KHAOLO 1. 1 NEBUKADENETSARE khosi ea Babelona a hitla Yerusalema, a o tlasela, ka ñuaga oa bo‐teri oa pusho ea ga Yehoyakime khosi ea Yuda. 2 Mi Morena a tsenya Yehoyakime khosi ea Yuda mo atleñ sa gague, le lilo tse riñue tsa ntlu ea Morimo: mi a li isa kua hatsiñ ya Shinara, mo tluñ ea morimo oa gague; mi a tsenya lilo tseuo mo tluñ ea lohumo ea ntlu ea morimo oa gague. 3 ¶ Mi khosi ea bua le Ashepenase mogolu oa likala tsa eona, gore a lere bañue ba bana ba Yeserela, le ba losika loa bogosi, le ba likhosana;Eboñ makau a a sinañ bokoa, a a maiñtle go leyoa, a na le tlaloganyo ea botlale yotle, le go itse botlale, le go itse kico, le a a nonohileñ go ema mo palisoñ ea khosi, a a ka rutoañ lokualo le puo ea Bakaledia. 5 Mi khosi ea a laolela kabelo ea liyo tsa khosi ka tsatsi le tsatsi, le ga boyaloa yo e bo noañ; go a gorisa ka nyaga li teri, gore a eme ha pele ga khosi bokhutloñ yoa cona. 6 Mi Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, e le le ba bona ba bana ba Yuda. 7 Mi mogolu oa likala a ba sha maina: mi a sha Daniele leina ya Beleteshatsare; le Hananie, ya Shaderake; le Mishaele, ya Meshake; le Asarie, ya Abede‐negoe. 8 ¶ Mi Daniele a ikaelela mo peluñ ea gague ha a si kitla a iitsekolola ka kabelo ea liyo tsa khosi, le esiñ ka boyaloa yo e bo noañ: ki gona o lopañ mogolu oa likala gore a si iitsekolole. 9 Mi Morimo oa naea Daniele pelunomi le mautluelo botluku ha pele ga mogolu oa likala. 10 Mi mogolu oa likala a raea Daniele, Kia boiha khosi morena oa me, e e lo laoletseñ liyo le noo: gone e ko e bonelañ lihatlogo tsa lona li tlonya bogolu go makau a mophato oa lona? yalo lo ko lo latuhatsa tlogo ea me khosiñ. 11 Ereha gone Daniele o raeañ Meletsare, eo mogolu oa likala o mo laorisetseñ Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, a re, 12 A ko u leke batlañka benu, ka malatsi a ten; mi a ba re nee merogo go e ya, le metse go a noa. 13 Ereha gona a ponalo tsa rona li bonoe ha pele ga gago, le ponalo ea makau a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi: mi u rihe le batlañka benu kaha u tla bonañ ka gona. 14 Mi a ba utlua mo seoñ se, a ba leka ka malatsi a ten. 15 Mi malatsi a ten a sina heta, liponalo tsa bona tsa bonoa li liñtle, le nonno mo nameñ bogolu go makau aotle a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi. 16 Yalo Meletsare a tlosa kabelo ea liyo tsa bona, le boyaloa yo ba ko ba bo noa; mi a ba naea merogo. 17 ¶ Mi Morimo oa naea makau a for a, kico le tlaloganyo mo lokualoñ lotle le botlale: mi oa naea Daniele tlaloganyo ea lipontsisho le litoro cotle. 18 Mi malatsi a sina heta a, khosi e le ea re ba lerioe ka aona, mogolu oa likala a ba isa ha pele ga Nebukadenetsare. 19 Mi khosi ea bua nabo; mi gole go si ka ga bonoa ope mo botleñ yaka Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie: mi ba ema ha pele ga khosi. 20 Mi kaga lilo cotle tsa botlale le tlaloganyo, tse khosi e li ba boletsañ, ea ba bona ba sita ga ten liñaka le balepi ba linaleri botle ba ba mo bogosiñ yoa eona. 21 Mi Daniele a nna le go ea ñuageñ oa ntla oa Korese khosi.
2KHAOLO 2. 1 MI Nebukadenetsare a lora litoro ka ñuaga oa pusho ea ga Nebukadenetsare oa bo‐tu, tse ri huruañ moea oa gague, mi a khiriega. 2 Ereha gona khosi e laolañ go bitsa liñaka, le balepi ba linaleri, le baloi, le Bakaledia, go bulelela khosi litoro tsa eona. Mi ba ea ba ema ha pele ga khosi. 3 Mi khosi ea ba raea, Ki lorile toro, mi moea oa me oa huruioa go itse toro. 4 Ereha gona Bakaledia ba buañ le khosi ka Sesiria, Khosi, u tsele ka bosakhutleñ: bulelela batlañka benu toro, mi re tla itsise phuthololo. 5 Khosi ea araba ea raea Bakaledia, Se tlogile go ’na: ha lo sa ’nkitsise toro, le phuthololo ea eona, lo tla remagañoa, mi matlu a lona a tla rihoa thuthubulo. 6 Mi ha lo itsise toro, le phuthololo ea eona, lo tla bona lineo le lituelo, le tlotlo e kholu go ’na; ki gona ’nkitsiseñ toro, le phuthololo ea eona. 7 Ba ba ba araba ba re, A khosi e bulelele batlañka ba eona toro, mi re tla itsise phuthololo ea eona. 8 Mi khosi ea araba ea re, Kia itse ka tlomamo lo ithekela lobaka, gone loa bona se tlogile go ’na. 9 Mi ha lo sa ’nkitsise toro, go taolo ñue hela kaga lona: gone lo bakantse mahuku a maka le a tsenyo go a bua ha pele ga me, o tsamaea lobaka lo hetoga: ki gona ’mpulelelañ toro, mi ki tla itse ha lo ka ’nkitsise phuthololo ea eona. 10 Bakaledia ba araba ha pele ga khosi, ba re, Ga go na mothu ope mo lehatsiñ eo o nonohileñ go itsise khosi seo se: mi ga go na khosi, le mogolu, le mobusi, eo o lopañ seo se sentseñ yalo mo ñakeñ epe, khotsa mo mole-piñ oa linaleri, khotsa mo Mokale-dieñ. 11 Gone se khosi e se lopañ se thata, mi ga go ope eo o ka se itsiseñ ha pele ga khosi, ha e si merimo e bonno yoa eona bo sieoñ mo nameñ. 12 Ki gona khosi e galehelañ mouo, e yayarega segolu, e laola go herisa matlale aotle a Babelona. 13 Mi taolo ea coa, mi matlale a bolaoa; mi ba batla Daniele le lilekane tsa gague go ba bolaea. 14 ¶ Ereha gona Daniele o buañ le Arioke ka khakololo le botlale, eboñ mogolu oa bahemeri ba khosi, eo o la a coela go bolaea matlale a Babelona: 15 A bua a raea Arioke mobusi oa khosi, Ana taolo e akohetseñ e coa mo khosiñ? Ereha gona Arioke o itsiseñ Daniele seo se. 16 Mi Daniele a tsena, a lopa khosi go mo naea lokaba, go itsise khosi phuthololo. 17 Ereha gona Daniele o eañ kua tluñ ea gague, a se itsise Hananie, le Mishaele, le Asarie, lilekane tsa gague: 18 Gore ba lope mautluelo botluku kaga se se sa itsioeñ mo Morimoñ oa legorimo; gore ba si bolaee Daniele le lilekane tsa gague, le matlale a Babelona a a setseñ. 19 Ereha gona se se sa itsioeñ se bontsioañ Daniele ka sepontsisho sa bosigo. Ki gona Daniele o bakañ Morimo oa legorimo. 20 Mi Daniele a bua, a re, A leina ya Morimo le bakoe ka bosina bokhutlo le ka bosakhutleñ: gone botlale le bogañka ki tsa ona: 21 Mi o hetola metla le lipaka: o tlosa likhosi, mi o tlomamisa likhosi: o naea matlale botlale, le kico go bona ba ba nañ le tlaloganyo: 22 O bonatsa lilo tse ri boteñ le tse ri shubegileñ: o itse se se mo hihiñ, mi leseri le nntse go ona. 23 Kia gu leboga Morimo oa bo‐rra ecu, kia gu baka, gone u ’nneile botlale le bogañka, mi u ’nkitsisitse yana se re se lopileñ go uena: gone u re itsisitse seo se sa khosi. 24 ¶ Ki gona Daniele o tsenañ go Arioke, eo khosi e mo laorisitseñ go herisa matlale a Babelona: a ea a bua yalo le ena: U si herise matlale a Babelona: ’nkisa ha pele ga khosi, mi ki tla itsise khosi phuthololo. 25 Ereha gona Arioke o akohañ a isa Daniele ha pele ga khosi, mi a bua yalo le eona, Ki bonye monona oa bana ba bacuaroi ba Yuda, eo o tla itsiseñ khosi phuthololo. 26 Khosi ea bua ea raea Daniele, eo leina ya gague e le le Beleteshatsare, A u nonohile go ’nkitsise toro e ki e bonyeñ, le phuthololo ea eona? 27 Daniele a araba ha pele ga khosi, mi a re, Se se sa itsioeñ se khosi e se lopañ matlale, le balepi ba linaleri, le liñaka, le baloi, ga ba nonoha go se itsise khosi; 28 Mi go Morimo mo legorimoñ o o bonatsañ masaitsioeñ, o o itsiseñ Nebukadenetsare khosi se se tla rihahalañ ka metla ea bohelo. Toro ea gago, le lipontsisho tsa gago tsa tlogo ea gago mo bolaoñ yoa gago, ki tse; 29 Kaga gago, khosi, megopolo ea gago ea coga mo bolaoñ yoa gago, kaga se se tla rihahalañ morago ga mo: mi eo o bonatsañ masaitsioeñ a gu itsise se se tla rihahalañ. 30 Mi ga me, se se sa itsioeñ se ki sa se bonatserioe yaka ki na le botlale bogolu go batseri botle, mi ki gore phuthololo e ko e itsisioe khosiñ, mi gore u itse megopolo ea pelu ea gago. 31 ¶ Khosi, u lu ua bona, mi bona, gole gole secuanco. Secuanco se segolu se, sa phatsimo e e sitañ, sa ema ha pele ga gago; mi ponalo ea shona e le e boitsega. 32 Tlogo ea secuanco e le le ea gouda e e itsekileñ, sehuba sa shona le mabogo a shona a selevera, le mpa ea shona le lirope tsa shona tsa khotlo. 33 Memo ea shona e le le tsipi, le linao tsa shona e le le tsipi ha ntla ñue, le seretse ha ntla e ñue. 34 Ua bo u bona ea tsamaea leincue ya kaboloa esiñ ka liatla, ye le ya daea secuanco mo linaoñ tsa shona tsa tsipi le seretse, ya li phatlakanya. 35 Ereha gona tsipi, le seretse, le khotlo, le selevera, le gouda, li phatla-kañoañ ka goñue, mi tsa na yaka moko oa sebopi sa selemo; mi pheho ea li tlosa, mi helo ga cona go si ka ga bonoa: mi leincue ye le ya daea secuanco ya rihega thaba e kholu, ya tlatsa lehatse yeotle. 36 E ki toro euo, mi re tla bulela phuthololo ea eona ha pele ga khosi. 37 ¶ Uena, khosi, u khosi ea likhosi: gone Morimo oa legorimo o gu neile bogosi, le nonoho, le thata le tlotlo. 38 Mi o tsentse tse ri tserileñ tsa naga le linunyane tsa legorimo mo atleñ sa gago, kua le kua bana ba bathu ba nntseñ gona, mi o gu rihile mobusi oa cona cotle. Uena, u tlogo euo ea gouda. 39 Mi go tla coga bogosi yo boñue morago ga gago, yo bonye go yoa gago, le bogosi yo boñue yoa bo‐teri yoa khotlo, yo bo tla busañ lehatse yeotle. 40 Mi bogosi yoa bo‐for bo tla na thata yaka tsipi: ecua tsipi e thubaganya e papetla cotle: mi yaka tsipi e thubaganya tseuo cotle, bo tla thubaganya bo robanya yalo. 41 Mi ka u bonye ntla ñue ea linao, le menuana ea cona e le le lecopa ya mopi, mi ntla ñue e le le tsipi, bogosi bo tla khaogañoa; mi thata ea tsipi e tla na go yona, ere ka u bonye tsipi e tlakancoe le seretse sa loraga. 42 Mi yaka menuana ea linao e le le ntla ñue ea tsipi, le ntla ñue ea seretse, bogosi bo tla na ntla ñue thata, le ntla ñue boruma. 43 Mi ka u lu u bonye tsipi e tlakancoe le seretse sa loraga, ba tla itlakanya le peu ea bathu: mi ga ba kitla ba ñaparalana, yaka tsipi e sa tlakane le seretse. 44 Mi Morimo oa legorimo o tla emisa bogosi ka metla ea likhosi tseuo, yo bo si kitlañ bo señoa ka bosakhutleñ: mi bogosi yo ga bo kitla bo leselerioa bathuñ ba sele, bo tla thubaganya bo herisa magosi aotle auo, mi bo tla ema ka bosakhutleñ. 45 Ki gona u bonyeñ ha leincue le kabocoe mo thabeñ esiñ ka liatla, mi ya thubaganya tsipi, le khotlo, le seretse, le selevera, le gouda: Morimo o mogolu o itsisitse khosi se se tla rihalañ morago ga mo: mi toro e tlomamo, mi phuthololo ea eona e boikaño. 46 ¶ Ereha gona Nebukadenetsare khosi o oañ ka hatlogo sa gague, a obamela Daniele, mi a laola go mo rihela cupelo ea liyo, le loñko loa tse ri natehañ. 47 Khosi ea bua le Daniele, ea re, Go amarure, ha Morimo oa lona e le Morimo oa merimo, le Morena oa likhosi, le monatsi oa masaitsioeñ, ka u nonohile go bonatsa se se sa itsioeñ se. 48 Ereha gona khosi e gorisañ Daniele, mi ea mo naea lineo tse ri kholu li lintsi, ea mo riha mobusi oa khaolo ea bogosi ea Babelona eotle, le molaori eo mogolu oa matlale a Babelona aotle. 49 Ereha gona Daniele o lopañ khosi, mi ea laorisa Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, tihelo tsa khaolo ea bogosi ea Babelona: mi Daniele a nna mo khoroñ ea khosi.
3KHAOLO 3. 1 NEBUKADENETSARE khosi a riha secuanco sa gouda, se bogorimo yoa shona e le le likubeta li sekeste, mi boatlamo yoa shona bo le likubeta li sekes: a se emisa mo motlabeñ oa Dura, mo khaoloñ ea bogosi ea Babelona. 2 Ereha gona Nebukadenetsare khosi o romañ go phutha likhosana, le balaori, le balaorisioi, le basiamisi, le babuluki ba mahumo, le bagakolori, le likala, le babusi ba likhaolo tsa bogosi botle, gore ba tle mo neloñ ea secuanco se Nebukadenetsare khosi o se emisitseñ. 3 Ereha gona likhosana, le balaori, le balaorisioi, le basiamisi, le babuluki ba mahumo, le bagakolori, le likala, le babusi ba likhaolo tsa bogosi botle, ba phuthegelañ nelo ea secuanco se Nebukadenetsare khosi o se emisitseñ; mi ba ema ha pele ga secuanco se Nebukadenetsare o se emisitseñ. 4 Ereha gona moküi o küañ ka thata, Lona bathu, le merahe, le lipuo, loa laoloa, 5 Go oa le go obamela secuanco sa gouda se Nebukadenetsare khosi o se emisitseñ, ka lobaka lo lo utluañ tumo ea lonaka, le seleco, le harepa, le sakebuta, le saletare, le semefone, le likopelo cotle: 6 Mi leha e le mañmañ eo o sa oeñ, le go obamela, o tla rigeloa gareñ ga bokepisho yoa molelo o o hisañ ka oura ouo. 7 Ki gona ka lobaka lo, ka bathu botle ba utlua tumo ea lonaka, le seleco, le harepa, le sakebuta, le saletare, le likopelo cotle, bathu botle, le merahe, le lipuo, ba oa ba obamela secuanco sa gouda se Nebukadenetsare khosi o se emisitseñ. 8 ¶ Ki gona Bakaledia bañue ba atamelañ, ba latuhatsa Bayuda ka lobaka louo. 9 Ba bua, mi ba raea Nebukadenetsare khosi, Khosi, u tsele ka bosakhutleñ. 10 Khosi, u rihile taolo, gore bathu botle ba ba utluañ tumo ea lonaka, le seleco, le harepa, le sakebuta, le saletare, le semefone, le likopelo cotle, ba oe ba obamele secuanco sa gouda: 11 Mi leha e le mañmañ eo o sa oeñ le go sa obamele, o tla rigeloa gare ga bokepisho yoa molelo o o hisañ. 12 Go Bayuda bañue ba u ba laorisitseñ litihelo tsa khaolo ea bogosi ea Babelona, eboñ Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe; khosi, banona bauo, ga ba gu re sepe: ga ba rihele merimo ea gago, le esiñ ga obamela secuanco sa gouda se u se emisitseñ. 13 ¶ Mi Nebukadenetsare a laola ka yayarego le bocarara, go lere Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe. Ereha gona ba isañ banona ba ha pele ga khosi. 14 Nebukadenetsare a bua a ba raea, Lona Shaderaka, le Meshaka, le Abede‐nego, a ki ka omu, ka lo sa rihele merimo ea me, le go obamela secuanco sa gouda se ki se emisitseñ? 15 Mi yana, ha lo ikitleritse, mogañ lo utluañ tumo ea lonaka, le seleco, le harepa, le sakebuta, le saletare, le semefone, le likopelo cotle, lo oa lo obamela secuanco se ki se rihileñ; go siame: mi ha lo sa obamele, lo tla rigeloa gareñ ga bokepisho yoa molelo o o hisañ ka oura ouo: mi Morimo ohe o o nonohileñ go lo golola mo atleñ tsa me? 16 Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba araba ba raea khosi, Nebukadenetsara, ga re ñoñoregele go gu arabela seo se. 17 Ha e le yalo, Morimo oa rona o re o rihelañ o nonohile go re golola mo bokepishoñ yoa molelo o o hisañ, mi o tla re golola mo atleñ sa gago, khosi. 18 Mi ha ga sa ne yalo, khosi, u itsisioe, ha re si kitla re rihela merimo ea gago, le go obamela secuanco sa gouda se u se emisitseñ. 19 ¶ Ereha gona Nebukadenetsare o tlalañ bocarara, mi cuano ea hatlogo sa gague sa hetogela Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe: mi a bua a laola gore ba gotetse bokepisho ga seven bogolu go bo tloaecoe go gote-rioa. 20 Mi a laola banona ba bogañka bogolu ba ntua ea gague go golega Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, go ba rigela mo bokepishoñ yoa molelo o o hisañ. 21 Ereha gona banona ba, ba golegoañ mo koboñ tsa bona, le mo ma-rukoeñ a bona, le mo liroaloñ tsa bona, le mo liaparoñ tsa bona, ba rigeloa mo gareñ ga bokepisho yoa molelo o o hisañ. 22 Ki gona ka lehuku ya khosi le le le boima, le bokepisho bo gotericoe ka tsito, litlase tsa molelo tsa bolaea banona ba ba culeritseñ Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe. 23 Mi banona ba teri ba, eboñ Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba oa ba golegiloe mo gareñ ga bokepisho yoa molelo o o hisañ. 24 ¶ Ereha gona Nebukadenetsare khosi o gakhamalañ, mi a akoha a nanoga, a bua, a raea bagakolori ba gague, A ga rea rigela banona ba teri ba golegiloe mo gareñ ga molelo? Ba araba ba raea khosi, Amarure, khosi. 25 Mi a araba a re, Bonañ, ki bona banona ba for ba gololegile, ba sepela gare ga molelo, mi ga go na tsenyego go bona; mi ponalo ea oa bo‐for e cuana le moroa merimo. 26 ¶ Ereha gona Nebukadenetsare o atamelañ moyako oa bokepisho yoa molelo o o hisañ, mi a bua, a re, Shaderaka, le Meshaka, le Abede‐nego, lona batlañka ba Morimo oa bogorimorimo, coelañ kuanu. Ereha gona Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba coañ mo gareñ ga molelo. 27 Mi ka likhosana, le balaori, le balaorisioi, le bagakolori ba khosi ba phuthegañ, ba bona banona ba, ba molelo o lo o sina thata mo mebeleñ ea bona, le meriri ea tlogo tsa bona e sa baboge, le kobo tsa bona li sa hetoge, le moñko oa molelo o sieo go cona.Ereha gona Nebukadenetsare o buañ, a re, A go bakoe Morimo oa Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, o o romileñ moeñgele oa ona, oa golola batlañka ba ona, ba ba o ikantseñ, ba hetola lehuku ya khosi, ba nela mebele ea bona, gore ba si rihele le go obamela morimo ope, ha e si Morimo oa bona. 29 Ki gona ki rihañ taolo, gore bathu botle, le merahe, le lipuo, ba ba tla buañ ka khalo kaga Morimo oa Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba remagañoe, mi matlu a bona a rihoe thuthubulo: gone go si Morimo ope o o nonohileñ go golola mo gontseñ yalo. 30 Ereha gona khosi e tsegohatsañ Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, mo khaoloñ ea bogosi ea Babelona.
4KHAOLO 4. 1 NEBUKADENETSARE khosi, go bathu botle, le merahe, le lipuo, ba ba nntseñ mo hatsiñ yeotle: A kagisho e lo intsihalele. 2 E le molemo go ’na go bonatsa licupo le likhakhamaco tse Morimo oa gorimorimo o li ’ntihetseñ. 3 Licupo tsa ona li kholu yañ! mi likhakhamaco tsa ona li thata yañ! bogosi yoa ona ki bogosi yo bo sa khutleñ, mi pusho ea ona e mo tsikatsikeñ cotle. 4 ¶ ’Na, Nebukadenetsare, ki le ki le mo boikhucoñ mo tluñ ea me, ki galalegile mo palisoñ ea me: 5 Ka bona toro e e ’mpoitsañ, mi megopolo mo bolaoñ yoa me, le lipontsisho tsa tlogo ea me, tsa ’nthera. 6 Ki gona ki le ka laola go lere matlale aotle a Babelona ha pele ga me, gore a ’nkitsise phuthololo ea toro. 7 Ereha gona go tlañ liñaka, le balepi ba maru, le Bakaledia, le baloi: mi ka bulela toro ea me ha pele ga bona; mi ga ba ka ba ’nkitsise phuthololo ea eona. 8 Mi ga bohelo, ga tla Daniele ha pele ga me, eo leina ya gague e leñ Beleteshatsare, kaha ineñ ya morimo oa me, eo moea oa merimo ea boitsepho o go ena: mi ka bulela toro ha pele ga gague, ka re, 9 ¶ Beleteshatsara, mogolu oa liñaka, ere ka ki itse ha moea oa merimo ea boitsepho o go uena, mi ga go na se se sa itsioeñ se se gu retelelelañ, ’mpulelela lipontsisho tsa toro ea me tse ki li bonyeñ, le phuthololo ea cona. 10 Lipontsisho tsa tlogo ea me mo bolaoñ yoa me ki tse; Ka bona, mi bona, gole setlare gare ga lehatse, mi bogorimo yoa shona bo le bogolu. 11 Setlare se sa gola, mi sa thatahala, mi bogorimo yoa shona bo hitlela legorimo, mi sa bonoa le kua sekhutloñ sa lehatse yeotle: 12 Makakaba a shona a la a le maiñtle, le louñuo loa shona logolu, mi gole liyo tsa botle go shona: tse ri tserileñ tsa naga li li na le moroti tlatse ga shona, mi linunyane tsa legorimo tsa nna mo kaleñ tsa shona, mi nama eotle ea yesioa ka shona. 13 Ka bona mo lipontsishoñ tsa tlogo ea me mo bolaoñ yoa me, mi bona, moleberi, eboñ moitsephi, a hologa mo legorimoñ; 14 A bitsa thata, mi a bua yalo Remañ setlare, mi khaolañ likala tsa shona, tlotlorañ makakaba a shona, halatsañ mauñuo o shona: a tse ri tserileñ li tloge tlatse ga shona, le linunyane mo kaleñ tsa shona: 15 Leha gontse yalo, lesañ thito ea mecoe ea shona mo mbuñ, e na le mohiri oa tsipi le khotlo, mo loremeñ loa naga; mi a e koloberioe ka monyo oa legorimo, mi a kabelo ea eona e ne le tse ri tserileñ mo morogoñ oa lehatse: 16 A pelu ea eona e hetoge, gore e si ne ea bothu, mi a pelu ea se se tserileñ e e neoe; mi a metla e seven e hete ka eona. 17 Tiho e, e ka boikaelelo yoa baleberi, mi topo ka lehuku ya baitsephi: gore batseri ba itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, mi a a naea ba o ba ratañ, mi a a laorisetsa bathu ba nyatsego. 18 Toro e, ’na Nebukadenetsare khosi, ki e bonye. Mi yana, Beleteshatsara, bulela phuthololo ea eona, ka gone matlale aotle a bogosi yoa me ga a nonoha go ’nkitsise phuthololo: mi uena u nonohile; gone moea oa merimo ea boitsepho o go uena. 19 ¶ Ereha gona Daniele, eo leina ya gague e leñ Beleteshatsare, o ga-khamarioañ ka oura moñue, mi megopolo ea gague ea mo rera. Khosi ea bua, ea re, Beleteshatsara, a toro, khotsa phuthololo ea eona, e si gu rere. Beleteshatsare a araba a re. Morena oa me, a toro e ne go bairi ba gago, le phuthololo ea eona go baganetsi ba gago. 20 Setlare se u se bonyeñ, sa gola, mi sa thatahala, se bogorimo yoa shona bo hitletseñ legorimo, mi sa bonoa mo hatsiñ yeotle; 21 Se makakaba a shona a la a le maiñtle, le mauñuo a shona a magolu, mi liyo tsa botle li le go shona; mi tse ri tserileñ tsa naga li tsa nna tlatse ga shona, mi linunyane tsa legorimo tsa na le manno mo kaleñ tsa shona:Setlare seuo ki uena khosi; u gorile mi u thatahetse: gone bogolu yoa gago bo gorile, mi yoa hitla kua legorimoñ, mi pusho ea gago e kua khutloñ sa lehatse. 23 Mi ere ka khosi e bonye moleberi, eboñ moitsephi, a hologa mo legorimoñ, a re, Remañ setlare se, se senyeñ; leha gontse yalo, lesañ thito ea mecoe ea shona mo mbuñ, e na le mohiri oa tsipi le khotlo, mo loremeñ loa naga; mi a e koloberioe ka monyo oa legorimo, mi a kabelo ea eona e ne le tse ri tserileñ tsa naga, e tsamaee metla e seven e hete ka eona: 24 Khosi, e ki eona phuthololo, mi boikaelelo ki yo yoa Mogorimorimo, yo bo tletseñ khosi morena oa me: 25 Eboñ, ba tla gu leleka mo bathuñ, mi bonno yoa gago bo tla na le tse ri tserileñ tsa naga, mi ba tla gu hurisa morogo yaka likhomu, mi u tla koloberioa ka monyo oa legorimo, mi metla e seven e tla heta ka uena, e tsamaea u itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, a a naea ba o ba ratañ. 26 Mi ere ka ba laola go lesa thito ea mecoe ea setlare; bogosi yoa gago bo tla gu tlomamiserioa, u sina itse ha magorimo a busa. 27 Ki gona, khosi, a khakololo ea me e gu natehele, mi garola libe tsa gago ka tsiamo, le litsiamololo tsa gago ka go utluela bahumanegi botluku; ekare khotsa go ka na go leletsa kagisho ea gago. 28 ¶ Cotle tseuo tsa hitla go Nebukadenetsare khosi.Gone khosi ea bua ka bokhutlo yoa likhueri li tueleve ka e sepela mo palisoñ ea bogosi yoa Babelona, 30 E re, O a ga si Babelona o mogolu, o ki o agetseñ ntlu ea bogosi ka thata ea nonoho ea me, go tlotla khalalelo ea me? 31 Ga oa koru mo legorimoñ, ka lehuku yeuo le sa le mo molomoñ oa khosi, ea re, Nebukadenetsara, khosi, ua reoa: Bogosi bo tlogile go uena. 32 Mi ba tla gu leleka mo bathuñ, mi bonno yoa gago bo tla na le tse ri tserileñ tsa naga: ba tla gu hurisa morogo yaka likhomu, mi metla e seven e tla heta ka uena, e tsamaea u itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, a a naea ba o ba ratañ. 33 Lehuku ye ya rihahalerioa Nebukadenetsare ka oura ouo: mi a lelekoa mo bathuñ, a hula morogo yaka likhomu, mi mele oa gague oa koloberioa ka monyo oa legorimo, ea tsamaea meriri ea gague ea gola yaka liphaha tsa lenoñ, le linala tsa gague yaka tsa linunyane. 34 ¶ Mi metla e sina heta, ’na, Nebukadenetsare, ka culeletsa maitlo a me kua legorimoñ, mi tlaloganyo ea me ea boela go ’na, mi ka baka Mogorimorimo, ka haka ka galaletsa eo o tselañ le ka bosakhutleñ, eo pusho ea gague e leñ pusho e e sa khutleñ, mi bogosi yoa gague bo mo tsikatsikeñ: 35 Mi banni ba lehatse botle ba kaioa bosisepe: mi o riha kaha thatoñ ea gague mo ntueñ ea legorimo, le mo banniñ ba lehatse: mi ga go ope eo o tla thibañ atla sa gague, leha e le go mo raea, U rihañ? 36 Tlaloganyo ea me ea boela go ’na ka baka louo; le tlotlego ea bogosi yoa me, le khalalelo ea me le phatsimo ea me tsa boela go ’na; le bagakolori ba me le bagoluane ba me ba ’mpatla; mi ka tlomamisioa mo bogosiñ yoa me, mi bogolu yo bo sitañ yoa khalalelo yoa bo okelerioa go ’na. 37 Mi ’na, Nebukadenetsare, ki baka, ki gorisa, ki galaletsa khosi ea legorimo, gone tiho tsa eona ki tsa boamarure cotle, le litsela tsa eona tsiamisho: mi e nonohile go katisa bona ba ba sepelañ ka bopeluumpe.
5KHAOLO 5. 1 BELESHATSARE khosi a rihela bagoluane ba uan thousanda ba gague moletlo o mogolu, mi a noa boyaloa ha pele ga ba thousanda ba. 2 Beleshatsare ka a sa leka boyaloa, a laola gore lilo tsa gouda le selevera li leroe, tse Nebukadenetsare rague o la a li ntsa mo tempeleñ e e le le kua Yerusalema; gore khosi le bagoluane ba eona, le basari ba eona, le bagariñuana ba eona, ba noele go cona. 3 Ereha gona go leroeñ lilo tsa gouda tse ri tsa entsioa mo tempeleñ ea ntlu ea Morimo kua Yerusalema; mi khosi, le bagoluane ba eona, le basari ba eona, le bagariñuana ba eona, ba noela go cona. 4 Ba noa boyaloa, ba baka merimo ea gouda, le ea selevera, le ea khotlo, le ea tsipi, le ea logoñ, le ea leincue. 5 Ga coa menuana ea atla sa mothu ka oura ouo, ea kuala mo sebategoñ sa lomota loa paliso ea khosi go lebagana le setlomo sa lobone: mi khosi ea bona ntla ñue ea seatla se se kualañ. 6 Ereha gona therimogo ea khosi e khuatahalañ, mi megopolo ea eona ea e rera, mi litokololo tsa mañkopa e eona tsa repa, mi mañuole a eona a ndana. 7 Mi khosi ea bitsa thata, gore balepi ba linaleri, le Bakaledia, le baloi ba lerioe. Mi khosi ea bua, ea raea matlale a Babelona, Leha e le mañmañ eo o tla buisañ lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona, o tla apesioa porepura, a na le keten ea gouda mo thamoñ ea gague, mi o tla na mobusi oa bo‐teri oa bogosi. 8 Ereha gona matlale a khosi aotle a tlañ: mi a sa nonohe go buisa lokualo, le esiñ go itsise khosi phuthololo ea lona. 9 Ereha gona Beleshatsare khosi e reregañ segolu, mi therimogo ea gague ea khuata go ena, mi bagoluane ba gague ba gakhamarioa. 10 Mi khosi ea sesari ea tsena mo tluñ ea moletlo ka mahuku a khosi, le bagoluane ba eona: mi khosi ea sesari ea bua ea re, Khosi, u tsele ka bosakhutleñ: a megopolo ea gago e si gu rere, mi a therimogo ea gago e si khuate: 11 Go monona mo bogosiñ yoa gago eo moea ea merimo e e itsephileñ o go ena: gone gole ga bonoa go ena leseri, le tlaloganyo, le botlale, yaka botlale yoa merimo, ka malatsi a ga rago; ki gona Nebukadenetsare khosi rago o la a mo laorisa go na mogolu oa liñaka, le balepi ba linaleri, le Bakaledia, le baloi; 12 Ka moea o o sitañ, le kico, le tlaloganyo, le phuthololo ea litoro, le ponaco tsa linyoaba, le go khololola malepa, tseuo tsa bonoa go ena, eboñ go Daniele eouo, eo khosi e le ea mitsa Beleteshatsare: a yana Daniele a birioe, mi o tla itsise phuthololo. 13 ¶ Ereha gona go leroeñ Daniele ha pele ga khosi. Mi khosi ea bua ea raea Daniele, A u Daniele, eo e leñ oa bana ba bacuaroi ba Yuda, ba rre khosi o la a ba ntsa mo Yudeñ? 14 Ki utluile kaga gago, ha moea oa merimo o le go uena, le leseri, le tlaloganyo, le botlale yo bo sitañ, li bonoa go uena. 15 Mi yana matlale, le balepi ba linaleri, ba le ba lerioe ha pele ga me, gore ba buise lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona: mi ga ba nonohe go itsise phuthololo ea mahuku a: 16 Mi ki utluile ga gago, ha u nonohile go ntsa liphuthololo, le go khololola malepa: yana ha u nonohile go buisa lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona, u tla apesioa porepura, le keten ea gouda mo thamoñ ea gago, mi u tla na mobusi oa boteri oa bogosi. 17 ¶ Ereha gona Daniele o arabañ ha pele ga khosi, a re, A lineo tsa gago li ne go uena, mi naea eo moñue lituelo tsa gago; leha gontse yalo ki tla buisetsa khosi lokualo, ki e itsise phuthololo. 18 Khosi, Morimo oa gorimorimo o lo oa naea Nebukadenetsare rago bogosi, le bogolu, le tlotlego, le khalalelo: 19 Mi bathu botle, le merahe, le lipuo, ba roroma, ba boitsioa ha pele ga gague, ka bogolu yo o bo mo neileñ: a bolaea ba o ratañ go ba bolaea: mi a tserisa ba o ratañ go ba tserisa; a gorisa ba o ratañ go ba gorisa, a katisa ba o ratañ go ba katisa. 20 Mi erile pelu ea gague e gorisioa, le moea oa gague o thataharioa mo kakahaloñ, a holosioa teroneñ ea gague ea bogosi, mi tlotlego ea gague ea tlosioa go ena: 21 Mi a lelekoa mo baneñ ba bathu; mi pelu ea gague ea rihoa yaka ea tse ri tserileñ, le bonno yoa gague bo le bo na le liesela tse ri tlaga: ba mo hurisa morogo yaka likhomu, mele oa gague oa koloberioa ka monyo oa legorimo; ea tsamaea a itse ha Morimo oa gorimorimo o busa mo magosiñ a bathu, a o a laorisañ ba o ba ratañ. 22 Mi uena, Beleshatsara, moroaue, ga ua ka ua katisa pelu ea gago, leha u itsile cotle tseuo. 23 Mi u ikhoriseritse Morena oa legorimo; mi ba lerile lilo tsa ntlu ea gague ha pele ga gago, mi uena, le bagoluane ba gago, le basari ba gago, le bagariñuana ba gago, ba noetse boyaloa go cona; mi lo bakile merimo ea selevera le ea gouda, le ea khotlo, le ea tsipi, le ea logoñ, le ea leincue, e e sa boneñ, le esiñ go utlua, le go itse: mi Morimo o, moea oa gago o mo atleñ sa ona, le litsela tsa gago li go ona, ga ua ka ua o galaletsa: 24 Ki gona ntla ñue ea seatla e romiloeñ ki ona; mi kualo lo loa kualoa. 25 ¶ Mi lo ki kualo lo lo kuariloeñ, MENE, MENE, TEKELE, UPA-RESINE. 26 E ki phuthololo ea mahuku a: MENE; Morimo o barile bogosi yoa gago, oa bo uetsa. 27 TEKELE; U lekancoe mo lilekanyoñ tsa pego, mi u bonyoe u le moheho. 28 PERESE; Bogosi yoa gago bo khaogancoe, mi bo necoe Bameda le Baperesia. 29 Ereha gona Beleshatsare o laolañ, mi ba apesa Daniele porepura, ba baea keten ea gouda mo thamoñ ea gague, mi ba küa ga gague, ha a le mobusi oa bo‐teri oa bogosi. 30 ¶ Beleshatsare khosi ea Bakaledia a bolaoa ka sigo youo. 31 Mi Dariue oa Momeda a tsaea bogosi, a na ekane e le oa linyaga li sekeste tu.
6KHAOLO 6. 1 ELE le molemo go Dariue go laorisa likhosana li nan hundereda le tuente bogosi, go na le taolo mo bogosiñ yeotle; 2 Mi tseuo tsa bo li le mo taoloñ ea barena ba teri; ba Daniele e leñ moñue oa bona: ba likhosana li ba nelañ liikarabelo, gore khosi e si rihane le tsenyego. 3 ¶ Ereha gona Daniele eo, o kae-ioañ bogolu go barena le likhosana, gone a na le moea o o sitañ; mi khosi ea itloma go mo laorisa bogosi yotle. 4 Ereha gona barena le likhosana ba batlelañ Daniele seipato kaga bogosi; mi ga ba nonohe go bona seipato khotsa tsenyo; ka a le boikaño, gole go si ka ga bonoa timelo leha e le tsenyo go ena. 5 Ki gona banona ba, ba reñ, Ga re kitla re bona seipato kaga Daniele eo, ha re sa se mo nele kaga molao oa Morimo oa gague. 6 Ereha gona barena ba, le likhosana ba eañ kua khosiñ ka mashomo, ba bua yalo le eona, Dariu, khosi, u tsele ka bosakhutleñ. 7 Barena botle ba bogosi, le balaori, le likhosana, le bagakolori, le balaorisioi, ba gakololana go tlomamisa taolo ea bogosi, le go tlomamisa kholego, gore moñue le moñue eo o tla lopañ topo mo morimoñ moñue, khotsa mo mothuñ ka malatsi a terte, ha e si go uena khosi, o tla rigeloa mo moñoboñ oa litau. 8 Mi yana, khosi, tlomamisa kholego euo, mi kuala leina ya gago mo kualoñ lo, gore lo si hetoloe, kaha molaoñ oa Bameda le Baperesia o o sa heteñ. 9 Ereha gona Dariue khosi o kualañ leina ya gague mo kualoñ lo le kholego euo. 10 ¶ Mi erile Daniele a itse ha kualo lo tlomamisicoe, a tsena mo tluñ ea gague; mi liboni tsa gague tsa ntluana ea gague ea gorimo tsa bo li cualololecoe ntleñ ea Yerusalema, a khubama ka mañuole a gague ga teri ka tsatsi leñue, a rapela, a leboga ha pele ga Morimo oa gague, yaka a la a riha ga ntla. 11 Ereha gona banona ba, ba tlañ ka mashomo, ba bona Daniele a rapela a kokotlela ha pele ga Morimo oa gague. 12 Ereha gona ba eañ ba atamela, ba bua ha pele ga khosi kaga kholego ea khosi; A ga ua ka ua kuala leina ya gago mo kholegoñ, gore monona moñue le moñue eo o tla lopañ señue mo morimoñ moñue khotsa mo mothuñ ka malatsi a terte, ha e si go uena khosi, o tla rigeloa mo moñoboñ oa litau? Khosi ea bua ea re, Lehuku ye le tlomamo, kaha molaoñ oa Bameda le Baperesia o o sa heteñ. 13 Mi ba bua ha pele ga khosi, ba re, Daniele, eo e leñ oa bana ba bacuaroi ba Yuda, ga a gu re sepe, khosi, le esiñ kholego e u e kualetseñ leina ya gago, mi o rapela thapelo ea gague ga teri ka tsatsi leñue. 14 Eare khosi e utlua mahuku a, ea shulatsega segolu go eona, mi ea tsepega pelu go Daniele go mo golola: mi ea tloahala go ea kua bophirimoñ yoa letsatsi go mo golola. 15 Ereha gona banona ba, ba eañ kua khosiñ ka mashomo, mi ba raea khosi, Khosi, u itse, ha e le molao @a Bameda le Baperesia, ha go si na kholego khotsa taolo e e tlomamisicoeñ ki khosi e e ka hetoloañ. 16 Ereha gona khosi e laolañ, mi ba lere Daniele, ba mo rigela mo moñoboñ oa litau. Mi khosi ea bua ea raea Daniele, Morimo oa gago o u o rihelañ ka gale, a o gu golole. 17 Mi letlapa ya leroe, ya beoa mo molomoñ oa moñobo; mi khosi ea le kana ka sekanelo sa eona, le ka sekanelo sa bagoluane ba eona, gore boikaelelo kaga Daniele bo si hetoloe. 18 ¶ Ereha gona khosi e eañ kua palisoñ ea eona, ea hetisa bosigo e sa ye: mi e sa leseletse lilo tsa kopelo go lerioa ha pele ga eona: mi ea khiriega. 19 Mi khosi ea nanoga ka phepahalo ea mosho, mi ea akoha ea ea kua moñoboñ oa litau. 20 Mi eare e atamela moñobo, ea khayayegela Daniele ka koru ea khutsahalo: mi khosi ea bua ea raea Daniele, Daniela, motlañka oa Morimo o o tserileñ, a Morimo oa gago o, u o rihelañ ka gale, o nonohile go gu golola mo litauñ? 21 Ereha gona Daniele o raeañ khosi, Khosi, u tsele ka bosakhutleñ. 22 Morimo oa me o romile moeñgele oa ona, mi o tomorisitse litau melomo, mi li si ka tsa ’ntsenya: gone ki bonyoe ki sina molatu ha pele ga ona; le gona, khosi, ga kia ka ka senya ha pele ga gago. 23 Ereha gona khosi e itumelañ segolu, mi ea laola go ntsa Daniele mo moñoboñ. Mi Daniele a ntsioa mo moñoboñ, mi ga bo go sina tsenyego epe go ena, gone a rumela Morimo oa gague. 24 Mi khosi ea laola, mi banona ba ba le ba pateletsa Daniele ba leroe, ba rigeloa mo moñoboñ oa litau, bona, le bana ba bona, le basari ba bona; mi litau tsa na le phenyo ga bona, tsa robaganya marapo a bona aotle ba e si ba hitle kua bolaoñ yoa moñobo. 25 ¶ Ereha gona Dariue khosi o kualelañ bathu botle, le merahe, le lipuo, ba ba nntseñ mo hatsiñ yotle: Kagisho a e lo intsihalele. 26 Ki riha taolo, gore lona ba lo mo pushoñ eotle ea bogosi yoa me lo rorome lo boihe ha pele ga Morimo oa ga Daniele: gone ko ona Morimo o o tserileñ, le tlomamo ka bosakhutleñ, mi bogosi yoa ona ki yo bo si kitlañ bo señoa, le pusho ea ona e tla na le kua bokhutloñ. 27 O theletsa, o golola, o riha licupo le likhakhamaco mo legorimoñ le mo lehatsiñ, o theleritse Daniele mo nonohoñ ea litau. 28 Mi Daniele eo, a na le tsegohalo mo pushoñ ea ga Dariue, le mo pushoñ ea ga Korese oa Moperesia.
7KHAOLO 7. 1 DANIELE a bona toro le lipontsisho tsa tlogo ea gague mo bolaoñ yoa gague, ka ñuaga oa ntla oa Baleshatsare khosi ea Babelona: mi a kuala toro, mi a bulela kaha lintseñ ka gona ka mahuku a. 2 Daniele a bua a re, Ka bona mo sepontsishoñ sa me bosigo, mi bonañ, lipheho li for tsa legorimo tsa photsega leoatleñ ye legolu. 3 Mi ga coa tse ri tserileñ li for tse ri kholu mo leoatleñ, señue se sa cuane le se señue. 4 Sa ntla sentse yaka tau, se na le liphuka tsa lenoñ: ka bona ea tsamaea liphuka tsa shona tsa khumoloa, mi sa culerioa mo hatsiñ ka cona, mi sa ema ka maroo yaka bothu, mi sa neoa pelu ea bothu. 5 Mi bonañ, se se tserileñ se señue, sa bo‐tu, se cuana le bere, mi sa ikemisa ntleñ ñue, se na le likhopo li teri mo molomoñ oa shona gare ga meno a shona: mi sa reoa, Nanoga, u ye nama e kholu. 6 Ka bona morago ga mouo, mi bonañ, se se tserileñ se señue, yaka leñau, sa na le liphuka li for yaka tsa nunyane mo motlaneñ oa shona; mi se se tserileñ se na le litlogo li for; mi sa neoa pusho. 7 Ka bona ka lipontsisho tsa bosigo morago ga mo, mi bonañ, se se tserileñ sa bo‐for, se se boitsegañ le sa thero, mi se thata e e sitañ; mi se na le meno a magolu a tsipi: se nyeletsa, se thubaganya, mi se gata tse ri setseñ ka maroo a shona: mi se sa cuane le tse ri tserileñ cotle tse li li le pele ga shona: mi se na le linaka li ten. 8 Mi ka ki tlokomela linaka, bonañ, ga coa nakana loñue gare ga cona, lo linaka li teri tsa ntla tsa mumuloa ha pele ga lona: mi bonañ, maitlo a a cuanañ le maitlo a mothu a le mo nakeñ lo, le molomo o o buañ lilo tse ri kholu. 9 ¶ Ka bona ea tsamaea literone li beoa, mi Mogolugolu oa metla a lula, eo aparo sa gague se shueu yaka celañ, mi moriri oa tlogo ea gague yaka boboea yoa ñku yo bo itsekileñ: terone ea gague e le le likhabu tsa molelo, le liuile tsa eona molelo o o hisañ. 10 Ga coa molapo oa molelo o o elelañ ha pele ga gague: ba uan thousanda thousanda ba mo rihela, ba ten thousanda ki ten thousanda ba ema ha pele ga gague: tseko ea lula, le libuka tsa petlekoa. 11 Ereha gona ki bonañ ka koru ea mahuku a magolu a lonaka lo loa a bua: ka bona ea tsamaea se se tserileñ sa bolaoa, le setoto sa shona sa herisioa, sa neoa khabuñ e e hisañ. 12 Mi kaga tse ri tserileñ tse ri setseñ, pusho ea cona ea tlosioa: leha gontse yalo matselo a cona a leleharioa ka lobaka, eboñ motla. 13 Ka bona ka lipontsisho tsa bosigo, mi bonañ, moñue eo o cuanañ le moroa mothu a tla ka maru a legorimo, mi a tla go Mogolugolu oa metla, mi a atamerioa ha pele ga gague. 14 Mi a neoa pusho, le tlotlego, le bogosi, gore bathu botle, le merahe, le lipuo, ba mo rihele: pusho ea gague ki pusho e e sa khutleñ, e e si kitlañ e heta, mi bogosi yoa gague ga bo kitla bo señoa. 15 ¶ ’Na, Daniele, moea oa me oa noñosela teñ ga mele oa me, mi lipontsisho tsa tlogo ea me tsa ’nthera. 16 Ka atamela moñue oa bona ba ba emeñ gona, ka motsa kaga tlomamo ea cotle tseuo. Mi a ’mpulelela, mi a ’nkitsise phuthololo ea lilo tseuo. 17 Tse ri tserileñ tseuo tse ri kholu li for, ki magosi a for, tse ri tla cogañ mo hatsiñ. 18 Mi baitsephi ba Mogorimorimo ba tla cula bogosi, ba rua bogosi ka bosakhutleñ, eboñ ka bosakhutleñ le ka bosinabokhutlo. 19 Mi ka eletsa go itse tlomamo ea se se tserileñ sa bo‐for, se se sa cuaneñ le tse riñue cotle, se se boitsegañ bogolu, se meno a shona e le le tsipi, le linala tsa shona khotlo; se nyeletsa se thubaganya, se gataka tse ri setseñ ka maroo a shona; 20 Mi kaga linaka li teri tse li le mo tlogoñ ea shona, le ga lo loñue lo lo loa coa, lo teri li oleñ ha pele ga lona; eboñ ga lonaka louo lo lo nañ le maitlo, le molomo o o buañ lilo tse ri kholu, le ponalo ea lona e leñ e kholu bogolu go lilekane tsa lona: 21 Ka bona, mi lonaka louo lo tlabana le baitsephi, mi loa ba nonohalela; 22 Ea tsamaea Mogolugolu oa me tla a tla, mi baitsephi ba Mogorimorimo ba noea tsekisho; eare lobaka lo lo laocoeñ lo tla ha baitsephi ba tla rua bogosi. 23 A bua yalo, a re, Se se tserileñ sa bo‐for, se tla na bogosi yoa bo‐for mo hatsiñ, yo bo sa cuaneñ le magosi aotle, mi bo tla nyeletsa lehatse yeotle, mi bo tla le gataka, bo le thubaganya. 24 Mi linaka li ten tse ri coañ mo bogosiñ youo ki likhosi li ten tse ri tla cogañ: mi e ñue e tla coga hularoñ sa cona; mi e tla bo e sa cuane le tsa ntla, mi e tla katisa likhosi li teri. 25 Mi e tla buela Mogorimorimo mahuku, mi e tla tlora baitsephi ba Mogorimorimo, mi e tla itloma go hetola lipaka tse ri laocoeñ le melao: mi ba tla tseñoa mo atleñ sa eona e tsamaea motla le metla le ntla ñue ea motla e rihala. 26 Mi tseko e tla lula, mi pusho ea eona e tla tlosioa, e señoa, e herisioa, le kua bokhutloñ. 27 Mi bogosi le pusho, le bogolu yoa bogosi kua tlatse ga legorimo yeotle, bo tla neoa bathu ba baitsephi ba Mogorimorimo, eo bogosi yoa gague ki bogosi yo bo sa khutleñ, mi lipusho cotle li tla mo rihela li mo akela. 28 Lehuku yeuo le khutla ha. Kaga me, ’na Daniele, megopolo ea me ea ’nthera segolu, mi therimogo ea me ea hetoga mo go ’na: mi ka buluka lehuku mo peluñ ea me.
8KHAOLO 8. 1 SEPONTSISHO sa iponatsa go ’na, ’na Daniele, morago ga shona sa ntla se se le sa iponatsa go ’na ka ñuaga oa bo‐teri oa pusho ea Baleshatsare khosi. 2 Mi ka bona mo sepontsishoñ; mi ga rihala, ka ki bona, ki le kua Shushana mo palisoñ e e mo khaoloñ ea bogosi ea Elama; mi ka bona mo sepontsishoñ ki le ha molapoñ oa Ulai. 3 Mi ka culetsa maitlo a me, ka bona, mi bonañ, pheleu e eme ha pele ga molapo, e na le linaka li tu: mi linaka li li le telele; mi loñue lo lo lele go lo loñue, mi lo lo lele loa coa morago. 4 Mi ka bona pheleu e shegolela kua Ueseteñ, le kua Noreteñ, le kua Souteñ; mi ga bo go si na tse ri tserileñ tse ri nonohileñ go ema ha pele ga eona, le esiñ tse ri ka gololañ mo nonohoñ ea eona; mi ea riha kaha nateheloñ ea eona, mi ea na kholu. 5 Mi ka ki tlokomela, bonañ, ga tla phoko gorimo ga lehatse yeotle e coa mo Ueseteñ, mi e si ka ea ama lehatse: mi phoko e na le lonaka lo lo bonalesegañ gare ga maitlo a lona. 6 Mi ea ea kua pheleuñ e e nañ le linaka li tu, e ki e bonyeñ e eme ha pele ga molapo, e tabogela go eona ka bocarara yoa nonoho ea eona. 7 Mi ka e bona e atamela pheleu, mi ea e galakegela e shegola pheleu, e roba linaka li tu tsa eona: mi gole go sina nonoho mo pheleuñ go ema ga pele ga eona, mi ea e rigela ha hatse, ea e gataka: mi ga bo go si ope eo o gololañ pheleu mo nonohoñ ea eona. 8 Ki gona phoko ea na kholu bogolu: mi erile e thatahala, naka lo logolu loa robega; mi ga coa li for tse li bonalesegañ kua ntleñ li for tsa lipheho tsa legorimo boemoñ yoa lona. 9 Mi ga coa lonakana go loñue loa cona, lo lo loa na logolu bogolu, kua ntleñ ea Souta, le kua ntleñ ea Iseta, le kua ntleñ ea lehatse ye leiñtle. 10 Mi loa goriserioa mo ntueñ ea legorimo: mi loa rigela ga ntua le ga linaleri ha hatse, loa li gataka. 11 E, loa ikhorisetsa khosana ea ntua, mi tlabelo ea ka gale ea tlosioa, mi helo ga boitsepho ga eona ga rigoa. 12 Mi ntua, le eona tlabelo ea ka gale, tsa neleloa tlolo, mi loa rigela boamarure ha hatse; mi loa riha loa tsegohala. 13 ¶ Ereha gona ki utluañ moitsephi moñue a bua, mi moitsephi eo moñue a raea seleyane eo a buañ, a re, Sepontsisho sa tlabelo ea ka gale, le tlolo ea tsenyego ea go gataka helo ga boitsepho le ntua, se tla na go lele go le kai? 14 Mi a ’nthaea, Go ea metleñ e tu mathousanda le teri hundereda ereha gona helo ga boitsepho go tla siamisioañ. 15 ¶ Mi ga rihala, eare ki bona sepontsisho, ’na, Daniele, ka batla go se tlaloganya, mi bonañ, go ema ha pele ga me ponalo e e cuanañ le ea monona. 16 Mi ka utlua koru ea mothu gare ga Ulai, e e bitsañ, e re, Gaberiela, tlalogantsa monona eo sepontsisho. 17 Mi a atamela ha ki emeñ gona: mi ka a tla, ka khoberega, ka oa ka hatlogo sa me: mi a ’nthaea, Moroa mothu, tlaloganya; gone sepontsisho se tla rihahala ka motla oa bohelo. 18 Mi ka thulamela ka hatlogo sa me ha hatse, ka a sa bua le ’na: mi a ’nkama, a ’nkemisa mo boemoñ yoa me. 19 Mi a re, Bona, ki tla gu itsise tse ri tla rihalañ mo bokhutloñ yoa bocarara: gone bokhutlo bo tla na ka motla a o laocoeñ. 20 ¶ Pheleu ea linaka li tu e u e bonyeñ e le likhosi tsa Bameda le Baperesia. 21 Mi phoko e e mariri e le khosi ea Gerika: mi naka lo logolu lo lo mo gareñ ga maitlo a eona e le khosi ea ntla. 22 Mi erile lo royoa, li for tsa ema mo boemoñ yoa lona, yalo magosi a for a tla coa mo moraheñ ouo, mi esiñ ka nonoho ea lona. 23 Mi khosi ea hatlogo sa khualalo, e e tlaloganyañ linyoaba, e tla ema mo boheloñ yoa bogosi yoa cona, mogañ batlori ba sina uerioa. 24 Mi nonoho ea eona e tla thatahala, mi esiñ ka nonoho ea eona: mi e tla senya ka khakhamalo, mi e tla tsegohala, e riha, mi e tla senya bathati le bathu ba ba itsephileñ. 25 Mi le gona e tla coerisetsa pele tsieco mo atleñ sa eona ka botlale yoa eona; mi e tla gorisioa mo peluñ ea eona, mi a tla senya bontsi mo kagishoñ: mi e tla ikemisetsa Khosana ea likhosana; mi e tla thuyoa esiñ ka seatla. 26 Mi sepontsisho sa matsiboea le mosho se se kakancoeñ e le sa boamarure: ki gona kopela sepontsisho; gone se tla na sa metla mentsi. 27 Mi ’na, Daniele, ka iribala, mi ka bobola malatsi mañue; ka nanoga mi ka riha tiho ea khosi; mi ka gakhamalela sepontsisho, mi ga bo go si ope eo o se tlaloganyañ.
9KHAOLO 9.GA rihala ka ñuaga oa ntla oa Dariue moroa Ahasueruse, oa losika loa Bameda, eo o la a rihoa khosi ea bogosi yoa Bakaledia; 2 ’Na, Daniele, ka tlaloganya ka ñuaga oa ntla oa gague, palo ea linyaga ka libuka, tse lehuku ya ga Yehova ya rihahalelañ Yeremie moperofeti ga cona, ha likhakhabalo tsa Yerusalema li tla uerioa ka linyaga li sevente. 3 Mi ka tsepegela Morimo Morena hatlogo sa me go batla ka thapelo le mekokotlelo, ka pisho go ya, le ka letsela ya khetse, le molora. 4 Mi ka rapela Yehova Morimo oa me, mi ka ipobola, ka re, Morena, Morimo o mogolu, le o o boitsegañ, o o tsegetsañ kholagano le pelunomi kaga bona ba ba mo ratañ, le bona ba ba tsegetsañ litaolo tsa gague; 5 Re leohile, ra siamolola, ra ikepa, ra cuulola, ka go hapoga litaolo tsa gago le litsiamisho tsa gago: 6 Mi ga rea retsa baperofeti batlañka benu, ba ba le ba bua le likhosi tsa rona, le likhosana tsa rona, le bo‐rra ecu, le bathu ba lehatse botle ka leina ya gago. 7 Morena, u na le tsiamo, mi rona litloñ tsa lihatlogo, yaka ka yenu; le banona ba Yuda, le banni ba Yerusalema, le Bayeserela botle, ba ba gauhe, le ba ba khakala, mo mahatsiñ aotle kua u ba leleketseñ gona, ka tlolo ea bona e ba gu tloletseñ ka eona. 8 Morena, re na le litloñ tsa lihatlogo, le likhosi tsa rona, le likhosana tsa rona, le bo‐rra ecu, gone re gu leohetse. 9 Mautluelo botluku le maicuarelo, ki a Morena Morimo oa rona, leha re mo cuuloletse; 10 Mi ga rea ka ra akela koru ea ga Yehova Morimo oa rona, go sepela mo melaoñ ea gague, e o e re beileñ pele ka baperofeti batlañka ba gague. 11 E, Bayeserela botle ba tlorile molao oa gago, ka go hapoga, gore ba si akele koru ea gago; ki gona thogo re e thelecoeñ, le ikano e e kuariloeñ mo molaoñ oa ga Moshe motlañka oa Morimo, gone re o leohetse. 12 Mi o tlomamisitse mahuku a ona, a o a re buetseñ, le basiamisi ba rona ba ba re siamisitseñ, ka go tlisa boshula yo bogolu go rona: gone ga go e si go rihoe ha tlatse ga legorimo yaka go rihahaletse Yerusalema. 13 Boshula yotle yo bo tlile go rona, yaka go kuariloe mo molaoñ oa ga Moshe: mi re si ka ra kokotlela ha pele ga Yehova Morimo oa rona, ka go boea mo litsiamololoñ tsa rona le go tlaloganya boamarure yoa gago. 14 Ki gona Yehova o kubugetse boshula, a bo lere go rona: gone Yehova Morimo oa rona o siame mo tihoñ tsa gague cotle tse o li rihañ: gone re si ka ra akela koru ea gague. 15 ¶ Mi yana, Morena Morimo oa rona, eo lu ua ntsa bathu ba gago mo hatsiñ ya Egepeto ka atla se se thata, u itihetse leina, yaka ka yenu; re leohile, ra ikepa. 16 Morena, kia gu rapela, a bogale yoa gago le bocarara yoa gago bo bosioe Yerusalema motse oa gago, thaba ea gago ea boitsepho, kaha tsiamoñ ea gago eotle: gone Yerusalema le bathu ba gago, ki khobo mo botleñ tikologoñ ea rona ka libe tsa rona, le ka tsiamololo tsa bo‐rra ecu. 17 Mi yana, Morimo oa rona, utlua morapelo oa motlañka oa gago, le mekokotlelo ea gague, mi u phatsimisetse helo ga boitsepho ga gago, ha go senyegileñ, hatlogo sa gago, ka ntla ea Morena. 18 Morimo oa me, sekega tsebe, u utlue; burulola maitlo a gago, mi bona litsenyego tsa rona, le motse o o birioañ ka leina ya gago: gone ga re thele mekokotlelo ea rona ha pele ga gago ka litsiamo tsa rona, mi e le ka mautluelo‐botluku a magolu a gago. 19 Morena, utlua; Morena, icuarela; Morena, tlokomela, mi u rihe; u si riege, ka ntla ea gago, Morimo oa me: gone motse oa gago le bathu ba gago ba birioa ka leina ya gago. 20 ¶ Mi ka ki sa bua yalo, ka go rapela, le go ipobola boleo yoa me le boleo yoa Bayeserela bathu ba me, le go thela kokotlelo ea me ha pele ga Yehova Morimo oa me ka thaba ea Morimo oa me ea boitsepho; 21 E, ga rihala ka ki sa bua ka morapelo, monona eboñ Gaberiele, eo ki le ka mona pele mo sepontsishoñ, a siantsioa, a hitla go ’na, e kane e le mo motleñ oa cupelo ea liyo ea matsiboea. 22 Mi a ’ntlalogantsa, mi a bua le ’na, a re, Daniela, ki rule go gu tlaletsa go tlaloganya. 23 Lehuku ya coa ka tsimologo ea mekokotlelo ea gago, mi ki tlile go gu itsise; gone u monona eo o eletsegañ segolu; ki gona tlaloganya lehuku, mi tlokomela sepontsisho. 24 Go laolecoe bathu ba gago le motse oa gago oa boitsepho liueke li sevente, go khutlisa tlolo, le go uetsa maleo, le go ruanyetsa tsiamololo, le go tlisa tsiamo e e sa khutleñ, le go kana sepontsisho le perofesho, le go tlotsa itsepho ea maitsepho. 25 Ki gona u itse, mi tlaloganya, Go tla na liueke li seven le liueke li sekeste tu go simolola ka go coa ga lehuku, go bosa le go aga Yerusalema go ea go Mesia Khosana: mebila le lithako li tla ba li agioa, le mo metleñ ea pitlagano. 26 Mi liueke li sekeste tu li sina heta Mesia o tla khaoloa, mi esiñ kaga gague: mi bathu ba khosana e e tla tlañ ba tla senya motse, le helo ga boitsepho, mi bokhutlo yoa ona bo tla na le moroalela, mi litsenyo li laolecoe le kua bokhutloñ yoa tlabano. 27 Mi e tla tlomamisa kholagano le bontsi ka ueke e le ñue: mi e tla khutlisa tlabelo le cupelo ea liyo gare ga ueke, mi maila a a senyañ a tla na mo tempeleñ, mi khutlisho e e laocoeñ e tla theloa mo tsenyegoñ.
10KHAOLO 10. 1 LEHUKU ya bonatsioa go Daniele, eo leina ya gague le birioañ Beleteshatsare, ka ñuaga oa bo‐teri oa Korese khosi ea Peresia; mi lehuku e le le boamarure, mi motla o o laocoeñ o molele; mi a tlokomela lehuku, mi a na le tlaloganyo ea sepontsisho. 2 ’Na, Daniele, ki le ki hutsahetse ka liueke li teri mo malatsiñ auo. 3 Ga kia ka ka ya liyo tse ri eletsegañ, mi nama le boyaloa li si ka tsa tsena mo molomoñ oa me, le gona ga kia ka ka itlotsa ka gope ea tsamaea liueke li teri li uerioa. 4 Mi ki le ki le ha losiñ loa molapo o mogolu o e leñ Hidekela, ka tsatsi ya bo‐tuentefor ya khueri ea ntla; 5 Mi ka culetsa maitlo a me, mi ka señka, mi bonañ, monona moñue a apere lene, mi lotheka loa gague le tlamiloe ka gouda e e itsekileñ ea Ufasa: 6 Mi mele oa gague e le le yaka berulo, le hatlogo sa gague se na le ponalo ea logarima, mi maitlo a gague a cuana le litime tsa molelo, mi mabogo a gague le linao tsa gague li na le mala yaka khotlo e e gotliloeñ, le koru ea mahuku a gague yaka koru ea bontsi. 7 Mi ’na Daniele ka bona sepontsisho ka ’nosi: gone banona ba ba le ba na le ’na ba si ka ba bona sepontsisho; mi thoromo e kholu ea ba oela, mi ba tsaba go icuba. 8 Ki gona ki le ka tlogeloa ki le ’nosi, ka bona sepontsisho se segolu se, mi go si ka ga sala nonoho mo go ’na: mi therihalo ea me ea hetoga tsenyego mo go ’na, mi ka nonohologa. 9 Mi ka utlua koru ea mahuku a gague: mi erile ki utlua koru ea mahuku a gague, ka thulamela ka hatlo-logo sa me, le sehatlogo sa me ha hatse. 10 Mi bonañ, seatla sa ’nkama, sa ’mpaea mo mañuoleñ a me le mo khutiñ tsa liatla tsa me. 11 Mi a ’nthaea, Daniela, monona eo o eletsegañ segolu, tlaloganya mahuku a ki a buañ nau, mi ema boemoñ yoa gago: gone yana ki gu romecoe. Mi ka ema ka roroma ka a bua lehuku ye le ’na. 12 Ereha gona o ’nthaeañ, Daniela, u si boihe: gone e sale ka tsatsi ya ntla u lu ua tsepega pelu ea gago ka yeona go tlaloganya, le go ikatisa ha pele ga Morimo oa gago, mahuku a gago a la a utluioa, mi ki tletse mahuku a gago. 13 Mi khosana ea bogosi yoa Peresia ea ganela le ’na ka malatsi a tuente uan: mi bona, Mikaele, moñue oa likhosana tse ri kholu, a tla go ’nthusa; mi ka sala le likhosi tsa Peresia gona. 14 Ki tlile yana go gu tlalogantsa se se tle rihahalelañ bathu ba gago ka metsi ea bohelo: gone sepontsisho se tla nama se na ka malatsi mantsi. 15 ¶ Mi erile a bua mahuku a le ’na, ka tsepega hatlogo sa me ha hatse, mi ka na semumu. 16 Mi bonañ, moñue yaka moroa mothu a ama lipounama tsa me: ereha gona ki tumololañ molomo oa me, ka bua, ka raea ena eo o emeñ ha pele ga me, Morena oa me, mahutsana a me a boetse go ’na ka sepontsisho, mi ki nonoholocoe. 17 Gone motlañka oa morena eo oa me o nonohelañ go bua le morena eo oa me? gone kaga me, le yana, ga go sale nonoho mo go ’na, mi ga go moea o o setseñ mo go ’na. 18 Mi moñue oa ponalo ea mothu a ba a ’nkama, mi a ’nthatahatsa, 19 Mi a re, Uena monona eo o eletsegañ segolu, u si boihe, a kagisho e ne nau, thatahala, E, thatahala. Mi ka a bua le ’na ka thataharioa, ka re, A morena oa me a bue; gone u ’nthataharitse. 20 Ereha gona o reñ, A u itse se ki se tletseñ go uena? mi yana ki tla boea go ganela le khosana ea Peresia: mi etlare ki sina coa, bona, khosana ea Gerika e tla tla. 21 Mi ki tla gu itsise se se kuariloeñ mo likualoñ tsa boamarure: mi ga go ope eo o ’nthatahaletsañ lilo tseuo, ha e si Mikaele khosana ea lona.
11KHAOLO 11. 1 MI ’na, ka ema ka ñuaga oa ntla oa Dariue oa Momeda, go mo thatahatsa le go mo gomotsa. 2 Mi yana ki tla gu itsise boamarure. Bona, go tla coga likhosi li teri mo Peresia; mi ea bo‐for e tla huma ka lohumo lo logolu bogolu go cotle; mi e sina thatahala ka lohumo loa eona, e tla tlotleletsa bogosi yoa Gerika botle. 3 Mi khosi ea bogañka e tla coga, e busa ka pusho e kholu, e riha kaha nateheloñ ea eona. 4 Mi etlare e sina tlomamisioa, bogosi yoa eona bo tla thuyoa, mi bo tla abeloa mo liphehoñ li for tsa legorimo; mi esiñ mo bahulariñ ba eona, le esiñ kaha pushoñ e e le ea busa ka eona: gone bogosi yoa eona bo tla khumoloa, bo na yoa ba bañue bogolu go bauo. 5 ¶ Ereha gona khosi ea Souta, e e leñ ñue ea khosana tsa eona, e tla nañ thata; leha gontse yalo e ñue e tla e thatahalela, e na le pusho; pusho ea eona e tla na pusho e kholu. 6 Mi nyaga tse riñue li sina heta li tla kopañoa; gone moroaria khosi ea Souta o tla ea kua khosiñ ea Noreta go letlanya: mi ga a kitla a tsegetsa nonoho ea lecogo; mi ga e kitla e tlomamisioa, le esiñ lecogo ya eona: mi o tla neloa le ba ba mo isitseñ, le eo o mo tsetseñ, le eo o mo thataharitseñ ka metla euo. 7 Leha gontse yalo go tla coga lecoela mo mecoeñ ea gague boemoñ yoa yeona, ye le tla eañ le ntua, mi le tla tsena mo kagoñ tse ri thata tsa khosi ea Noreta, le tla riha le cona, le li thatahalela. 8 Mi le tla isa merimo ea bona, le likhosana tsa bona, le lilo tsa gouda le selevera tse ri eletsegañ tsa bona mo bocuaroñ kua Egepeto; mi le tla tlomamisioa ka linyaga bogolu go khosi ea Noreta. 9 Yalo khosi ea Souta e tla tsena mo bogosiñ, mi e tla boela kua hatsiñ ya eona. 10 Mi bomoroa eona ba tla epa rira, mi ba tla phutha bontsi yoa lintua tse ri kholu: mi moñue o tla tla ka bonako, a penologela, a ralala, mi o tla ba a epa rira, go ea kagoñ tse ri thata tsa eona. 11 Mi khosi ea Souta e tla galaki-sioa, mi e tla bolola e tlabana nae, eboñ le khosi ea Noreta; mi leha e rulaganya bontsi yo bogolu, bontsi yo bo tla tseñoa mo atleñ sa eona. 12 Mi e sina tlosa bontsi, pelu ea eona e tla gorisioa; mi leha e osa mathousanda a ten, ga e kitla e thataharioa. 13 Gone khosi ea Noreta e tla boea e rulaganya bontsi yo bogolu go yoa ntla, mi e tla tla rure metla le linyaga li sina heta, e na le ntua e kholu, le lohumo lo logolu. 14 Mi bontsi bo tla emalana le khosi ea Souta ka metla euo, le bana ba bathu ba gago ba bonokuane ba tla ikhorisa go tlomamisa sepontsisho; mi ba tla oa. 15 Gone khosi ea Noreta e tla tla e epa mosele, le go thopa metse e e hemecoeñ thata: le libolao tsa Souta ga li kitla li emalana, le esiñ bathu ba eona ba ba itseñkecoeñ, gone go si kitla go na nonoho go emalana. 16 Mi eona e e mo tlelañ, e tla riha kaha nateheloñ ea eona, mi ga go ope eo o tla emañ ha pele ga eona; mi e tla ema mo hatsiñ ye leiñtle, ye le tla rihaharioañ ki atla sa eona. 17 Mi e tla tsepega hatlogo sa eona go tsena ka thata ea bogosi yoa eona yotle, le go isa maletlanyo naeo; mi e tla riha yalo: e tla e naea moroaria basari go borisioa: mi ga a kitla e e emela, le esiñ ntleñ ea eona. 18 Ereha gona e tla bosetsañ mahatse a leoatle hatlogo sa eona, e thopa a le mantsi: mi molaori o tla khutlisa khobo ea gague e o e mo khobileñ; mi le gona o tla iteretsa khobo ea gague. 19 Mi e tla bosetsa likago tse ri thata tsa hatse ya eona sehatlogo sa eona: mi e tla khokhoetsega, e oa, mi ga e kitla e bonoa. 20 Ereha gona go tla emañ moñue boemoñ yoa eona, eo o tla khabagan-tsañ mokhethisi mo khalaleloñ ea bogosi; mi o tla señoa ka malatsi a le manye, esiñ ka bogale, le esiñ ka tlabano. 21 Mi mothu eo o nyatsegañ o tla ema boemoñ yoa gague, eo ba si kitlañ ba mo naea tlotlo ea bogosi, mi o tla tsena ka kagisho, mi o tla nonohela bogosi ka mahuku a borethe. 22 Mi mabogo a lehatse ya penologo a tla penologeloa ha pele ga gague, a royoa; le eona khosana ea kholagano. 23 Mi o tla tsietsa a sina kopana nae: gone o tla bolola, a thatahala ka bathu banye. 24 Mi o tla tsena mo maheloñ a a nonneñ a khaolo ea bogosi ka kagisho, mi o tla riha se borague le bo‐rra ba bo‐rague ba si ka ba se riha; o tla halatsa thopo, le khapo, le lithoto mo go bona: mi o tla logela kago tsa phemelo togomano tsa gague, le ka motla. 25 Mi o tla coseletsa khosi ea Souta nonoho ea gague, le pelu ea gague ka ntua e kholu; mi khosi ea Souta e tla epa rira ka ntua e thata le e kholu bogolu; mi ga e kitla e ema: gone ba tla e logela litogomano. 26 Mi ba ba yañ kabelo ea liyo tsa gague, ba tla mo senya, mi ntua ea eona e tla penologa: mi bantsi ba tla oa ba bolailoe. 27 Mi lipelu tsa likhosi co tu tse li tla na go shulatsa, mi li tla bua maaka ha loyeloñ loñue; mi ga a kitla a tsegohala: gone bokhutlo bo tla nama bo na ka motla o o laocoeñ. 28 Mi o tla boela kua hatsiñ ya gague, a na le lohumo lo logolu; mi pelu ea gague e tla emalana le kholagano ea boitsepho; mi o tla riha, le go boela kua hatsiñ ya gague. 29 ¶ O tla boea, a ea kua Souteñ, ka motla o o laocoeñ; mi ga go kitla go na yaka loa ntla, khotsa yaka loa bohelo. 30 Gone lishepa tsa Kitima li tla tla go ena; ki gona o tla tlukuhalañ, a boea, a cararegela kholagano ea boitsepho: o tla riha yalo; gone o tla boea, a itlalogantsa ga bona ba ba tlogetseñ kholagano ea boitsepho. 31 Mi mabogo a tla ema boemoñ yoa gague, mi a tla tsepholola helo ga boitsepho ga thata, mi a tla tlosa tlabelo ea ka gale, mi ba tla tloma maila a a senyañ. 32 Mi ba ba ikepañ kaga kholagano, ba tla itimokanya ka mahuku a borethe: mi bathu ba ba itseñ Morimo oa bona, ba tla thatahala ba riha. 33 Mi baruti ba bathu ba tla ruta bontsi: leha gontse yalo ba tla oa ka caka, le khabu, le bocarara, le thopo, ka malatsi mantsi. 34 Mi etlare ba oa, ba tla thusioa ka thushonyana: mi bontsi bo tla ba ñaparela ka mahuku a borethe. 35 Mi bañue ba baruti ba tla oa, go ba leka, le go itseka, le go shueuhatsa, le kua motleñ oa bohelo: gono e tla na ka motla o o laocoeñ. 36 Mi khosi e tla riha kaha natehoñ ea eona; mi e tla iculetsa, e ikhorisa gorimo ga merimo eotle, mi e tla bua lilo tse ri gakhamatsañ kaga Morimo oa merimo, mi e tla tsegohala e tsamaea bocarara bo rihaharioa: gone se se laocoeñ se tla rihahala. 37 Mi ga e kitla e re Morimo oa bo‐rra eona sepe, le esiñ keleco ea basari, le esiñ go re morimo ope sepe: gone e tla ikhorisetsa gorimo ga cotle. 38 Mi e tla tlotla morimo oa likago tse ri thata boemoñ yoa ena: mi morimo o bo‐rra eona ba si kañ ba o itse, ouo e tla o tlotla ka gouda, le selevera, le maye a a rategañ, le lilo tse ri eletsegañ. 39 E tla riha yalo mo kagoñ tse ri hemecoeñ thata ka morimo o sele, o e tla o itseñ, o e tla o intsihaletsañ tlotlo: mi e tla e laorisetsa bontsi, e abela lehatse ka tuelo. 40 Khosi ea Souta e tla e shegola ka motla oa bohelo: mi khosi ea Noreta e tla tla go eona yaka secüacüe, e na le licariota, le bapalami, le lishepa li lintsi; mi e tla tsena mo mahatsiñ, e penologa e khabaganya. 41 Mi e tla tsena mo hatsiñ ye leiñtle; mi leha mantsi a tla ribegoa, go tla phela a mo atleñ sa eona, eboñ Edoma, le Moaba, le ba bagolu ba bana ba Amone. 42 Mi e tla otlolela mahatse atla sa eona: mi hatse ya Egepeto ga le kitla le phela. 43 Mi e tla na le taolo mo mahumoñ a gouda le selevera, le lilo tse ri eletsegañ cotle tsa Egepeto: mi Balibiyana le Baetiopia ba tla na ha litse-peloñ tsa eona. 44 Mi litumeri tse ri coañ kua Iseteñ le kua Noreteñ li tla e rera: ki gona e tla bololañ ka bocarara yo bogolu go senya, le go herisetsa rure bontsi. 45 Mi e tla tloma litenta tsa lipaliso tsa eona gare ga maoatle mo thabeñ ea khalalelo ea boitsepho; mi e tla tla mo bokhutloñ yoa eona, mi go si ope eo o tla e thusañ.
12KHAOLO 12. 1 MI Mikaele khosana e kholu eo o emelañ bana ba bathu ba gago, o tla nanoga ka motla ouo: ereha gona go tla nañ motla oa tlalelo, yaka go e si go ke go ne le ka morahe o lo o leeo le go motleñ ouo: mi bathu ba gago ba tla gololoa ka motla ouo, eboñ botle ba ba tla bonoañ ba kuariloe mo bukeñ. 2 Mi bontsi yoa bona ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatse bo tla kubuga, bañue go botseloñ yo bo sa khutleñ, mi ba bañue go likhoboñ, le kilego e e sa khutleñ. 3 Mi baruti ba tla nyetsa yaka phatsimo ea phuthologo; le ba ba bosetsañ bontsi tsiamoñ yaka linaleri ka gale ka bosakhutleñ. 4 Mi uena, Daniela, kopela mahuku a, mi kana buka, le go ea kua motleñ oa bohelo: bontsi bo tla ea kua le kua mo lehatsiñ, mi kico e tla intsiharioa. 5 ¶ Mi ’na, Daniele, ka leba, mi bonañ, ga bo go eme ba tu ba sele, moñue ha bosiyeñ yonu yoa losi loa molapo, le eo moñue ha bosiyeñ yoa losi loa molapo. 6 Mi moñue a raea monona eo o apereñ lene, a le gorimo ga metse a molapo, a re, Go tla na go lele go le kai e tsamaea bokhutlo yoa lilo tse tsa khakhamaco bo rihala? 7 Mi ka utlua monona eo o apereñ lene, a le gorimo ga metse a molapo, ka a culeletsa legorimo atla sa gague se se siameñ le atla sa gague sa molema, a ikana ka eo o tselañ ka bosakhutleñ, ha go tla na ka motla, le metla, le ntla ñue ea motla; ha cotle tseuo li tla uerioa, phalalo ea nonoho ea bathu ba boitsepho e sina rihaharioa. 8 Mi ka utlua, mi ga kia ka ka tlaloganya: mi ka re, Morena oa me, bokhutlo yoa tseuo ki eñ? 9 Mi a re, Daniela, u ee: gone mahuku a kopecoe a kanecoe motla oa bohelo. 10 Bontsi bo tla itsekisioa, bo shueu-harioa, bo lekoa; mi baikepi ba tla ikepa: mi go si ope oa baikepi eo o tla tlaloganyañ; e le batlaloganyi ba ba tla tlaloganyañ. 11 Mi go tla na malatsi a uan thousanda le tu hundereda le naente, go simolola ka motla o tlabelo ea ka gale e tla tlosioañ ka ona, go emisa maila a a senyañ. 12 Go tsegoharicoe eo o lebeletseñ, a hitla go malatsiñ a uan thousanda le teri hundereda le terete faeve. 13 Mi uena u ee e tsamaee bokhutlo bo rihale: gone u tla ikhutsa, u ema mo kaboñ ea gago mo bokhutloñ yoa malatsi.