ea ona; 12 Gore re ne pako ea khalalelo ea ona, ba re shuluhetseñ pele mo go Keresete. 13 Eo, lo mo go ena, lo sina utlua lehuku ya boamarure, eboñ evangelio ea puluko ea lona; eo, le lona erileñ lo sina rumela mo go ena, loa kanoa ka Moea oa Boitsepho oa pulelelo‐pele, 14 O e leñ cupo ea boshua yoa rona go thekololoñ e e rekiloeñ, mo pakoñ ea khalalelo ea gague. 15 Ki gona le ’na erileñ ki sina utlua ga tumelo ea lona mo go Yesu Morena, le lorato mo baitsephiñ botle, 16 Ki sa khutle go itumelela ka ntla ea lona, ki lo gopola mo merapeloñ ea me; 17 Gore Morimo oa ga Yesu Keresete Morena oa rona, Rara oa khalalelo, a lo nee moea oa botlale le ponatsego, mo kicoñ ea gague;Eboñ maitlo a tlaloganyo tsa lona a bonesicoe, gore lo itse culuhelo ea pico ea ona ki ehe, le mahumo ahe a khalalelo ea boshua yoa ona mo baitsephiñ, 19 Le thata ea ona e kholu bogolu kua go rona, ba re rumelañ, kaha go riheñ ga thata e kholu ea ona ka gona, 20 E o e rihileñ mo go Keresete, ka o mo cosa mo bashuiñ, o maea mo atleñ sa ona se se siameñ mo legorimoñ, 21 Kua khakala gorimo ga pusho eotle, le thata, le bonatla, le go laola, le maina aotle a a birioañ, esiñ gosi mo hatsiñ yenu, mi le mo go ye le tla tlañ; 22 Mi lilo cotle o li beile tlatse ga nao tsa gague, mi o mo neile go na tlogo ea ekelesia, go laola mo liloñ cotle, 23 E e leñ mele oa gague, le botlalo yoa gague eo o tlatsañ cotle mo go botle.
2KHAOLO 2. 1 MI lona o lo rurisitse ba lo lo shule mo litloloñ le libe; 2 Tse lo lo tsamaea pele kaha mokhueñ oa lehatse yenu, kaha eo mogolu oa thata ea loapi ka gona, ea moea o yana o rihañ mo baneñ ba go bisa go utlua; 3 Ba le rona re le ra tsamaea rotle le bona mo metleñ e e hetileñ mo kelecoñ tsa nama tsa rona, re riha keleco tsa nama, le tsa megopolo; mi re le re le ka rosi bana ba bogale, yaka ba bañue. 4 Mi Morimo o o humileñ mo boicuareloñ, ka ntla ea lorato lo logolu loa ora, lo o loa re rata ka lona, 5 Le gona erile re shuetse mo litloloñ, o re rurisitse le Keresete (lo bulukiloe ka tsegohaco), 6 Mi o re cositse mogo, mi o re lurisitse mogo mo legorimoñ mo go Keresete Yesu; 7 Gore o shupe mo metleñ e e tlañ, mahumo a magolu bogolu a tsegohaco ea ona, mo tsalanoñ ea ona kua go rona, ka Keresete Yesu. 8 Gone lo bulukiloe ka tsegohaco; ka ntla ea tumelo, mi ga e coe go lona; e le neo ea Morimo; 9 Esiñ ka litiho, gore go si belahale ope. 10 Gone re tiho tsa ona, re bopecoe tiho tse ri molemo mo go Keresete Yesu, tse Morimo o li re etleleritseñ pele, gore re tsamaee mo go cona. 11 Ki gona, gopolañ ha erile pele loa bo lo le bahaitene mo nameñ, ba lo birioañ ba ba sa eeñ boguera ki bona ba ba birioañ ba boguera mo nameñ yo bo rihoañ ka liatla; 12 Ka lo lo sina Keresete mo motleñ ouo, mi loa bo lo le ba loshaba lo sele go matsegoñ a Yeserela, le baeñ go likholaganoñ tsa pulelelo‐pele, lo sina culuhelo, lo sina Morimo mo lehatsiñ; 13 Mi yana ba lo mo go Keresete Yesu, ba lo le khakala mo metleñ e e hetileñ, lo atamericoe ki mari a ga Keresete. 14 Gone ki ena kagisho ea rona, eo o rihileñ ba tu moñue hela, mi o thubagantse lomota loa gare loa tomologanyo, 15 Ka a nyeleritse khañ mo nameñ ea gague, eboñ molao oa litaolo, tse ri nañ mo mekhueñ; gore a bope ka ba tu, mothu a le moñue hela eo mosha mo go ena, go agisa; 16 Gore bo tu, a ba ruanye le Morimo mo meleñ o moñue hela ka mokhoro, ka a bolaile kilo ka ona; 17 Mi ka a tla, a rera kagisho mo go lona ba lo lo le khakala, le ba ba leñ gauhe, ka evangelio. 18 Gone ro ba tu re na le botseno go Rara ka Moea o moñue hela, ka ena. 19 Ki gona, ga lo tlole lo le baeñ ba loshaba lo sele, mi lo baagi mogo le baitsephi, le ba ntlu ea Morimo, 20 Ba lo agiloeñ mo motheoñ oa baapostoloi le baperofeti, o Yesu Keresete e leñ leincue ye legolu ya khokhoco ya ona; 21 Ye, kago eotle e e kitlancoeñ mogo ka thulaganyo, ea golela go na tempela ea boitsepho mo Moreneñ; 22 Eo lo agiloeñ mogo mo go ena go na boago yoa Morimo ka Moea.
3KHAOLO 3. 1 KA mouo, ’na Paulo, mogolegoi oa ga Keresete Yesu, ka ntla ea lona, bahaitene, 2 Ka lo utluile ga tlamelelo ea tsegohaco ea Morimo, e ki e lo nelecoeñ; 3 Kaha o ’nkitsisitseñ bosaitsioeñ ka ponatsego; yaka ki kuarile pele ka mahuku a mabotlana; 4 A, ereñ lo a buisa lo ka tlaloganya kico ea me mo bosaitsioeñ yoa ga Keresete ka aona; 5 Yo bo sa itsisioeñ baneñ ba bathu mo metleñ ea ntla, yaka bo bonatsicoe yana baapostoloiñ ba boitsepho le baperofeti, ka Moea; 6 Gore bahaitene ba ne ba boshua nabo, le ba mele o moñue hela, le baaberoi ba pulelelo‐pele ea ona mo go Keresete ka evangelio; 7 E ki rihiloeñ moriheri oa eona, kaha neoñ ea tsegohaco ea Morimo e ki e necoeñ ka tiho ea thata ea ona. 8 ’Na, eo ki leñ motlana bogolu mo go eo motlana bogolu bogolu oa baitsephi botle, ki necoe tsegohaco e, gore ki rerele bahaitene mahumo a ga Keresete a a sa tlotlomisioeñ; 9 Le go bonesa botle, gore ba tlaloganye kabelano ea bosaitsioeñ yo e saleñ bo shuyoa mo tsimologoñ ea lehatse mo Morimoñ, o o bopileñ lilo cotle ka Yesu Keresete; 10 Gore yana, botlale yo bontsi yoa Morimo bo itsisioe balaori le bathati mo legorimoñ, ka ekelesia, 11 Kaha boikaeleloñ yo bo sinañ tsimologo, yo o bo ikaeletseñ mo go Keresete Yesu Morena oa rona; 12 Eo, re nañ le bopelukhale le botseno le boikanyo, ka tumelo mo go ena. 13 Ki gona ki lo rapelañ gore lo si iribarioe ki pogisho tsa me ka ntla ea lona, tse e leñ khalalelo ea lona. 14 Kia khubamisa mañuole a me ka mouo go Rra Yesu Keresete Morena oa rona, 15 Eo, losika lotle loa magorimo le lehatse lo birioañ mo go ena, 16 Gore o lo nee kaha mahumoñ a khalalelo ea ona, go thataharioa ka thata mo mothuñ eo o kua teñ, ka Moea oa ona; 17 Gore Keresete a nne mo peruñ tsa lona ka tumelo; mi gore, ka lo tloñoa, lo name mecue, le go theioa mo loratoñ, 18 Lo nonohe go tlaloganya rure le baitsephi botle, katlamo, le bolele, le boteñ, le bogorimo, 19 Le go itse lorato loa ga Keresete, lo lo sitañ kico, gore lo tlarioe ka botlalo yotle yoa Morimo. 20 Mi yana, ona o o nonohileñ go riha bogolu yo bogolu mo go cotle tse lo ka li lopañ khotsa go li gopola, kaha thateñ e e rihañ mo go rona, 21 A khalalelo e ne go ona mo ekelesieñ mo litsikeñ cotle, mo bosakhutleñ yotle, ka Keresete Yesu. Amena.
4KHAOLO 4. 1 KI gona ’na mogolegoi mo Moreneñ, ki lo rapelañ gore lo tsamaee go cuanela pico e lo birioañ ka eona, 2 Ka bonolo yoa pelu yotle, le bopelunomi, le bopelutelele, go iphapanyana mo loratoñ; 3 Lo tloahale go buluka kopano ea Moea mo kholegoñ ea kagisho. 4 Go mele o moñue hela, le Moea o moñue hela, yaka lo bilericoe culuheloñ e ñue hela ea pico ea lona;Go Morena a le moñue hela, tumelo ñue hela, papetisho ñue hela, 6 Morimo o moñue hela, Rra oa botle, eo gorimo ga botle, le mo go botle, le mo go lona lotle. 7 Mi moñue le moñue oa rona o neiloe tsegohaco kaha selekanyoñ sa neo ea ga Keresete. 8 Ki gona o reñ, Ka a tlatlogela bogorimoñ, a gogela kholegelo mo kholegoñ, mi a naea bathu lineo. 9 (Mi ye, o tlatlogile, ki eñ, ha e si go re, eo ki ena eo o hologetseñ pele maheloñ a kua tlatse a lehatse? 10 Eo o hologileñ, e sa le ena eo o tlatlogetseñ kua khakala kua gorimo ga magorimo aotle, gore a rihahatse lilo cotle.) 11 Mi ki ena eo o naeañ bañue go na baapostoloi, le ba bañue baperofeti, le ba bañue, baevangelio le ba bañue, barisa, le baruti; 12 Go tlaleletsa baitsephi tihoñ ea tihelo, le go agelela mele oa ga Keresete; 13 Go tlo go tsamaee re hitle rotle boñueheleñ yoa tumelo, le yoa kico ea Moroa Morimo, go na monona oa botlalo, mo selekanyoñ sa bogolu yoa botlalo yoa ga Keresete; 14 Gore re si tlole re le banyana go khokhoelerioa kuanu le kua, le go rikolosioa ki pheho eotle ea thuto, ka tsieco ea bathu, le boherehere, go timetsa ka bohelepa; 15 Mi ka re buela rure mo loratoñ, re golele ena mo liloñ cotle, eo e leñ tlogo, eboñ Keresete; 16 Eo mele otle o kitlañoañ mogo ka thulaganyo, oa gokagañoa, o ñaparalancoe ki se se coañ tokololoñ ñue le ñue, kaha go riha ga khaoganyo ñue le ñue kaha tekanyoñ ea eona ka gona, go gorisa mele, go o ikagela mo loratoñ, ka ena. 17 Ki gona ki buañ ye, mi ki shupa mo Moreneñ, gore lo si tlole lo tsamaea yaka bahaitene ba bañue ba tsamaea, mo boithamakoñ yoa pelu tsa bona, 18 Ba ba hohuhetseñ mo tlaloganyoñ, ba baeñ mo botseloñ yoa Morimo, ka ntla ea go bisa go itse go go mo go bona, ka ntla ea bohohu yoa pelu tsa bona; 19 Ba ereñ ka ba sa tlole ba na le ikutluo, ba ineletse mo boakeñ, go riha tse ri mashue cotle ka tloahalo. 20 Mi lona Keresete ga loa mo ithuta yalo; 21 Ha gontse yalo lo mo utluile, mi lo rutiloe kaga gague, yaka boamarure bo le mo go Yesu; 22 Gore lo belogolole kaga tsamao ea ntla, mothu oa bogolugolu, eo o borisicoeñ ki likeleco tsa tsieco; 23 Mi gore lo shaharioe mo moeeñ oa maitlomo a lona; 24 Le gore lo apare mothu eo mosha, eo o bopiloeñ mo tsiamoñ le mo boitsephoñ yoa boamarure, kaha Morimoñ. 25 Ki gona, belegololañ kako, mi a moñue le moñue a bue boamarure le moñ ka ena, gone re tokololo tsa moñue le moñue. 26 Nañ bogale, mi si leoheñ; a letsatsi le se phirimele bogale yoa lona; 27 Le gona lo si neeñ diabolo bonno bope. 28 Ena eo o ucuileñ, a a se tlole a ucua; mi bogolu a a rihe, a rihe se se molemo ka liatla, gore a ne go abela eo o tlokañ. 29 A go si coe pulelo epe e e borisañ mo melomoñ ea lona, mi a go coe e e molemo, e e molemo go agelela, gore e tsegohatse ba ba e utluañ. 30 Lo si hutsahatse Moea oa Boitsepho oa Morimo, o lo kanelecoeñ ka ona motleñ oa thekololo. 31 A botluku yotle, le bogale, le bogale yo bogolu, le go bua ka khalemo, le khalo, li tlosioe mo go lona, le bogale yoa cubo yotle; 32 Mi nañ bopelunomi go moñue le moñue, le kutluelo‐botluku, le go icuarelana, yaka Morimo le ona o loa lo icuarela ka ntla ea ga Keresete.
5KHAOLO 5. 1 KI gona nañ balateri ba Morimo, yaka bana ba ba rategañ; 2 Mi lo tsamaee mo loratoñ, yaka Keresete le ena a re ratile, mi a re inela go na cupelo, le cupelo ea tlabo Morimoñ, go na moñkho o o nkhañ monate. 3 Mi khokahalo, le limpe cotle, khotsa timano, a li si birioe mo go lona, yaka go cuanela baitsephi; 4 Leha e le tse ri mashue, khotsa puano ea bosilo, khotsa mahuku a a tsegisañ, tse ri sa cuaneleñ; bogolu naeañ maitumelelo. 5 Gone mo loa go itse, ha go si mogokahari ope, le mothu oa limpe, le motimani, eo e leñ moriheri oa merimo ea liseto, eo o nañ le boshua mo bogosiñ yoa ga Keresete, le yoa Morimo. 6 Si tsierioeñ ki ope ka mahuku a boithamako; gone bogale yoa Morimo bo tla mo baneñ ba ba sa utlueñ ka ntla ea tseuo. 7 Ki gona si neñ baaberoi nabo. 8 Gone erile pele loa bo lo le mo hihiñ, mi yana lo leseri mo Moreneñ; lo tsamaee yaka bana ba leseri; 9 (Gone louñuo loa Moea, lo na mo molemoñ otle, le tsiamo, le boamarure;) 10 Go leka se se natehelañ Morena. 11 Mi lo si ne kabalano le litiho tsa lehihi tse ri sa uñueñ, bogolu li bueleñ. 12 Gone go tlabisa litloñ go bua ga lilo tse ri rihiloeñ ki bona mo bosaitsioeñ. 13 Mi lilo cotle tse li bueloañ lia bonatsioa ki leseri; gone cotle tse ri bonatsañ ki leseri. 14 Ki gona o reñ, Coga, uena eo o robetseñ, mi tloga u eme mo bashuiñ, mi Keresete o tla gu bonesetsa. 15 Lo itise gore lo tsamaee ka tsisimogo, esiñ yaka masilo, mi e ne yaka matlale, 16 Go rekolola motla, gone malatsi a boshula. 17 Ki gona si neñ botsenoa, mi tlaloganyañ se e leñ go rata go Morena. 18 Mi si tagoeñ ka boyaloa, yo bobe bo mo go yona; mi tlarioañ ka Moea. 19 Lo buisanya ka lipesalem, le lihela tsa pako, lo kopelo tsa moea, go opelela Morena mo peruñ tsa lona; 20 Go itumelela Morimo le Rra ka gale, ka ntla ea lilo cotle, mo ineñ ya ga Yesu Keresete Morena oa rona. 21 Go utluana mo poihoñ ea Morimo. 22 Lona basari, utluañ banona ba lona, yaka go Morena. 23 Gone monona ki tlogo ea mosari, yaka Keresete e le tlogo ea ekelesia; mi ki ena muluki oa mele. 24 Ki gona yaka ekelesia e utlua Keresete, le bona a ba ne yalo mo banoneñ ba bona mo liloñ cotle. 25 Banona, ratañ basari ba lona, yaka Keresete le ena o la a rata ekelesia, mi a e inelela; 26 Gore a e itsephise, le go e ntlahatsa ka tlapo ea metse ka lehuku, 27 Gore a e ikemisetse e le ekelesia ea khalalelo, e e sinañ sebata le letsika, leha e le seo se sentseñ yalo; mi gore e itsephe, le go sina molatu. 28 Banona ba cuanetse go rata basari ba bona yalo, yaka ba ithata mebele ea bona. Eo o ratañ mosari oa gague oa ithata. 29 Gone go si ope eo o kileñ a nyatsa nama ea gague; mi oa e yesa, oa e otla, yaka Keresete a otla ekelesia; 30 Gone re litokololo tsa mele oa gague, le tsa nama ea gague, le tsa marapo a gague. 31 Ki gona monona o tla tlogelañ rague le mague, mi o tla ñaparela mogatse, mi ba tu ba, ba tla na nama ñue hela. 32 Bosaitsioeñ yo ki yo bogolu; mi ki bua ga Keresete le ga ekelesia. 33 Leha gontse yalo, a le moñue le moñue oa lona, a rate mosari oa gague yaka a ithata; le mosari a itise go boiha monona oa gague.
6KHAOLO 6. 1 BANA, utluañ bagolu ba lona mo Moreneñ; gone mo go siame. 2 Tlotla rago le mago (e e leñ taolo ea ntla e e nañ le pulelelo‐pele), 3 Gore go ne molemo le uena, mi gore u tsele ka bolele mo hatsiñ. 4 Le lona, bo‐rra, lo si tlotleletse bana ba lona bogaleñ; mi ba gorisetseñ mo thutoñ le mo kaeloñ ea Morena. 5 Batlañka, utluañ beñ ba lona kaha nameñ, ka poiho le thoromo, mo boñueheleñ yoa pelu tsa lona, yaka go Keresete; 6 Esiñ ka tihelo ea maitlo, yaka bakhatli ba bathu; mi a e ne yaka batlañka ba ga Keresete, go riha thato ea Morimo ka pelu; 7 Go rihela Morena ka boitumelo, mi esiñ bathu; 8 Ka lo itse, leha e le seo señue se se molemo se se rihoañ ki mañmañ, o tla se bona ka shosi mo Moreneñ, leha a le mogolegoi khotsa eo o golocoeñ. 9 Le lona beñ, lo ba rihele ka lilo tseuo ka cosi; mi lo lese go bopa; ka lo itse ha Morena oa lona le ena a le mo legorimoñ; mi go si na tlaolo epe ea bathu ha go ena. 10 Ya bohelo, bakauleñue ba me, nañ thata mo Moreneñ, le mo thateñ ea bonatla yoa gague. 11 Aparañ lilo tsa tlabano cotle tsa Morimo, gore lo nonohe go emela le mekhua ea tsieco ea diabolo. 12 Gone ga re ganele le nama le mari, e le le balaori ba bagolu, le bathati, le balaori ba lehihe ba lehatse yenu, le meoea ea boleo mo maheloñ a a gorimo. 13 Ki gona, itseleñ lilo tsa tlabano tsa Morimo cotle, gore lo nonohele go iphemela mo tsatsiñ ya boshula, mi lo sina uetsa cotle, lo ne lo eme. 14 Ki gona, emañ ka litheka tsa lona li bohiloe ka boamarure, le go na le thebe ea tsiamo ea sehuba; 15 Le linao tsa lona li roesicoe ka iketleco ea evangelio ea kagisho; 16 Le go cula thebe ea tumelo gorimo ga cona cotle, e lo ka timañ mecui eotle ea eo o boleo ka eona. 17 Mi lo cule helemeta ea tlogo ea puluko, le caka ea Moea, eboñ lehuku ya Morimo; 18 Ka go rapela ka gale ka merapelo eotle, le go coelela thapeloñ, mo Moeeñ, le go lebelela mo go cona ka bocoelelo pele yotle; le go rapelela baitsephi botle; 19 Bogolu ’na, gore lehuku ki le ’nneoe, gore ki tumolole molomo oa me ka thanolo, go itsise bosaitsioeñ yoa evangelio, 20 E ki moroñoi mo keteneñ ka ntla ea eona; gore ki bue mo go eona ka thanolo, yaka ki cuanetse go bua. 21 Mi gore le lona lo itse kaha gontseñ ka gona le ’na, le se ki se rihañ, Tukiko, mokauleñue eo o rategañ le moriheri oa boikanyo mo Moreneñ, o tla lo itsise cotle; 22 Eo ki mo lo rometseñ ka ntla ea mouo, gore lo itse kaha rentseñ ka gona, le gore a gomotse pelu tsa lona. 23 Kagisho e ne le bakauleñue, le lorato, le tumelo, tse ri coañ Morimoñ Rra, le Yesu Keresete Morena. 24 Tsegohaco e ne le bona botle ba ba ratañ Yesu Keresete Morena oa rona ka lo lo sa pekoañ. Amena.