1

KHAOLO 1. 1 PAULO, le Silevano, le Timoteo, go ekelesia ea Batesaloni, e e mo Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena: 2 Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ, Rra ecu, le Yesu Keresete Morena. 3 Re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, yaka go cuanetse, gone tumelo ea lona e mela segolu, le lorato loa moñue le moñue oa lona lo, lo ratanañ ka lona, lo na logolu; 4 Ga tsamaea rona ka rosi ra belahala ka ntla ea lona mo liekelesieñ tsa Morimo, ka ntla ea bopelutelele yoa lona, le tumelo, mo lipogishoñ cotle tsa lona, le lipatikego tse lo li icokelañ; 5 Tse e leñ seshupo se se bonatsegañ sa katlolo ea tsiamo ea Morimo, gore lo kaioe go cuanela bogosi yoa Morimo, yo le yona lo bo bogisericoeñ; 6 Ka le mororo e le tsiamo mo Morimoñ go ba ruela ka pogisho, ba ba lo bogisañ; 7 Mi lona ba lo bogisioañ, lapologañ le rona, mogañ Yesu Morena o tla bonatsegañ a coa legorimoñ, le baengele ba thata ea gague, 8 Ka molelo o o tukañ, a ipusholosetsa bona ba ba sa itseñ Morimo, le bona ba ba sa utlueñ evangelio ea ga Yesu Keresete Morena oa rona; 9 Ba ba tla berioañ ka tsenyego e e sa khutleñ ea go coa ha pele ga Morena, le ea go coa mo khalaleloñ ea thata ea gague: 10 Mogañ o tlañ go galalerioa mo baitsephiñ ba gague, le go na khakhamalo mo go bona botle ba ba rumelañ mo tsatsiñ ye (gone cupo ea rona e la ea rumeloa mo go lona). 11 Ki gona le rona re lo rapelelañ ka gale, gore Morimo oa rona o lo kaee go cuanela pico e, le go rihahatsa nateho eotle ea molemo oa ona, le eona ea tumelo le thata; 12 Gore leina ya ga Yesu Keresete Morena oa rona le galalerioe mo go lona, le lona mo go ena, kaha tsegohacoñ ea Morimo oa rona le Yesu Keresete Morena.

2

KHAOLO 2. 1 MI yana, bakauleñue, rea lo rapela ka go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, le ka phuthegelo ea rona go ena, 2 Gore lo si tsikinyege ka bonako mo boitlomoñ, khotsa go huruioa, le esiñ ka moea, le esiñ ka lehuku, le esiñ ka episetole yaka e coa go rona, yaka ekete tsatsi ya ga Keresete le gauhe. 3 Lo si tsierioe ki ope ka mokhua ope; gone tsatsi ye ga le kitla le tla, ha e sa re pele ga tla tsatsi ya tenego, le mothu oa boleo a bonatsega, eo e leñ moroa tsenyego, 4 Eo o khoreletsañ, a ikhorisetsa gorimo ga cotle tse ri birioañ Morimo, khotsa tse ri obameloañ; ga tsamaea a lula yaka Morimo mo tempeleñ ea Morimo, a icupa ha e le ena Morimo. 5 Mi a ga lo gakologeloe, ha erile ka ki sa na le lona, ka lo bulelela lilo tseuo? 6 Mi yana loa itse se se thibañ, gore a bonatsioe mo motleñ oa gague. 7 Gone bosaitsioeñ yoa tsiamololo bo riha le yana; mi ena eo o khoreletsañ, o tla khoreletsa go tlo go tsamaee a tlosioe. 8 Mi eriha gona Mosiamolori eo o tla bonatsioañ, eo Morena o tla mo nyeletsañ ka Moea oa molomo oa gague, le go mo senya ka phatsimo ea go tla ga gague;Eboñ ena eo, go tla ga gague go leñ kaha tihoñ ea ga Satane, ka thata eotle, le licupo, le likhakhamaco tsa kako, 10 Le bohelepa yotle yoa tsiamololo, mo go bona ba ba latlegañ; gone ba le ba si ka ba cula lorato loa boamarure, gore ba bulukoe. 11 Mi ki gona ka mouo Morimo o tla ba romelañ timelo e e thata gore ba rumele leaka; 12 Gore botle ba bona ba latlege ba ba sa rumeleñ boamarure, mi ba le ba na le boitumelo mo tsiamololoñ. 13 Mi re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, baratoi ba Morena, ka Morimo o lo itseñkeletse puluko mo tsimologoñ, ka boitsephisho yoa Moea, le ka go rumela boamarure; 14 Mo, o lo go bileritseñ ka evangelio ea rona, go bona khalalelo ea ga Yesu Keresete Morena oa rona. 15 Ki gona, bakauleñue, emañ ka tlomamo, mi tsegetsañ lipulelo tse lo li rutiloeñ, leha e le ka lehuku, khotsa ka episetole ea rona. 16 Mi yana Yesu Keresete Morena oa rona ka esi, le Morimo Rra ecu, eo o re ratileñ, eo o re neileñ khomoco e e sa khutleñ, le culuhelo e e molemo ka tsegohaco, 17 A gomotse pelu tsa lona, le go lo thatahatsa mo mahukuñ aotle a a molemo le tiho.

3

KHAOLO 3. 1 YA bohelo, bakauleñue, lo re rapelele, gore huku ya Morena le siane, le galalerioe, yaka lentse mo go lona; 2 Gore re gololoe mo bathuñ ba ba sa rulaganyeñ, le bathu ba ba boshula; gone ga ba na boikanyo botle. 3 Mi Morena o boikanyo, eo o tla lo thatahatsañ, le go lo buluka mo go eo o boshula. 4 Mi re na le boikanyo kaga lona mo Moreneñ, ha lo riha, mi lo tla riha, lilo tse re li lo laoletseñ. 5 Mi Morena a a siamisetse pelu tsa lona mo loratoñ loa Morimo, le mo tebeleloñ ea bopelutelele e e lebelelañ Keresete. 6 Mi yana, bakauleñue, rea lo laolela mo ineñ ya ga Yesu Keresete Morena oa rona, gore lo ithibe mo mokauleñueñ moñue le moñue eo o sa tsamaeeñ ka thulaganyo, le esiñ yaka pulelo e o la a e cula go rona. 7 Gone loa itse ka losi kaha lo cuanetseñ go re latela ka gona, gone re si ka ra tsamaea ka thuloganyololo mo go lona; 8 Mi le gona ga rea ka ra ya señkhue sa ope esiñ ka sepe; mi re le ra riha ka tihelo le tapisho bosigo le motsegare, gore re si imahatse ope oa lona: 9 Esiñ gone re sina thata, mi e le le gore re lo itihele sekao gore lo re latele. 10 Gone le gona erile ka re na le lona, ra le ra lo laolela yalo, Ha moñue a gana go riha, le gona a a si ye. 11 Gone re utlua ha bañue ba tsamaea ka thulaganyololo mo go lona, ba ba sa riheñ sepe, mi ba riha lilo tsa boithamako. 12 Mi yana bona ba bantseñ yalo, rea ba laola, mi rea ba kaela, ka Yesu Keresete Morena oa rona, gore ba rihe, le go ya señkhue sa bona ka tirimalo. 13 Mi lona, bakauleñue, lo si lapisioe ki go riha molemo. 14 Mi ha moñue a sa utlue lehuku ya rona ka episetole e, mo cuaeeñ, mi si tsalaneñ nae, gore a ne litloñ. 15 Mi leha gontse yalo, lo si mo kaee yaka maba, mi mo kaeleñ yaka mokauleñue. 16 Mi yana Morena oa kagisho ka esi a lo nee kagisho ka gale, ka mekhua otle. Morena a ne le lona lotle. 17 Tumerisho ea me, Paulo, ka atla sa me, se se leñ cupo mo episetoleñ ñue le ñue; ki kuala yalo. 18 Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona e ne le lona lotle. Amena.