1

KHAOLO 1. 1 PAULO, moapostoloi oa ga Yesu Keresete, ka thato ea Morimo, kaha puleleloñ pele ea botselo yo bo mo go Keresete Yesu, 2 Go Timoteo moroake eo o rategañ segolu: Tsegohaco, le boicuarelo, le kagisho, tse ri coañ Morimoñ Rra, le mo go Keresete Yesu Morena, li ne nau. 3 Ki itumelela Morimo, o e saleñ ki o rihela le ka bo‐rra‐mogolu ka segakolori se se itsekileñ, ka ki gu gopola ka go bisa go khutla mo merapeloñ ea me bosigo le motsegare; 4 Ki eletsa segolu go gu bona, ka ki gopola likeleri tsa gago, gore ’nke ki tlale boitumelo; 5 Ka ki ikhoporisa tumelo e e sinañ boitimokanyo e e mo go uena, e e le e agile pele mo go Loidia mago‐mogolu, le mo go Eunike mago; mi le uena ki itsisicoe rure ha e le mo go uena. 6 Ki gona ki gu gopotsañ ka mouo, gore u tlotleletse neo ea Morimo e e mo go uena, ka peo ea atla tsa me. 7 Gone Morimo ga oa ka oa re naea moea oa poiho; mi o re neile oa thata, le oa lorato, le oa itaolo. 8 Ki gona u se tlabisioe litloñ ki cupo ea Morena oa rona, le esiñ ka ntla ea me eo ki leñ mogolegoi oa gague; mi u ne moaberoi oa lipogisho tsa evangelio kaha thateñ ea Morimo; 9 O o re bulukileñ, oa re bitsa ka pico ea boitsepho, esin kaha tihoñ tsa rona, mi e leñ kaha boikaeleloñ yoa ona, le tsegohaco, e re e necoeñ mo go Keresete Yesu pele ga tlolego ea lehatse; 10 Mi yana e bonatsegile ka iponaco ea ga Yesu Keresete Morebuluki, eo o nyeleritseñ loshu, a lere botselo le bosashueñ leseriñ, ka evangelio; 11 E ki e laolecoeñ go na moreri, le moapostoloi, le moruti oa bahaitene. 12 E le ’na ki bogisioañ lilo tse ka ntla ea mouo; leha gontse yalo ga ki tlayoe ki litloñ; gone kia itse eo ki mo rumetseñ, mi ki itsisicoe rure ha a nonohile go bulukela tsatsiñ ye se ki se mo neetseñ. 13 Tsegetsa cuano ea mahuku a a horileñ, e u e utluileñ mo go ’na, mo tumeloñ, le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu. 14 Se se molemo seuo, se u se neiloeñ, u se buluke ka Moea oa Boitsepho o o agileñ mo go rona. 15 Se ua se itse, ha bona botle ba Asia ba tenegile go ’na, ba Fugelo le Heremogene e leñ ba bona. 16 A Morena a nele ba ntlu ea ga Onesiforo boicuarelo; gone o ’nthurisitse ka gantsi, mi o la a sa tlabisioe litloñ ki keten ea me; 17 Mi erile ka a le mo Roma o la a ’mpatla ka tloahalo e kholu, mi a ’mpona. 18 Morena a mo nee gore a bone boicuarelo mo Moreneñ mo tsatsiñ ye; mi ua itse rure kaha o ’ntihetseñ ka gona ka lilo lintsi kua Efesia.

2

KHAOLO 2. 1 KI gona, uena moroaka, na thata mo tsegohacoñ e e mo go Keresete Yesu. 2 Mi lilo tse u li utluileñ mo go ’na ka bashupi bantsi, u li nee banona ba boikanyo, ba ba tla nonohañ go ruta le ba sele. 3 Ki gona u icokele tapisho, yaka motlabani eo o molemo oa ga Yesu Keresete. 4 Ga go ope eo o tlabanañ a ikhueleile ka lilo tsa botselo yonu; gore a khatle ena eo mo culetseñ tlabanoñ. 5 Mi le gona ha moñue a ganela liphenyo, ga a roesioa tlotlo ha a sa ganele yaka taolo. 6 Morihi‐tsimo eo o rihañ, a a ne moaberoi oa mauñuo pele. 7 Gakologeloa se ki se buañ, mi Morena a gu nee tlaloganyo mo liloñ cotle. 8 Gopola ha Yesu Keresete, eo e leñ oa losika loa ga Davide a la a cosioa mo bashuiñ kaha evangelioñ ea me; 9 E ki bogiserioañ likholegoñ yaka morihalibe; mi lehuku ya Morimo ga le golegoe. 10 Ki gona ki icokelañ cotle ka ntla ea baitseñkeroi, gore le bona ba bone puluko e e mo go Keresete Yesu, le khalalelo e e sa khutleñ. 11 Ye ki lehuku ya boikanyo, Gone ha re shule nae, le gona re tla tsela nae; 12 Ha re iphapanya, le gona re tla laola nae; ha re mo latola le ena o tla re latola; 13 Ha re si boikanyo, ena o boikanyo, ga a kake a itatola. 14 U ba goporise ga lilo tseuo, ka go ba laolela ha pele ga Morena, gore ba si ganele kaga mahuku, a a sinañ molemo go sepe, ha e si go thibosa bautlui. 15 Tloahala go gu iponatsa u lekiloe Morimoñ, morihi eo o sa tlayoeñ ki litloñ, eo o abelañ lehuku ya boamarure ka go siameñ. 16 Mi gana puo tsa boikepo le boithamako, gone li tla totahalela boikepoñ bogolu bogolu. 17 Mi huku ya bona, le tla ya yaka porisho; ba Humenaio le Fileto e leñ ba bona; 18 Ba ba timecoeñ ki boamarure, ba re, cogo ea bashui e hetile; mi ba thibosa tumelo ea bañue. 19 Leha gontse yalo motheo oa Morimo o eme ka tlomamo, mi ka o na le sekano se, Morena oa itse bona ba e leñ ba gague; mi A moñue le moñue eo o bitsañ leina ya ga Keresete, a tlogele tsiamololo. 20 Mi mo tluñ e kholu ga go liyana tsa gouda le selevera cosi, mi le cona tsa logoñ le tsa mbu; mi liñue ki tsa tlotlo, mi tse liñue tsa tlotlologo. 21 Ki gona ha moñue a iitsephisa mo go tse, o tla na seyana sa tlotlo, se se itsephisicoeñ, se nonohile go rihela morena, se etlelericoe tihoñ cotle tse ri molemo. 22 Tsaba le cona likhatlego tsa bokau, mi tabogela tsiamo, le tumelo, le lorato, le kagisho, u na le ba ba bitsañ Morena mo peluñ e e itsekileñ. 23 Mi shutela lipoco tsa boithamako, le tse ri sa ruteñ, ka u itse li uñua likhañ. 24 Mi motlañka oa Morena a si ganele; mi a ne bopelunomi mo go botle, le nonoho go ruta, le go iphapanya le boshula. 25 Ka go ruta ka pelunomi bona ba ba khoreletsañ, ekare khotsa Morimo oa ba naea tlabologo go ipobola boamarure; 26 Gore ba be ba coge mo seruñ sa diabolo, se ba le ba cueroe ka shona kaha thatoñ ea gague.

3

KHAOLO 3. 1 MI se le shona u se itse, go tla tla metla ea poitsego mo metleñ ea bohelo. 2 Gone bathu ba tla na baithati, le batimani, le babelahari, le ba bopeluumpe, le bakhari, le ba ba sa utlueñ bagolu, le ba ba sa itumeleleñ, le ba ba sa itsephañ, 3 Le ba ba sinañ lorato loa bathu, le ba ba sa ruaneñ, le basebi, le ba ba sinañ tekano, le bagalehi, le banyatsi ba ba ba molemo, 4 Le baoki, le ba tlogo e thata, le ba ba burulogileñ, le barati ba litlapelo bogolu go rata Morimo; 5 Ba na le cuano ea poiho‐morimo, mi ba latola thata ea eona: thibogela ba bantseñ yalo. 6 Gone ga bauo, ki bona ba ba gagabelañ mo matluñ, ba gogela basari ba bosilo kholegoñ, ba ba belesicoeñ ki libe, ba khoerioa ki likhatlego lintsi li sele, 7 Ba ba ithutañ ka gale, mi ba sa kake ba nonoha go tla mo kicoñ ea boamarure ka gope. 8 Mi yana yaka Yane le Yambere ba le ganela le Moshe, le bona ba, ba ganela yalo le boamarure; banona ba tlaloganyo tse ri borileñ, ba ba latlegañ kaga tumelo. 9 Mi ga ba kitla ba tlola ba coelela pele; gone bosilo yoa bona bo tla bonatsega mo go botle, yaka yoa bona le yona bo le yoa na. 10 Mi uena u latetse thuto ea me, le mokhua oa botselo yoa me, le boikaelelo, le tumelo, le bopelutelele, le lorato, le boicoko, 11 Le lipogisho tsa me, le lipatikego tse ri tsa tla go ’na kua Antioka le kua Ikonio, le kua Lusetera; lipogisho tse ki li bogileñ; mi Morena o ’nkholotse mo go cona cotle. 12 E, le botle ba ba ratañ go tsela mo poihoñmorimo, mo go Keresete Yesu, ba tla bogisioa. 13 Mi bathu ba boshula, le batsietsi, ba tla beha bogolu bogolu, ba tsietsa, mi ba tsierioa. 14 Mi, uena, nna mo liloñ tse u li ithutileñ, tse u li ikanyericoeñ, ka u itse eo u li ithutileñ mo go ena; 15 Mi le gona ka u itsile likualo tsa boitsepho mo bonyaneñ yoa gago, tse ri nonohileñ go gu tlaletsetsa pulukoñ ka tumelo e e mo go Keresete Yesu. 16 Likualo cotle tse ri burulecoeñ ki Morimo, li molemo go ruta, le go buela, le go siamisa, le go kaela mo tsiamoñ; 17 Gore mothu oa Morimo a rihoe botlalo, a iketleletse litiho tse ri molemo cotle, ka botlalo.

4

KHAOLO 4. 1 KI gona ki gu laolelañ ha pele ga Morimo, le Yesu Keresete Morena, eo o tla atlolañ batseri le bashui, mo iponacoñ ea gague, le bogosi yoa gague, 2 Rera lehuku; tloahala mo motleñ, le esiñ ka motla; buela buela thata, kaela ka bopelutelele yotle, le thuto. 3 Gone go tla na motla, mogañ ba tla tlarisioañ thuto e e horileñ; ka ba na le litsebe tse ri tlotlonañ, ba tla ikokoanyetsa baruti kaha khatlegoñ tsa bona; 4 Mi ba tla bosa tsebe tsa bona mo boamarureñ, mi ba tla boserioa go litlamaneñ. 5 Mi, uena, leta mo liloñ cotle, icokele lipogisho, riha tiho ea moevangele, shupa ga tihelo ea gago ka botlalo. 6 Gone yana ki iketleritse go tseloa noo ea cupelo, mi motla oa khololo ea me o atametse. 7 Ki ganetse khañ e e molemo, ki ueritse tsiano, ki bulukile tumelo; 8 Mi kua pele ki beecoe thoko seroalo sa bogosi sa tsiamo, se Morena moatlori oa tsiamo, o tla se ’nnaeañ mo tsatsiñ ye; mi esiñ ’na ’nosi, mi le bona botle ba ba ratañ iponaco ea gague. 9 Tloahala go tla go ’na ka bonako; 10 Gone Deme o ’ntlogetse, o ratile lehatse yenu, mi o hurugetse Tesalonia; Keresense o ile kua Galatia; Tito o ile kua Dalamatia. 11 Luke o na le ’na esi. Tsaea Mareko, mi u mo lere nau; gone o molemo go ’na mo tiheloñ. 12 Mi Tukiko ki mo rometse kua Efesia. 13 Kobo ea loeto e ki e tlogetseñ le Karepo kua Teroa, ere u tla, u tle naeo, le libuka, mi bogolu liparekementa. 14 Alekandero mothuri oa khotlo o la a ’ntihela boshula yo bogolu; Morena o tla mo ruela kaha litihoñ tsa gague; 15 Eo le uena u mo itise; gone o ganeritse tiho tsa rona segolu. 16 Ga go ope eo o la a ema le ’na mo ikarabeloñ ea ntla ea me, mi botle ba le ba ’ntlogela. A go si baleloe go bona. 17 Leha gontse yalo Morena o la a ’nkemanokeñ, mi a ’nthatahatsa; gore thero e itsioe ka botlalo ka ntla ea me, lo gore bahaitene botle ba e utlue; mi ka gololoa mo molomoñ oa tau. 18 Mi Morena o tla ’nkholola mo tihoñ cotle tsa boshula, mi o tla ’mpulukela bogosi yoa gague yoa legorimo; eo khalalelo e ne go ena ka bosina bokhutlo yotle. Amena. 19 Rumerisa Periseke, le Akuile, le ba ntlu ea ga Onesiforo. 20 Eraseto o setse kua Korinta; mi Terofimo ki mo tlogetse a bobola kua Mileta. 21 Tloahala go tla mariga a e si a tle. Eubulo oa gu rumerisa, le Pude, le Lino, le Kalaudie, le bakauleñue botle. 22 Yesu Keresete Morena a a ne le moea oa gago. Tsegohaco e ne le lona. Amena.