1

KHAOLO 1. 1 UENA Teofela, ki rihile kualo loa ntla loa cotle tse Yesu o simolotseñ go li riha le go li ruta, 2 Le go tsatsiñ ye, o tlatlosicoeñ ka yeona, a sina laolela baapostoloi ka Moea oa Boitsepho; ba o ba itseñketseñ; 3 Ba, le ena o icupileñ go bona a tserile, morago ga papolo ea gague, ka licupo li lintsi tsa tlomamo, mi o bonyoe ki bona ka malatsi a forte, a bua kaga lilo tsa bogosi yoa Morimo; 4 Mi ka a phuthega nabo, a ba laola gore ba si tlogele Yerusalema, mi ba lebelele pulelelo pele ea Rra, e o reñ, lo e utluile mo go ’na. 5 Gone Yohane o la a bapetisa rure ka metse, mi lona lo tla bapetisioa ka Moea oa Boitsepho, esiñ go lele morago ga malatsi a. 6 Mi ki gona erileñ ba phuthega, ba motsa ba re, Morena, a u tla ba u emisetsa Yeserela bogosi mo motleñ onu? 7 Mi a ba raea, Ga goa lo cuanela go itse metla, khotsa lipaka, tse Rra o li beileñ mo thateñ ea gague esi; 8 Mi lo tla bona thata ea Moea oa Boitsepho e e tla tlañ go lona. Mi lo tla na bashupi ba me mo Yerusalema, lo mo Yuda yeotle, le mo Samaria, le kua khutloñ ea lehatse. 9 Mi ka a sina bua yalo, a culerioa ka ba sa leba; mi leru ya mo cula mo ponoñ ea bona. 10 Mi ka ba santse ba lebile thata kua legorimoñ ka a tlatloga, bonañ, banona ba tu ba ema nabo mo aparoñ tse ri cueu; 11 Ba, le bona ba reñ, Lona banona ba Galilea, Lo emetseñ lo lelaletseñ kua legorimoñ? Yesu eo, eo o culericoeñ mo gorimoñ mo go lona, o tla tla yalo, yaka lo monye a ea kua legorimoñ. 12 Eriha gona ba boelañ kua Yerusalema, ba coa mo thabeñ e e birioañ Olefa, e e leñ loeto loa sabata go coa Yerusalema. 13 Mi ka ba sina tsena, ba tlatlogela mo tluñ ea gorimo, kua ba leñ gona; eboñ Petero, le Yakobo, le Yohane, le Anderea, le Filipo, le Tome, le Baretolomea, le Mataio, le Yakobo moroa Alefaio, le Simone Selota, le Yuda monna Yakobo. 14 Mi botle ba, ba le ba cuana mo bocoeleloñ yoa thapelelo le thapelo, ba na le basari, le Marie, ma Yesu, le bomonnaue. 15 ¶ Mi Petero a ema mo metleñ eouo gare ga barutoa (gole gole leshomo ya bathu le kane le le hundereda le tuente) mi a re, 16 Banona ba ga ecu, lokualo lo cuanetse go rihahala, lo Moea oa Boitsepho o lo buileñ pele ka molomo oa gaDavide kaga Yuda, eo e le le mogogi oa ba ba cuereñ Yesu. 17 Gone o la a baleloa le rona, mi a na le kabelo ea tihelo e. 18 (Mi eo, o la a reka naga ka tuelo ea tsiamololo; mi ka a oa ka tlogo, a phanyega ha gare, mi mala aotle a gague a gorometsega. 19 Mi gole ga itsioe ki baagi botle ba Yerusalema; ga tsamaea naga e, ea birioa mo puoñ ea bona, Akeledama, ki go re, Naga ea mari). 20 Gone go kuariloe mo bukeñ ea Lipesalem, A boago yoa gague bo ne letlotla, mi a go si ne ope eo o agañ mo go yona; mi a moñue a tsee tiho ea tebatebo ea gague. 21 Ki gona go cuanetseñ gore moñue oa banona ba ba le ba na le rona ka motla otle, o Yesu Morena o la a tsena a coa mo go rona ka ona, 22 Go simolola ka papetisho ea ga Yohane, le go motleñ o, o culericoeñ go rona ka ona; gore moñue oa bona a rihoe moshupi le rona oa cogo ea gague. 23 Mi ba emisa ba tu, Yosefe eo o birioañ Baresabe, eo o la a okelerioa leina ya Yuseto, le Matie. 24 Mi ba rapela, ba re, Morena, moitsi oa pelu tsa botle, shupa moñue oa ba tu ba, eo u mo itseñketseñ, 25 Gore a tsee boemo yoa tihelo e, le tiho ea boapostolo e Yuda o la a e hapoga ka tlolo, gore a ee kua heloñ ga gague. 26 Mi ba tsela likelero tsa bona; mi kelero ea oela go Matie; mi a baleloa le baapostoloi ba eleven.

2

KHAOLO 2. 1 MI erile tsatsi ya Pentekoste le sina tla, ba le ba le ka boñue hela yoa pelu mo heloñ goñue hela botle. 2 Mi ga tla ka bonako tumo e e coañ mo legorimoñ, yaka pheho e kholu e e cubutlañ, mi ea tlatsa ntlu eotle ha ba rutseñ gona. 3 Mi ga bonala liteme tse li liphata go bona, tse ri cuanañ yaka molelo, mi tsa lula mo go moñue le moñue oa bona. 4 Mi botle ba tlarioa ka Moea oa Boitsepho, mi ba simolola go bua ka liteme li sele, kaha Moea o ba rutañ go bua ka gona. 5 Mi gabo gole Bayuda ba ba agileñ mo Yerusalema, banona ba ba boihañ Morimo, ba ba coañ mo meraheñ eotle e e tlatse ga legorimo. 6 Mi ka koru e, e sina rihahala, bontsi yoa tla mogo, mi yoa huruega, gone moñue le moñue a utlua ba bua mo puoñ ea gague. 7 Mi ba silohala botle ba gakhamala, mi ba rana, Bonañ, botle ba, ba ba buañ, a ga si Bagalilea? 8 Mi re utlua yañ moñue le moñue mo puoñ ea rona, e re tsecoeñ mo go eona? 9 Baparata le Bameda, le Baelama, le baagi ba Mesopotamia, le Yuda, le Kapadokia, le Ponta, le Asia,Le Ferigia, le Pamfilia, le Egepeto, le likhaolo tsa Libia, ha go Kurene, le baeñ ba Roma, Bayuda le Baperoseleta, 11 Bekereta, le Baarabia, re ba utlua ba bua tiho tse ri kholu tsa Morimo mo puoñ tsa ga rona. 12 Mi ba gakhamala botle, mi ba belaela, mi ba rana, Ana se se kaela kae? 13 Bañue ba shotla ba re, Banona ba, ba tletse boyaloa yo bo botse. 14 ¶ Mi ka Petero a eme le ba eleven, a tlatlosa koru ea gague, a ba raea, Lona banona ba Yuda, le lona lotle ba lo agileñ mo Yerusalema, se a se itsisioa go lona, mi a mahuku a me a tsene mo tsebeñ tsa lona; 15 Gone ba, ga ba tagoa yaka lo itloma: le mororo e le oura oa bo‐teri oa letsatsi. 16 Mi se ki se se builoeñ ki Yoele moperofeti, a re, 17 Mi go tla rihala mo metleñ ea bohelo, go bua Morimo, ki tla tsela ga Moea oa me mo nameñ cotle; mi bomoroa lona le bomoroaria lona ba tla ruta, mi makau a lona a tla bona lipontsisho, mi ba bagolu ba lona ba lora litoro; 18 Mi ki tla tsela mo batlañkeñ ba me le mo bahuleñ ba me, ga Moea oa me mo metleñ eouo, mi ba tla ruta; 19 Mi ki tla naea likhakhamaco mo legorimoñ kua gorimo, le licupo mo hatsiñ kua tlatse; mari, le molelo, le mouane oa mosi; 20 Letsatsi le tla hetoloa lehihi, mi khueri e tla hetoloa mari, pele tsatsi ye le e si le tle, ye legolu le ya bonatla ya ga Yehova; 21 Mi go tla rihala, moñue le moñue eo o tla bitsañ leina ya Yehova o tla bulukoa. 22 Lona banona ba Yeserela, utluañ mahuku a: Yesu oa Nasareta, monona oa Morimo, eo o itsisicoeñ go lona ka lithata li likhakhamaco le licupo, tse Morimo o li rihileñ ka ena, ha gare ga lona, yaka le lona lo itse ka losi; 23 Ena, ka a neloa ka khakololo e e laocoeñ, le kitseco pele ea Morimo, lo mo cutse, lo mapotse, loa molaea ka liatla tsa tsiamololo; 24 Eo, Morimo o mo cositseñ, oa hunolola libotluku tsa loshu; gone a la a sa kake a tsegerioa ki lona. 25 Gone Davide a bua kaga gague, Ki le ka bona Yehova ka gale ha pele ga me; gone o mo atleñ se se siameñ sa me, gore ki si tsikiñoe: 26 Ki gona pelu ea me e itumelañ, mi loleme loa me loa ipela; E, le gona, nama ea me e tla ikhutsa mo culuheloñ; 27 Gone ga u kitla u tlogela moea oa me mo bobipoñ, le gona ga u kitla u nela Moitsephi oa gago go bona go bola. 28 U ’nkitsisitse tsela ea botselo; u tla ’ntlatsa ka boitumelo yoa hatlogo sa gago. 29 Banona ba ga ecu, ’nka bua le lona ka thanolo kaga Davide oa Mopateriareki, ka a shule mi a hitliloe, mi phupu ea gague e sa na le rona le go motleñ onu. 30 Ki gona ereka e le le moperofeti, mi ka a itse ha Morimo o loa ikana le ena ka ikano, ha o tla cosetsa Keresete kaha nameñ mo louñuoñ loa mañkopa a gague, go lula mo seruloñ sa bogosi sa gague, 31 Ka a bonela pele yalo, a bua ga cogo ea ga Keresete, ha moea oa gague o lo o sa tlogeloe mo bobipoñ, le gona nama ea gague e si ka ea bona go bola. 32 Yesu eo, Morimo o mo cositse; mi rotle re bashupi ba gona. 33 Ki gona ka a gorisicoe ha atleñ sa Morimo se se siameñ, mi ka a bonye pulelelo pele ea Moea oa Boitsepho mo go Rra, o tsetse se lo se bonañ, lo se utlua yana. 34 Gone Davide ga a tlatlogela kua magorimoñ, mi a re, Yehova o la a raea Morena oa me, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, 35 Ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago. 36 Ki gona a ba ntlu botle ba Yeserela ba itse rure, ha Morimo o rihile Yesu eo, lo mapotseñ, go na Morena le Keresete. 37 ¶ Mi yana ka ba utlua yalo, ba tlayoa mo peruñ tsa bona, mi ba raea Petero le baapostoloi ba bañue, Banona ba ga ecu, re tla rihañ? 38 Mi Petero a ba raea, Tlabologañ, mi a moñue le moñue oa lona a bapetisioe mo ineñ ga ya Yesu Keresete go icuareloa libe, mi lo tla bona neo ea Moea oa Boitsepho. 39 Gone pulelelo‐pele e go lona, le go bana ba lona, le go botle ba ba khakala; eboñ botle ba Morena Morimo oa rona o tla ba bitsañ. 40 Mi a shupa, mi a kaea ka mahuku mantsi a sele, a re, Ipulukeñ mo sikeñ lo loa cokamo. 41 ¶ Eriha gona ba ba le ba cula lehuku ya gague ka boitumelo ba bapetisioañ; mi ga okelerioa go bona e kane e le meoea e teri thousanda mo tsatsiñ yeuo. 42 Mi ba coelela ka tlomamo mo thutoñ ea baapostoloi, le mo kabalanoñ, le mo thoboñ ea señkhue, le mo merapeloñ. 43 Mi ga tla poiho mo meoeeñ eotle; mi licupo le likhakhamaco lintsi tsa rihoa ki baapostoloi. 44 Mi botle ba ba rumelañ ba le mogo, mi ba abalana lilo tsa bona cotle. 45 Mi ba bapatsa lithoto le lilo tsa bona, mi ba li abela botle kaha moñue le moñue o tlokañ ka gona. 46 Mi ba na bañue hela ka metla eotle mo tempeleñ, ba roba señkhue mo tluñ ñue le go e ñue, ba ya liyo tsa bona mogo ka boitumelo, le boñue hela yoa pelu, 47 Ba baka Morimo, mi ba na le tsalano le bathu botle. Mi Morena a oketsa ekelesia ka metla eotle ka bona ba ba bulukegañ.

3

KHAOLO 3. 1 MI yana Petero le Yohane ba ea mogo mo tempeleñ ka oura oa thapelo, o o leñ oura oa bo‐naen. 2 Mi monona moñue a bo a tlotsa sebopeloñ sa ga mague a belegoa, eo ba maeañ ha khoroñ ea tempela e e birioañ Boiñtle, go lopa likaco mo go ba ba tsenañ mo tempeleñ; 3 Eo ka a bona Petero le Yohane, ka ba tla tsena mo tempeleñ a lopa likaco; 4 Mi Petero a mo leba thata le Yohane, a re, Re lebe. 5 Mi a ba tsepegela maitlo, a lebelela ha a tla bona señue mo go bona. 6 Mi Petero, a re, Selevera le gouda, ga ki na naco; mi se ki nañ nasho kia se gu naea. Tloga ue me u tsamaee, mo ineñ ya ga Yesu Keresete, oa Nasareta. 7 Mi a mo cuara ka atla se se siameñ, a mo emisa; mi linao tsa gague, le magueyana a na thata ka bonako. 8 Mi a tlola, a ema, a tsamaea; mi a tsena nabo mo tempeleñ, a tsamaea, a tlola, a baka Morimo. 9 Mi bathu botle ba mona a tsamaea, a baka Morimo. 10 Mi ba itse ha e le le ena eo o la a lulela likaco ha khoroñ ea Boiñtle ea tempela; mi ba tlaloa ki khakhamalo, le khakhamaco mo go se o se rihecoeñ. 11 Mi ka motlotsi eo o horisicoeñ a sa tsegeritse Petero le Yohane, bathu botle ba tabogela mogo go bona, mo khoroñ e e birioañ ea ga Solomone, ka khakhamalo e kholu. 12 ¶ Mi ka Petero a bona yalo, a araba bathu a re, Lona banona ba Yeserela, lo gakhamaletseñ mo seoñ se? khotsa, lo re lebetseñ thata yana, yaka ekete re tsamaisitse monona eo ka thata le boitsepho yoa rona? 13 Morimo oa ga Aberahame le oa ga Yitsake, le oa ga Yakobe, Morimo oa bo‐rra ecu, o galaleritse Yesu Moroa ona, eo lo mo neletseñ, loa mo latola ha pele ga Pilato, ka a ikaeletse go mo golola. 14 Mi lo latotse Moitsephi le Mosiami, mi loa eletsa molai, gore lo mo neloe; 15 Mi lo bolaile Mogogi eo mogolu oa botselo, eo Morimo o mo cositseñ mo bashuiñ; mo re leñ bashupi ba gona. 16 Mi e le ka tumelo mo ineñ ya gague, leina ya gague le mo thataharitse, eo lo monañ lo mo itseñ; mi tumelo e e leñ ka ena, e mo horisitse yalo ha pele ga lona lotle. 17 Mi yana, ba ga ecu, kia itse ha lo rihile yalo ka go bisa go itse, le bona balaori ba lona. 18 Mi Morimo o rihaharitse yalo lilotse o loa li bulelela pele ka melomo ea baperofeti botle ba ona, ha Keresete a cuanetse go bolaoa. 19 ¶ Ki gona, tlabologañ, mi lo hetoge, gore libe tsa lona li phimoloe, mogañ metla ea tsirihaco e tlañ, e e coañ ha pele ga Morena; 20 Mi o tla roma Yesu Keresete, eo lo mo rerecoeñ pele; 21 Eo, legorimo le tla mo culañ go ea metleñ ea go ba go emisa ga lilo cotle, e Morimo o loa bua kaga eona ka melomo ea baperofeti ba boitsepho botle ba ona mo tsimologoñ, le mo nakoñ enu. 22 Gone Moshe a la a raea bo‐rra, Yehova Morimo oa lona tla o lo cosetsa moperofeti oa bana ba ga rra enu, eo o cuanañ le ’na; lo tla mo utlua mo go cotle tse o tla li buañ le lona. 23 Mi go tla rihala, moea moñue le moñue o o ganañ go utlua moperofeti eo, o tla khumoloa mo bathuñ. 24 Le bona baperofeti botle e sa le ka Samuele, le ba ba rularañ, eboñ botle ba ba buileñ, le bona ba buleletse pele kaga metla enu. 25 Lona lo bomoroa baperofeti, le ba kholagano e Morimo o loa e riha le bo‐rra ecu, oa raea Aberahame, oa re, Mi litsika cotle tsa lehatse li tla tsegoharioa mo losikeñ loa gago.Ka Morimo o lo o coseritse Yesu Moroa ona, eo o mo lo rometseñ pele, gore a lo tsegahatse, ka go shukulola moñue le moñue oa lona mo maleoñ a gague.

4

KHAOLO 4. 1 MI ka ba sa bua le bathu ga tla go bona baperiseti, le mogolu oa tempela, le Basadukai, 2 Ba gakaricoe gone ba ruta bathu, ba rera ga cogo mo bashuiñ ka Yesu. 3 Mi ba ba bela liatla, mi ba ba tsenyetsa tsatsi ye leñue mo kholegeloñ, gone yana e le le ka mabanyane. 4 Mi bontsi yo bo le yoa utlua lehuku, yoa rumela; mi palo ea banona e kane e le ba faev thousanda. 5 ¶ Mi ga rihala mo moshoñ, balaori ba bona, le bagolu, le bakuari, 6 Le Ane, moperiseti eo mogolu, le Kaiafe, le Yohane, le Alekandere, le botle ba losika loa moperiseti eo mogolu, ba phuthegela mo Yerusalem. 7 Mi erile ba sina ba emisa ha gare, ba botsa, Lo rihile tiho e ka thata ehe, khotsa ka leina lehe? 8 Eriha gona Petero o tlarioañ ka Moea oa Boitsepho, a ba raea, Lona balaori ba bathu, le bagolu ba Yeserela, 9 Ha re botsisioa gompienu kaga tiho e e molemo e e rihecoeñ monona oa setlotsa, kaga se o horisicoeñ ka shona; 10 A go itsioe ki lona lotle, le bathu botle ba Yeserela, ha e le le ka leina ya ga Yesu Keresete, oa Nasareta, eo lo mapotseñ, eo Morimo o mo cositseñ mo bashuiñ, monona eo o eme, o horile ha, ha pele ga lona, ka ena. 11 Eo ki yeona leincue ye le nyaricoeñ ki lona baagi, ye le rihegileñ motheo oa khokhoco. 12 Mi ga go na puluko mo go ope o sele, le gona a go na leina lepe le sele ha tlatse ga legorimo, ye le neiloeñ mo bathuñ, ye re cuanetseñ go bulukoa ka yeona. 13 ¶ Mi yana erile ba bona bopelukhale yoa ga Petero le Yohane, mi ba lemoga ha ba sa rutoe, e le le bathu hela, ba gakhamala; mi ba ba itse ha ba le ba na le Yesu. 14 Mi ka ba bona monona eo o horisicoeñ a eme nabo, ba reteleloa go bua sepe kaga seuo. 15 Mi ka ba sina go ba laola go coela ntle ga tseko, ba gakololana mo go bona, 16 Ba re, Re tla rihañ le bathu ba? gone tiho ea khakhamaco e e itsegeñ e rihiloe ki bona, e bonaletse bona botle ba ba agañ mo Yerusalema, mi ga re kake ra latola. 17 Mi a re ba bopeleñ thata, gore ba si bue le ope mo ineñ ye, gore seuo se si halarioe mo bathuñ. 18 Mi ka ba sina go ba bitsa, ba ba laola gore ba si bue sepe, leha e le go ruta mo ineñ ya ga Yesu. 19 Mi Petero le Yohane ba araba, ba ba raea, Lo atlole ha pele ga Morimo, ha e le tsiamo, go retsa Morimo, khotsa go lo retsa. 20 Gone ga re kake ra khutla go bua ga lilo tse re ri bonyeñ, le tse re li utluileñ. 21 Mi ka ba ba bopela gape, ba ba lesa ba ea, ka ba si ka ba bona sepe kaha ba ka ba betsañ ka gona, ka ntla ea bathu; gone botle ba galaletsa Morimo ka ntla ea se se rihahetseñ. 22 Gone monona eo, cupo ea phorisho e e rihiloeñ mo go ena, bogolu yoa gague e le le bogolu go nyaga li forte. 23 ¶ Mi ka ba sina lesioa ba ea kua shomoñ ya bona, mi ba bulela cotle tse baperiseti ba bagolu, le bagolu ba li buileñ nabo. 24 Mi ba, ka ba utlua tseuo ba tlatlosetsa Morimo koru tsa bona ba boñue hela yoa pelu, ba re, Morena, uena u Morimo o o rihileñ legorimo, le lehatse, le leoatle, le lilo cotle tse ri mo go cona; 25 O o buileñ ka molomo oa ga Davide kala ea gago, Bahaitene ba le ba nelañ botsenoa, mi bathu ba gakologeloañ lilo tsa boithamako? 26 Likhosi tsa lehatse li tsa ema, mi balaori ba phuthega mogo go emalana le Yehova, le go emalana le Keresete oa gague. 27 Gone amarure Herode le Ponta Pilato, le bona bahaitene, le bathu ba Yeserela ba phuthegela mogo go emalana le Yesu Ñuana oa Boitsepho oa gago, eo u mo tloritseñ, 28 Go riha cotle tse atla sa gago le khakololo ea gago e li laotseñ pele go rihala. 29 Mi yana Morena leba lipopo tsa bona; mi naea batlañka ba gago go bua huku ya gago ka thanolo. 30 Ka go ntsa atla sa gago go horisa; gore licupo, le likhakhamaco li rihale ka leina ya ga Yesu, Ñuana oa Boitsepho oa gago. 31 ¶ Mi ka ba sina rapela, helo ha ba phuthegetseñ gona ga tsikiñoa; mi ba tlarioa botle ka Moea oa Boitsepho; mi ba bua huku ya Morimo ka thanolo. 32 Mi bontsi yoa bona ba ba rumelañ bo le yoa na pelu ñue hela, le moea o moñue hela, mi le gona go si ope eo o reñ lilo tse o nañ naco ki tsa gague, gone ba le ba na bañue hela mo liloñ tsa bona. 33 Mi baapostoloi ba shupa ga cogo ea Yesu Morena ka thata e kholu; mi tsegohaco e kholu e le le go bona botle. 34 Gone gole go si na ope oa bona eo o tlokañ; gone botle ba ba le ba na le masimo khotsa matlu, ba a bapatsa, ba lere lireko tsa lilo tse ri baparicoeñ, 35 Mi ba li baea ha naoñ tsa baapostoloi; mi kabelo ea riheloa moñue le moñue kaha o tlokañ ka gona. 36 Mi Yose eo o okelerioañ ki baapostoloi leina ya Barenaba, (ye e leñ, Moroa khomoco, mo phetoleloñ), Moleva, oa lehatse ya Kupero, 37 Ka a na le tsimo a e bapatsa, a lere lireko, a li baea ha naoñ tsa baapostoloi.

5

KHAOLO 5. 1 MI monona moñue eo o birioañ Ananie, le Safire mogatse, ba le ba bapatsa tse ba nañ naco, 2 Mi a itsela kabelo ñue ea sereko, le ena mogatse a itse mouo, mi a lere kabelo e ñue, a e baea hali naoñ tsa baapostoloi. 3 Mi Petero a re, Anania, Satane o tlaleritseñ pelu ea gago go akela Moea oa Boitsepho, le go itsela kabelo ñue ea sereko sa tsimo? 4 A erile e sa leo, a e le e si ea gago? mi erile e sina baparioa, a e le e si mo thateñ ea gago? U gakologecoeñ seo se mo peruñ ea gago? Ga ua akela bathu, mi e le go Morimo. 5 Mi Ananie a ra sina utlua mahuku a, a oela ha hatse, mi a shua; mi poiho e kholu ea tla go bona botle ba ba utluañ lilo tse. 6 Mi makau a tloga a ema, a mo phutha, a melegela ntle, mi a mo hitla. 7 Mi go kane gole gole lioura li teri morago ga mouo, ga tsena le ena mogatse a sa itse se se le se rihahetse. 8 Mi Petero a mo araba, ’Mpulelela ha lo baparitse tsimo ka bokalo? Mi a re, E, ka go le kalo. 9 Mi Petero a mo raea, Gontse yañ, ka lo kopanetse mogo go raela Moea oa Morena? Bona, linao tsa bona ba ba hitlileñ monona oa gago, li ha moyakoñ, mi li tla gu belegela ntle. 10 Mi a oela ka bonako ha naoñ tsa gague, mi a shua; mi ka makau a tsena, a mona a shule, a melegela ntle, a mo hitla ha mononeñ oa gague. 11 Mi ga tla poiho e kholu mo ekelesieñ eotle, le go bona botle ba ba utluañ lilo tseuo. 12 ¶ Mi ga rihala licupo, le likhakhamaco li lintsi mo bathuñ, ka atla tsa baapostoloi; mi ba le ba na bañue hela mogo mo khoroñ ea ga Solomone. 13 Mi ba ba sele go si ope eo o ka kopanañ nabo ka gope, mi ba kaioa segolu ki bathu; 14 Mi ba okelerioa bogolu bogolu ba ba rumelañ Moreneñ, bontsi yoa banona le basari; 15 Ga tsamaea ba belegela babobori mo mebileñ; mi ba ba latsa mo malaoñ le mo malaoaneñ, gore e tlere khotsa Petero a heta muruti oa gague o rutihalele bañue ba bona. 16 Mi le gona gabo go tla Yerusalema bontsi yo bo coañ mo metseñ e e mo lithokoñ, bo lere babobori, le ba ba cueñoañ ki meoea e mashue, mi ba horisioa botle. 17 ¶ Eriha gona moperiseti eo mogolu o tlogañ a ema, le bona botle ba ba nañ nae, (ba e leñ ba shomo ya Basadukai,) mi ba tlaloa ki bogale, 18 Mi ba cuara baapostoloi ka atla tsa bona, mi ba ba tsenya mo tluñ ea kholegelo ea botle. 19 Mi moengele oa Morena a bula licualo tsa ntlu ea kholegelo bosigo, mi a ba gogela ntle, a re, 20 Eañ, lo eme, lo bue le bathu mo tempeleñ mahuku aotle a botselo yo. 21 Mi ka ba utlua yalo, ba tsena mo tempeleñ ka e sa le mosho, mi ba ruta. Mi moperiseti eo mogolu a tla, le bona ba ba nañ nae, mi ba biletsa tseko mogo, le bagolu botle ba bana ba Yeserela, mi ba roma kua tluñ ea kholegelo go ba lere. 22 Mi ka batlañka ba tseko ba tla, ba si ka ba ba bona mo tluñ ea kholegelo, mi ba ba ba boea, ba bulela, 23 Ba re, Re le ra bona rure ntlu ea kholegelo e cuecue ka tlomamo eotle, le barisa ba eme ha pele ga meyako, mi erile re sina bula, re si ka ra bona ope mo teñ. 24 Mi yana moperiseti eo mogolu, le mogolu oa tempela, le baperiseti ba bagolu, ka ba utlua mahuku auo, ba balaela kaga bona, go kaea kaha lilo tseuo li tla nañ ka gona. 25 Eriha gona go tlañ moñue, a ba bulelela, a re, Bonañ, banona ba lo ba tsentseñ mo tluñ ea kholegelo, ba eme mo tempeleñ, mi ba ruta bathu. 26 Eriha gona eo mogolu le batlañka ba tseko ba eañ, ba ba lere, esiñ ka kholo, gone ba boiha bathu, gore e si re khotsa ba khobotlerioa. 27 Mi ba rile ba sina ba lere, ba ba emisa ha pele ga tseko, mi moperiseti eo mogolu a ba botsa, 28 A re, A re le re si ka ra lo laolela thata, gore lo si rute mo ineñ ye? mi bonañ, lo tlaritse Yerusalema ka thuto ea lona, mi lo rata go lere mari a mothu eo go rona. 29 ¶ Mi Petero le baapostoloi, ba araba, ba re, Re cuanetse go utlua Morimo bogolu go utlua bathu. 30 Morimo oa bo‐rra ecu, o cositse Yesu, eo lo molaileñ, loa mo pega mo setlareñ. 31 Ena eo, Morimo o mo gorisitse, ka atla se se siameñ sa ona, go na Mogogi eo mogolu le Muluki, go nela Yeserela tlabologo, le boicuarelo yoa libe. 32 Mi re bashupi ba lilo tseuo ba gague; le Moea oa Boitsepho le ona, o Morimo o o ba netseñ bona ba ba o utluañ. 33 ¶ Ba rile ba utlua yalo, ba segoa mo peruñ, mi ba gakololana go ba bolaea. 34 Mi ga tloga ga ema Mofarisai moñue mo tsekoñ, eo o birioañ Gamaliele, moruti oa molao, a kaioa segolu ki botle, mi a laola go ntsetsa baapostoloi kua ntle ka bokhutsanyane. 35 Mi a ba raea, Lona banona ba Yeserela, lo itise kaha lo itlomañ lo ka rihela bathu ba ka gona. 36 Gone gole ga coga Teuda pele ga metla enu, a belahala ha a le señue; eo o ñapareloañ ki banona e kane e le le ba for hundereda; eo o bolailoeñ; le botle ba ba mo utluileñ ba halarioa, mi ba nyelela hela. 37 Mi morago ga eo, ga coga Yuda oa Galilea, mo metleñ ea go kualoa, mi a itaterisa bontsi yoa bathu; mi eo, le ena, a nyelela; mi botle ba ba mo utluañ ba halarioa. 38 Mi yana, kia lo raea, Lo ithibe mo bathuñ ba, mi lo ba lese; gone ha khakololo e, khotsa tiho e, e le ea bathu, e tla be e si sepe; 39 Mi ha e le ea Morimo, ga lo kake loa e senya; e si re khotsa loa bonoa lo ganela le Morimo. 40 Mi ba mo utlua; mi ka ba sina biletsa baaposotoloi go bona, ba ba betsa, ba laola gore ba si bue mo ineñ ya ga Yesu, mi ba ba lesa ba ea. 41 ¶ Mi ba coa ha pele ga tseko ba ea, ba itumela ka ba kaecoe go cuanela go bogisioa ki litloñ ka ntla ea leina ya gague. 42 Mi ba si ka ba khutla go ruta le go rera Yesu Keresete mo tempeleñ, le mo matluñ.

6

KHAOLO 6. 1 MO metleñ eouo, ka palo ea barutoa e sina ntsiharioa, ga na ñoñorego ea Bagerika le Bahebera, gone batlolagari ba bona ba lebaloa mo tiheloñ ea malatsi aotle. 2 Mi ba tuelev ba biletsa bontsi yoa barutoa go bona, mi ba re, Ga goa siama ha re ka tlogela lehuku ya Morimo, go rihela mati tsa boyelo. 3 Ki gona, ba ecu, itseñkeleñ banona ba seven mo go lona, ba ba kaioañ segolu, ba ba tletseñ Moea oa Boitsepho, le botlale, ba re ka ba laorisañ tihelo e. 4 Mi rona re tla inela ka gale mo thapeloñ, le mo tiheloñ ea lehuku. 5 ¶ Mi lehuku ye ya khatla bontsi yotle; mi ba itseñkela Setefano, monona eo o tletseñ tumelo le Moea oa Boitsepho, le Filipo, le Perokoro, le Nikano, le Timona, le Paremena, le Nikolo, e le moperosoliti oa Antioka; 6 Mi ba ba baea ha pele ga baapostoloi; mi ka ba sina rapela, ba baea atla tsa bona mo go bona. 7 Mi lehuku ya Morimo ya ata segolu; mi palo ea barutoa ea ntsihala bogolu mo Yerusalema; mi shomo ye legolu ya baperiseti ya utluela tumeloñ. 8 Mi Setefano, ka a tletse tumelo le thata, a riha likhakhamaco le licupo tse ri kholu gare ga bathu. 9 ¶ Mi ga coga bañue ba senagoge se se birioañ sa Baliberetine, le Bakurine, le Baalekanderia, le Bakilikia, le Baasia, ba ganela le Setefano. 10 Mi ba si ka ba nonoha go thiba botlale le Moea o o buañ ka ona. 11 Eriha gona ba tlotleletsañ banona, ba ba reñ, Re mo utluile a bua mahuku a khalo kaga Moshe, le Morimo. 12 Mi ba hurua bathu, le bagolu, le bakuari, mi ba tla go ena, ba mo cuara, ba mo isa ha pele ga tseko. 13 Mi ba emisa bashupi ba kako, ba ba reñ, Monona eo ga a khutle go bua mahuku a khalo kaga helo ha ga boitsepho, le molao; 14 Gone re mo utluile a re, Yesu eo, oa Nasareta, o tla senya helo ha, mi o tla hetola mekhua e re e neiloeñ ki Moshe. 15 Mi botle ba ba rutseñ mo tsekoñ, ka ba mo lebile thata, ba bona sehatlogo sa gague ekete e le le sehatlogo sa moengele.

7

KHAOLO 7. 1 MI moperiseti eo mogolu, a re, Lilo tse a lintse yalo? 2 Mi a re, Banona bakauleñue, le bo‐rra, retsañ; Morimo oa khalalelo o lo oa iponatsa go Aberahame rra ecu, ka a le mo Mesopatamia, ka a e si a age mo Harana. 3 Mi oa mo raea, Coa mo hatsiñ ya gago, le mo tsaleñ tsa gago, mi u ee kua hatsiñ ye ki tla le gu shupetsañ. 4 Eriha gona o coañ mo hatsiñ ya Bakaledia, mi a aga mo Harana; mi erile rague a sina shua, o loa mo ntsa gona, oa mo isa kua hatsiñ ye, yana lo agileñ mo go yeona. 5 Mi o si ka oa mo naea boshua bope mo go yeona, le esiñ khato ñue ea lonao; mi o loa bulelela pele ha o tla le mo naea go na boshua, le losika loa gague, morago ga gague, ka a e si a rihane le ñuana. 6 Mi Morimo o loa bua yalo, Losika loa gago lo tla na baeñ mo hatsiñ ya boeñ; mi ba tla lo lere mo kholegoñ, ba lo riha boshula ka linyaga li for hundereda. 7 Mi morahe o, lo tla o rihelañ, ki tla o sekisa, go bua Morimo; mi lo tla coa morago ga mouo, mi lo tla ’ntihela mo heloñ ha. 8 Mi o loa mo naea kholagano ea boguera; mi yalo a tsala Yitsake, a mo guerisa ka tsatsi ya bo‐eit; mi Yitsake a tsala Yakobe, mi Yakobe a tsala bapatriareki ba tuelev. 9 Mi bapatriareki ba khuerioa ki khutlogo ba bapaletsa Yosefe kua Egepetoñ; mi Morimo o lo oa na nae. 10 Mi oa mo golola mo lipogishoñ tsa gague cotle, oa mo naea tsegahaco le botlale mo maitloñ a ga Faroe khosi ea Egepeto; mi ea mo emisa molaori mo Egepetoñ, le mo tluñ ea eona eotle. 11 Mi yana ga tla tlala mo hatsiñ yeotle ya Egepeto le Kanana, le pitlaganyo e kholu; mi bo‐rra ecu ba sa bone liyo. 12 Mi erile Yakobe a utlua mabele a le mo Egepetoñ, a ntsa a roma bo‐rra ecu ga ntla. 13 Mi Yosefe a itsisioa bomogolue ko loeto loa bo‐tu, mi tsala tsa ga Yosefe tsa bonatsegela Faroe. 14 Mi Yosefe a roma a biletsa Yakobe rague go ena, le sika lotle loa gague; e le le meoea e sevente faev. 15 Mi Yakobe a hologela Egepetoñ, mi a shua, ena, le bo‐rra ecu. 16 Mi ba belegeloa kua Shekema, mi ba larioa mo lecueñ, ye Aberahame o la a le reka ka palo ea lireko mo go bomoroa Hamore rra Shekeme. 17 Mi erile motla oa pulelelo pele o atamela, o Morimo o lo oa o ikanela Aberahame, bathu ba ata ba ntsihala mo Egepetoñ, 18 Ga tsamaea ga coga khosi e ñue e e le e sa itse Yosefa. 19 Euo e la ea riha ka tsieco le sika loa rona, mi e la ea rihela bo‐rra ecu boshula, ga tsamaea ba latlela banyana ba bona kua ntle, gore ba si tsele. 20 Moshe o la a belegoa mo motleñ ouo, mi a retetse ka boiñtle, a otloa ka khueri li teri mo tluñ ea ga rague. 21 Mi ka a sina latleloa ntle, moroaria Faroe a mo cula, a mo ikotlela go na moroaue. 22 Mi Moshe a rutoa mo botlaleñ yotle yoa Baegepeto, mi a na thata mo mahukuñ le mo litihoñ. 23 Mi eare a sina na linyaga li forte, ga tla mo peruñ ea gague go lekola bakauleñue ba gague, eboñ bana ba Yeserela. 24 Mi ka a bona moñue oa bona, a riheloa ka tsiamololo, a mo hemela, a bushulosetsa ena eo o bogisioañ, mi a bolaea Moegepeto. 25 Mi a itloma bakauleñue ba gague ba tla tlaloganya ha Morimo o tla ba golola ka atla sa gague; mi ba si ka ba tlaloganya. 26 Mi ka motla o moñue a bonoa ki bona ka ba loa, mi a ba emelela go agisanya, a re, Banona, lo bakauleñue; lo rihelanañ tsiamololo? 27 Mi eo o la a rihela moñ ka ena tsiamololo, a mo khorometsa, a re, U emisicoe emañ molaori le moatlori mo go rona? 28 A u tla ’mpolaea, yaka u bolaile Moegepeto mabane? 29 Mi Moshe a tsaba ka huku yeuo, mi a na moeñ mo hatsiñ ya Midiana, ha o tsaletseñ bomoroa ba tu gona. 30 Mi linyaga li forte li sina heta, ga iponatsa moengele oa ga Yehova go ena mo khabuñ ea molelo, mo setlareñ, kua gareganaga ea thaba ea Sinai. 31 Moshe ka a bona yalo, a gakhamalela se o se bonañ; mi ka a atamela go se bona, koru ea ga Yehova ea mo rihahalela,E re, Ki ’na Morimo oa bara ba gago, Morimo oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe. Mi Moshe a roroma segolu, a sa kake a leba. 33 Mi Yehova a mo raea, Rola litlaku mo naoñ tsa gago; gone helo ha u emeñ gona, e le mbu oa boitsepho. 34 Ki bonye ka kelotloko lipogisho tsa bathu ba me, ba ba mo Egepetoñ, mi ki utluile phegelo tsa bona, mi ki hologetse go ba golola. Mi yana, ntlo, mi ki tla gu romela kua Egepetoñ. 35 Moshe eo, ba mo latotseñ, ba re, Mañ eo o gu rihileñ molaori, le moatlori? ena eo Morimo o loa mo roma go na molaori le mogolori, ka seatla sa moengele, eo o la a mo ipontsitse mo setlareñ. 36 Eo, o la a ba ntsa, a sina riha likhakhamaco le licupo mo hatsiñ ya Egepeto, le mo Leoatleñ ye le Hubiru, le mo gareñganaga, ka nyaga li forte. 37 ¶ Moshe eo, ki ena eo o la a raea bana ba Yeserela, Yehova Morimo oa lona, o tla lo cosetsa moperofeti oa bana ba ga rra enu, eo o cuanañ yaka ’na; eouo lo tla mo utlua. 38 Eo, ki ena eo o la a le mo ekelesieñ mo gareñganaga le moengele, eo o la a bua nae mo thabeñ ea Sinai, le go bo‐rra ecu, ba ba le ba bona mahuku a a tserileñ go a re naea; 39 Eo bo‐rra ecu ba le ba gana go mo utlua, mi ba mo khorometsa go bona, mi ba boela kua Egepetoñ ka pelu tsa bona, 40 Ba raea Arone, Re rihele merimo go tsamaea ha pele ga rona; gone kaga Moshe eo, eo o re ntsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, ga re itse se se mo rihahetseñ. 41 Mi ba riha namane mo metleñ eouo, mi ba shupela morimo oa seseto cupelo, mi ba itumela mo tihoñ tsa atla tsa bona. 42 Mi Morimo oa rulara, oa ba nela go obamela ntua ea legorimo; yaka go kuariloe mo bukeñ ea baperofeti, Lona ba ntlu ea Yeserela, a lo ’ncuperitse cupelo tsa tlabo, le licupelo mo gareñganaga ka linyaga li forte? 43 E, lo loa cula taberenakela ea Moloka, le naleri ea Remfana morimo oa lona’ licuanco tse lo li rihileñ go li obamela; mi ki tla lo belegela kua pele ga Babelona. 44 Taberenakela ea cupo, e le ea na le bo‐rra ecu mo garenganaga, yaka o laotse, o o buileñ le Moshe, gore a e rihe yaka cuano e o la a e bona. 45 E bo‐rra ecu le bona ba e bonyeñ, ba e lere le Yehoshue mo hatsiñ ye bahaitene ba le ba le go yeona, ba Morimo o ba khueritseñ, go coa pele ga hatlogo tsa bo‐rra ecu, le mo malatsiñ a ga Davide, 46 Eo o la a bona tsegohaco ha pele ga Morimo, a eletsa go bonela Morimo oa ga Yakobe taberenakela. 47 Mi Solomone a o agela ntlu. 48 Leha gontse yalo, Mogorimo oa bogorimo bogolu a sa nne mo tempeleñ tse ri rihiloeñ ka liatla; yaka go bua moperofeti, 49 Legorimo ki serulo sa bogosi sa me, me lehatse ki serulo sa nao tsa me; lo tla ’nkagela ntlu e e ntseñ yañ? go bua Yehova; khotsa helo ga boikhuco yoa me ki gohe? 50 Seatla sa me a ga sea riha lilo cotle tse? 51 ¶ Lona ba lo lithamu li thata, ba lo sa guerisioeñ mo lipeluñ le mo litsebeñ, loa bo lontse lo ganela le Moea oa Boitsepho; yaka bo‐rra enu, le lona lontse yalo. 52 Ki ohe oa baperofeti, eo bo‐rra enu ba sa mogisañ? mi ba bolaile bona ba ba buleletseñ pele ga go tla ga Mosiami; eo yana lo leñ baoki le babolai ba gague; 53 Lona ba lo bonyeñ molao ka tihelo ea baengele, mi lo si ka loa o buluka. 54 ¶ Mi ka ba utlua lilo tseuo ba segoa mo peruñ, mi ba mo huranyeletsa meno. 55 Mi ena, ka a tletse Moea oa Boitsepho, a lelalela thata kua legorimoñ, a bona khalalelo ea Morimo, le Yesu a eme mo atleñ se se siameñ sa Morimo, 56 Mi a re, Bonañ, ki bona magorimo a buloa, le Moroa mothu a eme mo atleñ se se siameñ sa Morimo. 57 Mi ba bitsa ka koru e kholu, ba tsiba tseba tsa bona, ba mo tabogela mogo, 58 Mi ba mo latlela ntle ga motse, mi ba mo khobotletsa ka maye; mi bashupi ba baea liaparo tsa bona ha linaoñ tsa lekau ye le birioañ Saulo. 59 Mi ba khobotletsa Setefano, a bitsa, a re, Yesu Morena, cula moea oa me. 60 Mi a khubama, a bitsa ka koru e kholu, Morena, u si ba kaele boleo yo. Mi ka a sina bua yalo, a robala.

8

KHAOLO 8. 1 MI Saulo a khatlegile mo loshuñ loa gague. Mi pogisho e kholu e le ea rihahalela ekelesia e e mo Yerusalema ka metla euo; mi ba halarioa botle mo mahatsiñ aotle a Yudea le Samaria, mi esiñ baaposotoloi. 2 Mi banona baboihi Morimo ba belegela Setefano go phitloñ, mi ba riha telelo e kholu ka ntla ea gague. 3 Mi Saulo antse a senya ekelesia, a tsena mo matluñ, a shuatola banona le basari, a ba tsenya mo tluñ ea kholegelo. 4 Mi yana ba ba halaricoeñ ba ralala ntla cotle, ba rera lehuku. 5 Mi Filipo a ea kua motseñ oa Samaria, a ba rerela Keresete. 6 Mi bontsintsi yoa elatloko lilo tse Filipo o li buañ, ka ba utlua, ba bona cupo tse o ri rihañ. 7 Gone bantsi ba ba le ba na le meoea e e mashue e le ea coa e bitsa ka koru tse ri kholu; mi bantsi ba ba teteselañ, le batlotsi, ba horisioa. 8 Mi ga na boitumelo yo bogolu mo motseñ o. 9 Mi gabo gole monona moñue, eo o birioañ Simone, eo o la a na pele mo motseñ, a löa, a silohatsa bathu ba Samaria, a ba raea ga gague ha a le moñue eo mogolugolu. 10 Eo ba le ba mo tsatsia, eo mogolu le go eo motlana, ba re, Eo ki ena thata e kholu ea Morimo. 11 Mi ba mo ñaparela, gone a sibolo ba silohatsa ka litoo tsa gague. 12 Mi erile ba rumela Filipo, ka a rera lilo tsa bogosi yoa Morimo, le tsa leina ya ga Yesur Keresete, ba bapetisioa, banona le basari. 13 Mi Simone le ena a rumela; mi ka a sina bapetisioa, a na ka gale le Filipo, mi ka a bona likhakhamaco le rithata tse ri kholu tse ri rihoañ, a gakhamala segolu. 14 Mi yana, ka baapostoloi ba ba leñ kua Yerusalema ba utlua, ha Basamaria ba cutse lehuku ya Morimo, ba ba romela Petero le Yohane; 15 Ba erileñ ba tla, ba ba rapelela, gore ba cule Moea oa Boitsepho: 16 Gone o lo e si o ke o oele go moñue oa bona; mi ba le ba bapetisioa gosi mo ineñ ya ga Yesu Morena. 17 Eriha gona ba ba baeañ liatla, mi ba cula Moea oa Boitsepho. 18 Mi ka Simone a bona ha Moea oa Boitsepho o necoe ka peo ea liatla tsa baapostoloi, a shupa go ba naea lireko, 19 A re, Le ’na ’nnaeañ thata e, gore moñue le moñue eo ki maeañ liatla a cule Moea oa Boitsepho. 20 Mi Petero a mo raea, Lireko tsa gago a li senyege le uena, gone u itlomile ha neo ea Morimo e rekoa ka lireko. 21 Ga u na kabelo, le esiñ boshua mo hukuñ ye; gone pelu ea gago e sa siama ha pele ga Morimo. 22 Tlabologa tle mo boleoñ yo yoa gago, mi u rapele Morimo, e tle e re khotsa khakologelo e, ea pelu ea gago e icuareloe. 23 Gone kia lemoga ha u le mo santlukueñ se se galakañ, le mo khunaganyoñ ea tsiamololo. 24 Eriha gona Simone o arabañ, a re, ’Nthapelelañ Moreneñ, gore go si tle sepe go ’na sa lilo tse lo li buileñ. 25 Mi yana ba rile ba sina shupa, ba rera lehuku ya Morena, ba ba ba boela kua Yerusalema, mi ba rera evañgelio mo metsaneñ e mentsi ea Basamaria. 26 Mi moengele oa Morena a bua le Filipo, a re, Tloga u eme, mi u ee kua ntleñ ea Southa, kua tseleñ e e coañ Yerusalema e ea kua Gasa, e e leñ gareganaga. 27 Mi a tloga a ema a ea; mi bonañ, monona oa Etiopia, mouneki oa taolo e kholu mo bogosiñ yoa ga Kandase, khosi ea sesari ea Baetiopia, eo o nañ le tisho mo lohumoñ lotle loa gague, mi o la a tletse go obamela mo Yerusalema, 28 Mi a bo a boea, mi a rutse mo carioteñ ea gague, a buisa Yesaye moperofeti. 29 Mi Moea oa raea Filipo, Ea, u kopane le cariota e. 30 Mi Filipo a tabogela gona, a mo utlua a buisa Yesaye moperofeti, mi a re, A u tlaloganya se u se buisañ? 31 Mi a re, ’Nka tlaloganya yañ, ha ki sa kaeloe ki moñue? Mi a lopa Filipo gore a palame, a lule nae. 32 Mi khaolo ea lo kualo e o buisañ go eona, e le le e, O la a gogeloa yaka ñku kua tlaboñ, mi yaka kuana e sa bue ha pele ga meori oa eona, le ena a si ka a bula molomo oa gague. 33 Tsiamisho ea gague e la ea tlosioa mo bonoloñ yoa gague: mi losika loa gague lo ka buleloa emañ? gone botselo yoa gague bo tlosioa mo hatsiñ. 34 Mi mouneki a araba Filipo a re, Kia gu rapela, moperofeti eo, o bua yalo ga mañ? ga gague, khotsa ga mothu eo moñue? 35 Mi Filipo a tumolola molomo oa gague, mi a simolola ka kualo lo, a mo rerela Yesu. 36 Mi ka ba ea mo tseleñ, ba hitla ha metseñ mañue; mi mouneki a re, Bona, metse ki a; ki khorelerioa ki eñ go bapetisioa? 37 Mi Filipo a re, Ekare ha u rumela ka pelu eotle ea gago, go ka na yalo. Mi a araba, a re, Kia rumela ha Yesu Keresete e le Moroa Morimo. 38 Mi a laola cariota go ema; mi ba hologela mogo mo metseñ, ena Filipo le mouneki; mi a mo bapetisa. 39 Mi ka ba tlatloga mo metseñ, Moea oa Morena oa tlosa Filipe, mi mouneki a sa ka a tlola a mona; gone a eta mo tseleñ ea gague ka boitumelo. 40 Mi Filipo a bonoa mo Asoto; mi ka a ralala a rera evangelio mo metseñ eotle, a tsamaea a tla go Kaisarea.

9

KHAOLO 9. 1 MI Saulo a santse a burulela barutoa ba Morena lipopo le polao, a ea kua moperisetiñ eo mogolu. 2 Mi a lopa mo go ena liepisetole go ea kua Damaseko, mo masenagogeñ, gore ereha a bona bañue ba tsela euo, leha e le banona, khotsa basari, a ba lere ka kholego Yerusalema. 3 Mi ga rihala ka a eta, a atamela Damaseko, ga phatsima mo ntleñ cotle tsa gague leseri le coa mo legorimoñ ka coganeco. 4 Mi ka a oela ha hatse, a utlua koru e e mo raeañ, Saulo, Saulo, u ’mpogisetsañ? 5 Mi a re, Morena, u mañ? Mi Morena a re, Ki ’na Yesu eo, u mogisañ; go thata go uena go raga litlabi. 6 Mi a roroma, a silohala, a re, Morena, u rata ka rihañ? Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua motseñ, mi u tla buleleloa se u cuanetseñ go se riha. 7 Mi banona ba, ba le ba eta nae, ba ema ka tsilohalo, koru ba e utlua, mi ba sa bone ope. 8 Mi Saulo a anamologa ha hatse; mi ka a bula maitlo a gague, a si ka a bona sepe. Mi ba mo goga ka seatla, ba mo isa kua Damaseko. 9 Mi a si ka a bona ka malatsi a teri, mi a sa ye, mi a sa noe. 10 ¶ Mi gabo gole morutoa moñue mo Damaseko, eo o birioañ Ananie. Mi Morena o la a mo raea mo sepontsishoñ, Anania. Mi a re, Bona, Morena, ki hanu. 11 Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua mileñ o o birioañ Tsiamo, mi u botse mo tluñ ea ga Yude moñue eo o birioañ Saulo oa Tareso, gone, bona, oa rapela; 12 Mi o bonye monona eo o birioañ Ananie a tsena, a mo latsa seatla, gore a ba a bone. 13 Mi Ananie a araba, Morena, ki utluisicoe ki bantsi ga monona eo, le bogolu yoa boshula yo o bo rihetseñ baitsephi ba gago mo Yerusalema; 14 Mi monu o na le thata e e coañ mo baperisetiñ ba bagolu go golega botle ba ba bitsañ leina ya gago. 15 Mi Morena a mo raea, Ea, gone eo ki seyana se ki se itseñketseñ go isa leina ya me ha pele ga bahaitene, le likhosi, le bana ba Yeserela; 16 Gone ki tla mo shupetsa bokai yoa lilo tse o tla bogisioañ ki cona, ka ntla ea leina ya me. 17 Mi Ananie a ea, a tsena mo tluñ; mi a maea atla tsa gague, a re, Mokauleñue Saulo, Yesu Morena, eo o gu ipontsitseñ mo tseleñ e, u lu ua tla ka eona, o ’nthomile, gore u be u bone, le go tlarioa ka Moea oa Boitsepho. 18 Mi lilo tse ri cuanañ yaka makape tsa akoha tsa oa li coa mo maitloñ a gague; mi a akoha a ba a bona, mi a ema a bapetisioa. 19 Mi ka a sina ya liyo, a thataharioa. Mi Saulo a na ka malatsi mañue le barutoa ba ba le ba le mo Damaseko. 20 Mi a akoha a rera Keresete mo masenagogeñ, ha e le ena Moroa Morimo. 21 Mi botle ba ba mo utluañ, ba gakhamala, ba re, A eo a ga si ena eo o la a senya bona ba ba bitsañ leina ye mo Yerusalema, mi a tlile monu ka mouo, gore a ba ise ba golegiloe kua baperisetiñ ba bagolu? 22 Mi Saulo a thataharioa bogolu bogolu, a henya Bayuda ba ba mo Damaseko, a ba shupetsa ha eo e le Keresete. 23 ¶ Mi ka malatsi mantsi a sina heta, Bayuda ba gakololana go molaea; 24 Mi talelo ea bona ea itsisioa go Saulo. Mi ba lebela likhoro, tsatsi le bosigo, gore ba molaee. 25 Eriha gona barutoa ba mo tsaeañ mo sigoñ, ba mo holosa ka serotu mo lorakoñ. 26 Mi ka Paulo a sina tla mo Yerusalema a leka go ikopanya le barutoa, mi ba moiha botle, ba sa rumele ha e le morutoa. 27 Mi ka Barenaba a mo tsaea, a mo isa go baapostoloi, mi a ba bulelela kaha o bonyeñ Morena ka gona mo tseleñ, mi ha a la a bua nae, le kaha a rerañ ka thanolo ka gona mo ineñ ya ga Yesu mo Damaseko. 28 Mi a na nabo go tsena le go coa mo Yerusalema. 29 Mi a bua ka thanolo mo ineñ ya ga Yesu Morena, a bua a ganela le Bagerika; mi ba, ba mo tloahaletse go molaea. 30 Mi ka bakauleñue ba tlaloganya mouo, ba mo lere go Kaisarea, mi ba mo isa kua Tareso. 31 Mi yalo liekelesia cotle mo Yuda yeotle, le Galilea, le Samaria, tsa na le kagisho; mi tsa okelerioa; mi tsa tsamaea mo poihoñ ea Morena, le mo khomocoñ ea Moea oa Boitsepho, mi tsa ntsihala. 32 ¶ Mi ga rihala ka Petero a ralala ntla cotle, le gona a tla go baitsephi ba ba agañ mo Lida. 33 Mi hoñ a bona monona moñue, eo o birioañ Ainea, eo o letseñ mo bolaoñ yoa gague ka nyaga li eit, mi a cueroe ki teteselo. 34 Mi Petero a mo raea, Ainea, Yesu Keresete oa gu horisa; tloga u eme, u ale bolao yoa gago. Mi a akoha a ema. 35 Mi botle ba ba agañ mo Lideñ le Sharona ba mona, mi ba boela Moreneñ. 36 ¶ Mi yana gabo gole morutoa oa sesari mo Yopa eo o birioañ Tabita, ki go re, Doreka mo phetoleloñ; eo o la a tletse tiho tse ri molemo, le likaco tse o ri rihañ. 37 Mi ga rihala ka motla ouo a bobola, mi a shua; eo erileñ ba sina mo tlapisa, ba mo latsa mo ntlunyaneñ ea gorimo. 38 Mi eare ka motse oa Lida o le gauhe le Yopa, mi ka barutoa ba utlua ha Petero a la a le mo go ona, ba romela banona ba tu go ena, ba rapela gore a si riege go tla go bona. 39 Mi Petero a ema, a ea nabo. Mi ka a tla, ba mo isa mo ntlunyaneñ ea gorimo; mi batlolagari botle ba ema nae ba lela, ba shupa mesese le liaparo tse li rihiloeñ ki Doreka, ka a le mo go bona. 40 Mi ka Petero a sina ba ntsa botle, a khubama, a rapela; mi ka a ithetololela setotoñ, a re, Tabita, tloga u eme. Mi a bula maitlo a gague; mi ka a bona Petero a rapamologa. 41 Mi a mo naea seatla, mi a mo kakatlolola, mi ka a sina bitsa baitsephi le batlolagari, a mo ba kaela a tserile. 42 Mi se sa itsioe mo Yopa otle; mi bontsi yoa rumela mo Moreneñ. 43 Mi ga rihala, a tlola malatsi mantsi mo Yopa, le Simone, moshugi oa matlalo.

10

KHAOLO 10. 1 MI gabo gole monona moñue mo Kaisarea, eo o birioañ Korenelio, mosenturi oa leshomo, ye le birioañ Ya Itale, 2 Moitsephi, le moihi‐Morimo, le ba ntlu botle ba gague, mi a naea bathu likaco li lintsi, mi a rapela Morimo ka gale.Eo, a bona mo sepontsishoñ ka ponatsego, e kane e le oura oa bo‐naen oa letsatsi, moengele oa Morimo a tsena go ena, mi a mo raea, Korenelio. 4 Mi ka a mo leba a boiha, mi a re, Morena, ana eñ? Mi a mo raea, Merapelo ea gago le likaco tsa gago, li tlile ha pele ga Morimo go na khoporisho. 5 Mi yana isa banona kua Yopa, mi u bitse Simone, eo o okelericoeñ leina ya Petero; 6 Eo, o tlola le Simone moshugi oa matlalo, eo ntlu ea gague e ha leoatleñ; eo, o tla gu raea se u cuanetseñ go se riha. 7 Mi ka moengele eo o buileñ le Korenelio a sina ea, a bitsa batlañka ba ntlu ea gague ba tu, le motlabani oa moihi‐Morimo, e le oa bona ba ba mo lebelañ ka gale; 8 Mi ka a sina ba bulelela cotle, a ba isa kua Yopa. 9 ¶ Mi ka mosho ka ba sa tsamaea, mi ka ba atamela motse, Petero a tlatlogela gorimo ga ntlu go rapela, e kane e le oura oa bo‐sekes; 10 Mi a cuaroa ki tlala, mi a eletsa go ya; mi ka ba santse ba etleletsa, a oela mo tsitegoñ ea pelu. 11 Mi a bona legorimo le bucoe, mi seculo señue se hologela go ena, yaka letsela ya lene ye legolu ye le kuaecoeñ khokhoco li for, mi ya lepelelela ha hatse; 12 Mogo yeona gabo gole cotle tse ri maoto a for tsa lehatse, le tse ri tlaga, le tse ri gagabañ, le linunyane tsa legorimo. 13 Mi koru ea mo rihahalela, ea re, Petero, tloga u eme, tlaba, u ye. 14 Mi Petero a re, Nya, esiñ yalo, Morena; gone ga ki e si ’nke ke ye se se sa itsephañ, khotsa se se mashue. 15 Mi koru ea ba ea mo rihahalela ga tu, ea re, Se Morimo o se itsephisitseñ, u si se itsepholole. 16 Mi se sa rihoa ga teri; mi seculo sa ba sa culeloa mo legorimoñ. 17 Mi erile ka Petero a belaela mo go ena ga se sepontsisho se o se bonyeñ se se kaeañ, bonañ, banona ba ba romiloeñ ki Korenelio, ba boritse ga ntlu ea ga Simone, mi ba eme ha khoroñ, 18 Mi ba bitsa moñue, ba motsa ha Simone, eo o okelericoeñ leina ya Petero, a le gona mo tluñ? 19 ¶ Mi ka Petero a santse a gakologeloa sepontsisho, Moea oa mo raea, Bona, banona ba teri ba gu batla. 20 Ki gona, tloga u eme u hologe, mi u ee nabo, u si belaele; gone ki ba romile. 21 Mi Petero a hologela banoneñ, ba o ba romecoeñ ki Korenelio; mi a re, Bonañ, ki ’na eo lo ’mpatlañ; ana lo tletseñ hanu? 22 Mi ba re, Korenelio, mosenturi, monona oa tsiamo, le moihi‐Morimo, eo o nan le cupo e e molemo mo moraheñ otle oa Bayuda, o bonatsegecoe ki Morimo, ka moengele oa boitsepho, gore a rome go gu biletsa kwa tluñ ea gue, gore a utlue mahuku go uena. 23 Mi ka a ba biletsa teñ, a ba culela mo tluñ. Mi ka mosho Petero a ea nabo, mi bakauleñue bañue ba Yopa ba ea nae. 24 Mi ba tsena mo Kaisarea ka tsatsi ye leñue. Mi Korenelio a ba lebeletse, mi a ba bileritse mogo tsala tsa mari tsa gague, le tsala tsa gague tse ri kholu. 25 Mi ga rihala ka Petero a sa tsena, Korenelio a mo khatlantsa, mi a oela ha naoñ tsa gague, a mo obamela. 26 Mi Petero a mo kakatlolola, a re, Tloga u eme; le ’na ki mothu. 27 Mi ka a bua nae, a tsena, mi a bona bantsi ba ba phuthegileñ: 28 Mi a ba raea, Loa itse, ha e si taolo mo mononeñ oa Bayuda go tsalana, le go ea go moñue oa morahe o sele; mi Morimo o ’ncuperitse gore ki si kaee mothu ope itsephololo, leha e le mashue. 29 Ki gona ki tlileñ esiñ ka khañ, ki sina birioa; ki gona ki botsañ se u se ’mpileritseñ? 30 Mi Korenelio a re, malatsi a for a hetile ki le ka riha go bisa go ya le go oureñ onu, mi ki le ka rapela ka oura oa bo‐naen mo tluñ ea me, mi bona, monona moñue a ema ha pele ga me mo aparoñ tse ri phatsimañ, 31 Mi a re, Korenelio, merapelo ea gago e utluiloe, mi likaco tsa gago li gopocoe, ha pele ga Morimo; 32 Ki gona roma kua Yopa, mi u bitse Simone gona, eo o okelericoeñ leina ya Petero; eo, o tlola mo tluñ ea ga Simone, moshugi oa matlalo, ha leoatleñ; eo etlareñ a tla, o tla bua nau. 33 Ki gona ki akohileñ ka roma go uena; mi u rihile seiñtle ka u tlile monu. Mi yana rotle re hanu ha pele ga Morimo, go utlua cotle tse Morimo o li gu laoletseñ. 34 ¶ Mi Petero ka a tumolola molomo oa gague a re, Kia lemoga ka amarure ha Morimo o si motlaori oa bathu; 35 Mi eo o o boihañ, le go riha tsiamo mo meraheñ eotle, oa o khatla. 36 Mi ye ki lehuku ye, o lo oa le isa go bana ba Yeserela, go rera evangelio ea kagisho ka Yesu Keresete; eo ki Morena oa botle; 37 Loa itse lehuku ye le rihahetseñ mo Yuda yeotle, go simolola ka Galilea, morago ga papetisho e Yohane o la a e rera;Kaga Yesu oa Nasareta, eo Morimo o loa mo tlotsa ka Moea oa Boitsepho, le ka thata, eo o raletseñ, a riha molemo, mi a horisa botle ba ba le ba gatisicoe ki diabolo; gone Morimo o lo oa na nae. 39 Mi re bashupi ba lilo cotle tse o li rihileñ mo hatsiñ ya Yuda, le ya Yerusalema; eo ba molaileñ, ba mo pega mo logoñeñ; 40 Eo, Morimo o mo cositse ka tsatsi ya bo‐teri, oa mo naea gore a bonatsege, 41 Esiñ mo bathuñ botle, mi e le go bashupi ba Morimo o ba itseñketseñ pele, eboñ go rona, ba re yeleñ, ra noa nae, ka a sina coga mo bashuiñ. 42 Mi o re laoletse go rerela bathu, le go shupa ha e le ena eo o laocoeñ ki Morimo go na moatlori oa batseri le bashui. 43 Eo, baperofeti ba shupañ ga gague, ha moñue le moñue eo o rumelañ mo go ena o tla bona boicuarelo yoa libe ka leina ya gague. 44 ¶ Ka Petero a santse a bua mahuku a, Moea oa Boitsepho oa oela mo go botle ba ba utluañ lehuku. 45 Mi barumeri ba boguera botle, ba ba tlileñ le Petero ba gakhamala, gone neo eo Moea oa Boitsepho, bahaitene le bona ba e goromelericoe. 46 Gone ba ba utlua ba bua ka lipuo li sele, ba gorisa Morimo. Eriha gona Petero o arabañ, 47 A moñue leha e le mañmañ o ka itsa metse, gore ba, ba si bapetisioe, ba ba cutseñ Moea oa Boitsepho yaka rona? 48 Mi a ba laolela gore ba bapetisioe mo ineñ ya Morena. Eriha gona ba mo rapelañ gore a tlole malatsi mañue nabo.

11

KHAOLO 11. 1 MI baapostoloi le bakauleñue ba ba mo Yuda, ba utlua ha bahaitene le bona ba cutse lehuku ya Morimo. 2 Mi erile Petero a sina tla Yerusalema ba boguera ba ganela nae, 3 Ba re, U lu ua tsena mo banoneñ ba ba sa guerisioeñ, mi ua ya nabo. 4 Mi Petero a simolola go ba bulelela ka thulaganyo, a re, 5 Ki le ki le mo motseñ oa Yopa, ka rapela; mi ka bona sepontsisho mo tsitegoñ ea pelu, eboñ seculo señue se se cuanañ yaka letsela ya lene ye legolu, se lepelericoe mo legorimoñ ka likhokhoco li for, mi sa tla ha go ’na; 6 Se, erileñ ki se leba thata, ka lemoga, mi ka bona tse ri maoto a for tsa lehatse, le tse ri tlaga, le tse ri gagabañ, le linunyane tsa legorimo. 7 Mi ka utlua koru e e ’nthaeañ, Petero, tloga u eme, tlaba, u ye. 8 Mi ka re, Morena, a go si ne yalo; gone ga go e si go ke go tsene sepe se se sa itsephañ khotsa se se mashue mo molomoñ oa me. 9 Mi koru ea ba e ’nkaraba e coa mo legorimoñ, ea re, Se Morimo o se itsephisitseñ, ga u kitla u se itsepholola. 10 Mi se, sa rihala ga teri; mi cotle tsa ba tsa gogeloa kua legorimoñ. 11 Mi bonañ, gabo go tlile banona ba teri ka bonako ba coa Kaisarea, ba ki ba romecoeñ, ba ema ha pele ga ntlu e ki le ki le mo go eona. 12 Mi Moea oa ’nthaea, ki ee nabo, ki si belaele. Le bona bakauleñue ba, ba sekes ba ea le ’na, mi ra tsena mo tluñ ea monona eo; 13 Mi a re bulelela kaha o bonyeñ moengele ka gona mo tluñ ea gague, eo o emeñ a mo raea, Romela banona kua Yopa, mi ba bitse Simone eo o okelericoeñ leina ya Petero. 14 Eo o tla gu bulelelañ mahuku a u tla bulukegañ ka aona, le ba ntlu botle ba gago. 15 Mi ka ki simolola go bua, Moea oa Boitsepho oa oela go bona, yaka go rona mo tsimologoñ. 16 Mi ka gakologeloa lehuku ya Morena, kaha o la a bua ka gona, Amarure Yohane o la a bapetisa ka metse; mi lona lo tla bapetisioa ka Moea oa Boitsepho. 17 A ereka Morimo o loa ba nela neo e ka eosi, yaka o loa re naea, rona ba re rumetseñ mo go Yesu Keresete Morena; ki le ki le mañ eo ’nka thibañ Morimo? 18 Mi ka ba sina utlua tseuo, ba ririmala, mi ba galaletsa Morimo, ba re, Yalo le bona bahaitene, Morimo o ba netse tlabologelo‐botseloñ. 19 ¶ Mi yana ba ba le ba halaricoe ka pogisho e e le ea na kaga Setefano, ba ea ba ralalela Fenikia, le Kupero, le Antioka, ba sa rerele ope lehuku ha e si Bayuda bosi. 20 Mi gabo gole bañue ba bona banona ba Kupero le Kurene, ba ba tlileñ Antioka, ba bua le Bagerika, ba rera Yesu Morena. 21 Mi atla sa Morena se le sa na nabo; mi palo e kholu ea rumela, ea boela go Morena. 22 ¶ Mi tumo ea bona ea tla go tsebeñ tsa ekelesia e e le le mo Yerusalema; mi ba roma Barenaba, gore a ralalele Antioka; 23 Eo o rileñ a tla, a bona tsegahaco ea Morimo, a itumela, mi a ba kaela botle, gore ba ñaparele Morena ka boitlomo yoa pelu. 24 Gone a la le monona eo molemo, a tletse Moea oa Boitsepho, le oa tumelo; mi bontsi yo bogolu yoa okelerioa Morena. 25 Mi Barenaba a ea Tareso, go batla Saulo; 26 Mi o rile a sina mo hitlela a mo lere Antioka. Mi ga rihala ba iphutha le ekelesia ka ñuaga o le moñue otle, mi ba ruta bontsi yo bogolu; mi barutoa ba birioa Bakeresete ga ntla mo Antioka. 27 ¶ Mo metleñ euo ga tla baperofeti Antioka ba coa kua Yerusalema. 28 Mi ga ema moñue oa bona, eo o birioañ Agabo, mi a itsise ka Moea, ha go tla na tlala e kholu mo lehatsiñ yeotle; mi e la ea tla rure mo malatsiñ a ga Kalaudio Kaisara. 29 Mi barutoa ba ikaelela kaha nonohoñ ea moñue le moñue, go romela thusho bakauleñueñ ba ba agileñ mo Yuda; 30 E le eona ba e rihañ, mi ba e romela bagoluñ, ka atla tsa ga Barenaba le Saulo.

12

KHAOLO 12. 1 HERODE oa khosi a ntsetsa atla tsa gague go bañue ba ekelesia ka motla ouo, go ba cuenya. 2 Mi a bolaea Yakobe mogolu oa Yohane ka caka. 3 Mi a coelela pele go cuara le ena Petero, ka a bona a khatlile Bayuda; (mi e le le malatsi a señkhue se se sa berisioañ.) 4 Mi ka a mo cuara a mo tsenya mo tluñ ea kholegelo; a mo nela mo tishoñ li for, ñue le ñue ea batlabani ba for, go muluka; a itloma go mo ntsetsa bathuñ morago ga Tlolaganyo. 5 Mi yalo Petero a bulukoa mo tluñ ea kholegelo; mi thapelo e e mo rapelelañ, e riheloa Morimo ka go bisa go khutla ki ekelesia. 6 Mi erile Herode a iketleritse go mo ntsa, Petero a bo a robetse gare ga batlabani ba tu mo sigoñ yeuo, a golegiloe ka liketen li tu; mi barisa ba le ha pele ga moyako, ba buluka ntlu ea kholegelo. 7 Mi, bonañ, moengele oa Morena a ema gona, mi seri ya phatsima mo kagoñ; mi ka a tlanya Petero mo lotlakureñ, a mo cosa, a re, Tloga, u eme ka bonako. Mi liketen tsa gague tsa oa mo liatleñ tsa gague. 8 Mi moengele a mo raea, U ikokoaele, mi roala litlaku tsa gago. Mi a riha yalo. Mi a mo raea, Kaba kobo ea gago, mi u ’ntsale morago. 9 Mi ka a coa, a mo sala morago; mi a sa itse ha e le amarure se se rihiloeñ ki moengele; mi a itloma a bona sepontsisho. 10 Ka ba sina heta tisho ea ntla le ea bo‐tu, ba ea kua khoroñ ea tsipi e e eañ mo motseñ; e e ba ipuletseñ ka eosi; mi ba coa ba ralala mila moñue; mi moengele a khaogana nae ka bonako. 11 Mi ka Petero a tsitseboga, a re, Yana kiatitse rure ha Morena o romile moengele oa gague, mi o ’nkholotse mo atleñ sa ga Herode, le mo tebeleloñ cotle tsa bathu ba Bayuda. 12 Mi ka a sina gakologeloa cotle, a ea kua tluñ ea ga Marie, ’ma Yohane, eo o okelericoeñ leina ya Mareko; ha bantsi ba phuthegetseñ gona, ba rapela. 13 Mi ka Petero a khuanyakhuanya mo moyakoñ oa khoro, ga tla moroetsana go retsa, eo o birioañ Rode. 14 Mi ka a itse koru ea ga Petero, a si ka a bula khoro ka ntla ea boitumelo; mi a tabogela teñ a bulela ha Petero a eme ha pele ga khoro. 15 Mi ba mo raea, Ua tsenoa. Mi a ganela segolu, ha gontse yalo. Mi ba re, Ki moengele oa gague. 16 Mi Petero antse a khuanyakhuanya; mi ka ba sina bula secualo, ba mona, mi ba gakhamala segolu. 17 Mi ka a ba goetla ka seatla gore ba ririmale, a ba bulelela kaha Morena o mo ntsitseñ mo tluñ ea kholegelo ka gona. Mi a re, Tse lo li bulelele Yakobo, le bakauleñue. Mi ka a coa, a etela kua heloñ go sele. 18 Mi ka bo sina sa, gabo gole khuruego e si nyenye mo batlabaniñ go itse se Petero o se rihetseñ. 19 Mi ka Herode a sina matla, mi a sa mone, le barisa a sina ba botsisa, a laola go ba bolaea. Mi a coa Yuda a ea Kaisarea, mi a tlola gona. 20 ¶ Mi Herode a bo a ikaeletse go tlabana le ba Tsura le Tsidona; mi ba tla go ena ka boñue hela yoa pelu; mi ka ba sina itihela Belaseto tsala ea bona, eo e leñ motlameri‐ntlu oa khosi, mi ba eletsa kagisho; gone lehatse ya bona le yesicoe ki ya khosi. 21 Mi mo tsatsiñ ye le laocoeñ, Herode ka a apere aparo tsa bogosi, mi a lutse mo seruloñ sa tsekisho, mi a ba rihela ka katlolo. 22 Mi bathu ba bitsa, ba re, Ki koru ea Morimo, esiñ ea mothu. 23 Mi ka e sa le yalo moengele oa Morena a mo tlanya, gone a sa nee Morimo khalalelo; mi a yeoa ki liboku, mi a shua. 24 ¶ Mi lehuku ya Morimo ya tota, mi ya ntsihala. 25 Mi yana Barenaba le Saulo ba ba ba boea Yerusalema, ba sina uetsa tihelo ea bona, mi ba itsela nabo Yohane eo o okelericoeñ leina ya Mareko.

13

KHAOLO 13. 1 MI gabo gole mo ekelesieñ e e leñ mo Antioka, baperofeti le baruti bañue; eboñ Simeone, eo o birioañ Nigere, le Lukio oa Kurene, le Manaene, eo o otliloeñ le Herode oa moteteriareki; le Saulo. 2 Mi ka ba rihela Morena, le go riha go bisa go ya, Moea oa Boitsepho oa re, ’Ntomololela Barenaba le Saulo go tihoñ e ki ba bileritseñ. 3 Mi ka ba sina riha go bisa go ya, ba rapela, ba ba baea liatla, mi ba ba roma ba ea. 4 ¶ Mi yana ba, ka ba romiloe ka Moea oa Boitsepho, ba ea kua Seleukia; ba coa gona ba ea ka shepa kua Kupero. 5 Mi ka ba hitla Salamise, ba rera huku ya Morimo mo masenagogeñ a Bayuda; mi le ena Yohane a na nabo go ba rihela. 6 Mi ka ba sina ralala setlake sa Pafo, ba bona moloi moñue, moperofeti oa tsieco, Moyuda, eo leina ya gague e le le Bara‐Yesu; 7 Eo, o la na le molaorisioi‐motse, Seregio Paulo, monona oa tlaloganyo. Eo, a biletsa Barenaba le Saulo go ena, a eletsa segolu go utlua lehuku ya Morimo. 8 Mi Elimase, moloi, (gone leina ya gague lentse yalo mo phetoleloñ,) a ba khoreletsa, a batla go haposa molaorisioi‐motse mo tumeloñ. 9 Eriha gona Saulo (le ena eo o birioañ Paulo) o tlarioañ ka Moea oa Boitsepho, a mo leba thata, 10 A re, Uena ñuana oa diabolo eo o tletseñ tsieco eotle, le boherehere yotle, maba oa tsiamo eotle, a ga u kitla u khutla go shokamisa tsela tsa tsiamo tsa Morena? 11 Mi yana, bona, seatla sa Morena se ha go uena, mi u tla hohuhala, u sa bone letsatsi ka lobaka. Mi ga oela looto go ena, le lehihi, ka bonako, mi a rikologa a batla eo o ka mo gogañ ka seatla. 12 Mi ka molaorisioi‐motse a bona se se rihahetseñ, a rumela, a gakhamaricoe ki thuto ea Morena. 13 Mi ka Paulo le ba ba nañ nae ba coa Pafo, ba hitla Perege motse oa Pamfilia; mi Yohane a ba tlogela a ba a boela kua Yerusalema. 14 ¶ Mi ka ba coa Perege, ba hitla Antioka motse oa Pisidia, mi ba tsena mo senogageñ ka tsatsi ya Sabata, mi ba lula. 15 Mi erile ba sina buisa molao le baperofeti, balaori ba senagoge ba romela taeco go bona, ba re, Banona bakauleñue, ha lo na le huku leñue ya khomoco go le bua le bathu, buañ. 16 Mi Paulo a ema a goetla ka seatla, a re, Lona banona ba Yeserela, le lona ba lo boihañ Morimo, retsañ. 17 Morimo oa bathu ba, ba Yeserela, o lo oa itseñkela bo‐rra ecu, mi oa ba gorisa ka ba santse ba le baeñ mo hatsiñ ya Egepeto, mi oa ba ntsa go yeona ka lecogo ya bogorimo. 18 Mi oa iphapanya le mekhua ea bona mo gareñganaga e kane e le ka linyaga li forte. 19 Mi o rile o senya merahe e seven mo hatsiñ ya Kanana, oa ba abela hatse ya eona ka meleloane. 20 Mi morago ga mouo e kane e le linyaga li for hundereda le faevte, oa ba nela basiamisi go ea motleñ oa ga Samuele oa moperofeti. 21 Mi morago ga mouo, ba eletsa khosi; mi Morimo oa ba nela Saulo, moroa Kishe, monona oa losika loa ga Benyamina, ka linyaga li forte. 22 Mi ka o sina go mo tlosa, oa ba cosetsa Davide go na khosi ea bona; eo, o lo oa shupa ga gague, mi oa re, Ki bonye Davide, moroa Yeshae, e le monona kaha peluñ ea me, eo o tla rihañ thato eotle ea me. 23 Morimo o coseritse Yeserela Moluki, Yesu, oa losika loa monona eo, kaha puleleloñ‐pele: 24 Erile Yohane a rerela pele bathu ba Yeserela botle ga papetisho ea tlabologo, pele ga go tla ga gague. 25 Mi ka Yohane a sina uetsa tsiano ea gague, a re, Lo itloma ki le mañ? Ga ki Keresete. Mi bonañ, moñue oe tla morago ga me, eo ki sa cuanelañ go hunolola litlaku tsa nao tsa gague. 26 Banona bakauleñue, bana ba losika loa ga Aberahame, le bona ba ba mo go lona ba ba boihañ Morimo, lehuku ya puluko e, le lo romecoe. 27 Gone ba ba agileñ mo Yerusalema, le bagolu ba bona, ka ba sa itse eo, le esiñ likoru tsa baperofeti, ba ba buisioañ ka malatsi a sabata aotle, ba li rihaharitse ka go mo sekisetsa loshuñ. 28 Mi ka ba si kake ba bona sepe se se cuanetseñ loshu mo go ena, ba mo lopa go Pilato gore a bolaoe. 29 Mi ka ba sina uetsa cotle tse ri kuariloeñ ga gague, ba mo pagolola mo logoñeñ, mi ba mo latsa mo lecueñ. 30 Mi Morimo o lo oa mo cosa mo loshuñ; 31 Eo o bonoeñ ka malatsi mantsi ki bona ba ba coañ Galilea ba ea Yerusalema nae, ba e leñ bashupi ba gague mo bathuñ. 32 Mi rea lo bulelela pulelelo‐pele ea boitumelo, e le e rihecoe bo‐rra, 33 E Morimo o e rihaharitseñ go rona bana ba bona, ka o bo o cosa Yesu; yaka go kuariloe mo Pesalemeñ ea bo‐tu, U Moroake; ki gu tsetse gompienu. 34 Mi ga cogo e o lo oa mo cosa ka eona mo bashuiñ, esiñ go tlola go boela mo go boleñ, o loa bua yalo, Ki tla lo naea maicuarelo a ga Davide a a ikancoeñ. 35 Ki gona o reñ le mo Pesalemeñ e ñue, Ga u kitla u leseletsa Moitsephi oa gago go bona go bola. 36 Gone Davide o la a re a sina rihela khakololo ea Morimo mo motleñ oa gague, a robala, mi a larioa le bo‐rague, mi a bona go bola; 37 Mi ena eo Morimo o bileñ oa mo cosa, ga a ka a bona go bola. 38 ¶ Ki gona, banona bakauleñue, itseñ, ha boicuarelo yoa libe bo lo rereloa ka monona eo; 39 Mi botle ba ba rumelañ ba siamisicoe mo liloñ cotle ka ena, tse lo sa kakeñ loa siamisioa ka molao oa ga Moshe. 40 Ki gona, lo itiseñ gore e si be khotsa se se builoeñ mo baperofetiñ sa tla go lona: 41 Lona banyatsi, bonañ, lo gakhamale, lo nyelele; gone ki riha tiho mo metleñ ea lona, tiho e lo si kitlañ lo e rumela, leha lo e buleleloa ki moñue. 42 Mi ka Bayuda ba sina coa mo senagogeñ, bahaitene ba rapela gore ba rereloe mahuku a ka sabata o o tlañ. 43 Mi ka senagoge se sina phatlalala, bontsi yoa Bayuda le baperoseliti ba tihelo ea Morimo ba sala Paulo le Barenaba morago; mi bauo ba bua nabo, ba ba kaela go na mo tsegohacoñ ea Morimo. 44 ¶ Mi ka sabata o moñue, ga tla e kane e le motse otle mogo, go utlua lehuku ya Morimo. 45 Mi ka Bayuda ba bona bontsintsi ba tlaloa ki bopelutsetla, ba bua kaga lilo tse ri builoeñ ki Paulo, ba ganela, ba khala. 46 Mi Paulo le Barenaba ba na pelukhale, ba re, Lehuku ya Morimo le le cuanetse go buioa pele go lona; mi ka lo le khoromeritse, mi loa itsekisa ha lo sa cuanele botselo yo bo sa khutleñ, bonañ, rea iposetsa go bahaitene; 47 Gone Morena o re laoletse yalo, a re, Ki gu beile go na leseri ya bahaitene, gore u ne puluko le kua khutloñ tse lehatse. 48 Mi ka bahaitene ba utlua yalo, ba itumela, mi ba baka lehuku ya Morena; mi botle ba ba laolecoeñ botseloñ yo bo sa khutleñ ba rumela. 49 Mi lehuku ya Morena ya halalerioa mo hatsiñ yeotle ye. 50 Mi Bayude ba tlotleletsa basari baboihi‐Morimo, le ba tlotlo, le bagoluane ba motse; mi ba cosetsa Paulo le Barenaba pogisho, mi ba ba khoromeletsa kua ntle ga lithoko tsa bona. 51 Mi ba ba ikurubaletsa lithole mo naoñ tsa bona, mi ba hitla Ikonio. 52 Mi barutoa ba tlarioa ka boitumelo le Moea oa Boitsepho.

14

KHAOLO 14. 1 MI ga rihala mo Ikonio, ka ba tsena mogo mo senagogeñ sa Bayuda, mi yalo ba bua ga tsamaea bontsi yo bogolu yoa Bayuda le Bagerika ba rumela. 2 Mi Bayuda ba ba le ba sa rumele, ba tlotleletsa bahaitene, ba shulatsa lipelu tsa bona kaga bakauleñue. 3 Mi yalo ba tlola gona ka motla o molele, ba bua ka thanolo mo Moreneñ, eo o nelañ lehuku ya tsegohaco ea gague cupo, mi a naea gore licupo le rikhakhamaco li rihoe ka atla tsa bona. 4 Mi bontsi yoa motse yoa khaogañoa; mi bañue ba na le Bayuda, mi ba bañue le baapostoloi. 5 Mi erile go rihala tlaselo ea bahaitene le ea bona Bayuda le balaori ba bona, go ba rihela mashue, le go ba khobotletsa ka maye, 6 Ba sina gakologeloa cotle, ba tsabela Lusetera, le Derebe, ki metse ea Lukaonia, le mo lithokoñ tsa eona; 7 Mi ba rera evangelio gona. 8 ¶ Mi ga bo go rutse monona mo Lusetera, a tlotsa mo linaoñ tsa gague, a tlotsitse le mo sebopeloñ sa ga mague, eo e siñ a ke a tsamaee gope; 9 Eo, a utlua Paulo a bua; eo a mo leba thata, a lemoga ha a na le tumelo go horisioa, 10 A re ka koru e kholu, Ema, u siame ka nao tsa gago. Mi a nanoga ka bonako, a tsamaea. 11 Mi ka bontsintsi bo bona se Paulo o se rihileñ, yoa culetsa koru tsa yona, yoa re, mo puoñ ea Lukaonia, Merimo e hologetse go rona mo licuanoñ tsa bathu. 12 Mi ba bitsa Barenaba ka leina ya Yupita; mi Paulo, Merekurio, gone e le le mui eo mogolu. 13 Mi moperiseti oa ga Yupita eo o a la le ha pele ga motse oa bona, o rile a sina lere likhomu, le mekhabo ea lisheshe ha khoroñ tse ri kua ntle, ba rata go shupela cupelo le bontsintsi. 14 Mi baapostoloi Barenaba le Paulo, ka ba utlua yalo, ba gagola liaparo tsa bona, ba tabogela mo bontsiñ, ba bitsa, 15 Ba re, Banona, ana lo rihelañ lilo tseuo? Re bathu ba re nañ le maikutlo a a cuanañ le a lona, mi re lo rerela gore lo ipose mo liloñ tse tsa boithamako go ea go Morimoñ o o tserileñ, o o rihileñ legorimo le lehatse, le leoatle, le cotle tse ri mo go eona; 16 O o leseleritseñ bahaitene botle go tsamaea mo tseleñ tsa bona, mo metleñ e e hetileñ. 17 Leha gontse yalo ga oa ka oa itesa o sina cupo, ka o rihile molemo, go re naea pula e coa mo legorimoñ, le metla ea mauñuo, go tlatsa pelu tsa lona ka liyo le boitumelo. 18 Mi e le le pitlaganyo go bona go thiba bontsintsi ka mahuku auo gore bo si ba shupele licupelo. 19 ¶ Mi gabo go tla Bayuda ba ba coañ Antioka, le Ikonio, ba gakolola bontsintsi; mi ka ba sina khobotletsa Paulo ka maye, ba mo khokhothisetsa ntle ga motse, ba itloma a shule. 20 Mi erile ka barutoa ba sina mo rikanyeletsa, a nanoga a tsena mo motseñ; mi eare ka mosho a coa le Barenaba mi ba ea kua Derebe. 21 ¶ Mi ka ba sina rerela motse o evangelio, mi ba riha barutoa bantsi, ba boela kua Lusetera, le Ikonio, le Antioka, 22 Ba tlomamisa meoea ea barutoa, ba ba kaela gore ba ne mo tumeloñ, mi ha re tla tsena mo bogosiñ yoa Morimo ka pogisho li lintsi. 23 Mi ka ba sina itseñkela bagolu ka go ntsa liatla mo ekelesieñ ñue le ñue, ba rapela ka go bisa go ya, ba ba kaelela Moreneñ eo ba rumelañ mo go ena. 24 Mi ka ba sina ralala Pisidia, ba hitla Pamfilia. 25 Mi ka ba sina rera lehuku mo Perege, ba ea kua Atalia; 26 Mi ba coa hoñ, ba ea kua Antioka ka shepa, kua ba kaelecoeñ tsegohaco ea Morimo gona, mo tihoñ e, ba e rihaharitseñ. 27 Mi ka ba sina hitla, ba phutha ekelesia mogo, ba bulela bokai yoa lilo tse ri kholu tse Morimo o ri rihileñ nabo, le kaha o buletseñ bahaitene moyako oa tumelo. 28 Mi ba na gona ka motla o molele le barutoa.

15

KHAOLO 15. 1 MI bañue ba ba coañ mo Yuda ba ruta bakaulenue, ba re, Ha lo sa isioe boguera yaka mokhua oa ga Moshe, ga lo kake lo bulukega. 2 Mi erile Paulo le Barenaba ba sina tatalala ba ganela nabo go si gonye, ba laola gore Paulo le Barenaba le ba bañue ba bona, ba ee go baapostoloi le bagolu kua Yerusalema kaga poco euo. 3 Mi ka ba sina isioa mo tseleñ ea bona ki ekelesia, ba ralala Fenikia le Samaria, ba bulela tlabologo ea bahaitene; mi ba rihela bakauleñue boitumelo yo bogolu. 4 Mi ka ba sina hitla go Yerusalema, ba culoa ki ekelesia, le baapostoloi, le bagolu; mi ba bulela bokai yoa lilo tse ri kholu tse Morimo o ri rihileñ nabo. 5 Mi ga coga bañue ba shomo ya Bafarisai ba ba rumelañ ba re, Go cuanela go ba isa boguera, le go ba laola go buluka molao oa ga Moshe. 6 ¶ Mi baapostoloi le bagolu ba phuthega go atlola poco e. 7 Mi ka khañ e kholu e sina rihala, Petero a ema mi a ba raea, Banona bakauleñue, loa itse ha Morimo o sibolo go ’ntseñkela mo go rona gore bahaitene ba utlue evangelio ka molomo oa me, ba rumele. 8 Mi Morimo, moitsi oa pelu, o loa ba naea cupo, oa ba naea Moea oa Boitsepho, yaka o le go rona; 9 Mi ga oa ka oa riha cuanololo gare ga rona le bona, oa itsephisa pelu tsa bona ka tumelo. 10 Mi yana, lo raelelañ Morimo, go baea yokoe mo thamoñ tsa barutoa, e le bo‐rra ecu le rona re re sa nonoha go e belega? 11 Mi rea rumela ha re tla bulukega yaka bona ka tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena. 12 ¶ Mi bontsi yotle yoa ririmala, mi yoa retsa Barenaba le Paulo ka ba bulela licupo tse ri kholu le rikhakhamaco, tse Morimo o ri rihetseñ bahaitene ka bona. 13 ¶ Mi ka ba sina ririmala, ga araba Yakobo, a re, Banona bakauleñue, ’nthetsañ: 14 Simone o buletse kaha Morimo o loa simolola pele go leba merahe ea bahaitene, gore o ntse bathu mo go eona go itse leina ya ona. 15 Mi mahuku a baperofeti a rumalalana seo se; yaka go kuariloe, 16 Ki tla ba ki boea morago ga tse, ki ba ki aga taberenakela ea ga Davide, e e oleñ; mi ki be ki age tse ri thubegileñ tsa eona, mi ki tla ba ki e emisa; 17 Gore bathu ba ba setseñ ba batle Yehova, le bahaitene botle, ba leina ya me le bilericoeñ go bona, go bua Yehova, eo o rihañ lilo tse cotle. 18 Morimo oa itse tiho cotle tsa ona le ka bo sa simologeñ. 19 Ki gona ki atlolañ gore re si rumole ba ba coañ mo bahaiteniñ, ba ba tlabologetseñ Morimoñ; 20 Mi a re ba kualeleñ, gore ba ithibe mo kabelanoñ e mashue ea merimo ea liseto, le mo khokahaloñ, le mo liloñ tse ri betoañ, le mo mariñ. 21 Gone Moshe a sibolo a na le ba ba mo rerañ mo metseñ eotle, a buisioa mo lisabateñ cotle mo masenagogeñ. 22 Mi ga khatla baapostoloi le bagolu, le ekelesia eotle, go itseñkela banona mo go bona go ba roma le Paulo le Barenaba go Antioka, eboñ Yude eo o okelericoeñ leina ya Baresabe, le Sile, banona ba e le le baeteleripele mo bakauleñueñ; 23 Mi ba kuala ka bona, lo lontseñ yalo: Baapostoloi, le bagolu, le bakauleñue ba rumerisa bakauleñue ba bahaitene, ba ba mo Antioka, le mo Siria, le mo Kilikia; 24 A ereka re utluile ha bañue ba ba ruleñ go rona, ba lo huruile ka mahuku, ba relerisa meoea ea lona, ba re, Lo cuanetse go isioa boguera, le go buluka molao, ba re sa ba laoleleñ yalo; 25 Ki gona e le le molemo go rona, ka re phuthega mogo ka boñuehela, go itseñkela banona bañue go ba romela go lona, le Barenaba le Paulo, baratoi ba rona, 26 Banona ba ba netseñ matselo a bona mo leineñ ya ga Yesu Keresete Morena. 27 Ki gona re romileñ Yude le Sile, ba ba tla lo bulelelañ cotle ka molomo. 28 Gone e le le molemo go Moea oa Boitsepho le go rona, esiñ go lo imahatsa ka pelesho e kholu bogolu, ha e si lilo tse, tse ri cuanetseñ;Eboñ gore lo ithibe mo liloñ tse ri shupiloeñ go merimo ea liseto, le mo mariñ, le mo liloñ tse ri betoañ, le mo khokahaloñ; ha lo ipuluka mo liloñ tse, lo tla riha seiñtle. Rumelañ. 30 Mi ka ba sina roñoa, ba hitla go Antioka; mi ka ba sina phutha bontsi mogo, ba bo naea episetole; 31 Mi ka bo sina e buisa, yoa itumelela khomoco. 32 Mi Yude le Sile ka le bona e le baperofeti, ba kaela bakauleñue ka mahuku a le mantsi, ba ba tlomamisa. 33 Mi ka ba sina tlola gona ka motla, bakauleñue ba ba lesa ba ea kua baaposotoloiñ ka kagisho. 34 Mi ga bo go khatlile Sile go sala gona. 35 Mi Paulo le Barenaba ba na mo Antioka, ba ruta, ba rera, le ba bañue bantsi lehuku ya Morena. 36 ¶ Mi morago ga malatsi mañue Paulo a raea Barenaba, A re be re boele go lekola bakaleñue ba rona mo motseñ moñue le moñue, kua re rerileñ lehuku ya Morena gona, go bona kaha bantseñ ka gona. 37 Mi Barenaba a ikaelela go itsela nabo Yohane eo o birioañ Mareko. 38 Mi Paulo a itloma ha go sa siama go mo itsela nabo, eo o ba tlogetseñ kua Pamfilia, a se ka a ea nabo mo tihoñ e. 39 Mi ga na khañ ka mouo, ba tsamaea ba khaogana; mi Barenaba a itsela Mareko, a ea kua Kupero ka shepa; 40 Mi Paulo a itseñkela Sile, mi ba eta, ka bakauleñue ba ba kaelela tsegohacoñ ea Morimo. 41 Mi a ralala Siria le Kilikia, a tlomamisa liekelesia.

16

KHAOLO 16. 1 MI a hitla go Derebe le Lusetera; mi bonañ, hoñ gabo gole morutoa eo o birioañ Timoteo, moroa mosari oa Seyuda oa morumeri, mi rague e le Mogerika; 2 Eo o la a na le cupo e e molemo mo bakauleñueñ ba ba mo Lusetera le Ikonio. 3 Eo, Paulo a bo a rata gore a ete nae; mi a mo cula, a mo isa boguera ka ntla ea Bayuda, ba ba leñ mo maheloñ auo; gone botle ba itse ha rague e le Mogerika. 4 Mi ka ba ralala metse, ba ba naea litaolo go li buluka, tse ri laocoeñ ki baaposotoloi le bagolu kua Yerusalema. 5 Mi yalo liekelesia tsa tlomamisioa mo tumeloñ, mi tsa ntsiharioa ka malatsi aotle mo paloñ ea cona. 6 Mi ka ba sina ralala Ferigia, le lehatse ya Galatia, ba khorelerioa ki Moea oa Boitsepho go rera lehuku mo Asia; 7 Mi ka ba sina tla go Misia, ba leka go ea kua Betunia; mi Moea o si ka oa ba leseletsa. 8 Mi ka ba sina hapanya Misia, ba hitla go Teroa. 9 ¶ Mi sepontsisho sa bonala go Paulo bosigo: Gabo go ema monona oa Makedonia, eo o mo rapelañ, a re, Tla mo Makedonia, mi u re thuse. 10 Mi ka a sina bona sepontsisho se, ra tloahala go etela kua Makedonia ka bonako, ra khutlela ka mouo ha Morena a re bileritse go ba rerela evangelio. 11 Mi yalo ra tlogela Teroa, ra siamela Samoteraia, mi ra tla Neapoli ka tsatsi le leñue. 12 Mi ra coa hoñ, ra ea kua Filipi, o e leñ motse o mogolu oa ntla e, ea Makedonia, o e leñ kolone; mi ra na mo motseñ ouo, ka malatsi mañue. 13 Mi erile ka tsatsi ya sabata, ra coa mo motseñ, ra ea ha lintsiñ tsa molapo, ha go tloaecoeñ go rapela gona; mi ra lula, ra bua le basari ba ba phuthegileñ gona. 14 ¶ Mi mosari moñue eo o birioañ Lidie, mapatsi oa porepura, oa motse oa Tiatira, eo o rihelañ Morimo, a re utlua; eo Morena o la a bula pelu ea gague, gore a tsetsia lilo tse Paulo o li buañ. 15 Mi ka a sina bapetisioa, le ba ntlu ea gague, a re rapela, a re, Ekare ha lo itloma ki ikantse Morena, ki gona tlañ mo tluñ ea me, lo ne gona. Mi a re khola. 16 ¶ Mi ga rihala ka re ea go rapela, mohula moñue eo o nañ le moea oa too, a re khatlantsa, eo o lerileñ lireko tse ri kholu go barena ba gague ka go löa; 17 Eo, a sala Paulo morago le rona, a bitsa, a re, Banona ba, ki batlañka ba Morimo oa bogorimo bogolu, ba ba re bulelelañ tsela ea puluko. 18 Mi a riha yalo ka malatsi mantsi. Mi Paulo, ka a sa itumelele mouo, a ithetolola, mi a raea moea, Kia gu laola mo ineñ ya ga Yesu Keresete, go coa go ena. Mi oa coa ka oura ouo. 19 ¶ Mi erile barena ba gague ba bona ha culuhelo ea bona ea lireko e tlogile, ba cuara Paulo le Sile, mi ba ba gogela kua balaoriñ mo mileñ oa thekelo; 20 Mi ba ba isa kua baatloriñ, ba re, Banona ba, ba hurua motse oa rona segolu, le mororo e le Bayuda, 21 Mi ba ruta litemalo, tse esiñ taolo go rona go li tsaea, khotsa go li riha, ka re le Baroma. 22 Mi bontsi yoa ba cogela mogo; mi baatlori ba ba gagola liaparo tsa bona, mi ba laola go ba betsa. 23 Mi ka ba sina ba betsa ka lipeco li lintsi, ba ba rigela mo tluñ ea kholegelo, ba laola moluki oa ntlu ea kholegelo ga ba buluka thata. 24 Eo, ka a laocoe yalo, a ba rigela mo kholegeloñ e e kua teñ, mi a golegela nao tsa bona mo likhoñeñ. 25 ¶ Mi Paulo le Sile ba rapela gare ga bosigo, mi ba opelela Morimo lipako; mi bagolegoi ba ba utlua. 26 Mi ga rihala thoromo ea lehatse e kholu ka bonako, ga tsamaea metheo ea ntlu ea kholegelo ea tsikinyega, mi licualo cotle tsa buloa ka bonako, mi likholego tsa botle tsa hunologa. 27 Mi moluki oa ntlu ea kholegelo a coga mo thobaloñ ea gague, mi ka a bona licualo tsa ntlu ea kholegelo li bucoe, a shomola caka ea gague, mi a kabo a ipolaile, a itloma bagolegoi ba ñuegile. 28 Mi Paulo a bitsa ka koru e kholu, a re, U si itihele mashue; gone re hanu rotle. 29 Mi ka a sina lopa leseri, a tlolela teñ, mi a tla ka thoromo, mi a oela ha pele ga Paulo le Sile. 30 Mi a ba ntsetsa ntle, mi a re, Barena, ki riheñ gore ki bulukoe? 31 Mi ba re, Rumela mo go Yesu Keresete Morena, mi u tla bulukoa, le ba ntlu ea gago. 32 Mi ba bua le ena huku ya Morena, le go bona botle ba ba le ba le mo tluñ ea gague. 33 Mi a ba tsaea mo oureñ ouo oa bosigo, mi a tlacoa lintho tsa lipeco tsa bona; mi a akoha a bapetisioa, le botle ba gague. 34 Mi a ba lere mo tluñ ea gague, a ba baea liyo pele, mi a itumela ka a rumela mo Morimoñ le ba ntlu ea gague botle. 35 Mi ka bo sina sa, baatlori ba roma likala tsa motse, ba re, Gololañ bathu ba. 36 Mi morisa oa ntlu ea kholegelo a bulelela Paulo mahuku a, a re, Baatlori ba rometse, gore lo gololoe; ki gona coañ, mi lo ee ka kagisho. 37 Mi Paulo a ba raea, Rona ba re leñ Baroma, ba re beritse mo ponatsegoñ, re sa sekisioe, mi ba re rigela mo tluñ ea kholegelo; mi yana a ba re khoromeletsa kua ntle ka bosaitsioeñ? Esiñ yalo; mi a ba tle ka bosi, mi ba re gogele kua ntle. 38 Mi kala tsa motse tsa ba tsa bulelela baatlori mahuku auo; mi ba boiha, ka ba utlua ha e le Baroma. 39 Mi ba tla ba ba rapela, mi ka ba sina ba gogela ntle, ba eletsa gore ba coe mo motseñ. 40 Mi ba coa mo tluñ ea kholegelo, mi ba tsena mo tluñ ea ga Lidie; mi ka ba sina bona bakauleñue, ba ba gomotsa, mi ba ea.

17

KHAOLO 17. 1 MI erile ba sina ralala Amfipoli le Apolonia, ba hitla Tesalonia, kua senagoge sa Bayuda se le se le gona. 2 Mi Paulo a tsena go bona, yaka e le temalo ea gague; mi a ganela le bona mo likualoñ ka malatsi a sabata a teri;Mi a li rarabolola, a itsise ha Keresete a cuanetse go bogisioa, le go coga mo bashuiñ; mi ha Yesu eo, ki mo lo rerelañ, e le ena Keresete. 4 Mi bañue ba bona ba rumela, mi ba ñaparela Paulo le Sile; le bontsi yo bogolu yoa Bagerika ba ba boihañ Morimo, le basari ba bagoluane ba si banye. 5 ¶ Mi Bayuda ba ba sa rumeleñ ba gakatsega, ba itsela banona bañue ba ba libeto mo mileñ oa thekelo, mi ba tlapeisa bathu, mi ba hurua motse, mi ba phomegela ntlu ea ga Yasone, mi ba batla go ba ntsetsa bathuñ. 6 Mi ka ba sa ba bone, ba shuabolela Yasone le bakauleñue bañue ha pele ga balaori ba motse, ba bitsa, ba re, Ba, ba ba huruileñ lehatse, le monu ba tlile; 7 Ba Yasone o ba culetseñ mo tluñ ea gague; mi botle ba, ba tlola litaolo tsa ga Kaisare, ba re, Khosi e ñue e gona, ki Yesu. 8 Mi ba hurua bathu le balaori ba motse, ka ba utlua lilo tseuo. 9 Mi ka ba sina cula go lekanye go Yasone, le go ba bañue, ba ba lesa ba ea. 10 ¶ Mi bakauleñue ba akoha ba isa Paulo le Sile go Berea ka bosigo; mi e rile ba sina tla, ba tsena mo senagogeñ sa Bayuda. 11 Mi ba, ba bo ba le linatla bogolu go bona ba Tesalonia, gone ba le ba cula lehuku ka tepo eotle ea pelu, mi ba botsisa likualo ka malatsi aotle, go itse ha lilo tse lintse yalo. 12 Ki gona bantsi ba bona ba rumela; le basari ba tlotlego ba Bagerika, le banona ba si banye. 13 Mi ka Bayuda ba Tesalonia ba sina itse ha lehuku ya Morimo le ya reroa ki Paulo le mo Berea, le gona ba tla gona ba tlotleletsa bathu. 14 Eriha gona bakauleñue ba isañ Paulo ka bonako gore a ee yaka o ea kua leoatleñ; mi Sile le Timoteo, ba sala gona. 15 Mi ba ba isañ Paulo, ba mo hitlisa Atene; mi ba rile ba sina bona taolelo kaga Sile le Timoteo, gore ba ee go ena ka kakoho eotle, ba ea. 16 ¶ Mi ka Paulo a sa ba lebeletse mo Atene, moea oa gague oa huruega mo go ena, ka a bona motse o tletse merimo e sele. 17 Ki gona a ganela le bona Bayuda le baboihi‐morimo mo senagogeñ, le bona ba ba mo khatlantsañ mo mileñ ea thekelo, ka metla eotle. 18 Eriha gona, bañue bafilosofi ba Baepekuri, le ba Basetoiki ba ganelañ nae. Mi bañue ba re, Moithamaki eo, o tla reñ? Mi ba bañue ba re, Ontse yaka muleri oa merimo e sele, gone a ba rerela ga Yesu, le cogo mo bashuiñ. 19 Mi ba mo tsaea ba mo isa kua heloñ go birioañ Areopago, ba re, A ga re kake ra itse thuto e nca, e u buañ ga eona? 20 Gone u lere lilo liñue li sele tsebeñ tsa rona; ki gona re ratañ go itse lilo tse kaha li kaelañ ka gona. 21 (Gone Baatene botle, le baeñ ba ba leñ gona ga ba rihe sepe, ha e si go bulela leha e le go utlua mahuku a masha.) 22 ¶ Mi Paulo a ema ha gare ga helo ha go birioañ Areopago, mi a re, Lona banona ba Atene, kia lemoga lo tloahetse thata mo tiheloñ ea merimo. 23 Gone erile ki ralala motse, go bona mahelo a boitsepho a lona, ka bona le eona aletara e na le sekualo se, GO MORIMOÑ O O SA ITSIOEÑ. Ki gona o lo sa o itseñ, lo o rihela, ki ona o ki o lo bulelelañ; 24 Morimo o o rihileñ lehatse, le cotle tse ri mo go yeona; mi o, ka o le Morena oa legorimo le lehatse, ga o nne mo litempeleñ tse ri rihiloeñ ka liatla. 25 Mi le gona o sa riheloe ka liatla tsa bathu, yaka o tloka señue; ecoa o nela botle botselo, le moea, le lilo cotle; 26 Mi o rihile merahe eotle ea bathu ka mari a mañue hela, go aga mo hatsiñ yeotle; mi o laotse metla e e laocoeñ pele, le likhaolo tsa boago yoa bona; 27 Gore ba batle Morimo, gore e tlere khotsa ba mo apape go mona, leha a si khakala go moñue le moñue oa rona. 28 Gone re tsela, mi re tsikinyega, mi re leo, mo go ona; yaka bañue ba bapoeti ba lona ba reile, Gone le rona re losika loa ona. 29 Ereha re le losika loa Morimo, ga rea cuanela go itloma ha Morimo ka osi o cuana yaka gouda, khotsa selevera, khotsa leincue ye le setiloeñ ki botlale le khopolo tsa bathu. 30 Mi metla e, ea go bisa go itse, Morimo o loa itima ka eona; mi yana oa laolela bathu botle mo ntleñ cotle go tlabologa: 31 Gone o laotse tsatsi ye o tla atlolañ lehatse ka tsiamo mo go yeona, ka monona eo, o loa mo laolela mouo, mi o itsisitse botle rure ga mouo, ka o loa mo cosa mo bashuiñ. 32 ¶ Mi ka ba utlua ga cogo ea bashui, bañue ba shotla, mi ba bañue ba re, Re tla ba re gu utlua kaga mouo. 33 Mi yalo Paulo a coa gare ga bona, mi a ea. 34 Leha gontse yalo, banona bañue ba mo ñaparela, ba rumela, ba Dionisio Moareopagi e leñ oa bona, le mosari eo o birioañ Damario, le ba bañue nabo.

18

KHAOLO 18. 1 MI morago ga lilo tseuo, Paulo a coa Atene, mi a hitla kua Korinta; 2 Mi a bona Moyuda moñue eo o birioañ Akuile, oa lotsalo loa Ponte, eo o la a simola a coa Itale, le mogatse Peresile; (gone Kalaudio a la a laotse gore Bayuda botle ba huruge mo Roma;) mi a ea go bona. 3 Mi a nna nabo, a riha, gone a la a le oa tiho ea bona; gone e le le barihi ba tenta mo tihoñ ea bona. 4 Mi a ganela mo senagogeñ ka malatsi aotle a sabata, mi a emelela Bayuda le Bagerika go rumela. 5 Mi erile Sile le Timoteo ba sina coa Makedonia, Paulo a kholega mo Moeeñ a shupetsa Bayuda ha Yesu e le Keresete. 6 Mi ka ba sina go ganetsa ba khala, a urubatsa aparo tsa gague, mi a ba raea, Mari a lona a a ne mo tlogoñ tsa lona; ’na ki itsekile; mi ga yana ki tla ea kua bahaiteniñ. 7 ¶ Mi ka a coa gona, a tsena mo tluñ ea monona moñue eo o birioañ Yuseto, eo o rihelañ Morimo, eo ntlu ea gague e cuaraganyeñ le senagoge. 8 Mi Kerisipo, molaori eo mogolu oa senagoge a rumela mo Moreneñ, le ba ntlu ea gague botle; mi bantsi ba Bakorinta ba utlua ba rumela, mi ba bapetisioa. 9 Mi Morena a raea Paulo ka sepontsisho mo sigoñ, U si boihe, mi bua, mi u si ririmale; 10 Gone ki na nau, mi ga go ope eo o tla gu latsañ seatla go gu tlukuhatsa; gone ki na le bontsi yoa bathu mo motseñ o. 11 Mi a na gona ñuaga o le moñue le khueri li sekes, a ruta lehuku ya Morimo mo go bona. 12 ¶ Mi erile Galio a le malaorisioi oa Akaia, Bayuda ba cogela Paulo ka boñue hela, mi ba mo isa kua seruloñ sa tsekisho, 13 Ba re, Mothu eo, o gakolola bathu go obamela Morimo esiñ kaha molaoñ. 14 Mi ka Paulo a batla go tumolola molomo oa gague, Galio a raea Bayuda, Ha gole cuanololo, khotsa señue sa boshula, Bayuda ki lona, ’nkabo ki iphapanya le lona yaka go cuanela; 15 Mi ha e le ka khañ ea mahuku le maina, le ea molao o o mo go lona, lo ka iponela ka losi; gone ga ki rate go na moatlori oa lilo tseuo. 16 Mi a ba phatlalatsa seruloñ sa tsekisho. 17 Mi Bagerika botle ba cula Sositene, molaori eo mogolu oa senagoge, mi ba metsa ha pele ga serulo sa tsekisho. Mi Galio lilo tse a si ka a li re sepe. 18 ¶ Mi erile Paulo a sina tlola malatsi mantsi gona, a ikhaoganya le bakauleñue, mi a ea ka shepa kua Siria; mi Peresile le Akuile ba na nae; tlogo ea gague e beocoe mo Kenkerea: gone a na le ikano. 19 Mi a hitla kua Efesia, mi a ba tlogela gona; mi ena a tsena mo senagogeñ, mi a ganela le Bayuda. 20 Mi ka ba mo rapela gore a name a sa tlola nabo, a gana; 21 Mi a ikhaoganya nabo, a re, Ki cuanetse rure go buluka moriho o o tlañ mo Yerusalema; mi ki tla ba ki boela go lona ha e le go rata ga Morimo. Mi a tlogela Efesia ka shepa. 22 Mi ka a sina hitla kua Kaisarea, a ea, a rumerisa ekelesia, mi a ea kua Antioka. 23 Mi o rile a sina tlola metla meñue gona, a tsamaea, mi a ralala hatse ya Galatia, le ya Ferigia ka thulaganyo, a thatahatsa barutoa botle. 24 ¶ Mi gabo go tla go Efesia Moyuda moñue eo o birioañ Apolo, oa lotsalo loa Alekandero, monona oa puo e ñtle, a le bonatla mo likualoñ. 25 Eo o la a rutiloe mo tseleñ ea Morena; mi a le bonako mo moeñ, mi a bua a ruta lilo tsa Morena ka tloahalo; a itse papetisho ea ga Yohane eosi. 26 Mi eo, a simolola go bua ka thanolo mo senagogeñ; eo, erileñ Akuile le Peresile ba sina mo utlua, ba mo itsela, mi ba mo phuthololela tsela ea Morimo ka botlalo bogolu. 27 Mi ka a rata go ea kua Akaia, bakauleñue ba kuala, ba kaela barutoa gore ba mo cule; eo erileñ a hitla, a ba thusa bogolu, bona ba ba rumetseñ ka tsegahaco; 28 Gone a itsise Bayuda ka thata, mi a shupa ka likualo mo ponatsegoñ, ha Yesu e le Keresete.

19

KHAOLO 19. 1 MI ga rihala ka Apolo a le mo Korinta, Paulo a la a raletse likhaolo tsa gorimo, a hitla go Efesia; mi a hitlela barutoa bañue gona, 2 Mi a ba raea, A lo le loa cula Moea oa Boitsepho ga motla o lo loa rumela ka ona? Mi ba mo raea, Ga re e si re ke re utlue ha go le Moea oa Boitsepho. 3 Mi a ba raea, Mi lo lo bapetisericoe go eñ? Mi ba re, go Papetisho ea ga Yohane. 4 Mi Paulo, a re, Rure Yohane o la a bapetisa ka papetisho ea tlabologo, a raea bathu gore ba rumele mo go ena eo o tlañ morago ga gague, ki go re, mo go Keresete Yesu. 5 Mi ka ba utlua yalo, ba bapetisioa mo ineñ ya ga Yesu Morena. 6 Mi ka Paulo a sina baea liatla go bona, Moea oa Boitsepho oa tla go bona; mi ba bua ka puo li sele, mi ba ruta. 7 Mi botle ba, e kane e le banona ba tuelev. 8 Mi a tsena mo senagogeñ, mi a bua ka thanolo, a ganela, a itsise ga lilo tsa bogosi yoa Morimo, ka khueri li teri. 9 Mi ka bañue ba thataharioa, ba sa rumele, ba bua boshula ga tsela e ha pele ga bontsi, a coa go bona, mi a tlaola barutoa, mi a ganela ka malatsi aotle mo sekoleñ sa moñue eo o birioañ Tirano. 10 Mi tse tsa coelela ka lobaka loa nyaga li tu; ga tsamaea botle ba ba agileñ mo Asia ba utlua huku ya Yesu Morena, Bayuda le Bagerika. 11 Mi Morimo oa riha likhakhamaco li sele ka atla tsa ga Paulo; 12 Ga tsamaea matsela le matsela a meitlamo a tseoa mo meleñ oa gague, a isioa baboboriñ, mi lipobolo tsa ba tlogela, mi meoea e e boshula ea coa go bona. 13 Mi Bayuda bañue ba ba kuirieañ, ba ba ikanelañ bademona, ba ipaea go bitsa leina ya ga Yesu Morena mo go bona ba ba nañ le meoea e e boshula, ba re, Rea gu ikanela ka Yesu, eo Paulo o rerañ ga gague. 14 Mi yana gabo gole baseven, bomoroa Sekeve, Moyuda, le moperiseti eo mogolu, ba ba rihañ yalo. 15 Mi moea o o boshula oa araba oa re, Yesu kia mo itse, le Paulo kia mo itse; mi lona lo bo mañ? 16 Mi mothu eo moea o o boshula o leñ mo go ena a ba tlolela, mi a ba gatela, mi a ba henya, ga tsamaea ba tsaba ba coa mo tluñ e, ba sa ikatega, ba kuenesericoe. 17 Mi tse tsa itsege mo Bayudiñ botle le Bagerika ba ba agileñ mo Efesia; mi poiho ea ba oela botle; mi leina ya ga Yesu Morena ya gorisioa. 18 Mi bantsi ba ba ba rumelañ ba tla ba ipobola, ba bulela tiho tsa bona. 19 Le bantsi ba bona ba ba rihañ tiho tsa boherehere, ba khopha libuka tsa bona, mi ba li hisa ha pele ga botle; mi ba bala theko ea cona, mi ea bonoa ha e le liselevera li faev thousanda. 20 Mi lehuku ya Morena ya gola ya henya thata yalo. 21 ¶ Mi ka lilo tseuo li sina uerioa, Paulo a itloma mo moeeñ ha etlare a sina ralala Makedonia le Akaia, a etele Yerusalem, a re, Ki tlare ki sina na gona, Roma le ona ki cuanetse go o bona, 22 Mi ka a sina romela ba tu ba ba mo rihelañ kua Makedonia, eboñ Timoteo, le Eraseto, ena a sala ka motla mo Asia ka esi. 23 Mi mo motleñ ouo, ga coga khuruego e si nyenye kaga thuto ea Bakeresete. 24 Gone monona moñue eo o birioañ Demeterio, mothuri oa selevera, eo o la a riha tempelana tsa Diana ka selevera; mi tiho ea cona e leretsa barihi tuelo e si nyenye. 25 Ba o ba phuthileñ le barihi ba lilo tseuo, mi a re, Banona, loa itse, maruo aotle a rona, a rule mo tihoñ e. 26 Mi loa bona, loa utlua, ha Paulo eo, a itsisitse a bosa bontsi yoa bathu, esiñ ba Efesia bosi, mi le gona e kane e le mo Asia yeotle, a re, Ga si merimo, e e rihiloeñ ka liatla; 27 Mi ga si tiho ea rona eosi e ba batlañ go e nyeletsa, mi le eona tempela ea morimo o mogolu oa sesari, Diana, e tla nyatsega, mi le khalalelo ea ona e tla hela, o Asia yeotle le lehatse yeotle le o obamelañ. 28 Mi ka ba utlua yalo ba tlala bogale, mi ba bitsa, ba re, Go mogolu Diana oa Baefesia. 29 Mi motse otle oa tlala tlakanyo; mi ka ba cuere Gaiu, le Arisetareko, banona ba Makedonia, bañue ka Paulo ba loeto, ba thubegela mogo kua heloñ ga ponelo. 30 Mi ka Paulo a rata go tsena mo bathuñ, barutoa ba si ka ba mo lesa. 31 Mi bañue ba bagoluane ba Asia, ba e leñ tsala tsa gague, ba romela go ena, ba rapela gore a si inele mo heloñ ga ponelo. 32 Eriha gona bañue ba bitsañ se, bañue se sele; gone phuthego e khuebeanye; mi bogolu yoa bona ba sa itse se ba se phuthegetseñ. 33 Mi ba shuabola Alakandero mo bontsiñ, mi Bayuda ba mo khokhoetsa; mi Alekandero a goetla ka seatla, a rata go ikarabela mo bathuñ. 34 Mi ka ba sina itse ha e le Moyuda, botle ba bitsa ka koru e ñue hela e kane e le lioura li tu, Go mogolu Diana oa Baefesia. 35 Mi ka mokuari oa motse a sina ririmatsa bontsi, a re, Lona banona ba Efesia, go mothu ohe eo o sa itseñ ha motse oa Efesia o necoe tiheloñ ea morimo o mogolu oa sesari Diana, le oa seseto se se oleñ go Yupita? 36 Mi ka e le ha lilo tse li sa kake tsa ganerioa, ki gona lo cuanetseñ go ririmala, le esiñ go riha sepe ka khakhabuelo. 37 Gone lo lerile bathu ba, ba ba sa ucueñ mo matluñ a merimo, le esiñ bakhari ba morimo oa sesari oa lona. 38 Ki gona yana ha Demeterio, le ba tiho e, ba ba nañ nae, ba na le señue kaga moñue, malatsi a tseko a gona, mi baatlori ba gona; a ba nane molatu. 39 Mi ha lo botsa kaga lilo tse riñue, li tla atloloa mo phuthegoñ e e laocoeñ, yaka molao. 40 Gone re eme mo poitsegoñ ea ge sekisioa ka ntla ea tlapeo ea gompienu; ka gone go sina kaha re ka ikarabelañ phuthego e ka gona. 41 Mi ka a sina bua yalo a phatlalatsa phuthego.

20

KHAOLO 20. 1 MI ka tlapeo e sina ririmarioa, Paulo a biletsa barutoa go ena, a ba rumerisa, mi a coa a etela kua Makedonia. 2 Mi ka a sina ralala likhaolo tse, mi a sina ba kaela ka kaelo li lintsi, a hitla mo hatsiñ ya Bagerika. 3 Mi a tlola gona khueri li teri. Mi ka Bayuda ba mo laletse, ka a tla ea kua Siria, a itlomile a ka boea ka Makedonia. 4 Mi Sopatero oa Berea a ea nae kua Asia; le Aresetareko le Sekundo, Batesalonia; le Gaiu oa Derebe, le Timoteo; le Tukiko le Terofimo, ba Asia. 5 Ba, ba etela pele go re leta mo Teroa. 6 Mi ra coa Filipi ka shepa morago ga malatsi a señkhue se se sa berisioañ, mi ra hitla go bona kua Teroa ka malatsi a faev; kua re tlotseñ gona malatsi a seven. 7 Mi mo tsatsiñ ya ntla ya ueke, ka barutoa ba sina phuthega mogo go roba señkhue, Paulo a ba rerela, a iketleritse go tsamaea ka mosho; mi a lelehaletsa thero ea gague gareñ ga bosigo. 8 Mi gabo gole maseri a le mantsi mo tluñ ea gorimo, kua ba le ba phuthegetse gona. 9 Mi gabo gole lekau leñue ye le birioañ Euteko, le rutse mo seboniñ sa ntlu, le cueroe ki thobalo e kholu; mi ka Paulo a sa rera ka bolele, ya oela ka thobalo, ya oa khaoloñ ea teri, mi ya culerioa le shule. 10 Mi ka Paulo a hologa a oela go yeona mi a le tlamparela, a re, Si huruegeñ, gone moea oa yeona o sa le go yeona. 11 Mi ka a sina ba a tlatlogela gorimo, a roba señkhue, a se ya, mi a bua ka bolele le bona yoa tsamaea yoa sa, mi a tsamaea yalo. 12 Mi ba lere lekau le tserile, mi ba gomorioa bogolu bogolu. 13 ¶ Mi rona ra coela pele mo shepeñ, mi ra etela kua Asoso, kua re itlomileñ re tla tsaea Paulo; gone a la a laotse yalo, mi ena a itloma a tla ea ka linao. 14 Mi ka a sina khatlana le rona mo Asoso, ra mo tseela teñ, mi ra hitla kua Mitelene. 15 Mi ra coa gona ka shepa, mi ra hitla go lebagana le Kioso ka tsatsi le leñue; mi ra hitla Samoso ka tsatsi le leñue; mi ra tlola mo Teragulio, mi ra hitla Mileto ka tsatsi le leñue. 16 Gone Paulo a la a itlomile go heta Efesia ka shepa, gone a sa rate go hetisa motla mo Asia; gone a itlaganela, gore a ne mo Yerusalema ka tsatsi ya Pentekoste, ha go ka na yalo. 17 ¶ Mi a romela Efesia go coa Mileto, a bitsa bagolu ba ekelesia. 18 Mi erile ba sina tla go ena, a ba raea, Loa itse kaha ki le ka na le lona ka gona, mo metleñ eotle, ka tsatsi ya ntla, ye ki hitlañ mo Asia ka yeona; 19 Ki rihela Morena ka bonolo yoa pelu yotle, le ka likeleri li lintsi, le lithaelo, tse ri ’nkhatlantsitseñ ka litalelo tsa Bayuda:Le kaha ki si keñ ka thiba sepe se se molemo go lona ka gona, se ki se keñ ka se lo bulelela ka se lo ruta mo ponatsegoñ, le mo tluñ ñue le go e ñue, 21 Ka go itsise bona Bayuda le bona Bagerika, tlabologelo Morimoñ, le tumelo e e rumelañ Yesu Keresete Morena oa rona. 22 Mi yana, bonañ, kia ea kua Yerusalema, ki golegiloe mo moeeñ, ki sa itse lilo tse ri tla ’nkhatlantsañ gona; 23 Ha e si Moea oa Boitsepho o o shupañ, o re, mo motseñ moñue le moñue, likholego le lipogisho lia ’ntebelela. 24 Mi lilo tse ga li lipe mo go ’na, le yona botselo yoa me ga ki bo kaele segolu go na, gore ki uetse tsiano ea me ka boitumelo, le tihelo e ki e bonyeñ mo go Yesu Morena, go shupa ga evangelio ea tsegohaco ea Morimo. 25 Mi yana, bonañ, kia itse lona lotle ba ki leñ ka ralala gare ga lona, ki rera bogosi yoa Morimo, ga lo kitla lo tlola lo bona sehatlogo sa me. 26 Ki gona lo bashupi ba me gompienu, ha ki sina molatu ope mo mariñ a lona lotle. 27 Gone ga kia ka ka shuba go lo bulelela khakololo eotle ea Morimo. 28 ¶ Ki gona lo itiseñ, le lecomane yeotle, ye Moea oa Boitsepho o lo rihileñ balebalebi ba yeona, go hurisa ekelesia ea Morimo, e o e rekileñ ka mari a ona. 29 Gone kia itse mo, morago ga khurugo ea me, liphiri tse ri thata li tla tsena mo go lona, tse ri si kitlañ li rekegela lecomane. 30 Le lona, banona ba tla coga mo go lona, ba bua lilo tsa cokamo, go gogela barutoa morago ga bona. 31 Ki gona, risañ, mi lo gakologeloe, ha ki si ka ka khutla tsatsi le bosigo ka linyaga li teri, go tlagisa moñue le moñue ka likeleri. 32 Mi yana, bakauleñue, kia lo kaelela Morimo, le lehuku ya tsegohaco ea ona, ye le nonohileñ go lo agelela, le go lo naea boshua mo go bona botle ba ba itsephisicoeñ. 33 Ga kia ka ka eletsa selevera, khotsa gouda, khotsa liaparo tsa ope. 34 E, le lona loa itse ha liatla tse li rihetse botlokoa yoa me, le yoa bona ba ba le ba na le ’na. 35 Ki lo shuperitse mo liloñ cotle, ha lo cuanetse go thusa ba bokooa ka go riha yalo, le go gakologeloa mahuku a ga Yesu Morena, a o buileñ, Go naea, ki letsego ye legolu bogolu go cula. 36 ¶ Mi ka a sina bua yalo a khubama, a rapela le bona botle. 37 Mi ga na selelo se segolu go bona botle, mi ba oela mo thamoñ ea ga Paulo, mi ba mo atla; 38 Ba hutsaharicoe segolu bogolu ki lehuku ye o la a le bua, ha ba si kitla ba tlola ba bona sehatlogo sa gague. Mi ba ea nae kua shepeñ.

21

KHAOLO 21. 1 MI ga rihala ka re sina ikhaoganya nabo, ra ea, ra siamela Koso, le tsatsi ye leñue kua Roda, mi go coa hoñ, ra ea kua Patara; 2 Mi ka re bona shepa se se coañ Fenikia, ra tsena go shona, mi ra coelela. 3 Mi ka re sina bona Kupero, ra se heta mo atleñ sa molema, mi ra ea kua Siria, mi ra hitla Tsura; gone shepa se le se tla laololoa gona. 4 Mi ka re bona barutoa, ra tlola gone malatsi a seven; ba ba reileñ Paulo ka Moea gore a si ka a gata mo Yerusalema. 5 Mi go rihala re sina tlola malatsi auo, ra coa, mi ra coelela pele; mi botle ba re bulerisetsa kua ntle ga motse, ka basari le bana; mi ra khubama ha lintsiñ tsa leoatle, ra rapela. 6 Mi ka re sina rumerisanya, ra ea mo shepeñ; mi bona ba boela kua magaeñ a bona. 7 Mi erile re sina uetsa loeto lo lo coañ Tsura, ra hitla Petolemai, mi ka re sina rumerisa bakauleñue, ra tlola nabo tsatsi le leñue. 8 Mi eare ka mosho, rona ba re leñ shomo ya ga Paulo ra coa gona, mi ra hitla Kaisarea; mi ra tsena mo tluñ ea ga Filipo oa moevangeli, eo e le le moñue oa ba seven, mi ra tlola nae. 9 Mi yana eo, a na le bomoroarie ba for, makharebe, a a bulelañ tihahalo. 10 ¶ Mi ka re tlola malatsi mantsi gona, ga tla moperofeti moñue a coa mo Yuda, eo o birioañ Agabu. 11 Mi a tla go rona, a tsaea moitlamo oa ga Paulo, mi a ikholega liatla le linao, a re, Moea oa Boitsepho oa re yalo, Bayuda ba Yerusalema ba tla golega yalo monona eo moitlamo o e leñ oa gague, mi ba tla mo nela mo atleñ tsa bahaitene. 12 Mi ka re sina utlua lilo tse, ra mo rapela le ba helo hoñ, gore a si ee kua Yerusalema. 13 Mi Paulo a araba, Lo rihañ ka lo lela le go thuba pelu ea me? gone ki iketleleritse esiñ go golegoa gosi, mi le gona go shuela leina ya ga Yesu Morena mo Yerusalema. 14 Mi erile a gana go gakololoa, ra khutla, ra re, A go rihale thato ea Morena. 15 Mi morago ga malatsi aouo, ra iketletsa, mi ra ea kua Yerusalema. 16 Mi ga ea le rona bañue ba barutoa ba Kaisarea, mi ba ea le moñue eo o birioañ Nasone oa Kupero, morutoa oa mocohe, eboñ eo re tla nañ mo tluñ ea gague. 17 Mi eare re hitla Yerusalema bakauleñue ba re cula ka boitumelo. 18 Mi ka motla o moñue, Paulo a ea le rona go Yakobo; mi bagolu botle ba bo ba le gona. 19 Mi ka a sina ba rumerisa, a ba bulelela ka thulaganyocotle tse Morimo o li rihileñ ka tihelo ea gague mo bahaiteniñ. 20 Mi ka ba utlua yalo, ba galaletsa Morena, mi ba mo raea, Ua bona, mokauleñue, bokai yoa bathousanda ba Bayuda ba ba rumelañ; mi botle ki batloahaleri ba molao. 21 Mi ba bulelecoe ga gago, ha u ruta Bayuda botle ba ba mo bahaiteniñ, gore ba tenoe ki Moshe, u re, ba si ise banyana boguera, le esiñ go tsamaea yaka mekhua ea molao. 22 Ana go rihoeñ? Bontsi bo cuanetse go tla mogo; gone bo tla utlua ha u tlile. 23 Ki gona, riha se re se gu raeañ: Re na le banona ba for ba ba ikaneñ; 24 Ba tsee, mi u itsephe nabo, mi u lehe nabo, gore ba ipeole litlogo, gore botle ba itse, ha go si sepe sa tse ba li bulelecoeñ tsa gago; mi ha le uena u tsamaea ka thulaganyo, u buluka molao. 25 Mi re kuarile kaga bahaitene ba ba rumelañ, ra khutla ha ba si kitla ba buluka tse lintseñ yalo, ha e si go ipuluka mo liloñ tse ri shupeloañ merimo ea liseto, le mo mariñ, le mo go tse ri betoañ, le mo khokahaloñ. 26 Eriha gona Paulo o tsaeañ banona, mi a iitsephisa le bona ka tsatsi le leñue, mi a tsena mo tempeleñ, a shupa ha malatsi a boitsephisho a rihaharicoe, a na gona ga tla ga tsamaea cupelo ea shupeloa moñue le moñue oa bona. 27 Mi erile malatsi a seven a batlile go heta, Bayuda ba Asia ba mona mo tempeleñ, ba tlotleletsa bathu botle, mi ba latsa liatla go ena, 28 Mi ba bitsa, Lona banona ba Yeserela, tlañ lo thuse: Eo ki ena monona eo o rutañ ntla cotle go nyatsa bathu, le molao, le helo ha; mi bogolu go tse, o lerile le Bagerika mo tempeleñ, mi o itsekolotse helo ha ga boitsepho. 29 (Gone erile pele ba bona Terofimo oa Moefesia nae mo motseñ, eo ba itlomañ Paulo a mo isitse mo tempeleñ.) 30 Mi motse otle oa na mo khuruegoñ, mi bathu ba tabogela mogo; mi ba cuara Paulo, mi ba mo gogela kua ntle ga tempela; mi yalo meyako ea kopeloa ka bonako. 31 Mi ka ba batla go molaea, ga tla pulelo go mogolu oa leshumo ya batlabani, ha Yerusalema otle o le mo tlakanyoñ; 32 Eo o akohañ a tsaea batlabani le basenturi, mi ba tabogela tlatse go bona; mi ka ba bona eo mogolu le batlabani ba khutla go betsa Paulo. 33 Mi eo mogolu a atamela a mo cula, mi a laola gore a golegoe ka liketen li tu; mi a botsa gore ki mañ, le se o se rihileñ? 34 Mi bañue ba bontsi ba bitsa señue, mi ba bañue se sele; mi erile ka a sa kake a itse tlomamo ka ntla ea khuruego, a laola go mo isa mo kagoñ ea batlabani. 35 Mi ka a hitla mo bopalamoñ, ga rihala a belegoa ki batlabani, ka ntla ea pitlagano ea bathu; 36 Gone bontsi yoa bathu bo sala morago, bo bitsa, Mo tlose. 37 Mi yana ka Paulo a tla isioa mo kagoñ ea batlabani, a raea eo mogolu, A ki taolo go ’na go bua nau? Mi a re, A u itse Segerika? 38 A ga u Moegepeto eo, eo o la a riha khuruo pele ga metla enu, mi ua gogela babolai ba for thousanda kua gareganaga? 39 Mi Paulo a re, Ki monona oa Moyuda, oa Tareso, motse oa Kilikia, moagi oa motse o o sa nyatsegeñ; mi kia gu rapela, ’nteseletsa go bua le bathu ba. 40 Mi ka a sina mo leseletsa, Paulo a ema mo bopalamoñ, a goetla bathu ka seatla. Mi ka go sina na tirimalo e kholu, a bua nabo ka puo ea Seheberu, a re,

22

KHAOLO 22. 1 BANONA bakauleñue, le bo‐rra, utluañ ikarabelo ea me, e ki e rihañ yana go lona. 2 (Mi yana ka ba utlua ha a bua mo puoñ ea Seheberu, ba ririmala bogolu; mi a re,) 3 Ki monona oa Moyuda, ki tsalecoe mo Tareso, motse oa Kilikia, ka goriserioa mo motseñ o, ha naoñ tsa Gamaliele, ka rutoa kaha mokhueñ oa botlalo oa molao oa bo‐rra, ki le motloahaleri‐Morimoñ, yaka lontse lotle gompienu. 4 Mi ki le ka bogisetsa tsela e, le mo loshuñ, ka golega banona le basari, ka ba nela tluñ ea kholegelo. 5 Yaka le ena moperiseti eo mogolu e le moshupi oa me, le bona baseki botle ba bagolu, ba le bona ki le ka tselañ bakauleñue liepisetole go bona, mi ka ea Damaseko go lere ba ba leñ gona, ba golegiloe, go Yerusalema, gore ba berioe. 6 Mi ga ’ntihahalela, ka ki eta, mi ki atamela Damaseko, go kane go le motsegare, leseri ye legolu ye le coañ mo legorimoñ ya phatsima mo ntleñ cotle tsa me. 7 Mi ka oela ha hatse, mi ka utlua koru e ’nthaea, Saulo, Saulo, u ’mpogisetsañ? 8 Mi ka araba, Morena, u mañ? Mi a ’nthaea, Ki ’na Yesu, oa Nasareta, eo u mogisañ. 9 Mi ba ki le ki na nabo, leseri rure ba le bona, mi ba boiha segolu; mi ba sa utlue koru ea eo o buañ le ’na. 10 Mi ka re, Morena, ki tla rihañ? Mi Moreña a ’nthaea, Tloga u eme, u ee kua Damaseko; mi hoñ, u tla buleleloa cotle tse u li laolecoeñ go li ri ha. 11 Mi ka ki si kake ka bona ka ntla ea khalalelo ea leseri ye, ka gogoa ka seatla ki ba ba nañ le ’na, mi ka hitla Damaseko. 12 Mi moñue, Ananie, moihi‐Morimo kaha molaoñ, a na le pulelo e e molemo mo Bayudiñ botle ba ba agileñ gona,A tla go ’na, mi a ema ha go ’na, a ’nthaea, Mokauleñue Saulo, ba u bone. Mi ka mo leba ka oura ouo. 14 Mi a re, Morimo oa bo‐rra ecu o gu itseñketse pele, gore u itse thato ea ona, le go bona Mosiami eo, le go utlua koru ea molomo oa gague. 15 Gone u tla na moshupi oa gague mo bathuñ botle, oa tse u li bonyeñ, le tse u li utluileñ. 16 Mi yana u riegelañ? Tloga u eme, u bapetisioe, mi u tlacuege mo libeñ tsa gago, mi u bitse leina ya Morena. 17 Mi ga ’ntihahalela, ka ki ba ki boela kua Yerusalema, ka ki rapela mo tempeleñ, ka na mo tsitegoñ ea pelu; 18 Mi ka mona a ’nthaea, Akoha, u coe mo Yerusalema ka bonako; gone ga ba kitla ba cula cupo ea gago kaga me. 19 Mi ka re, Morena, ba itse ha ki tsentse ba ba rumetseñ mo ineñ ya gago, mo tluñ ea kholegelo, mi ka ba betsa mo senagogeñ señue le señue. 20 Mi erile mari a ga Setefano moshueri oa gago, a culoloa, le ’na ka bo ki eme gona, ki rumalana le loshu loa gague, mi ki buluka liaparo tsa bona ba ba molaeañ. 21 Mi a ’nthaea, Tloga u tsamae, gone ki tla gu romela khakala kua bahaiteniñ. 22 Mi yana ba mo utluela mo hukuñ ye, mi ba tlatlosa koru tsa bona, mi ba re, Tlosañ eo o ntseñ yalo mo hatsiñ; gone ga a cuanela ha a ka tsela. 23 Mi ka ba sa bitsa, mi ba latla liaparo tsa bona, mi ba kubuela lithole mo loapiñ, 24 Eo mogolu a laola go mo lere mo kagoñ ea batlabani, mi a laola gore a botsisioe ka lipeco; gore a itse kaha ba biletsañ yalo kago gague. 25 Mi ka ba mo golega ka likhole, Paulo a raea mosenturi eo o emeñ gona, A ki taolo go uena go betsa monona eo e leñ Moroma, eo o sa sekisioañ? 26 Mi yana ka mosenturi a utlua yalo, a ea mi a bulelela eo mogolu, a re, U itise go se u se rihañ; gone mothu eo ki Moroma. 27 Mi eo mogolu a tla, mi a mo raea, ’Mpulelela, a u Moroma? Mi a re, E. 28 Mi eo mogolu a araba, Ki le ka bona tlomamo e ka sereko se segolu. Mi Paulo a re, ’Na ki tsecoe mo tlomamoñ. 29 Mi yana ba mo phatlalalela ka bonako, ba ba le ba cuanetse go motsisa; mi eo mogolu le ena a boiha, a sina utlua ha e le Moroma, le gona gone a la a mo golegile. 30 Mi ka motla o moñue ka a rata go itse rure kaha o patelerioañ ki Bayuda ka gona, a mo golola mo likholeñ, mi a laola gore baperiseti ba bagolu le tseko eotle ea bona e tle; mi a holosa Paulo, a mo emisa ha pele ga bona.

23

KHAOLO 23. 1 MI ka Paulo a leba baseki thata, a re, Banona bakauleñue, Ki le ka tsela ka segakolori se se molemo gotle, le go gompienu, ha pele ga Morimo. 2 Mi Ananie, moperiseti eo mogolu, a laola ba ba emeñ gauhe nae, gore ba mo tlanye mo molomoñ. 3 Eriha gona Paulo o mo raeañ, Morimo o tla gu tlanya, uena lomota lo lo shueuharicoeñ; gone a u luletse go ’ntsekisa kaha molaoñ, mi a u laola go ’ntlanya esiñ kaha molaoñ? 4 Mi ba ba emeñ gona ba re, A u khala moperiseti eo mogolu oa Morimo? 5 Mi Paulo a re, Ba ecu, ga kia ka ka itse ha e le moperiseti eo mogolu; gone go kuariloe, Ga u kitla u khala molaori oa bathu ba gago. 6 Mi ka Paulo a lemoga ha bañue e le Basadukai, mi ba bañue e le Bafarisai, a bitsa mo tsekoñ, Banona, bakauleñue, ki ’na Mofarisai, le moroa Mofarisai; ki sekiserioa culuhelo le cogo ea bashui. 7 Mi ka a sina bua yalo, go rihala khakhamologano gare ga Bafarisai le Basadukai; mi bontsi yoa lomologana. 8 Gone Basadukai ba re, ga go na cogo mo bashuiñ, le esiñ moengele, le esiñ moea; mi Bafarisai ba ipobola cotle tse. 9 Mi ga rihala pico e kholu; mi bakuari ba ntla ea Bafarisai, ba tloga ba ema, ba ganela ba re, Ga re bone boshula bope mo mothuñ eo; mi ha moea, khotsa moengele a buile nae, a re si ganele le Morimo. 10 Mi ka go na tomologano e kholu, mi ka eo mogolu a boiha ha Paulo a tla gagautloa ki bona, a laola gore batlabani ba hologe, go mo shuabola mo go bona, le go mo lere mo kagoñ ea batlabani. 11 Mi ka sigo yoa tsatsi yeuo, Morena a ema nae, mi a re. Paulo, u namatsege; gone yaka u shupile ga me mo Yerusalema, mo Roma le gona u shupe yalo. 12 Mi ka bo sina sa bañue ba Bayuda ba ikholaganya, mi ba ikholega ka thogakano, ba re, ba si kitla ba ya, le esiñ go noa, go tlo go tsamaee ba bolaee Paulo. 13 Mi ba le ba le bogolu go forte ba ba rihileñ kholagana euo. 14 Mi ba ea go baperiseti ba bagolu, le bagolu, mi ba re, Re ikholagantse ka thogakano e kholu, ha re si kitla re ya sepe go tlo go tsamaee re bolaee Paulo. 15 Ki gona yana, lona le ba tseko, a ba itsise eo mogolu gore a mo lo holosetse ka mosho, yaka lo tla botsisa seo señue bogolu kaga gague; mi re iketleritse go molaea a e si a atamele. 16 Mi ka moroa khantsaria Paulo a utlua ga talelo ea bona, a tsena mo kagoñ ea batlabani, mi a bulelela Paulo. 17 Mi Paulo a biletsa moñue oa basenturi go ena, mi a re, Isa lekau ye go eo mogolu; gone le na le señue go se mulelela. 18 Mi eo, a le cula a le isa go eo mogolu, mi a re, Paulo mogolegoi o ’mpileritse go ena mi a eletsa gore ki lere lekau ye go uena, ye le nañ le señue go se gu bulelela: 19 Mi ea mogolu a le tsaea ka seatla, mi a coela thoko mo bosaitsioeñ, mi a le botsa, U na le eñ go se ’mpulelela? 20 Mi ya re, Bayuda ba ile seopo señue go eletsa go uena gore u holosetse Paulo tsekoñ ka mosho, yaka ba tla botsisa seo señue bogolu go ena. 21 Mi u si ba rumele, gone ba bogolu go banona ba forete ba ba mo laletseñ, ba ba ikholagantseñ ka thogakano, ha ba si kitla ba ya le esiñ go noa go tlo go tsamaee ba molaee; mi yana ba iketleritse, ba letile tumelo ea gago. 22 Mi eo mogolu a lesa lekau ya ea, a le laola, U si bulelele ope ha u ’mphuthololetse tse lintseñ yalo. 23 Mi a bitsa basenturi ba tu, a re, Etleletsañ batlabani ba tu hundereda, gore ba ee kua Kaisarea, le bapalami ba lipitsi ba sevente, le ba marumo ba tu hundereda, ka oura oa bo‐teri oa bosigo. 24 Mi a ba tlamele tse ri palañoañ, gore ba bee Paulo mo go cona, gore ba mo ise go Feli oa molaori ka puluko. 25 Mi a kuala episetole kaha mokhueñ o: 26 Kalaudio Lusie, go Feli oa molaori eo o tlotlegañ bogolu, u rumele. 27 Monona eo o la a cueroe ki Bayuda, mi o ko a bolailoe ki bona; mi ka ea le batlabani, mi ka mo ntsa go bona, ki tlalogantse ha e le Moroma. 28 Mi ka ki rata go itse se ba se mo latuhatsañ, ka mo holosetsa tsekoñ ea bona; 29 Eo ki lemogileñ a latuharioa ka poco tsa molao oa bona, mi go si molatu mo go ena o o cuanetseñ loshu, leha e le likholego. 30 Mi erile ki sina itsisioe ha Bayuda ba laletse monona eo, ki gona ki akohileñ ka mo roma go uena, mi ka laola le bona balatuhatsi ba gague, go bua ha pele ga gago, se ba nañ nasho kaga gague. Rumela. 31 Mi batlabani ba cula Paulo yaka ba le ba laolecoe, mi ba mo isa Antipateri ka bosigo. 32 Mi ka mosho ba tlogela bapalami go ea nae, mi ba ba ba boela kagoñ ea batlabani; 33 Ba erileñ ba hitla Kaisarea, ba nela molaori episetole, Paulo le ena ba mo emisa ha pele ga gague. 34 Mi ka molaori a sina buisa episetole, a botsa go re ki oa khaolo ehe ea lehatse? Mi ka a sina tlaloganya ha e le oa Kilikia, 35 A re, Ki tla gu utlua, balatuhatsi ba gago le bona ba sina tla. Mi a laola gore a bulukoe mo tluñ ea tsekisho ea ga Herode.

24

KHAOLO 24. 1 MI malatsi a faev morago ga mouo, ga tla Ananie moperiseti eo mogolu, a na le bagolu, le mueleri moñue eo o birioañ Teretulo, ba ba iponatsañ ba pele ga molaori kaga Paulo. 2 Mi o rile a sina birioa, Teretulo a simolola go mo latuhatsa, a re, 3 Feli oa tlotlego, a ere ka re na le kagisho e kholu ka uena, mi le gona tiho tse ri molemo li rihecoe morahe o ka tlamelo ea gago; tse re li tsaea ka gale, le mo maheloñ aotle ka boitumelelo yotle. 4 Mi gore ki si gu rie, kia gu rapela gore u re utlue mahuku manye ka tsalano ea gago. 5 Gone re bonye monona eo e le lecuenyo, eo o tlotleletsañ khuruego mo Bayudiñ botle mo hatsiñ yeotle, morena oa leshomo ya Banasarini; 6 Eo o lekileñ go leshuehatsa le eona tempela; eo re mo cuereñ, mi ra rata go mo sekisa kaha molaoñ oa rona; 7 Mi Lusie eo mogolu a tla go rona, mi a mo ntsa mo atleñ tsa rona ka thata e kholu, 8 A laola balatuhatsi ba gague go tla go uena; ba u ka ba botsisañ, gore u itse cotle tse re li mo latuhatsañ. 9 Mi Bayuda le bona, ba rumela, ba re, Lilo tse lintse yalo. 10 Mi Paulo, erile molaori a sina mo goetla, gore a bue, a araba, Ere ka ki itse u lu le moatlori oa morahe o, ka linyaga li lintsi, ki gona ki ikarabelañ ka boikanyo bogolu; 11 Ereka u ka itse, ha e le malatsi a tuelev ga tsatsi ye ki tlileñ mo Yerusalema go obamela. 12 Mi ga ba ka ba ’mpona ki ganela le ope mo tempeleñ, khotsa ki riha tlotleleco mo bathuñ, le esiñ mo masenagogeñ, le esiñ mo motseñ; 13 Le gona ga ba kake ba tlomamisa lilo tse ba ’ntatuhatsañ ka cona. 14 Mi se kia se gu ipobolela, ha ki rihela Morimo oa bo‐rra ba me mo thutoñ e ba e bitsañ leshomo, ki rumela cotle tse ri kuariloeñ mo molaoñ, le mo baperofetiñ; 15 Mi ki na le culuhelo mo Morimoñ, e le bona ba e lebelelañ, ha go tla na cogo ea bashui, ea basiami le ea basiamolori. 16 Mi ki itloaetsa mo seoñ se, gore ki ne le segakolori se se sinañ khopo mo Morimoñ, le mo bathuñ. 17 Mi yana morago ga linyaga li lintsi ki le ka tla go lere likaco, le licupelo go morahe oa me. 18 Ka mouo Bayuda bañue ba ba coañ mo Asia, ba ’mphitlela ki itsephile mo tempeleñ, esiñ le bathu, le esiñ ka khuruo. 19 Ba, ba cuanetse go na ha, ha pele ga gago, go ’ntatuhatsa, ha ba na le señue kaga me. 20 Leha e le ba, ba ba hanu, a ba bulele ha ba bonye tsiamololo epe mo go ’na, ka ki sa eme ha pele ga tseko, 21 Ha e si mo hukuñ ye leñue ye, ye ki le ka le bitsa ki eme mo go bona, ka re, Ki sekisioa gompienu ki lona, ka ntla ea cogo ea bashui. 22 Mi ka Feli a sina utlua yalo, a ba beisa pelu, a re, Ki tlare ki sina tlaloganya seiñtle ga thuto e, mi etlare Lusie eo mogolu a sina tla, ki tla botsisa rure mo liloñ tsa lona. 23 Mi a laola mosenturi go buluka Paulo, le go mo iketlisa, esiñ go thiba ope oa ba gague go mo thusa, khotsa go tla go ena. 24 Mi morago ga malatsi mañue, ga tla Feli le mogatse Durusile, eo e leñ Moyuda, a bitsa Paulo, a mo utlua ga tumelo mo go Keresete. 25 Mi erile ka a sa rera ga tsiamo, le tekano, le tsekisho e e tla tlañ, Feli a roroma, mi a araba, Yana u ka ea; mi ki tlare ki sina bona lobaka lo loiñtle ki tla gu biletsa go ’na. 26 Le gona a lebelela ha lireko a tla li neoa ki Paulo, gore a mo golole; mi a mitsa ka gantsi ka mouo go bua nae. 27 Mi ka linyaga li tu li sina heta, Porokio Fesito a tla mo boemoñ yoa ga Feli; mi Feli ka a rata go khatla Bayuda a tlogela Paulo mo kholegoñ.

25

KHAOLO 25. 1 MI yana ka Fesito a sina go ea kua ntleñ e, a coa Kaisarea morago ga malatsi a teri, a ea kua Yerusalema. 2 Mi moperiseti eo mogolu, le bagoluane ba Bayuda ba iponatsa ha pele ga gague kaga Paulo, mi ba mo rapela, 3 Mi ba eletsa tsalano kaga gague gore a mo ise kua Yerusalema, ba mo laletse gore ba molaee mo tseleñ. 4 Mi Fesito a araba gore Paulo a bulukoe mo Kaisarea, mi le ena o tla etela gona ka bonako. 5 Mi a re, Ki gona ba ba nonohileñ mo go lona a ba tle le ’na, mi ha go na le señue sa cokamo mo mononeñ eo, a ba mo latuhatse. 6 Mi o rile a sina tlola mo go bona, esiñ bogolu go malatsi a ten, a ea kua Kaisarea; mi erile ka tsatsi ye leñue, a lula mo seruloñ sa tsekisho, a laola gore Paulo a lerioe. 7 Mi ka a sina tla, Bayuda ba ba coañ Yerusalema ba ema mo ntleñ cotle, mi ba tlisetsa Paulo melatu e mentsi e megolu e ba sa kakeñ ba e rurehatsa. 8 Mi ka a ikarabela, a re, Ga kia leohela molao oa Bayuda, le esiñ tempela, le esiñ Kaisare. 9 Mi ka Fesito a rata go khatla Bayuda, a araba Paulo, a re, A u tla ea kua Yerusalema, go sekisioa gona ga lilo tse ha pele ga me? 10 Mi Paulo a re, Ki eme ha pele ga serulo sa tsekisho sa ga Kaisare, ha ki cuanetseñ go sekiserioa gona; Bayuda ga kia ba rihela sepe sa tsiamololo, yaka u itse ka boamarure. 11 Gone ha ki siamolola, khotsa ki rihile señue se se cuanetseñ loshu, ga ki rekegele go shua; mi ha go si sepe sa lilo tse ba li ’ntatuhatsañ, mi yalo ga go ope eo o ka ba ’nnelañ go ba khatla. Ki ipiletsa go Kaisare. 12 Eriha gona Fesito o arabañ ka a sina gakololana le baseki. A u ipileritse Kaisare? U tla ea go Kaisare. 13 Mi ka malatsi mañue a sina heta Ageripe oa khosi, le Berenise, ba ea kua Kaisarea go rumerisa Fesito. 14 Mi ka ba sina hetisa malatsi mantsi gona, Fesito a bulelela khosi lilo tsa ga Paulo, a re, Go monona moñue eo o tlogecoeñ mo kholegoñ ki Feli; 15 Ga eo, erileñ ka ki le mo Yerusalema, baperiseti ba bagolu, le bagolu ba Bayuda ba mo iponaletsa, ba eletsa tsekisho kaga gague. 16 Ba, ki ba arabileñ, Ga si mokhua oa Baroma go nela mothu ope loshuñ, eo o latuharicoeñ, a e si a bone balatuhatsi thaka tsa maitlo, le go bona lobaka go ikarabela kaga molatu oa gague. 17 Ki gona, erile ba sina tla mogo, ki le ka lula mo seruloñ sa tsekisho ka mosho, ki si ka ka riega, mi ka laola monona eo go lerioa. 18 Eo, erileñ balatuhatsi ba ema ha go ena, ba si ka ba lere tatuhaco ea tse ki li itlomileñ; 19 Mi ba le ba na le lipoco liñue kaga gague, tsa tihelo ea Morimo ea bona, le ga Yesu, moñue eo shuleñ, eo Paulo o reñ o tserile. 20 Mi ka ki le ka belaela mo potsishoñ ea lilo tse, ka motsa, ha a rata go ea kua Yerusalema go sekisioa gona ga lilo tse. 21 Mi ka Paulo a ipiletsa go bulukeloa kicoñ ea Auguseto, ka laola gore a bulukeloe motla o ki tla mo romelañ go Kaisare ka ona. 22 Mi Ageripe a raea Fesito, Le ’na mothu eo ki rata go mo utlua ka ’nosi. Mi a re, u tla mo utlua ka mosho. 23 Mi eare ka mosho Ageripe a sina tla, le Berenise, ka khabo e kholu, mi ka ba sina tsena mo tluñ ea kutluelo, le balaori ba ba thousanda, le bagoluane ba motse; ga laoloa ki Fesito gore Paulo a lerioe. 24 Mi Fesito, a re, Ageripa khosi, le lona banona ba lo nañ le rona, loa bona eo bontsi yotle yoa Bayuda bo buileñ le ’na ga gague, kua Yerusalema, le monu, ba bitsa ha a sa tlole a cuanetse go tsela. 25 Mi ka ki bona a sa rihe sepe se se cuanetseñ loshu, mi ka le ena a ipiletsa go Auguseto, ka ikaelela go mo isa. 26 Mi ki si na sepe sa tlomamo go se kualela morena oa me kaga gague. Ki gona ki mo ntseritseñ ha pele ga lona, mi bogolu ha pele ga gago khosi Ageripa, gore, ere potsisho e sina khutlisioa, ki ne le señue go se kuala. 27 Gone ga goa siama mo go ’na go roma mogolegoi, go sa buleloe le eona melatu ea gague.

26

KHAOLO 26. 1 MI Ageripe a raea Paulo, U leselericoe go ipuelela. Eriha gona Paulo o otlololañ atla sa gague, mi a ikarabela yalo: 2 Ageripa, khosi, ki ikaea ki tsegoharicoe, ka ki tla ikarabela gompienu ha pele ga gago ga cona cotle tse Bayuda ba li ’ntatuhatsañ; 3 Bogolu ka ki itse u na le kico ea temalo cotle le lipoco tse ri mo Bayudiñ; ki gona, ki gu rapelañ, u ’nkutlue ka pelutelele. 4 Bayuda botle ba itse mokhua oa botselo yoa me, le mo bokauñ yoa me, yo bo le bo le mo moraheñ oa me pele, mo Yerusalema; 5 Ba ba ’nkitsileñ mo tsimologoñ, (ha ba rata go shupa,) ha ki le ka nna Mofarisai kaha taoloñ e e thata bogolu ea shomo ya tihelo ea Morimo ea rona. 6 Mi yana ki ema ki sekisioa ka ntla ea culuhelo ea pulelelo‐pele e e rihahaletseñ bo‐rra ecu, e coa Morimoñ: 7 E thito tsa litsika tsa rona li rihelañ Morimo ka gale motsi le bosigo, ka ntla ea culuhelo ea eona. Ageripa, khosi, ki latuharioa ki Bayuda ka ntla ea culuhelo euo. 8 Ana eñ! a lo gopola e le se se sa rumeloeñ mo Morimoñ go cosa bashui? 9 Ki le ka itloma rure ka ’nosi, ha ki cuanetse go rihela leina ya ga Yesu oa Nasareta lilo li lintsi tsa boshula. 10 Tse, le cona ki le ka li riha mo Yerusalema, mi ki le ka cualela baitsephi bantsi mo tluñ ea kholegelo, ka thata e ki e bonyeñ mo baperisetiñ ba bagolu; mi e le eare ba bolaoa, ki le ka rumela. 11 Mi ki le ka ba betsa ka gantsi mo masenagogeñ aotle, mi ka ba kholela go khala; mi ka ki ba galehetse ka botseno yoa tsito, ka ba bogisetsa le mo metseñ e sele. 12 Ka mouo erileñ ki etela Damaseko ka thata le taolela tse ri coañ mo baperistiñ ba bagolu, 13 Khosi, ki le ka bona ka motsegare mo tseleñ, leseri ye legolu bogolu go marañ a letsatsi, ye le coañ legorimoñ, ya phatsima mo ntleñ cotle tsa me le bona ba ba le ba eta le ’na. 14 Mi erile re oela rotle ha hatse, ka utlua koru e bua le ’na, e re mo puoñ ea Sehebera, Saulo, Saulo, u mpogisetsañ? go thata go uena go raga litlabi. 15 Mi ka re, Morena, u mañ? Mi a re Ki ’na Yesu eo u mogisañ. 16 Mi anamologa, mi u eme ka nao tsa gago; gone ki gu ipontseritse mouo, go gu riha moriheri le moshupi oa lilo tse u li bonyeñ, le oa lilo tse ki tla gu iponatsañ ka cona; 17 Go gu golola mo bathuñ ba, le bahaitene, ba ki gu romelañ go bona yana, 18 Go bula maitlo a bona, le go ba thiba mo hihiñ go ea leseriñ, le mo taoloñ ea ga Satane go ea Morimoñ, gore ba bone boicuarelo yoa libe, le boshua mo go bona ba ba itsephisicoeñ ka tumelo e e mo go ’na. 19 Ki gona, Ageripa, khosi, ga kia ka ka ganela le sepontsisho se sa legorimo; 20 Mi ki le ka ba rerela pele, bona ba Damaseko, le ba Yerusalema, le mo hatsiñ yeotle ya Yuda, le bona bahaitene, gore ba tlabologe, ba boele Morimoñ, le go riha tiho tse ri cuanetseñ tlabologo. 21 Mi Bayuda ba ’ncuere mo tempeleñ, mi ba tloahalela go ’mpolaea ka ntla ea lilo tseuo. 22 Mi ka ki bonye thusho mo Morimoñ, ki eme le gompienu, ki shupetsa banye le bagolu, ki sa bue sepe ha e si lilo tse baperofeti le Moshe ba rileñ li tla rihala;Ki go re, Keresete o cuanetse go bolaoa, ka e le ena mocogi oa ntla oa cogo ea bashui, le go shupetsa bathu ba leseri, le go bona bahaitene. 24 Mi ka a sa bua yalo go ikarabela, Fesito a re ka koru e kholu, Paulo, ua tsenoa; thuto tse ri kholu li gu riha botseno. 25 Mi a re, Ga ki tsenoe, Fesito eo o tlotlegañ; mi ki bua mahuku a amarure, le a tlaloganyo e e horileñ. 26 Gone khosi e ki buañ ka thanolo le ha pele ga eona, ea itse lilo tseuo; gone kia itse ha go si sepe sa lilo tse se se shubiloeñ go eona; gone seo se, se sa rihoe mo khokhocoñ. 27 Ageripa, khosi, a u rumela baperofeti? Kia itse ua rumela. 28 Mi Ageripe a raea Paulo, U batlile go ’nkhona go na Mokeresete. 29 Mi Paulo a re, Kia eletsa segolu mo Morimoñ, gore esiñ uena uesi, mi gore le bona botle ba ba ’nkutluañ gompienu, ba batlile yaka ’na, E, gore ba ne go cuanela le ’na rure, mi esiñ kholego tse. 30 Mi erile a sina bua yalo, khosi ea nanoga, le molaori, le Berenise, le bona ba ba le ba rutse nabo; 31 Mi ka ba ea kua ntleñ ñue, ba bua mogo, ba re, Monona eo ga a ka a riha sepe se se cuanetseñ loshu, khotsa likholego. 32 Mi Ageripe a raea Fesito, Monona eo, o kabo a golocoe ha a la a sa ka a ipiletsa go Kaisare.

27

KHAOLO 27. 1 MI erile go sina laoloa ha re tla ea kua Itale, ba nela Paulo le bagolegoi bañue go moñue eo o birioañ Yulio, mosenturi oa shomo ya Auguseto. 2 Mi ra tsena mo shepeñ sa Aderamitio, ra ea ka boitlomo go ipapatha re limota tsa Asia; mi Aresetareko, Momakedoni oa Tesaloni, a bo a na le rona. 3 Mi ra hitla Tsidona ka tsatsi ye leñue. Mi Yulio a tsalana le Paulo, a mo leseletsa go ea kua litsaleñ tsa gague go tlameloa ki bona. 4 Mi ka re coa gona, ra ea kua tlatse ga Kupero, gone re le re tlabaganye le pheho. 5 Mi ka re ralala leoatla ya Kilikia le Pamfilia, ra hitla Mura, mo Lukia. 6 Mi ka mosenturi a bona shepa gona sa Alekandero se se eañ kua Itale, a re tsenya mo go shona. 7 Mi ka re ea ka bonya ka malatsi mantsi, mi re batlile go hitla go lebagana le Kenido, mi ka pheho e re thiba, ra ea kua tlatse ga Kereta, ha go lebaganyeñ le Salimone. 8 Mi ka re se heta ka pitlaganyo, ra hitla helo ha go birioañ Maemo a Maiñtle, ha motse oa Lasea o gauhe le gona. 9 Mi ka motla o mogolu o hetile, mi yana ka go eta mo leoatleñ e le le poitsego, gone le go bisa go ya go hetile, Paulo a ba laea, 10 Mi a ba raea, Banna, kia bona ha loeto lo, lo tla na le tiego le tsenyo e kholu, esiñ cosi tse ri mo shepeñ, le shona shepa, e tla bo e le le aona matselo a rona. 11 Leha gontse yalo mosenturi a rumela mogogi oa shepa le molaori oa shona bogolu go tse Paulo o li buileñ. 12 Mi boemo yo, ka bo si boiñtle go tlola mariga gona, bogolu yoa bona yoa gakolola go coa gona, go leka go hitla go Fenia go tlola mariga gona; e le le boemo yoa Kereta, yo bo lebaganyeñ le Southa‐ueseta, gape go lebaganye le Noreda‐ueseta. 13 Mi ka pheho ea Southa e hoka ka bonya, ba itloma ba bonye keleco ea bona, mi ba coa gona, ba ipapatha gauhe le Kereta. 14 Mi esiñ bolele morago ga mouo, ga se cogela moroalela oa pheho e e birioañ Eurakuilo. 15 Mi ka shepa se khuerioa ki eona, mi se reteleloa go tlabagana le eona, ra se lesa sa khuerioa. 16 Mi ka re ea ka bonako ha tlatse ga setlake señue se se birioañ Kalauda, mi ra na le tiho e kholu go buluka shepana; 17 Mi ka se sina culerioa, ba riha lithusho go golega shepa kua tlatse; mi ka ba boiha go khuelerioa mo linoeriñ, ba holosa matsela a pheho, mi ba khuerioa yalo. 18 Mi ka re kharakhatsioa segolu ki pheho e kholu, ba hehohatsa shepa ka tsatsi ye leñue. 19 Mi ra ntsa lilo tsa shepa ka atla tsa rona ka tsatsi ya bo‐teri. 20 Mi ka letsatsi le linaleri li sa bonale ka malatsi a le mantsi, mi ka moroalela oa pheho o si monye o re khuetsa, culuhelo eotle e re shuluhelañ go bulukega ka eona, yalo ea tlosioa. 21 Mi Paulo a ema gare ga bona morago ga go bisa go ya go lele, mi a re, Banna, lo kabo lo loa ’nthetsa, esiñ go tlogela Kereta, go boga thibo e, le tatlego e. 22 Mi yana kia lo kaela go mametsega; gone go si ope eo o tla latlegeloañ ki botselo yoa gague mo go lona, mi shepa shosi. 23 Gone go le go eme ha go ’na mo sigoñ yonu, moengele oa Morimo, o ki leñ oa ona, o ki o rihelañ, 24 A re, Paulo, u si boihe, u tla emisioa ha pele ga Kaisare; mi bona, Morimo o gu neile botle ba ba etañ nau. 25 Ki gona, banna, namatsegañ; gone kia rumela Morimo, ha go tla rihala kaha ki bulelecoeñ ka gona. 26 Leha gontse yalo re tla khuelerioa mo setlakiñ señue. 27 Mi erile sigo yoa bo‐forten bo tla, ka re kharakhatsioa kuanu le kua mo leoatleñ ya Aderia, e kane e le gare ga bosigo, ba shepa ba itloma ba atamela lehatse leñue; 28 Mi ba leka boteñ yoa leoatle, mi ba bona ha e le le lilekanyo tsa mabogo li tuente; mi ka ba coela pele go nyenye ba ntsa teko ea boteñ gape, mi ba bona ha e le le lilekanyo tsa mabogo li faevten. 29 Mi ka ba boiha ba tla oela mo mahikeñ, ba rigela ankora mo leoatleñ ha morago ga shepa, mi ba eletsa phepahalo ea mosho. 30 Mi ka ba shepa ba batla go tsaba ba coa mo shepeñ, ba holosa shepana mo leoatleñ, go riha yaka ba tla isa liankora kua pele ga shepa, 31 Paulo a raea mosenturi le batlabani, Ha ba, ba sa tlole mo shepeñ, ga lo kake loa bulukega. 32 Eriha gona batlabani ba remañ linti tsa shepana, mi ba se lesa se oa. 33 Mi ka tsatsi le atamela, Paulo a ba rapela botle go ya, a re, Gompienu ki tsatsi ya bo‐forten lo loa lebelela loa na lo sa ye, lo sa cule sepe, ka ona. 34 Ki gona ki lo kaelañ gore lo ye liyo; gone li tla na go lo buluka; gone ga go moriri ope o o tla oañ mo tlogoñ ea moñue oa lona. 35 Mi ka a sina bua yalo, a cula señkhue, a itumelela Morimo ha pele ga bona botle, mi ka a sina se roba, a simolola go ya. 36 Eriha gona botle ba nametsegañ, mi le bona ba tsaea liyo. 37 Mi rotle ba re mo shepeñ, e le le meoea e tu hundereda le sevente sekes. 38 Mi ka ba sina khora, ba hehohatsa shepa, mi ba gorometsa mabele mo leoatleñ. 39 Mi eare bosigo bo sina sa, ba si ka ba itse lehatse; mi ba bona ñonti ha lotsitsi lo gona, kua ba rata, ha go ka na yalo, go tsenya shepa gona. 40 Mi erile ba sina inola liankora ba nela leoatla shepa, mi ba hunolola likholego tsa helema, mi ba tlatlosetsa pheho letsela, mi ba ea kua lotsitsiñ. 41 Mi ka ba oela mo heloñ ha maoatle a tu a khatlanañ gona, ba isa shepa gona; mi ntla ea shepa ea tlomama, ea na e sina botsikinyego, mi marago a shona a thuyoa ki thata ea lintelo. 42 Mi khakololo ea batlabani e le le go bolaea bagolegoi, gore go si ne ope eo o sapañ go tsaba. 43 Mi mosenturi ka a rata go buluka Paulo, a thiba keleco ea bona; a laloa gore ba ba ka sapañ ba itigele pele mo leoatleñ go hitla mo lehatsiñ; 44 Mi ba ba setseñ, bañue mo limatiñ, mi ba bañue mo lipegoñ tsa shepa. Mi ga rihala ba bulukega botle ba hitla mo hatsiñ.

28

KHAOLO 28. 1 MI erile ba sina phela, eriha gona ba itseñ ha setlake se birioa Melita. 2 Mi babarabai ba re shupetsa tsalano e si nye; gone ba gotsitse molelo o motona, ba re culela teñ rotle, ka ntla ea pula e e nañ, le ka ntla ea serame. 3 Mi erile Paulo a sina roalela ñata ea likhoñ, a li tsenya mo moleloñ, ga coa noga ka ntla ea bothitho, ea ñaparela seatla sa gague. 4 Mi babarabai ba rile ba bona selo se se tserileñ se akhega mo atleñ sa gague, ba rana, Monona eo ki molai rure, mi leha a tsabile leoatle, pushulosho ga e mo leseletse go tsela. 5 Mi a tlotlorela se se tserileñ mo moleloñ, mi a sa utlue boshula bope. 6 Mi ba lebelela ha a tla ruruga, leha e le go oa, go shua, ka bonako; mi ka ba sibolo lebelela, ba sa ka ba bona sepe se se boshula se hitla go ena, ba hetola khopolo tsa bona, ba re, Ki morimo. 7 Mi gabo gole gona mo maheloñ a, mashua a eo mogolu oa setlake, eo o birioañ Popilio; eo o re cuereñ, mi a re otla ka tsalano ka malatsi a teri. 8 Mi ga rihala rra Popilio a bobola ka khotelo ea mele, le go taboga mari; eo Paulo o tsenañ go ena, mi ka a sina rapela a mo latsa atla tsa gague, mi a mo horisa. 9 Mi ka tse ri sina rihala, ga tla le bona ba ba nañ le lipobolo mo setlakiñ, mi ba horisioa; 10 Ba le bona ba re tlotlileñ ka tlotlo li lintsi; mi ka re tla huruga, ba re abela tse li tlokahalañ. 11 Mi likhueri li teri li sina heta, ra ea mo shepeñ sa Alekandero, se se le sa tlola mariga mo setlakiñ; cupo ea shona, e le le Kasetora le Polukese. 12 Mi ka re sina hitla Sirakusa, ra tlola malatsi a teri gona. 13 Mi go coa gona, ra hapoga, ra tla go Regio; mi morago ga tsatsi le leñue, pheho ea Southa ea hoka, mi ra hitla Puteoli ka tsatsi ya bo‐tu; 14 Kua re hitletseñ bakauleñue gona, mi ra rapeloa go tlola nabo malatsi a seven; mi yalo ra ea kua Roma. 15 Mi bakauleñue, ka ba sina utlua ga popego ea rona, ba coa gona, mi ba tla go re khatlantsa mo Apio Foro, le Litabereno li teri; ba erileñ Paulo a ba bona a itumelela Morimo, mi a inametsa. 16 Mi erile re sina hitla go Roma, mosenturi a nela mogolu oa batlabani, bagolegoi; mi Paulo a leselerioa go aga ka esi le motlabani eo o mulukañ. 17 Mi ga rihala morago ga malatsi a teri Paulo a biletsa bagoluane ba Bayuda mogo; mi erile ba sina tla mogo, a ba raea, Banna, bakauleñue, ’Na eo ki sa riheleñ bathu sepe, le esiñ litemalo tsa bo‐rra ecu; leha gontse yalo, ki coa Yerusalema mogolegoi, ki necoe mo atleñ tsa Baroma; 18 Ba erileñ ba sina ’mpotsisa ba rata go ’nkholola, gone gole go sina molatu ope oa loshu mo go ’na; 19 Mi erile Bayuda ba gana, ka kholeloa go ipiletsa go Kiasare; esiñ go re, ki na le señue go sekisa morahe oa me ka shona. 20 Ki gona ki lo ipileritseñ ka mouo go lo bona, le go bua le lona; gone ki golegiloe ka liketen tse ka ntla ea culuhelo ea Yeserela. 21 Mi ba mo raea, Ga rea ka ra bona liepisetole kaga gago tse ri coañ mo Yudea, le esiñ ope oa bakauleñue ba ba le ba tla, eo o re buleletseñ, khotsa eo o buileñ señue se se boshula ga gago. 22 Mi rea rata go utlua ga gago kaha u gopolañ ka gona; gone kaga leshomo ye, rea itse ha le khaloa mo ntleñ cotle. 23 Mi erile ba sina mo laolela motla, ga tla bontsi go ena ha o agileñ gona; yo o bo phuthololetseñ bogosi yoa Morimo, a simolola mo moshoñ le go mabanyane, a bo itsise, a bo tloahalela kaga lilo tsa ga Yesu, ka molao oa ga Moshe le baperofeti. 24 Mi bañue ba rumela lilo tse ri builoeñ, mi ba bañue ba si ka ba rumela. 25 Mi erile ba sa kopane mo go bona, ba ea, ka Paulo a sina bua lehuku leñue, a re, Moea oa Boitsepho o loa bua ka tsiamo le bo‐rra enu ka Yesaye moperofeti, 26 O re, Ea kua bathuñ ba, mi u re, Ka go utlua lo tla utlua, mi ga lo kitla lo tlaloganya; le go bona lo tla bona, mi ga lo kitla lo lemoga; 27 Gone pelu tsa bathu ba, li imahetse, mi ka litsebe ba utlua mathaithai; mi ba burulatsa maitlo a bona, gore ba si bone ka maitlo, le go utlua ka litsebe, le go tlaloganya ka pelu, le go tlabologa, mi ki ba horise ka motla ope. 28 Ki gona, itseñ ha puluko ea Morimo e romecoe bahaiteniñ, mi ba tla e utlua. 29 Mi ka a sina bua yalo, Bayuda ba ea, mi ba na le khañ e kholu mo go bona. 30 Mi Paulo a aga linyaga li tu mo tluñ ea gague e e lalericoeñ; mi a cula botle ba ba eañ go ena; 31 A rera ga bogosi yoa Morimo, mi a ruta ga Keresete Yesu Morena, ka thanolo eotle, mi a sina khoreleco.