1

KHAOLO 1. 1 SIMONE Petero, motlañka le moapostoloi oa ga Yesu Keresete, go bona ba ba bonyeñ le rona tumelo e e rategañ ka eosi, ka tsiamo ea Morimo oa rona le Muluki Yesu Keresete: 2 Tsegohaco le kagisho a li lo ntsihalele, ka kico ea Morimo, le ea ga Yesu Morena oa rona, 3 O o re neileñ kaha thateñ ea gague ea Morimo, cotle tse ri cuanetseñ botselo le poihomorimo, ka kico ea gague, eo o re bileritseñ khalaleloñ le bonatla; 4 Eo re neoañ lipulelelo‐pele tse ri kholu le tse ri rategañ ka ena, gore lo ne baaberoi ba mokhua oa Morimo ka cona, ka lo halotse mo seboruñ se se mo lehatsiñ ka ntla ea khatlego. 5 Mi bogolu go tse, ntsañ tloahalo eotle, tlomelelañ bonatla mo tumeloñ ea lona, le kico mo bonatleñ; 6 Le tekano mo kicoñ; le boicoko mo tekanoñ; le poihomorimo mo boicokoñ; 7 Le lorato loa bokauleñue mo poihoñmorimo; le lorato mo loratoñ loa bokauleñue. 8 Gone ha lilo tse li le mo go lona, mi ha li tota bogolu, li tla lo riha go na lo si na tlokahalo, le go bisa go uñua, mo kicoñ ea ga Yesu Keresete Morena oa rona. 9 Mi ena eo o tlokañ lilo tse, o hohuhetse, mi ga a bonele khakala, mi o lebetse itsephisho ea libe tsa gague tsa ntla. 10 Ki gona, bakauleñue, tloahalañ thata go tlomamisa pico le boitseñkelo yoa lona; gone ha lo riha lilo tse, ga lo kitla lo khopioa ka motla ope; 11 Gone yalo lo tla riheloa botseno yo bogolu mo bogosiñ yo bo sa khutleñ yoa Morena oa rona le Muluki Yesu Keresete. 12 Ki gona ki si kitlañ ki riega go lo goporisa ka gale kaga lilo tse, leha lo li itse, lo tlomamisicoe mo boamarureñ youo. 13 Mi kia gopola ha e le tsiamo ka ki sale mo taberenakeleñ e, go lo tlotleletsa ka go lo goporisa; 14 Ka ki itse ki tla akoha ki apola taberenakela ea me, yaka Yesu Keresete Morena oa rona a ’ncuperitse. 15 Mi ki tla tloahala ka lipaka cotle, gore lo tsegetse lilo tse mo khakologeloñ tsa lona morago ga go coa ga me. 16 Gone ga rea ka ra latela litlamane tsa tsieco tse li rihiloeñ, ka re lo itsise thata le go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, mi re le re le balebi ba bonatla yo boiñtle yoa gague. 17 Gone a la a bona tlotlo le khalalelo mo Morimoñ Rra, ka go tla go ena koru e entseñ yalo e coa mo khalaleloñ e e bonatla, e re, Eo ki Moroake eo o rategañ, eo ki mo itumelelañ. 18 Mi koru e, re le ra e utlua, ka e coa mo legorimoñ, ka re na le ena mo thabeñ ea boitsepho. 19 Mi re na le lehuku ya pulelo ca tihahalo, ye le tlomameñ segolu; mi lo riha seiñtle ka lo le tsatsia, yaka leseri ye le phatsimañ mo heloñ ga lehihi, go tlo go tsamaee mosho o phepahale, le naleri ea mosho e coe mo peluñ tsa lona; 20 Ka go itse pele, ha go si na pulelo ea tihahalo epe ea lokualo e e phuthololoañ ki phuthololo eosi ea bathu; 21 Gone pulelo ea tihahalo e sa tle mo motleñ oa bogolugolu ka thato ea mothu; mi banona ba boitsepho ba Morimo ba le ba bua yaka ba tlotlelerioa ki Moea oa Boitsepho.

2

KHAOLO 2. 1 MI gabo gole le baperofeti ba tsieco mo bathuñ, yaka go tla na baruti ba tsieco le mo go lona, ba ba tla lereñ thuto tse ri senyañ ka go sa itsioeñ, be latola le Morena eo o ba rekileñ, mi ba iteretse tsenyego ea bonako. 2 Mi bantsi ba tla latela litsenyo tsa bona, ba tsela ea boamarure e tla khaloa ka ntla ea bona. 3 Ba tla lo riha theko ka timano le mahuku a maka; ba, tsekisho ea bona e e ba bopetseñ bogolugolu e sa riegeñ, le ba tsenyego ea bona e sa otseleñ. 4 Gone ha Morimo o sa rekegele baengele ba ba leohileñ, mi o ba rigetse moleteñ oa molelo, oa ba nelela liketeneñ tsa lehihi go bulukeloa tsekishoñ; 5 Mi oa sa ka oa rekegela lehatse ya bogolugolu, mi oa buluka Noe, oa bo‐eit, moreri oa tsiamo, ka o lere moroalela oa metse mo hatsiñ ya baikepi; 6 Ka go putukelela metse ea Sodoma le Gomora, oa e hisa ea coa melora, oa e sekisa, oa e ba rihela sekao ba ba tla nama ba tsela mo boikepoñ; 7 Mi oa golola Lote oa mosiami, eo o la a cueñoa bogolu ki botselo yo bo mashue bobe yoa baikepi; 8 Gone monona eo oa tsiamo, ka a agile mo go bona, moea oa tsiamo oa gague o lo oa cueñoa bogolu ka malatsi aotle ka ntla ea go bona le go utlua ga tiho tsa tsiamololo tsa bona; 9 Mi Morena oa itse go golola baboihi‐Morimo mo lithaeloñ, le basiamolori go ba bulukela motleñ oa tsekisho go berioa; 10 Mi bogolu bona ba ba tsamaeañ kaha kelecoñ ea nama le mo likhatlegoñ tse ri mashue, ba ba nyatsañ pusho, ba ba pelukhale, ba ba ikhatlañ, ba ba sa boiheñ go khala ba khalalelo. 11 Ka baengele ba ba thata le bonatla bogolu, ba sa lere tsekisho ea khalo kaga bona ha pele ga Morena. 12 Mi bauo ba cuana yaka tse ri tserileñ, tse ri sinañ tlaloganyo, tse ri latelañ keleco tsa cona, mi ri rihiloe go cuaroa le go bolaoa, le mororo ba khala tse ba sa li tlaloganyeñ, ba tla borisioa mo go boleñ ga bona; 13 Mi ba tla bona tuelo ea tsiamololo, yaka bona ba ba kaeañ ha go le monate go tsela ka tlapelo ka motla o le moñue. Ba, ki libata le lipari, ba itsamekela mo tsiecoñ tsa bona, ka ba na le lona mo merihoñ; 14 Ba na le maitlo a a tletseñ khokahalo, ba ba sa khutleñ mo boleoñ, ba oka meoea e e sa tlomamisioeñ; ba na le lipelu tse ri tloaetseñ timano; bana ba ba rogakiloeñ; 15 Ba ba tlogetseñ tsela e e siameñ, mi ba timetse, ba latela tsela ea Balam moroa Bosora, eo o la a rata tuelo ea tsiamololo; 16 Mi o la a bueleloa tsiamololo ea gague, gone esela e e sa bueñ e la ea bua ka koru ea mothu, e khoreletsa botsenoa yoa moperofeti eo. 17 Bauo ki mecoeri e e sinañ metse, le maru a a khuericoeñ ki moroalela oa pheho; ba, boncu yoa lehihi ba bo bulukecoeñ ka bo sina bokhutlo. 18 Gone ka ba bua maithamako a a burulecoeñ segolu, ba oka bona ba ba halotseñ mo go ba ba agileñ mo timeloñ, ka ntla ea keleco tsa nama le tsa boaka. 19 Ka ba, ba raea, ba tla ba naea khololo, le mororo ka bosi e le batlañka ba go bola; gone se mothu o heñoañ ki shona, ki shona se o rihiloeñ motlañka oa shona. 20 Gone ha erile ba sina go halola mo go tse ri leshuehatsañ tsa lehatse, ka kico ea Morena le Muluki Yesu Keresete, mi ba bile ba khueleiloe ki cona mi ba hencoe; yalo bokhutlo yoa bona bo behile bogolu go ga ntla. 21 Gone e kabo e le molemo go bona ha ba le ba si ka ba itse tsela ea tsiamo, bogolu go ba go boea, ba sina go e itse, mo taoloñ ea boitsepho e ba le ba e necoe. 22 Mi go ba rihahaletse se se builoeñ ki lehuku ya amarure, Nca e bile ea boela matlatsa a eona; le kolobe e e tlapisicoeñ e bile ea birikama mo morageñ.

3

KHAOLO 3. 1 BARATOI, yana kia lo kualela episetole e, ea bo‐tu, ki tloleletsa meoea ea lona ea tsiamo, ka go lo goporisa ka cona; 2 Gore lo gopole mahuku a a la a buioa pele ki baperofeti ba boitsepho, le litaolo tsa rona ba re leñ baapostoloi ba Morena le Moluki; 3 Ka go itse se pele, ha go tla tla bashotli, mo metleñ ea bohelo, ba ba tla tsamaeañ yaka likhatlego tsa bona, 4 Mi ba re, Pulelelo‐pele ea go tla ga gague e kae? gone e sa le tsatsi ye bo‐rra ba robetseñ ka yeona, lilo cotle li santse yaka li le lintse mo tsimologoñ ea popo. 5 Gone se ga ba se itse ka bomu, ha magorimo a sa le a tlolega, le lehatse, ye le rihiloeñ ka lenuku ya Morimo ka metse, le gare ga metse; 6 Ka mouo, lehatse ye le le leeo yalo, ka le khurumericoe ka moroalela, ya nyelela; 7 Mi magorimo a yana, le lehatse, le beiloe yaka lohumo ka yeona lehuku ye, mi le bulukecoe molelo go tsatsiñ ya katlolo, le ya tsenyego ea baikepi. 8 Mi, baratoi, lo si ne go bisa go itse, kaga selo se le señue se, ha tsatsi leñue hela mo Moreneñ, le cuana yaka nyaga li thousanda, le nyaga li thousanda yaka tsatsi le leñue hela. 9 Morena ga a riege kaga pulelelo‐pele ea gague, yaka bañue ba kaea tiego; mi o pelutelele go rona, a sa rate gore moñue a latlege, mi gore botle ba tle tlabologoñ. 10 Mi tsatsi ya Morena le tla tla yaka legoru bosigo, ye magorimo a tla hetañ ka khuasho e kholu ka yeona, mi lielementa li tla sha li nyelela, mi lehatse, le litiho cotle tse ri mo go yeona, li tla hisioa. 11 A ereka lilo cotle tse li tla nyelela, lo cuanetse bogolu yañ go na boitsepho mo tsamaoñ, le mo poihoñmorimo, 12 Go lebelela le go tlologeleloa go tla ga tsatsi ya Morimo, ye magorimo a a cubiloeñ a tla nyelelañ mo go yeona, mi ka lielementa li tuka li tla tlapologa? 13 Leha gontse yalo, rona re lebeletse magorimo a masha le lehatse ye lesha, ye tsiamo e tla agañ mo go yeona, yaka pulelelo‐pele ea ona. 14 Ki gona, baratoi, ka lo lebeletse lilo tse, tloahalañ, gore lo bonoe ki ena mo kagishoñ, le go siñ sebata, le molatu. 15 Mi lo kaee go re bopelutelele yoa Morimo oa rona e le puluko; yaka Paulo, mokauleñue oa lorato oa rona, a lo kualetse kaha botlaleñ yo o bo necoeñ; 16 Le yaka mo liepisetoleñ cotle a bua ka cona ga lilo tse; tse liñue tsa cona li thata go tlalogañoa, tse ba ba sa rutoeñ, le ba ba sinañ tlomamo, ba li shokamisetsañ tsenyegoñ ea bona, yaka ba riha le likualo tse riñue. 17 Ki gona, baratoi, ka lo itsile lilo tse pele, lo itise gore lo si gogeloe le bona ki timelo ea balibe, le go oa mo tlomamoñ ea lona. 18 Mi golañ mo tsegohacoñ, le mo kicoñ ea Morena oa rona, le Yesu Keresete Moluki. Khalalelo e ne go ena, yana le ka bosina bokhutlo. Amena.